Go Bua Lefoko la ga Jehofa ka Bopelokgale
“Me yana [Jehofa], . . . u neè batlhanka ba gago go bua lehoko ya gago ka pelokgale eotlhe hèla.”—Dit. 4:29.
1, 2. (a) Morago ga go tsosiwa ga gagwe, Jesu o ile a nna le kgatlhego efe go barutwa ba gagwe, mme ka jalo ke ditaelo dife tseo ba ileng ba di neelwa? (b) Go supa go ne go tshwanetse go anama mo go kana-kang?
LEMORORO loso lo kgaogantse Jesu go barutwa ba gagwe, ga baa ka ba lebala taletso ya gagwe gore ba nne “bachwara batho.” Ba ne ba itse gore seno se ne se kaya go bua lefoko la ga Jehofa gare ga batho. Mme ba ne ba tla tswelapele jang? Ba ne ba tlhoka kgogo le kaelo.
2 Boitumelong jo bogolo jwa barutwa, Jesu yo o tsositsweng o ne a bonala go bona ka makgetlo a a mmalwa pele ga fa a tlhatlogela go Rraagwe. (1 Bakor. 15:3-8; Yoh. 20:20) Ka gone o ne a kgona go ba neela ditaelo tse di oketsegileng maloka le tiro ya bone ya nako e e tlang. Mo Galilea, o ile a re:
“Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bonañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Math. 28:18-20)
Tiro ya Bokeresete ya go dira barutwa, ba kolobetswa le go rutwa, e tshwanetse go fitlhelela go batho ba merafe yotlhe. Abo go ne go kgothatsa jang go itse gore Morwa yo o tsositsweng yo wa Modimo o ne a tla nna le Bakeresete mo tirong ya bone ya Bogosi tsatsi le letsatsi go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo!
3. Moya o o boitshepo o na le karolo efe mo go supeng go, go simolola ka Pentekoste?
3 Jesu o ne a solofeditse barutwa ba gagwe gore mothusi, moya o o boitshepo, o ne a tla tla. (Yoh. 14:16, 26) Seno e ne e tla nna eng, mme se ne se tla dira jang? Pele fela fa a tlhatlogela go Rraagwe, Jesu o ne a bolelela barutwa bao:
“Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Dit. 1:8)
Abo ke tebelelo e kgolo jang bakeng sa bosupi jo bo atolositsweng! Barutwa ba ne ba boela kwa Jerusalema, mme koo ba ne ba nnela ruri mo thapelong. Letsatsi la bo-50 go tloga ka tsogo ya ga Jesu e ne e le Pentekoste, mme barutwa ba ne ba phuthegile felo go le gongwe. Ka tshoganetso go ne go le modumo “ekete oa sehehō se segolo se se cubutlañ,” ka diponalo tse dingwe tsa dikgakgamatso. Jehofa o ne a tshela mo go bone moya o o boitshepo o o solofeditsweng, maatla a gagwe a a dirang. Mme moya oo o ne wa ba tlhotlheletsa go dirang? Ba ne ba “simolola go bua . . . kaha Mōea o ba neèlañ molomo ka gōna.”—Dit. 2:1-4.
4. “Mahoko a a molemō” a ne a amogelwa jang ka lobaka loo?
4 Nako e ne e fitlhile ya go dira ‘go tshwara batho’ mo gontsi. Ka thuso ya moya o o boitshepo, barutwa bao ba ne ba kgona go bua lefoko la Modimo mo dipuong tse dintsi. Ka gone, batho ba ba neng ba tlile modirong wa Pentekoste go tswa kwa dikarolong tse dintsi tsa lefatshe ba ne ba kgona go utlwa kaga “ditihō tse dikgolo tsa Modimo,” ka dipuo tsa ga bone. Babogedi ba ne ba akabetse. Morago Petere o ne a ema mme a tlhalosa ka bopelokgale. O ne a neela bosupi jo bo feletseng kaga tsogo ya ga Jesu Keresete, a laletsa bao ba neng ba le gone go ikwatlhaya, go kolobediwa le go bolokwa mo losikeng loo lo lo sokameng. Phelelo e nnile eng? Ekane ba le 3 000 ba ne ba utlwa lefoko! Bano ba ne ba kolobediwa mme ba oketsa phuthego ya Bokeresete. Go ne go le boitumelo jo bogolo, jaaka Jehofa a ne “a ba oketsa ka go tlhomagana ga malatsi, ka ba ba bolokwañ.”—Dit. 2:5-47.
5. (a) Bakeresete ba tla fa pele ga balaodi mo metlheng ya kganetso bakeng sa boikaelelo bofe? (b) Ke kgothatso efe e e teng bakeng sa rona mo go se?
5 Go supa mo ka maatla a moya o o boitshepo go ile ga tlhagisa babaki ba basha ba ga Jehofa ba le bantsi. Bano, le bone, ba ne ba itumelela go tswelapele tsatsi le letsatsi, mme go supa ga bone ga phatlhalatsa go ne ga tlatsa Jerusalema ka “mahoko a a molemō.” Petere le Johane ba ne ba etelela pele mo tirong e, ba laletsa batho go sokologa mme ba phimolwe maleo a bone, gore ba amogele tapoloso ya semoya e e tswang go Jehofa. Bontsi jwa bano bo ne jwa reetsa “mahoko a a molemō” ka boitumelo—mme eseng tlhogo ya baperesiti, molaodi wa tempela le Basadukai. Ba ne ba tshwara Petere le Johane, mme ba ba tsenya mo kgolegong. Ka jalo barutwa ba ne ba simolola go bona kilo eo Jesu a ba tlhagiseditseng-pele ka yone, fa a ne a re:
“Bōnañ, ke lo roma yaka dinku mo gare ga diphiri: ke gōna lo nneñ botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi. Me lo itisè mo bathuñ: gonne ba tla lo neèla ditshekoñ, ba tla lo seola mo matluñ a bone a thuto; E, lo tla isiwa ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ea me, go tla lo nna chupō mo go bōnè le mo go Badichaba. Me e re mogañ ba lo neèlañ mo ditshekoñ, lo seka loa tlhobaèlèla, go re, lo tla bua yañ, lo tla bua eñ: gonne lo tla nèwa mo lobakeñ louō hèla se lo tla se buañ. Gonne e be e se lona ba lo buañ, e le Mōea oa ga Rra eno o o buañ mo go lona.” (Math. 10:16-20)
Lefa go le jalo, go fitlha jaanong “bachwara batho” bao ba ne ba ka itumelela go thaisa mo gogolo ga badumedi ba basha bakane ba le 5 000. Abo ba tshwanetse ba bo ba lebogetse Jehofa bakeng sa koketsego eo jang! Le rona, gape, re kgothadiwa ke pego ya bone ya tirelo.—Dit. 4:1-4.
GO BUA FA PELE GA BALAODI
6. (a) Ke eng seo Petere le Johane ba ileng ba se dira fa ba ne ba tlisitswe fa pele ga balaodi? (b) Ke ka ntlhayang ba ne ba tshwanelega sentle go dira seo?
6 Letsatsi le le latelang go ne go le pokano ya balaodi, mme bano ba ne ba botsolotsa Petere le Johane kaga tiro ya bone, go akaretsa le go fodisa ga bone monna yo o golofetseng. Seno e ne e le sebaka se sentle sa bosupi jwa phatlhalatsa jo bo oketsegileng. Jaaka Jesu a bontshitse gore go ne go tla diragala, moya o o boitshepo jaanong o ne wa nonotsha Petere go re:
“Lona balaodi ba batho, le bagolwane, Ha re bodiwa gompiyeno kafa tihō e e molemō e e dihecweñ monnani, ke go re, monna eo, o hodisicwe ka mokgwa o o nntseñ yañ; A go itsiwè ke lona lotlhe, le batho botlhe ba Iseraela, ha e le ka leina ya ga Yesu Keresete oa Nasaretha, eo lo mmapotseñ, eo Modimo o mo cositseñ mo loshuñ; ka re, monna eo, o eme ha, ha pele ga lona a hodile, me e le ka èna. Ke èna lencwè ye le nyadicweñ ke lona baagi, ye le bileñ le dihilwe ya tlhōgō ya kgōkgōchō. Me ga go nna poloka mo go ōpè o sele; le gōna ga go leina lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna.” (Dit. 4:8-12)
Dinnete tseno tsa botlhokwa di ne di tshwanetse go bolelwa! Ka jalo baaposetoloi ba ne ba bua ka bopelokgale. Ba ne ba sa ikgogone. Petere le Johane e ne e le batshwara ditlhapi ba ba sa reng sepe, mme ba ne ba thapisitswe ke Jesu go bua ka tsela e e maatla, ka tsholofelo le tlhatswego-pelo. Jaaka basupi ba ga Jehofa, ba ne ba bua ka ntlha ya gore ba ne ba batla go bolela lefoko la Modimo.—Bapisa Yohane 7:15-18, 45, 46.
7. Ke eng seo re se ithutang mo polelong e e go Ditiho 4 mabapi le go akanya le maitlhomo a baganetsi?
7 Abo re tshwanetse go leboga Jehofa jang ka rekoto e e go Ditiho kgaolo 4! Ka gobo ga e re bontshe fela ka moo Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go bua ka bopelokgale ka teng, mme gape e senola go akanya mo go sokameng ga balaodi ba lefatshe bao ba ganetsang tiro ya Modimo. Morago ga fa baaposetoloi ba sena go neela bosupi jo bo pelokgale joo, balaodi ba ne ba ba ntshetsa kwantle ga ntlo ya Kgotla ya Bokgaolakgang ya Bajuda fa ba santse ba gakololana. Boitlhomo jwa bone e ne e le eng? Ba ne ba sa ganetse gore pontsho e e tlhokomelegang e diragetse ka leina la ga Jesu Keresete. Mme kakanyo ya bone e ne e le go emisa go anama ga kobamelo ya boammaaruri. Ba ne ba lemosana gore ka dipōpō tsa bone ba ne ba ka tshosa baaposetoloi mme ka jalo ba emisa go bua ga bone ka leina la ga Jesu.—Dit. 4:16, 17.
8. Ke eng se se bontshang gore barutwa ba ne ba sa boife?
8 Lefa go le jalo, a dipōpō fela di ne di ka emisa basupi bao ba ga Jehofa ba Bakeresete? A Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tlhokomele sekao sa bone sa go tlhoka poifo:
“Me [balaodi] ba ba bitsa, ba ba laea gore ba se ka ba bua gopè, leha e le go ruta mo ineñ ya ga Yesu. Me Petere le Yohane ba ba hetola, ba re, E re ha go siame mo matlhoñ a Modimo go reetsa lona bogolo go go reetsa Modimo, a go atlholè lona: Gonne rona, ga re na sepè ha e se go bua hèla dilō tse re di bonyeñ, le tse re di utlwileñ.” (Dit. 4:18-20)
Ba boifa kgopolo ya batho, balaodi ba ne ba golola baaposetoloi, morago ga ba sena go ba bopèla. Ka thuso ya moya wa Modimo, Bakeresete bao ba ile ba fenya pogiso.
THUSO E E TSWELANG-PELE GO TSWA GO JEHOFA
9, 10. (a) Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba latela tsamaiso efe, mme ke keletso efe eo e neng e le mo dipelong tsa bone? (b) Ba ile ba dira kopo bakeng sa eng, mme ba ile ba arabiwa jang?
9 Morago ga kgololo ya bone, baaposetoloi ba ne ba boela kwa phuthegong. Ba ne ba begela bakaulengwe kaga seo se diragetseng, mme morago phuthego e ne ya dira seo Bakeresete ba tshwanetseng go se dira ka gale tlase ga maemo a a jalo. Ba ne ba bua le Jehofa ka thapelo. Ya bone e ne e le thapelo ya tumelo, ba bontsha keletso ya bone e e boteng ya go nna ba direla Modimo. Ba ne ba re:
“Morèna, wèna eo u dihileñ legodimo le lehatshe le lewatlè, le cotlhe tse di mo go cōna: Eo u kileñ ua bua ka Mōea o o Boitshèpō, ka molomo oa ga rra echo Dafide, motlhanka oa gago, ua re, Ana Badichaba ba ne ba shakgalèlañ, le merahe e ne e tlhatlhanyetsañ dilō tsa boithamakō? Dikgosi tsa lehatshe tsa ipaakanya, le balaodi ba phuthèga, e le go tlhabana le Yehofa le Motlodiwa oa gagwè: Gonne amarure, Herode le Ponto Pilatwe, ba na le Badichaba, le batho ba Iseraela, ba le mo motsiñ o, ba ne ba phuthegetse Yesu Motlhanka oa gago eo o boitshèpō, eo u nu u mo tloditse, Go tla ba diha señwe le señwe se seatla sa gago le go rata ga gago go se laotseñ galè gore se dihalè. Me yana Morèna [Jehofa], bōna dipōpō tsa bōnè: me u neè batlhanka ba gago go bua lehoko ya gago ka pelokgale eotlhe hèla; Le wèna u nntse u otlōIōIa lecōgō ya gago go hodisa; me u mmè dichupō le dikgakgamacō di dihwè ka leina ya ga Yesu Motlhanka oa gago eo o boitshèpō.”—Dit. 4:24-30.
10 Barutwa ga baa ka ba kopa go ntshiwa mo tirong kana go isiwa kgakala le dipōpō tsa baba kgatlhanong le boammaaruri. Ba ne ba itse thomo ya bone go tswa go Jehofa—go nna basupi ba gagwe. Keletso ya pelo ya bone e ne e le go nna ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale jotlhe, mme ba ne ba kopa thuso ya gagwe mo go se. A Jehofa o ile a itumelela boikutlo jo? Rekoto e a re bolelela:
“Me e rile ba sena go rapèla, helō ha ba phuthegetseñ gōna ga reketla; me botlhe ba tlala Mōea o bo Boitshèpō, me ba nna ba bua lehoko ya Modimo ka pelokgale.”—Dit. 4:31.
11. (a) Go bua ga bone ka bopelokgale go feletse ka eng (b) Ke ka ntlhayang go golegwa go sa ka ga ba dira gore ba emise tiro?
11 Basupi bao ba Bogosi ba ne ba tsweletsa tiro ya bone ka matlhagatlhaga a a shafaditsweng, mme Jehofa o ne a na le bone. “Me badumedi ba oketsègèla Morèna bogolo, bontsi yoa banna le basadi.” (Dit. 5:14) Ka ntlha ya mo, baeteledi-pele ba bodumedi ba ne ba galefa gape mme ba tsenya baaposetoloi mo kgolegong. Lefa go le jalo, e ne e le thato ya ga Jehofa gore bosupi jwa bone bo tswelepele mo Jerusalema. Ka jalo o ne a romela moengele wa gagwe go golola baaposetoloi, le go ba bolelela go re:
“Tsamaeañ, lo eè go èma lo buè le batho mo tempeleñ mahoko aotlhe a Botshelō yo.” (Dit. 5:20)
Go tsenngwa mo kgolegong ga go a ka ga tshosa baaposetoloi gore ba bo ba didimale fela jaaka dipōpō tsa baperisiti le balaodi di sa ka tsa dira.
12. Ke jang baaposetoloi ba ileng ba tla gape go neela bosupi fa pele ga kgotla, mme a ba ne ba boifisiwa?
12 Lefa go le jalo, baaposetoloi ba ile ba tshwariwa gape ke maotlana mme ba tlisiwa mo ntlung ya Kgotla ya Bokgaolakgang ya Bajuda le moperisiti yo mogolo yo o galefileng, yo o rileng:
“Re lo laile thata, ra re, Lo se ka loa ruta mo ineñ ye; me bōnañ, lo tladitse Yerusalema ka thutō ya lona, me lo ikaeletse go baea molato oa madi a motho eo mo go rona.” (Dit. 5:28)
Mo kgotleng e eseng botsalano eo, ka maotlana a ba disitse le moperisiti yo mogolo a bua mo go botlhoko jaana kgatlhanong le bone, a baaposetoloi ba ne ba tla ineela? Ga go a nna jalo.
“Me Petere le baaposetoloi ba hetola, ba re, Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho. Modimo oa borra echo o cositse Yesu, eo lona lo mmolaileñ, ka go mo pèga mo setlhariñ. Ena eouō, Modimo o mo goleditse ka seatla sa ōna se segolo, gore a nnè Kgōsana le Mmoloki, gore a neè Iseraela boikwatlhaō, le boichwarèlō yoa dibe. Me rona re bashupi ba dilō tse; le ōna Mōea o o Boitshèpō o nntse yalo, o Modimo o o neileñ bōnè ba ba o utlwañ.”—Dit. 5:29-32.
13. Kgakololo ya ga Gamaliele e ne e le efe, mme kgotla e ne ya e leba jang?
13 Fano, gape, re tshwanetse go bontsha tebogo go rekoto ya Dikwalo eo e bontshang go akanya mo go sokameng ga bao ba ganetsang tiro ya Modimo. Lemororo baaposetoloi e ne e le batho ba ba molemo, kgotla e ne e ikaeletse go ba fedisa. Lefa go le jalo, morutisi wa molao yo o tlotlegang Gamaliele o ne a ema mme a bua kgakololo e e neng e tshwanetse lobaka loo go balaodi ba bodumedi. O ne a re:
“Lona banna ba Iseraela, lo itise kaga batho ba, mo go se lo reñ lo tloga lo se diha. Gonne e rile motlha moñwe ga coga Theudase, a ikgantsha, a re, ke motho moñwe; me batho bañwe, e ka ne e le ba ba makgolo manè, ba ikōpanya naè: me a bolawa; le botlhe ba ba inetseñ mo go èna ba phatlaladiwa, ba nyèlèla. Moragō ga motho eo, ga coga Yudase oa Galilea, mo motlheñ oa go kwalwa maina, me a itatedisa batho bañwe; le èna a shwa; le batho ba ba inetseñ mo go èna ba halalediwa koñ. Me yana, kea lo raea, ka re, Lo ithibè mo bathuñ ba, me lo ba lesè; gonne ha kgakologèlō e, kgotsa tiho e, e le ea batho, e tla senyèga: Me ha e le ea Modimo, go tla lo retelèla go ba henya; e ka tla ea re kgotsa loa hitlhèlwa lo bile lo tlhabana le Modimo.” (Dit. 5:34-39)
Kgakololo e e botlhale e ya ga Gamaliele e ne ya amogelwa ka bontlhanngwe. Lemororo baeteledi-pele ba bodumedi ba sa ka ba kgaotsa go tlhabana le Modimo, bobotlana ga baa ka ba fedisa baaposetoloi. Mo boemong jwa moo, ba ne ba ba kgwathisa mo go botlhoko, ba ba laela gore ba kgaotse go bua kaga Jesu, mme ba ba golola.—Dit. 5:40.
BOPELOKGALE TLASE GA TEKO
14. Bakeresete morago ba ne ba dira ka bopelokgale jang mme ka diphelelo dife?
14 A gotlhe mo go ne ga ngodiisa baaposetoloi mo go bueng lefoko la Modimo ka bopelokgale? Polelo e a araba:
“Me hoñ ba cwa ha pele ga lekgotla, ba itumèla ka ba kailwe chwanèlō ea go tlotlololwa ka ntlha ea Leina. Me ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bonè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.” (Dit. 5:41, 42)
Ka go tlhoka poifo baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba ne ba tswelapele go ipoloka ba tshwaregile ka lefoko la Modimo le go bua ka bopelokgale, mme Jehofa o ne a segofatsa tiro ya bone.
“Me lehoko ya Modimo ya tota; le palo ea barutwa ea ntsihala mo gogolo thata mo Yerusalema; me leshomō ye legolo ya baperisiti ya inela mo tumeloñ.”—Dit. 6:7.
15. Ke dilo dingwe dife tseo Setefane a ileng a di bua ka bopelokgale, mme bo-rabodumedi ba ile ba amega ka tsela efe?
15 Ereka jaanong baperisiti le bone ba ne ba sokologa le go nna Bakeresete, balaodi ba bodumedi ba ba tlhogo-e-thata ga baa ka ba kgaotsa kganetso. Ka bonako fela, mosupi yo o matlhagatlhaga, Setefane, o ne a iphitlhela fa pele ga Kgotla ya Bokgaolakgang ya Bajuda. O ne a neela bosupi jo bo maatla, joo mo go jone a neng a boeletsa go dirafala mo go feletseng ga maikaelelo a ga Jehofa. Mme baganetsi ka kgalefo ba ne ba mo kgorogela mme ba mo kgobotletsa ka maje a bo a swa. Go diragaletse Setefane fela jaaka Jesu a ne a boleletse-pele: “Motlha oè tla, o moñwe le moñwe eo o lo bolaeañ ka ōna, o tla gopola, go re, o dihèla Modimo.”—Yoh. 16:2; Dit. 6:8–7:60.
16. (a) Morago go ile ga diragala eng go phuthego ya Bokeresete e e setseng? (b) Ke pono efe eo ba neng ba na le yona ka dilo tsa bone tse di bonalang?
16 Boswela-tumelo jwa ga Setefane e ne e le lotshwao lwa go anama ga pogiso e e botlhoko.
“Me ea re ka letsatsi yeuō hèla, phuthegō e e mo Yerusalema ea cogelwa ke pogishō e kgolo, me botlhe ba halalèla mo mahatshiñ a Yudea le Samaria, ha e se baaposetoloi ba le bosi hèla.” (Dit. 8:1)
Mme a seno se ne se tla didimatsa basupi ba ga Jehofa ba motlha oo? Seno, eleruri, e ne e le boiteko jwa Bosatane jwa go senya ditiro tsa batlhanka ba Modimo. Ba ile ba tshwanelwa ke go tlogela matlo le dithoto tsa bone. Lefa go le jalo, ba ne ba na le pono e e siameng kaga dilo tse di bonalang. Mo go se, ba ne ba tshwana le Bakeresete bao Paulo moragonyana a ileng a ba kwalela: “Gonne, ba ba mo dikgoleñ lo ba tlhomogetse pelo, me loa ichōkela go thopiwa ga dilō tsa lona ka boitumèlō lo nntse lo itse ha lona ka losi lo na le boshwa yo bo molemō bogolo, le yo bo tlhōmameñ.”—Baheb. 10:34.
17, 18. (a) Tiro ya ga Filipo le Bakeresete ba bangwe bao ba neng ba phatlhaladitswe e re bontsha jang tsela ya go ka fenya mekgwa ya ga Satane? (b) Ke masego afe a a tswileng go Jehofa?
17 Barutwa ba ne ba lemoga ka botlalo gore ba tshwanetse go tswelapele e le basupi ba ba boikanyo ba Modimo le ba ga Keresete. Ka jalo, “ba ba haletseñ ba tsamaea tsamaea ba èta ba rèra lehoko.” (Dit. 8:4) Filipo o ne a ya kwa motseng wa Samaria, moo a ileng a nna a bua lefoko ka bopelokgale, a leretsa batho boitumelo. Ka bonako fela, o ne a dira gore badumedi ba bangwe ba kopanele le ene, mme ga romelwa molaetsa kwa Jerusalema oo o itsiseng baaposetoloi gore Samaria o amogetse lefoko la Modimo. Petere le Johane ba ne ba ya gona, moya o o boitshepo o ne wa wela mo go Basamaria, mme phuthego ya Bokeresete e ne ya tlhomamisiwa koo.—Dit. 8:5-8, 14-17, 25; 9:31.
18 Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le pono e e siameng. Ba ne ba rapelela gore ekete Jehofa o ne a ka ba boloka ba ntse ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale. Seo ke se ba se dirileng, ka thuso ya moya wa gagwe, mme o ne a ba segofatsa. Jaaka rekoto e kaya, “seatla sa Morèna [Jehofa] sa nna nabō”!—Dit. 11:19-21.
GO BUA KA BOPELOKGALE JAANONG
19. Ke bosupi bofe jo re nang le jone jwa gore Jehofa Modimo le Keresete ba ntse ba na le basupi ba Bakeresete ba metlha ya gompieno?
19 Go ralala makgolo a dingwaga, Jesu o nnile boammaaruri go tsholofetso ya gagwe: “Ke bo ke nntse ke na le lona ke metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Math. 28:20) Ereka jaana re fitlhile mo motlheng oo, abo re leboga jang gore basupi ba ba fetang 2 000 000 ba ‘bua lefoko la ga Jehofa ka bopelokgale’! Ebile Modimo wa rona o segofaditse tiro ya “bachwara batho” bano mo go kalo, mo eleng gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” a setse a itsege mo dinageng tsotlhe mo boalong jwa lefatshe, tota le eleng go fitlha le kwa Antarctica kwa. A ile a tsenelela mo dikarolong tse di kwa thoko mo dithabeng le kwa ditlhaketlhakeng tse di gasagasaneng mo mawatleng a a supa. (Math 24:14) Ee, tiro ya bosupi e fitlheletse mo morafeng mongwe le mongwe “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe,” mme gotlhe mo go fitlheletswe ka moya wa ga Jehofa.—Dit. 1:8; Sek. 4:6.
20. Diabolo o bontshitse kganetso ya gagwe jang go batshodi ba Lefoko la Modimo, mme a baemedi ba gagwe ba ka emisa tiro?
20 Jaaka Lefoko la Modimo le ne la bolelela-pele, Diabolo o galefile, ka gobo a itse fa nako ya gagwe e le khutshwane. O tswelapele go ganetsa tiro ya go supa. (Tshen. 12:12, 17) Diabolo le batsiediwa ba gagwe ba ila Basupi ba ga Jehofa ka gonne Bakeresete bano “ga se ba lehatshe.” Bontsi jwa bone bo ile jwa phatlalatswa ke pogiso go tswa magaeng a bone. Makgolo a bone a sule loso lo lo botlhoko, fela jaaka Setefane mo lekgolong la dingwaga la ntlha la motlha wa rona. (Tshen. 17:6; 20:4) Mme tiro e itshupile go nna ya Modimo. Batho ga baa ka ba kgona go e emisa, ka gobo batlhanka ba boamaaruri ba ba Modimo ba ntse ba bua lefoko la gagwe ka bopelokgale. Ka tsela e ba ne ba sita maano a ga Diabolo, ee, ba a fenya.—Bapisa Baefesia 6:11, 12; Yakobe 4:7; 1 Petere 5:8, 9.
21. (a) Ke tiro efe eo Jehofa a e ratang go ka dirwa jaanong? (b) Ke ka ntlhayang re batla go wetsa tiro eo re e neetsweng, mme ke jang re ka nnang ra bua lefoko ka bopelokgale?
21 Gompieno, tiro ya Bogosi ya ‘go tshwara ditlhapi’ e ntse e gatela pele, go sa tlhokomelege kganetso e e golang. Mme tshegofatso ya ga Jehofa e ntse e bonala mo go yona. Mo ngwageng wa tirelo o o fetileng o le osi, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itumelela go bona batho ba basha ba le 113 672 ba kolobediwa. Abo bano ba itumela jang go arola mo go bueng lefoko la ga Jehofa! Eno ke tiro ya Modimo bakeng sa rona gompieno, mme boikutlo jwa go nna ba tshwaregile mo go yona bo tshwanetse go nna mo dipelong tsa botlhe bao ba ineetseng go Jehofa, ka gobo ke kabelo ya bone. (1 Bakor. 9:16) A pelo ya gago e go tlhotlheletsa go bua lefoko la ga Jehofa ka bopelokgale? Jaaka maemo a lefatshe a ntse a senyegela pele, boikemisetso jwa rona bo tshwanetse go nna jwa go tswelapele re bolela mafoko a a molemo a Bogosi go fitlha tiro e wediwa. Fa kganetso e tsoga, ga re ngodiege. Re gakologelwa gore Jesu ga a simolola fela tiro eo Jehofa a e mo neileng go e dira, mme gape o ne a e wetsa. (Yoh. 17:4) O ne a re siamisetsa go lebana le kilo ya lefatshe. Ekete ka gale re ka tshwana le ene, le jaaka baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, fa re ntse, ka tumelo e e tletseng, re senka thuso ya ga Jehofa mo go dirafatseng thato ya gagwe mabapi le rona. Ekete thapelo ya rona e e kopantsweng ka metlha e ka nna: “Me yana [Jehofa], . . . u neè batlhanka ba gago go bua lehoko ya gago ka pelokgale eotlhe hèla.”—Dit. 4:29.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jehofa Modimo o segofatsa tiro ya “bacwara batho” ba motlha wa gompieno