LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be ts. 272-ts. 281 ser. 4
  • Molaetsa o re Tshwanetseng go o Bolelela ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molaetsa o re Tshwanetseng go o Bolelela ba Bangwe
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “BOIFA MODIMO WA BOAMMAARURI MME O BOLOKE DITAELO TSA GAGWE”
  • “GO NAYA BOSUPI KA JESU”
  • “DIKGANG TSE DI MOLEMO TSENO TSA BOGOSI”
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Latela “Keresete”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Bogosi Jwa Modimo Bo A Busa
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be ts. 272-ts. 281 ser. 4

Molaetsa o re Tshwanetseng go o Bolelela ba Bangwe

Jehofa o re neile boikarabelo le tshiamelo e kgolo, a re: “Lo basupi ba me, . . . mme ke nna Modimo.” (Isa. 43:12) Ga re badumedi fela. Re basupi ba ba supang phatlalatsa ka boammaaruri jo bo botlhokwa jo bo mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo. Ke molaetsa ofe o Jehofa a re o neileng gore re o bolele mo motlheng ono wa rona? Ke o o buang ka Jehofa Modimo, Jesu Keresete le Bogosi jwa ga Mesia.

“BOIFA MODIMO WA BOAMMAARURI MME O BOLOKE DITAELO TSA GAGWE”

BOGOLOGOLO pele ga motlha wa Bokeresete, Jehofa o ne a bolelela Aborahame yo o ikanyegang ka thulaganyo ya gore ‘ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe’ di itshegofatse. (Gen. 22:18) Gape o ne a tlhotlheletsa Solomone go kwala ka sengwe se se botlhokwa se batho botlhe ba tshwanetseng go se dira: “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Mor. 12:13) Mme batho ba ba tshelang mo ditšhabeng tsotlhe ba ne ba tla ithuta dilo tseno jang?

Le mororo go ne go ntse go na le batho ba ba dumelang lefoko la Modimo, Baebele e bontsha gore tiro e kgolo ya go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe e e neng e tla fitlha kwa ditšhabeng tsotlhe ka dikgang tse di molemo e ne e tla dirwa ka “letsatsi la Morena.” Letsatsi leo le simolotse ka 1914. (Tshen. 1:10) Malebana le nako eno, Tshenolo 14:6, 7 e ne ya bolelela pele gore ka kaelo ya baengele dikgang tseno tse di botlhokwa di ne di tla bolelwa “mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” Ba ne ba tla rotloediwa jaana: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” Thato ya Modimo ke gore molaetsa ono o bolelwe. Re na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong eo.

“Modimo wa Boammaaruri.” Fa Jehofa a ne a bolela a re, “Lo basupi ba me,” e ne e le fa go ne go tlotlwa ka kgang ya gore Modimo wa boammaaruri ke ofe. (Isa. 43:10) Molaetsa o o tshwanetseng go bolelwa ga se fela wa gore batho ba tshwanetse go nna le bodumedi kgotsa gore ba dumele mo modimong mongwe. Go na le moo, ba tshwanetse go newa tshono ya go ithuta gore Mmopi wa legodimo le lefatshe ke ene fela Modimo wa boammaaruri. (Isa. 45:5, 18, 21, 22; Joh. 17:3) Modimo wa boammaaruri ke ene fela yo o ka bolelelang isagwe pele. Re na le tshiamelo ya go bontsha batho gore go diragadiwa ga lefoko la ga Jehofa mo nakong e e fetileng ke lebaka le le utlwalang la gore re nne le tshepo ya gore sengwe le sengwe se a se solofeditseng mo isagweng se tla diragala.—Josh. 23:14; Isa. 55:10, 11.

Ke boammaaruri gore ba le bantsi ba re ba rerelang ba obamela medimo e sele kgotsa ba bolela gore ga ba obamele modimo ope gotlhelele. Gore re tle re reediwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go simolola ka sengwe se le batho ba re buang le bone ba se kgatlhegelang. Re ka solegelwa molemo ke sekao se se mo go Ditiro 17:22-31. Lemoga gore le fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka botlhale, o ne a tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle boikarabelo jo batho botlhe ba nang le jone mo Modimong yo e leng Mmopi wa legodimo le lefatshe.

Go Itsise Batho Leina la Modimo. O se ka wa tshaba go bitsa Modimo wa boammaaruri ka leina la gagwe. Jehofa o rata leina la gagwe. (Ekes. 3:15; Isa. 42:8) O batla gore batho ba itse leina leo. O dirile gore leina leno la gagwe le le galalelang le tsenngwe mo Baebeleng makgetlo a a fetang 7 000. Boikarabelo jwa rona ke go dira gore batho ba le itse.—Dute. 4:35.

Isagwe ya batho botlhe ya go bona botshelo e ikaegile ka gore ba itse Jehofa mme ba bitse leina la gagwe ka tumelo. (Joel. 2:32; Mal. 3:16; 2 Bathes. 1:8) Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba itse Jehofa. Le bone ba bantsintsi ba ba bolelang gore ba obamela Modimo wa Baebele ga ba mo itse. Tota le fa ba na le Baebele e bile ba e bala, ba ka nna ba bo ba sa ntse ba sa itse leina la Modimo ka gonne le ntshitswe mo dithanolong di le dintsi tsa segompieno. Selo se le sengwe fela se batho bangwe ba se itseng ka leina la ga Jehofa ke gore baeteledipele ba bone ba bodumedi ba ba laetse gore ba se ka ba le dirisa.

Re ka dira jang gore batho ba itse leina la Modimo? Ga go na sepe se se molemo go feta go le ba bontsha mo Baebeleng—mo go ya bone fa go kgonega. Mo dithanolong dingwe, leina leo le tlhaga makgetlo a le diketekete. Mo go tse dingwe, le ka nna la bo le tlhaga fela mo go Pesalema 83:18 kgotsa mo go Ekesodo 6:3-6, kgotsa le ka nna la fitlhelwa mo mokwalong o o kwa tlase mo go Ekesodo 3:14, 15 kgotsa 6:3. Mo dithanolong di le mmalwa, le emiseditswe ka mafoko a mangwe, a a jaaka “Morena” le “Modimo,” a a kwadilweng ka ditlhaka tse di tlhomologileng fa leina la Modimo le tlhagang teng mo mokwalong wa ntlhantlha. Fa baranodi ba segompieno ba tlositseng leina la Modimo gotlhelele gone, o ka nna wa tshwanelwa ke go dirisa Baebele ya bogologolo go bontsha batho fa le ntshitsweng teng. Kwa dinageng tse dingwe, o ka nna wa bontsha batho leina la Modimo mo difeleng tsa bodumedi kgotsa fa le kwadilweng teng mo dikagong tsa setšhaba.

Jeremia 10:10-13 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ka dirisiwa ka tsela e e molemo thata go thusa batho ba ba obamelang medimo e sele. Ga e bolele leina la Modimo fela mme gape e tlhalosa sentle gore ke mang.

O se ka wa fitlha leina Jehofa mme wa dirisa mafoko a a tshwanang le “Modimo” le “Morena,” jaaka fa Labokeresete e dira. Seno ga se bolele gore leina leno le tshwanetse go dirisiwa fa go simololwa motlotlo mongwe le mongwe. Batho ba bangwe ba tla go emisa ka bonako gonne ba sa le rate. Mme fa o sena go simolola motlotlo sentle, o se ka wa tshaba go dirisa leina la Modimo.

Go a kgatlha go lemoga gore Baebele e dirisa leina la Modimo gantsi thata go feta makgetlo a e dirisang mafoko a a jaaka “Morena” le “Modimo” a kopane. Le fa go ntse jalo, bakwadi ba Baebele ba ne ba sa leke go tsenya leina la Modimo mo seeleng sengwe le sengwe. Ba ne ba le tsenya sentle fela ka tshwanelo fa ba batla go dira jalo le gone e le ka tlotlo. Seo ke sekao se se molemo se re ka se etsang.

Motho yo o Bidiwang ka Leina Leo. Le mororo e le boammaaruri jo bo botlhokwa gore Modimo o na le leina, seo ke selo sa ntlha fela se batho ba tshwanetseng go se itse.

Batho ba tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo wa mofuta ofe gore ba tle ba mo rate le go bitsa leina la gagwe ka tumelo. Fa Jehofa a ne a itsise Moshe leina la gagwe kwa Thabeng ya Sinai, ga A ka a bitsa fela lefoko “Jehofa.” O ne a bua ka dingwe tsa dinonofo tsa Gagwe tse di tlhomologileng. (Ekes. 34:6, 7) Seo ke sekai se re tshwanetseng go se etsa.

Fa o rerela batho ba ba sa tswang go kgatlhega kgotsa o neela dipuo mo phuthegong, fa o bua ka masego a Bogosi, bontsha gore a bolelang ka Modimo yo o dirang ditsholofetso tseno. Fa o bua ka ditaelo tsa gagwe, gatelela tsela e di bontshang botlhale le lorato ka yone. Tlhalosa sentle gore ditaelo tsa Modimo ga di re thatafaletse botshelo mme go na le moo, di diretswe go re solegela molemo. (Isa. 48:17, 18; Mik. 6:8) Tlhalosa kafa ditsela tse Jehofa a bontshang maatla a gagwe ka tsone di re bolelelang sengwe ka botho jwa gagwe, ka melao ya gagwe le ka boikaelelo jwa gagwe. Bontsha tsela e Jehofa a dirisang dinonofo tsa gagwe ka tekatekano ka teng. Dira gore batho ba utlwe o tlhalosa tsela e o ikutlwang ka yone ka Jehofa. Tsela e o ratang Jehofa ka yone e ka thusa ba bangwe gore le bone ba mo rate ka tsela e e tshwanang.

Molaetsa o o potlakileng wa motlha wa rona o kgothaletsa batho botlhe gore ba boife Modimo. Se re se buang se tshwanetse go dira gore ba boife Modimo jalo. Eno ke poifo e e itekanetseng, ya go sisimoga Jehofa, go mo tlotla thata. (Pes. 89:7) E akaretsa go lemoga gore Jehofa ke Moatlhodi yo mogolo le gore isagwe ya rona e ikaegile ka gore a re amogele. (Luke 12:5; Bar. 14:12) Ka jalo, poifo e e ntseng jalo, e tsamaisana le go mo rata thata mmogo le go rata thata go mo itumedisa. (Dute. 10:12, 13) Go boifa Modimo gape go re tlhotlheletsa go ila se se bosula, go utlwa ditaelo tsa Modimo le go mo obamela ka pelo e e feletseng. (Dute. 5:29; 1 Ditir. 28:9; Dia. 8:13) Go dira gore re se ka ra leka go direla Modimo mme re ntse re rata dilo tsa lefatshe.—1 Joh. 2:15-17.

Leina la Modimo—“Tora e e Nonofileng.” Batho ba ba simololang go itse Jehofa ba sireletsegile thata. Seno ga se direge fela ka gonne ba dirisa leina la gagwe kgotsa ba itse dingwe tsa dinonofo tsa gagwe. Ke ka gonne ba ikanya Jehofa ka boene. Diane 18:10 e bua jaana ka bone: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.”

Dirisa sebaka sengwe le sengwe se se go bulegelang go kgothaletsa ba bangwe go ikanya Jehofa. (Pes. 37:3; Dia. 3:5, 6) Go mo ikanya ka tsela e e ntseng jalo go bontsha gore o dumela mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe. (Baheb. 11:6) Fa batho ba ‘bitsa leina la ga Jehofa’ ka go bo ba itse gore ke Molaodimogolo wa Lobopo, ba rata ditsela tsa gagwe, e bile ba dumela ka botlalo gore ke ene fela a ka nayang batho poloko, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore ba tla bolokwa. (Bar. 10:13, 14) Fa o ntse o ruta ba bangwe, ba thuse gore ba nne le tumelo ya mofuta oo mo dilong tsotlhe tse ba di dirang mo botshelong.

Batho ba le bantsi ba na le mathata a mantsi a a ba fekeetsang. Ba ka nna ba bona e kete ga a na tharabololo. Ba kgothaletse gore ba ithute go dira thato ya ga Jehofa, ba mo ikanye mme ba dirise se ba se ithutang. (Pes. 25:5) Ba kgothaletse gore ba rapele ka tlhoafalo gore Modimo a ba thuse le gore ba leboge go bo a ba segofatsa. (Bafil. 4:6, 7) Fa ba simolola go itse Jehofa, e seng fela ka go bala dipolelo dingwe mo Baebeleng mme gape e le ka gonne ba bona ditsholofetso tsa gagwe di diragadiwa mo matshelong a bone, ba tla simolola go itumelela polokesego e e tlisiwang ke go lemoga se leina la ga Jehofa le se emelang.—Pes. 34:8; Jer. 17:7, 8.

Dirisa sebaka sengwe le sengwe sentle go thusa batho go lemoga kafa go leng botlhale ka teng go boifa Modimo wa boammaaruri Jehofa le go boloka ditaelo tsa gagwe.

“GO NAYA BOSUPI KA JESU”

FA Jesu Keresete a sena go tsosiwa mme a ise a boele legodimong, o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Go tlhalosiwa gore batlhanka ba Modimo ba motlha wa rona “ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshen. 12:17) O tlhoafetse go le kana kang go neela bosupi?

Batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ba dumela mo go Jesu ga ba itse sepe ka botshelo jwa gagwe jwa pele a nna motho. Ga ba tlhaloganye gore e ne e le motho wa mmatota fa a ne a le mo lefatsheng. Ga ba itse gore go tewang fa go twe ke Morwa Modimo. Ga ba tlhaloganye go le kalo ka seabe se a nang le sone mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo. Ga ba itse gore o dirang gone jaanong, e bile ga ba itse gore se a tla se dirang mo nakong e e tlang se tla ama matshelo a bone jang. Ba ka nna ba ithaya ba re Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele mo go Jesu. Re na le tshiamelo ya go leka go ba bolelela boammaaruri ka dikgang tseno.

Mme gone go sa ntse go na le batho ba ba sa dumeleng gore tota motho yo o tshwanang le Jesu yo go buiwang ka ene mo Baebeleng o kile a nna teng. Ba bangwe ba tsaya fela gore Jesu ke motho yo o maatla. Ba bantsi ga ba dumele gore ke Morwa Modimo. Re tshwanetse gore re dire maiteko a magolo, re nne pelotelele e bile re dirise botlhale fa re “naya [batho ba ba ntseng jalo] bosupi ka Jesu.”

Go sa kgathalesege gore bareetsi ba gago ba leba dilo jang, ba tshwanetse go ithuta ka Jesu Keresete fa ba batla go bona botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo a bo solofeditseng. (Joh. 17:3) Modimo o batla gore batho botlhe ba ba tshelang ba ‘bolele ka phuthologo fa ba dumela gore Jesu Keresete ke Morena’ mme ba ineele mo bolaoding jwa gagwe. (Bafil. 2:9-11) Ka jalo, re ka se tile go bua ka kgang eo fa re kopana le batho ba ba sa batleng go fetola tsela e ba lebang dilo ka yone, le fa e le phoso kgotsa e le ka ntlha ya letlhoo fela. Le fa ka dinako tse dingwe re bua fela re gololesegile ka Jesu Keresete—le mo loetong lwa ntlha—ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go bua ka botlhale ka tsela e e tla thusang bareetsi ba rona gore ba simolole go mo leba ka tsela e e tshwanetseng. Gape re ka nna ra tshwanelwa ke go akanya ka dilo tse dingwe tse re ka di buang ka kgang eo fa re boela kwa go bone mo nakong e e tlang. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra se ka ra kgona go bua ka sengwe le sengwe go fitlhela re tshwarela motho thuto ya legae ya Baebele.—1 Tim. 2:3-7.

Seabe sa Botlhokwa sa ga Jesu mo Maikaelelong a Modimo. Re tshwanetse go thusa batho go tlhaloganya gore e re ka Jesu e le “tsela” mme ‘go se na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka ene,’ ga re kgone go nna le kamano le Modimo fa re sa dumele mo go Jesu Keresete. (Joh. 14:6) Fa motho a sa tlhaloganye seabe sa botlhokwa se Jehofa a se neileng Morwawe wa leitibolo, a ka se kgone go tlhaloganya Baebele. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o dirile Morwawe motho wa botlhokwa mo go diragadiweng ga maikaelelo otlhe a Gagwe. (Bakol. 1:17-20) Boporofeti jwa Baebele bo theilwe mo go seno. (Tshen. 19:10) Jesu Keresete ke ene yo o tla rarabololang mathata otlhe a a bakilweng ke go tsuologa ga ga Satane le boleo jwa ga Adame.—Baheb. 2:5-9, 14, 15.

Gore motho a tlhaloganye seabe sa ga Keresete, o tshwanetse go lemoga gore batho ba mo boemong jo bo utlwisang botlhoko jo ba sa kgoneng go intsha mo go jone. Rotlhe re tsaletswe mo boleong. Seno se ka re ama ka ditsela tse di farologaneng mo botshelong. Le fa go ntse jalo, kgabagare re a swa. (Bar. 3:23; 5:12) Tlhalosetsa batho ba o ba rerelang ntlha eno. Go tswa foo o tlhalose gore Jehofa o dirisitse setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete go golola batho ba ba dumelang mo go sone mo boleong le mo losong. (Mar. 10:45; Baheb. 2:9) Seno se tla dira gore ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse. (Joh. 3:16, 36) Ga go na tsela epe e nngwe e bo ka bonwang ka yone. (Dit. 4:12) Fa o ruta motho kgotsa o ruta phuthego, o se ka wa umaka dintlha tseno fela. Ka bopelonomi le bopelotelele dira gore bareetsi ba gago ba anaanele gore Keresete ke Morekolodi wa rona. Go anaanela mpho eno go ka ama thata boikutlo jwa motho, boitshwaro jwa gagwe le mekgele e a nang le yone mo botshelong.—2 Bakor. 5:14, 15.

Mme gone, Jesu o ile a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo gangwe fela. (Baheb. 9:28) Le fa go ntse jalo, gone jaanong o direla e le Moperesiti yo Mogolo. Thusa ba bangwe go tlhaloganya gore seo se rayang. A ba ngomogile pelo, ba kgobegile marapo, ba tshwenngwa ke sengwe kgotsa ba na le mathata a a bakwang ke batho ba ba setlhogo ba ba tshelang le bone? Fa Jesu e ne e le motho o ne a diragalelwa ke dilo tseno tsotlhe. O itse kafa re ikutlwang ka teng. Ka gonne re sa itekanela, a re ikutlwa re tlhoka kutlwelobotlhoko ya Modimo? Fa re rapela gore Modimo a re itshwarele ka setlhabelo sa ga Jesu, Jesu e nna “mothusi kwa go Rara.” Ka kutlwelobotlhoko ‘o a re rapelela.’ (1 Joh. 2:1, 2; Bar. 8:34) Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu le go bo e le Moperesiti yo Mogolo, re kgona go atamela ‘setulo sa bogosi sa bopelonomi’ sa ga Jehofa gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng. (Baheb. 4:15, 16) Le fa re sa itekanela, tsela e Jesu a re thusang ka yone jaaka Moperesiti yo Mogolo e dira gore re kgone go direla Modimo re na le segakolodi se se phepa.—Baheb. 9:13, 14.

Mo godimo ga moo, Jesu o na le taolo e kgolo jaaka e le ene yo o tlhophilweng ke Modimo gore e nne Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. (Math. 28:18; Baef. 1:22, 23) Ka jalo, o naya kaelo e e tlhokegang e e dumalanang le thato ya Modimo. Fa o ruta ba bangwe, ba thuse go tlhaloganya gore Jesu Keresete, e seng motho ope, ke ene Tlhogo ya phuthego. (Math. 23:10) Fa o kopana lekgetlo la ntlha le batho ba ba kgatlhegang, ba laletse go ya dipokanong tsa phuthego e e mo lefelong la bone, kwa ba tla ithutang Baebele ba dirisa dikgatiso tse re di neilweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” O se ka wa ba tlhalosetsa fela gore “motlhanka” ke mang mme o ba tlhalosetse le gore Mong ke mang gore ba tle ba tlhaloganye gore Jesu ke tlhogo. (Math. 24:45-47) Ba itsise bagolwane, mme o ba tlhalosetse ditshwanelego tsa Dikwalo tse bagolwane ba tshwanetseng go nna le tsone. (1 Tim. 3:1-7; Tito 1:5-9) Ba tlhalosetse gore phuthego ga se ya bagolwane mme ba re thusa fela go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete. (Dit. 20:28; Baef. 4:16; 1 Pet. 5:2, 3) Thusa batho bano ba ba kgatlhegang go bona gore go na le mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o rulagantsweng sentle, o Keresete e leng tlhogo ya one.

Fa re bala Diefangele, re ithuta gore fa Jesu a ne a tsena kwa Jerusalema pele ga loso lwa gagwe, barutwa ba gagwe ba ne ba mmaka ba re ke “Yo o tlang e le Kgosi ka leina la ga Jehofa!” (Luke 19:38) Fa batho ba ntse ba ithuta Baebele, ba simolola go itse gore Jehofa jaanong o neile Jesu maatla a go busa mo bathong ba ditšhaba tsotlhe. (Dan. 7:13, 14) Fa o neela dipuo mo phuthegong kgotsa o tshwere dithuto, dira gore batho ba tlhaloganye gore bolaodi jwa ga Jesu bo tla re direlang.

Gatelela gore tsela e re tshelang ka yone e tla bontsha gore a tota re dumela gore Jesu Keresete ke Kgosi le gore a re ineela ka go rata mo bolaoding jwa gagwe. Bontsha gore ke tiro efe e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe fa a sena go tlodiwa go nna Kgosi. (Math. 24:14; 28:18-20) Tlhalosa se Jesu, Mogakolodi yo o Gakgamatsang, a neng a se bua malebana le dilo tse di tshwanetseng go tla pele mo botshelong. (Isa. 9:6, 7; Math. 6:19-34) Bontsha gore Kgosana ya Kagiso e ne ya bolela gore balatedi ba yone ba ne ba tla itshwara jang. (Math. 20:25-27; Joh. 13:35) Go na le gore o lebe gore a ba bangwe ba dira sotlhe se ba ka se dirang, ba kgothatse gore ba sekaseke gore dilo tse ba di dirang di bontsha gore ba ineetse go le kana kang mo bolaoding jwa ga Keresete. Fa o dira jalo, dumela gore le wena o tshwanetse go dira se se tshwanang.

Go Dira Keresete Motheo. Baebele e tshwantsha tiro ya go dira morutwa wa Mokeresete le go aga mo go Jesu Keresete e le motheo. (1 Bakor. 3:10-15) Gore o kgone go dira seno, thusa batho gore ba itse Jesu ka tsela e a tlhalosiwang ka yone mo Baebeleng. O ele tlhoko gore ba se ka ba tsaya gore ba latela wena. (1 Bakor. 3:4-7) Ba bolelele gore ba tshwanetse go latela Jesu Keresete.

Fa o theile motheo o o siameng, baithuti ba tla tlhaloganya gore Keresete o re tlogeletse sekao gore re “latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Pet. 2:21) Gore o kgone go aga mo motheong oo, kgothaletsa baithuti gore fa ba bala Diefangele ba se ka ba di tsaya e le ditiragalo tsa nako e e fetileng tse di boammaaruri fela mme ba di tseye e le sekao se se tshwanetseng go latelwa. Ba thuse gore ba gakologelwe boikutlo le dinonofo tse Jesu a neng a na le tsone. Ba kgothaletse gore ba ele tlhoko kafa Jesu a neng a ikutlwa ka teng ka Rraagwe, kafa a neng a itshokela dithaelo le diteko ka teng, kafa a neng a ineetse ka teng mo Modimong, le kafa a neng a tshwara batho ka teng mo maemong a a farologaneng. Tlhalosa gore Jesu o ne a dira tiro efe mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Fa o dirile jalo, e tla re fa moithuti a kopana le diteko mo botshelong, o tla ipotsa jaana: ‘Ke eng se Jesu a neng a tla se dira fa a ne a le mo boemong jono? A tsela e ke itshwarang ka yone e tla bontsha gore ke anaanela se a se ntiretseng?’

Fa o bua le phuthego, o se ka wa swetsa ka gore e re ka bakaulengwe ba gago ba setse ba dumela mo go Jesu ga go tlhokege gore o bue thata ka ene. Se o se buang se tla utlwala botoka fa o buelela mo tumelong e ba ntseng ba na le yone. Fa o bua ka dipokano, amanya seno le seabe sa ga Jesu jaaka Tlhogo ya phuthego. Fa o bua ka bodiredi jwa tshimo, tlhalosa boikutlo jo Jesu a neng a bo bontsha fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe, mme fa o rera o bue gore ke eng se Keresete a se dirang jaaka Kgosi go phutha batho gore a ba bolokele mo lefatsheng le lesha.

Go a bonala gore go tlhokega se se fetang fela go ithuta dintlha tsa motheo ka Jesu. Gore batho ba nne Bakeresete ba boammaaruri, ba tshwanetse go bontsha tumelo mo go ene mme ba mo rate thata. Lorato lo lo ntseng jalo lo tla ba tlhotlheletsa gore ba mo ikobele ka boikanyegi. (Joh. 14:15, 21) Lorato loo lo dira gore ba nne le tumelo e e nitameng fa ba bogisiwa, gore ba tswelele ba tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete botshelo jwa bone jotlhe, gore ba itshupe e le Bakeresete ba ba godileng ba ba ‘namileng medi e bile ba tlhomilwe mo motheong.’ (Baef. 3:17) Go dira dilo ka tsela e e ntseng jalo go galaletsa Rraagwe Jesu Keresete, e bong Jehofa Modimo.

“DIKGANG TSE DI MOLEMO TSENO TSA BOGOSI”

FA Jesu a ne a bua ka dintlha tsa sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Math. 24:14.

Tota molaetsa o o tshwanetseng go rerwa thata jaana ke ofe? Ke molaetsa wa Bogosi jo Jesu a neng a re ruta go bo rapelela fa re rapela Modimo, re re: “A bogosi jwa gago bo tle.” (Math. 6:10) Tshenolo 11:15 e bo tlhalosa e re ke “bogosi jwa . . . Morena [Jehofa] wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe” ka gonne taolo ya go busa e tswa kwa go Jehofa mme e newa Keresete jaaka Kgosi. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore molaetsa o Jesu a neng a re o tla bolelwa mo motlheng wa rona o feta o o neng o rerwa ke balatedi ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ba ne ba bolelela batho jaana: “Bogosi jwa Modimo bo lo atametse.” (Luke 10:9) Jesu, yo o tloditsweng go nna Kgosi, o ne a le mo gare ga bone. Mme jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 24:14, Jesu o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le tiragalo e nngwe ya botlhokwa go diragatsa maikaelelo a Modimo.

Moporofeti Daniele o ne a bontshiwa ponatshegelo ka ga tiragalo eno. O ne a bona “mongwe yo o tshwanang le morwa motho,” Jesu Keresete, a amogela mo go “Mogologolo wa Malatsi,” Jehofa Modimo, “bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.” (Dan. 7:13, 14) Tiragalo eo e e botlhokwa mo lefatsheng lotlhe e ne ya diragala kwa legodimong ka 1914. Morago ga moo, Diabolo le madimona a gagwe ba ne ba latlhelwa mo lefatsheng. (Tshen. 12:7-10) Tsamaiso ya dilo ya bogologolo e ne e ya bokhutlong. Mme pele ga e senngwa gotlhelele, go bolelwa mo lefatsheng lotlhe gore Kgosi ya ga Jehofa ya Bomesia jaanong e busa e le mo setulong sa bogosi kwa legodimong. Batho ba itsisiwe seno gongwe le gongwe. Tsela e ba itshwarang ka yone fa ba utlwa seno e supa gore ba ikutlwa jang ka Mogodimodimo e le Mmusi “mo bogosing jwa batho.”—Dan. 4:32.

Ke boammaaruri gore go sa ntse go tla diragala dilo tse dintsi—tse dintsi thata! Re sa ntse re rapela re re, “A bogosi jwa gago bo tle,” mme seno ga se reye gore Bogosi jwa Modimo bo sa ntse bo tlile go tlhongwa mo isagweng. Go na le moo, ke ka kgopolo ya gore Bogosi jwa legodimo bo tla diragatsa boporofeti jo bo tshwanang le jwa ga Daniele 2:44 le Tshenolo 21:2-4. Bo tla fetola lefatshe go nna paradaise e e tla bong e na le batho ba ba ratang Modimo e bile ba rata batho ba bangwe. Fa re ntse re rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi,” re bua ka ditsholofetso tseo tsa nako e e tlang. Mme gape re ba bolelela gore Jehofa o neile Morwawe maatla otlhe a go busa. Fa o rera ka Bogosi, a o gatelela dikgang tseno?

Go Tlhalosa Bogosi. Re ka diragatsa jang thomo ya rona ya go itsise Bogosi jwa Modimo? Re ka dira gore batho ba kgatlhege ka go simolola motlotlo ka ditlhogo tse di farologaneng, mme go tshwanetse gore go utlwale gore molaetsa wa rona o bua ka Bogosi jwa Modimo.

Karolo e e botlhokwa ya tiro eno ke go bala kana go nopola dikwalo tse di buang ka Bogosi. Fa o bua ka Bogosi, tlhomamisa gore ba o buang le bone ba tlhaloganya gore ke eng. Go ka nna ga tlhokega gore o se ka wa tlhalosa fela gore Bogosi jwa Modimo ke puso. Batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya gore selo se se sa bonaleng e ka nna puso jang. O ka nna wa ba naya mabaka a a farologaneng. Ka sekai, maatlakgogedi ga a bonale, mme a ama matshelo a rona thata. Ga re kgone go bona Yo o dirileng molao wa maatlakgogedi, mme ga go na pelaelo gore o na le maatla a magolo. Baebele ya re ke “Kgosi ya bosakhutleng.” (1 Tim. 1:17) Kgotsa o ka nna wa bua gore mo nageng e kgolo, batho ba le bantsi ga ba ise ba ye kwa motsemogolo e bile ga ba ise ba bone mmusi wa bone ka matlho. Ba itse ka dilo tseno ka go utlwa ka tsone mo dipegong tsa dikgang. Ka tsela e e tshwanang, Baebele e e gatisitsweng ka dipuo tse di fetang 2 200, e re bolelela ka Bogosi jwa Modimo; e re bolelela gore ke mang yo o neilweng taolo le se Bogosi joo bo se dirang. Tora ya Tebelo, e e gatisiwang ka dipuo tse di fetang makasine ope fela, e “Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa,” jaaka go kwadilwe mo tsebeng ya yone e e ka fa ntle.

Go thusa batho go tlhaloganya gore Bogosi ke eng, umaka dilo dingwe tse ba batlang gore dipuso di ba direle tsone: ikonomi e e tlhomameng, kagiso, go tlhoka bokebekwa, gore batho ba ditso tsotlhe ba tsewe ka go lekana, thuto, le kalafi. Ba bontshe gore ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo tla tlisang dilo tseno le tse dingwe tse di siameng tse batho ba di batlang.—Pes. 145:16.

Leka go dira gore batho ba nne le keletso ya go busiwa ke Bogosi joo, jo Jesu Keresete a busang e le Kgosi mo go jone. Bua ka dikgakgamatso tse a neng a di dira e le bosupi jwa se a tla se dirang jaaka Kgosi ya selegodimo. Bua kgapetsakgapetsa ka dinonofo tse di rategang tse a neng a di bontsha. (Math. 8:2, 3; 11:28-30) Tlhalosa gore o ne a re swela mme morago ga moo Modimo o ne a mo tsosa gore a ye go tshelela ruri kwa legodimong. O busa e le Kgosi a le koo.—Dit. 2:29-35.

Gatelela gore Bogosi jwa Modimo bo a busa jaanong kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore batho ba le bantsi ga ba bone dilo tse ba neng ba akanya gore di tshwanetse go nna teng mo pusong e e ntseng jalo. Dumalana le seo mme o ba botse gore a ba itse se Jesu Keresete a neng a boletse gore e tla nna bosupi jwa gore bo a busa. Umaka dingwe tsa dikarolo tse dintsi tsa sesupo tse di fitlhelwang mo go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13 kgotsa Luke kgaolo 21. Go tswa foo o bo o botsa gore ke ka ntlha yang fa go bewa ga ga Keresete mo setulong sa bogosi kwa legodimong go ne go ka baka maemo a a ntseng jalo. Bala Tshenolo 12:7-10, 12.

Go ntsha bosupi jo bo bonalang jwa se Bogosi jwa Modimo bo se dirang, bala Mathaio 24:14, o bo o tlhalosa thulaganyo ya lefatshe ya go ruta Baebele. (Isa. 54:13) Bolelela batho ka dikolo tse di farologaneng tse Basupi ba ga Jehofa ba ithutang mo go tsone—tse di theilweng mo Baebeleng tsotlhe, tse di tshwarwang mahala. Ba tlhalosetse gore mo godimo ga go rera ka ntlo le ntlo, re ruta batho le malapa Baebele mahala mo dinageng tse di fetang 230. Ke puso efe ya batho e e kgonang go naya e seng fela batho ba e ba busang thulaganyo e e ntseng jalo ya thuto mme e kgona go e naya le batho mo lefatsheng lotlhe? Laletsa batho gore ba tle kwa Holong ya Bogosi, ba ye dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa, gore ba bone kafa thuto e e ntseng jalo e amang matshelo a batho ka teng.—Isa. 2:2-4; 32:1, 17; Joh. 13:35.

A mme mong wa ntlo o tla bona gore botshelo jwa gagwe bo amiwa jang ke seno? O ka nna wa mmontsha ka botlhale gore lebaka la go bo o mo etetse ke go bua ka sebaka se se bulegetseng batho botlhe gore ba itlhophele go busiwa ke Bogosi jwa Modimo. Jang? Ka go ithuta se Modimo a se batlang le go tshela tumalanong le sone gone jaanong.—Dute. 30:19, 20; Tshen. 22:17.

Go Thusa ba Bangwe go Baya Bogosi Pele. Go na le ditshwetso tse motho a tshwanetseng go di dira le fa a sena go amogela molaetsa wa Bogosi. Bogosi jwa Modimo bo tla tsaya maemo afe mo botshelong jwa gagwe? Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba ‘nne ba batle pele bogosi.’ (Math. 6:33) Re ka thusa jang Bakeresete mmogo le rona go dira jalo? Ka go tlhoma sekao se sentle le go bua ka ditshono tse ka tsone re ka dirang seno. Ka dinako tse dingwe re ka go dira ka go botsa motho gore a o kile a akanya ka ditsela dingwe tse a ka batlang pele bogosi ka tsone le go mmolelela se ba bangwe ba se dirang. Ka go tlhalosa ditiragalo tse di kwadilweng mo Baebeleng ka tsela e e tla dirang gore motho a rate Jehofa thata. Ka go gatelela gore Bogosi ke selo sa mmatota. Ka go tlhalosa kafa tiro ya go bolela ka Bogosi e leng botlhokwa ka teng. Gantsi go molemo go rotloetsa batho gore ba dire sengwe go na le go ba bolelela se ba tshwanetseng go se dira.

Eleruri, molaetsa o o botlhokwa o rotlhe re tshwanetseng go o rera o bua segolobogolo ka Jehofa Modimo, Jesu Keresete le Bogosi. Re tshwanetse go bua ka dithuto tseno tsa botlhokwa tse di amanang le dilo tseno fa re rera phatlalatsa, mo diphuthegong tsa rona, le mo matshelong a rona. Fa re dira seo, re bontsha gore Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se re solegela molemo tota.

BATHO BOTLHE BA TSHWANETSE GO UTLWA . . . 

  • Gore Jehofa ke Mmopi wa legodimo le lefatshe.

  • Gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri.

  • Gore Jehofa ke Modimo yo o nang le lorato lo lo tlhomologileng, yo o nang le botlhale jo bo ka se kang jwa lekanngwa le bope, yo o nang le tshiamiso e e feletseng e bile ke mothatayotlhe.

  • Gore re ikarabelela mo go Jehofa ka se re se dirang.

FA RE OBAMELA JEHOFA . . . 

  • Re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke go bo re mo rata.

  • Re tshwanetse go mo obamela ka pelo yotlhe, e seng ka pelo e gape e ratang dilo tsa lefatshe.

  • Re tshwanetse go bontsha gore re leba go nna le kamano e ntle le ene go le botlhokwa thata.

THUSA BATHO GORE BA TLHALOGANYE . . . 

  • Gore ba ka nna le kamano e e siameng le Modimo fela ka Jesu Keresete.

  • Gore ba ka gololwa mo boleong le mo losong fela ka go nna le tumelo mo go Jesu Keresete.

  • Gore thato ya Modimo ke gore batho botlhe ba dumele gore Jesu ke Morena, e seng fela ka go mmitsa Morena mme ka go boloka ditaelo tsa gagwe.

  • Gore se Baebele e se buang ka Jesu Keresete se boammaaruri le gore bontsi jwa dilo tse Labokeresete e di rutang ka ene di sokamisa boammaaruri.

IPOTSE:

  • A ke bontsha gore ke tlhaloganya sentle gore Jesu Keresete o tlhomilwe go nna Tlhogo ya phuthego?

  • A setlhabelo sa ga Keresete se tlhotlheletsa botshelo jwa me ka tsela e se tshwanetseng go bo tlhotlheletsa ka yone?

  • Nka dira jang gore dilo tse ke di dirang le boikutlo jwa me di dumalane le sekao se se tlhomilweng ke Morwa Modimo?

DIRA GORE BATHO BA UTLWE . . . 

  • Gore gone jaanong Bogosi jwa Modimo bo busa bo le kwa legodimong mme go ise go ye kae bo tla tseela dipuso tsotlhe tsa batho sebaka.

  • Gore Bogosi bo tla fetola lefatshe go nna paradaise e e nang le batho ba ba ratang Modimo e bile ba rata batho ba bangwe.

  • Gore ke Bogosi fela jo bo tla nayang batho dilo tsotlhe tse di molemo tse ba di ratang.

  • Gore re bontsha ka se re se dirang gone jaanong gore a re batla go busiwa ke Bogosi jwa Modimo.

IPOTSE:

  • A tsela e ke tshelang ka yone e bontsha gore ke batla Bogosi pele?

  • A go na le diphetogo dingwe tse nka di dirang gore ke tle ke dire seno ka botlalo?

  • Nka dirang go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba batle pele Bogosi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela