LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 3/1 ts. 25-31
  • “Molebalebi” Jaaka a Lebana le Hara-magedona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Molebalebi” Jaaka a Lebana le Hara-magedona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MAIKARABELO A BOLEBALEBI
  • Dithuto Malebana Le go Sa Ikanyege
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Go sa Dirise Taolo Sentle go Tla Felela ka Gore e go Latlhegele
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • “Molebaledi eo o Ikanyégañ eo o Botlhale e be e le Mañ?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 3/1 ts. 25-31

“Molebalebi” Jaaka a Lebana le Hara-magedona

1. Go tla diragala eng kwa Hara-Magedona seo setlhopha sa “molebalebi” se lebaneng naso, mme “molebalebi” o ne a tshwantshetswa ke mang mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia wa Jerusalema?

HARA-MAGEDONA ke leina la Sehebera la lefelo leo ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e tla lwelwang gone. Masalela a setlhopha sa “molebalebi” jaanong a lebane le ‘ntwa’ eo tsamaiso eno ya lefatshe ya dilo e tla khutlelang ruri ka yone. Ka jalo setlhopha sa “molebalebi” se ntse se thantse semoyeng gore se bone ka moo Morena yo o boileng, e leng Jesu Keresete yo o galaleditsweng, a tla senyang baba ba ba bonalang ba bogosi joo ba ntseng ba bo rapelela go Jehofa Modimo jaana: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Math. 6:9, 10; Tshen. 16:14-16) Boemo jo jwa dikgang mo lefatsheng ka bophara bo ne bo bontshitswe kana bo bonetswe pele ke se se diragetseng ka nako ya bolebalebi jwa Moiseraele yo Kgosi Hesekia wa Jerusalema a mo dirileng molebalebi wa gagwe wa segosi ka nako e e diphatsa thata.

2. Mojuda yoo e ne e le mang, mme o ne a refositse mang mo bolebalebing jwa segosi, go ya ka Isaia 22:15-25?

2 “Molebalebi” yo e ne e le Mojuda a bidiwa Eliakime morwa Hilekia. O umakiwa gararo e le monna yo e neng e le “molaodi oa ntlo” ya ga Kgosi Hesekia. (Isa. 36:3, 22; 37:2) O ne a tlhatlhama monna go twe ke Shebena mo boemong jo jwa segosi. Taolo ya Modimo maloka le Eliakime le Shebena e kwadilwe go Isaia 22:15-25. Koo re bala jaana:

“Yehofa, Yehofa oa mashomōshomō, o bua yana, a re, Tsamaea, u eè kwa molebediñ eo oa thoto, eboñ kwa go Shebana, eo o laolañ mo tluñ, me u re, U dihañ hano? me u na le mañ hano, ha e bo ne ne e le hano o ikgabetse phupu ha? ka a itlhwaèla phupu ha godimo, a ikgarubèla bonno mo lehikeñ? Bōna, Yehofa o tla gu hulaotsa ka thata yaka monna eo o thata: Eè, o tla gu huparela ka thata. Rure o tla retologa, me a gu konopèla yaka tsamuru kwa lehatshiñ ye le atlhameñ; u tla shwèla gōna, me le dikara tsa tlhabanō tsa kgalalèlō ea gago di tla nna gōna; wèna botlhabisa ditlhoñ yoa ntlo ea morèna oa gago. Me ke tla gu kgorometsa mo tihoñ ea gago, me o tla gu pagolola mo boemoñ yoa gago.a

“Me go tla dihala mo letsatsiñ yeuò, ke tla bitsa motlhanka oa me Eliakime morwa Hilekia: Me ke tla mo apesa sekhutlana sa gago, ke mo thatahatse ka moitlamō oa gago, le pushō ea gago ke tla e tsenya mo seatleñ sa gagwè; me o tla nna rra batho mo banniñ ba Yerusalema le mo tluñ ea Yuda. Me sekopololō sa ntlo ea ga Dafide ke tla se baea mo lerudiñ ya gagwè; o tla bula, me ga go ketla go cwala opè; o tla cwala, me ga go ketla go bula opè. Me ke tla mo kokothèla yaka lomapō mo heloñ ga tlhōmamō: me mo tluñ ea ga rragwè o tla bo a nntse yaka setulō sa bogosi sa kgalalèlō. Me ba tla pèga kgalalèlō eotlhe ea ntlo ea ga rragwè mo go èna, matlhogèla le matlhogèlana, seyana señwe le señwe se sebōtlana, go cwa diyaneñ tsa dinwèlō go ea diyaneñ tsa dinkgwana.

“E tla re mo letsatsiñ yeuō, go bua Yehofa, lomapō Io Io kileñ loa kokothèlwa mo heloñ ga tlhōmamō Io tla shomoga; me Io tla rèñwa, Io oa, le lekōkōma ye le mo go lōna le tla kgaolwa; gonne Yehofa o go boletse.”

3. (a) Leina Eliakime le kaya eng, mme bokao jwa lone bo ne jwa dirafalela mong wa Iona jang? (b) Go ne go romilwe bomang gore ba reetse puo e e tlhapatsang fa pele ga dipota tsa Jerusalema, mme labofelo go ne ga ikuelwa kae go bona thuso?

3 Fela jaaka leina la ga Eliakime le kaya, e leng “Modimo oa tsholetsa,” Jehofa o ne a mo godisetsa kwa bolebalebing jwa ntlo ya ga Kgosi Hesekia ya segosi. Seno se diragetse pele ga fa molaodi wa Asiria, e leng Senakeribe, a tlhasela lefatshe la Juda ka 732 B.C.E. Senakeribe o ne a thibelela le batlhabani ba gagwe kgakajana le Jerusalema mme a bo a romela mmueledi wa gagwe, Rabeshake, mmogo le tshimega, gore ba eme fa pele ga Jerusalema le go e bolelela gore e ineele. Erile ba ntse ba dira jalo, Rabeshake o ne a tlaopa Jehofa Modimo mme a godisa Asiria le molaodi wa yone. Kgosi ya Jerusalema, e leng Hesekia, o ne a romela baemedi ba gagwe go ya go reetsa tlhapatso eno ya Modimo, go akaretsa le Eliakime, yo jaanong e leng molebalebi, gape le Shebena, yo a amogilweng bokwaledi, le Joa, mokwadi wa ditiragalo. Ba ne ba boela kwa go Kgosi Hesekia go ya go mmegela, ba hutsafaditswe thata ke seo ba se utlwileng. Ereka kgosi e ne e ikutlwa e se sepesepe, e ne ya ikuela go moperofeti Isaia, moemedi wa ga Jehofa.—Isa. 36:1–37:7.

4. Mo tirafatsong ya gompieno ya tiragalo eo ya bogologolo, Senakeribe o emela mang, Hesekia ene a emela mang, mme Eliakime ene a emela mang?

4 Foo re bona dikarolo tse di tshwantshetsang tse di tshwanang le boemo jo bo diphatsa jwa gompieno. Ka go tshwantshanya, Senakeribe kgosi ya Asiria o emela mmaba wa bogosi jwa Modimo, e leng Satane Diabolo,b yo o batlang gore batho ba ga Jehofa ba ba rulaganeng ba ineele fa ba tlhokofatswa ka botlhanka kana ka polao. Kgosi e e tloditsweng Hesekia, yo leina la gagwe le kayang “Jah o thatafaditse,” o emela Kgosi e e busang jaanong, Jesu Keresete, yo le ene a utlwang khutsafalo ya barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang mo lefatsheng fa ba ntse ba kgobiwa ebile ba lebana le matshosetsi a go nyelediwa ka seatla sa phuthego ya ga Diabolo. Eliakime, “molebalebi” yo o laolang ntlo ya ga Kgosi Hesekia, o emela masalela a setlhopha sa “molebalebi” se se santseng se le mo lefatsheng ka nako eno ya “bokhutlō yoa lehatshe” go tloga ka 1914 C.E. Fela jaaka Eliakime molebalebi wa tshwantshetso e ne e le Mojuda kana Moiseraele, masalela a gompieno ke Baiseraele ba semoya tlase ga Kgosi e e busang Jesu Keresete.

5. Fa masalela a ntse a anamisa makasine wa Tora ya Tebelo lefatshe ka bophara, ba ne ba ikopanya le bomang, mme ba ne ba gana maina otlhe a a sotlang a a neng baa pharwa leng?

5 Mo lobakeng lono lwa morago, maloko a a fokotsegang a masalela a a tloditsweng a ntse a anamisa makasine wa Tora ya Tebelo E itsise Bogosi jwa ga Jehofa lefatshe ka bophara, ebile ka dipuo tse dintsi. Boitshupo jo bo kgethegileng joo jwa bone jwa gore ba kafa go Jehofa Modimo ke phelelo e e utlwalang ya go gatelapele ga ditiragalo tsa bolegodimo tsa lekgolo la dingwaga la bo-20. Ee, ka go bo mo ngwageng o o sa lebalegeng wa 1931 dikete tse dintsi tsa masalela a a tloditsweng ba ne ba rakana mo kopanong ya kakaretso kwa Columbus, Ohio, mme erile ba le koo, ka July 26, ka bongwefela ba ne ba amogela boikaelelo joo ka jone ba neng ba ipitsa ka leina le le rebotsweng ke Bibela la “Basupi ba ga Jehofa.” Ka go dira jalo ba ne ba gana maina otlhe a a kgobang ao ditsamaiso tsa bodumedi jwa La-Bodumedi di neng di mathile diithuti tse di kopaneng tseno tsa merafe-rafe tsa Bibela ka one. Ka bonako fela diphuthego tsa Baiseraele ba semoya go dikologa kgolokwe ba ne ba amogela leina leo ka kutlwano.

6. Ka go ipitsa jalo ka leina la Modimo, ba ne ba amogela eng ka go ithatela?

6 Ka go dira jalo ba ne ba sikara boikarabelo jo bo bontshiwang ke mafoko ano a a lebisitsweng go Baiseraele ba motlha wa ga moperofeti Isaia:

“Lona Io bashupi ba me, go bua Yehofa, u bile u motlhanka oa me eo ke gu intshenketseñ; gore Io tlè Io itse, Io ntumèlè, Io bo Io tlhaloganyè ha ke le èna: . . . ke gōna Io leñ bashupi ba me, go bua Yehofa, mme ke Nna Modimo.”—Isa. 43:10-12.

MAIKARABELO A BOLEBALEBI

7. (a) Baiphaki ba bolebalebi jwa bodumedi ba ne ba itshenola gore ba maaka jang pele Ntwa ya Lefatshe I e khutla ka 1918? (b) Baruti ba La-Bodumedi ba ne ba itshupa jang gore ba tshwana le Shebena?

7 Fela jaaka Shebena mo mmusong wa ga Kgosi Hesekia ka motlha wa ga Isaia, go na le baruti ba bodumedi jwa La-Bodumedi bao ba iphakang gore ba na le tshiamelo yotlhe ya bolebalebi jwa lefatshe tlase ga Hesekia yo Mogolwane, e leng Jesu Keresete. Go farologana le baruti bano, maloko a a ikanyegang a masalela a a tloditsweng a Basupi ba ga Jehofa a ne a iteka ka natla gore a dire bolebalebi jwa Bogosi ka sebele. Seno se nnile boammaaruri segolo-bogolo go tloga kwa bokhutlong jwa ntwa ya ntlha ya lefatshe e e simolotseng mo go La-Bodumedi. Ka nako eo baruti ba La-Bodumedi ba bontwa-dumela ba ne ba setse ba itshenotse kwantle ga potso maloka le bolebalebi jo ba neng ba iphaka gore ba bo amogetse mo go Kgosi, Jesu Keresete. Tota le ka nako eo bosupi bo ne bo setse bo kokoane jwa gore “metlha ea Badichaba” kana “metlha e e laoletsweng merafe” e ne e khutlile ka dikgakologo tsa 1914. Ee, gape gore ka nako eo Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a simolotse go busa kwa legodimong jaaka Hesekia yo Mogolwane. (Esek. 21:25-27; Luke 21:24, New World Translation) Mme a baruti ba La-Bodumedi ba ne ba tshegetsa bogosi jwa ga Jehofa jo bo tlhomilweng ka Keresete? Le e seng!

8. Morago ga fa lekgotla la Kgolagano le retelelwa, baruti ba La-Bodumedi ba ne ba tsaya kgato efe go farologana le ya masalela a Baiseraele ba semoya?

8 Ka 1919 Baruti ba La-Bodumedi ba ne ba itlhagisetsa go direla jaaka balebalebi ba lekgotla la Kgolagano ya Merafe le le neng le buelelwa. Mme lekgotla leo la Kgolagano le ne la retelelwa gotlhelele ka 1939. Jaanong le tlhatlhangwe ke boemedi jo bo agisanyang jo bo tlhabolotsweng, e leng lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Mo go farologaneng gotlhelele le baruti bao, masalela a Baiseraele ba semoya a ntse a tswelapele go tshegetsa bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ka Keresete.

9. Go ya ka dintlha tsa ditiragalo, karabo ya gompieno ya potso ya ga Jesu go Luke 12:42 ke efe?

9 Ka jalo, go tloga ka tshimologo ya katlholo ya bomodimo ka 1918, ke mang yo o neilweng tlotla ya bolebalebi kana yo o tlhomamisitsweng mo go yona? Dintlha tsa ditiragalo go tloga ka 1918, tseo di ipuelelang ka botsone, di araba jaana: Masalela a a tloditsweng a Baiseraele ba semoya. Bone jaaka setlhopha ke karabo ya potso ya ga Jesu, “Molebalebi eo o ikanyegañ, eo o botlhale, e be e le mañ, eo morèna oa gagwè o tla mo laodisañ ba ntlo ea gagwè, gore a ba abèlè diyō mo lobakeñ lo e leñ lōna?” (Luke 12:42) Ba bopa Eliakime yo Mogolwane wa gompieno. Ke gore, ke setlhopha sa “molebalebi” se se tshwantsheditsweng ke Eliakime yo o ikanyegang le yo o botlhale ka nako ya puso ya ga Kgosi Hesekia (745-716 B.C.E.), e leng ka nako ya fa Asiria a tlhasetse lefatshe la Juda.

10. Go ya ka boperofeti jwa ga Jesu go Luke 12:43, 44, “molebalebi” wa motlhanka, jaaka a emelwa ke masalela a Baiseraele ba semoya, o ne a tla dirwa “segō” jang?

10 Go sa kgathalesege dikhutsafalo tse di welang La-Bodumedi le lefatshe lotlhe la batho, masalela a setlhopha sa “molebalebi” se se ikanyegang one tota a “segō,” fela jaaka Jesu ka boene a boleletse-pele, ka go re: “Go segō motlhanka eouō, eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo.” Ka ntlha ya eng? Ka ntlha ya gore, fela jaaka Jesu a tsweletse-pele, “Amarure kea lo raea, u tla mmaea molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.”—Luke 12:43, 44.

11. Go ya ka Isaia 22:20, 21, Jehofa o ne a re o ne a tla refosa Shebena jang?

11 Ka tsela ya semoya, masalela a a ikanyegang a Iseraele wa semoya a diragaletswe ke se se diragaletseng Eliakime morwa Hilekia, yo o refositseng Shebena yo o ikgodisang jaaka “molebalebi” wa ntlo ya ga Kgosi Hesekia. Fela jaaka Jehofa a boleletse moperofeti wa gagwe Isaia a re:“Me go tla dihala mo letsatsiñ yeuō [la fa Jehofa a pagolola Shebena mo boemong jwa gagwe] ke tla bitsa motlhanka oa me Eliakime morwa Hilekia: Me ke tla mo apesa sekhutlana sa gago [wena Shebena], ke mo thatahatse ka moitlamō oa gago, le pushō ea gago ke tla e tsènya mo seatleñ sa gagwè; me o tla nna rra batho mo banniñ ba Yerusalema le mo tluñ ea Yuda.”—Isa. 22:20, 21.

12. Seo se ne sa bapisana le kgato efe ka Jesu Keresete go tloga ka letlhafula la 1919?

12 Seno se tsamaisana le fa Jesu a laodisa setlhopha sa “molebalebi” se se ikanyegang le se se botlhale dilo tsotlhe tsa gagwe tsa Bogosi. Kgaolo e ntšha e ne ya bulega mo ditiragalong tsa bodumedi segolo-bogolo go tloga ka letlhafula la ngwaga wa 1919 wa morago ga ntwa. Ka nako eo, fela jaaka Eliakime, masalela a setlhopha sa “molebalebi” se se ikanyegang le se se botlhale a ne a apesiwa ka tlotla ya go nna baemedi ba bogosi jo bo tlhomilweng jwa ga Jehofa Modimo ka Keresete. (2 Bakor. 5:20) Ba ntse ba le mo boemong joo ba ne ba itsise bogosi jo bo tlhomilweng “mo lehatshiñ yeotlhe go nna chupō mo merahiñ.” (Math. 24:14; Mar. 13:10) Fa re bua ka tshwantshetso, Modimo Mothatayotlhe o ba tlamile ditheka tsa bone gore ba dire tirelo e e bokete ka go ba tlama ka “moitlamō” wa molebalebi (so·khenʹ, Sehebera; oikonómos, Septuagint ya Segerika).—Bapisa Sekaria 3:1-7.

13. Bao e leng ba setlhopha sa “molebalebi” yo o kopaneng ba ne ba tswa leng mo Babilona yo Mogolo, mme “pushō” ya “molebalebi” yo e ne e le godimo ga bomang?

13 Go tlhokomelesega gore go tloga ka letlhafula la 1919, Jehofa Modimo o ne a goeletsa batho botlhe ba gagwe ba ba ineetseng go tswa go “Babelona eo Mogolo,” e leng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Tshen. 18:2, 4) Bao e leng ba setlhopha sa “molebalebi” ba ne ba tswa ka kutlo, mme Morena wa bone wa selegodimo, yo o leng gone ntswa a sa bonale, o ba dirisitse jaaka setlhopha gore ba abele botlhe ba ba tla tsenang mo bogosing jwa selegodimo “diyō mo lobakeñ lo e leñ lōna.” Mo ntlheng eno setlhopha sa ga Eliakime se nnile jaaka ‘rre’ yo o tlamelang botlhe ba ba tshwantshetswang ke banni “ba Yerusalema le mo tluñ ea Yuda.” Jehofa ka Jesu Keresete o ne a tsenya “pushō” mo seatleng sa setlhopha sa “molebalebi,” mme “molebalebi” yo o kopaneng yo o ntse a dirisa “pushō” eno ka boikanyegi le ka botlhale go fitlha jaanong. “Boidiidi yo bogolo yoa batho” ba “dinku di sele” tsa ga Keresete ba bone molemo mo tlhokomelong ya borre segolo go tloga ka 1935 fela jaaka “moeñ [yo o neng a le] mo teñ ga dikgōrō” tsa Jerusalema wa bogologolo.—Ekes. 20:10; Yoh. 10:16; Tshen. 7:9-17.

14. “Molebalebi” o ne a dira boikarabelo jwa gagwe jang jaaka bo tshwantshetswa ke fa Eliakime a beilwe “sekopololō sa ntlo ea ga Dafide” mo legetleng?

14 Setlhopha sa ga Eliakime sa gompieno se sikarisitswe boikarabelo jo bo bokete jo bo tshwanang le jo bo tlhalositsweng mo mafokong a ga Jehofa maloka le Eliakime wa motlha wa ga Kgosi Hesekia: “Me sekopololō sa ntlo ea ga Dafide ke tla se baea mo lerudiñ ya gagwè; o tla bula, me ga go ketla go cwala opè; o tla cwala, me ga go ketla go bula opè.” (Isa. 22:22) Setlhopha se se kopaneng seno sa “molebalebi” se itshupile se tshwanelegela go sikara “sekopololō [sa bogosi] sa ntlo ea ga Dafide.” Se ntse se thantse gore se sireletse dikgatlhego tsa selefatshe tsa bogosi jwa Modimo jwa bomesia jaaka bo tshwantshetswa ke “ntlo ea ga Dafide.” Se ne sa amogela bao Morena a neng a ba tlhopa gore ba bope maloko a bofelo a masalela a barua-boswa ba bogosi. Ka 1935 se ne sa simolola go amogela “dinku di sele” tseo Modisa yo o Molemo a neng a itumelela go di lere gore di dire “lecomane le le leñwe” mmogo le masalela a a tloditsweng. Se ne sa tswalela batenegi botlhe ba ba lelekilweng le bao ba lekileng go kukunela mo teng gore ba senye Basupi ba ga Jehofa.—Bapisa Tshenolo 3:7.

15. Jehofa o ne a ikaelela go kokothela Eliakime jaaka eng mo felong ga tlhomamo, mme go ne go tla pegiwa dilo dife mo go ene?

15 Fa Jehofa a tswelapele go perofesa kaga setlhopha sa segompieno sa ga Eliakime, o rile: “Me ke tla mo kokothèla yaka lomapō mo heloñ ga tlhōmamō: me mo tluñ ea ga rragwè o tla bo a nntse yaka setulō sa bogosi sa kgalalèlō. Me ba tla pèga kgalalèlō eotlhe ea ntlo ea ga rragwè [jaaka ekete mo lomapong], matlhogèla le matlhogèlana, seyana señwe le señwe se sebōtlana, go cwa diyaneñ tsa dinwèlō go ea diyaneñ tsa dinkgwana.”—Isa. 22:23, 24.

16. Eliakime o ne a refosa mang, mme Eliakime wa sebele o ne a tlhophelwa tirelo efe gore a e direle “ba ntlo” ea Morena?

16 “Lomapō” lo lo kokotheletsweng ruri loo dijana tsa ntlo di neng di tla pegwa mo go lona lo ne lo emela Eliakime, e leng molebalebi yo mosha yo o refositseng Shebena. Ka jalo o ne a tlhokomedisiwa go abela maloko a ba ntlo ya ga kgosi dijo le dino. Go tlhophiwa ga ga Eliakime gore a direle mo boemong joo go ne go tshwantshentsa gore Hesekia yo Mogolwane, Jesu Keresete, fa a tla ka kgalalelo, o ne a dumalana le gore setlhopha sa “molebalebi eo o ikanyègañ” se laole masalela a barua-boswa mmogo le ene ba ba santseng ba le mo lefatsheng gore se abele “batlhanka” bano “diyō [tse di tlhokegang] mo lobakeñ lo e leñ lona,” e ka ne e le ka bontsi kana ka bobotlana. Seno se ne se ikaega ka mofuta wa dijo kana wa dino. Legale, “diyō” tseo di tla bo di tswa mo Lefokong la Modimo. Lefa go ntse jalo, go tswa mo ntlheng e nngwe ya Bibela, ‘dijana’ tseno di emela batlhanka ba Modimo ka bobone, ka maemo a a farologaneng a tirelo.—2 Tim. 2:20-22.

17. Eliakime o ne a tla fetoga “setulō sa bogosi sa kgalalèlō” ka tsela efe go ntlo ya ga rraagwe, mme “matlhogèla le matlhogèlana” a ga rraagwe a ne a tla bona molemo jang mo go seno?

17 Eliakime o ne a tshwanetse go nna “setulō sa bogosi sa kgalalèlō” go ntlo ya ga rraagwe, Hilekia. Seno se kaya gore gaa tlisetsa ntlo ya ga rraagwe kana leina le le molemo la yone kgobo go farologana le molebalebi wa pele Shebena. O ne a tshwanetse go tsholediwa kwa godimo mo tirelong ya segosi ya ga Kgosi Hesekia. Go nna ga gagwe jaaka “setulō sa bogosi sa kgalalèlō” go ne go tshwantshetsa gotlhe. O ne a se kitla a dula jaaka kgosi e tshwanelwa ke go direlwa, mme, jaaka motlhanka wa ga Kgosi, o ne a tla nna le taolo le “pushō” mo sebakeng sa gagwe se a se abetsweng bosha. O ne a tla emela le go buelela kgosi ya Jerusalema ka selekanyo se se rileng. “Ntlo ea ga rragwè” e ne e se kitla e tlotlololwa, mme, bogolo, e ne e tla bona “kgalalèlō” ebile e ne e tla nnela ruri jaaka ekete e mo lomapong lo lo sa somogeng. “Matlhogèla le matlhogèlana” a ntlo ya ga rraagwe a ne a se kitla a tlotlololwa ka go bo a ne a buelelwa sentle ka ntlha ya ga Eliakime. Ba-losika botlhe bao ba ga Eliakime ba ne ba ka mo ikanya gore o tla ba emela ka tlotlo. Ba-losika botlhe ba gagwe ba ne ba ka mo ikanya gore o tla ba emela ka tsela ya serena mo boemong jwa gagwe jo bo kwa godingwana. Ka gone ba-losika ba ba mo ikantseng bao ba ne ba tla kgothalediwa go direla jaaka ‘dijana’ mo tirelong ya segosi ka ntlha ya go bo ba tshegediwa sentle thata.

18. (a) Boikarabelo jo bo kgethegileng bo pegilwe mo go mang gompieno, mme ke ka ntlhayang fa e le boikarabelo jwa segosi? (b) Gompieno “matlhogèla le matlhogèlana” ke bomang, mme ba tshwantshiwa le dijana dife?

18 Le gompieno gape, boikarabelo jo bo bokete bo pegilwe mo setlhopheng sa “molebalebi eo o ikanyègañ.” Ke boikarabelo jwa segosi, jo bo galaletsang, ka go bo bo simolola fa Kgosi ya ga Jehofa e e tlhomilweng, Jesu Keresete, e setse e busa. Ke boikarabelo jwa semoya go botlhe ba ba amanang le setlhopha sa ga Eliakime mo tsholofelong ya bogosi, jaaka “matlhogèla le matlhogèlana” a Rraabona wa semoya. Ba ikaega kana ba pegilwe mo setlhopheng sa “molebalebi” sa seka-lomapo mme bone ka bobone ke ‘dijana’ tse di botlhale le tse di tshedileng tsa go tsholela maloko a mangwe a bokopano jwa bone jwa semoya dijo ka bontsi jo bo farologanang.—2 Tim. 2:20, 21; 1 Bakor. 4:7.

19. (a) Eliakime o ne a tsholediwa go nna molebalebi wa segosi ka nako efe e e diphatsa? (b) Erile kgosi ya Juda e tshosediwa, e ne ya kopa thuso kae?

19 Mo metlheng ya bogologolo, mo lekgolong la dingwaga la bofera-bobedi pele ga Metlha ya rona e e Tlwaelegileng, Eliakime o ne a tsholediwa go nna molebalebi wa segosi ka nako e e diphatsa ya bogosi jwa ga Jehofa jo bo tshwantshetsang jwa kwa Jerusalema. Ka tlhamalalo o ne a utlwa matshosetsi a a boifisang a a neng a goeletswa ke moemedi wa kgosi ya Asiria e e tlhaselang, e leng Senakeribe. Eliakime o ne a a begela Morena wa gagwe, Kgosi Hesekia. Kgosi Hesekia ene gaa ka a senka thuso ya sesole go tswa Egepeto mme o ne a senka Modimo wa gagwe, Jehofa. Jehofa o ne a arabela ka go mo neela karabo e e nonotshang thata ka moperofeti wa gagwe Isaia. Go ne ga diragala eng fa molaetsa o o bogale wa ga Jehofa o diragala? Re bala jaana:

20. Mme Jehofa ene o ne a dirafatsa molaetsa wa gagwe o o bogale ka moperofeti Isaia jang?

20 “Me moengele oa ga Yehofa, a cwa a ea a gaila batho ba bothousanda ba le lekgolo le ba le mashomè a bohèra mebedi le botlhano mo botlhabeleloñ yoa Baasiria; me e rile batho ba cōga go le ka maphakèla, bōnañ ba bo ba le ditoto hèla. Yalo Senakeribe kgosi ea Asiria a tloga, a tsamaea a boea, me a aga kwa Ninefe. Me ga dihala e rile a ōbame mo tluñ ea ga Niseroke, modimo oa gagwè, Aderameleke le Sharesere bomorwawè, ba mmolaea ka chaka.”—Isa. 37:36-38; 2 Dikg. 19:35-37.

21. (a) Go tlhabana ga ga Jehofa koo go ne go tshwantshetsa eng pele? (b) Setlhopha sa “molebalebi” sa gompieno jaanong se lebane le eng, mme setlhopha seno se simolotse leng go utlwatsa tlhagiso ebile se e utlwatsa go bomang?

21 Morago koo tlhabano eo Jehofa a e tlhabanetseng bogosi kwa Jerusalema e ne e tshwantshetsa-pele tlhabano e kgolwane e e santseng e tla tla ka nako ya ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ kwa Hara-Magedona. Moengele wa gagwe yo o tla bolayang ka nako eo e tla nna moengele-mogolo, Kgosi e e tlhomilweng, Jesu Keresete, a laola baengele botlhe ba selegodimo. (Tshen. 16:14-16; 19:11-21) Masalela a setlhopha sa “molebalebi” a lebane le ntwa eno e e di fetang tsotlhe, e e se kitlang e boelediwa. Setlhopha sa “molebalebi,” se se tlhokomedisitsweng “diyō” go tswa mo Lefokong la Modimo, se ntse se dirisiwa segolo-bogolo go tloga ka 1919 gore se utlwatse tlhagiso kaga ‘ntwa’ eno e e tla nnang kwa go bidiwang Hara-Magedona. Fela jaaka Eliakime mo metlheng ya ga Kgosi Hesekia, ba lebane le tlhaselo e e atamelang ya “Moasiria” yo Mogolwane, a na le masomosomo a gagwe. (Mika 5:5, 6) Ba ntse ba ganelela mo go tlhagiseng maloko otlhe a ntlo ya Morena wa bone wa selegodimo gammogo le batho botlhe.

22. Ke bomang ba ba arabileng tlhagiso eo, mme ke ka ntlhayang fa ba kgothadiwa ke seo se diragaletseng Eliakime le baagi ba bangwe ba Jerusalema gammogo le bokao jwa sone?

22 “Boidiidi yo bogolo yoa batho” yoa merafe-rafe bo arabetse tlhagiso eno ebile le bone ba e utlwaditse go ba bangwe. Ba kgothadiwa ke seo se diragaletseng Eliakime, e leng molebalebi wa ga Kgosi Hesekia, gammogo le baagi ba bangwe ba Jerusalema, ka go bo bano ba ne ba falola go gobala mo ntweng fa batseneledi ba Baasiria ba ne ba bolaya ba sa tlhaole. Setlhopha sa “molebalebi” le sone “mo motlheñ [ono] oa bokhutlō,” gammogo le “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba “dinku di sele” tsa ga Keresete, ba tla bolokiwa mo go nyelediweng le tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo, ya Modimo Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona. (Dan. 12:4) Fa Jehofa a sena go fenya koo, Senakeribe yo Mogolwane, e leng Satane Diabolo, gammogo le baengele botlhe ba gagwe ba bademona ba tla latlhelwa mo moleteng ka dingwaga di le 1 000 tsa puso ya ga Hesekia yo Mogolwane, e leng Jesu Keresete.

23. Go tla bo go sena pelaelo kaga karabo e e siameng ya potso e e boditsweng ke Jesu go Luke 12:42 leng?

23 Masalela a setlhopha sa “molebalebi eo o ikanyègañ” a tla nna a aba “diyō” tse di tshwanetseñ bafalodi-ka-bone, e leng “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba “dinku di sele” tsa Morena wa bone, fa fela Morena wa bone yo o busang, e leng Jesu Keresete, a santse a itumeletse go ka nna a ba dirisa mo lefatsheng. Fa ba ntse ba ela go lemoga tebelelo e e itumedisang eo, a batho botlhe ba seka-dinku ba nne ba itisitse mo go ‘kgaolweng’ kwa Hara-Magedona fela jaaka bao ba pegilweng ba ikantse “lomapō” lo lo tlositsweng loo, e leng setlhopha sa ga Shebena mo go La-Bodumedi. (Isa. 22:17-19, 25) Eleruri botlhe ba ba tlhomamisitseng ba bo ba ngaparela karabo e e siameng ya potso ya ga Jesu ba itumela tota. Potso eo e re: “Molebalebi eo o ikanyègañ, eo o botlhale e be e le mañ?” Fa ba ntse ba ikanyega go bolebalebi jwa gagwe, a ba nne ba amogele “diyō” tse di tlhokegang mo diatleng tsa “molebalebi eo o ikanyègañ,” e leng Eliakime yo Mogolwane, mo lobakeng lono lo e leng lone. Go ya ka kitsetso-pele ya Modimo, “lomapō” loo lwa tshwantshetso lo kokothelwa “mo heloñ ga tlhōmamō” gore lo nnele ruri, ka thuso ya Modimo. Ka jalo ipegeng mo go lone ka ikanyo, ka boikanyegi jotlhe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo Thanolong ya Dikwalo tsa Sehebera ya Greek Septuagint Isaia 22:19 e balega jaana: “Mme o tla tlosiwa mo bolebalebing [oi·ko·no·miʹa] jwa gago, le mo bonnong jwa gago.”—Septuagint Version, ya Segerika le Seesemane, ka Samuel Bagster and Sons Limited, London, England.

b Bona tokololo ya The Watchtower ya April 1, 1945. tsebe 102, serapa 1; gape, le ya December 1, 1951, tsebe 719, serapa 10.

A o ka araba dipotso tseno fa go boelediwa?

▪ Eliakime le Shebena e ne e le bomang?

▪ Mo motlheng wa rona, Eliakime le Shebena ba emela bomang?

▪ Kgosi Senakeribe le Kgosi Hesekia ba tshwantshetsa bomang gompieno?

▪ Setlhopha sa ga Eliakime se ema eng nokeng, go farologana le seo se ntseng se engwa nokeng ke setlhopha sa ga Shebena?

▪ Banni ba “Yerusalema le mo tluñ ea Yuda” ba tshwantshetsa bomang?

▪ Ke bomang gape kwantle ga ‘banni ba Jerusalema le ba Juda’ ba motlha wa gompieno bao ba amogelang tlamelo ya borre ya setlhopha sa ga Eliakime?

▪ “Ntlo ea ga Dafide” e emela eng?

▪ “Lomapō” lwa boperofeti jwa ga Isaia ke mang, mme o emela mang?

▪ Ntlha ya gore “lomapō” lo e nna “setulō sa bogosi sa kgalalèlō” e bontsha eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela