LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 8/1 ts. 17-20
  • Barati ba Modimo Baa Ikaelela. . .

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barati ba Modimo Baa Ikaelela. . .
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KA JALO A GO IKAELELWE GORE
  • Go Gaufi Gore Bogosi Jwa Modimo bo Tlise Kgololo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Bolokwa ke Tsholofelo ya Dingwaga tse di Sekete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ke Eng Seo Modimo O Ntseng O Se Dira?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 8/1 ts. 17-20

Barati ba Modimo Baa Ikaelela. . .

Boikaelelo jo bo amogetswe ka kgotelo ke makgolo a dikete-kete a a neng a tlile Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Lorato lwa Bomodimo” ngogola.

1. Basupi ba ga Jehofa ba utlwatsa tlhagiso efe, mme ka ntlhayang?

Mo go fetang dingwaga di le 100 Jehofa Modimo ka Basupi ba gagwe o ntse a neela kitsiso e e tlhagisang ya gore lefatshe kana tsamaiso eno ya dilo ga e ne e nnela ruri. Ka ntlha ya go akanyetsa baagelani ba rona ba merafe, lotso, batho kana puo epe fela, re tlhotlhelediwa ke lorato lwa bomodimo go supela batho-ka-bongwe tseleng ya Modimo jaaka tharabololo e le yosi ya mathata a setho.

2. Go senyegile eng mo lefatsheng?

2 Jaaka dingwaga tsa bo-1980 di tsena, re bona eng jaaka phelelo ya fa batho le merafe e tlhokomologa kana e nyatsa tsela ya Modimo mme ba latela tsela e e leng ya bone ya boipuso kana ya botshelo jwa boitaolo? Batho ba ba thwadi gongwe le gongwe ba bontsha kamego e kgolo ka maemo a dikgang tsa lefatshe a a akgaakgegang le a a raraaneng. Ebile ga go gakgamatse​—go senyegile dilo di le dintsi. Mo dikarolong tsa dipalamo, tlhaeletsano, bongaka, boitseanape le maranyane, dilo tse di farologaneng tseo pele di neng di kaiwa e le tsholofelo kana lesego, tsotlhe gantsi di ile tsa tlisa maswabi le eleng loso. Mokgatlho wa batho gompieno o phikantswe ke mathata a a sa feleng​—bokebekwa, boikepo, ditsietso tse di bosula, go tlhoka kutlwano, ditiro tsa borukhutlhi le dikotsi tse dingwe tse di bopèlang. Eleruri, ponalo ya jaanong’ ya lefatshe la setho ke e e tseanyang. Go tswa ponong ya motho, go nna gone mo go tswelang-pele ga thulaganyo ya lefatshe ya jaanong go belaelwa tota. Lefa go ntse jalo, ke batho ba bakae bao gompieno ka tshisibalo ba akanyetsang botlhokwa jwa maemo ano a a sa bapisiweng le ape mo tshedimosetsong ya Lefoko la Modimo, eleng Bibela?

3. Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisediwa ke tirafalo ya dipolelelo-pele dife tsa Bibela gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo gaufi? Dipolelelo-pele tseno di reng?

3 Jesu Keresete o neetse sesupo se se kopaneng maloka le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo mmogo le nako ya gagwe ya go simolola go dirisa maatla a gagwe a bogosi godimo ga lefatshe la setho. Dikakgelo tsa gagwe tsa boperofeti tsa motlha wa rona di thadisitswe mo rekotong go Mathaio dikgaolo 24 le 25, Luke kgaolo 21 le Mareko kgaolo 13. Mo tumalanong le boperofeti jwa gagwe jo bogolo, ditlhaloso tse di tlhotlheleditsweng tsa malatsi ano a bofelo di bonwa go 2 Timotheo 3:1-5, Tshenolo kgaolo 6 le dikarolo tsa boperofeti tse di amanang le tseo mo Dikwalong tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bakeresete. Diithuti tsa Bibela tse di tlhaga mo gare ga rona di bone tirafatso ya bontsi jwa dipolelelo-pele tseno mo lekgolong leno la dingwaga.

4. Go na le bosupi bofe jo bogolo jwa gore ‘lobopo lotlhe lo mo botlhokong jaanong’?

4 Go tswa dintlheng tsotlhe le maemong otlhe a batho, go na le bosupi jo bogolo jwa gore “lobopō lotlhe lo nntse loa hegèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pelego, le gompiyeno.” (Bar. 8:22) Re bona batho-ka-bongwe ba tlhorontshwa ke dipobolo tse dintsi tsa mmele, kgopolo le tsa boikutlo mmogo le tshenyego ya kakanyo go sa kgathalesege dikgatelo-pele tsa bongaka tseo di bakwang mo go kalo. Manyalo a a senyega. Palo ya dikgaogano le ditlhalano e lekana le ya manyalo kana e a e feta mo dinageng tse dintsi. Botshelo jwa lelapa bo tlhakatlhakane fela, moo bo dirang gore ba bantsi ba belaele gore motheo ono wa mokgatlho o ka nna ka lobaka lo loleele. Ditoropo di pineletswe ke mathata a a imelang a matlole ebile di gaufi le go wa. Merafe e a rerega, e gagolakwa ke ditlhopha tse di kgaoganyang ebile e bopèlwa ke merafe e e bapileng e e seng botsalano le e e lwang. Lefatshe ka bophara le tlhokofatswa ke dikudumedi tsa itsholelo le tsa madi, ditlhaelo tsa maatla, dikotsi tsa kgotlelo le tsa botsogo, koketsego ya palo ya baagi le popamo mo dinageng tse dintsi. Mo godimo ga dilo tsotlhe go leketla pono e e boitshegang ya kgaisano ya dibetsa eo e bopèlang go ka senya setho tota le go se fedisa ka nuklea. Eleruri, dipelo tsa batho di a nyerega ka ntlha ya poifo ya seo ba se bonang se tlela lefatshe leno le le agilweng.

5. (a) Mo gare ga tlhakantsuke ya jaanong, bontsi jwa batho bo dira eng? (b) Batho ba ka falola sepitla se segolo se se atamelang ka go dira eng, mme ke bomang ba ba kileng ba falola?

5 Mo gare ga tlhakatlhakano e e ntseng jalo, ba bantsi baa go itlhokomolosa. Bangwe ba akga-akgiwa ke boitsholo le boikutlo tse di senyegileng tseo di tlwaelegileng ka nako eo. Gape go na le bao eleng baba ba Modimo, bao tota ba emelanang le melao-metheo ya gagwe e e siameng le bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe. Seo lefatshe le se jalang, lea se roba jaanong​—eleng maungo a a bodileng. Nako ya Modimo e e laotsweng ya go le rutlakaka ka tshoganetso e a atamela. Batho ba ba sekametseng tshiamong bao ba lemogang kotsi ya tsela ya setho e e bohula, ya dilo tse di bonalang, ya go rata boipelo le ya boitaolo ba tlhotlheletswa go reetsa tlhagiso ya bomodimo pele ga fa go nna thari. Ka go dira jalo, mo tumalanong le ditiro tsa Modimo tse di fetileng, ba ka nna gare ga ba ba nang le tebelelo ya go falola sepitla se segolo se se atamelang. Makgolo a dingwaga a le masome a mane le boraro a a fetileng Modimo o bolokile Noa le lelapa la gagwe mo morwaleleng wa kgolokwe. Makgolo a dingwaga moragonyana O ne wa golola Lote le bomorwadie ba babedi fa Sodoma le Gomora di ne di senngwa. Tseno di neela sekao sa ka moo Modimo o ka dirisanang le bao ba tsayang kgato ka tumelo le go arabela go mafoko a a molemo a bosakhutleng a a ntseng a bolelwa go ralala lekgolo leno la dingwaga.

6. (a) Ke ka ntlhayang fa go nnile le khutsahalo e e kanakana ya lefatshe go tloga ka 1914? (Tshen. 12:7-12) (b) Mo ‘sepitleng se segolo,’ go tla diragala eng ka bodumedi jwa maaka mme morago ka merafe ya lefatshe? (Tshen. 18:9, 10, 21-24; 19:11-16)

6 Bo-raditiragalo ba segompieno ba lemogile gore 1914 e ne e le ngwaga wa phetogo e kgolo. Fa esale ka ngwaga o o tlhokomelegang oo, setho se ntse se tshela mo lobakeng lo lo tobekaneng lwa diphetogo tse dikgolo. Batho ba bantsi ga ba lemoge ntlha ya gore boperofeti jwa Bibela bo bontsha gore ke lobaka lwa khutsahalo ya setho “ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lo khutshane.” (Tshen. 12:7-12) Letsatsi la go ikarabela le atamela ka bofefo. Le tla wela kokomane eno mo go seo Jesu a se tlhalositseng jaaka “sepitla se segolo” seo Modimo o tla atlholang Babilona yo Mogolo, eleng bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka joo La-Bodumedi eleng karolo e kgolo ya jone, ka sone. Morago ga foo, merafe yotlhe e e kgatlhanong le bogosi jwa Modimo, eleng mmuso wa gagwe wa lefatshe o o tlang, e tla kopanela mo ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe, eo mo Bibeleng e bidiwang Hara-Magedona, moo ba tla fenngwang ka bosakhutleng.​—Tshen. 16:14-16.

7. (a) Morago ga Hara-Magedona, go tla diragala eng ka Diabolo le batlhabani ba gagwe ba moya? (Tshen. 20:1-3) (b) Ka nako eo batho ba tla ipelela isagwe efe, jaaka go bontshitswe ke dipolelelo-pele tsa Bibela? (Tshen. 21:3, 4; Pes. 37:9-11, 29; Isa. 11:6-9; 33:24; 65:21-24)

7 Labofelo, Diabolo le batlhabani ba gagwe ba meya e e bosula ba tla latlhelwa mo moleting wa kgolegelo ya tshwantshwetso, ka gone seno se siamisetsa puso ya lefatshe ka bophara ya bogosi jwa Modimo e e sa kgorelediweng ya dingwaga tse di sekete tsela. Abo re itumela jang fa re itsile tsela ya Modimo ya go tlosa boikepo mo lefatsheng! A ga re emele go tsenelela mo go ntseng jalo ga bomodimo ka botlhaga? Ee, mme ka boitumelo re tlhaeletsa magodimo a masha a semmuso gammogo le mokgatlho o o phepafaditsweng wa lefatshe le lesha tseo a di solofeditseng!​—2 Pet. 3:13.

KA JALO A GO IKAELELWE GORE

8. Jaaka babusiwa ba ba ikanyegang ba bogosi jwa Modimo, re ikaeletse go latela tsela efe re ntse re etsa Jesu Keresete? (Mar. 1:38; Luke 4:43; Yoh. 6:15; 15:19; 17:16; 18:36)

8 Rona, Basupi ba ga Jehofa, re tla kitlanya maiteko a rona a go bolela mafoko a a molemo a Bogosi ka tlhoafalo gammogo le go bolela molaetsa wa Modimo wa katlholo ka bopelokgale mo nakong eo o e letleletseng. Re tla tswelapele re ineetse ka moya otlhe go bogosi jwa Modimo le go lwela go nna babusiwa ba jone ba ba ikanyegang. Re ikitlieleditse go dira seno ka go latela tsela ya boikanyegi ya ga Jesu Keresete, re boloka boitlhaodi mo lefatsheng, re tila ditharaano tsa lone, re gana go kopanela mo dikganetsanong tsa lone le go se letlelele boitatolo bope. Lemororo seno se re dira ba ba ilwang ke lefatshe, re ikitlieleditse go gogwa ke molao-motheo wa Dikwalo wa gore mongwe le mongwe yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.​—Yak. 4:4.

9. (a) Re ikaeletse go tswelapele re ntse re utlwatsa tlhagiso efe ya Dikwalo? (b) Go nnela ruri mo boikaelelong jwa rona jwa go ungwa maungo a Bogosi le maungo a moya wa Modimo go akareletsa eng? (Mar. 13:10; Yoh. 13:34, 35; Bagal. 5:22, 23; Bakol. 3:12-14)

9 Ereka rona ka borona re tswa mo go Babilona yo Mogolo, re tla gatelela ka natla mo go neeleng tlhagiso ya Dikwalo: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” (Tshen. 18:4) Ka moya wa go intsha setlhabelo re ikitlieleditse go tswelapele re thusa boidiidi jwa batho bao ba santseng ba ka emela boammaaruri pele ga fa katlholo ya bomodimo e wela bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka. Ereka tsela e e sa amogelesegeng ya La-Bodumedi e tliseditse leina la Modimo kgobo, boitlhomo jwa rona ke go itshupa re le barutwa ba sebele ba ga Jesu Keresete ka go ungwa maungo a Bogosi gammogo le maungo a moya wa Modimo mme ka gone re galaletsa Rraarona wa selegodimo, eleng Jehofa.​—Yoh. 15:8.

10. (a) Re ikaeletse go direla Modimo tirelo e e boitshepo ka go neela boammaaruri ka tsela efe? (Bakol. 4:6; 1 Pet. 3:15) (b) Baaposetoloi ba re tlhomeletse sekao sefe sa botlhoka-poifo le bopelokgale, gammogo le sa go tlotla babusi, seo re ikaeletseng go se latela?

10 Go sa tlhokomelesege maemo kana lefelo la rona motho-ka-mongwe, re tla ipelela go direla Modimo tirelo e e boitshepo, motshegare le bosigo. Ka go bisa go khutla re tla dirisetsa dipaka tsotlhe go neela leina la Modimo le boikaelelo jwa one bosupi jo bo feletseng, re neela boammaaruri ka mokgwa o o ikuelang, re dira gore ‘puo ya rona e nne ntle ka metlha yotlhe, e lokilwe ka letswai.’ (Bakol. 4:6) Ka nako e e tshwanang, re tla batla go nna ba ba senang poifo, re bua Lefoko la Modimo ka bopelokgale jotlhe fela, segolo-bogolo fa re lebane le dipōpō, pogiso kana mefuta e mengwe ya kganetso. Fela jaaka baaposetoloi, ga re ne re kgaotsa go “bua hèla dilō tse re di bonyeñ, le tse re di utlwileñ.” (Dit. 4:19, 20) Lemororo re neela babusi ba bagolo tlotlo e e tshwanetseng, re naa Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, lefa go ntse jalo, fa dikgang kaga kobamelo ya rona le tirelo ya rona go Modimo di tsoga, re tla etsa baaposetoloi ka “go utlwa Modimo bogolo go batho.”​—Dit. 5:29.

11. (a) Boikaelelo jwa rona ke go wetsa tiro efe? (Math. 24:14) (b) Re ikantse mang gore a re goge. mme a go na le motheo wa sebele wa go lebelela gore o tla re tshegetsa? (Bafil. 4:13)

11 Ka go baya dilo tsa semoya kwa pele mo matshelong a rona, boikaelelo jwa rona ke go wetsa tiro ya go bolela mafoko a a molemo a Bogosi le go utlwatsa tlhagiso ya bomodimo go tswa Lefokong la Modimo. Gore re kgone go dira jalo, re tla ikanya Jehofa ka dipelo tsotlhe tsa rona, re ikaega ka gale mo kaelong le mo tlhokomelong tsa gagwe gammogo le mo dipontshong tse dingwe tsa lorato lwa Gagwe. Mo dithapelong tsa rona tse di tlhoafetseng re tla kopa Rraarona wa selegodimo gore tsela eno ya rona e nne e e itumedisang le e e amogelesegang fa pele ga gagwe, eleng Ene ‘yo o nonofileng go dira segolo thata bogolo go tsotlhe tse re di lopang le tse re di gopolang.’ (Baef. 3:20) A thato ya gagwe e dirwe, e re leretsa maipelo le masego a magolo gammogo le ba bangwe ba ba ratang Modimo, ka bobedi jaanong le ka bosakhutleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela