Ana go Elwang Kerekeng?
“Go santse go na le ba bantsi thata ba e leng badumedi ebile ba ya kerekeng,” go akgetse jalo motlhotlhomisi mongwe wa kwa Hartford Seminary Foundation, a akgela kaga matswela a tsheka-tsheko e e dirilweng mo kgaolong e kgolo ya Boston, kwa Massachusetts. Batho ba ba botsoloditsweng ba le 90-lekgolong ba ne ba re ba dumela mo Modimong mme ba ba fetang 70-lekgolong bone ba rile ba tsena kereke.
Lefa go ntse jalo, “Globe” ya kwa Boston, eo e simolotseng tsheka-tsheko eno, e ne ya lemoga ka go re “bodumedi jo bo rulangantsweng bo bonala bo tlhotlheletsa batho mo go potlanyane thata.” Ka ntlhayang? Ba le 5-lekgolong fela ba baagi botlhe ba rile ba ne ba ka ya kwa go moruti gore a ba thuse fa ba le “mo mathateng a magolo,” mme ba le 7-lekgolong fela ba batho ba ba tsenang kereke ba rile ba ka dira jalo.
Tsheka-tsheko eno gape e bontsha gore “bontsi jwa batho ba ba tsenang kereke ga bo bale Bibela, ga bo lebogele dijo ka thapelo ebile ga bo ye ditirelong ka metlha.” Mo go bao ba reng ke Makatolike, ke ba le 11-lekgolong ba eketeng ba iteka go bala Bibela ka metlha mme ba le 8-lekgolong ba e dirisa jaaka mosupa-tsela. Dipalo tsa Baganetsa-Bokatoliki tsone ke 23-lekgolong go botlhe le 15-lekgolong go ba ba tsenang kereke.
Bibela e boleletse-pele gore go ne go tla tla motlha wa fa batho ba nna “ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse.” Moaposetoloi Paulo o tlhalosa bontsi jwa ba ba ipitsang Bakeresete “mo metlheñ ea bohèlō” jalo. (2 Tim. 3:1-5) A wa bona gore dilo di ema matsipa?