LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • hf karolo 2 karolo 1-2
  • Ikanyege mo Molekaneng wa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikanyege mo Molekaneng wa Gago
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 DIRA GORE LENYALO LA GAGO LE TLE PELE
  • 2 DIBELA PELO YA GAGO
  • Ikaege ka Modimo Gore Lenyalo la Gago le Itumele
    Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Go Boloka Maitlamo mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Dirisana le Molekane wa Gago ka Tlotlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Dirisana le ba Masika ka Kagiso
    Lelapa la Gago le ka Itumela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Lelapa la Gago le ka Itumela
hf karolo 2 karolo 1-2
Monna a tshwaretse mosadi wa gagwe sekhukhu a mo tsenya mo koloing

KAROLO 2

Ikanyege mo Molekaneng wa Gago

“Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya.”—Mareko 10:9

Jehofa o batla gore re ‘rate bopelonomi [kgotsa “boikanyegi”].’ (Mika 6:8) Seno se botlhokwa thata mo lenyalong la lona ka gonne fa go se na boikanyegi lo ka se tshepane. Mme go botlhokwa gore lo tshepane gore lorato lo gole.

Gompieno batho ga ba tshepane mo manyalong. E le gore o sireletse lenyalo la gago, o tshwanetse go ikemisetsa go dira dilo tse pedi.

1 DIRA GORE LENYALO LA GAGO LE TLE PELE

SE BAEBELE E SE BUANG: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafilipi 1:10) Lenyalo la gago ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. Le tshwanetse go tla pele.

Jehofa o batla gore o tlhome mogopolo mo molekaneng wa gago mme lo “[itumelele] botshelo” mmogo. (Moreri 9:9) O bua ka tlhamalalo gore ga o a tshwanela go tlhokomologa molekane wa gago, go na le moo o tshwanetse go batla ditsela tsa go mo itumedisa. (1 Bakorintha 10:24) Dira gore molekane wa gago a ikutlwe a ratwa e bile a anaanelwa.

Monna a tlisetsa mosadi wa gagwe tee; monna a tsena mo lapeng a fitlhela mosadi a apaya

SE O KA SE DIRANG:

  • Tlhomamisa gore ka metlha o fetsa nako le molekane wa gago, o mo reeditse ka tlhoafalo mme o sa tle o akanya ka dilo tse dingwe

  • O se ka wa ikakanyetsa o le nosi, mme o akanyetse le molekane wa gago

Monna le mosadi ba le mmogo kwa parakeng

2 DIBELA PELO YA GAGO

SE BAEBELE E SE BUANG: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Fa motho a nna a akanya ka boitsholo jo bo sa siamang, ka tsela nngwe ga a ikanyege mo molekaneng wa gagwe.

Jehofa a re o tshwanetse go “dibela pelo ya gago.” (Diane 4:23; Jeremia 17:9) Gore o dire jalo, o tshwanetse go disa matlho a gago. (Mathaio 5:29, 30) Etsa sekao sa tlhogo ya lotso e bong Jobe, yo o neng a dira kgolagano le matlho a gagwe gore a se ka a leba mosadi yo mongwe ka go mo eletsa. (Jobe 31:1) Ikemisetse gore le ka motlha ga o kitla o lebelela ditshwantsho tsa thobalano. Gape o ititeye sehuba gore ga o kitla o kgatlhegela motho yo e seng molekane wa gago.

Monna a beile setshwantsho sa mosadi wa gagwe mo tafoleng kwa tirong

SE O KA SE DIRANG:

  • Dira gore batho ba bone gore o rata molekane wa gago thata

  • Akanyetsa maikutlo a molekane wa gago, mme o fedise botsala bope fela jo bo dirang gore molekane wa gago a nne le dipelaelo

DIRA SOTLHE SE O KA SE KGONANG

Itshekatsheke ka boikanyegi mme o lemoge makoa a gago. (Pesalema 15:2) O se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso. (Diane 1:5) Fa o akanya ka boitsholo jo bo sa siamang, lwela go bo ntsha mo mogopolong. O se ka wa kgobega marapo. (Diane 24:16) Jehofa o tla segofatsa matsapa a o a tsayang gore o nne o ikanyega mo molekaneng wa gago.

IPOTSE . . .

  • Nka dira jang gore ke fe molekane wa me nako e ntsi?

  • A molekane wa me ke tsala ya me e kgolo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela