52 MAREKO
“O Nthusa Thata”
MORUTWA wa ga Jesu yo o neng a bidiwa Johane Mareko o ne a le pelokgale, tota le fa a ne a sa ntse a le lekawana. Setlhopha sa banna ba ba neng ba tshotse dibetsa se ne se sa tswa go tshwara Jesu Keresete, ba mmofa ba bo ba tsamaya ka ene. Baaposetoloi botlhe ba ne ba tshabile. Le fa go ntse jalo, Baebele e umaka “lekawana lengwe” le le ileng la nna le bopelokgale jwa go sala Jesu morago. Batho bangwe ba ne ba mmona ba bo ba leka go mo tshwara. Fa a tshaba, ba ne ba sala fela ba tshwere seaparo sa gagwe sa letsela le le boleta. Lekawana leno le ne “la tshaba le sa apara,” le apere diaparo tse di lotsatsa fela. E re ka buka ya Mareko e le yone fela Efangele e e buang ka tiragalo eno, batho ba le bantsi ba dumela gore tota lekawana leo e ne e le Mareko.
Mareko o ne a nna kwa Jerusalema, gongwe a nna le mmaagwe, yo go lebegang a ne a humile. Fa Jesu a sena go swa, phuthego e ne e kopanela mo legaeng la gaabo. Ke gone kwa moaposetoloi Petere a ileng a ya gone nako nngwe bosigo fa moengele a sena go mo golola mo kgolegelong. Ga go pelaelo gore Mareko o ne a itse bontsi jwa baaposetoloi le barutwa ba ga Jesu. O tshwanetse a bo a ile a ithuta go nna pelokgale go tswa mo go bone.
Mo e ka nnang ka 46 C.E., ntsalae Mareko e bong Barenabase o ne a tla mo Jerusalema a na le moaposetoloi Paulo, mme ba ile ba bona go le molemo gore ba katise lekawana leno. Ka jalo, fa ba boela kwa Antioka ba ne ba tsamaya le ene. Mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, Paulo le Barenabase ba ne ba laletsa Johane Mareko gore a tsamaye le bone fa ba ya go rera kwa mafelong a a kgakala. E re ka a ne a le pelokgale, o ne a dumela go tsamaya le bone le go nna motlhokomedi wa bone, mme seo se ne se raya gore o ne a tla bo a thusa barongwa bao ba ba tlhagafetseng.
Go tsaya loeto mo motlheng oo go ne go le boima e bile go le kotsi. Moragonyana Paulo o ile a kwala gore fa a ne a tsaya maeto, gantsi o ne a lebana le “dikotsi mo dinokeng, dikotsi tsa dinokwane, . . . dikotsi mo motseng, dikotsi mo nageng, dikotsi kwa lewatleng.” (2 Bakor. 11:26) E re ka Mareko e ne e le motlhokomedi wa banna bano ba babedi, o ne a tshwanetse go nna a ikemiseditse go dira sengwe le sengwe se ba neng ba mo kopa gore a se dire. A tiro eo e ne le boima mo go ene? Baebele ga e bue sepe ka seo. Mme gone, e re bolelela gore fa ba goroga kwa Pamfilia Mareko o ne a tlogela Paulo le Barenabase a bo a boela gae kwa Jerusalema. Fa a boa, banna bano ba tshwanetse ba bo ba ne ba utlwile botlhoko tota, segolobogolo Paulo.
Nako nngwe fa Paulo le Barenabase ba sena go boa kwa loetong lono lwa bone lwa borongwa, ba ne ba rulaganya loeto lo longwe. Barenabase o ne a batla gore Mareko a tsamaye le bone gape. Mme Paulo ene o ne a le kgatlhanong le seo. Gongwe o ne a na le boikutlo jwa gore Mareko a ka se ikanngwe. Paulo le Barenabase ba ne ba ngangisana thata e bile “ba ne ba omana botlhoko tota.” Go tswa foo, Barenabase o ne a tsamaya le Mareko kwa Kupero, kwa ba neng ba tswelela ka tiro ya go rera gone. Paulo o ne a batla motho yo mongwe mme ba ya go rera kwa mafelong a a farologaneng.
Mareko o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko tota. O ne a swabisitse monna yo a neng a mo tlotla thata e bong Paulo, e bile o ne a dirile gore ditsala tse di ntshanang seinong di kgaogane. A Mareko o ne a galefa, a boloka sekgopi kgotsa a kgobega marapo? Nnyaa, le e seng.
Mareko o ne a latlhegelwa ke tshiamelo e kgolo, mme ga a a ka a letla seo se mo kgoba marapo
O ne a tswelela a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi mo diphuthegong. Mo e ka nnang ka 60 go ya go 61 C.E., Paulo o ile a tshwarwa a bo a tswalelwa mo ntlong kwa Roma. O ne a kwala lekwalo le mo go lone a ileng a umaka Mareko, yo o neng a na le ene. Paulo o ile a tlhalosa gore o ne ‘a mo gomotsa thata.’ Mme nako nngwe magareng ga 62 le 64 C.E., moaposetoloi Petere le ene o ile a kwala lekwalo le mo go lone a neng a umaka Mareko. Go bonala Mareko a ile a tsaya loeto lo loleele go ya kwa Babelona gore a ye go thusa le go kgothatsa Petere, yo o neng a tsofetse. Petere o ne a bitsa Mareko a re “morwaake.” Mareko o tshwanetse a bo a ne a gomotsa Petere fela thata. Ga go pelaelo gore moaposetoloi yoo o ne a bolelela Mareko dilo di le dintsi tse di ileng tsa direga mo dingwageng tse a di feditseng le Jesu Keresete. Fa Mareko a ne a kwala Efangele ya gagwe, e gongwe a neng a e kwala a le kwa Roma, o ne a akaretsa le dintlha tse go bonalang Petere a ne a di bone.
Lekgetlo la bofelo fa re bala ka Mareko, ke fa a umakiwa mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Timotheo. Ka nako eo, Paulo o ne a tsentswe mo kgolegelong gape, mme o ne a kopa Timotheo gore a tle kwa go ene mme a tle le Mareko. Goreng? Paulo o ne a re: “O nthusa thata mo bodireding.” Ga go pelaelo gore Timotheo le Mareko ba ne ba ikemiseditse go ya kwa go Paulo gore ba ye go thusa moaposetoloi yoo yo o rategang pele ga a swa. E re ka Mareko a ne a na le bopelokgale jwa go itshokela maemo a a thata, o ne a tswelela a thusa bakaulengwe ba gagwe mme seo se ne sa dira gore Jehofa Modimo a mo rate.
Bala pego eno ya Baebele:
Se lo ka tlotlang ka sone:
Mareko o ne a bontsha bopelokgale ka ditsela dife?
Dira Dipatlisiso
1. Ke eng se se bontshang gore Mareko o ne a tswa mo lelapeng le le neng le humile? (w10 3/15 6 ¶6–7 ¶1)
2. Ke tiro efe e Mareko a ka tswang a ne a e dira fa e ne e le “motlhokomedi” wa ga Barenabase le Paulo? (Dit. 13:5; w10 3/15 7 ¶5)
3. Mangwe a mafelo a Mareko a ileng a ya kwa go one ke afe? (w10 3/15 8 ¶5-7) A
Setshwantsho A: Mangwe a mafelo a Mareko a ka tswang a ile a etela kwa go one
4. Naya sekai se se bontshang gore Mareko o ne a kwala dilo dingwe mo Efangeleng ya gagwe tse a ka tswang a ne a di utlwile mo go Petere. (w08 2/1 26 ¶1)
Akanya Ka se O se Ithutileng
Mareko ga a ise a ke a tlhalosiwe e le moaposetoloi kgotsa e le moporofeti. Le fa go ntse jalo, o ne a direla ba bangwe a le boikokobetso. Re ka mo etsa jang gompieno?
Mareko o ne a latlhegelwa ke tshiamelo ya go dira mmogo le Paulo ka nakwana, le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a ikanyega. Re ka ithuta eng mo go ene fa re latlhegelwa ke tshiamelo nngwe e re nang le yone? B
Setshwantsho B
O ka etsa bopelokgale jwa ga Mareko ka ditsela dife mo botshelong jwa gago?
Akanyetsa Kwa Teng ka Jehofa le ka Boikaelelo Jwa Gagwe
Pego eno e nthuta eng ka Jehofa?
Pego eno e dumalana jang le boikaelelo jwa ga Jehofa?
O ikutlwa jang ka kgang ya go bo Mareko a tlhophilwe gore a ye go busa le Keresete kwa legodimong, mme goreng o ikutlwa jalo?
Ithute mo go Oketsegileng
Ke eng se se kgethegileng ka Efangele ya ga Mareko?
Dirisa sekai sa ga Mareko go ruta bana ba gago botlhokwa jwa go tswelela ba direla Jehofa le fa go le thata.