Mosadi yo o Ikgonang—O Ka Bona Boitumelo Jang mo Lenyalong
Eno e ne e le potso ya mosadi yo monana yo o kwaletseng Mokgatlho wa Watchtower. O ile a tlhalosa jaana:
“Ga ke ise ke nyalwe ebile ga ke na lelapa gone jaana, mme ka metlha e nnile mongwe wa mekgele ya me. Lefa go ntse jalo, ke mosadi yo o ikemetseng ka nosi thata, mme morago ga go itlhokomela mo dingwageng tse thataro ke nnile le dipelaelo gantsi mo kgonong ya me ya go atlegisa thulaganyo ya lenyalo. Mme buka eno e tlotlile dintlha tsa lenyalo le go godisa bana ka tsela eo e leng gore ke kgonne go anaanela gore ke thulaganyo ya bomodimo.”
Fa o batla boitumelo mo thulaganyong ya lenyalo, re tlhomamisega gore o tla solegelwa molemo thata ke go bala buka ya Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. Amogela sekaelo ka go tlatsa le go romela foromonyana eno gammogo le 90 cents.
Tswee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192 ya Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. Ke romela le 90 cents.