“Ntshalañ Moragō, Me Ke Tla Lo Diha Bachwara Batho”
1-3. (a) Jesu o ne a laletsa batho go mo sala morago bakeng sa tiro efe? (b) Karabelo ya ba ntlha go ka lalediwa e bontsha jang gore ba ne ba na le tumelo?
JOHANE MOKOLOBETSI o ne a weditse tiro ya gagwe, mme jaanong Jesu yo o tloditsweng o ne a tsweletsa polelo e e tlhotlheletsang: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Math. 3:2; 4:12-17) Mme Jesu Keresete o ne a sa tshwanela go itsise mafoko a a molemo a le esi. Fa a ne a tsamaya fa thoko ga lewatle la Galilea, o ne a bona Simone Petere le Anderea ba konopela letloa la go tshwara ditlhapi mo lewatleng. O ne a ba laletsa: “Ntshalañ moragō, me ke tla lo diha bachwara batho.” Ga ba a ka ba etsaetsega. Ba ne “ba akoha’’ ba tlogela matloa a bone mme ba sala Jesu morago. Morago Jesu a bona Jakobe le Johane mo mokorong wa go tshwara ditlhapi, mme a ba bitsa. Ba ne “ba akoha” ba tlogela mokoro le rraabone go sala Jesu morago.—Math. 4:18-22.
2 Jesu o ne a tlhomela barutwa ba basha bano sekao se se molemo, fa a ne a ba thapisa go nna “bachwara batho.” E ne e le balekane ba gagwe ba ka metlha jaaka a ne “a tsamaea tsamaea le lehatshe yotlhe ya Galilea, aè tla a ruta mo matluñ a thuto a bōnè, a rera mahoko a a molemō a bogosi, a hodisa malwetse mañwe le mañwe aotlhe, le dipobolō diñwe le diñwe cotlhe mo bathuñ.”—Math. 4:23.
3 Kwa Kaperenama, mo Galilea, Jesu o ne a bona Mathaio (Lefi) a ntse mo ofising ya lekgetho mme a mo laletsa, “Ntshala moragō.” Mathaio ka bofefo o ne a tlogela go kgethisa gore a tle a sale Jesu morago. (Math. 9:9; Mar. 2:14) Gape, Jesu o ne a “tlhatlologanya metse le metsana eotlhe” go ruta le go rera mafoko a a molemo a bogosi, a ntse a dira ditiro tsa phodiso. Lemororo balatedi ba gagwe ba ne ba oketsega ka palo, Jesu o ne a ba bolelela: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye. Me ke gōna, rapèlañ Morèna oa thōbō gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.”—Math. 9:35-38.
4. (a) Ke ka ntlhayang baaposetoloi ba ne ba tlhophiwa? (b) Ke eng seo Jesu a se lebeletseng go bao ba mo salang morago?
4 Go tswa go barutwa bano ba ntlha, Jesu jaanong o ne a tlhopha ba le 12 go nna baaposetoloi, “gore ba nnè naè, gore a tlè a ba romè ba eè go rèra Mahoko a a Molemō.” (Mar. 3:14) Moragonyana, baaposetoloi ba ba boikanyo ba ne ba tla nna maje a motheo a phuthego ya Bokeresete. (Baef. 2:20; Tshen. 21:14) Ba ne ba rata, ba iketleeditse go dira mme ba itumelela go nna mo bokopanong jwa ga Jesu mo tirong ya Bogosi. Jesu o ne a ba kaela mme o ne a ba neela ditaolo tsa go ya kwa metseng le metsaneng, le go etela matlo a batho. O ne a ba bolelela: “Me lo ète lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” Jesu o ne a tlhokomedisa barutwa ba gagwe gore tiro e ne e se kitla e nna motlhofo le gore ba bantsi ba ne ba se kitla ba reetsa mafoko a bone. Lefa go le jalo, ba ne ba tshwanetse go neela bosupi, tota le eleng pele ga babusi le batho ba merafe. Ba ne ba tla tshwanela go nna ba ba intshang setlhabelo le ba ba pelokgale, gonne Jesu o rile: “eo o sa tseeñ mokgōrō oa gagwè, me a ntshala moragō, ga aa nchwanèla.”—Math. 10:7-18, 38.
5. Ke ka ntlhayang bangwe ba sa amogelesege jaaka balatedi ba ga Keresete?
5 Ga se botlhe ba ba neng ba amogela taletso ya ga Jesu ya go mo sala morago. Ka sekai, go ne go le monna wa mohumi yo o ileng a tlhopha dithuo tse di bonalang go na le letlotlo la semoya leo a ka neng a le ipeletse fa a ntse a rera mafoko a a molemo a Bogosi. (Math. 19:16-24) Ba bangwe gape, ba ne ba neela maipato, jaaka polelo e e go Luke 9:57-62 e bontsha:
“Me ea re ba nntse ba tsamaea mo tseleñ, monna moñwe a raea [Jesu], a re, Ke tla go sala moragō goñwe le goñwe kwa u eañ gona. Me Yesu a mo raea, a re, Diphokoyè di na le mesima, le dinōnyane tsa loapi di na le ditlhaga; me Morwa Motho èna, ga a na ha o ka itatsañ tlhōgō gōna. Me a raea eo moñwe, a re, Ntshala moragō. Me a re, Morèna, ntesa pele, ke eè go hitlha rrè. Yesu a mo raea, a re, Lesa bashwi ba hitlhè bashwi ba bōnè; me wèna, tsamaea u utlwatsè bogosi yoa Modimo. Eo moñwe, le èna, a re, Morèna, ke tla gu sala moragō; me ntesa pele ke eè go dumedisa bōnè ba ba kwa gècho. Me Yesu a mo raea, a re, Ga go Motho opè eo o ka reñ a chwere mogoma ka seatla, me a sheba kwa moragō, eo o ka chwanèlañ bogosi yoa Modimo.”
6. Jesu o ile a thapisa le go kgothatsa balatedi ba gagwe jang, jaaka go tlhalositswe go Luke 10:1-20?
6 Morago ga go neela dikai tse di sa itumediseng tse, Luke o tlhalosa ntlha e e tlhamaletseng. O tlhalosa ka moo Jesu a tlhophileng ba le 70 ba balatedi ba gagwe mme a ba roma ka bobedi le bobedi go bulatsela tshimong e e neng e le kwa pele ga gagwe. Ba ne ba tshwanetse go itsise batho gore “bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Luke 10:1-16) Ba ba 70 ba ne ba bona boitumelo jo bogolo mo tirelong ya bone. Mme Jesu o ne a ba bontsha gore ba ne ba na le eleng lebaka le legolo go gaisa bakeng sa boitumelo, ka go re: “Lo itumèlèlè go re, maina a lona a kwadilwe kwa legodimoñ.”—Luke 10:17, 20.
JESU O TLHOMA SEKAELO
7, 8. Umaka melemo e mengwe eo “bachwara batho” ba gale ba e amogetseng ka go kopanela ka metlha le Jesu mo tirong e?
7 Bakwadi ba Bibela ba ba tlhotlheleditsweng Mathaio, Mareko, Luke le Johane ba anela ka moo barutwa ba pele ba ga Jesu ba neng ba kopanela le ene mo tirong ya go rera le go ruta moo go feletseng ka melemo e megolo go bone ka bobona le go ba bangwe. Jesu o ne a ba ruta dilo tse dintsi tse dintle kaga Bogosi, mme ba ne ba kgona go arola dinnete tseno le batho bao ba neng ba ka reetsa. Go feta tsotlhe, Jesu o thusitse barutwa ba gagwe go anaanela kamano e eleng ya bone e e botlhokwa jaaka makgoba, batlhanka kana balebalebi ba ga Jehofa Modimo le Keresete Jesu.—Math. 6:24; bapisa Luke 12:37, 42, 43.
8 Jaaka Rraagwe, Jesu e ne e le modiri. O ne a batla gore barutwa ba gagwe e nne badiri le bone, mo go itsiseng molaetsa wa Bogosi. (Yoh. 4:34; 5:17; 9:4) Ka jalo, ekane ka lobaka lwa dingwaga tse tharo, Jesu o ne a thapisa barutwa ba gagwe go nna “bachwara batho.” Gape, o ne a ba tlhagisetsa pele gore ba ne ba tla tshwariwa ka tsela e e tshwanang le eo ene, Morena wa bone, a neng a tshwariwa ka yone. Ba ne ba bona sekao sa gagwe le karabelo ya gagwe dipogisong, jaaka a ne a ba neela sekaelo go se sala morago gaufi-ufi. (Math. 10:22-26; 1 Pet. 2:21) Jesu o ne a ba ruta dilo tse dintsi tseo a neng a di amogetse go Modimo, mme ba ne ba mmona a dirafatsa dipolelelo-pele tse dintsi. Gotlhe mo go ne ga nitamisa tumelo ya bone.
9. Ke eng seo Jesu a se rutileng balatedi ba gagwe kaga kamano ya bone go Modimo jaaka batlhanka?
9 Jesu gape o ne a ba kgothaletsa go sala sekaelo sa gagwe morago ka boikokobetso jaaka batlhanka ba Modimo. O ne a re:
“Me ke mañ oa lona eo e ka reñ a na le motlhanka eo o lemañ, kgotsa a disa dinku, me e re a gōrōga a cwa kwa nageñ, a ka mo raea a re, Tla, u dulè, u yè? Me bogolo a ga a mo ree, a re, Baakanya se ke lalèlañ ka shōna, u ikokwaèlè, u ntihèlè, ke tlè ke tsamaeè ke yè ke nwè; me moragō u tla itse go ya le go nwa? A o tla a leboge motlhanka eouō ka a dihile dilō tse o di laolecweñ? Go nntse yalo le lona, e tla re lo sena go diha dilō cotlhe tse lo di laolecweñ, lo re, Re batlhanka ba re senañ molemō; re dihile se e neñ e le chwanèlō ea rona go se diha hèla.”—Luke 17:7-10; bapisa 1 Bakorintha 7:22, 23; Tshenolo 19:5.
10. Sekai sa ga Jesu e nnile karolo ya thapiso ya balatedi ba gagwe go direla Modimo jang?
10 Jaaka tiro ya ga Jesu mo lefatsheng e ne e le gaufi le bokhutlo, o ne a kokoanya baaposetoloi ba gagwe bakeng sa modiro wa Tlolaganyo, mme fano, kwa thoko, o ne a ba neela kgakololo le kgothatso tse dintsi. Gape o ne a ba tlhapisa dinao go gatisa go bone tlhokafalo ya go direla ba bangwe, ka go re: “Ke lo beetse sekaō, gore le lona lo dihè yaka ke lo dihetse. Amarure, amarure, Kea lo raea, Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè; le eo o romilweñ ga a mogolo go heta eo o mo romileñ. Ha lo itse dilō tse, lo segō ha lo di diha.”—Yoh. 13:15-17.
11. (a) Puo ya kamano e e gaufi thata ya ga Jesu le barutwa ba gagwe e kwadilwe kae? (b) Ka lobaka loo, Jesu o ile a gatelela kamano gareng ga tumelo le ditiro jang? (c) Barutwa ba ne ba ka dira ditiro tse dikgolo go gaisa tsa ga Jesu ka tsela efe?
11 Morago ga go golola Judase wa mooki, Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang kaga modiro o mosha—segopotso sa loso lwa gagwe. O ne a bua ka kamano e e gaufi thata le bone, a ba siamisetsa boikarabelo joo ba neng ba tla bo sikara fa a sena go tsamaya. (Yoh. 13:30–16:33) Go bontsha tumelo ya bone go Keresete, barutwa ba ne ba tshwanetse go dira ditiro tse di tshwanang le tsa gagwe. Ka jalo o ne a ba kgothatsa ka mafoko a: “Amarure, amarure, kea lo raea, Eo o dumèlañ mo go nna, ditihō tse ke di dihañ, le èna o tla di diha; me o tla diha ditihō tse di kgolo go heta tse; ka gonne ke ea kwa go Rara.” (Yoh. 14:12) Jesu o ne a lekanyeditse tiro ya gagwe go lefatshe la Palesetina fela, mme tiro ya Bogosi e ne e tshwanetse go atologa morago ga loso lwa gagwe le tsogo. Barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go nna kwa pele mo tirong eo ya nako e e tlang. Labofelo, mafoko a a molemo a Bogosi a ne a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le agilweng go nna bosupi go merafe yotlhe, mme morago bokhutlo bo ne bo tlaa tla.—Math. 24:14.
12. Kamano ke efe e e teng gareng ga go rata Keresete le seo re se dirang?
12 Mo lobakeng lo lwa bofelo lwa go nna le barutwa ba gagwe, Jesu o ne a gatelela tlhokafalo ya lorato lo lo intshang setlhabelo, ka go re:
“Ha lo nthata, lo tla tshegetsa ditaolō tsa me. Eo o nañ le ditaolō tsa me, a di tshegetsa, ke èna eo o nthatañ: me eo o nthatañ, o tla ratwa ke Rrè, le nna ke tla mo rata, me ke tla mo ipontsha. . . . Ha motho a nthata, o tla tshegetsa lehoko ya me: me Rrè o tla mo rata, me re tla tla mo go èna, re diha bonnō yoa rona mo go èna. Eo o sa nthateñ, ga a tshegetse mahoko a me: me lehoko ye lo le utlwañ, ga se ya me, ke ya Rara eo o nthomileñ.” (Yoh. 14:15, 21, 23, 24)
Abo go tlhokafala jang go utlwa ditaelo tsa ga Jesu Keresete!
MOTHUSI O SOLOFEDITSWE
13. Thuso e ne e tla tla jang go balatedi ba ga Jesu fa a se na go tsamaya, mme ba ne ba tla tlhotlheletswa go dira eng?
13 Baaposetoloi ba ne ba amana le Jesu gaufi thata. Fa ba ne ba eletsa go itse sengwe kana fa bothata bongwe bo ne bo tsoga, ba ne ba ka bua le Jesu kaga kgang eo. Mme jaanong Jesu o ne a ya go Rraagwe. Ka jalo o ne a kopa Rraagwe go ba neela mothusi yo mongwe, moya wa Modimo o o boitshepo, oo o neng o tla ba gakolola dilo tsotlhe tseo Jesu a neng a di buile le bone. (Yoh. 14:16, 17, 25, 26) Moo go ne go kaya gore ba ne ba tla nna le tiro ya go supa e ntsi, gonne Jesu o kaile gore: “Me e tla re ha Mogomotsi a tsile, eo ke tla mo romañ mo go lona, a cwa kwa go Rara, eboñ Mōea oa boamarure, o o cwañ mo go Rara, èna o tla shupa kaga me: Me le lona loa shupa, ka gonne lo nntse lo na le nna go cwa kwa tshimologoñ.”—Yoh. 15:26, 27.
14. Barutwa ba ne ba tla ithuta dinnete tse di oketsegileng moragonyana jang?
14 Jesu o ne a lekanyeditswe mo go seo a neng a ka se bolelela barutwa ba gagwe ka nako eo. Lefa go le jalo, ka go goroga ga moya o o boitshepo, ba ne ba tla amogela go tlhaloganya mo go golo, go ba etleeleletsa tiro e e kwa pele. (Yoh. 16:12-14) Abo go kgothatsa jang! Bao ba salang Jesu morago jaaka batlhanka ba Modimo ka metlha ba ka nna le tsholofelo ya go amogela thuso go tswa kwa godimo le kgogo mo boammaaruring ka moya o o boitshepo.
15. (a) Ke ka ntlhayang Bakeresete ba tshwanetseng go boloka kamano e e gaufi le Jesu Keresete ka dinako tsotlhe, go ya ka setshwantsho sa gagwe sa mofine? (b) Lorato lwa Bokeresete lo tsaya karolo efe mo go se?
15 Go re ba tle ba atlege mo tirong ya bone, balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go boloka bokopano jo bo gaufi le ene mme ba itshupe e le barutwa ba gagwe. Jesu o tshwantshitse seno ka mofine le dikala tsa ona, a gatelela go tlhoka ga bone go nnela ruri mo mofineng le go ungwa gore Rraagwe a galalediwe. Ba ne ba tshwanetse go bontsha maungo ka go supa ka Bogosi le go bontsha botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Batho ba ne ba tla bona gore e ne e le barutwa ba gagwe ka ntlha ya lorato lwa boammaaruri mo go bone.—Math. 21:43; Yoh. 13:34, 35; 15:1-12; bona gape Tora ya Tebelo, May 1, 1979.
GA SE KAROLO YA LEFATSHE LENO
16. (a) Ke eng seo Jesu a se rutileng balatedi ba gagwe go Yohane 15:17-22 mabapi le boemo jwa bone mo lefatsheng? (b) Ke ka ntlhayang a ileng a ruta kaga se?
16 Bao e nnang “bachwara batho” ba bontsha lorato lo lo nonofileng lo, mongwe go yo mongwe. Lefa go le jalo, ereka e le balatedi ba Morena, Keresete Jesu, ga ba ratiwe ke lefatshe. Jesu o ne a sa ratiwe ke lefatshe, gonne e ne e se karolo ya lona. (Yoh. 15:17-22; 16:1) Kitso eno e na le thuso mo go bolokeng boikanyegi tlase ga thaelo go Bakeresete botlhe ba boammaaruri—fela jaaka Jesu a ne a boloka boikanyegi. Bao eleng ba lefatshe ga ba itse Jehofa Modimo kana Ene yo a mo romileng, Jesu Keresete. Ga ba tlhaloganye dithuto tsa ga Jesu, kana gona gore lorato lwa Bokeresete ke eng. Ba tlhoile balatedi ba gagwe, gonne ba dira dikeletso tsa ga Diabolo.—Yoh. 8:42-44; 14:30; 16:11.
17. Ka ntlha ya go sa nne karolo ya lefatshe jaaka balatedi ba ga Keresete, ke eng se se neng se tla diragalela Bakeresete ba bangwe?
17 Ereka Bakeresete ba boammaaruri e “se ba lehatshe,” ga ba tshwanela go amogela moya wa lefatshe o o bohula, wa boikgantsho le wa go lotlhanya. Seno se ba kgonisa go galaletsa Modimo le go ungwa thata mo go supeng borutwa jwa bone. Mme go kaya pitlagano go bone, jaaka Jesu a tlhagisitse:
“Ba tla lo kgaola mo matluñ a thutō: E, motlha oè tla, o moñwe le moñwe eo o lo bolaeañ ka ōna, o tla gopola, go re, o dihèla Modimo.”—Yoh. 16:2-4; 15:8-10.
GA BA KE BA NNA BOSI MO TIRELONG YA MODIMO
18, 19. (a) Barutwa ba ga Jesu ba tlhomamisediwa lorato lwa ga mang, mme ka ntlha ya eng? (b) Ke ka ntlhayang go le botlhokwa go lemoga ntlha ya gore motlhanka wa ga Jehofa ga a esi le ka motlha, mme ka jalo o tshwanetse go dira eng?
18 Batlhanka ba ga Jehofa ba ka ikanya mo go Ene ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo logolo. Jesu o ne a neela tlhomamiso e: “Gonne Rara ka esi oa lo rata, ka gonne lo nthatile, lo bile lo dumetse ha ke cwa kwa go Rara.” (Yoh. 16:27) Batlhanka ba ga Jehofa ga ba dire ba le bosi. Ke tiro ya ga Jehofa eo ba e dirang jaaka balebalebi, mme tsela ka gale e ba bulegetse go senka thuso ya ga Jehofa mo thapelong. Jesu o rile: “Ha lo lōpa Rara señwe, o tla se lo naea ka leina ya me.” (Yoh. 16:23, 24) Fa Jesu a tshwarwa, go ne go tla tla nako e e thata bakeng sa balatedi ba gagwe, fela jaaka a tlhagiseditse-pele:
“Bōnañ, lobaka loè tla, E, lo setse lo hitlhile, lo lo tla haladiwañ ka lōna, moñwe le moñwe a ea ga gabō, me lo ntlogèla ke le nosi: leha go nntse yalo ga ke nosi, ka ke na le Rara. Dilō tse ke di buile le lona, gore lo nnè le kagishō mo go nna. Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.”—Yoh. 16:32, 33.
19 Abo go botlhokwa jang go gakologelwa gore ga re nosi, fela jaaka Jesu a ne a se esi fa a ne a tshwariwa! Gape abo go tlhokafala jang go ikaega go Jehofa ka thapelo, segolo jang mo metlheng ya pitlagano kana mathata! Jesu o ne a rapela ka tlhoafalo kgafetsa ka lobaka lwa gagwe lwa thaelo. (Math. 26:36-46; 27:46) Ka mo go tshwanang, balatedi ba gagwe ga ba tshwanela go ikgogona go ka senka thuso ya ga Jehofa, mme ba mo rapele ka tsholofelo le tumelo.—Math. 7:7, 8.
KOPO YA GA JESU MO THAPELONG
20. Ke dintlha dingwe dife tse di umakilweng ke Jesu mo thapelong ya gagwe e ntle e e kwadilweng go Yohane 17?
20 Morago ga fa Jesu a sena go laela barutwa ba gagwe ba ba boikanyo mo sigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe jwa selefatshe, o ne a tsholeletsa matlho a gagwe kwa legodimong mme a neela Jehofa thapelo e ntle mo boemong jwa bone. Thapelo ya gagwe e ile ya umaka gore o weditse tiro e eleng ya gagwe mo lefatsheng, mme balatedi ba gagwe ba ne ba santse ba le mo lefatsheng. Barutwa bano ba ne ba tla tswelapele go bolela mafoko a a molemo a Bogosi, ba itsise leina la ga Jehofa, fela jaaka Jesu a dirile. Ka jalo o ne a kopa:
“Rara eo o boitshèpō, ba bolokè ka leina ya gago ye u le nneileñ, . . . Ke ba neile lehoko ya gago; me lehatshe ya ba ila, ka go bo ba se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe. Ga ke rapele gore u ba ntshè mo lehatshiñ, ha e se gore u ba dibèlè mo go eo o boshula. Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe. Ba itshepisè mo boamarureñ: lehoko ya gago ke boamarure. Yaka u nthomile mo lehatshiñ, le nna ke romile bōnè yalo mo lehatshiñ.”—Yoh. 17:11, 14-18.
21. Jesu o bontshitse jang tsholofelo ya gagwe mo katologong ya nako e e tlang ya phuthego ya Bokeresete?
21 Thapelo ya ga Jesu e ne e akaretsa mo gontsi go feta baaposetoloi bao ba ba boikanyo ba le 11. O ne a lebeletse pele go phuthego e e atologang eo e neng e tla dikologa kgolokwe, ka banna le basadi ba bantsi gape ba dumela mo go Jesu ka lefoko leo le boletsweng ke balatedi ba gagwe. Jesu o rile:
“Le gōna ga ke rapelele bōnè bosi, me ke rapèlèla le ba ba dumèlañ mo go nna ka lehoko ya bōnè; Gore ba nnè bañwe hèla botlhe; hèla yaka wèna Rara u le mo go nna, le nna mo go wèna, gore le bōnè ba nnè mo go rona: gore lehatshe le dumèlè ha u nthomile.”—Yoh. 17:20, 21.
22. Jesu o weditse jang tiro ya gagwe mo lefatsheng jaaka mongwe wa basupi ba ga Jehofa?
22 Eseng lobaka lo loleele a sena go rapela jaana, Jesu o ne a tshwariwa. Erile fa a tlisiwa fa pele ga mmusi, Pilato, o ne a neela bosupi gore, ereka bogosi jwa gagwe e ne e se karolo ya lefatshe, batlhanka ba gagwe—bao le bone e neng e se karolo ya lefatshe—ba ne ba se kitla ba lwa. Jaaka Mosupi wa ga Jehofa yo o eteletseng pele, o ile a bolela: “Wèna ua re, Ke kgosi. Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure. Moñwe le moñwe eo e leñ oa boamarure o utlwa lencwe ya me.” (Yoh. 18:33-37) Ka gona Jesu o ne a tlogela sekao se se molemo bakeng sa Bakeresete go se etsa mo dingwageng tse di latelang go tloga ga gagwe mo ponong ya lefatshe. Ka lone letsatsi leo o ne a bolawa, a sena go wetsa tiro eo Jehofa a neng a e mo neile go e dira ka boikanyegi. (Yoh. 17:4) Ka nako ya tirelo ya gagwe ya selefatshe, abo o neetse balatedi ba gagwe sekaelo se sentle jang! Eleruri, bano ba kgothadiwa go mo etsa jaaka basupi ba ga Jehofa mo tirong ya bone e kgolo jaaka “bachwara batho”!
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Jesu o ne a romela barutwa ba gagwe kwa magaeng a batho
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Selalelo sa bofelo sa ga Jesu mo lefatsheng se neela molaetsa o o maatla bakeng sa rona gompieno