LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • hf karolo 3 karolo 1-3
  • Tsela ya go Rarabolola Mathata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Rarabolola Mathata
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 BUANG KA BOTHATA
  • 2 REETSA MME O LEKE GO TLHALOGANYA
  • 3 DIRANG SE LO DUMALANENG KA SONE
  • Go Rarabolola Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Dirisana le Molekane wa Gago ka Tlotlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ikanyege mo Molekaneng wa Gago
    Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Ikaege ka Modimo Gore Lenyalo la Gago le Itumele
    Lelapa la Gago le ka Itumela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Lelapa la Gago le ka Itumela
hf karolo 3 karolo 1-3
Monna a reeditse mosadi wa gagwe a mmulela mafatlha

KAROLO 3

Tsela ya go Rarabolola Mathata

“Ratanang ka lorato lo logolo, ka gonne lorato lo bipa maleo a le mantsi.”—1 Petere 4:8

Fa wena le molekane wa gago lo simolola botshelo mmogo, go tla nna le mathata a a farologaneng. A ka bakwa ke gore tsela e lo akanyang ka yone, e lo ikutlwang ka yone le e lo godisitsweng ka yone e farologane. Kgotsa a ka bakwa ke dilo tse dingwe le ditiragalo tse di sa lebelelwang.

O ka nna wa leka go itlhokomolosa mathata ano, mme Baebele e re gakolola gore re rarabolole mathata a rona. (Mathaio 5:23, 24) Fa o dirisa melaometheo ya Baebele, o tla bona ditsela tse di molemo tsa go rarabolola mathata.

1 BUANG KA BOTHATA

SE BAEBELE E SE BUANG: “[Go] na le . . . nako ya go bua.” (Moreri 3:1, 7) Ipheng nako ya go bua ka bothata. Bolelela molekane wa gago o sa fitlhe sepe kafa o ikutlwang ka gone le gore o akanya eng ka kgang e lo tlotlang ka yone. ‘Bua boammaaruri’ le molekane wa gago ka metlha. (Baefeso 4:25) Le fa o galefile, lwantsha boikutlo jwa go lwa. Go nna bonolo fa o araba go ka thusa gore motlotlo wa lona o se ka wa felela ka ntwa.—Diane 15:4; 26:20.

Tota le fa lo sa dumalane, nna pelonomi mme o bontshe molekane wa gago gore o a mo rata e bile o a mo tlotla. (Bakolosa 4:6) Lekang go rarabolola bothata ka bonako jo bo kgonegang, mme lo se ka lwa kgaotsa go buisana.—Baefeso 4:26.

Banyalani ba tlotla ka bothata

SE O KA SE DIRANG:

  • Bayang nako ya go tlotla ka bothata

  • Lwela go sa tsene yo mongwe ganong fa a bua. Le wena o tla nna le tshono ya go bua

2 REETSA MME O LEKE GO TLHALOGANYA

SE BAEBELE E SE BUANG: “Bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Tsela e o reetsang ka yone e botlhokwa. Ka “bopelotlhomogi . . . le boikokobetso” leka go tlhaloganya kafa molekane wa gago a ikutlwang ka gone. (1 Petere 3:8; Jakobe 1:19) O se ka wa itira e kete o reeditse mme o sa reetsa. Fa go kgonega, tlogela se o se dirang mme o reetse molekane wa gago ka tlhoafalo kgotsa o mo kope gore lo tlotle ka kgang eo moragonyana. Dira gore a bone gore o mo tsaya e le molekane wa gago e seng moganetsi gore o “se ka wa itlhaganelela go kgopisega.”—Moreri 7:9.

SE O KA SE DIRANG:

  • Tswelela o reeditse ka kelotlhoko le fa se o se utlwang se sa go itumedise

  • Fa molekane wa gago a bua, leka go tlhaloganya se tota a se kayang. Ela tlhoko gore segalo sa lentswe la gagwe le tsela e a itshwarang ka yone di kaya eng

3 DIRANG SE LO DUMALANENG KA SONE

SE BAEBELE E SE BUANG: “Letsapa la mofuta mongwe le mongwe le solegela molemo, mme lefoko la dipounama le gogela kwa letlhokong.” (Diane 14:23) Ga go a lekana go dumalana fela ka tshwetso e e molemo. Dirang se lo dumalaneng ka sone. Seno se ka tlhoka gore lo dire ka natla mme se tla lo solegela molemo. (Diane 10:4) Fa lo dira mmogo, lo tla nna le “maduo a a molemo” a tiro ya lona ya bonatla.—Moreri 4:9.

SE O KA SE DIRANG:

  • Dirang tshwetso ya gore mongwe le mongwe wa lona o tla tsaya dikgato dife go rarabolola bothata

  • Nnang lo sekaseka gore lo dira jang ka se lo dumalaneng ka sone

RARABOLOLANG MATHATA MMOGO

Fa lo dirisana mmogo, lo ka tlhomamisa gore lenyalo la lona le tla nonofa le bo le itumele go na le gore le koafale le bo le tlale bohutsana. (Diane 24:3) Tlogelang go nna lo tlotla ka mathata a a fetileng mme lo gatele pele. (Diane 17:9) Lo ka kgona go rarabolola bothata bongwe le bongwe mo lenyalong la lona fa lo dirisana e bile lo dirisa melaometheo ya Baebele.

IPOTSE . . .

  • Ke bothata bofe jo ke batlang go tlotla le molekane wa me ka jone jo bo tlhokang go rarabololwa ka bonako?

  • Nka dirang gore ke tlhaloganye kafa molekane wa me a ikutlwang ka gone ka bothata jo re lebaneng le jone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela