Lefoko la Modimo Le Tshedile
Modimo O Batla Go Itsiwe ka Leina
A O LEMOGILE fa Modimo o na le leina? Jesu, yo o bonwang fano a rapela le barutwa ba gagwe, a re go Modimo: “Ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise.” (Yohane 17:26) Ga re a tshwanela go hakgamala gore Modimo o na le leina. Mongwe le mongwe o na le leina, go akaretsa le Morwa Modimo ka boene, Jesu.—Luke 1:30-32.
Batho ba rata go bidiwa ka maina a bone. Mme le Modimo o batla batho ba itse leina la gagwe, gape. Ke ka gone a tlhotlheleditseng mopesalema wa Bibela go kwala ka gore: “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” (Pesalema 83:18) Bogologolo-tala Modimo o ne a bontsha botlhokwa jwa leina la gagwe go monna yo gotweng Moshe.
Letsatsi lengwe fa Moshe a ne a disitse kwa Midiana, a disitse dinku, o ne a bona selo se se hakgamatsang. E ne e le setlhare sa mosunyana se se neng se tuka, mme se sa she! Fa a ne a atamela go leba sentle, jaaka o ka bona fano, lentswe le ne la utlwala mo gare ga setlhare se se tukang, le re: “Mosha, Mosha.”
Modimo o ne a bua. O ne a batla Moshe a ya kwa go Farwe, kgosi ya Egepeto, mme a golole batho ba Gagwe go tswa Egepeto. Mme Moshe o ne a raya Modimo a re: “Bona, e tla re ke hitlha mo baneñ ba Iseraela, me ke ba raea, ke re, Modimo oa borra eno o nthomile kwano go lona, me ba nthaea ba re, Leina ya ōna ke mañ? ke ba reè, ke reñ?” Modimo o ne wa bolelela Moshe gore a ba bolelele: “YEHOFA, Modimo oa borra eno, . . . o nthomile kwano go lona.”—Ekesodo 3:1-15.
Lefa go ntse jalo, fa Moshe a ne a ya kwa Egepeto go ya go bua le Farwe, Baegepeto ba ne ba akanya gore Jehofa e ne e le modingwana fela wa bana ba Iseraele. Ba ne ba sa dumele gore e ne e le Modimo wa lefatshe le lotlhe. (Ekesodo 5:2) Ka jalo Jehofa o ne a roma Moshe go bolelela Farwe gore O ne a ile go dira gore ‘leina ja gagwe le bolelwe mo lefatsheng jotlhe fela.’ (Ekesodo 9:16) A o itse gore Jehofa o ne a dira se jang ka nako eo?
Jehofa Modimo o ne a dira gore Moshe a etelele Baiseraele go tswa Egepeto, mme Baegepeto ba ne ba ba leleka. Fa ba ne ba fitlha fa Lewatleng je Lehibidu go ne go bonala go sena tsela ya go falola Baegepeto ba ba ba lelekileng. Mme gone foo Jehofa a laola Moshe gore a otlolole thobane ya gagwe mo godimo ga metsi, mme metsi a kgaogana go letlelela Baiseraele ba ba tshabang go kgabaganya mo lefatsheng je le omileng. Morago Jehofa a laela Moshe go otlolola thobane ya gagwe gape, jaaka o ka bona fano, mme metsi a kgama Baegepeto botlhe. Dikgang tsa tiragalo eno e kgolo tsa anamela kgakala le go feta mo batho gongwe le gongwe ba neng ba itse leina la Modimo.—Ekesodo 14:21-31; Yoshue 2:9-11.
Gotweng ka gompieno? A Modimo o sa ntse o ntse o batla leina la gagwe le itsiwe lefatshe ka bophara? Ee, o a batla. Mme go botlhokwa gompieno gore batho ba itse kaga Jehofa le go mo direla. Go sa nneng jalo, jaaka go diragaletse Baegepeto ba ba thamo e thata ba ba neng ba gana go itse ka Jehofa, ba tla senngwa “mo motlheñ oa tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, . . . a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo.”—2 Bathesalonia 1:7-9.