Dipotso tse di Tswang go Babadi
■ A go tshwanetse ka Bakeresete go “nwa toast” fa ba kopane kwa meletlong ya bone?
Mo mafatsheng a mangwe, fa ditsala di kgaogana, di nna le phathinyana ya dino, ba tsholetsa digalase le go di kgomanya mme di patilwe ke mafoko a ‘tsamaya sentle’ kana sengwe se se tshwanang. Kwa meletlong ya manyalo gantsi “toast” e a dirwa go eleletsa banyalani ba basha masego le boitumelo. Ka gone, bangwe ba ile ba tsosa potso ya gore a go tshwanetse go ya ka Dikwalo ka Bakeresete go tsenelela “di-toast” tse di ntseng jalo.
Eleruri ga go phoso epe ka Mokeresete go eleletsa tsala masego le boitumelo. Lefa le ele gore go dira jalo jaaka setlhopha go phoso. Bagolwane ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba feleletsa lokwalo lwa bone ka mafoko a a reng: “Dumelañ.”—Ditiho 15:29.
A mme seo ke sone sotlhe se se kopanyelediwang mo “toasting”? Ke ka ntlha yang “di-toasters” ba tsholetsa digalase tsa bone, kana ba tsholetsa dikopi le go di thulanya? A ke go etsa mekgwa mengwe? Elatlhoko ka moo The Encyclopædia Britannica, kgatiso ya bo-11, Bolumo 13, tsebe 121 e reng:
“Mokgwa wa go nwa go bo go twe ‘le ka moso’ go batshedi e tswa bogologolong le ditlwaelo tsa mediro ya bodumedi ya dino tsa medimo le baswi. Magerika le Maroma ka nako ya dijo ba ne ba tsholeletsa medimo ya bone dino, le kwa meletlong ya dino fa go nwelwa medimo ya bone le baswi.” He, morago ga go bontsha gore mekgwa eo ya boheitane e ne ya falolela jang go fitlha go batho ba ma-Scandinavia le ma-Jeremane a bogologolo, buka eno e oketsa ka gore: “Se se nyalanang thata le mekgwa e ya ditlhabelo ya go nwa e tshwanetse ya bo e ne e le go nwa go elelediwa batshedi masego.”
Fa batho ba bantsi ba dira “toast” ga se gantsi ba akanyang gore ba ka ne ba etsa sekao sa go tsholeletsa medimo dino kana ditlhabelo tsa medimo ya boheitane, lefa go le jalo go ka nna ga nna jalo. Kwantle le pelaelo, Mokeresete yo o ikanyegang ga a ka ke a abalana mo setlhabelong sa boheitane, a lemoga gore “ga [a] kake [a] nwa senwèlo sa [ga Jehofa], le senwèlo sa badimo.” (1 Bakor. 10:21) Mokeresete yo o godileng ka kitso o tla tila gape go etsa le eleng meletlo ya bodumedi jwa maaka. Tsela eno ya bogodi jwa kitso e tla itumedisa Jehofa. Gakologelwa, Modimo o ne wa tlhagisa Baiseraele ka papamalo go se etse mekgwa ya ditsela tsa bodumedi tsa boheitane kwa merafeng e e neng e ba dikologile.—Lef. 19:27; 21:5.
Fa e le gore Mokeresete o tla eleletsa yo mongwe lesego la bomodimo, he tsela e e tshwanetseng go dira seo ke ka thapelo e e tswang mo pelong e lebisitswe go Modimo, eseng ka go latela dingwao tse di theilweng mo kobamelong ya boheitane e e ferosang Jehofa sebete.—Bafil. 1:9; 2 Bakor. 1:11.
Mekgwa le dingwao e tletse gongwe le gongwe mo lefatsheng. Fa Mokeresete yo o godileng ka kitso a itse gore e mengwe ke e e theilweng mo bodumeding jwa maaka, le go lora ka yone ga a ne a dira. Legale ga se gore mekgwa yotlhe e na le matswakabele. E mengwe e ka nna e e itshimololetsweng fela kana mekgwa e e senang tshwaragano ka gope le bodumedi jwa maaka, jaaka go dumedisanya ka matsogo le go khubama kana go oba tlhogo. (Gen. 23:7) Mongwe le mongwe o ka akanyetsa seo a se itseng kaga mokgwa mongwe o o rileng le boikutlo jwa gagwe tebang le one. Tota-tota o go direlang? O tshwanetse gape a ipotsa, ‘A go dira seno go tla kgopisa ba bangwe, kana batho ba kgaolo ya me ba tla tsaya gore se ke se dirang ke mokgwa wa bodumedi jwa maaka?’ (1 Bakor. 10:32, 33) Ga go ope yo o ka nnang segakolodi sa Mokeresete yo o rileng; ke ka gone go tlhokafalang gore mongwe le mongwe a akanye ka kgang ka tolamo abo a dira phetso e le gore a tle a nne le segakolodi se se phepa.—Dit. 23:1; 2 Bakor. 1:12.
■ Ke ka ntlhayang fa Modimo a ile a dira gore Moshe a kope tetlelelo go Faro ‘go tsamaya loeto lwa malatsi a le mararo mo nageng,’ e reka jaana a ane a ikaeletse gore Baiseraele ba tlogele ruri Egepeto?
Fa setlhatshaneng se se shang, Modimo o ne a rile o tla dirisa Moshe go golola Baiseraele mo Egepeto le go ba gogela lefatsheng je le elang mashi le dinotshe. Modimo o ne a bolelela Moshe gore Faro o ne a tshwanetse go bolelelwa jaana: “Yehofa, Modimo oa Bahebera o kopanye le rona; me yana rea gu rapèla, ra re, A u ko u mmè re tsamaeè loètō loa malatsi a le mararo mo nageñ, gore re isetse Yehofa Modimo oa rona tlhabèlō.”—Ekesodo 3:18.
Ereka Modimo a ne a sa tswa go bolelela Moshe gore Baiseraele ba ne ba tla ya Lefatsheng ja Tsholofetso, go ka nna ga bonala ekete o ne a sa neele Faro mabaka otlhe. Mme go phepafadiwa ke kafa dilo di ileng tsa diragala ka teng gore tsela ya Modimo ya go dirisanya le dikgang e ne e siame ebile e direla boikaelelo jwa gagwe.
Baiseraele ba ne ba nnile mo Egepeto go feta dingwaga tse 200 mme ba ne ba tsewa jaaka morafe wa batlhanka. Mme gone Modimo, mo tumalanong le tsholofetso ya gagwe e e sa fetogeng go Aberahame, o ne a tla dira morafe o mogolo wa Iseraele. Ba ne ba tla aga ka kgololesego mo lefatsheng leo Modimo a neng a le kaetse Aberahame, lefatshe la Kanana. (Genesise 12:1, 2, 7; 18:18; 22:17, 18) A Faro ka go rata o ne a tla dirisanya le boikaelelo jwa Modimo?
Nnya, Jehofa o ne a itsetse-pele gore Faro o ne a tla gana ka bodipa go letlelela Baiseraele go tloga Egepeto, le e leng ka nakwana fela. Fa e le gore Modimo, ka Moshe le Arone, o ne a kaile gore thato ya Gagwe e ne e le gore Iseraele a tlogele ruri, Faro o ne a ka bo a ile a tsosa dikganetso tseo di neng di tla bonala ekete di a utlwala, tse di tshwanang le tsa gore lefatshe le ne le tla kgoberega fa batho bao ba neng ba feta sedikadike ba ne ba ka tsamaela magongwe mme ebile ba tsamaela ruri. Mme ba bangwe ba ne ba ka nna ba sekamela mo go tlhokeng boikutlo jwa ga Faro molato kana go utlwana nae. Go tloga ga Baiseraele mo lefatsheng la Goshena ka malatsinyana a sekae fela go ne go ka se reye tatlhegelo epe e e utlwalang mo Baegepetong.
Fa Faro ka bodipa a ne a gana go dumelela Baiseraele go tsamaya, le e leng ka malatsi a le mararo, go ne go sena pelaelo ya gore pelo ya gagwe e ne e kgwaraletse. Tota go ne go sena seipato sa boikutlo jo bo ntseng jalo jwa kgwaralalo, kana jwa kgatelelo e e oketsegileng eo Faro a e laotseng fa a bosolosa.—Ekesodo 5:1-9.
Le e leng morago ga tatelano ya dipetso, Faro yo o tlhogo-ethata o ne a seka a dumelela Iseraele go tloga Egepeto. Labofelo, petso ya bo-10 e ne e le tshwahatso go Egepeto mo e leng gore Faro o ne a bolelela Moshe go tsaya batho mme ba tsamaye—go sena tumalano epe ya lobaka lwa malatsi a mararo. Mme go ntse go ntse jalo, fa khuduga e ne e ntse e tsweletse, Faro o ne a leka go tshwara le go gapa Iseraele gape. Seo se ne sa palelwa, ka jaana le e leng ene Faro o ne a swela mo Lewatleng je Lehibidu.—Ekesodo 12:31-39; 14:5-9, 21-28; Pesalema 136:15.
Tota ruri, fa Modimo o ne o bolelela Moshe gore a dire topo e e utlwalang ya malatsi a mararo go tsamaya go ne ga direla jaaka teko go Faro. E ne e senola seo se neng se le mo pelong ya gagwe.