‘Re lo Lebogela go re Bula Matlho’
MO LEKGOLONG la lesome le bobedi la dingwaga, mo mekgatšheng e mentle ya borwa jwa Fora, go ne go nna setlhopha sa bodumedi se se bidiwang Waldenses.a Babatli bano ba ba pelo e phepa ba boammaaruri ba ne ba dumela gore Bibela ke Lefoko la Modimo ebile ba tlhoafaletse go tshela ka melao-metheo ya yone. Mme ka ntlha ya gore ba ne ba rerela ba bangwe se ba se ithutileng mo Dikwalong, ba ne ba goelediwa go twe ke baitomolodi. Bontsi jwa bone ba ne ba tshabela pogiso kwa mafatsheng a mangwe, mme ba bangwe ba bone ba ne ba siela kwa bokone jwa Italy, kwa morafe wa Waldenses o neng wa falola nako kgolo ke eno. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, bontsi jwa dithuto tsa motheo tsa Bibela le ditiro tsa Ma-Waldenses a pele di ne tsa tlogelwa.
Go lobaka jaanong bontsi jwa Ma-Waldenses kwa bokone jwa Italy ba ntse ba ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Bosheng jaana go ne ga amogelwa lokwalo lo lo tswang kwa go bone lo amogelwa ke ofisi ya lekala ya Watch Tower Society ya Italy. Ba ne ba kwala ka tsela e e latelang:
“Rotlhe re itse ka ga dipogiso tse [Ma-Waldenses a pele] a neng a di boga ka makgolo a mantsi a dingwaga. Mme bantsi ga ba itse gore batho bano gompieno ba boetse kwa mekgweng ya boheitane mme ga ba sa tlhole ba ngaparetse Bibela.
“Ba ka lemogwa fela jaanong ka setshwantsho sa bone [sefapaano sa Huguenot] se se bofeletsweng ka sekagale, se bonala sentle le mo difensetereng tsa kwa pele mo dikoloing tsa bone kana se lepeleditswe mo mabotlolong a “juniper” kana mo mekgabisong ya bone ya kgakologelo.
“Re a le leboga bokgaitsadi le bakaulengwe ba Basupi ba ga Jehofa ka go intsha setlhabelo ka dioura tsa nako ya lona go bula matlho a rona le go dira gore boammaaruri bo tsene mo megopolong ya rona e e kwatlaletseng. . . . Nako e le e senyang le rona e mosola o mogolo thata, e botlhokwa go feta madi. Lorato lwa lona lo lo seng bogagapa (lorato lwa boammaaruri lo lo senang boitimokanyi) lwa baagelani ba lona lo lo supa lo le barutwa bao Jesu a ba tlhalosang mo go Yohane 13:35 le Mathaio 24:45. Mo patlisisong e re e dirileng re bone gore mo dinakong tse dl fetileng Ma-Waldenses ba ne ba dirisa leina la Modimo, Jehofa. . . . Mme gompieno leina leno ba le gana nnang-wa-banyana, lefa mo go Ditiho 15:14 go umakiwa gore Modimo o tla phutha mo merafeng ‘batho ba leina la one.’ Re a bona gore gompieno batho bano ba ka lemogiwa e le Basupi ba ga Jehofa, ereka e le bone fela bao ba dirisang Leina. (Isaia 43:10-12) ‘Re tla tsamaya le lona batho ke lona, ka go bo re utlwile fa Modimo o na le lona.’ (Sekaria 8:23)”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona puisano ka botlalo ka ga Ma-Waldenses a pele, bona The Watchtower, August 1, 1981, ditsebe 12-15.