GO “UÑWA MO DITIHOÑ COTLHE TSE DI MOLEMŌ”
KA NTLHA ya go latela ditaelo tsa Dikwalo tse di tsholeditsweng mo ditlhogong tse pedi tse di fetileng eleruri Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba “uñwa mo ditihoñ cotlhe tse di molemō.” (Bakol. 1:10) Ga ba rere le go ruta ka tlhoafalo fela, mme gape ba bega ditiro tsa bone gore ba itumedise baboledi ba bangwe botlhe ba Bogosi.
Mo go direng jalo ba na le dikao tse di molemo tsa Dikwalo. Ka sekai, go Ditiho 2:41 re bala gore, ka ntlha ya puo ya ga moaposetoloi Petere e e amang, gammogo le go rera ga barutwa ba bangwe, “ba okediwa ka tsatsi yeuō, e ka ne e le ka batho ba le makgolo a mashomè mararo.” Ka nakwana morago ga foo, go rera mo go oketsegileng mo go tlhagafetseng ga felela ka go oketsega ga palo ya barutwa go nna “e ka ne e le makgolo a mashomè matlhano.” (Dit. 4:4) Ebile e rile fa bafeto-gela-Bokereseteng ba basha ba ne ba kolobediwa kwa Efeso, polelo ya Bibela e re: “Me ba bo ba le e ka ne e le banna ba le shomè le bobedi ha ba le mmōgō.”—Dit. 19:2-7.
DIKOKETSEGO TSE DI KGOTHATSANG
Ngwaga wa tirelo wa 1980 wa Basupi ba ga Jehofa, o o simolotseng ka September 1, 1979, mme wa khutla ka August 31, 1980, eleruri o nnile o o molemo. Koketsego yotlhe ya lefatshe ka bophara e nnile 3,7% mo palong ya bao ba rerang molaetsa wa Bogosi. Eleruri go omosa pelo go bona ka moo dinaga tse dintsi di bontshitseng dikoketsego, lemororo ngogola di bontshitse phokotsego. Ka sekai, tiro mo Paraguay ngogola e ne e fokotsegile ka 11%, kwantle ga pelaelo ka ntlha ya mathata a semolao. Mme, monongwaga tiro koo e oketsegile ka 13%, mo go dueletseng ya ngogola ya bo ya feta. Mo Phillipines, morago ga diphokotsego ka dingwaga di le mmalwa, ba nnile le koketsego ya 2%. Ngogola Korea e nnile le phokotsego ya 1% mme monongwaga e nnile le koketsego ya 6%. Uruguay e tlogile mo phokotsegong ya 2% ngogola go ya go koketsego ya 9% monongwaga.
Dinaga tse dingwe tse dintsi di tokafaditse dikoketsego tsa tsone tsa ngogola. Ka gone, mo Bolivia go ne go na le koketsego ya 1% ngogola, mme monongwaga go nnile le koketsego ya 7%. Ngogola United States le yone e nnile le koketsego ya 1%, mme monongwaga koketsego e ne e le 4%. Ka mo go tshwanang Jamaica le yone ngogola e nnile le koketsego ya 1% mme monongwaga e nnile le koketsego ya 11%. Venezuela, eo ngogola e begileng koketsego ya 3%, e begile ya 9% monongwaga. Japane, eo ngogola e begileng koketsego e e gakgamatsang ya 10%, monongwaga e e tokafaditse ka koketsego ya 11%.
Mo Belgium Basupi ba Matadiana ba bontsha tlhagafalo e e tlhokomelesegang ebile ba bona matswela a a bonalang. Jaanong go na le diphuthego tsa Matadiana di le 31 ka Basupi ba le 2 500. Mo go kaya gore a le mongwe mo Matadianeng a le 100 mo Belgium jaanong ke Mosupi. Tota-tota, ke ka sewelo Mosupi a rakanang le mongwe yo o senang ekane e le moagelani, tsala kana wa losika yo o leng Mosupi.
MAITEMOGELO GO TSWA TSHIMONG
Tse di lapolosang segolo ke dipego tsa maitemogelo a go nnilweng nao fa Basupi ba ne ba ntse ba dira tiro ya go rera. Mo Ireland dibetšhe tsa kopano tse di neng di tlhometswe ke Basupi di gogile kgatlhego ya matagwa a le marataro a a neng a tshela kwa ditakaneng. Mongwe wa bone o kgatlhegile tota a bo a bona buka ya Life Does Have a Purpose. Dipuisano tse di oketsegileng tsa Bibela di feletse ka go tlogela ga gagwe tagi gotlhelele.
Fa monna yo a ntse a tlwaelana le melaometheo ya Bibela, o ne a bona go tlhokega gore a dire mme ka jalo a bona tiro, ka nako e e tshwanang a tswa kwa ditakaneng mme a nna mo foleteng. Tebego ya gagwe e ne ya fetoga mo go gakgamatsang fa a ne a ngotla moriri wa gagwe a bo a reka sutu. Fa a ne a tlile go seka, ka ntlha ya molato o a o dirileng pele ga fa a ithuta boammaaruri, o ne a lebega a tlotlega mo eleng gore moatlhodi o ne a mo itshwarela mme a mo akgolela tebego ya gagwe.
Fa yo o kileng a nna letagwa yo a ne a le kwa Kopanong ya Basupi ya “Lorato lwa Bomodimo” kwa Dublin, o ne a etela balosika ba gagwe, ba pele ba neng ba mo kganetse gore a tsene mo legaeng la bone. Ba ne ba sa dumele matlho a bone ebile ba sa dumele le gore e ne e le ene yole. Jaanong o kopanela mo dipokanong tsa Basupi ka metlha ebile mo tirong ya gagwe o ntse a rerela mapodise, maotlana a kgotla le banna ba bangwe.
Mosupi mongwe o bega boitemogelo jo go tswa Argentina: “Ke ne ke tsamaya ka ntlo le ntlo mme mongwe a mpotsa fa ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Lantlha ke ne ka etsa-etsega ka gobo ke ne ke sa tlhomamisege kaga boitlhomo jwa gagwe, ereka tiro mono e na le ditekanyetso tsa semolao. Mme fa a sena go itse gore ke yo mongwe wa bone a nkopa gore ke ithute Bibela le ene. Ya rulaganyetswa. Tota-tota, ke boile ka lone letsatsi leo mme ra simolola thuto ya Bibela re dirisa Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Mo bekeng e le nngwe o ne a setse a weditse go bala buka eno ya go ithuta Bibela ebile o ne a simolola go bala Bibela. Ke mmoditse gore ke ka ntlhayang a ne a batla go ithuta Bibela le nna, mme a re ke ka ntlha ya phetogo e kgolo eo banyalani ba ba bapileng nae ba e dirileng mo matshelong a bone. Ba ne ba setse ba tla kgaogana ka ntlha ya gore ba ne ba sa tshedisane sentle. Ba ne ba simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, mme abo matshelo a bone a fetogile jang! Jaanong ba tshedisana sentle. Monna yo ka bonako fela a konela gore a fetole bodumedi jwa gagwe, mme jaanong o ruta bana ba gagwe seo a se ithutang.”
Go “uñwa mo ditihoñ cotlhe tse di molemō” go akaretsa gape le go rata Bakeresete-mmogo. Mokaulengwe mongwe mo Panama o badile kgang mo tokololong ya makasine wa The Watchtower ya April 15, 1978 eo e neng e anela ka Mosupi mongwe wa Mo-Panama yo o kgaogileng diatla tsoo-pedi. O ne a kwalela ofisi ya lekala la Mokgatlho, a tlhalosa gore o ne a ka rata go thusa mokaulengwe yo o golofetseng go bona diatla tsa maitirelo, le gore o tla duelela ditshenyegelo tsotlhe. Go ne ga rulaganyetswa gore seno se dirwe kwa Mexico. Mokaulengwe yo o golofetseng yo a amogelwa ke bakaulengwe ba koo ka boitumelo. Jaanong o setse a boetse gae, mme a ko o akanyetse boitumelo jwa gagwe fa a kgona go tshwara pene ka “seatla” se sengwe a bo a kwala leina la gagwe, sengwe se a sa kgonang go se dira mo dingwageng tse di fetang 30!
Lekwalo la go kgothaletsa tiro eo Basupi ba ga Jehofa ba e dirang le amogetswe kwa ofising ya lekala la Watch Tower Society. Le ne le balega jaana:
“Ke ne ke ntse ke ipotsa ka lobaka lo loleele gore ke kwale lekwalo leno kana nnya. Kea itse gore lo tsamaya ka ntlo le ntlo gore lo isetse batho ‘Mahoko a a Molemō.’ Tota ke lemogile gore tiro eno ga se e e kgotsofatsang ka metlha, ke raya gore lo rakana le batho ba ba logwadi tsatsi le letsatsi mme lo sa latlhegelwe ke tlhagafalo ya lona le botsalano jwa lona. Bangwe ba lona ba ka akanya gore batho ba tlhoka tebogo, mme ka jalo ke rata go lo lebogela gobo lo nthomeletse mongwe. Fa e ka bo e se ka tiro ya lona ya go rera kwantle ga pelaelo ke ka bo ke tsamaile ka tsela e e atlhameng. [Math. 7:13, 14] Lefa go ntse jalo, ke amogetse paka ya sebele ya go itse thato ya Modimo ka ntlha ya lona. Ka jalo ke rata go lo raya ke re: Lorato lo lo bonweng le malebogo a pelo yotlhe di gaisa go kobiwa gantsi-ntsi. Ka tlotlo e kgolo ya tiro ya lona.”
BA BASHA BAA UNGWA
Gore banyana le bone ba ka ungwa mo go bakeng Modimo go bontshiwa ke maitemogelo a a latelang go tswa kwa setlhakeng sa Jamaica: Rre o ne a ile go tsaya ngwana wa gagwe wa dingwaga di le tlhano fa sekolo se dule. Ka rre yo a ne a sa kgone go mmona, a konela ka gore o tla leta gore ngwananyana yo ene a mo iponele. Morago ga sebakanyana o ne a bona setlhopha sa bana se kgobokane mme a ipotsa gore ba ka ne ba dirang. Rra-ngwana a tlhola mme a fitlhela morwae a le mo gare ga bone a ba rerela ka buka ya gagwe ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.
Mosetsanyana mongwe wa Mosupi o ne a isa dolara eo a e thwetseng kwa go morutabana. Moragonyana madi a ne a utswitswe mme morutabana a bolelela mophato otlhe gore ba ne ba tla otlhaiwa fa madi ao a sa busiwe; ke gore, botlhe kwantle ga mosetsanyana wa Mosupi, ka gobo morutabana o ne a itse gore e ne e se kitla e nna ngwananyana yo wa Mosupi yo o a utswileng.
DIPHENYO TSA SEMOLAO
Go na le dikarolo tse dingwe gape mo go ‘ungweng mo ditirong tsotlhe tse di molemo.’ Moaposetoloi Paulo o kwaletse phuthego e e rategang ya kwa Filipi go re: “Hèla yaka go ntshiametse, gore ke nnè ke lo gopolè yalo lotlhe, gonne ke na le lona mo peduñ ea me, ka lotlhe lo tlhakanetse tshegōhaco le nna mo dikgolegoñ tsa me, le mo go hemeleñ Mahoko a a Molemō, le mo go a tlhōmamiseñ [semolao].” (Bafil. 1:7) Dingwe tsa diphenyo tseno tsa semolao gape di nnile gona kwantle ga pelaelo ka gobo Basupi ba ga Jehofa ba reeditse kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e fitlhelwang go 1 Timotheo 2:1, 2: “Ke gōna, sa ntlha, ke laea go re, a mekokotlèlō, le merapèlō, le merapèlèlō, le malebogō, a dihèlwè batho botlhe; A a dihèlwè dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo; gore re kè re tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō.”
Ka gone go amogetswe lekwalo go tswa Bangui, kwa Central African Republic, la October 1, 1979. Le boletse gore ka September 27 seromamoa sa mmuso se itsisitse phatlalatsa gore thibelo ya Basupi ba ga Jehofa ya August 19, 1976 e ne e fedisitswe, le gore ba bone tetla gape ya go rera ka kgololesego mo tshimong yotlhe ya Central African Republic. Seno tota e ne e le mabaka a go ipela, ka gobo taolo eno e ne e ntshitswe ke mmuso o o neng o na le beke fela o ntse o eme.
Ka April ya 1980 tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo Zaïre e ile ya letlelelwa semmuso. Ekane kgwedi pele ga moo Basupi ba ga Jehofa ba bone phenyo ya semolao kwa Turkey. Ngogotlola Basupi ba le 42 ba ne ba golotswe mo tatofatsong ya go menola mmuso le go tlola Molao wa Tlhotlheletso ya Baruti. Mmueledi-mogolo o ne a ikuela kgetsi eno mme ka jalo ya isiwa kwa Kgotleng ya Bokgaolakgang ya Boikuelo ya kwa Turkey. Basupi ba ne ba fenya. Ereka e le kgotla e e kwa godimodimo kwa Turkey, dikgotla tsotlhe tsa koo di tlamelelwa ke tshwetso ya yone. Gare ga tse dingwe, e rile:
“Fa dilo tseo balatofadiwa ba di dumelang di ka diragala mme puso ya Modimo ya bo ya tlhomiwa godimo ga lefatshe, go otlhaiwa ga balatofadiwa bano, ka ntlha ya go dumela jalo, ga go ne go thibela ditiragalo tseo. Mme fa ditebelelo tsa bone e le kgopolo fela le tumelo e e lolea, he ditumelo tsa bone ga di ne di tshwenyana ka gope le thulaganyo ya bodumedi ya Mmuso.” Ke tshwetso e e botlhale tota, eo e re gakololang kaga seo Gamaliele a se buileng kaga Bakeresete ba pele le dithuto tsa bone, jaaka se kwadilwe go Ditiho 5:34-40.
Dipego le maitemogelo otlhe ao eleruri a lapolosa jaaka “metse a a tsididi mo mothuñ eo o lenyōra.” (Dia. 25:25) Di bontsha gape gore Jehofa o boammaaruri mo tsholofetsong ya gagwe, ya gore fa re tlisa ‘karolo ya rona ya bolesome,’ jaaka go ka tualo, mo ntlung ya gagwe ya kobamelo o tla re segofatsa mo go humileng. (Mal. 3:10) A Bakeresete botlhe ba ba ineetseng le bone ba iteke ka natla, ba gakologelwa gore “eo o yalañ ka bogolo o tla rōba ga bogolo.”—2 Bakor. 9:6.