Morago ga ‘Metlha Eno ya Bofelo’—Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia!
1. (a) Polelwana ‘metlha ya bofelo’ e biletsa eng maloka le metlha eo? (b) A ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya Sejuda e khutlile?
METLHA eo e bidiwang “metlha ya bofelo” e tshwanetse go khutla. Mo kgannyeng ya Bajuda le tempele ya bone e e agilweng sesha kwa Jerusalema, metlha eo e khutlile ka ngwaga wa 70 C.E. Go seng jalo, ke ka ntlhayang fa e ka bidiwa ‘metlha ya bofelo’? Mme go ya ka ditiragalo e nnile le bokhutlo (télos). Fa Jesu a ne a bua ka metlha eo ya bofelo ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda, o rile: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutsahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutsahadiwa.”—Math. 24:21, 22; Mar. 13:19, 20.
2. (a) “Baitshenkedwi” bao “sepitla se segolo” sa Jerusalema se khutshwafaditsweng ka ntlha ya bone e ne e le bomang? (b) Ke pono efe ya tirafatso eo e dirang mafoko a boperofeti a ga Jesu a a feteletsang?
2 Go begilwe gore go ne go na le Bajuda ba le 97 000 mo teng ga Jerusalema ba ba falotseng tikanyetso le thopefatso ya motse wa bone o o boitshepo gammogo le tempele ya one e e agilweng ke Kgosi Herode. Lefa go ntse jalo, bano e ne e se “baitshenkedwi” bao “sepitla se segolo” se khutswafaditsweng ka ntlha ya bone. Bogolo, bano e ne e le Bakeresete, bao, morago ga go tloswa ga tikanyetso ya ntlha ka 66 C.E., ba reeditseng kgakololo ya ga Jesu go Mathaio 24:16-20 ka potlako mme ba tswa mo motseng o o hutsitsweng oo ba tshabela ka kwa ntle ga kgaolo ya Judea. Gotlhe moo morago koo go ne go le maswe tota. Mme fa mafoko a ga Jesu kaga gone go Mathaio 24:21, 22 le Mareko 13:19, 20 a ka lekanyediwa fela bokhutlo (télos) jwa Jerusalema ka 70 C.E., he mokgwa wa gagwe wa go bua maloka le se ke o o feteletsang. Eleruri e ne e se sepitla se segolo go gaisa tsotlhe tse di diragetseng mo ditiragalong tsotlhe tse di kwadilweng tsa batho.
3. Mafoko a ga Jesu a a tlhalosang a utlwala sentle fela fa re lebelela tshenyo ya Jerusalema wa bogologolo go tswa ntlheng efe?
3 Mafoko a ga Jesu a papiso a utlwala sentle fela fa re kaya tshenyo ya Jerusalema e le tshwantshetso-pele ya “sepitla se segolo” se se santseng se tla tla, e le se go iseng go nne sepe se se tshwanang naso, eleng tshenyo ya La-Bodumedi, leo le iphakang le le gaufi le go nna le maloko a le dimilione tse di sekete. Tshenyo ya gagwe e simolola eo ya mmuso otlhe wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Ka bonako morago ga se go tla tla tshenyo ya ditlhopha tsotlhe tsa lefatshe tseo di ikgaogantseng le mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka jwa seka-Babilona, mme ba sa emele bogosi jwa Modimo jwa Bomesia. Palo ya matshelo a batho ao a tla tlosiwang ka nako ya “sepitla se segolo” e tla feta ya bao ba bolailweng mo morwaleleng wa motlha wa ga Noa kgakala, ke gore, ka ngwaga wa 2370-2369 B.C.E.
4. (a) “Dintwa, le medumo ea dintwa” tseo Jesu a di boleletseng-pele e ne e le tse di tla diragalang ka lobaka lofe? (b) Go bidiwa ga tsone “tshimologō ea botlhoko yoa pelega” go bontsha eng?
4 Mo boperofeting jwa ga Jesu go Mathaio 24:4-22, “dintwa, le medumō ea dintwa” tseo a buileng ka tsone di ne di lekanyeditswe lobaka lo lo rileng. Mo kgannyeng ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda, eo barutwa ba gagwe ba boditseng ka yone lantlha, e ne e le lobaka lwa ‘metlha ya bofelo’ go tloga ka 29 go ya go 70 C.E. Tota lobaka lono lo tshwailwe ke “dintwa, le medumō ea dintwa,” gammogo le ditlala, dikgogodi le dithoromo tsa lefatshe. Kwantle ga pelaelo Bajuda ba amilwe ke diphelelo dingwe tsa dilo tse di hutsafatsang tseo. Mme Jesu o rile dilo tse di ntseng jalo e ne e tla nna fela “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” (Math. 24:8) Di ne di se kitla di nna ditlhabi tsa bofelo tsa loso.
5. (a) A dilo tse di huduang tseo morago koo di ne tsa isa go ‘go tleng’ ga ga Keresete le “bokhutlō yoa lehatshe”? (b) Gape, a go rera ka Bogosi go ne go dirilwe ka selekanyo se se neng se boleletswe-pele kana nnya, mme ka ntlhayang?
5 Dilo tse di tshenyo-kgolo tseo di isitse bokhutlong (télos) jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuda mo Palesetina. Mme, fela jaaka re ka bona gompieno, ga di a ka tsa itshupa go nna “seshupō sa go tla ga [ga Keresete] le sa bokhutlō yoa lehatshe,” tseo eleng dilo tse di neng di akarediwa mo dipotsong tsa barutwa. (Math. 24:3; Mar. 13:4) Gape, ka nako ya ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya Sejuda, go rerwa ga “mahoko a molemō a, a bogosi . . . mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe” ka tshwanelo go ne go le ka selekanyo se se lekanyeditsweng, ka ntlha ya bobotlana jwa bareri ba Bogosi ebile go rera mo go ne go dirwa mo pogisong. (Math. 24:9-14) Mme, legale, lefatshe lotlhe e ne e le tshimo e e ba bulegetseng, ka gobo go rera ka Bogosi go ne go sa tshwanela go lekanyelediwa Bajuda ba ba rupileng fela. Morago ga go tsosiwa ga ga Jesu mo baswing, barutwa ba gagwe ba ne ba laelwa gore ba tsamaye mme ba “dihè merahe eotlhe barutwa.” (Math. 28:19, 20) Ka jalo go rera ka Bogosi ka selekanyo sa kgolokwe yotlhe ka nako eo go ne go tshwanetse ga nna ga nako e e tlang, morago ga 70 C.E.
6. (a) Go ne go boleletswe-pele gore go ne go tla diragala dilo dife morago ga sepitla sa Bajuda morago koo? (b) Ke ka ntlhayang fa “baitshenkedwi” ba sa ka ba kopanela le “dichaba cotlhe tsa lehatshe” mo khutsafalong ya tsone?
6 Fa Jesu a bua ka “sepitla se segolo” se se neng se tla tlela Jerusalema ka 70 C.E., o ne a tswelapele go bua ka dilo tse di neng di tshwanetse go diragala “gauchwane, moragō ga sepitla sa metlha euō.” (Math. 24:29) Go ne go tshwanetse ga nna le go bonala ga “seshupō sa Morwa Motho”; gape le khutsafalo, eseng fela ya ditso di le 12 tsa Bajuda ba tlholego tse di gasaganeng, mme e le ya “dichaba cotlhe tsa lehatshe.” Gape, go ne go tshwanetse ga nna le go phuthiwa ga “baitshenkedwi ba gagwè” go ya botlalong. “Baitshenkedwi” bano ba ne ba se kitla ba kopanela le “dichaba cotlhe tsa lehatshe” mo go hutsafaleleng masetlapelo a lefatshe a a leketlang. Ba ne ba tla itumela, go na le go hutsafala, ka “seshupō sa Morwa Motho” se se bonalang mo legodimong. (Math. 24:30, 31) Ba ne ba tla itumelela gore ba na le bosupi jwa gore ba “mo metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso e kgologolo ya lefatshe. Go tloga ka ngwaga o o hutsafatsang oo wa 1914 C.E., eleng ngwaga wa ntwa ya ntlha ya lefatshe ya setho, re nnile le bosupi joo ka selekanyo se se phikanyang.
7. Morago ga fa ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya dilo ya kgolokwe yotlhe e sena go khutla, go tla lebelelwa eng, go ya ka Thapelo ya Morena?
7 ‘Metlha ya bofelo’ ya sengwe le sengwe e tshwanetse go latelwa ke sengwe se sele. ‘Metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo ya kgolokwe yotlhe yone e tla latelwa ke eng? Go sa kgathalesege seo baboledi-pele ba lefatshe ba se kayang gore e tla nna boemo jwa lefatshe morago ga ntwa ya lefatshe e e lebeletsweng, Basupi ba ga Jehofa ba bonela-pele bogosi jwa Modimo jwa Bomesia, jo Jesu a rutileng barutwa ba gagwe go bo rapelela mo Thapelong ya Morena.—Math. 6:9, 10.
8. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba santse ba rapela Thapelo ya Morena go sa kgathalesege seo Paulo a se kwadileng go Bakolosa 1:13 ekane ka 60-61 C.E.?
8 Re santse re rapela thapelo eo go sa kgathalesege seo moaposetoloi Paulo a se kwadileng go Bakolosa 1:13, ekane ka 60-61 C.E. Morago koo o kwadile jaana: “Eo [Rre wa selegodimo] o re golotseñ a re ntsha mo thateñ ea lehihi, mme a re tlolagantshetsa mo bogosiñ yoa Morwa loratō loa ōna.” Fano go buiwa ka bogosi jwa semoya joo Bakeresete ba Bakolosa, ba santse ba le mo nameng mo lefatsheng mo, ba le mo motseng wa mo Asia Minor o o neng o fifetse faele kaga bodumedi, ba neng ba tlolagantsheditswe mo go one. Kwantle ga kganetso, boemo joo jwa bone jwa semoya mo lefatsheng tlase ga puso ya ga Satane Diabolo e ne e se tirafatso ya Thapelo ya Morena: “Rra leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè.” (Luke 11:2; Math. 6:9, 10) Gore thapelo eo e arabiwe ka botlalo, go ne go tshwanetse ga nna le go bewa ga Morwa wa lorato lwa Modimo mo setulong sa bogosi ebile barutwa ba gagwe ba selefatshe ba buswa ke mo go fetang bogosi jwa semoya.
KGOSI YA BOMESIA LE BABUSIWA BA GAGWE BA SEKA-DINKU
9, 10. (a) Mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku le dipodi, o ne a bua kaga go nna ga gagwe kgosi ka selekanyo sefe? (b) Tiro e e tlhaolang eno e ne e tla diragala morago ga phitlhelelo efe ya ga Jesu, mme phitlhelelo eo e ne e tla kaya eng?
9 Mo boperofeting jwa ga Jesu kaga “bokhutlō yoa lehatshe,” o ne a bua ka go nna ga gagwe kgosi ka botlalo. Go ya ka polelo ya ga moaposetoloi Mathaio, Jesu o weditse boperofeti Jwa gagwe ka go neela setshwantsho sa dinku le dipodi tsa tshwantshetso. Go Mathaio 25:31, 32 o simolotse setshwantsho sa gagwe ka go re: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba [batho, eseng merafe] kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” Mo go diragala morago ga fa Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba sena go digwa mo lefelong la selegodimo ebile ba amogilwe le ditshiamelo tsa bone tsa selegodimo, ba piriganyetswa mo bogaufing jwa lefatshe la rona ke Kgosi e e beilweng mo setulong sa bogosi eleng Jesu Keresete. Gotlhe mo go ntse fela jaaka go bontshitswe ka boperofeti go Tshenolo 12:5-9. Faele kaga gore tiro eo e kaya eng, re bala jaana:
10 “Me [nna Johane] ka utlwa lencwe ye legolo kwa legodimoñ, le re, Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna: gonne mopateletsi oa bakauleñwe ba rona, eo o nntseñ a ba pateletsa ha pele ga Modimo oa rona motshegare le bosigo, o piriganyedicwe kwa tlhatse. Me ba mo henya ka ntlha ea madi a ga Kwana, le ka ntlha ea lehoko ya chupō ea bōnè; me ba se ka ba rèkègèla botshelō yoa bōnè le go ea kwa loshuñ. Ke gōna a lo ko lo itumeleñ lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna. A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka lwa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshen. 12:10-12.
11. (a) Go ya ka ditiragalo, “bapalami ba le bane ba dipitse ba Tshenolo” ba simolotse go palama leng? (b) Lobaka lwa rona lwa dintwa go tloga ka 1914 lo tsamaelana le lobaka lofe lo lo lekanyeditsweng loo lo boleletsweng-pele mo boperofeting jwa ga Jesu kaga ‘metlha ya bofelo’?
11 Ke motho ofe yo o botlhale yo o ka ganelang gore ‘khutsafalo ya lefatshe le lewatle’ e e sa tlwaelegang eo e tshwaile lekgolo la rona la dingwaga la bo-20 go tloga ka 1914, eleng ngwaga oo go ya ka bosupi jotlhe, bao go tweng ke “bapalami ba dipitse ba le bane ba Tshenolo” ba neng ba simolola go palama ka one? (Bona Tshenolo 6:1-8.) Moo go tshwanetse go nna “seshupō” se se sa fosegeng sa gore ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe e simolotse ka 1914 le gore re tsene mo ‘bokhutlong jwa lefatshe.’ Gape tota, go tloga ka go piriganngwa ga ga Satane Diabolo le badimona ba gagwe kwa legodimong, e nnile ‘metlha ya bone ya bofelo’ pele ga go latlhelwa mo moleteng o o senang bolekeletso pele ga puso ya dingwaga tse di sekete ya ga Jesu Mesia. (Tshen. 20:1-3, 7) Go bonala sentle gore Ntwa ya Lefatshe I ya 1914 le Ntwa ya Lefatshe II ya 1939 gammogo le dintwa tse dintsi tse di lolweng fa esale ka 1945 go ralala lefatshe ke ditshwani tsa gompieno tsa “dintwa, le medumō ea dintwa” (gammogo le ditlala, dikgogodi le dithoromo tsa lefatshe) tseo Jesu a rileng di tla dira dingwaga tsa 29 go ya go 70 C.E. go nna ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda eo e neng e ikgarile ka Jerusalema le tempele ya yone e e agilweng sesha.
12. Faele gore Jerusalema ka 70 C.E. o ne a tlhaela go diragatsa seo Jesu a se boleletseng-pele go Mathaio 24:21, 22. go tweng kaga seo tsamaiso ya dilo ya kgolokwe yotlhe ya gompieno e se lebileng?
12 Khuduego e e utlwisang botlhoko e e wetseng Jerusalema ka 70 C.E. e tlhaetse go nna seo Jesu a se tlhalositseng mo boperofeting jwa gagwe jwa Mathaio 24:21, 22. Mme gompieno Jerusalema wa sebele (eleng La-Bodumedi), ee, mmuso otlhe wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ee, tsamaiso ya dilo ya kgolokwe yotlhe, o lebile “sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe, go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” Ga go gakgamatse, he, gore re bona boperofeti joo moaposetoloi Paulo a bo boletseng ekane ka 65 C.E. a bo a bo kwala go 2 Timotheo 3:1, jwa go re: “Me itse [wena Timotheo] seo se, go re mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ.”
GO RERWA GA BOFELO GA LEFATSHE KA BOPHARA!
13. Mo tumalanong le Tshenolo 12:11, ke tiragalo efe e nngwe ya boperofeti jwa ga Jesu e e neng e tla dira gore “bokhutlō yoa lehatshe” bo tlhomologe?
13 Go ya ka Tshenolo 12:11, morago ga go piriganngwa ga ga Satane Diabolo go tswa legodimong, Bakeresete bao a neng a ba pateletsa “ba mo henya . . . ka ntlha ea lehoko ya chupō ea bōnè.” Tirafatso ya seno e nnile tiragalo e nngwe eo Jesu a rileng e tla dira gore “bokhutlō yoa lehatshe” bo tlhomologe. Ke tiragalo efe? “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō [télos] bo tla tlañ.” (Math. 24:14) Mo go tla pele ga bokhutlo jwa ‘metlha ya bofelo.’
14. Bosupi jo jwa Bogosi bo fetile jwa ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda jang?
14 Bosupi jo bo ntseng jalo, joo bo neetsweng ke Basupi ba ga Jehofa go tloga ka bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I ka November 11, 1918, bo fetile bosupi jwa merafe-rafe joo bo neetsweng ka nako ya ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda ka 29 go ya go 70 C.E. kgakala-kgakala. Morago koo bosupi bo ne bo neetswe mo Asia, Yuropa le Afrika. Gompieno ga bo a neelwa fela mo dinageng tseo mme gape le mo dinageng tsa Amerika, Australia le ditlhakeng tsa Lewatle la Pacific, ee, mo kgolokweng yotlhe.
15. Gore basotli ba nyenyefatse phitlhelelo e, ba ka reng kaga barongwa ba La-Bodumedi mo makgolong a a fetileng a dingwaga?
15 Basotli ba seno ba ka nyenyefatsa phitlhelelo eno mme ba gatelela gore barongwa ba La-Bodumedi mo makgolong a a fetileng a dingwaga ba fitlhile kwa mafelong ao pele ga fa tota basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba tla. Ke boammaaruri! Mme go rera ka Bogosi ga Basupi ba ga Jehofa go tloga ka 1914 go nnile mo go farologaneng thata-thata le moo barongwa ba La-Bodumedi ba neng ba go phatlalatsa pele ga 1914 le morago ga moo.
16, 17. (a) Bosupi jwa Bogosi jo bo neetsweng go tloga ka bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I ka 1918 bo farologane ka mokgwa ofe le jo bo rerilweng ke barongwa ba La-Bodumedi? (b) Go supa seno, makasine wa The Watch Tower o ne wa reng mo tokololong ya one ya July 1, 1920?
16 “Mo go farologaneng”—jang jalo? Ka gobo e ne e se bosupi kaga bogosi jo bo umakilweng go Bakolosa 1:13, eleng ‘bogosi jwa Morwa lorato lwa Modimo,’ loo Baiseraele ba semoya ba ba ‘kannweng’ ba le 144 000 ba setseng ba tlolaganyeditswe mo go jone. (Tshen. 7:1-8) Seo Basupi ba ga Jehofa ba se rerileng lefatshe ka bophara go tloga ka 1918 ke sengwe sa mofuta wa sone se le sosi, sengwe seo se supileng gore eno ke ‘metlha ya bofelo’ ya ditsamaiso tsa dilo tsa sepolotiki, loago, boatlhodi, bosole. E nnile bosupi jwa lefatshe ka bophara kaga mmuso wa segosi oo jaanong o tlhomilweng mo legodimong, o o neilweng maatla gore o piriganye Diabolo le badimona ba gagwe go tloga gaufi le setulo sa one sa bogosi. (Tshen. 12:5-9) Pele dingwaga di le pedi di feta morago ga Ntwa ya Lefatshe I, The Watch Tower and Herald of Christ’s Presence mo tokololong ya yone ya July 1, 1920, e gatisitse setlhogo se segolo seo se neng se bidiwa “Efangele ya Bogosi” ebile e tsopola Mathaio 24:14, mme, tlase ga setlhogwana “Tiro ya Botlhe,” e ne ya tswelapele go re:
17 “Efangele e kaya mafoko a a molemo. Mafoko a a molemo fano a bua kaga bokhutlo jwa thulaganyo ya dilo e kgologolo le go tlhongwa ga bogosi jwa ga Mesia. A kaya gore bosigo jo bontsho jwa sebe le khutsafalo bo a feta. A kaya gore mmuso wa ga Satane o a wa, o se kitla o kakatlologa gape.”—Ditsebe 199, 200.
18. (a) Go ya ka boperofeti jwa ga Jesu, “bokhutlō” bo tla tla morago ga eng? (b) Faele kaga Yoele 2:28, 29, ‘metlha ya rona ya bofelo’ e tsamaelana le metlha efe ya bogologolo?
18 Fa go rerwa ga mafoko ano a a molemo a gore bogosi jwa Bomesia bo tlhomilwe kwa magodimong ka 1914 go setse go dirilwe ka selekanyo seo Modimo o se ratang, “hoñ bokhutlō [télos] bo tla tla.” (Math. 24:14) Ka jalo go rera mo ga bofelo ga Bogosi lefatshe ka bophara go tla mo teng ga ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo. Ka jalo go na le malatsi a a tshwanetseng a gore tiragalo ya bofelo ya boperofeti jwa ga Yoele 2:28-29 e diragale, fela jaaka go nnile le tirafatso ya ntlha ya boperofeti jo mo metlheng ya ga moaposetoloi Petere le baaposetoloi-ka-ene, fela jaaka a tlhalositse ka Pentekoste ya 33 C.E. Ka jalo ‘metlha ya rona ya bofelo’ ke setshwani sa segompieno sa ‘metlha ya bone ya bofelo.’
19. Gore papiso ya dipaka tsa ‘metlha ya bofelo’ e felele mo dikarolong tsotlhe, ke tiragalo efe ya ‘metlha ya bofelo’ eo baaposetoloi ba neng ba tshela mo go yone e e tshwanetseng go nna le setshwani sa yone sa segompieno?
19 Lefa go ntse jalo, gore setshwani seno se felele mo dikarolong tsotlhe, a le gona go nnile le go goromediwa ga moya o o boitshepo wa go tlotsa “mo nameñ eotlhe” “mo metlheñ [ya rona] ya bohèlō”? (Dit. 2:16-19) Ga re etsa-etsege ka gope kaga gore go nnile le tirafatso e e tshwaegang ya Yoele 2:28, 29 go tloga ka ngwaga o o tshikintseng lefatshe wa 1914. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I baba ba bogosi jwa Bomesia, baruti ba La-Bodumedi segolo-bogolo, ba ne ba atlega mo go thibeleng kana go golofatseng go rerwa ka Bogosi ga batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa. Mo go ne go tshwana le ka nako ya malatsi a le 51 a go tloga ka loso lwa ga Jesu ka Nisane 14 go fitlha mo mosong wa Pentekoste ka Sivane 6, 33 C.E. Mo letsatsing la bo-50 go tloga ka tsogo ya ga Jesu, barutwa ba gagwe ba se bakae, ba ba neng ba kgobokane kwa Jerusalema, ba amogetse maatla go tswa godimo fa moya wa go tlotsa o ne o goroga mo go bone mme ba nna basupi ba gagwe ba phatlalatsa.
20. Morago ga fa batlhanka ba ba kwa godimo ba Mokgatlho wa Watch Tower ba sena go gololwa mo kgolegelong ka 1919, go diragetse eng se se tsamaisanang le seo se kwadilweng go Tshenolo 11:7-13?
20 Ka mo go tshwanang, morago ga fa basimegi ba Mokgatlho wa Watch Tower gammogo le bagolegwa-ka-bone ba gololwa mo kgolegelong ya bosole mo Atlanta, Georgia, U.S.A., ka March ya ngwaga wa morago ga ntwa wa 1919, moya o o boitshepo o ne wa dira ka maatla godimo ga masalela a batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng le go kolobediwa mo lefatsheng. Ba kgorobelediwa ke maatla a one, ba ne ba theogela mo tirong eo ba e neilweng go Mathaio 24:14, eleng ya go neela bosupi jwa bofelo kaga bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng go fitlha “bokhutlō” bo tla. Mo go tsamaisana le moo go neng go bontshitswe ka tshwantshetso go Tshenolo 1.1:7-13.
21. (a) Ka Pentekoste ya 33 C.E., go diragetseng ka diketekete tsa baketeki ba Bajuda kwa Jerusalema? (b) Go dumalana le seo. go tloga ka 1919 go ya pele dikopano tsa kakaretso di tshwailwe ke tiragalo efe e e tlhokomelesegang?
21 Morago ka 33 C.E., baketeki ba Bajuda ba modiro wa Pentekoste ba kane ba le 3 000 ba ne ba kolobediwa kwa Jerusalema “mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Botshèpō” ba bo ba tlhomamisediwa ka go goromelediwa moya o o boitshepo. Moragonyana palo ya baamogedi ba moya o o boitshepo wa go tlotsa ya tlhatlogela go 5 000. (Dit. 2:37-41; 4:4; Math. 28:19, 20) “Mo metlheñ [ya rona] ya bohèlō” ya segompieno, ebile mo go sa feteng dikgwedi di le thataro morago ga maloko a badihedi ba kwa ntlong-kgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower a sena go gololwa mo kgolegelong kwa Atlanta, Georgia, kopano ya kakaretso e ne ya tshwarelwa kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., ka September 1-8, 1919, mme mo kopanong eno ba ba fetang 200 ba ne ba kolobediwa mo Letsheng la Erie ka tsholofelo ya go kolobelediwa mo mmeleng wa semoya wa ga Keresete. Kwa kopanong ya bobedi ya kwa Cedar Point dingwaga di le tharo moragonyana ba le 361 ba ne ba kolobediwa jaaka ba ba tla nnang maloko a mmele wa semoya wa ga Keresete ebile ka tsholofelo ya selegodimo. Kwa kopanong ya kwa Columbus (Ohio) ya 1924 go kolobeditswe ba le 485.
22. Kwa kopanong ya Indianapolis ya 1925, Yoele 2:28, 29 e dirisitswe jang, mme Modimo o supilwe ke eng gore ke Mmoloka-Nako le Moperofeti yo o matsetseleko kaga boperofeti joo?
22 Ka ngwaga wa 1925, kwa kopanong ya mo Indianapolis, kwa Indiana, ga go a kolobediwa ba bantsi fela, mme gape go neetswe le puo e e botlhokwa tota. Setlhogo sa yone e ne e le “Moya o o Boitshepo o a Goromediwa,” mme e bontshitse tiriso ya Yoele 2:28, 29 ya motlha wa gompieno. Go ile ga begwa gore dikete-kete tse dintsi go gaisa pele di ne di ja senkgwe le go nwa beine kwa ketekong ya ngwaga le ngwaga ya Selalelo sa Morena. (Ditsebe 339-344 tsa Watch Tower, November 15, 1925) Ka jalo, “mo metlheñ [eno] ea bohèlō” go tloga ka ngwaga wa ntwa wa 1914 moya o o boitshepo o nnile wa goromediwa ka mokgwa o o tlhomologileng tota go supa gore Jehofa ke Mmoloka-Nako yo o ikanyegang le Moperofeti yo o sa foseng. Mo bogautshwaneng jaanong ‘metlha eno ya bofelo’ e tla tla mo ‘bokhutlong’ (télos) jwa yone mo ‘sepitleng’ sa lefatshe se segolo go gaisa.
23. Morago ga dilo tse di tlotlilweng, go tla tla mmuso ofe, ka molemo ofe go bafalodi ba “sepitla” le go baswi botlhe ba ba rekolotsweng?
23 Labofelo, morago ga tsotlhe tse, go tla eng? Tshenolo 19:11 go ya go 20:6 e araba jaana: Bogosi jwa ga Jehofa Modimo jwa Bomesia jwa dingwaga tse di sekete, bo tlisa kagiso “mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè,” lantlha mo bafaloding ba selefatshe ba “sepitla se segolo,” eleng masalela a bao moya o o boitshepo o goromeditsweng mo go bone ka nako ya ‘metlha ya bofelo’ gammogo le “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa bankane ba bone ba seka-dinku bao ba ipatagantseng le bone go ya ‘bokhutlong’ (télos). (Luke 2:14; Math. 24:21; Tshen. 7:9, 14, 15) Morago, ka nako e e tshwanetseng, jaaka dingwaga tse di sekete tseo di ntse di welela sentle go ya bokhutlong jwa tsone jo bo atlegileng go tla tla tsogo ya baswi botlhe bao ba tla arabelang lentswe la ga Kwana ya Modimo, eleng Jesu Kgosi ya Bomesia, yo o neetseng botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa botho jaaka thekololo ya bone botlhe.—Tshen. 20:11–21:4; Yoh. 5:28, 29.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 10]
Lemororo tshenyo ya Jerusalema ka 70 C.E. e ne e le maswe mo go kalo, e ne e se “sepitla” se segolo go gaisa tsotlhe mo ditiragalong.—Math. 24:21
[Lebokoso mo go tsebe 14]
Go rera ka Bogosi ga Basupi ba ga Jehofa go tloga ka 1914 go farologana thata-thata le ga barongwa ba La-Bodumedi, ka gobo:
Go dirwa mo teng ga ‘Metlha ya Bofelo’ ya tsamaiso e e senyegileng e ya dilo
Go supela gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe ka 1914
Go tshwaiwa ke go goromediwa mo go tlhokomelesegang ga moya wa Modimo go tloga ka 1919, e le gore Yoele 2:28, 29 e dirafadiwe ka botlalo
Setlhoa sa gone ke “bokhutló,” télos, jwa ‘Metlha ya Bofelo,’ mo sepitleng se segolo go gaisa tsotlhe
Go bolela tsholofelo e ntle ya go falolela ga masalela a a tloditsweng le “boidiidi yo bogolo yoa batho” mo sebakeng sa bogosi jwa ga Mesia jwa dingwaga di le sekete
Go supela gore tirafatso ya tsholofetso ya Modimo ya go tsosetswa ga baswi mo lefatsheng la paradaise e a atamela