LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be ts. 282-285
  • Ditaelo Tsa Balebedi ba Sekolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditaelo Tsa Balebedi ba Sekolo
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2015 se re Thusa go Tokafatsa Tsela e re Rutang ka Yone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Sekolo Se se Re Thusang go Dira Ditiro Tsa Botlhokwa mo Botshelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditaelo Tsa Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona
    Ditaelo Tsa Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be ts. 282-285

Ditaelo Tsa Balebedi ba Sekolo

MO PHUTHEGONG nngwe le nngwe, go tlhomiwa mogolwane mongwe gore a nne molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Fa e le gore o neetswe boikarabelo jono, go tshwara sekolo seno ka tlhagafalo le go kgatlhegela kgatelopele e e dirwang ke moithuti mongwe le mongwe go ka thusa go fitlhelela dilo di le dintsi mo sekolong sa phuthego ya lona.

Kabelo ya gago e e botlhokwa ke go okamela Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo beke le beke mo phuthegong ya lona. Gakologelwa gore mo godimo ga baithuti ba ba nang le dipuo ka nako e ba di abetsweng ka yone, go na le ba bangwe ba e leng bareetsi fela. Tshwara sekolo ka tsela e e kgothatsang phuthego yotlhe, e e nayang kgakololo e e mosola e e amanang le bobotlana o le mongwe wa mekgele ya sekolo e e umakilweng mo go tsebe 5 go ya go 8 ya buka eno.

Kgatlhegela baithuti botlhe, e ka ne ba abetswe go neela kabelo ya go bala, go dira pontsho, kgotsa go neela dipuo. Ba thuse gore ba se ka ba leba se ba se dirang e le kabelo fela, mme ba se lebe e le sebaka se ba se newang go gatela pele mo go direleng Jehofa. Le fa go ntse jalo, maiteko a ba a dirang ka bobone a botlhokwa thata go ba thusa gore ba gatele pele. Mme gape go botlhokwa gore o ba kgatlhegele ka bopelonomi, o ba thuse go tlhaloganya mosola wa dintlha tsa kgakololo tse ba di newang, mme o ba tlhalosetse gore ba ka dirisa jang kgakololo eo. Gore o kgone go dira jalo, reetsa puo nngwe le nngwe ka kelotlhoko gore o tle o kgone go ntsha kgakololo e e molemo.

Tlhomamisa gore o simolola sekolo ka nako o bo o se wetse ka nako. Tlhoma sekao se se molemo ka go dira gore dikakgelo tsa gago di tseye nako e di e beetsweng. Fa puo ya moithuti e ja nako, wena kgotsa mothusi wa gago o tshwanetse go mmontsha gore o ja nako. Moithuti o tshwanetse go feleletsa seele sa gagwe a bo a tswa mo seraleng. Fa puo nngwe mo thulaganyong e ja nako, khutshwafatsa dikakgelo tsa gago, o bo o tlotla ka ntlha eno le mokaulengwe yoo morago ga dipokano.

Fa o le teng, ke wena o tshwanetseng go tshwara sekolo. Fa e le gore o na le go se nne teng ka dinako dingwe, sekolo se tshwanetse go tshwarwa ke mogolwane yo mongwe yo o tlhophilweng ke bagolwane. Fa e le gore o tlhoka go thusiwa go dira thulaganyo ya sekolo, go kwala dikabelo tsa dipuo le go di naya beng ba tsone, kgotsa go rulaganyetsa gore go nne le mongwe yo o tla emisetsang yo mongwe mo thulaganyong, motlhanka wa bodiredi yo o tlhophilweng ke setlhopha sa bagolwane a ka nna a thusa ka dilo tseno.

Go Kwadisa Baithuti mo Sekolong. Kgothaletsa baboledi botlhe gore ba ikwadise mo sekolong. Ba bangwe ba ba kopanelang le phuthego ka metlha ba ka nna ba ikwadisa fa ba dumela se Baebele e se rutang e bile botshelo jwa bone bo dumalana le melaometheo ya Bokeresete. Fa mongwe a go bolelela gore o batla go ikwadisa, mo akgole ka lorato. Fa motho a ise a nne mmoledi, wena jaaka motshwari wa sekolo o tshwanetse go tlotla le ene ka dilo tse a tshwanetseng go di dira gore a tshwanelege go ikwadisa mo sekolong, mme go ka nna molemo fa motho yo a mo tshwarelang thuto ya Baebele (kgotsa motsadi yo o dumelang) le ene a le teng fa o tlotla le ene ka ditshwanelego tseo. Ditshwanelego tseno di tshwana fela le tsa motho yo o batlang go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Di mo go tsebe 97 go ya go 99 mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona. Nna o bolokile lenaane le lesha la botlhe ba ba ikwadisitseng mo sekolong.

Go Dirisa Foromo ya Kgakololo. Foromo ya kgakololo ya moithuti mongwe le mongwe e mo bukeng ya gagwe, mo tsebeng 79 go ya go 81. Jaaka fa mebala ya foromo eo e bontsha, ntlha epe ya kgakololo go tswa go ya 1 go ya kwa go ya 17 e dirisiwa fela fa moithuti a neilwe kabelo ya go bala. Fa puo nngwe e neelwa ka mokgwa wa pontsho, go ka dirisiwa ntlha epe fela ya kgakololo kwantle ga ya 7, 52 le 53. Kgakololo malebana le dipuo e akaretsa dintlha tsotlhe tsa kgakololo kwantle ga ya 7, 18 le 30.

Fa molebedi wa sekolo a abela moithuti ntlha ya kgakololo e a tshwanetseng go berekela mo go yone, o tshwanetse go kwala letsatsi le a abetsweng ka lone ka pensele kafa tlase ga “Letsatsi le o Abetsweng ka Lone” fa thoko ga ntlha eo mo foromong ya kgakololo mo bukeng ya moithuti. Fa moithuti a sena go neela puo ya gagwe, mmotse lo le babedi fela gore a o ne a dirisa ikatiso e e bontshitsweng kwa bokhutlong jwa kgaolo eo. Fa e le gore o dirile jalo, tshwaya mo lebokosong le le mo foromong eo. Fa o akantsha gore a tswelele a berekela gape mo ntlheng e a neng a berekela mo go yone, ga go tlhokege gore o kwale sepe se sengwe mo foromong ya kgakololo; o se ka wa kwala sepe kafa tlase ga karolo e e reng “Letsatsi le e Weditsweng ka Lone.” E tshwanetse go tshwaiwa fela fa e le gore o siametse go fetela kwa ntlheng e nngwe. Mo godimo ga moo, nako le nako fa moithuti a sena go neela puo motshwari wa sekolo o tshwanetse go kwala letlha kafa molemeng wa seting e a neng a e dirisa mo diseting tse di mo go tsebe 82. Foromo ya kgakololo le lenaane la diseting di go naya sebaka sa gore o ka berekela mo ntlheng e le nngwe gabedi. Baithuti ba tshwanetse gore ba bo ba tshwere dibuka tsa bone fa thulaganyo e ntse e tsweletse.

Abela moithuti ntlha e le nngwe fela ya kgakololo ka nako. Gantsi go molemo go abela moithuti dintlha tsa kgakololo ka tatelano ya tsone. Le fa go ntse jalo, fa baithuti bangwe ba na le bokgoni jo bo tlhomologileng, o ka nna wa ba kgothaletsa gore ba ithute dithuto dingwe ba bo ba di dirisa ka bobone. Go tswa foo o ka nna wa ba thusa mo dintlheng tsa kgakololo tse o dumelang gore di tla ba thusa go gatela pele jaaka dibui le barutisi ba ba molemo.

Tota le fa moithuti a na le dingwaga di le dintsi a ikwadisitse mo sekolong, a ka solegelwa molemo thata ke go ithuta thuto nngwe le nngwe le go e dirisa. Go thusa baithuti ba ba tlhokang go newa thuso nngwe e e kgethegileng, o ka nna wa ba tlhophela dintlha dingwe tsa kgakololo gore ba berekele mo go tsone go na le go ba abela dintlha tsa kgakololo ka tatelano ya tsone mo foromong ya kgakololo.

Go Naya Kgakololo. Fa o naya kgakololo, dirisa dikai tse di molemo tsa Baebele le tsa melaometheo ya yone. Baithuti ba tshwanetse go utlwa gore kgakololo e ba e newang le moya o ba e newang ka one e laolwa ke melaometheo e e kwa godimo ya Lefoko la Modimo.

Gakologelwa gore o ‘modirimmogo’ le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. (2 Bakor. 1:24) Jaaka bone, o tshwanetse go leka go nna sebui le morutisi yo o botoka. Ithute buka ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, dirisa kgakololo ya yone o bo o tlhomele ba bangwe sekao se se molemo gore le bone ba dire jalo.

Fa o ntse o dira jalo, mokgele wa gago e tshwanetse go nna go thusa baithuti gore ba nne babadi ba ba molemo, dibui tse di nang le bokgoni le barutisi ba ba molemo. Gore o kgone go dira jalo, leka go naya baithuti thuso epe fela e ba e tlhokang gore ba tlhaloganye dinonofo tse di farologaneng tsa puo, lebaka la go bo di le botlhokwa le gore ba ka dira jang gore ba nne le tsone. Buka eno e kwadilwe ka tsela e e tla go thusang go dira jalo. Le fa go ntse jalo, gantsi ga se kgang fela ya go bala mafoko a a mo bukeng eno. Tlhalosa gore mafoko ao a raya eng le gore a ka dirisiwa jang.

Fa e le gore moithuti o dirile sentle mo ntlheng nngwe, mo akgole. Tlhalosa ka bokhutshwane gore ke eng se se dirileng gore a dire sentle mo ntlheng eo kgotsa gore ke eng fa se a se dirileng se le botlhokwa. Fa e le gore moithuti o tshwanetse go ela tlhoko karolo nngwe, tlhomamisa gore o tlhaloganya lebaka la teng. Mo tlhalosetse gore a dire jang. Bua ka tlhamalalo mme o bue ka bopelonomi.

Gakologelwa gore ga go motlhofo mo go ba le bantsi go tla go neela puo fa pele ga setlhopha. Fa motho a akanya gore ga a dira sentle, a ka nna a ipotsa gore a go na le mosola gore a nne a leke. Etsa Jesu, yo o neng a se ka a tšhwetla “lotlhaka lope lo lo phitsegileng” kgotsa a tima ‘mogala wa lodi o o ntshang mosi.’ (Math. 12:20) Akanyetsa boemo jo moithuti a leng mo go jone. Fa o neela kgakololo, leba gore a moithuti o sa ntse a le mosha mo sekolong kgotsa a ke mmoledi yo o nang le maitemogelo. Go akgola batho ka tsela e e botsalano ka mmatota go ka ba nonotsha gore ba tswelele ba dira bojotlhe.

Tshwara moithuti mongwe le mongwe ka seriti. Baroma 12:10 e bolela jaana: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” A bo eo e le kgakololo e e tshwanelang jang ne go mogakolodi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo! Fa moithuti a le mogolo mo go wena, dirisa kaelo e e neetsweng mo go 1 Timotheo 5:1, 2 ka kelotlhoko. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore motho o dingwaga di kae, fa a neelwa kgakololo ka bopelonomi ya gore a tokafatse tsela ya gagwe ya go dira dilo, o tla e amogela ka bonako.—Dia. 25:11.

Fa o neela kgakololo, dira gore moithuti a bone boikaelelo jwa thapiso eo. Boikaelelo ga se fela gore a dire sentle a bo a akgolwa a bo a bolelelwa gore a fetele kwa ntlheng e e latelang ya kgakololo. Boikaelelo ga se go nna sebui le morutisi yo o tla kgatlhang ba bangwe. (Dia. 25:27) Re batla go dirisa mpho ya go bua go baka Jehofa le go thusa ba bangwe go mo itse le go mo rata. Re thapisediwa gore re kgone go dira tiro e e tlhalosiwang mo go Mathaio 24:14 le 28:19, 20 sentle. Fa nako e ntse e tsamaya, bakaulengwe ba ba kolobeditsweng ba ba tshwanelegang ba ka nna ba kopiwa gore ba nne le seabe mo go tlhokomeleng “letsomane la Modimo” jaaka dibui tsa phatlalatsa le barutisi.—1 Pet. 5:2, 3.

Akantsha gore baithuti ba bale dintlha tse di mo bukeng ya bone tse di tlotlang ka ntlha e e latelang ya kgakololo mo malatsing a le mmalwa fa ba sena go abelwa puo. Ba kgothaletse gore ba dirise se ba se ithutang fa ba baakanyetsa puo ya bone ya sekolo, mo motlotlong wa bone wa letsatsi le letsatsi, fa ba akgela kwa dipokanong le fa ba le mo bodireding jwa tshimo.

Go Aba Dipuo. Di tshwanetse go abiwa bobotlana dibeke di le tharo pele di neelwa. Dikabelo tsotlhe di tshwanetse go kwalwa fa go kgonega.

Dipuo tse di rutang phuthego di tshwanetse go abelwa bagolwane, segolobogolo ba ba tla neelang dipuo tseo sentle, le batlhanka ba bodiredi ba e leng barutisi ba ba molemo.

Go bona gore ke dipuo dife tse di ka neelwang bakaulengwe le gore ke dife tse di ka neelwang bokgaitsadi, latela ditaelo tse di neetsweng mo thulaganyong ya sekolo. Fa e le gore go na le bakaulengwe ba le mmalwa fela le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba neelang dipuo, neela bakaulengwe tshono e e lekaneng ya go neela dipuo tse e seng tsa go bala Baebele fela.

Akanyetsa maemo a batho fa o ntsha dikabelo. A go a tlhokega go abela mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi puo mo sekolong mo maitseboeng a a nang le puo mo Pokanong ya Tirelo ka one kgotsa mo bekeng e a nang le puo ya phatlalatsa mo phuthegong? A go a tlhokega go abela kgaitsadi mongwe go neela puo mo maitseboeng a mongwe wa bana ba gagwe ba babotlana yo a ka tswang a tlhoka go mo thusa le ene a nang le puo? Bogolo jang fa motho yo o neelang puo e le ngwana yo mmotlana kgotsa moithuti yo o iseng a kolobediwe, a puo e a e neelang e a mo tshwanela? Sekaseka go bona gore a puo e tsamaisana le ntlha ya kgakololo e moithuti a tshwanetseng go berekela mo go yone.

Mo dipuong tse di abelwang bokgaitsadi, gantsi moithuti o tla itlhophela seting e e dumalanang le ditaelo tse di mo go tsebe 78 le 82. O tshwanetse go abelwa mothusi a le mongwe, mme go ka nna ga dirisiwa bathusi ba ba oketsegileng. Fa moithuti a kopa go newa mothusi yo o ka tshwanelang seting nngwe ka mo go kgethegileng, kopo e e ntseng jalo e tshwanetse go akanyediwa.

Dikolo Tse Dingwe. Fa e le gore go na le baithuti ba ba fetang 50 ba ba ikwadisitseng, o ka nna wa akanyetsa gore go nne le dikolo tse dingwe tse baithuti ba tla neelang dipuo kwa go tsone. Go ya kafa maemo a phuthego ya lona a tlhokang ka gone, mo dikolong tseno go ka neelwa dipuo tsotlhe tsa baithuti kgotsa tse pedi fela tsa bofelo.

Sengwe le sengwe sa dikolo tseno se tshwanetse go nna le mogakolodi yo o tshwanelegang, go ka nna molemo fa e ka nna mogolwane. Fa go tlhokega, go ka nna ga dirisiwa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang sentle. Setlhopha sa bagolwane ke sone se se tshwanetseng go tlhoma bagakolodi bano. Dirisana mmogo le bagakolodi ba dikolo tseno gore baithuti ba tle ba kgone go thusiwa ka tsela e e molemo mo dintlheng tsa kgakololo tse ba berekelang mo go tsone go sa kgathalesege gore ba neela dipuo tsa bone mo sekolong sefe.

Tlelase e e Kgethegileng ya go Bala. Fa setlhopha sa bagolwane se lemoga gore go na le batho ba le mmalwa mo phuthegong ba ba tlhokang go rutwa go bala ka puo e e buiwang mo phuthegong, o ka nna wa dira dithulaganyo tsa gore go dirwe jalo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Thulaganyo eno e ka nna ya nna ya go ba ruta go bala, kgotsa mokgele wa yone e ka nna ya nna go tokafatsa tsela e ba balang ka yone.

Ditlelase tse di ntseng jalo ga di tlhoke go tshwarwa ka nako e go neelwang dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka yone. Gore ba thusiwe ka botlalo, go ka nna ga tlhokega nako e ntsi go feta ya sekolo. Setlhopha sa bagolwane mo phuthegong se ka nna sa sekaseka go bona gore ke eng se se tlhokang go dirwa le gore thuto e e ntseng jalo e ka tshwarwa leng. Go ya kafa go tlhokegang ka gone, go ka nna ga dirwa dithulaganyo tsa go ruta setlhopha kgotsa go ruta motho a le mongwe.

Go tlhokega morutisi yo o tshwanelegang. Go ka nna molemo fa kabelo eno e newa mokaulengwe yo o kgonang go bala sentle e bile a itse puo sentle. Fa go se na mokaulengwe, bagolwane ba ka nna ba kopa kgaitsadi yo o nang le bokgoni yo o tlhomang sekao go thusa. O tshwanetse go rwala mo tlhogong fa a ruta tlelase.—1 Bakor. 11:3-10; 1 Tim. 2:11, 12.

Bukana e e reng Ineele go Bala le go Kwala e teng ka dipuo di le dintsi. E diretswe go ruta batho gore ba kgone go bala le go kwala. Go ka nna ga dirisiwa le dibuka tse dingwe fa ba rutiwa go bala, go ikaegile ka bokgoni jwa go bala jwa ba ba ikwadisitseng. Fa baithuti ba gatetse pele ka mo go lekaneng, ba tshwanetse go kgothalediwa go nna le seabe mo thulaganyong ya ka metlha ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

Jaaka molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o ka solegela phuthego molemo fela thata. Baakanyetsa sentle, mme tumalanong le kgakololo e e mo go Baroma 12:6-8, tlhokomela kabelo ya gago jaaka kabelo e e molemo e o e neilweng ke Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela