LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 5/1 ts. 30
  • Ka go bo “Ee” O Ne A Raya Ee

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ka go bo “Ee” O Ne A Raya Ee
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A a Tswang Melomong ya Banyana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 5/1 ts. 30

Ka go bo “Ee” O Ne A Raya Ee

A kgothaletsa boammaaruri, Jesu Keresete ka nako nngwe o ne a re: “Go bua ga lona ha e le E, e nnè E.” (Mathaio 5:37) Ka go latela kgakololo eno, mme gape re buletse matlho dipaka tsa go abalana molaetsa wa Bibela le ba bangwe, Bakeresete ba ka nna ba nna le maitemogelo a a duelang ele ruri. Se se supiwa ke pego e e latelang go tswa lefatsheng la Yuropa botlhaba:

Fa a ne a penta dikamore dingwe tsa mosadi mongwe yo o rileng, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a bua ka Jehofa Modimo, boikaelelo jwa gagwe jo bo hakgamatsang jwa isagwe go setho le dikgang tse dingwe tsa Dikwalo. Mme Mosupi o ne a sa kgone go rulaganyetsa loeto lo lo boelang mme a ipotsa gore ke eng se se kganelang mosadi, ereka a mo itse e le motho yo o boitshwaro jo bontle yo o siameng.

Mosupi o bega ka gore: “Fa ke sena go fetsa tiro ya me, o ne a ntuela mme a nkopa go re a ke ka mo thusa go busetsa fenitšhara mo dikamoreng, ereka a ne a sena ope yo o ka mo thusang. Ke ne ka mo solofetsa go boa ka 9 p.m. go mo thusa.” O ne a boa bosigong joo, a tla le mothusi yo mongwe, monna yo mongwe yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Go tsere banna ba babedi bao metsotso e le lesome fela go busetsa fenitšhara mo maemong a yone. Go tswa foo ka bokhutshwane ba buisanya le mosadi ka bogosi jwa Modimo le masego a jone, mme ba tsamaya.

Dingwaga tse pedi tse di latelang, mosadi yono o ne a kopa gape Mosupi go penta dikamore tsa gagwe. Fa a ne a kwala leina le aterese tsa gagwe, o ne a mmotsa gore a o akanyeditse dilo tsa Bibela tse a neng a di mmolelela. O ne a araba ka gore: “Ee, ebile mo bogaufing ke ne ka kolobediwa.” A mmotsa gore seno se tsile jang, o ne a araba ka gore:

“Ele ruri o ne wa mpolelela dilo di le dintsi tse di molemo mo Bibeleng mme ke ne ka rata se o neng wa se bolela. Lefa go ntse jalo, ke ne ka se ka ka se tsaya tsia. Mme fa o ne o solofetsa go baya fenitšhara mo boemong jwa yone ke ne ka akanya: Fa monna yo a ka boloka lefoko la gagwe, o tshwanetse ele ruri ya bo e le motlhanka wa Modimo. Fa o ne o boa, ebile o na le mothusi, mme le seka la lopa madi go go dira, ke ne ka feleletsa ka go itshwaraganya le Bibela ka tlhoafalo. Morago ga malatsi a mabedi kana a mararo ke ne ka ya kwa mmarakeng. Koo ke ne ka kopana le mosupi wa ga Jehofa yo o neng a setse a buisantse le nna ka dilo di le mmalwa tsa Bibela. . . . Moragonyana mosadi yoo a simolola thuto ya Bibela le nna, mme morago ga dikgwedi tse di robang bobedi ke ne ka kolobediwa.”

Ka jalo ke kafa mosadi yono a neng a kolobediwa e le tshupo ya boineelo jwa gagwe go Modimo. Jaanong ene, gape, e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Se se ne sa tla ka go bo Mokeresete a ne a boloka lefoko la gagwe. “Ee” wa gagwe o ne a raya Ee.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela