March
Sontaga, March 1
Yo o suleng o itshwaretswe boleo jwa gagwe.—Bar. 6:7.
Baebele e re bolelela ka batho ba ba siameng ba ba ileng ba simolola go dira dilo tse di sa siamang. Kgosi Solomone ke mongwe wa bone. O ne a itse Jehofa le gore o tshwanetse go mo obamela jang e bile Jehofa o ne a mo segofatsa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, o ile a simolola go direla medimo ya maaka. Seo se ile sa galefisa Jehofa, e bile se ile sa tsenya Baiseraele mo mathateng ka dingwaga di le dintsi. Ke boammaaruri gore Baebele e a re Solomone o ne a fitlhwa jaaka borraagwemogolo, e bile e bua se se tshwanang ka banna ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba jaaka Kgosi Dafide. (1 Dikg. 11:5-9, 43; 2 Dikg. 23:13) A tsela e a fitlhilweng ka yone e ne e bontsha gore o ne a tla tsosiwa? Baebele ga e re bolelele sepe ka kgang eo. Tsogo ya baswi ke mpho e e tswang kwa go Jehofa, e bile o e naya botlhe ba ba batlang go mo direla go ya go ile. (Jobe 14:13, 14; Joh. 6:44) A Jehofa o tla naya Solomone mpho eo? Ga re itse, Jehofa ke ene a itseng. Se rona re se itseng ke gore Jehofa o tla dira se se siameng. w24.05 4 ¶9
Mantaga, March 2
Ke tla nna moeng mo tenteng ya gago ka bosakhutleng.—Pes. 61:4.
Fa re ineela mo go Jehofa, re tsena mo tenteng ya gagwe. Fa re le moo, re newa sengwe le sengwe se re se tlhokang gore botsala jwa rona le Jehofa bo nne bo nonofile. Mo godimo ga moo, re itumelela go tsalana le batho ba bangwe ba Jehofa a ba laleditseng. Tente eno ga e mo lefelong le le lengwe fela. E ka fitlhelwa gongwe le gongwe kwa batho ba ga Jehofa ba leng gone. (Tshen. 21:3) Mme go tweng ka batlhanka ba ga Jehofa ba ba tlhokafetseng? A ba sa ntse ba le mo tenteng ya ga Jehofa? Ee. Goreng re rialo? Ka gonne Jehofa o sa ntse a ba gakologelwa. Jesu o ne a re: “Mo pegong ya setlhatshana se se mmitlwa, Moshe le ene o ne a bua ka kgang ya gore baswi ba tla tsosiwa fa a ne a bitsa Jehofa a re ke ‘Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.’ Ga se Modimo wa baswi mme ke wa batshedi, ka gonne botlhe ba a tshela mo go ene.”—Luke 20:37, 38. w24.06 3 ¶6-7
Labobedi, March 3
Jehofa ke nonofo ya me le thebe ya me.—Pes 28:7.
Sadoke o ile a ya kwa Heberone ka dibetsa tsa gagwe e bile o ne a ipaakanyeditse go lwa. (1 Ditir. 12:38) O ne a ikemiseditse go ya ntweng le Dafide gore a sireletse Baiseraele mo bathong ba ba neng ba ba tlhoile. Sadoke e ka tswa e ne e se motlhabani yo o setswerere, mme o ne a le pelokgale. Ke eng se se thusitseng Sadoke gore a nne pelokgale? O ne a itse banna ba le bantsi ba ba nonofileng e bile ba le pelokgale. Ka jalo, a ka tswa a ile a ithuta mo go bone. Ka sekai, Dafide o ne a etelela batho ba Modimo pele a le pelokgale e bile e ne e le motlhabani yo o setswerere. Ke gone ka moo Baiseraele botlhe ba neng ba batla go mo dira kgosi. (1 Ditir. 11:1, 2) Ka metlha Dafide o ne a ikaega ka Jehofa fa batho ba ba neng ba sa mo rate ba batla go mo tlhasela. (Pes. 138:3) Batho ba bangwe ba Sadoke a ithutileng mo go bone e ne e le Jehoiada le morwawe e bong Benaia le balaodi ba le 22 ba ba ileng ba ema Dafide nôkeng.—1 Ditir. 11:22-25; 12:26-28. w24.07 3 ¶5-6
Laboraro, March 4
Modimo o leka go dira gore o ikwatlhaye ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe.—Bar. 2:4.
Paulo o ile a dira dilo di le dintsi tse di sa siamang. O ile a bogisa balatedi ba ga Jesu setlhogo. Bakeresete ba le bantsi ba ka tswa ba ne ba akanya gore ga a ka ke a fetoga, mme Jesu o ne a itse gore Paulo o ne a tla fetoga a bo a ikwatlhaya. Ene le Rraagwe ba ne ba itse gore Paulo o na le dinonofo tse di siameng. Jesu o ile a re: “Monna yono ke sejana se ke se tlhophileng.” (Dit. 9:15) Tota e bile, Jesu o ile a dirisa kgakgamatso go thusa Paulo gore a ikwatlhaye. (Dit. 7:58–8:3; 9:1-9, 17-20) Paulo o ile a ikwatlhaya a bo a nna Mokeresete. Ka jalo, Jesu o ile a mo naya tiro ya gore e nne moaposetoloi. Gantsi Paulo o ne a tlhalosa kafa a lebogang ka gone go bo Jehofa le Jesu ba nnile pelonomi mo go ene le go bo ba mo utlwetse botlhoko. (1 Tim. 1:12-15) Nako nngwe Paulo o ile a utlwa gore phuthego ya kwa Korintha e ne e letlelela monna mongwe yo o neng a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo gore a tswelele a le mo phuthegong. Paulo o ile a ba raya a re ba dire eng? Se a ileng a se bua, se tla re bontsha gore Jehofa o lorato fa a kgalemela batlhanka ba gagwe le gore o ba utlwela botlhoko fa ba ikwatlhaya. Gape re tla bona gore re ka mo etsa jang. w24.08 13 ¶15-16
Labone, March 5
Ke gone ka moo, Morwa Modimo a neng a tla gore a tle go senya ditiro tsa ga Diabolo.—1 Joh. 3:8.
Fa dingwaga di ntse di tsamaya, Jehofa o ile a bontsha gore batho ba ba nang le boleo ba ka atamalana le ene. Morwa wa bobedi wa ga Adame le Efa e bong Abele, ke motho wa ntlha go dumela mo go Jehofa morago ga se se diragetseng kwa tshimong ya Edene. Abele o ne a ntshetsa Jehofa setlhabelo ka gonne a ne a mo rata e bile a batla go mo itumedisa. E re ka e ne e le modisa, o ile a tsaya dingwe tsa dikwanyana tsa gagwe a bo a ntshetsa Jehofa setlhabelo ka tsone. Jehofa o ile a ikutlwa jang ka seno? O ile a “amogela Abele le setlhabelo sa gagwe.” (Gen. 4:4) Jehofa o ile a amogela ditlhabelo tse dingwe tse di neng di ntshiwa ke batlhanka ba gagwe ba ba neng ba mo rata e bile ba mo tshepa. Mongwe wa bone ke Noa. (Gen. 8:20, 21) Fa Jehofa a ne a amogela ditlhabelo tseo, o ne a bontsha gore o amogela batho ba ba nang le boleo le gore ba ka atamalana le ene. w24.08 3 ¶5-6
Labotlhano, March 6
Dinao tsa me di batlile di fapoga; dikgato tsa me di batlile di relela.—Pes. 73:2.
Re ka nna ra utlwa botlhoko thata fa batho ba sa re tshware sentle. (Mor. 7:7) Batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba ba jaaka Jobe le Habakuke, le bone ba ne ba ikutlwa jalo. (Jobe 6:2, 3; Hab. 1:1-3) Le fa go tlwaelegile go ikutlwa jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra itshwara ka tsela e e ka dirang gore re feleletse re dirile sengwe se se sa siamang re bo re oketsa mathata. Fa go lebega e kete batho ba ba sa re tshwareng sentle ga ba otlhaelwe dilo tse di sa siamang tse ba di dirang, re ka nna ra simolola go akanya gore go dira se se siameng ga go na mosola. Motlhanka mongwe wa ga Jehofa o ile a bona batho ba ba bosula ba sa tshware batho ba ba siameng sentle e bile ba itumelela botshelo. O ile a re: “Bano ke batho ba ba bosula, ba ba tshelang monate ka metlha.” (Pes. 73:12) Gape o ile a utlwisiwa botlhoko thata ke tshiamololo e e neng e direga, e bile o ne a tsaya gore ke ga lefela go direla Jehofa. O ne a re: “Fa ke ne ke leka go tlhaloganya seno, ke ne ke tshwenyega.”—Pes. 73:14, 16. w24.11 3 ¶5-7
Lamatlhatso, March 7
Nayang Jehofa se se mo tshwanetseng, lona malapa a ditšhaba, nayang Jehofa se se mo tshwanetseng ka ntlha ya kgalalelo le nonofo ya gagwe.—Pes. 96:7.
Re galaletsa Jehofa ka gonne re mo tlotla fela thata. Re na le mabaka a mantsi a go tlotla Jehofa. O na le maatla e bile ga a ke a lapa. (Pes. 96:4-7) Dilo tse a di bopileng di bontsha gore o botlhale. O re neile botshelo le sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re tswelele re tshela. (Tshen. 4:11) Gape Jehofa o a ikanyega. (Tshen. 15:4) Mo godimo ga moo, sengwe le sengwe se a se dirang se a atlega. Ka metlha o dira se a se solofeditseng. (Josh. 23:14) Ke gone ka moo moporofeti Jeremia a ileng a bua jaana ka ene: “Mo go botlhe ba ba botlhale mo ditšhabeng le mo magosing otlhe a bone, ga go na ope yo o tshwanang le wena gotlhelele”! (Jer. 10:6, 7) Ruri re na le mabaka a le mantsi a go tlotla Jehofa! Mme gone, ga re mo tlotle fela ka gonne re tshwanetse, dinonofo tsa gagwe tse dintle di dira gore re mo rate. Gape re mo galaletsa ka gonne re mo rata thata. w25.01 3 ¶5-6
Sontaga, March 8
Tlosang motho yo o bosula yoo mo phuthegong.—1 Bakor. 5:13.
Batho ba ba sa re rateng ba leka go dira gore go lebege e kete dilo tse di siameng tse phuthego ya ga Jehofa e di dirang ga di a siama. Ka sekai, Jehofa o batla gore re nne phepa, re itshware sentle le gore re mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. Gape a re fa motho a dira dilo tse di sa siamang e bile a sa batle go fetoga, ga a ka ke a tswelela a le mo phuthegong ya gagwe. (1 Bakor. 5:11, 12; 6:9, 10) E re ka re ikobela taelo eno ya ga Jehofa, batho ba ba re tlhoileng ba re latofatsa ka gore ga re rate batho, re a ba atlhola e bile re a ba kgetholola. Re tshwanetse go nna re gopotse gore ke mang yo o anamisang maaka ka rona. Satane ke ene a anamisang maaka ka rona, tota e bile Baebele e a re “ke rramaaka.” (Joh. 8:44; Gen. 3:1-5) Ka jalo ga re gakgamale fa Satane a dirisa batho ba ba re tlhoileng go anamisa maaka ka phuthego ya ga Jehofa. w24.04 10-11 ¶13-14
Mantaga, March 9
A tla diragala.—Esek. 33:33.
Tota le fa pitlagano e kgolo e sena go simologa, batho bangwe ba ka nna ba gopola gore Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go bolelela batho gore “Babelona yo Mogolo,” o tla senngwa. A seo se tla dira gore bangwe ba bone ba simolole go dumela mo go Jehofa? (Tshen. 17:5) Fa e le gore ba tla dira jalo, ba tla bo ba dira se se ileng sa dirwa ke “setlhopha se segolo sa batho ba ba farologaneng” ba motlha wa ga Moshe. Batho bao ba ile ba tsamaya le Baiseraele fa ba tswa kwa Egepeto. Bangwe ba bone ba ka tswa ba ile ba simolola go dumela mo Modimong fa ba bona Dipetso Tse di Lesome tse Moshe a neng a bua ka tsone di direga. (Ekes. 12:38) Fa e le gore go tla direga se se tshwanang fa Babelona yo Mogolo a sena go fedisiwa, a re tshwanetse go kgobega marapo fa bangwe ba simolola go direla Jehofa mmogo le rona pele bokhutlo bo tla? Nnyaa, ga re a tshwanela go kgobega marapo ka gonne re batla go nna le botho jo bo tshwanang le jwa Modimo wa rona “yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boammaaruri.”—Ekes. 34:6. w24.05 11 ¶12-13
Labobedi, March 10
Nna o ngangatletse sekao sa mafoko a a molemo.—2 Tim. 1:13.
Go ka direga eng fa re ka tlogela go ngangatlela “sekao sa mafoko a a molemo”? Akanya ka se se ileng sa direga mo nakong e e fetileng. Bakeresete bangwe ba bogologolo ba ne ba anamisa maaka a gore letsatsi la ga Jehofa le gorogile. Go ka tswa go ne go na le lekwalo le ba neng ba tsaya gore le kwadilwe ke moaposetoloi Paulo le le gatelelang kgang eo. Ka jalo, Bakeresete bangwe ba kwa Thesalonika ba ile ba dumela maaka ao ba bo ba a bolelela batho ba bangwe ba sa batlisisa gore a ke boammaaruri. Mme gone, boammaaruri ke gore fa ba ne ba ka gopola dilo tse Paulo a neng a ba rutile tsone fa a ne a na le bone, ba ne ba ka se tsiediwe. (2 Bathes. 2:1-5) Paulo o ile a gakolola bakaulengwe le bokgaitsadi bao gore ba se ka ba dumela sengwe le sengwe se ba se utlwang. Mafoko a bofelo a a neng a ba kwalela one mo lekwalong la bobedi la Bathesalonika, a ne a tla ba thusa le mo nakong e e tlang. O ne a re: “Jaanong nna Paulo, ke lo romelela ditumediso ka seatla sa me, e leng sesupo mo lekwalong lengwe le lengwe; eno ke tsela e ke kwalang ka yone.”—2 Bathes. 3:17. w24.07 12 ¶13-14
Laboraro, March 11
Lo tlhoka boitshoko.—Baheb. 10:36.
Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tshwanetse go itshoka gore ba tswelele ba direla Jehofa ka gonne go ise go ye kae go ne go tlile go nna thata. Le fa bangwe ba Bakeresete bao ba ile ba bogisiwa setlhogo mo nakong e e fetileng, bontsi jwa bone ba ne ba ise ba bogisiwe. Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ile a ba gopotsa gore ba tshwanetse go ipaakanyetsa go bogisiwa le gore ba ikemisetse go tswelela ba ikanyega go fitlha ba bolawa fela jaaka Jesu. (Baheb. 12:4) Fa Bajuda ba le bantsi ba nna Bakeresete, Bajuda ba ba neng ba ba ganetsa ba ne ba galefa thata e bile ba ne ba ba bogisa. Dingwaga di le mmalwa pele ga foo, Bajuda ba feta 40 ba ne ba ‘dirile maikano a a masisi a gore ga ba kitla ba ja sepe gotlhelele go fitlha ba bolaya Paulo.’ (Dit. 22:22; 23:12-14) Tota le fa Bakeresete bao ba ne ba tlhoilwe e bile ba bogisiwa, ba ne ba tshwanetse go tswelela ba obamela Jehofa, ba rera dikgang tse di molemo e bile ba nonotsha tumelo ya bone. w24.09 12 ¶15
Labone, March 12
[Jesu] o ne a raya mmaagwe a re: “Mosadi, bona Morwao!”—Joh. 19:26.
Johane e ne e le tsala e kgolo ya ga Jesu e bile e le moaposetoloi wa gagwe. (Math. 10:2) Johane o ile a fetsa nako e ntsi le Jesu a rera e bile o ile a mmona fa a ne a dira dikgakgamatso. O ile a tswelela a ikanyega mo go Jesu le ka dinako tsa mathata. Fa Jesu a ne a bolawa, o ne a le teng e bile o ile a mmona fa a sena go tsosiwa. Gape o ile a bona fa phuthego e gola mo lekgolong la ntlha la dingwaga. E re ka a ile a tshela lobaka lo loleele, o ile a bona fa dikgang tse di molemo di “rerwa mo lefatsheng lotlhe.” (Bakol. 1:23) Fa Johane a setse a godile thata, o ile a nna le tshiamelo ya go kwala buka e e kgatlhang ya Tshenolo. (Tshen. 1:1) O ile a kwala nngwe ya dibuka tse nnê tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu. Gape Johane o ile a kwala makwalo a mararo e leng Johane wa ntlha, wa bobedi le wa boraro. Lekwalo la boraro o ne a le kwalela Mokeresete mongwe yo o bidiwang Gaio. Johane o ne a mo tsaya jaaka ngwana wa gagwe. (3 Joh. 1) Se monna yono yo o godileng a ileng a se kwala se ile sa kgothatsa balatedi botlhe ba ga Jesu. Le rona se a re kgothatsa gompieno. w24.11 12 ¶15-16
Labotlhano, March 13
Lona banna ba lo nyetseng, . . . ba tlotleng.—1 Pet. 3:7.
Monna yo o ratang mosadi wa gagwe o mo tsaya e le mpho e e tswang kwa go Jehofa e bile a le botlhokwa thata mo go ene. (Diane 18:22; 31:10) Seo se dira gore a mo tshware sentle tota le fa ba tlhakanela dikobo. Ga a mo pateletse go dira dilo tse a sa batleng go di dira, tse di ka mo tlontlololang kgotsa tse di ka tshwenyang segakolodi sa gagwe. Tota e bile, monna le ene ga a ka ke a batla go dira dilo tse di ka tshwenyang segakolodi sa gagwe. (Dit. 24:16) Jehofa o a itumela fa a bona banna ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go bontsha basadi ba bone gore ba a ba tlotla ka tsela e ba buang le bone ka yone le ka se ba se dirang. Ka jalo banna, ikemisetseng go tlotla basadi ba lona ka go ba tshwara sentle le go sa dire dilo tse di ka ba utlwisang botlhoko. Fa lo dira jalo, lo tla bo lo bontsha gore lo a ba rata le gore lo ba tsaya ba le botlhokwa. Fa o tlotla mosadi wa gago, o bontsha gore o tsaya botsala jwa gago le Jehofa bo le botlhokwa fela thata.—Pes. 25:14. w25.01 13 ¶17-18
Lamatlhatso, March 14
O ne a re swela gore a re golole . . . a bo a re dira phepa gore re nne batho ba gagwe ba ba kgethegileng, ba ba tlhagafaletseng go dira ditiro tse di molemo.—Tito 2:14.
Re rera dikgang tse di molemo re tlhagafetse. Seo se dira gore re farologane le batho ba ba tsenang dikereke. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tlhagafetse mo tirong ya go rera? Go sekaseka se Jesu a ileng a se dira, go ka re thusa go nna re tlhagafetse mo tirong ya go rera. Fa a ne a le mo lefatsheng, ga a a ka a emisa go rerela batho. Tota e bile fa nako e ntse e ya, o ile a dira mo go oketsegileng mo bodireding. Mo setshwantshong se a ileng a tlotla ka sone, o ile a bapisa tiro e a neng a e dira le ya motho yo o tlhokomelang tshimo ya morara. Motho yoo o ile a dira ka natla mo dingwageng di le tharo go tlhokomela setlhare sa mofeige. Le fa go ntse jalo, ga se a ka sa ntsha maungo. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ile a fetsa dingwaga di le tharo a rerela Bajuda, mme bontsi jwa bone ga ba a ka ba nna barutwa ba gagwe. Mo godimo ga moo, fela jaaka motho yoo a ile a tswelela a solofetse gore setlhare seo se tla ntsha maungo, Jesu le ene o ile a tswelela a ba rerela. (Luke 13:6-9) Go ithuta ka se a ileng a se ruta le go mo etsa, go tla re thusa gore re nne re tlhagafetse mo bodireding. w25.03 14-15 ¶1-4
Sontaga, March 15
Motho yo o botlhale o dira dilo ka kitso.—Diane 13:16.
O tshwanetse go dira eng fa o akanya gore Mokeresete mongwe o na le dinonofo tse o batlang gore motho yo o nyalanang le ene a nne le tsone? A o tshwanetse go mmolelela ka yone nako eo? Baebele e a re motho yo o botlhale ga a dire dilo a se na kitso. O tshwanetse go ipha nako ya go itse motho yoo pele o mmolelela gore o a mo rata. O ka itse jang motho yo o batlang go ratana le ene? Fa lo le kwa dipokanong kgotsa lo iketlile mmogo le batho ba bangwe, o ka kgona go lemoga gore o atamalane le Jehofa go le kana kang, ke motho yo o ntseng jang le gore o itshwara jang. Leka go bona gore ditsala tsa gagwe ke bomang, ba tlotla ka eng le gore a o na le mekgele e e tshwanang le ya gago. (Luke 6:45) Gape o ka botsa Bakeresete ba ba mo itseng sentle kgotsa bagolwane ba phuthego e a leng kwa go yone gore ke motho yo o ntseng jang le gore o na le dinonofo dife. (Diane 20:18; Ruthe 2:11) Fa o ntse o ithuta motho yono, o se ka wa dira gore a ikutlwe a sa phuthologa, e bile o se ka wa itshunya nko mo dikgannyeng tsa gagwe. w24.05 22 ¶7-8
Mantaga, March 16
La bofelo ke ne ka go bolelela boleo jwa me.—Pes. 32:5.
Bagolwane ga ba nne bonako go akanya gore motho yo o dirileng boleo jo bo masisi ga a batle go fetola tsela e a akanyang ka yone le go tlogela dilo tse di sa siamang tse a di dirang. Batho ba bangwe ba ka ikwatlhaya fa bagolwane ba sena go kopana le bone lekgetlo la ntlha. Mme ba bangwe bone ba tlhoka nako e e oketsegileng gore ba ikwatlhaye. Ka jalo, bagolwane ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go kopana gape le motho yo o dirileng boleo jo bo masisi mme a tsaya nako go ikwatlhaya. Gongwe fa bagolwane ba sena go mo etela lekgetlo la ntlha, a ka sala a akanya ka se ba ileng ba se bua. A ka ikokobetsa a bo a kopa Jehofa gore a mo itshwarele. (Pes. 38:18) Fa bagolwane ba mo etela gape, ba ka fitlhela a sa tlhole a akanya ka tsela e a neng a akanya ka yone fa ba ne ba mo etetse lekgetlo la ntlha. Fa bagolwane ba le kutlwelobotlhoko e bile ba le pelonomi, ba ka kgona go thusa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi. Ba tshwanetse go kopa Jehofa gore a segofatse maiteko a bone, mme ba solofele gore motho yoo o tla itharabologelwa a bo a ikwatlhaya.—2 Tim. 2:25, 26. w24.08 22-23 ¶12-13
Labobedi, March 17
“Ga ke itumelele go bona motho ope a swa,” go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. “Ka jalo, tlogelang dilo tse di bosula tse lo di dirang mme lo tshele.”—Esek. 18:32.
Jehofa ga a batle gore ope a senngwe. O batla gore batho ba ba dirileng maleo, e nne ditsala tsa gagwe gape. (2 Bakor. 5:20) Ke gone ka moo Jehofa a sa bolong go nna a rotloetsa batlhanka ba gagwe ba ba neng ba mo tlogetse gore ba ikwatlhaye mme ba boele kwa go ene. Bagolwane ba dira mmogo le Jehofa go thusa batho ba ba dirileng boleo jo bo masisi gore ba ikwatlhaye. (Bar. 2:4; 1 Bakor. 3:9) Go nna le boitumelo jo bogolo kwa legodimong fa motho yo o dirileng boleo a ikwatlhaya. Jehofa o itumela tota fa a bona mongwe wa batlhanka ba gagwe a boela mo phuthegong. Go akanyetsa kwa teng ka kutlwelobotlhoko, bopelotlhomogi le bopelonomi jo bogolo jwa ga Jehofa, go dira gore re mo rate le go feta.—Luke 1:78. w24.08 31 ¶16-17
Laboraro, March 18
E re ka Jesu a ne a itse gore ba ne ba tloga ba tla go mo tshwara gore ba mo dire kgosi, o ne a tswa gape a ya kwa thabeng a le esi.—Joh. 6:15.
Fa Jesu a ka bo a ile a letla batho bao gore ba mo dire kgosi, o ne a tla bo a tsaya karolo mo dipolotiking tsa Bajuda ba ba neng ba busiwa ke Baroma ka nako eo. Jesu ‘o ne a tswa a bo a ya kwa thabeng.’ Le fa batho ba ne ba batla gore a tsene mo dipolotiking, ga a a ka a dira jalo. Jesu o re rutile sengwe sa botlhokwa! Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba ka se re kope gore re ba fepe ka kgakgamatso, re fodise batho ba ba lwalang kgotsa re ba buse. Mme gone, ba ka re rotloetsa gore re boute kgotsa re tshegetse mongwe yo ba akanyang gore a ka baakanya dilo. Le fa go ntse jalo, Jesu o re tlhometse sekao ka go sa nne le seabe mo dipolotiking. Tota e bile, moragonyana o ile a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Joh. 17:14; 18:36) E re ka re le balatedi ba ga Jesu, re batla go akanya ka tsela e a neng a akanya ka yone le go dira dilo jaaka ene. Re ema Bogosi Jwa Modimo nôkeng, re bolelela batho ba bangwe ka jone e bile re a bo rapelela.—Math. 6:10. w24.12 4 ¶5-6
Labone, March 19
Ope fela yo o amogelang ditaelo tsa me e bile a di ikobela, o a nthata. Mme ope fela yo o nthatang, Rre o tla mo rata, mme le nna ke tla mo rata e bile ke tla dira gore a nkitse ka botlalo.—Joh. 14:21.
Fa o ntse o ithuta, leka go bona gore o ka dirisa jang se o se ithutileng. Ka sekai, o ka etsa tsela e Jehofa a leng tshiamiso ka yone ka go dirisana le batho ba bangwe sentle. O ka etsa tsela e Jesu a ratang Rraagwe le batho ba bangwe ka yone ka go ikemisetsa go boga ka ntlha ya leina la ga Jehofa le ka go dira sotlhe se o ka se kgonang go thusa Bakeresetemmogo le wena. Gape o ka etsa Jesu ka go rerela batho ba bangwe gore le bone ba nne le tshono ya go amogela mpho eno ya thekololo. Fa re ntse re ithuta ka thekololo, re tlile go rata Jehofa le Jesu thata. Seo se tla dira gore le bone ba re rate le go feta. (Jak. 4:8) Ka jalo, a re diriseng dilo tsotlhe tse Jehofa a re neileng tsone go nna re ithuta ka thekololo. w25.01 25 ¶16-17
Labotlhano, March 20
O latlhetse maleo a me otlhe kwa morago ga gago.—Isa. 38:17.
Temana ya gompieno gape e ka ranolwa go twe: “O ne wa tlosa maleo a me otlhe fa pele ga gago.” Seno se raya gore fa re ikwatlhaya, Jehofa o beela maleo a rona kgakala le rona e bile ga a boele kwa go one gape. Gape mafoko ano a ka ranolwa jaana: “O dirile gore [maleo a ke a dirileng] a nne jaaka e kete ga ke ise ke tsamaye ke a dire.” Baebele e gatelela ntlha eno mo sekaing se sengwe se se mo go Mika 7:18, 19. Temana eno e tlhalosa Jehofa a latlhela maleo a rona mo tengteng ga lewatle. Bogologolo fa sengwe se ne se latlhetswe mo lewatleng, go ne go ka nna thata go se bona gape. Baebele e tlhalosa gore fa Jehofa a re itshwarela, o phimola maleo a rona e bile ga re tlhoke go ikutlwa molato. Go ntse fela jaaka Dafide a ile a bua. O ne a re: “Go itumela ba ba itshwaretsweng diphoso le ba maleo a bone a phimotsweng.” (Bar. 4:7) Ruri Jehofa o itshwarela ka tsela ya mmatota! w25.02 9 ¶7-8
Lamatlhatso, March 21
Itumeleng lo bo lo ipele ka bosakhutleng ka ntlha ya se ke se bopang.—Isa. 65:18.
Go na le paradaise e e nang le batho ba le dimilione ba ba dirang dilo tse dintle e bile ba tshela ka kagiso. Batho bao ba ititeile sehuba gore ga ba kitla ba tswa mo go yone e bile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa batho ba bangwe gore ba tle mo go yone. Paradaise eno ke ya tshwantshetso. Go a kgatlha go bo Jehofa a dirile gore go nne le lefelo la tshwantshetso le batho ba gagwe ba dirisanang ka kagiso e bile ba utlwana mo go lone. Ba itumelela botshelo le fa gone ba nna mo lefatsheng le le bosula la ga Satane le batho ba lone ba sa rataneng. (1 Joh. 5:19; Tshen. 12:12) Modimo wa rona yo o lorato o a bona gore batho ba lefatshe leno ba utlwisa ba bangwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, o dira gore batlhanka ba gagwe ba ikutlwe ba sireletsegile gore ba kgone go tswelela ba mo direla ba itumetse. Baebele e a re paradaise ya tshwantshetso ke “lefelo le go tshabelwang mo lone” le “tshingwana e e nosediwang sentle.” (Isa. 4:6; 58:11) Ba ba nnang mo paradaiseng eno, ba itumetse ka gonne Jehofa o ba thusa gore ba atlege mo nakong eno e e thata.—Isa. 54:14; 2 Tim. 3:1. w24.04 20 ¶1-2
Sontaga, March 22
Lo . . . kope [Modimo] gore a lo kaele.—Bafil. 4:6.
Ga go pelaelo gore o ile wa bolelela Jehofa gore o batla motho yo o ka nyalanang le ene. Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a go solofetse gore o tla go naya motho yo o ka nyalanang le ene. Mme gone, o a go kgathalela e bile o tla go thusa. Ka jalo, tswelela o mmolelela gore o ikutlwa jang le gore ke dilo dife tse o di batlang. (Pes. 62:8) Mo kope gore a go thuse go nna pelotelele le gore a go neye botlhale. (Jak. 1:5) Fa e le gore go tsaya nako gore o bone motho yo o ka nyalanang le ene, Jehofa o solofetsa gore o tla tswelela a go rata e bile o tla go naya dilo tse o di tlhokang. (Pes. 55:22) Nna kelotlhoko gore go batla molekane e se ka ya nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. (Bafil. 1:10) Lenyalo ga se lone le le dirang gore motho a itumele, go atamalana le Jehofa ke gone go dirang gore motho a itumele. (Math. 5:3) Fa o ise o nyale kgotsa o nyalwe, o ka nna le nako e ntsi ya go direla Jehofa mo go oketsegileng. (1 Bakor. 7:32, 33) Ka jalo, dirisa nako eo sentle. w24.05 21 ¶4; 22 ¶6
Mantaga, March 23
Tswelelang lo amega ka batho ba bangwe, mme lo se ka lwa tshwenyega ka dilo tse di amang lona fela.—Bafil. 2:4.
Lo tshwanetse go tsaya lobaka lo lokae lo ratana? Nna o gopotse gore lepotlapotla le ja potsane. (Diane 21:5) Ka jalo, go ratana go tshwanetse go go thusa go itse motho yo o batlang go nyalana le ene sentle. Le fa go ntse jalo, ga lo a tshwanela go tsaya lobaka lo loleele lo ratana. Baebele e a re: “Fa selo se motho a se letetseng se tsaya nako go diragala, seo se ka mo hutsafatsa.” (Diane 13:12) Fa e le gore o itse batho ba ba ratanang, o ka ba thusa jang? O ka ba laletsa gore ba tle go ja le wena, lo ka tshwara kobamelo ya lelapa le bone kgotsa lwa itapolosa mmogo. (Bar. 12:13) A go ka tswa go na le bangwe ba ba batlang gore o tsamaye le bone kgotsa o ba laletse kwa legaeng la gago gore ba se ka ba nna ba le nosi? Fa go le jalo, a o ka ba thusa? (Bagal. 6:10) Fa batho ba ba ratanang ba go kopa gore o tsamaye le bone, tsaya seo e le tsela nngwe ya go ba thusa. Fa o na le bone, nna kelotlhoko gore o se ka wa ba tlogela ba le nosi. Mme fa go tlhokega, ba katoge go se kae gore ba kgone go bua dikgang tsa bone. w24.05 30 ¶13-14
Labobedi, March 24
Ke ne ka mo naya nako ya gore a ikwatlhaye.—Tshen. 2:21.
Bagolwane ba leka go sekaseka gore ke eng se se dirileng gore a dire boleo jo bo masisi. Ka sekai, ke eng se se koafaditseng botsala jwa gagwe le Jehofa? A o ile a tlogela go bala Baebele ka metlha kgotsa go ya bodireding? A o ile a tlogela go rapela Jehofa ka metlha? A o ile a itetla go laolwa ke dikeletso tse di sa siamang? O fetsa nako le bomang? O itlosa bodutu ka eng? Ditshwetso tse a di dirileng di ama jang tsela e a akanyang ka yone? A o a tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka se a se dirileng? Bagolwane ba ka botsa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi dipotso tse di ka mo thusang gore a akanye ka dilo tse di koafaditseng botsala jwa gagwe le Jehofa a bo a feleletsa a dirile boleo. Ba tshwanetse go nna pelonomi fa ba dira jalo, mme ga ba a tshwanela go mmotsa ka dilo tse ba sa tlhokeng go di itse. (Diane 20:5) Ba ka dirisa ditshwantsho tse di ka thusang motho yoo gore a akanye ka se a se dirileng le gore a lemoge gore o dirile boleo. Gongwe fa bagolwane ba mo etela lekgetlo la ntlha, a ka simolola go swabela ditshwetso tse a di dirileng le tsela e a akanyang ka yone. Tota e bile, a ka nna a ikwatlhaya. w24.08 22 ¶9-11
Laboraro, March 25
Ke tshwanetse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le kwa metseng e mengwe, ka gonne ke rometswe go dira jalo.—Luke 4:43.
Jesu o ne a rera “dikgang tse di molemo tsa Bogosi” ka matlhagatlhaga ka gonne o ne a itse gore eo ke tiro e Jehofa a neng a batla gore a e dire. Tiro eo e ne e le botlhokwa thata mo go ene. Tota le fa a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe, o ne a tsamaya “a tsena mo metseng le mo metsaneng ka go latelana” a ruta batho. (Luke 13:22) Gape o ne a katisa barutwa ba bangwe gore ba rere dikgang tse di molemo. (Luke 10:1) Go rera dikgang tse di molemo e sa ntse e le tiro ya botlhokwa thata e Jehofa le Jesu ba batlang gore re e dire. (Math. 24:14; 28:19, 20) Re ka rera re le matlhagatlhaga fa re leba batho ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone. O batla gore batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone ba itse boammaaruri le gore ba mo direle. (1 Tim. 2:3, 4) Jehofa o re thusa go tokafatsa tsela e re rerelang batho ka yone ka gonne molaetsa ono o boloka matshelo. Le fa gone ba sa amogele molaetsa o re ba bolelelang one gone jaanong, ba ka nna ba fetola mogopolo pele ga pitlagano e kgolo e fela. w25.03 15-16 ¶5-7
Labone, March 26
Motho yo o mo dumedisang o kopanela le ene mo ditirong tsa gagwe tse di bosula.—2 Joh. 11.
Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore o tla dirisana jang le motho yo o tlositsweng mo phuthegong. Bangwe ba ka tlhopha go mo dumedisa kgotsa go mo amogela mo dipokanong. Mme gone, ga re a tshwanela go tlotla le ene lobaka lo loleele kgotsa go fetsa nako re dira dilo tse dingwe le ene. Bangwe ba ka ipotsa go re: “A Baebele ga e re Mokeresete yo o dumedisang motho yo o dirileng boleo jo bo masisi o kopanela le ene mo ditirong tsa gagwe tse di bosula?” (2 Joh. 9-11) Se go buiwang ka sone mo ditemaneng tseno, se bontsha gore motho yo go buiwang ka ene ke motlhanogi kgotsa mongwe yo o lekang go tlhotlheletsa batho ba bangwe gore ba dire dilo tse Baebele e reng ga di a siama. (Tshen. 2:20) Ka jalo, fa motho a rotloetsa dithuto tsa botlhanogi kgotsa a tlhotlheletsa batho ba bangwe gore ba dire dilo tse di sa siamang, bagolwane ga ba kitla ba mo etela. Mme gone, motho yoo a ka ikwatlhaya. Le fa go ntse jalo, fa a ise a ikwatlhaye, ga re a tshwanela go mo dumedisa kgotsa go mo laletsa gore a tle kwa dipokanong. w24.08 30-31 ¶14-15
Labotlhano, March 27
Megopolo ya bone e ne e ise e bulege gore ba ka tlhaloganya.—Mar. 6:52.
Fa Jesu a sena go fepa batho bao ba bantsintsi, o ile a laela baaposetoloi ba gagwe gore ba palame mokoro ba boele kwa Kaperenama, mme ene o ne a ya kwa thabeng gore batho bao ba se ka ba mo dira kgosi. (Joh. 6:16-20) Fa baaposetoloi ba ntse ba tsamaya ka mokoro, lewatle le ne la fuduega. Go ile ga nna le diphefo tse di maatla tse di ileng tsa baka makhubu a magolo. Fa Jesu a ntse a ya kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metsi, o ne a laela moaposetoloi Petere gore a tswe mo mokorong mme le ene a tsamaye mo godimo ga metsi. (Math. 14:22-31) Fa Jesu a tsena mo mokorong barutwa ba gagwe ba ne ba gakgametse tota mo ba neng ba re: “Ruri o Morwa Modimo.” (Math. 14:33) Se se gakgamatsang ke gore barutwa bao ba ile ba bua mafoko ao fa Jesu a sena go tsamaya mo godimo ga metsi, e seng fa a sena go fepa batho ka dinkgwe. Mareko o ile a bua dintlha tse di oketsegileng ka tiragalo eno, o ile a re: “[Baaposetoloi] ba ne ba sa tlhaloganya bokao jwa kgakgamatso ya dinkgwe.” (Mar. 6:50-52) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa ntse ba sa kgone go tlhaloganya gore Jehofa ke ene a neileng Jesu maatla a go dira dikgakgamatso tseno. w24.12 5 ¶7
Lamatlhatso, March 28
Thato ya [Modimo ke] gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba nne le kitso ya boammaaruri.—1 Tim. 2:4.
Go dira sotlhe se re ka se kgonang dibeke pele le morago ga Segopotso, ke tsela nngwe e re ka bontshang ka yone gore re lebogela kafa Jehofa a re ratang ka gone. Re batla go nna teng kwa Segopotsong, e bile re laletsa batho ba bangwe gore le bone ba nne teng. Ba tlhalosetse gore go dirwa eng kwa Segopotsong. O ka dirisa bidio e e mo jw.org ya setlhogo se se reng, Goreng Jesu a Ile a Swa? le e e reng, Gopola Loso Lwa ga Jesu. Bagolwane ba tshwanetse go laletsa ba ba nang le lobaka lo loleele ba sa tle dipokanong. Ba tshwanetse go gopola gore Jehofa, Jesu, baengele mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumela tota fa mongwe a boela mo phuthegong. (Luke 15:4-7) Le fa gone re itumelela go dumedisana fa re le kwa Segopotsong, re batla go leka go dumedisa batho ba e leng la ntlha ba tla kgotsa ba ba nang le lobaka lo loleele ba sa tle. Re batla gore ba ikutlwe ba amogetswe.—Bar. 12:13. w25.01 29 ¶15
Sontaga, March 29
Modimo o ne a romela Morwawe gore a nne setlhabelo se se ntshediwang gore re kgone go nna le kagiso le Modimo gape. O ne a dira jalo ka gonne a re ratile.—1 Joh. 4:10.
Nonofo nngwe e e dirileng gore Jehofa a romele Jesu gore a tle go re swela, ke lorato. (Joh. 3:16; 1 Joh. 4:9, 10) Thekololo e re bontsha gore Jehofa o batla gore re tshelele ruri le gore re nne karolo ya lelapa la gagwe. Akanya ka seno: Fa Adame a ne a leofa, o ne a se ka a tlhola a nna karolo ya lelapa la ga Jehofa. Seo se ile sa dira gore le rona re se ka ra nna karolo ya lelapa la ga Jehofa. E re ka Jehofa a ile a ntsha thekololo, o re itshwarela maleo e bile letsatsi lengwe o tla letla batho botlhe ba ba mo ikobelang le ba ba dumelang mo go ene gore e nne karolo ya lelapa la gagwe. Tota le gompieno, re ka atamalana le Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi.—Bar. 5:10, 11. w25.01 21 ¶6
Mmalo wa Baebele wa Segopotso: (Ditiragalo tsa motshegare: Nisane 9) Johane 12:12-19; Mareko 11:1-11
Mantaga, March 30
Eno ke tsela e Modimo a neng a . . . bontsha lorato ka yone.—1 Joh. 4:9.
Ga go pelaelo gore thekololo ke mpho e e di gaisang tsotlhe! (2 Bakor. 9:15) O kgona go nna tsala ya ga Jehofa ka gonne Jesu a ile a re swela. Gape o na le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Jehofa o re neile thekololo ka gonne a re rata, ka jalo re na le mabaka a le mantsi a go mo leboga. (Bar. 5:8) Gore re nne re lebogela thekololo le gore re se ka ra lebala se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone, Jesu o ile a laela gore re gopole loso lwa gagwe ngwaga le ngwaga. (Luke 22:19, 20) Mo ngwageng ono, Segopotso se tla bo se le ka Labone, ka di2 tsa April, 2026. Re tlhatswegile pelo gore re tla dira sotlhe se re ka se kgonang gore re nne teng kwa Segopotsong. Go ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka se Jehofa le Morwawe ba re diretseng sone dibeke pele le morago ga Segopotso, go tla re thusa fela thata. w25.01 20 ¶1-2
Mmalo wa Baebele wa Segopotso: (Ditiragalo tsa motshegare: Nisane 10) Johane 12:20-50
Labobedi, March 31
Tsayang kotlhao ya me mo boemong jwa selefera, le kitso go na le gauta e e di gaisang tsotlhe.—Diane 8:10.
Ithute mo go oketsegileng ka tsela e Jehofa le Jesu ba re ratang ka yone ka go nna o akanyetsa kwa teng ka se ba re diretseng sone. Gongwe dibeke pele le morago ga Segopotso mo ngwageng ono, o ka bala nngwe ya dibuka tse nnê mo Baebeleng tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu. O se ka wa bala dikgaolo tse dintsi ka nako e le nngwe. Go na le moo, bala ka iketlo mme o batle mabaka a go bo re tshwanetse go rata Jehofa le Jesu. Fa e le gore o na le dingwaga di le dintsi o kolobeditswe, o ka tswa o ipotsa gore a mme go na le dilo dingwe tse o ka di ithutang ka thekololo, tsela e Jehofa a leng tshiamiso ka yone le e a re ratang ka yone. Boammaaruri ke gore go tla nna go na le dilo tse disha tse re ka di ithutang ka dilo tseno. Ka jalo, bala o bo o ithute tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng e e mo dikgatisong tsa rona. w25.01 24-25 ¶13-15
Mmalo wa Baebele wa Segopotso: (Ditiragalo tsa motshegare: Nisane 11) Luke 21:1-36