LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 4/1 ts. 20-25
  • Go Bolokwa ke Tsholofelo ya Dingwaga tse di Sekete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bolokwa ke Tsholofelo ya Dingwaga tse di Sekete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “LO ITISÈ”
  • GO TLHALOGANYA “EO O MAKGAPHA”
  • BOEMO JO BO POTLAKILENG
  • “LEBÈLÈLAÑ”
  • “A Mmadi a Dirise Temogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Tshabela Kwa Lefelong le le Babalesegileng Pele ga “Sepitla se Segolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Sesupo sa go Nna Gone ga Gago E Tla Nna Eng?’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • “Se Se Makgapha” Se Palelwa ke go Tlisa Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 4/1 ts. 20-25

Go Bolokwa ke Tsholofelo ya Dingwaga tse di Sekete

“Me yana ithuteñ ka setlhari sa mofeigè sechwanchō sa ōna: e re ha kala ea ōna e setse e le nana me e kukunya makakaba, loa itse ha selemō se atametse; Le lona hèla yalo, e tla re lona bōna dilō tse di dihala, lo bo lo itse ha a le gauhi, a le hèla ha meyakoñ.”—Mar. 13:28, 29.

1, 2. (a) Moeteledipele wa lefatshe o ne a reng kaga ntwa le kagiso? (b) Mme ke tsholofelo efe e Jesu a neng a e bolela? (Bapisa Luke 21:29-31)

“MOTLHENG wa bomo ya kgailo, ga go sa tlhole go na le pharologano e e tlhaloganyesegang gareng ga ntwa ya lefatshe lotlhe le ipolao ya lefatshe lotlhe.” Ga bua jalo tau-tona ya United States jaaka a ne a boa kwa go saeneng Tumalano ya SALT le Soviet Union. O ne a bontsha gape gore lefatshe le ntse le tshela mo “letlatlaneng la kagiso,” ka metlha le lebagane le tebelelo e e letobo ya “ntwa ya bomo e e gailang e e senyang, ntwa eo ka go tshosa le ka go senya le ka loso e tla nyenyafatsang dintwa tsotlhe tse di kopantsweng tsa ditiragalo tsa lobaka lo loleele le tsa tshololo ya madi.” A mme e tla tla go ipolao ya lefatshe lotlhe? A re tlhatlhobiseng se “Morwa Motho,” Jesu Keresete, a se arabang, go ya ka buka ya Mareko.

2 Mo go boleleleng pele ditiragalo, ‘dilo tse di diragalang’ mo dingwageng tsa rona tsa bo-makgolo a masome a mabedi, Jesu Keresete o ne a di tshwantshanya le setlhare sa mofeige fa “kala ea ōna e setse e le nana, me e kukunya makakaba”—sesupo sa gore selemo se gaufi. (Mar. 13:28, 29) Se se tshwana le go tla ga ga Jesu go diragatsa katlholo. Mme morago go tla latela “dinyaga tse di makgolo a leshomè,” tseo mo go tsone Diabolo a se kitlang a tlhola a timetsa merafe.—Tshen. 20:2, 3.

3. (a) ‘Dilo tse di diragalang’ tse Jesu a neng a lebisa go tsone di amile setho jang? (b) Barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse go leba ditiragalo tse jang?

3 Lefa go ntse jalo, ‘dilo tse di diragalang’ ga di ise di ke di itumedise. Mo go perofeseng kaga tsone, Jesu o re kgothatsa mo mafokong a: “Me lo tla re lo utlwèla dintwa, le medumō ea dintwa, lo se ka loa huduèga: dilō tse di na le go dihala hèla; me e tla bo e se e nne bokhutlō. Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bogosi: go tla nna dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe; go tla nna meshwele; me dilō tse e be e le tshimologō ea metlotsedi.” (Mar. 13:4, 7, 8) Jalo barutwa ba ga Jesu ga ba tseana ka mo go sa tshwanelang kaga diritagalo tse di tshosang mo lefatsheng haesale “metlha ea Badichaba” e fela ka 1914. (Luke 21:24-28) Tse ke tshupo yotlhe ya gore Keresete Jesu, Morwa Motho, ‘o gaufi, fela fa mejakong,’ le gore balatedi ba gagwe ba ba gatang mo dikgatong tsa gagwe ba ba tsositsweng ba tla busa jaaka dikgosi le ene mo bogaufing “ka dinyaga tse di makgolo a shome.”—Math. 24:33; Tshen. 20:4.

“LO ITISÈ”

4. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa gantsi ba bogile go gaisa ba bangwe, mme Mareko 13:9 ya reng kaga se?

4 Gammogo le batho ba bangwe ba bantsi, Basupi ba ga Jehofa ba bogisitswe ke “metlotsedi” e. Ka dinako tse dingwe ba bileditswe go tla go itshoka le eleng go feta ba bangwe, gonne e ke nako ya motlha oo mo go one Diabolo a gakaletseng bogolo ba “ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo.” (Tshen. 12:12, 17) Jesu o bua kaga se, a re: “Me lo itisè, gonne ba tla lo nèèla mo makgotleñ; lo tla bediwa mo matluñ a thutō; lo tla èma ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ea me, go nna chupō mo go bōnè.”—Mar. 13:9.

5. Mo go gateleng pele go mokgeleng wa dingwaga tse di sekete, boitemogelo jwa Basupi ba ga Jehofa e nnile eng haesale ka 1914?

5 Abo se se itshupile go nna boammaaruri jang mo motlheng o o latelang 1914! Baithuti ba Bibela ba ba nang le segakolodi ba ne ba tsongwa le go bogisiwa ke bontsi jwa merafe e e neng e tsaya karolo mo Ntweng ya Lefatshe I. Bontsintsi jwa dipogiso jwa khurumetsa, mme jwa retelelwa ke go senya basupi ba ga Jehofa ba Majeremane mo dingwageng tsa bo-1930 le go ya bo bo-1940. Mo Ntweng ya Lefatshe II, bontsi jwa merafe ya lefatshe jwa kopanela mo letsholong la kilo kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Mme go sa kgathalesege dipogo tsa bone, tsholofelo e e phatsimang ya puso ya dingwaga tse di sekete e e segofaditsweng ka metlha e ne e ntse e le fa pele ga Bakeresete ba; mme ba ntse ba tsweletse go gatela pele boitumelong jwa nako eo.—Tshen. 20:6.

6. (a) Batho ba ga Jehofa ba tlhokilwe go neela “chupō” efe? (b) Mareko 13:10 e dirafaditswe go ya bokgakaleng jo bo kanakang mo metlheng ya segompieno?

6 Go fitlha gompieno, batho ba ga Jehofa ba ntse ba tshwanelwa ke go tla fa pele ga baatlhodi le babusi mo mafatsheng a le mantsi, jaaka “chupō mo go bōnè.” Se ke ka gonne batlhanka ba Modimo ba neela boikanyegi jotlhe jwa bone go bogosi jwa ga Keresete, jo Jesu ka boene a bo tlhalositseng jaaka jo eseng “yoa lehatshe yeno.” (Yoh. 18:36) Gape ke ka gonne ba arola ka botlhaga mo tirafatsong ya mafoko a a latelang a boperofeti jwa ga Jesu: “Me Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.” (Mar. 13:10) A se se kgonnwe haesale ka 1914? Ee ruri! Eseng ka nonofo ya batho fela, mme ka maatla a moya wa Modimo, Basupi ba ga Jehofa ba kopantse lefatshe ka letsholo la go rera le go dira barutwa. Gompieno Basupi ba ba fetang didikadike tse pedi ba bolela tsholofelo ya dingwaga tse di sekete “kwa dikhutloñ tsa lehatshe.”—Seka. 4:6; Bar. 10:18.

7. Basupi ba ga Jehofa ba itemogelela thuso ya nonofo e kgolo ya Modimo ka ditsela dife? (Isa. 40:28-31)

7 Ka nonofo ya gagwe e kgolo Modimo o tshegetsa batho ba gagwe ka mo go gakgamatsang jaaka ba tswelela go rakana le maemo ao Jesu morago a neng a a tlhalosa, ka go re: “Me e tla re ba lo gōgèla kwa ditshekoñ, me ba lo neèla balaodi, lo se ka loa tlhobaèlèla pele se lo tla se buañ; me hèla se lo tla se nèwañ mo nakoñ euō, lo buè shona hèla; gonne e tla bo e se lona ba lo buañ, e le Mōea o o Boitshèpo. Me morwa rra motho o tla neèla morwa rragwè go bolawa, le rra motho ngwana oa gagwè; le bana ba tla cogologèla batsadi ba bōnè, ba diha gore ba bolawè. Me lo tla ilwa ke batho botlhe ka ntlha ea leina ya me.”—Mar. 13:11-13.

8. “Mōea o o Boitshepō” o thusitse batho ba Modimo gantsi jang fa ba le tlase ga kgatelelo?

8 Mo metlheng e ya tirafatso ya “seshupō” sa Jesu, go nnile le dikai tse dintsi tsa go tlamela ka “Mōea o o Boitshepō” le kgogo ya ga Jehofa fa o ne o tlhokega fela thata. (Mar. 13:4) Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, molebedi yo o etang yo o ikanyegang, o tshwerwe bosheng ka baka la go rera “Mahoko a a Molemō,” mme batshwari ba gagwe ba ne ba ba baakanyetsa go mmolaya. Lefa go ntse jalo, o ne a lwantshetsha gore ba tshwanetse go mo sekisa sentle pele. Fa tsheko e ne e dumelelwa, o ne a kopa mmegi wa kgotla. Ka thuso ya moya wa ga Jehofa, molebedi o ne a neela bosupi jo bo molemo malebana le Bogosi, a tsopola dikwalo di le dintsi. Mo gotlhe go ne ga kwalwa mo rekotong ya kgotla. Lefa go ntse jalo, o ne a atlholelwa loso. Mme morago o ne a itsise lekgotla gore molao o mo neele tetla ya go ikuela. Jalo o ne a letlelelwa go kuela kgang ya gagwe ka rekoto ya kgotla e e kwadilweng. Kgotla e kgolo ya fetola phetso, mme ya golola molebedi yo o etang go tsweletsa go rera ga gagwe kaga bogosi jwa Modimo. Moya o o boitshepo o ne o mo thusitse go bona phenyo!—Bapisa Ditiho 4:13, 31; 5:32.

9. Ke mathata afe a go thulanweng nao a ba a fenngwa malebana le maloko a lelapa?

9 Jaaka Jesu a ne a bolelela-pele, maloko a lelapa a a sa dumeleng a fetogile babogisi. Go okiwa ga Basupi ke bana ba ba tsuololang ba eleng ba bone go diragetse ka makgetlo a le mantsi, jaaka go diragetse mo kampeng ya batshabi mo Afrika. Gape, mo mafatsheng a a tshwanang ka kagiso, Basupi ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe ba ne ba tshwanelwa ke go emelana le kganetso e e botlhoko go tswa balekaneng ba lenyalo kana maloko a mangwe a lelapa. Jaaka ba neela bosupi ka botswerere le go leka go thusa baganetsi ba ka lorato, Basupi botlhe ba tshegediwa ke tlhomamisetso ya gore “eo o ichōkèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”—Mar. 13:13; bapisa Mareko 10:28-30; 1 Petere 3:1-4.

GO TLHALOGANYA “EO O MAKGAPHA”

10. Go tsoga potso efe maloka le Mareko 13:14?

10 Batho botlhe ba ba tlhologeletseng go tla ga dingwaga tse di sekete ba kopanyelediwa fela thata mo tirafatsong ya mafoko a ga Jesu a a latelang: “Me e tla re lo bōna eo o makgapha a a shwahatsañ a eme ha o sa chwanèlañ go èma,—eo o balañ a a tlhaloganyè,—hoñ ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ.” (Mar. 13:14) “Eo o makgapha” yo ke mang?

11. (a) Bogosi jwa Modimo le “eo o makgapha” di ganetsana jang? (b) Ke ka ntlhayang fa lekgotla la Merafe e e Kopaneng le le “makhapha” mo ponong ya ga Jehofa?

11 “Eo o makgapha” o ema kgatlhanong le “bogosi yoa Morèna [Jehofa Modimo] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè,” jo bo tsetsweng kwa legodimong ka 1914. (Tshen. 11:15–12:12) Bogosi ba tlhalosiwa seperofeti jaaka “e ntlè” le “bontlè yo bo tletseñ.” (Pes. 48:2; 50:2) Mme moragonyana fela merafe ya simolola go gakalela Bogosi. (Pes. 2:1-6) Ka bonakonako ba lere Kgolagano ya Merafe, morago go tlhaga jaaka Merafe e e Kopaneng. Mo bukeng ya Bibela ya Tshenolo setlhopha se sa merafe yotlhe se tshwantsiwa jaaka sengwe se se “makgapha” eleruri—“sebatana señwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō . . . se tletse maina a tlhapacō, se [na] le ditlhōgō di shupa le dinaka di shomè.” (Tshen. 17:3, 8) A bo go le “makgapha” jang ponong ya ga Jehofa! Gonne se bokiwa jaaka boemedi jo bo lereng “kagishō le thagamō”—sengwe se puso ya Bogosi jo bo galalelang jwa Keresete fela e ka se direlang setho.—Isa. 9:6, 7; bapisa 1 Bathesalonia 5:3.

12. Ke jang Babilona o Mogolo a sa ratiweng ke Modimo, mme phelelo ya gagwe e tla nna eng?

12 Ke bomang ba ba dirileng boiphako jo jwa boipelafatso bakeng sa boemedi jo jwa batho? Ka mo go tlhomolosegileng, baruti ba La-Bodumedi! Ka December 1918, Kgologano ya Lekgotla la Dikereke tsa Keresete mo Amerika le ne la tlotlomatsa Kgologano ya Merafe e ka nako eo e neng e akanngwa jaaka “tlhaloso ya bopolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Bosheng fela thata jaana, ka 1965, Mopapa Paul VI o ne a itsise lekgotla la Merafe e e Kopaneng jaaka “tsholofelo ya bofelo ya kutlwano le kagiso.” Go fitlha ngwaga ono 1980, bapapa le baokamedi ba ditumelo ba tswelela go rata Merafe e e Kopaneng. Mme baruti ba ke ba eng? Ba tshwaragane le “seaka” sa bodumedi, se se tlhalosiwang go Tshenolo jaaka “BABELONA O MOGOLO, MMA DIAKA, LE MMA MAKGAPHA A LEHATSHE.” (Tshen. 17:1, 3-6) Jaaka mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, “mosadi” yo wa seaka o tswelela ka go gwebisana le baeteledipele ba merafe ba bopolotiki, jaaka a bolela tumelo ya gagwe mo ‘sebataneng’ sa lekgotla la Merafe e e Kopaneng, a ithaya a re o ‘ntse jaaka mohumagadi,’ mo godimo ga “sebatana” mo go se neeleng kaelo. (Tshen. 18:7) Mme fela jaaka ekete o ‘ntse ka bontle’ le “barati” ba gagwe ba bopolotiki, “dinaka tse shomè” tse di tlhabanang tsa Merafe e e Kopaneng eo di tla simolola go ‘ila seaka di se swahatse’ le go se tsola gotlhe, ‘le go se senya gotlhelele.—Tshen. 17:16.

13, 14. (a) Ke ka baka lang fa re tshwanetse go tlhomamisa gore go ‘tshabela ga rona kwa dithabeng’ ke mo go feletseng? (b) Ke bosupi bofe jo bo leng teng jwa gore bontsi bo santse bo utlwa taolo e e mo go Tshenolo 18:4?

13 Ka leitlho le le tlhaloganyang la tumelo, Bakeresete le eleng jaanong ba ka bona “eo o makgapha” yoo—lekgotla la Merafe e e Kopaneng—“a eme ha o sa chwanèlañ,” ka “dinaka” di bopèla se go tweng ke ‘mmuso o o boitshepo’ wa La-Bodumedi. (Mar. 13:14; Math 24:15) Go senngwa ga bodumedi jwa maaka go a atamela! Ga bo a akanya sentle ka go ikanya sebatana se se “makgapha” se! Jaaka mmadi a tlhaloganya dilo tse, o tshwanetse go dirang? Jesu o a araba: ‘Tshabelang kwa dithabeng.’

14 Ka boitumelo, “ba ba mo Yudea” ga ba diega go tshabela kwa “dithabeñ” tsa ga Jehofa tsa pabalesego kwantle ga tikologo eo. Ka mo go tshwanetseng, gompieno, mo mafatsheng a le 205 le mafelo go dikologa kgolokwe, Basupi ba ga Jehofa ba tlhagisa kaga bofelo jwa bosheng jwa tsamaiso eno ya dilo. Ba reeditse lentswe le le tswang kwa legodimong le le reng: “Cwañ mo go [Babilona o Mogolo], lona batho ba me, gore lo se tlhakanèlè naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bōnè dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.” (Tshen. 18:4, 5) Batho ba ga Jehofa ba itirile ba ‘eseng ba lefatshe.’ (Yoh. 15:19) Diketekete di tswelela ka go tshaba, jaaka go bontshiwa ke palo-kakaretso ya ba ba 416 167 ba ba kolobeditsweng mo dingwageng tse tharo tse di latelang 1975.

BOEMO JO BO POTLAKILENG

15. Re ka nna ra dirisa kgakololo ya Mareko 13:15, 16 jang mo matshelong a e leng a rona?

15 A gatelela potlako ya “bohèlō” jwa tsamaiso ya dilo, Jesu o tswelela ka go re: “Le èna eo o ha godimo ga ntlo a se hologe, leha e le go tsèna mo teñ, go tsaea señwe mo tluñ ea gagwè. Me èna eo o kwa nageñ a se ka a boèla kobō ea gagwè.” (Mar. 13:15, 16) Mo metlheng ya Bibela, fa sebetso se tshosa, go ka bo go ne go le boeleele gore monna a fologele kwa tlase go tswa ntlwaneng ya gagwe e e kwa setlhoweng mme a tsena mo ntlung go falotsa dithoto tsa gagwe. Gantsi go iphalotsa ga gagwe ga bofelo e ne e tla nna go kgabaganya ditlhowa tse di fa gaufi. Gape, molemi, a apoletse go ya go dira mo tshimong ya gagwe, o ne a tla baya kgonego ya gagwe ya go falola mo kotsing fa a ne a ka boela go ya go tsaya kobo e ntle. Ka mo go tshwanang gompieno, poloko e ka bonwa ka go tshabela bogosing jwa Modimo le go tswelela ka go baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele—eseng ka go leka go falotsa dilo tse di bonalang mo lefatsheng le le atlhotsweng.—Bapisa Luke 9:62; 12:22-31; 17:31, 32.

16. (a) Ke bomang ba ba tla thatafalelwang fela thata fa “sepitla” se simologa? (b) Phapaanong, ke tsholofelo efe e gomotsang e batsadi ba ba boifang Modimo ba ka nnang ba nna le yone?

16 Gape Jesu a re: “Me go tla bo go latlhèga bōnè ba ba imana, le ba ba amusañ mo metlheñ euō!” (Mar. 13:17) Go ne go le thata—thatathata—ka batho bao fa masole a ntwa a Roma a ne a senya Jerusalema ka ngwaga wa 70 C.E. Mme e tla nna nako e e thata ka malapa a a tlhokomologileng tlamelo ya ga Jehofa ya phalolo, fa “sepitla” sa bofelo se le mo lefatsheng. Ka boitumelo, batsadi ba ba boifang Modimo ba ba lekang go godisetsa banana ba bone “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna,” ba ka solofela gore ba babotlana ba ba utlwang ba tla tla tlase ga molemo wa lelapa, mo go ka ba bolokang. (Baef. 6:4; bapisa 1 Bakorintha 7:14.) Mme tsela ya phalolo ga e na go nna motlhofo, jaaka mafoko a ga Jesu a morago a bontsha:

17. (a) Re ka solofela eng ka “mariga” a “sepitla”? (b) Re ka dira ka botlhale jang jaanong, mme re na le tsholofelo efe ya isagwe? (Isa. 26:20, 21)

17 “Me lo rapèlè gore [go tshaba ga lona] go seka ga nna mariga. Gonne metlha euō e tla nna pitlaganyō, yaka go e se go ko go boñwe gopè, e sa le ka tshimologō e Modimo o e tlhodileñ, le gompiyeno, le gōna ga go ketla go tlhola go bonwa gopè. Me ha Morèna a ko a se ka a khutsahatsa metlha euō, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa, me a khutshahatsa metlha ka ntlha ea baitshenkedwi ba o ba itshenketseñ.” (Mar. 13:18-20) Rona, motho ka esi, re ka retelelwa ke go “kgona” fa re diega go tshaba mo nakong e e siameng jaaka selemo go fitlha mariga a “sepitla.” Mo metlheng e e tobekaneng e, ga gona yo o ka solofelang go tswelela a tshela botshelo jo bo iketlileng. Tsela ya botlhale gompieno ke go tshabela mo letlhakoreng ja bogosi jwa Modimo, le go nnela ruri koo, o senya nako ya gago yotlhe mo botshelong jwa go intshetsa dikgatlhego tsa Bogosi setlhabelo. (Mar. 8:34-36; Math. 6:33) Jaaka re lebane le sepitla se segolo go feta tsotlhe, re ka lebogela tlhomamisetso ya ga Jesu ya gore Jehofa o tla “khutshahatsa metlha” e le gore a tle a boloke ‘batho’ ba ba ineetseng mo go ene—“baitshenkedwi” bao morago ba tla busang le Keresete le “boidiidi yo bogolo” ba ba dirang setlhopha sa ntlha sa bao ba tla tshelang mo lefatsheng ka dingwaga tse di sekete.—Tshen. 5:9, 10; 7:4, 9-17.

18. Re ka nna ra solofela “pitlagano ea merahe” go felela jang? (Isa. 45:18)

18 Morago ga a sena go tlhagisa ka “bo Keresete ba e señ bōnè, le baperofeti ba e señ bōnè,” bontsi jwa bao ba nnileng teng mo malatsing ano a bofelo, Jesu o lebisa diponong tse di tshosang kwa magodimong le go “nonohō e kgolo le kgalalèlō” ya go tla ga gagwe jaaka “Morwa Motho,” fa a diragatsa katlholo a ba a phutha ba gagwe go ba boloka. (Math. 24:24; Mar. 13:26) Kontle ga pelaelo, fa dijo, leokwane le ditlamelo tse dingwe di retela, le go kokoanngwa mo go tswelelang ga dibetsa tsa kgailo, “pitlaganō ea merahe, e rarañwa . . . ; Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ” di tla nna dikgolo thata. (Luke 21:25, 26) Tebang le gore a merafe eo e tla leka tsela ya go ipolaya ya ntwa ya bomo ya kgailo ntlheng tsotlhe go santse go tla bonwa. Mme ga e kake, ebile ga e kitla, e phimola setho mo godimo ga lefatshe! Go na le tsholofetso e e tiileng ya phalotso bakeng sa “baitshenkedwi” le bapati ba bone.—Luke 21:28; Math. 24:21, 22.

19. Re solofela go bona eng mo isagweng e e gaufi?

19 Ka boammaaruri, “metlotsedi” e tliseditse batho khutsafalo e kgolo fa esale ‘merafe e simolola go tsogologela merafe’ mo ntweng ya lefatshe. (Mar. 13:8) Lefa go ntse jalo Jesu o re tlhomamisetsa gore, fela jaaka go atamela ga selemo go lemogiwa ka matlhare a mannyennyane a setlhare sa mofeige se a tlhogisang, jalo ‘ditiragalo tse’ di tshwanetse go fitlha bofelong jwa tsone ka go tla ga ga Keresete go diragatsa katlholo. A re: “Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta, go tlo go tsamaeè dilō cotlhe tse, di dihalè pele. Legodimo le tla heta le lehatshe: me mahoko a me ga a ketla a heta.” (Mat. 13:21-27, 30, 31) Godimo ga moo, Tshenolo eo Jesu morago a e neetseng moaposetoloi Johane, e re tlhomamisetsa gore dingwaga tse di 1 000 tsa bogosi jwa Modimo ka Keresete di tla latela go nyelediwa ga ga Diabolo le ditiro tsotlhe tsa gagwe.—Tshen. 20:2, 3; 1 Yoh. 3:8.

“LEBÈLÈLAÑ”

20. (a) Ke ka ntlhayang fa go le kotsi go nna mo sediding mo nakong e? (b) Tumalanong le Mareko 13:34, 35, re ka bontsha boikanyegi go Mung wa rona jang?

20 Mafoko a a konelang a boperofeti jo bogolo jwa ga Jesu a na le tlhagiso e e tiileng bakeng sa rona rotlhe. Bangwe ba ka ne ba popoeletswe mo sediding, kana le eleng mo borokong, gonne “Morwa Motho” a sa tla go arabisana le merafe ka nako e e solofetsweng. Abo go le kotsi! Jesu o a gakolola: “Me kaga letsatsi yeuō kgotsa nako euō, ga go itse opè, leha e le baengele, ba ba kwa legodimoñ, leha e le Morwa, ha e se Rara hèla. Itiseñ, lo lebèlèlè, lo rapèlè: gonne ga lo itse lobaka, go re, ke lohe.” Go sa itse nako eo ga rona go re neela lebaka le le tiileng la go nna re lebeletse fela thata. Go feta moo, boikanyegi go Mung wa rona, bo bontshiwa ke go rera ga rona “mahoko a a molemō” ka botlhaga malebana le go tla ga gagwe, go tlhoka go nna re lebeletse ka metlha. “Go chwana yaka ha monna a ile go yaka kwa lehatshiñ le sele, ea re ka a tlogetse ntlo ea gagwè, a bile a neetse batlhanka ba gagwè thata, le moñwe le moñwe tihō ea gagwè, le gōna a laola molebedi oa kgōrō, gore a lebèlèlè. Ke gōna, lebèlèlañ: gonne ga lo itse, go re, morèna oa ntlo o tla tla leñ.”—Mar. 13:32-35.

21. Ke ponong ya ditsholofetso dife re tshwanetseng go nna re lebeletse’?

21 Ka jalo he, fa “Morwa Motho” a tla “ka choganeco” go tla go diragatsa katlholo, ekete o ka re fitlhela re sa robala mme re tlhagafetse fela thata mo go direng thato ya ga Rraarona. Gonne re tla segofadiwa fa re reeditse mafoko a ga Jesu: “Se ke se raeañ lona, ke se raea botlhe hèla, ka re, Lebèlèlañ.” (Mar. 13:37) Ekete re ka bolokwa ke ditsholofetso tsa ga Jehofa tse e leng tsa botlhokwa, go tswelela go kgabaganya “sepitla” le mo kagisong e e galalelang e e tla nnang teng dingwaga di le 1 000 tlase ga bogosi jwa Modimo ka Keresete!—Tshen. 20:1-6; 21:1-5.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Tshimologō ea metlotsedi” bakeng sa setho e simolotse ka 1914 mme e totafetse go fitlha jaanong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela