LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 9/1 ts. 9-13
  • Basupi Go Ya Fela kwa Dikhutlong tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi Go Ya Fela kwa Dikhutlong tsa Lefatshe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TAOLO YA GA KERESETE YA FA A TSAMAYA
  • “MO YERUSALEMA”
  • GO YA MO SAMARIA LE JUDEA
  • “GO EA HЀLA KWA SEKHUTLOÑ SA LEHATSHE”
  • TAOLO YA NAKO E TELELE
  • “Go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • “Dikopololō” tsa Mmuso o Mogolo di a Dirisiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Go Bua Lefoko la ga Jehofa ka Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 9/1 ts. 9-13

Basupi Go Ya Fela kwa Dikhutlong tsa Lefatshe

1. Nngwe ya dinako tse di neng di ama thata mo ditiragalong tsa setho e ne e le efe?

KWANTLE ga pelaelo e ne e le nngwe ya dinako tse dikgolo tse di gakgamatsang mo ditiragalong tsa setho. Go ne go ise go ko go nne kgaogano e e amang go le kana. Morwa Modimo o ne a tloga a tlogela balatedi ba gagwe mo lefatsheng, ba se kitla ba tlhola ba mmona ka matlho gape a le mo nameng. Go ne go na le nako ya potso e le nngwefela, karabo e le nngwefela ya bofelo. Kaga kgang efe? Puisano ya bofelo e ne e tla ama balatedi ba ga Keresete go fitlha fela kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo!

2. Jesu Keresete o ne a bodiwa potso efe pele ga fa a tlogelela lefatshe ruri, mme ke ka ntlhayang fa karabo ya gagwe e re kgatlha thata?

2 Potso ya bofelo e barutwa ba ga Jesu ba e mmoditseng e ne e le: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?” Gore tota maikutlo a bone e ne e le afe fa ba botsa potso eo ke kgang e e ka fopholediwang fela. Ekane ditsholofelo tsa bone e ne e le dife, selo se le sengwefela se phepafetse: ba ne ba batla go itse gore maikaelelo a Modimo malebana le Bogosi a ne a tla diragadiwa leng. Ke mang yo o ka ba bonang molato? E ne e se bone ba ntlha kana ba bofelo go bontsha go felela pelo kgololo ya bofelo. Jalo dikakgelo tsa ga Jesu, ee, mafoko a gagwe a bofelo pele ga fa a tlogelela lefatshe ruri, re a kgatlhegela fela thata gompieno.

TAOLO YA GA KERESETE YA FA A TSAMAYA

3, 4. (a) Jesu o arabile jang? (b) Jesu o neetse barutwa ba gagwe thuto efe e e menaganeng sebedi?

3 Jesu o arabile ka go re: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwè. Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Pego eno e oketsa ka go re: “Me e rile a sena go bua dilō tse, ba nntse ba lebile, a tlhatlosiwa; me leru ya mo chola mo ponoñ ea bōnè.”​—Dit. 1:6-9.

4 Bokao jwa mafoko a ga Jesu a fa a tsamaya bo ne bo menagane sebedi. Santlha ka bothakga, mme a nitame, o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ne ba sa tshwanela go tshwenyega ka go lepa nako ya go diragala ga maikaelelo a ga Jehofa. Ka gone o ne a tlhomamisa se a neng a setse a se boletse mo boperofeting jwa gagwe jwa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. (Math. 24:36; Mar. 13:32-37) Mme morago a tswelela go ba bontsha se ba neng ba tla se tlhokomela. Ba ne ba tshwanetse go nna basupi ba Bakeresete lantlha mo Jerusalema, koo ba neng ba boleletswe gore ba name ba ntse teng (Dit. 1:4), morago mo mafatsheng otlhe a Judea le Samaria mme, labofelo, “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Gore ba atlege jalo ba ne ba tla amogela “nonohō” ka moya o o boitshepo.

5. “Nonohō” e tletse barutwa ba ga Jesu leng, mme e ne ya ba kgoromeletsa go dirang?

5 “Nonohō” eo e ne ya ba tlela beke le sephatlo moragonyana, ka Pentekoste. Baaposetoloi le barutwa ba bangwe ka kutlo ba ne ba tlhotse mo Jerusalema, mme ka letsatsi leo la moletlo “ba bo ba le mmōgō botlhe hèla mo heloñ go le goñwe hèla.” Ka tshoganetso, “botlhe ba tladiwa Mōea o o Boitshèpō, me ba simolola go bua ka dipuō di sele, kaha Mōea o ba neèlañ molomo ka gōna.” Ba ne ba bua, eseng ditsia-badimo fela, mme “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.”​—Dit. 2:1, 4, 11.

“MO YERUSALEMA”

6. Bakeresete ba ba tloditsweng bano ba ne ba simolola go diragatsa taolo ya bone jang, mme ka kganetso efe?

6 Ka bonako fela Bakeresete ba ba tloditsweng bosheng ba simolola go dira taelo e ba neng ba e laetswe ke Keresete yo o tsositsweng. Lantlha ba ne ba rera “mo Yerusalema”; lefa go ntse jalo, eseng kwantle ga kganetso. Baeteledi-pele ba bodumedi le ba puso ba Bajuda ba ba logela maano, ka go re:

“Banna ba, re tla ba dihañ? gonne le galè goa bōnala mo bathuñ botlhe ba ba agileñ mo Yerusalema, ha tihō e e gakgamatsañ e e tumō kgolo e dihilwe ke bōnè [go fodisiwa ga monna wa segole]; me ga re kake ra go latola. Me a re ba bōpeleñ gore ba se tlhole ba bua le motho opè mo ineñ ye [Jesu], gore selō se, se se anamele mo bathuñ.”​—Dit. 4:16, 17.

7. (a) Barutwa ba ga Keresete ba ne ba ikutlwa jang ka moo? (b) Moganetsi wa bodumedi o ne a neela jang bosupi jwa gore Bakeresete ba pele ba ne ba dira taolo ya bone ka boikanyegi?

7 Keresete o ne a rile: “Me lo tla nna bashupi ba me.” Kgotla ya Bokgaolakgang ya Bajuda e ne ya kgalemelela Bakeresete ba pele “gore ba se tlhole ba bua le motho opè mo ineñ ye.” Ba ne ba reetsa mang? Ka tlotlo ba ne ba raya babogisi ba bone, ba re: “Ga re na sepè ha e se go bua hèla dilō tse re di bonyeñ le tse re di utlwileñ.” (Dit. 4:18-20) Ba nna ba tswelela fela ka go neela bosupi. Lemororo baaposetoloi ba ne ba isiwa kgolegelong, erile ba sena go gololwa ka kgakgamatso go le bosigo, ba ne “ba tsena mo tempeleñ bosigo boo sa, me ba ruta.” (Dit. 5:17-21) A botlhaga! Ba tshwarwa gape.

“E rile ba sena go ba tlisa, ba ba baea ha pele ga lekgotla. Me moperisiti eo mogolo a ba botsa, a re, Re lo laile thata, ra re, Lo se ka loa ruta mo ineñ ye; me bōnañ, lo tladitse Yerusalema ka thutō ea lona.” (Dit. 5:27, 28)

Motlotlegi yo wa bodumedi o ne a sa lemoge gore o ne a supela ntlha ya gore Bakeresete bano ba pele ba ne ba dira karolo ya ntlha ya taolo ya bone e ba e neilweng ke Keresete ka boikanyegi. Ba ne ba nna basupi ba gagwe ba ba tlhaga “mo Yerusalema.”

8. Bakeresete bano ba ne ba ‘tladitse Jerusalema ka thuto ya bone’ jang, mme ba bone diphelelo dife?

8 Fa ba sena go bediwa le go bolelelwa gore “ba se ka ba bua mo ineñ ya ga Yesu,” Bakeresete bano “ba cwa ha pele ga lekgotla, ba itumèla ka ba kailwe chwanèlō ea go tlotlololwa ka ntlha ea Leina.” Bogolo go go kgobega marapo, “ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.” (Dit. 5:40-42) Elatlhoko gore ba ne ba “se ka ba bakèle” go neela bosupi ‘ka ntlo le ntlo.’ Ke ka tsela eo ba kgonneng go ‘tlatsa Yerusalema ka thuto ya bone,’ lemororo ba ne ba le babotlana thata ka palo. Mokgwa o wa lere diphelelo tse di molemo thata. “Me lehoko ya Modimo ya tota; le palō ea barutwa ea ntsihala mo gogolo thata mo Yerusalema.”​—Dit. 6:7.

GO YA MO SAMARIA LE JUDEA

9. Tiro ya go neela bosupi e ne ya tswelela go ya kwa Judea le Samaria kafa tlase ga maemo afe?

9 Mme Bakeresete ba pele ba ne ba se kake ba ema foo. Ba ne ba tshwanetse go nna basupi ba ga Keresete le “mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria” gape. Ebile tota, botlhaga jwa bone mo go diragatseng karolo ya ntlha ya taolo ya bone ke jone jo bo dirileng gore ba diragatse karolo ya bobedi ya tiro ya bone ya Bokeresete. Kganetso mo go neeleng bosupi mo Jerusalema e ne ya fitlhelela tlhora ya yone fa Setefane a bolawa tlase ga leina la bodumedi, mme se sa simolola dipogiso tse dintsi kgatlhanong le phuthego ya basupi ba Bakeresete mo Jerusalema. Boikaelelo jwa pogiso eno e ne e le go didimatsa basupi bano ba ga Keresete. Go na le moo, e ne ya kgorola tiro ya go neela bosupi sesha mme ya e atolosetsa fela kwa Keresete a neng a batla gore e ye teng. “Me botlhe ba halalèla mo mahatshiñ a Yudea le Samaria, ha e se baaposetoloi ba le bosi hèla.” Mme Bakeresete ba ba faladitsweng bao ba ne ba dirang mo dikgaolong tseo? Ba “tsamaea tsamaea ba èta ba rèra lehoko.”​—Dit. Kga. 7; 8:1, 4.

10. Baaposetoloi ba ne ba dirang fa ba utlwa gore “ba Samaria ba amogetse lehoko ya Modimo,” mme Petere o na a dirisa “sekopololō” sefe?

10 Ka bonako “baaposetoloi ba ba kwa Yerusalema” ba ne ba utlwa gore “ba Samaria ba amogetse lehoko ya Modimo.” Erile baaposetoloi ba arabela, ba ne ba romela ba le babedi ba bone, eleng Petere le Johane, go ya go nitamisa tiro e e molemo e e dirilweng ke Bakeresete ba ba gasameng ba, go kopanyeletsa le Filipo wa moefangele. Petere o ne a dirisa tshwanelo e Keresete a neng a e mo neetse ka go bulela Basamaria tsela ya go nna Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya, ba ba tloditsweng, ba ba bileditsweng go tla go arola le Keresete mo ‘bogosing jwa legodimo.’ (Math. 16:18, 19; Dit. 8:14-17) Polelo e e go Ditiho e tswelela ka go re: “Ke gōna e rileñ ba sena go shupa le go bolèla lehoko ya Morèna, . . . ba rèra Mahoko a a Molemō mo metsaneñ e le mentsi ea Basamaria.” (Dit. 8:25) Go kalo kaga Samaria!

11. Bosupi ke bofe jwa gore “Yudea eotlhe” e ne ya amogela bosupi jo bo molemo?

11 Fa e le kaga Judea, kwantle ga pelaelo Ba-Judea ba bantsi ba ne ba le teng mo Jerusalema ka Pentekoste mme ba amogetse bosupi jo bontle jo bo neng bo neelwa ke Bakeresete ba ba neng ba sa tswa go tlodiwa, bogolo Petere. (Dit. 2:9, 14-36) Gape re itse gore pele ga fa dipogiso tse dintsi di simologa kgatlhanong le Bakeresete mo Jerusalema, “ga phuthèga bontsi jo bo cwañ mo metsiñ e e mo tikologoñ ea Yerusalema, ba tlisa balwetsi, le ba ba chweñwañ ke meōea e e mashwè; me ba hodisiwa botlhe.” (Dit. 5:16) Baagi botlhe bano ba Judea ba ne ba amogela bosupi kaga Jesu. Fa Luke a ne a bua ka nako ya morago ga go sokololwa ga ga Paulo, o ne a kwala jaana: “Phuthègō eotlhe e e mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea, le Galilea, le Samaria, ea bōna kagishō, ka go chosholosiwa.” (Dit. 9:31) Mo e ka nnang dingwaga di le 15 moragonyana Paulo o ne a ka kwalela Bakeresete mo Thesalonia, a re: “Gonne lona, ba ga echo, lo tlogile loa nna baetsi ba diphuthègō tsa Modimo tse di mo Yudea.” (1 Bathes. 2:14) Ga go na go ganetsa gore Bakeresete ba pele ba bile ba wetsa taolo e ba e neilweng ke Keresete, eleng ya go nna basupi ba gagwe “mo Yerusalema le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria.”

“GO EA HЀLA KWA SEKHUTLOÑ SA LEHATSHE”

12. Dipeo tse di neng di tla tlhoga mo isagweng di ne tsa jalwa jang ka letsatsi la Pentekoste?

12 Lefa go ntse jalo, taolo ya ga Jesu ya fa a tsamaya e ne e atologela kgakajana. E ne e re: “Lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Dit. 1:8) Go na le bosupi jwa gore leina la ga Keresete le ne la bolelelwa Bajuda ba Diasporaa go sa le gale, le eleng pele ga 36 C.E.​—eleng ngwaga oo mo go one Petere a dirisitseng tshwanelo ya gagwe eo a neng a e neilwe ke Keresete gape, ka nako eno a bulela Baditšhaba ba ba sa rupang Bogosi. (Math. 16:18, 19; Dit. kga. 10) Ka gobo, Bajuda le basokologela-Sejudeng ba ba 3 000 ba ba neng ba nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng ka letsatsi la Pentekoste ya 33 C.E. e ne e se baagi ba Jerusalema le Judea fela. Bontsi jwa bone bo ne bo tswa kwa mafelong a a kgakala a Parthia, Media, Elame le Mesopotamia (a jaanong e leng Iran le Iraq), Asia Minor (Turkey wa gompieno), Afrika Bokone le Italy. (Dit. 2:8-11) Fa Bakeresete bano ba ba sa tswang go sokololwa ba boela magaeng a bone mo dinageng tse dikgolo tse tharo tsa Asia, Afrika le Yuropa, kwantle ga pelaelo ba ne ba supa kaga leina la ga Keresete, bobotlana go Bajuda-ka-bone le basokologela-Sejudeng mo dinageng tsa bone. Ka gone dipeo tse di neng di tla gola morago di ne tsa jalwa gone fela foo ka Pentekoste.

13. Ke eng se se supang gore bosupi jwa Bokeresete bo ne jwa neelwa go feta Judea le Samaria go sale gale?

13 Go ya pele, re bala go Ditiho 11:19 gore: “Me ba ba haladicweñ yale ka pitlaganō e e cogileñ kaga Setefane [nako nngwe morago ga Pentekoste, fela pele ga go sokololwa ga ga Paulo ka 34 kana 35 C.E.] ba ea ba hitlha kwa Fenikia, le kwa Kupero, le kwa Antioka [wa Siria], ba sa bue le opè lehoko ha e se Bayuda ba le bosi hèla.” Se se neela bosupi jo bo kwenneng jwa gore le eleng pele ga fa ba eseng Bajuda ba rerelwa, Keresete o ne a supelwa kwa kgakala go feta Judea le Samaria.

14. Go bonala ekete bosupi jo bo rulagantsweng bo ne jwa simololwa kae gareng ga ba ba sa rupang? Tlhalosa.

14 Ka bonako fela fa Petere a sena go dirisa se sengwe sa “dikopololō tsa bogosi yoa legodimo” go kopololela ba ba sa rupang dipaka tsa Bogosi, ka 36 C.E., go ne ga bulwa tsela ya go isetsa batho botlhe bosupi jwa Bokeresete, ee! “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Go bonala ekete bosupi jo bo rulagantsweng gareng ga Baditšhaba ba ba sa rupang lantlha bo ne jwa simologa mo Antioka wa Siria, oo ka nako eo e neng e le motse wa boraro o mogolo mo lefatsheng, o latela wa Roma le wa Alexandria. Go diragetse jaana: Nako nngwe morago ga 36 C.E., fela pele ga 44 C.E., “ga bo go le bañwe ba bōnè, e le banna [ba Bakeresete] ba Kupero le Kurene [mo Afrika Bokone], ba e rileñ ba tsile mo Antioka, ba bua le Bagerika le bōne, ba ba rèrèla Morèna Yesu. Me seatla sa Morèna sa nna nabō: me batho ba le bantsi thata ba ba dumetseñ ba shokologèla Moreneñ.”​—Dit. 11:20, 21.

15. (a) Phuthego ya Jerusalema e ne ya dirang kaga seemo se sesha se, mme ke eng fa tlhopho ya bone e ne e le ee botlhale? (b) Paulo o ne a ntse a dirang mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng? (c) Ke ka ntlhayang fa kgang ya phuthego ya Antioka e le ya botlhokwa jo bogolo go rona?

15 Ditiro tsa botlhaga tsa go rera tsa Bakeresete bano ba Kupero le Kurene gareng ga ba eseng Bajuda di ne tsa segofadiwa ke Jehofa. ‘Phuthego e e kwa Jerusalema’ ya romela moemedi yo o kgethegileng kwa bokone kwa Siria go ya go dirisana le boemo jo bosha jo. Ba ne ba tlhopha Barenabase, ene e le Mojuda yo o buang Segerika wa kwa Kupero. Morago ga fa Barenabase a sena go khothatsa barutwa ba basha bano ba ga Keresete, o ne a ya kwa Tareso go ya go tsaya Paulo, yo a neng a sentse dingwaga di le mmalwa “a rèra tumèlō” mo Siria le Kilikia, eo jaanong eleng borwa-botlhaba jwa Turkey. (Bapisa Ditiho 9:26-30 le Bagalatia 1:18-23.) “Me ga dihala, go re, ga heta ñwaga o o tletseñ [gongwe ka 45 C.E.] ba [Barenabase le Paulo] nntse ba phuthegile le phuthègō [e jaanong e neng e na le Bajuda le Baditšhaba ka bobedi]; me ba ruta batho ba le bantsi; me le gōna barutwa ba simologile ba bidiwa Bakeresete loa ntlha mo Antioka.”​—Dit. 11:22-26.

16, 17. (a) Tiro ya go neela bosupi e ne ya atolosiwa jang go tswa kwa Antioka wa Siria? (b) Paulo le Barenabase ba ne ba tsopola boperofeti bofe go neela lebaka la tiro ya bone, mme boperofeti jo pele bo ne bo lebisitse go mang? (c) Se se sedifatsa Ditiho 1:8 jang?

16 Antioka wa Siria e ne ya nna gone fa ditiro tse dikgolo tsa borongwa di neng di dirwa gone ka dingwaga di le lesome, tlase ga kaelo ya moya o o boitshepo. (Dit. 13:1-4; 14:26; 15:35, 36; 18:22, 23) Paulo, gammogo le barongwa-ka-ene ba ba farologaneng, o ne a simolola maeto a magolo a go neela bosupi a a neng a phasalaletsa Bokeresete mo Asia Minor yotlhe le Greece. Ba ne ba rera Keresete go Bajuda le Baditšhaba ka bobedi. Ka nako e nngwe, Paulo le Barenabase ba ne ba bolelela setlhopha sa Bajuda ba ba gaketseng lebaka la tiro e, ka go re:

“Go ne go chwanetse ha lehoko ya Modimo le ka bolèlèlwa lona pele. Me ereka lo le kgorometsa mo go lona, me lo ikatlhola ha lo sa chwanèla botshelō yo bo sa khutleñ, bōnañ, re shokologèla kwa go Badichaba. Gonne Morèna o re laotse yalo, a re, Ke gu beile lesedi ya Badichaba, gore u nnè poloka le kwa sekhutloñ sa lehatshe.”

Luke o oketsa ka go re: “Me ea re Badichaba ba utlwa mo, ba itumèla, ba galaletsa lehoko ya Modimo: me botlhe ba ba laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ ba dumèla.”​—Dit. 13:46-48.

17 Fa Paulo le Barenabase ba ne ba tsopola boperofeti jwa Motlhanka wa Bomesia (Isa. 42:6; 49:6) le go bo dirisetsa tiro ya bone, ba ne ba bontsha gore bone le Bakeresete-ka-bone tota ke “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” yo Jehofa a neng a mo laoletse go lere “lesedi” le “poloka” “kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Morago Keresete le ene o ne a roma balatedi ba gagwe gore ba nne basupi ba gagwe “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”​—2 Bakor. 5:20; Dit. 1:8; bapisa Isaia 49:5-9 le Luke 2:25-32.

TAOLO YA NAKO E TELELE

18. Re itseng kaga maiteko a Bakeresete ba pele mo go nneng basupi “go ea hèla kwa dikhutloñ tsa lehatshe”?

18 Jaaka re bone, buka ya Ditiho e bontsha botlhaga joo baaposetoloi le Bakeresete ba pele ba neng ba ikaelela go dira taolo e ba e neilweng ke Keresete ya go neela bosupi ka jone mo Jerusalema, Judea, Samaria le kwa bokgakaleng jo ba neng ba ka bo kgona ba ntse ba ya kwa “sekhutloñ sa lehatshe.” Ka sekai, re itse gore moaposetoloi Petere e ne e le mosupi yo o ikanyegang wa ga Keresete go ya fela kwa botlhaba kwa Babilona, le gore Paulo o ne a neela bosupi go ya kwa bophirima kwa Italy mme gongwe le eleng go ya go fitlha kwa Spain.​—1 Pet. 5:13; Dit. kga. 28; Bar. 15:23-28.

19. Lefa go ntse jalo, ke eng se se bontshang gore taolo ya ga Keresete ya fa a tsamaya e ne e tla fitlha mo motlheng ono, mme go tsoga potso efe?

19 Me go bonala sentle tota gore taolo ya fa Keresete a tsamaya ya go nna basupi “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe” e ne e lebisitswe kgakala go feta moo. Go ya ka boperofeti jwa ga Jesu ka boene, e ne e atologela ka kwa ga nako ya baaposetoloi, e bo e fitlha le kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.’ (Math. 24:3, 14) Lefa go ntse jalo, go boeletsa sekao se se molemo se se tlhomilweng ke Bakeresete ba pele go nonotshitse thata ebile go tlhotlheletsa tumelo. Jaanong go tsoga potso eno: Ke bomang bao gompieno ba dirang tiro e e molemo e e simolotsweng ke baaposetoloi, mme ba kgonne jang go nna basupi ba ga Keresete le Rraagwe wa selegodimo, tota “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe”? Re tla bona mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ke go ‘haladiwa’ ga Bajuda morago ga go lelekiwa ga Ba-Asiria le Ba-Babilona.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 10]

“Bōnañ lo tladitse Yerusalema ka thutō ea lona”

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 11]

‘Ba eta ba rerela Basamaria mafoko a a molemo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

“Lo tla nna bashupi ba me . . . go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”​—Dit. 1:8.

SAMARIA

JERUSALEMA

JUDEA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela