LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 22 ts. 502-ts. 520 ser. 2
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditiragalo Tse Di Gakgamatsang kwa Poland
  • Dinaga Dingwe Gape tsa Yuropa Botlhaba Di Bula Dikgoro tsa Tsone
  • Bontsi Jaanong Bo Batla go Reetsa
  • Masimo a Siametse go Rojwa
  • Go Ikgolaganya le Batho Gongwe le Gongwe le ka Nako Nngwe le Nngwe Fa go Kgonega
  • Maiteko A A Boaboelediwang a go Fitlhelela Dipelo
  • Go Akaretsa Tshimo Yotlhe ka Botlalo le go Feta
  • Go Neela Bosupi Thata Fa Bokhutlo Bo Ntse Bo Atamela
  • ‘Yo Monnye O Fetogile Makgolo a le Some’
  • Go Ne go Neelwa Bosupi go le Kana Kang kwa “Dinageng Tse Dingwe”?
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 3—Go Neela Bosupi go Fitlha Kwa Dintlheng Tsotlhe Tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa Botlhaba
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 22 ts. 502-ts. 520 ser. 2

Kgaolo 22

Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe

Go ne ga dirwa ditshwetso tsa botlhokwa ka 1975 mabapi le kafa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e neng e tlile go okamelwa ka teng go tswa kwa ntlokgolo ya bone ya lefatshe lotlhe. Ka nako eo ba ne ba sa itse gore ke ditshimo dife tse ba neng ba santse ba tla di dira pele tsamaiso ya jaanong ya dilo e khutla kana gore go ne go santse go tla rerwa ka selekanyo se se kana kang kwa dinageng tse ba neng ba na le dingwaga tse dintsi ba ntse ba rera phatlalatsa kwa go tsone. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba batla go dirisa tshono nngwe nngwe thata kafa ba neng ba ka kgona ka teng. Ditsebe 502 go ya go 520 di bolela ka dingwe tsa dilo tse di kgatlhang thata tse di ileng tsa diragala.

GO ILE ga nna le diphetogo tse dikgolo thata kwa Amerika Borwa. Ga se bogologolo go le kalo fa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Ecuador ba ne ba tlhaselwa ke digopa tsa Bakatoliki, baruti ba Katoliki ba kwa Mexico ba ne ba busa fela jaaka dikgosi mo metseng e mentsi, mme puso e ne ya thibela Basupi ba ga Jehofa kwa Argentina le kwa Brazil. Mme lefa go ntse jalo maemo a fetogile eletota. Jaanong bontsi jwa ba ba neng ba rutwa gore ba tshabe Basupi kana ba ba ile ke Basupi ba ga Jehofa ka bobone. Ba bangwe ba reetsa ka boitumelo fa Basupi ba ba etela go ba bolelela ka molaetsa wa kagiso o o tswang mo Bibeleng. Basupi ba ga Jehofa ba a itsege ebile ba tlotliwa ke batho ba le bantsi.

Tsela eo dikopano tsa bone di nnang dikgolo ka yone le boitshwaro jwa Bokeresete jwa ba ba nnang teng kwa go tsone di ile tsa dira gore batho ba ba kgatlhegele. Dikopano tse pedi tse di ntseng jalo, tse di neng di tshwerwe ka nako e le nngwe fela kwa São Paulo le kwa Rio de Janeiro, kwa Brazil, ka 1985, di ile tsa tliwa ke tlhora ya batho ba le 249 351. Moragonyana, go ne ga tshwarwa dikopano tse dingwe tse 23, tse di neng di tshwerwe ka maikaelelo a gore batho ba ba kgatlhegang kwa Brazil yotlhe ba nne teng kwa go tsone, di ne tsa tliwa ke palogotlhe ya batho ba le 389 387. Matswela a tiro e Basupi ba ga Jehofa ba kwa Brazil ba ntseng ba e dira jaaka barutisi ba Lefoko la Modimo a ne a bonala sentle fa batho ba le 4 825 ba ne ba supa gore ba ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa kwa dikopanong tseo. Dingwaga di le tlhano fela morago ga foo, ka 1990, go ne go tlhokega gore go tshwarwe dikopano di le 110 go ralala Brazil e le gore ba le 548 517 ba ba neng ba le teng kwa go tsone ba bone manno sentle. Ka nako eo batho ba le 13 448 ba ne ba itlhagisa gore ba nwediwe mo metsing. Go ralala naga eo yotlhe diketekete tse di makgolokgolo mmogo le malapa di ne tsa amogela Basupi ba ga Jehofa ka boitumelo gore ba tle go ba ruta Lefoko la Modimo.

Mme go tweng ka Argentina? Morago ga dingwaga di le masomesome puso e ntse e ba thibela, Basupi ba ga Jehofa ba koo ba ile ba kgona go kopana mmogo gape ka kgololesego ka 1985. Abo e ne e le boitumelo jo bogolo jang ne fa ba le 97 167 ba ne ba nna teng kwa metseletseleng ya bone ya ntlha ya dikopano! Kafa tlase ga setlhogo se se neng se re “Bogosi Joo Bo Ntseng Bo Golela Pele—Jwa Basupi ba ga Jehofa,” kgatiso nngwe ya lefelo leo ya dikgang eleng Ahora e ne ya jesiwa kgakge ke tsela eo bontsintsi jwa ba ba neng ba le kwa kopanong kwa Buenos Aires ba neng ba dira dilo ka thulaganyo ka teng, go bo ba sa ile ditso tse dingwe le go tlhaola batho ka maemo, ba rata kagiso ga bone, mmogo le lorato loo ba neng ba lo bontsha. Morago ga moo e ne ya konela jaana: “Lefa re ka tswa re dumalana le dikgopolo tsa bone le dithuto tsa bone tsa motheo kana nnyaa, bontsintsi jwa batho bo tlhoka gore re bo tlotle tota.” Lefa go ntse jalo, batho ba bantsi ba Argentina ba ne ba dira se se fetang seo. Ba ne ba simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, mme ba nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi go iponela kafa Basupi ba dirisang melaometheo ya Bibela mo matshelong a bone ka teng. Mme e ne ya re morago ga moo batho bano ba ba elang dilo tlhoko ba ne ba dira tshwetso. Mo dingwageng tse supa tse di neng tsa latela morago ga moo, ba le dikete di le masomesome ba ne ba neela matshelo a bone mo go Jehofa, mme palo ya Basupi kwa Argentina e ile ya oketsega ka 71 lekgolong!

Tsela e batho ba neng ba tsaya kgato ka teng ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo kwa Mexico e ne e gakgamatsa thata. Mo dingwageng tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba koo ba ne ba tlhola ba tlhaselwa ke digopa tse di neng di tlhotlhelediwa ke baruti. Mme lefa go ntse jalo lebaka la go bo Basupi ba ile ba se ka ba lwa kana ba ipusolosetsa le ile la kgatlha batho ba ba dipelo di phepa. (Bar. 12:17-19) Ba ne ba lemoga gape gore dilo tsotlhe tse Basupi ba di dumelang di ne di thailwe mo Bibeleng e eleng Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, mme di ne di sa thaiwa mo dingwaong tsa batho. (Math. 15:7-9; 2 Tim. 3:16, 17) Ba ne ba kgona go bona gore Basupi eleruri ba na le tumelo e e neng e ba tshegetsa ka nako ya fa ba bogisiwa. Malapa a mantsi a ne a amogela Basupi ba ga Jehofa ka boitumelo fa ba ne ba ithaopela go ithuta Bibela le bone mahala kwa magaeng a bone. Tota ebile, ka 1992, 12 lekgolong ya dithuto tsa Bibela tse di tsamaisiwang ke Basupi lefatshe ka bophara di ne di le kwa Mexico, mme palo e kgolo ya tsone e ne e le malapa a magolo. Ka ntlha ya seo, palo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico—eseng fela ya ba ba nnang teng kwa dipokanong mme ya ba ba neng ba bolela ka Bogosi jwa Modimo ka botlhaga—e ne ya tlhatloga go tloga go ba le 80 481 ka 1975 go ya go ba le 354 023 ka 1992!

Le kwa Yuropa, ditiragalo dingwe tse di sa tlwaelegang di ile tsa thusa go anamisa molaetsa wa Bogosi teng koo.

Ditiragalo Tse Di Gakgamatsang kwa Poland

Le mororo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e sale e thibetswe kwa Poland go tloga ka 1939 go fitlha ka 1945 (ka lobaka loo e neng e busiwa ke Ba-Nazi le Soviet ka yone), gape le go simolola ka July 1950 (ka nako e e neng e busiwa ke Soviet), Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba kgaotsa go rera koo. Le mororo ba ne ba le 1 039 fela ka palo ka 1939, ka 1950 go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 18 116, mme bano ba ne ba tswelela pele ba le tlhaga (le mororo ba ne ba dira jalo ka go itisa) jaaka bareri ba mafoko a a molemo. (Math. 10:16) Lefa go ntse jalo, dikopano tsone di ne di tshwarelwa mo mafelong a a fitlhegileng—kwa mafelong a magae, mo go bolokelwang dilo teng, kwa dikgweng. Mme lefa go ntse jalo, go simolola ka 1982, puso ya Poland e ne ya ba letla go tshwara dikopano tse di tsayang letsatsi le le lengwe tsa bogolo jo bo lekanyeditsweng mo mafelong a a hirisiwang.

Morago ga foo, ka 1985, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba letliwa gore ba tshwarele dikopano tse dikgolo tse nne mo mabaleng a metshameko a magolo go gaisa otlhe kwa Poland ka kgwedi ya August. Fa motho mongwe a ne a goroga ka sefofane go tswa kwa Austria, o ne a gakgamadiwa ke go utlwa kitsiso nngwe ka sebuelakgakala go amogelwa Basupi ba ga Jehofa ba ba tlileng kopanong ya bone kwa Poland. Mosupi mongwe yo o godileng wa kwa Poland yoo a neng a le koo go tla go amogela moeti yoo o ne a palelwa ke go itshwara mme a tsholola dikeledi ka ntlha ya boitumelo fa a lemoga gore seo se supa tota gore puso e fetotse tsela e e lebang dilo ka yone. Go ne go na le ba le 94 134 kwa dikopanong tseno, go akaretsa le ditlhopha tseo di neng di tswa kwa dinageng di le 16. A batho ka kakaretso ba ne ba itse gore go diragala eng? Ee, ruri! Ka nako ya fa dikopano tseno di ne di tshwerwe le morago ga tsone, ba ne ba bala dipego mo dipampiring tse dikgolo tsa dikgang, ba bona bontsintsi jwa ba ba neng ba tlile kopanong mo thelebisheneng, ba bo ba utlwa bontlhanngwe jwa thulaganyo mo radiong ya morafe wa bone. Bontsi jwa bone ba ne ba kgatlhiwa ke se ba neng ba se bona le go se utlwa.

Go ne go setse go ntse go dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le dikopano tse dikgolo go feta tseo kwa Poland fa, ka May 12, 1989, puso e ne e dumelela Basupi ba ga Jehofa semolao jaaka mokgatlho wa bodumedi. Mo dikgweding tse tharo fela, go ne ga tshwarwa dikopano tse tharo tsa merafe yotlhe—kwa Chorzów, Poznan, le kwa Warsaw—mme palo ya batho botlhe ba ba neng ba ile kwa go tsone e ne e le 166 518. Se se gakgamatsang ke gore Basupi ba le diketekete ba ba tswang kwa go seo ka nako eo e neng e le Soviet Union (U.S.S.R.) le Czechoslovakia ba ne ba kgona go bona tetla e ba neng ba e tlhoka ya go eta mme ba ne ba le teng mo go tsone. A tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go dira barutwa e ne e tlhagisa maungo mo dinageng tseno tse go sa dumeleng gore Modimo o teng go neng go ntse go buelelwa ke Puso ya naga ka masomesome a dingwaga? Karabo ya seno e ne ya nna mo pepeneneng fa batho ba le 6 093, go akaretsa le basha ba le bantsi, ba ne ba itlhagisa go tla go nwediwa mo metsing kwa dikopanong tseno.

Go ne go bona mang le mang gore Basupi ba farologane—gotlhelele. Ba ne ba bala dipuo tse di tshwanang le e e latelang mo dipampiring tsa dikgang: “Ba ba obamelang Jehofa Modimo—jaaka fa ba bolela jalo ka bobone—ba anaanela dikopano tsa bone thata, tse di bontshang kafa ba utlwanang ka teng. . . . Fa go tla mo go direng dilo ka thulaganyo, mo go nneng le kagiso, le mo go nneng ga bone phepa, batho ba ba mo kopanong eno ke dikao tse di tshwanetseng go ediwa.” (Życie Warszawy) Bangwe ba batho ba Poland ba ne ba dira tshwetso ya gore ba dire se se fetang go bogela batlakopanong fela. Ba ne ba batla gore Basupi ba ga Jehofa ba ithute Bibela le bone. Go ruta ba bangwe jalo go tswa mo Lefokong la Modimo, go ne ga felela ka gore palo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Poland e oketsege go tloga go ba le 72 887 ka 1985 go ya go ba le 107 876 ka 1992; mme mo ngwageng o o umakilweng labofelo ono, ba ne ba senya diura tse di fetang 16 800 000 ba bolelela ba bangwe ka tsholofelo e e molemo thata e e tlhalosiwang ke Dikwalo.

Lefa go ntse jalo, diphetogo tse di kgatlhang di ne tsa se ka tsa diragala fela kwa Poland.

Dinaga Dingwe Gape tsa Yuropa Botlhaba Di Bula Dikgoro tsa Tsone

Hungary e ne ya dumelela Basupi ba ga Jehofa semmuso ka 1989. Go thibelwa ga Basupi ka dingwaga tse 40 go ne ga tlosiwa ka 1990 kwa go se ka nako eo se neng se bidiwa German Democratic Republic (GDR), mme seno se ne sa diragala morago ga dikgwedi di le nne fela Lebota la Berlin le sena go simolola go digiwa. Mo kgweding e e neng ya latela morago ga moo Lekgotla la Bokeresete la Basupi ba ga Jehofa la kwa Romania le ne la dumelelwa semmuso ke puso e ntšha ya kwa Romania. Ka 1991 Lefapha la Tshiamiso kwa Moscow le ne la bolela gore Molaotheo wa “Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa kwa U.S.S.R.” o kwadisitswe semolao. Mo go one ngwaga oo tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Bulgaria e ne ya dumelelwa semmuso. Ka 1992, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogelwa semmuso kwa Albania.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirang ka kgololesego eno e ba neng ba e filwe? Mmegadikgang mongwe o ne a botsa Helmut Martin, yoo e leng motsereganyi wa tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa GDR jaana: “A lo tlile go nna le seabe mo dipolotiking?” Kana gone, seo ke sone se baruti ba bantsi ba Labokeresete ba neng ba se dira. “Nnyaa,” Mokaulengwe Martin o ne a araba jalo, “Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tiro nngwe e e bolelwang ke Dikwalo mme re e leba jaaka tiro ya rona e kgolo.”—Math. 24:14; 28:19, 20.

Basupi ba ga Jehofa e ne e se gone ba simololang go dira boikarabelo joo mo karolong eno ya lefatshe. Le mororo go ne go ile ga tlhokega gore ba dire tiro ya bone kafa tlase ga maemo a a bokete thata ka dingwaga tse dintsi, mo go di le dintsi tsa dinaga tseno go ne go na le diphuthego (di kopana ka ditlhopha tse dipotlana), mme go ne go ntse go neelwa bosupi. Mme legale jaanong ba ne ba bona ditshono tse disha. Ba ne ba kgona go tshwara dipokano tse ba neng ba ka kgona go laletsa batho botlhe kwa go tsone ka kgololesego. Ba ne ba kgona go rera ka ntlo le ntlo ba bonwa ke mang le mang, ba sa boife gore ba tla latlhelwa mo kgolegelong. Tseno e ne e le dinaga tse di nang le baagi ba le 390 000 000 fa di kopantswe, tse go neng go na le tiro e ntsi kwa go tsone. Ereka Basupi ba ga Jehofa ba lemoga sentle gore ba tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso ya jaanong ya lefatshe ya dilo, ba ne ba tsaya kgato ka bonako.

Le eleng pele ba dumelelwa semolao, maloko a Setlhopha Se Se Laolang a ne a ile a etela dinaga di le mmalwa go bona gore ke eng se se neng se ka dirwa go thusa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Fa dithibelo di sena go tlosiwa, ba ne ba etela bontsi jwa mafelo ano go thusa go rulaganya tiro kwa go one. Mo dingwageng di sekae fela, ba ne ba setse ba kopane le Basupi kwa Poland, Hungary, Romania, Czechoslovakia, Russia, Ukraine, Estonia, le Belarus.

Go ne ga rulaganngwa gore go tshwarwe dikopano go nonotsha Basupi ba ba nnang mo dinageng tseno le go itsise batho botlhe molaetsa wa Bogosi jwa Modimo ka phepafalo. Mo lobakeng lo lo kafa tlase ga dikgwedi di le tlhano fa thibelo e sena go tlosiwa ke seo ka nako eo se neng se bidiwa GDR, kopano e e ntseng jalo e ne ya tshwarelwa kwa Setadiamong sa Olympia kwa Berlin. Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe tse 64 ba ne ba dumela ka bonako fela fa ba ne ba lalediwa gore ba nne teng kwa go tsone. Ba ne ba go tsaya jaaka tshiamelo go ipelela tiragalo eo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba neng ba supa ka masomesome a dingwaga gore ba ikanyega mo go Jehofa fa ba ne ba bogisiwa botlhoko.

Ka 1990 le ka 1991, go ne ga tshwarwa dikopano tse dingwe gape go ralala Yuropa Botlhaba. Fa go sena go tshwarwa dikopano di le nne tsa selegae kwa Hungary ka 1990, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le kopano ya merafe yotlhe kwa Népstadion kwa Budapest ka 1991. Go ne go tlile batho ba le 40 601 go tswa kwa dinageng di le 35. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgona go tshwara dikopano phatlalatsa kwa Romania ka lekgetlo la ntlha ka 1990 morago ga dingwaga tse 40. Go ne ga tshwarwa metseletsele ya dikopano tse dipotlana mo morafeng oo, mme morago ga moo go ne ga tshwarwa tse dingwe tse pedi tse dikgolo mo go one ngwaga oo. Go ne ga nna le dikopano tse dingwe gape tse robedi ka 1991, go tlile ba le 34 808 kwa go tsone. Ka 1990, kwa go se ka nako eo e neng e le Yugoslavia, go ne ga tshwarwa dikopano kwa go nngwe le nngwe ya direpaboliki tse di neng di bopa naga eo. Mo ngwageng o o latelang, le mororo naga eo e ne e tshosediwa ke ntwa ya semorafe, Basupi ba ga Jehofa ba le 14 684 ba ne ba ipelela kopano ya merafe yotlhe kwa Zagreb, motsemogolo wa Croatia. Mapodisi a ne a gakgamala go bona batho ba Croatia, ba Montenegro, ba Serbia, ba Slovenia, le ba bangwe ba phuthegile ka kagiso go tla go reetsa thulaganyo.

Le koo ka nako eo go neng go bidiwa Czechoslovakia, go ne ga rulaganngwa ka bonako gore go nne le dikopano. Kopano ya koo e e neng e le kwa Prague ka 1990 e ne e ilwe ke batho ba le 23 876. Balaodi ba ba neng ba tlhokometse mabala a metshameko ba ne ba itumelela se ba neng ba se bona mo eleng gore ba ne ba bo ba letla Basupi gore ba dirise mabala a magolo go gaisa otlhe mo nageng eo a metshameko mo kopanong ya bone e e latelang. Ka nako eo e e ka se kang ya lebalwa, ka 1991, go ne go na le batho ba le 74 587 ba ba tlhaga ba ba neng ba tletse ka Mabala a Metshameko a Strahov kwa Prague. Batho ba ba neng ba tlile kopanong go tswa kwa Czechoslovakia le kwa Slovakia ba ne ba itumela thata ba bo ba thela loshalaba lwa boitumelo fa go ne go gololwa New World Translation of the Holy Scriptures e e feletseng ka dipuo tsa bone, gore ba e dirise mo bodiheding jwa phatlalatsa mmogo le fa ba ithuta ka namana le kwa phuthegong.

Gone ka 1991, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgona go tshwarwa dikopano phatlalatsa e le la ntlha mo hisitoring mo mafelong a pele a neng a le mo Soviet Union. Morago ga kopano e e neng e le kwa Tallinn, kwa Estonia, go ne ga nna le e nngwe kwa Siberia. Go ne ga tshwarwa di le nne kwa ditoropong tse dikgolo tsa Ukraine, le e nngwe kwa Kazakhstan. Palogotlhe ya ba ba neng ba le teng e ne e le 74 252. Mme ba le 7 820 ba ne ba itlhagisa gore ba nwediwe mo metsing jaaka maungo a masha a tiro ya go dira barutwa ya Basupi ba ga Jehofa. Eno e ne e se tshwetso e ba neng ba e dira ka ntlha ya go tseega maikutlo ka ntlha ya go bo ba ne ba kgatlhilwe thata ke kopano. Batho ba ba neng ba kolobediwa bano ba ne ba na le lobaka lwa dikgwedi di le dintsi ba ntse ba baakanyediwa seno ka kelotlhoko—mme mo makgetlong a mangwe go ne go tsere dingwaga go ntse go dirwa seno.

Batho bano botlhe ba ne ba tswa kae? Go ne go phepafetse gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e se gone e simololang mo karolong eo ya lefatshe. Dikgatiso tsa Watch Tower di ne di ile tsa romelelwa motho mongwe yo o kgatlhegang kwa Russia ka poso bogologolo ka 1887. Poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower le ene o ne a ile a etela Kishinev (eo jaanong e leng Moldova) ka 1891. Baithuti bangwe ba Bibela ba ne ba ile ba ya kwa Russia go ya go rera teng ka bo1920; mme lefa go ntse jalo puso ya teng e ne ya gana, mme ditlhopha di sekae tse di neng di kgatlhegela molaetsa wa Bibela di ne di le dipotlana. Lefa go ntse jalo, maemo a ne a fetoga ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone. Melelwane ya semorafe e ne ya fetolwa, mme baagi ba bantsi ba ne ba fudusediwa go sele. Ka ntlha ya seo, Basupi ba ba buang Se-Ukraine ba ba fetang sekete go tswa kwa go seo e neng e ntse e le Poland botlhaba ba ne ba iphitlhela ba le mo Soviet Union. Basupi ba bangwe ba ba neng ba nna kwa Romania le kwa Czechoslovakia ba ne ba fitlhela gore mafelo a ba neng ba nna kwa go one e ne e le karolo ya Soviet Union. Mo godimo ga moo, Ba-Russia ba ba neng ba ile ba fetoga Basupi ba ga Jehofa ka nako ya fa ba ne ba le kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Jeremane ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone, mme ba ne ba tsamaya ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ka 1946, go ne go na le Basupi ba le 4 797 ba ba neng ba tshwere ka natla mo Soviet Union. Bontsi jwa bano ba ne ba na le dingwaga tse dintsi puso e ntse e ba fudusa go tswa kwa lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe. Ba bangwe ba ne ba romelwa kwa dikampeng tsa kgolegelo. Ba ne ba neela bosupi gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya teng. Dipalo tsa bone di ne tsa oketsega. Le eleng pele puso e ba dumelela semolao, ditlhopha tsa bone di ne di tshwere ka natla go tloga kwa Lviv kwa bophirima jwa Vladivostok kafa molelwaneng o o kafa botlhaba wa Soviet Union, go kgabaganya lewatle go tswa kwa Japane.

Bontsi Jaanong Bo Batla go Reetsa

Fa Basupi ba ne ba tshwarela dikopano kwa lefelong le ka nako eo e neng e le U.S.S.R. ka 1991, seo se ne sa neela batho ka kakaretso tshono ya gore ba ba tlhatlhobe ka kelotlhoko. Ba ne ba arabela jang? Kwa Lviv, Ukraine, mookamedi mongwe wa mapodisi o ne a bolelela mongwe wa ba ba neng ba tlile kopanong jaana: “Lo ditswerere mo go ruteng ba bangwe se se molemo, lo bua ka Modimo, mme ebile ga lo nne le seabe mo thubakanyong. Re ne re tlotla re ipotsa gore re ne re ntse re lo bogisetsa eng, mme re ne ra swetsa ka gore re ne re ise re lo reetse ebile re ne re sa itse sepe ka lona.” Mme jaanong bontsi bo ne bo reeditse, ebile Basupi ba ga Jehofa ba ne ba batla go ba thusa.

Go ne go tlhokega dibuka tsa Bibela gore ba kgone go tsweletsa tiro ya bone ka tsela e e tshwanetseng. Go ne ga dirwa maiteko a magolo a go ba tlamela ka tsone ka bonako. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba oketsa bogatisetso jwa bone jo bo kwa Selters/Taunus kwa Jeremane mo go ka batlang go menagane gabedi. Le mororo go ne go ise go fediwe go atolosa, mo e ka nnang dibeke tse pedi fa thibelo e sena go tlosiwa kwa lefelong le pele e neng e le Jeremane Botlhaba, go ne ga romelwa ditone di le 25 tsa dibuka kwa lefelong leo di tswa kwa bogatisetsong kwa Selters. Fa esale go tloga ka nako ya fa go tlosiwa dithibelo kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba go fitlha ka 1992, go ne ga romelwa ditone di ka nna 10 000 tsa dibuka ka dipuo di le 14 tse dikgolo kwa dinageng tse di farologaneng tseno go tswa kwa Jeremane, ditone tse dingwe di le 698 go tswa kwa Italy, le tse di oketsegileng go tswa kwa Finland.

Ereka Basupi ba dinaga tse dingwe ba ne ba na le dingwaga tse dintsi ba kgaogantswe le ba bangwe, ba ne ba tlhoka go thusiwa mo dikgannyeng tsa go okamela phuthego le ka thulaganyo ya kafa e tsamaisiwang ka teng. Koo go neng go kgonega teng go ne go ikgolaganngwa le bagolwane ba ba nang le maitemogelo—ba ba neng ba kgona go bua puo ya naga eo—ba ba neng ba le kwa Jeremane, kwa United States, kwa Canada, le kwa mafelong a mangwe gape gore go kgonege gore go tlamelwe ka thuso eo. A ba ne ba tla dumela go fudugela kwa go nngwe ya dinaga tseno tsa kwa Yuropa Botlhaba go ya go thusa? Tsela e ba neng ba arabela seno ka yone e ne e kgotsofatsa eleruri! Koo go neng go kgonega teng, go ne go romelwa bagolwane ba ba neng ba thapisitswe kwa Sekolong sa Gileade kana kwa Sekolong sa Thapiso sa Badihedi.

Mme morago ga moo, ka 1992, go ne ga tshwarwa kopano e e tlhomologileng ya merafe yotlhe kwa St. Petersburg, e e leng toropo ya bobedi e kgolo kwa Russia. Ba le 17 000 ba bao ba neng ba tlile kwa kopanong ba ne ba tswa kwa dinageng di le 27 tse e seng tsa Russia. Kopano eno e ne ya anamisiwa thata. Gareng ga batho ba ba neng ba le teng kwa go yone go ne go na le batho ba ba neng ba ise ba ko ba tsamaye ba utlwe ka Basupi ba ga Jehofa pele. Palo ya ba ba neng ba le teng e ne ya fitlhelela tlhora ya ba le 46 214. Batho ba ne ba tlile kwa kopanong eno go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa Russia, bangwe ba tswa kgakalakgakala kwa botlhaba jaaka kwa Setlhaketlhakeng sa Sakhalin, gaufi le Japane. Go ne go na le ditlhopha tse dintsi tse di neng di tswa kwa Ukraine, Moldova, le kwa dinageng tse dingwe tse pele e neng e le bontlhanngwe jwa U.S.S.R. Ba ne ba tla ka mafoko a a molemo. Dipego tsa teng di ne di bontsha gore phuthego nngwe le nngwe ya tse di kwa ditoropong tse di jaaka Kiev, Moscow, le St. Petersburg e ne e nna le palogare e e fetang palo ya Basupi ba teng gabedi kana go feta kwa dipokanong tsa yone. Batho ba bantsi ba ba neng ba batla Basupi ba ga Jehofa ba ithuta le bone Bibela ba ne ba tshwanela gore ba kwalwe mo lenaaneng mme ba lete. Go ne go tlile ba ka nna 600 go tswa kwa Latvia le ba bangwe gape go tswa kwa Estonia. Phuthego nngwe kwa St. Petersburg e ne e na le ba ba fetang lekgolo ba ba neng ba tlile go kolobediwa kwa kopanong eo. Bontsi jwa batho ba ba kgatlhegang bosheng ke basha kana batho ba ba rutegileng thata. Eleruri, go tshwaraganwe le namane e tona ya tiro ya go roba mo tshimong eno e kgolo e lefatshe le sa bolong go e leba jaaka boremelelo jwa bolatolamodimo!

Masimo a Siametse go Rojwa

Fa ditsela tse go lebiwang kgololesego ya bodumedi ka tsone di ne di ntse di fetoga, dinaga tse dingwe le tsone di ne tsa lesa go thibela Basupi ba ga Jehofa kana di ne tsa ba dumelela semolao eleng selo se ba neng ba sa bolo go se ba itsa. Mo mafelong a mantsi mo go ano, ba ne ba setse ba roba thobo e kgolo ya semoya. Maemo a ne a tshwana le kafa Jesu a neng a tlhalosetsa barutwa ba gagwe fa a ne a bolela jaana: “Lebañ, lo bōnè masimo, ha a setse a le mashweu a go rōywa.” (Yoh. 4:35) A o ke o akanye ka mafelo a sekae fela a go neng go ntse jalo kwa go one mo Afrika.

Go ne go thibetswe bodihedi jwa ntlo le ntlo jwa Basupi ba ga Jehofa kwa Zambia ka 1969. Ka ntlha ya seo, Basupi ba koo ba ne ba senya nako e ntsi ya bone ba tsamaisa dithuto tsa Bibela le batho ba ba kgatlhegang. Ba bangwe le bone ba ne ba simolola go batla Basupi gore ba ithute le bone. Puso e ne ya se ka ya tlhola e gagamalela go ba thibela, mme palo ya ba ba neng ba nna teng kwa dipokanong e ne ya oketsega. Ka 1992 go ne go na le ba le 365 828 ba ba neng ba le teng kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa kwa Zambia, palo e e emelang motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 23 mo baaging ba koo botlhe!

Go ya kwa bokone jwa Zambia, kwa Zaire, ba bangwe ba le diketekete ba ne ba batla go ithuta ka se Basupi ba ga Jehofa ba se rutang malebana le botshelo jwa Bokeresete le boikaelelo jwa Modimo ka batho. Ka nako ya fa maemo a ne a letla gore Basupi ba bule Diholo tsa bone tsa Bogosi gape ka 1990, mafelo a mangwe a ne a nna le batho ba le 500 ba ba neng ba thologela kwa dipokanong tsa bone. Mo lobakeng lwa dingwaga tse pedi Basupi ba kwa Zaire ba le 67 917 ba ne ba setse ba ithuta Bibela le batho ba le 141 859 kwa magaeng a bone.

Palo ya dinaga tse di neng di bulega e ne e gakgamatsa. Ka 1990, barongwa ba Watch Tower ba ba neng ba lelekilwe kwa Benin mo dingwaga tse 14 tse di fetileng jaanong ba ne ba letliwa semolao go boela teng, mme ba bangwe le bone ba ne ba dumelelwa gore ba ka tla. Mo go one ngwaga oo Tona ya Tshiamiso kwa Repaboliking ya Cape Verde e ne ya saena molawana oo o neng o dumelela ditaolo tsa Lekgotla la Basupi ba ga Jehofa ba koo, ka gone ba ba dumelela semolao. Morago ga moo, ka 1991, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gololwa kwa Mozambique (koo babusi ba teng ba pele ba neng ba ile ba ba bogisa botlhoko), kwa Ghana (koo tiro ya bone e neng e ntse e thibetswe ke puso teng), le kwa Ethiopia (koo go neng go ntse go sa kgonege teng go rera phatlalatsa kana go nna le dikopano ka lobaka lwa dingwaga di le 34). Pele ngwaga o fela, Niger le Congo le tsone di ne tsa ba dumelela semolao. Kwa tshimologong ya 1992, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se ka ba tlhola ba thibelwa kana ba ne ba dumelelwa semolao kwa Chad, Kenya, Rwanda, Togo, le kwa Angola.

Ano e ne e le masimo a a neng a siametse go rojwa. Ka sekai, Basupi ba ba kwa Angola ba ne ba oketsega ka bonako fela ka 31 lekgolong; mo godimo ga moo, baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang 19 000 ba koo ba ne ba ithuta le batho ba le 53 000 Bibela kwa magaeng a bone. Go ne ga lalediwa bagolwane ba ba tshwanelang sentle go tswa kwa Portugal le Brazil gore ba fudugele mo Afrika go tsweletsa bodihedi jwa bone gore ba tle ba thuse mo go okameleng thulaganyo eno e kgolo ya go ruta Bibela kwa Angola mmogo le kwa Mozambique (koo batho ba bantsi ba teng ba buang Sepotokisi). Barongwa ba ba buang Sepotokisi ba ne ba romelwa kwa tshimong eo e neng e sa tswa go bulwa ya kwa Guinea-Bissau. Mme Basupi ba ba nang le bokgoni kwa Fora le kwa dinageng tse dingwe ba ne ba kopiwa gore ba ye go thusa mo go direng tiro eno e e potlakileng ya go rera le go dira barutwa kwa Benin, Chad, le Togo, koo batho ba teng ka bontsi ba buang Sefora.

Mo mafelong a mantsi ao a ileng a ntsha maungo a mantsi a batho ba ba bakang Jehofa go na le ao pele Roma Katoliki e neng e itsetsepetse thata mo go one. Mo godimo ga Latin America, go ne go ntse jalo ka Fora (koo pego ya 1992 e neng ya bontsha gore go na le Basupi ba ba rerang efangele ba le 119 674), Spain (koo go neng go na le ba le 92 282), Philippines (koo go neng go na le ba le 114 335), Ireland (koo palo ya Basupi ba teng e oketsegang ka 8 go ya go 10 lekgolong ka ngwaga), le kwa Portugal.

Fa Basupi ba le 37 567 ba ne ba le kwa kopanong kwa Lisbon, kwa Portugal, ka 1978, makasine wa teng wa dikgang eleng Opção o ne wa bolela jaana: “Mongwe le mongwe yo o kileng a ya kwa Fátima ka nako ya maeto a sedumedi, o bona selo se se farologaneng thata fano. . . . Fano [mo kopanong ya Basupi ba ga Jehofa] masaitsiweng a a fela, go tshwarwa pokano e badumedi ba tlotlang ka mathata a bone ba le seoposengwe, ba tlotlang ka tumelo ya bone le ka tsela e ba lebang dilo ka yone ya semoya. Tsela e ba dirisanang ka yone e supa fa ba amega ka ba bangwe.” Mo dingwageng di le lesome tseo di neng tsa latela morago ga moo, palo ya Basupi kwa Portugal e ne ya oketsega ka mo e ka nnang 70 lekgolong.

Mme go tweng ka Italy? Dikolo tse dintsi tse di rutelang boruti tsa Katoliki di ne tsa tshwanela gore di tswalwe ka go bo ba ba neng ba batla go ithutela boruti ba ne ba tlhaela. Dikereke tse dintsi ga di tlhole di na le moruti. Mo makgetlong a mantsi dikago tse e neng e le tsa dikereke jaanong ke mabenkele kana diofisi. Lefa go ntse jalo, kereke e ile ya lwa thata gore Basupi ba ga Jehofa ba thibelwe. Mo dingwageng tse di fetileng e ile ya tlhotlheletsa badiredi ba puso gore ba leleke barongwa ba Basupi ya bo ya laela gore mapodisi gore a ba thibele gore ba se ka ba tshwara dipokano. Mo mafelong a mangwe ka bo1980, baruti bangwe ba dikereke ba ne ba ngaparetsa pampitshana mo mejakong ya mongwe le mongwe (eo e mengwe e neng e le ya Basupi ba ga Jehofa), e e reng: “O Se ka wa Kokota. Re Makatoliki.” Dipampiri tsa dikgang di ne di na le ditlhogo tse dikgolo tse di reng: “Kereke E Tlhaba Mokgosi Kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa” le tse di reng “‘Ntwa E E Boitshepo’ Kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa.”

Ka nako ya fa baruti ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba leka go didimatsa baaposetoloi, Gamaliele, yoo e neng e le morutisi wa Molao, o ne a ba gakolola jaana ka botlhale: “Ha kgakologèlō e, kgotsa tihō e, e le ea batho, e tla senyèga: Me ha e le ea Modimo, go tla lo retelèla go ba henya.” (Dit. 5:38, 39) Go ne ga felela jang fa baruti ba Roma Katoliki ba lekgolo la bo20 la dingwaga ba ne ba leka go didimatsa Basupi ba ga Jehofa? Tiro ya Basupi ba ba neng ba le 120 ba kwa Italy ka 1946 ga e a ka ya fenngwa. Mo boemong jwa seo, ka 1992, go ne go na le Basupi ba le 194 013 ba ba tlhaga ba ba neng ba kopanela le diphuthego di le 2 462 mo nageng eo yotlhe. Ba batla ba tladitse Italy yotlhe ka thuto ya bone ya Lefoko la Modimo. Fa esale go tloga ka 1946 ba ile ba senya diura tse di fetang dimilione di le 550 ba buisana le baagi ba Italy kaga Bogosi jwa Modimo. Fa ba ntse ba dira seno ba ile ba ba tsamaisetsa dikopi tsa Bibela di le dimilione mmogo le dibuka, dibukana, le dimakasine tse di tlhalosang Dikwalo di feta dimilione di le 400. Ba batla go tlhomamisa gore batho ba Italy ba bona tshono ya go ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa pele Hara–Magedone e tla. Fa ba ntse ba dira seno, ba nna ba gakologelwa se moaposetoloi Paulo a se kwadileng mo go 2 Bakorintha 10:4, 5, se se reng: “Dibolaō tsa ntwa ea rona ga se tsa nama, me di nonohile ha pele ga Modimo go diga dikagō tsa phemèlō tse di thata; Re diga ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsañ go thiba kicō ea Modimo.”

Basupi ba ga Jehofa ga ba itebaganye le mafelo ao Katoliki e kileng ya bo e itsetsepetse kwa go one fela. Ba a itse gore Jesu Keresete o boletse gore: “Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.” (Mar. 13:10) Mme eno ke tiro eo Basupi ba e dirang. Ka 1992 go ne go na le ba le 12 168 ba bone ba ba neng ba bolelela batho ba kwa India kaga Bogosi jwa Modimo. Ba bangwe ba le 71 428 ba bone ba ne ba rera kwa Repaboliking ya Korea. Kwa Japane go ne go na le ba le 171 438, mme dipalo tsa bone di ne di oketsega kgwedi le kgwedi. Gape ba ne ba tswelela ba ya kwa dinageng tse go sa rerweng go le kalo kwa go tsone kana tse go sa rerweng gotlhelele kwa go tsone.

Ke gone erileng mo karolong ya bofelo ya bo1970, ba neng ba kgona go isa molaetsa wa Bogosi la ntlha kwa bathong ba ba nnang kwa Ditlhaketlhakeng tsa Marquesas le Kosrae—tse di leng kwa Lewatleng la Pacific. Ba ne ba fitlha le kwa Bhutan, e e ka kwa ga molelwane o o kafa borwa wa China, le kwa Comoros, e e leng ka kwa ga lebopo le le kafa botlhaba la Afrika. Mo dingwageng tsa bo1980 go ile ga begwa la ntlha gore tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e a dirwa kwa Ditlhaketlhakeng tsa Wallis le tsa Futuna, mmogo le kwa ditlhaketlhakeng tsa Nauru le tsa Rota, tseo tsotlhe di leng kafa borwabophirima jwa Pacific. Dingwe tsa ditlhaketlhake tseno ke mafelo a mannye thata; mme lefa go ntse jalo go na le batho ba ba nnang koo, ebile matshelo a bone a tlhwatlhwakgolo. Basupi ba ga Jehofa ba itse sentle boperofeti jwa ga Jesu jo bo reng molaetsa wa Bogosi o tla rerwa “mo lehatshiñ yeotlhe” pele bokhutlo bo tla.—Math. 24:14.

Go Ikgolaganya le Batho Gongwe le Gongwe le ka Nako Nngwe le Nngwe Fa go Kgonega

Le mororo go rera ka ntlo le ntlo e santse e le mokgwa o mogolo o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa go bona batho, ba lemoga gore ga ba kgone go bona mongwe le mongwe lefa ba dirisa mokgwa ono o o mosola thata. Ba santse ba tswelela go senka batho ka potlako gongwe le gongwe koo ba ka bonwang teng.—Bapisa Yohane 4:5-42; Ditihō 16:13, 14.

Fa mekoro e ema kwa maemakepe a kwa Jeremane, le kwa Netherlands le eleng ka nako e khutshwane fela, Basupi ba ga Jehofa ba leka go e etela, ba neela motsamaisi pele bosupi mme morago ba bo ba neela badiri ba sone bosupi. Ba tsamaya ba tsholetse banna bao dibuka tsa Bibela ka dipuo tse di farologaneng. Kwa marekisetsong a selegae a kwa Chad, kwa bogare jwa Afrika, go tlwaelegile go bona setlhopha sa batho ba le 15 kana ba le 20 ba kokoanetse mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ntse a buisana le bone kaga tsholofelo ya Bogosi jwa Modimo. Basupi ba dira ka go refosanya go buisana le batho ba ba rekisang dilwana fa thoko ga mebila le diketekete tsa batho ba ba tlang go reka ka Matlhatso mo mosong kwa mafelong a go rekisetswang dilo kwa ntle mo go one kwa Auckland, kwa New Zealand. Batho ba ba fetang kwa maemelong a dibese kwa Guayaquil, Ecuador—ba bontsi jwa bone bo tswang kwa dikarolong tse di kgakala tsa naga—Basupi ba buisana le bone le go ba tsamaisetsa boroutšhara nngwe e e mo nakong kana La Atalaya le ¡Despertad! Ba ba dirang bosigo mo marekisetsong a dijo ao go dirwang bosigo le motshegare kwa go one kwa New York City ba etelwa kwa tirong ke Basupi gore le bone ba utlwe mafoko a a molemo.

Basupi ba bantsi ba ga Jehofa fa ba sepela ka difofane, ka diterena, ka dibese, le ka diterena tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe ba bolelela bapagami ba bangwe boammaaruri jo bo tlhwatlhwakgolo jwa Bibela. Ka nako ya dijo tsa motshegare kwa tirong ya bone ya boitshediso le kwa sekolong, gape le fa batho ba tla kwa matlong a bone ka mabaka a kgwebo, ba dirisetsa sebaka seo go ba neela bosupi. Ba a itse gore bontsi jwa batho bano ba ka nna ba bo ba seo kwa gae ka nako ya fa Basupi ba ba etela jaaka ba atisa go dira.

Fa ba ntse ba neela ba bangwe bosupi, ga ba lebale maloko a lelapa ao ba atamalaneng nao le ba bangwe ba losika. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa Maria Caamano, Mosupi wa kwa Argentina, a ne a leka go bolelela lelapa laabo kafa a neng a amilwe ka teng ke se a neng a se ithuta mo Bibeleng, bangwe ba ne ba mo ja ditshego fa ba bangwe ba ne ba mo itlhokomolosa. O ne a se ka a ineela mme go na le moo o ne a tsaya loeto lwa dikilometara di le 1 900 go ya go neela bangwe ba losika lwa gagwe bosupi. Ba bangwe ba ne ba tsaya kgato. Ba bangwe le bone ba ne ba nna ba mo reetsa ka bonya ka bonya. Ka ntlha ya seo, jaanong go na le bagolo ba ba fetang 80 le bana ba ba fetang 40 mo go ba losika lwa gagwe ba ba ileng ba amogela boammaaruri jwa Bibela mme ba bo bolelela ba bangwe.

Michael Regan o ne a boela kwa toropong e a tsholetsweng kwa go yone, kwa Boyle, kwa County Roscommon, kwa Ireland go ya go thusa balosika lwa gagwe. O ne a ba neela bosupi botlhe. Ntsalae o ne a kgatlhiwa thata ke tsela eo bana ba ga Michael ba neng ba itumetse ka yone le tsela e e siameng e ba neng ba tshela ka yone. Go ise go ye kae ke fa ene le monna wa gagwe ba dumela go ithuta Bibela. E ne ya re fa ba kolobediwa, rraagwe mosadi o ne a mmolelela gore a se ka a tlhola a tla kwa legaeng la gaabo. Lefa go ntse jalo, boikutlo jwa gagwe bo ne jwa fetoga ka iketlo, mme o ne a amogela dibuka di sekae—ka maikaelelo a go supa kafa Basupi ba leng “phoso” ka teng. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re go ise go ye kae a lemoga gore se a neng a se ithuta ke boammaaruri, mme fa nako e ntse e tsamaya o ne a kolobediwa. Jaanong maloko a a fetang 20 a lelapa a kopanela le phuthego, ebile bontsi jwa one bo setse bo kolobeditswe.

Go tweng ka batho ba ba mo kgolegelong? A ba ne ba ka solegelwa molemo ke molaetsa wa Bogosi jwa Modimo? Basupi ba ga Jehofa ga ba ba itlhokomolose. Kwa kgolegelong nngwe ya kwa Amerika Bokone, thulaganyo ya go ithutia Bibela le magolegwa, mmogo le go nna teng kwa dipokanong tsa ka metlha tse di tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa kwa kgolegelong, di ile tsa dira gore go nne le matswela a a molemo thata mo balaodi ba kgolegelo ba neng ba letla gore go tshwarelwe dikopano koo. Ba ba neng ba nna teng kwa dikopanong tseno e ne e se magolegwa fela mme le Basupi ba le diketekete ba ba tswang kwa ntle. Le kwa dinageng tse dingwe le gone go dirwa maiteko ka tlhoafalo a gore go supelwe banna le basadi ba ba mo dikgolegelong.

Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele gore go ithuta Bibela go tla dira gore magolegwa otlhe a a leng mo kgolegelong a fetoge. Mme lefa go ntse jalo ba a itse gore boitemogelo bo supa gore bangwe ba bone ba ka thusiwa, mme ba batla go ba naya tshono ya go ikanya Bogosi jwa Modimo.

Maiteko A A Boaboelediwang a go Fitlhelela Dipelo

Basupi ba ga Jehofa ba etela batho kgapetsakgapetsa. Jaaka barutwa ba ntlha ba ga Jesu ba ne ba dira, le bone ba “ya ba sa kgaotse” kwa bathong ba ba leng mo ditshimong tse ba di abetsweng go leka go dira gore ba kgatlhegele Bogosi jwa Modimo. (Math. 10:6, 7, NW) Mo mafelong mangwe ba kgona go etela matlo otlhe a a leng mo lefelong la bone gangwe fela ka ngwaga; kwa go a mangwe, ba a etela morago ga dikgwedi dingwe le dingwe di sekae. Kwa Portugal, mo karolong e kgolo ya Lisbon, koo Mosupi a le 1 a lebaneng le baagi ba le 160, batho ba etelwa ke Basupi beke nngwe le nngwe kana go feta. Kwa Venezuela, go na le ditoropo tseo ditshimo tsa teng di akarediwang ka metlha ka makgetlo a a fetang le le lengwe ka beke.

Basupi ba ga Jehofa ga ba leke go pateletsa batho molaetsa wa Bibela ka go ba etela kgapetsakgapetsa. Se ba lekang go se dira fela ke go ba naya tshono ya gore ba dire tshwetso ka botlhale. Gompieno, batho bangwe ba ka nna ba bolela gore ga ba kgatlhege; mme lefa go ntse jalo diphetogo dingwe tse dikgolo tse di diragalang mo matshelong a bone kana mo maemong a lefatshe di ka nna tsa ba dira gore ba amogele boammaaruri ka nako e nngwe. Ka ntlha ya go nna le maikutlo a a sa siamang ka dilo kana ka ntlha ya go bo ba ne ba tshwaregile thata ba sa kgone go reetsa, batho ba bantsi ga ba ise ba utlwe se Basupi ba se rutang. Mme lefa go ntse ba ka nna ba reetsa fa ba ntse ba etelwa ka botsalano kgapetsakgapetsa. Batho gantsi ba kgatlhiwa thata ke boikanyegi le boitsholo jo bontle jwa Basupi ba ba agisaneng nabo kana ba ba dirang nabo. Ka ntlha ya seo, morago ga nako, bangwe ba bone ba kgatlhegela go itse molaetsa wa bone. Mosadi mongwe yo o ntseng jalo wa kwa Venezuela o ne a bolela jaana ka boitumelo, fa a sena go amogela dibuka a bo a dumela gore go ithutiwe nae Bibela mahala kwa gae: “Ga go na ope yo o kileng a ntlhalosetsa dilo tseno.”

Basupi ba leka ka bopelonomi go fitlhelela dipelo tsa bao ba buisanang le bone. Kwa Guadeloupe, koo go neng go na le Mosupi a le mongwe mo baaging bangwe le bangwe ba le 57 ka 1992, beng ba matlo ba tlhola ba re, “Ga ke kgatlhege.” Ka gone, Eric Dodote o ne a tlhola a araba jaana: “Ke a go tlhaloganya, mme ke ipaya mo boemong jwa gago.” Mme morago ga moo a bo a oketsa jaana: “Mme lefa go ntse jalo potso ke gore, A o ne o ka rata go tshela mo maemong a a leng botoka go gaisa a a leng teng gompieno?” Fa a sena go reetsa se mong wa ntlo a se bolelang, o ne a dirisa Bibela go mmontsha kafa Modimo o tla tlisang maemo a a ntseng jalo ka teng mo lefatsheng la Gagwe le lesha.

Go Akaretsa Tshimo Yotlhe ka Botlalo le go Feta

Mo dingwageng tsa bosheng go ile ga nna bokete thata go fitlhela batho kwa gae mo dinageng dingwe. Gantsi, monna le mosadi ba a dira, mme ka mafelobeke ba ka nna ba tsamaya ba ya go itlosa bodutu gongwe go sele. Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse dintsi ba neela bosupi ka ntlo le ntlo maitseboa gore ba kgone go rarabolola seno. Kwa Borithane, Basupi ba teng ga ba boele kwa ba neng ba sa fitlhela ope teng fela fa gare ga ura ya borataro le ya borobedi maitseboa mme ba bangwe, ba leka go ikgolaganya le batho pele ga ura ya borobedi mo mosong gore ba kgone go ba bona pele ba ya tirong.

Le eleng koo batho ba leng teng kwa gae, go ka nna ga nna bokete tota go bonana nabo fa ba sa go laletsa pele ka ntlha ya dikgato tse di tsewang go tlhomamisa tshireletsego ka go bo go tletse dikebekwa. Mme lefa go ntse jalo kwa Brazil, fa bangwe ba ba sa bonweng motlhofo ba santse ba dule go ya go iphokisa phefo phakela mo mosong kwa Lebopong la Copacabana, ba ka nna ba atamelwa ke Mosupi mongwe yo o tlhaga yo le ene a tsogileng phakela yo o setseng a le koo a ntse a buisana le ba bangwe malebana le kafa Bogosi jwa Modimo bo tlileng go rarabolola mathata a batho ka teng. Kwa Paris, kwa Fora, fa batho ba boela kwa dikagong tse ba nnang kwa go tsone tse di nang le matlo a mantsi maitseboa, ba ka nna ba fitlhela banyalani bangwe ba ba botsalano ba Basupi ba le gaufi le fa go tsenwang teng mo kagong eo, ba letetse go buisana le batho ba ba nnang foo ba ba ratang go senya metsotsonyana e sekae go utlwa se Modimo o tlileng go se dira go tlisa tshireletsego ya boammaaruri. Kwa Honolulu, kwa New York City, le kwa mafelong a mangwe a mantsi, gape go dirwa maiteko a go fitlhelela batho ba melao ya tshireletsego ya dikago tsa bone e gagametseng thata ka go ba leletsa mogala.

Fa ba kgonne go fitlhela mongwe mo legaeng lengwe le lengwe, Basupi ga ba re tiro ya bone e fedile. Se ba se eletsang ke gore ba fitlhelele batho ba bantsi kafa go ka kgonegang ka teng mo ntlong nngwe le nngwe. Seno ba se dira ka go etela teng ka malatsi a a farologaneng kana ka dinako tse di farologaneng. Kwa Puerto Rico, fa mong wa ntlo a ne a ka re ga a kgatlhege, Mosupi o ne a mmotsa gore a ga go na mongwe o sele mo ntlong yoo a neng a ka buisana le ene. Seno se ne sa felela ka gore a tlotle le monna wa ntlo eo, yoo a neng a na le dingwaga di le 14 a ntse a lwala a nna fela mo bolaong jwa gagwe. Pelo ya gagwe e ne ya itumedisiwa thata ke go utlwa dilo tse Lefoko la Modimo le di solofetsang. Ereka a ne a simolola go kgatlhegela go tshela, go ise go ye kae ke fa a tsoga mo bolaong jwa gagwe, a ya kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi, a bo a bolelela ba bangwe ka dilo tse di solofeditsweng tseno tse a neng a di utlwile.

Go Neela Bosupi Thata Fa Bokhutlo Bo Ntse Bo Atamela

Go na le selo se sengwe gape se se neng sa thusa thata gore go neelwe bosupi ka maatla mo dingwageng tsa bosheng. Seno ke palo e e oketsegang ka lebelo ya Basupi bao ba direlang jaaka babulatsela. Ereka ba eletsa thata go senya nako ya bone e ntsi kafa ba ka kgonang ka teng mo go direleng Modimo, le ka gonne ba amegile ka lorato ka batho ba bangwe, ba rulaganya mabaka a bone gore ba kgone go senya diura di le 60, 90, 140 kana go feta mo bodiheding jwa tshimo kgwedi nngwe le nngwe. Jaaka fa go ne go ntse ka moaposetoloi Paulo ka nako ya fa a ne a rera kwa Korintha, kwa Greece, ba ba tsenelang tirelo ya bobulatsela ba “tshwaregile thata ka lefoko,” ba batla go neela batho ba bantsi kafa go ka kgonegang ka teng bosupi kaga Bogosi jwa Bomesia.—Dit. 18:5, NW.

Ka 1975 go ne go na le babulatsela ba le 130 225 lefatshe ka bophara. Ka 1992 go ne go na le palogare ya ba le 605 610 kgwedi le kgwedi (go balelwa le babulatsela ba ka metlha, ba ba thusang, le ba ba kgethegileng). Ka gone, mo lobakeng loo mo go lone palo ya Basupi lefatshe ka bophara e ileng ya oketsega ka 105 lekgolong, ba ba ileng ba dira gore ba kgone go nna le seabe mo bodiheding jwa nako e e tletseng ba ile ba oketsega ka 365 lekgolong! Ka ntlha ya seo, selekanyo sa nako eo tota e senngwang go neelwa bosupi se ile sa tlhatloga go tloga go diura di le dimilione di le 382 go ya go diura tse di batlileng di feta dimilone di le sekete ka ngwaga!

‘Yo Monnye O Fetogile Makgolo a le Some’

Jesu Keresete o ne a roma balatedi ba gagwe gore e nne basupi ba gagwe go fitlha kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe. (Dit. 1:8) Jehofa o ne a bolelela pele jaana, a dirisa moperofeti Isaia: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isa. 60:22) Pego e bontsha ka phepafalo gore Basupi ba ga Jehofa ba dira go ya kafa Jesu a neng a bolelela pele ka teng, mme ba ile ba oketsega fela ka tsela e Modimo o neng o boleletse pele gore ba tla oketsega ka yone.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e ela go fela, ba ne ba fitlhelwa thata kwa Amerika Bokone le kwa Yuropa; go ne go na le bangwe mo Afrika; mme ditlhophanyana tse dinnye tsa bangwe di ne di gasame mo lefatsheng lotlhe. Ba ne ba ise ba fitlhelele naga nngwe le nngwe ka molaetsa wa Bogosi, ebile ba ne ba ise ba fitlhelele karolo nngwe le nngwe ya dinaga tse ba neng ba rera kwa go tsone. Lefa go ntse jalo, dilo di ne tsa fetoga ka lobelo lo lo gakgamatsang.

A o ke o akanye ka Amerika Bokone. Naga ya teng e simolola kwa bokone jwa Canada go fitlha kwa Panama, mme go na le dinaga di le robong fa gare. Ka 1945 go ne go na le Basupi ba le 81 410 mo lefelong leno le le boitshegang. Dinaga tse nne mo go tseno di ne tsa bega Basupi ba ba kafa tlase ga ba le 20 e le nngwe, mme go ne go na le naga e le nngwe mo go tsone e tiro ya go rera e neng e dirwa mme e sa rulaganngwa sentle. Fa esale go tloga ka nako eo, go ne ga neelwa bosupi thata ebile bo neelwa ka metlha mo dinageng tseno tsotlhe. Ka 1992, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 1 440 165 mo karolong eno ya lefatshe. Mo dinageng tse dintsi tsa tseno, Mosupi mongwe le mongwe, go ya ka palogare, jaanong o na le batho ba le makgolonyana a sekae fela ba a tshwanetseng go ba neela bosupi. Karolo e kgolo ya baagi e etelwa ke Basupi mo dikgweding dingwe le dingwe di sekae; ba le bantsi ba bone ba etelwa beke nngwe le nngwe. Go tshwarwa dithuto tsa magae tsa Bibela di feta 1 240 000 ka metlha le motho mongwe le mongwe yo o kgatlhegang mmogo le ditlhopha.

Go tweng ka Yuropa? Karolo eno ya lefatshe e simologa kwa borwa jwa Scandinavia e felela kwa Mediterranean. Ka kwa ntle ga lefelo le pele le neng le bidiwa Soviet Union, go ne go setse go neetswe bosupi jo bo seng kana ka sepe kwa Yuropa pele ga Ntwa ya Lefatshe II. Fa esale go tloga ka nako eo, go ne ga nna le dikokomana tse disha tsa batho, mme le bone ba bontshiwa go tswa mo Dikwalong gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo ema mo boemong jwa dipuso tsotlhe tsa batho. (Dan. 2:44) Mo Basuping ba le diketenyana di sekae fela ba ba neng ba dira tiro ya bone ya go rera ba thibetswe ka nako ya ntwa, palo ya baboledi ba Bogosi kwa dinageng di le 47 tse dipego tsa tsone di ileng ts gatisiwa ka 1992 e ne e tlhatlogetse go 1 176 259, go akaretsa le mafelo a pele e neng e le karolo ya U.S.S.R., kwa Yuropa le kwa Asia. Mo go nngwe le nngwe ya dinaga tse tlhano tseno—Borithane, Fora, Jeremane, Italy, le Poland—go ne go na le Basupi ba ba tlhaga ba feta 100 000. Mme Basupi bano ba ne ba dira eng? Pego ya bone ya 1992 e bontsha gore mo ngwageng oo, ba ne ba senya diura tse di fetang 230 000 000 ba rera phatlalatsa, ba etela batho ka ntlo le ntlo, le go ithuta nabo Bibela kwa magaeng a bone. Mo tirong eno ya bone ya go rera efangele, Basupi bano ga ba a ka ba tlola le repaboloki e nnye ya San Marino, dinaga tse di busiwang ke dikgosana jaaka Andorra le Liechtenstein, kana Gibraltar. Eleruri, go ne go neelwa bosupi joo bo neng bo boleletswe pele.

Afrika le yone e neelwa bosupi fela thata. Dipego di bontsha gore go tla go fitlha ka 1945, mafoko a a molemo a ne a fitlhile kwa dinageng di le 28 tsa kontinente eo, mme lefa go ntse jalo go ne go sa neelwa bosupi thata mo dinageng tse dintsi tsa tseno. Lefa go ntse jalo, fa esale go tloga ka nako eo go ile ga dirwa go le gontsi koo. Ka 1992, go ne go na le Basupi ba ba tlhaga ba le 545 044 mo kontinenteng ya Afrika, ba rera mafoko a a molemo mo dinageng di le 45. Kwa moketeng wa Sejo sa Morena sa Maitseboa mo ngwageng oo, go ne go na le ba le 1 834 863. Ka gone, ga se fela gore ba oketsega ka tsela e e gakgamatsang koo mme gape go bonala sentle gore ba ka nna ba oketsega thata!

Pego ya kwa Amerika Borwa le yone e a gakgamatsa. Le mororo go ne go fitlheletswe dinaga tsotlhe tsa teng tse 13 kwa ntle ga e le nngwe fela ka molaetsa wa Bibela pele ga Ntwa ya Lefatshe II, ka nako eo go ne go na le diphuthego di le 29 fela mo kontinenteng eo yotlhe, mme tiro ya go rera e ne e ise e dirwe ka thulaganyo mo dinageng dingwe tsa koo. Ka gone bontsi jwa tiro ya go rera ka Bogosi e ne e tlile go dirwa mo isagweng. Fa esale go tloga ka nako eo Basupi ba koo ba ile ba dira ka natla. Ba ba ileng ba nyorololwa ke metsi a botshelo ba ile ba laletsa ba bangwe ka boitumelo, ba re: ‘Tlang, lo tsee metsi a botshelo fela a sena theko.’ (Tshen. 22:17) Ka 1992, go ne go na le batlhanka ba ga Jehofa ba le 683 782 mo diphuthegong di le 10 399 kwa Amerika Borwa ba ba neng ba nna le seabe ka boitumelo mo tirong eno. Ba bangwe ba bone ba ne ba ya kwa dikarolong tsa teng tse di neng di sa neelwe bosupi ka botlalo. Ba bangwe ba ne ba nna ba etela kgapetsakgapetsa koo go neng go setse go neetswe bosupi teng, go kgothaletsa batho ba teng gore ba ‘leke mme ba bone fa Jehofa a se molemo.’ (Pes. 34:8) Ba ne ba tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae ka metlha di le 905 132 go thusa batho ba ba kgatlhegang gore ba tshele go ya ka ditsela tsa ga Jehofa.

Gape a o ke o akanye fela ka Asia le ditlhaketlhake tse dintsi mmogo le ditlhopha tsa ditlhaketlhake tse di mo lefatsheng lotlhe. Ba ne ba kgona go dira eng koo? Go tla go fitlha fa ntwa e sena go fela, bontsi jwa mafelo ano a ne a batla a ise a bolelelwe kaga Bogosi. Mme lefa go ntse jalo Jesu Keresete o ne a boleletse pele gore mafoko a a molemo a Bogosi a ne a tla rerwa “mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Math. 24:14) Tumalanong le seo, mo masomeng a dingwaga a fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go feta, go rerwa ga mafoko a a molemo goo mo nakong e e fetileng go neng go ile ga fitlha kwa dinageng, ditlhaketlhakeng, le mo ditlhopheng tsa ditlhaketlhake tseno di le 76 go ile ga anamela kwa go tse dingwe di le 40 mme go ile ga dirwa ka maatla kwa mafelong a a neng a setse a kile a fitlhelelwa. Mo tshimong eno e kgolo, ka 1992 go ne go na le Basupi ba ba ineetseng ba feta 627 537 ba ba neng ba itumelela go itsise “ditihō [tsa ga Jehofa] tsa bonatla, le kgalalèlō ea borèna yoa bogosi yoa gagwè.” (Pes. 145:11, 12) Bodihedi jwa bone bo ne bo se motlhofo. Mo mafelong mangwe ba ne ba tshwanela go tsamaya diura tse dintsi ka mokoro kana ka sefofane gore ba fitlhe kwa ditlhaketlhakeng tse di leng kwa thoko mo tshimong ya bone. Mme lefa go ntse jalo ka 1992 ba ne ba senya diura tse di fetang 200 000 000 mo tirong ya go rera efangele mme ba tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae di le 685 211 ka metlha.

Go diragadiwa ga tsholofetso ya gore ‘yo monnye o tla nna makgolo a le some’ eleruri go diragetse, ebile ka tsela e kgolo tota! Mo nageng nngwe le nngwe ya tse 50 go ne go sena le ene yo ‘yo mmonye’—koo go neng go sena Basupi bape fela ba ga Jehofa ba ba neng ba rera bogologolo ka 1919—gompieno go na le batho ba ba bakang Jehofa ba ba fetang sekete. Mo go dingwe tsa dinaga tseno, jaanong go na le Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete tse di masomesome, ee, le eleng ba ba fetang dikete di le lekgolo, ba ba bolelang ka Bogosi jwa Modimo ba le tlhaga! Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ile ba nna “morahe o o thata”—palo ya bone fa ba kopantswe botlhe lefatshe ka bophara ba feta baagi ba merafe mengwe e e ipusang ya lefatshe e le 80.

Go Ne go Neelwa Bosupi go le Kana Kang kwa “Dinageng Tse Dingwe”?

Ka 1992 dinaga tse di fa godimo di ne di akaretsa “dinaga tse dingwe” tse 24—tse Basupi ba ga Jehofa ba neng ba thibetswe ke puso e ba gagamaleditse tota mme ka gone dipego tsa tsone tsa baboledi di sa felela. Go ile ga neelwa bosupi thata mo go dingwe tsa dinaga tseno. Lefa go ntse jalo palo ya Basupi mo dinageng tse dingwe e nnye thata. Go santse go na le batho ba ba iseng ba utlwe molaetsa wa Bogosi. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisa gore bosupi bo tla neelwa kafa go tlhokegang ka teng. Ka ntlha yang?

Ka gonne Dikwalo di bontsha gore Jesu Keresete o okametse tiro eno ka boene a le kwa setulong sa gagwe sa bogosi kwa legodimong. (Math. 25:31-33) Kafa tlase ga kaelo ya gagwe ‘moengele yo o fofang fa gare ga legodimo’ o filwe boikarabelo jwa gore a bolele mafoko a a molemo a a sa khutleng le gore a kgothaletse “chaba ñwe le ñwe, le locō, le puō, le batho” gore ba ‘boife Modimo le go o naya kgalalelo.’ (Tshen. 14:6, 7) Ga go na puso epe kwa legodimong kana mo lefatsheng eo e ka thibelang Jehofa gore a gogele mo go ene bao ba “laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ.”—Dit. 13:48; Yoh. 6:44.

Ga go na karolo epe ya lefatshe e e leng kwa thoko mo e ka sekang ya fitlhelelwa ka molaetsa wa Bogosi. Balosika ba a eta. Difouno le makwalo di tsamaisa dikgang. Borakgwebo, badiri, baithuti, le bajanala ba kopana le batho ba merafe e mengwe. Jaaka fa go ne go ntse mo nakong e e fetileng, go ntse jalo le gompieno, dikgang tse di molemo tsa gore Jehofa o tlhomile Kgosi ya gagwe ya selegodimo e e nang le thata ya go laola mo setulong sa bogosi di tswelela go itsisiwe ka ditsela tseno. Baengele ba ka kgona go dira gore ba ba bolailweng ke tlala le lenyora la go itse boammaaruri le go direlwa tshiamo ba fitlhelelwe.

Fa e le gore thato ya Morena ke gore go rerwe molaetsa wa Bogosi ka tlhamalalo mo mafelong mangwe a dipuso tsa teng di santseng di kgoreletsa seno le go fitlha jaanong, Modimo a ka tlisa maemo a a tla dirang gore dipuso tseo di fetole melao ya tsone. (Dia. 21:1) Mme koo go santseng go ka bulega sebaka teng, Basupi ba ga Jehofa ba tla ithaopa ka boitumelo go tlhomamisa gore batho ba kwa dinageng tseno ba thusiwa thata kafa go ka kgonegang ka teng gore ba ithute ka boikaelelo jo bo lorato jwa ga Jehofa. Ba ikemiseditse go tswelela pele go dira ba sa kgaotse go fitlha Jehofa a ba bolelela ka Jesu Keresete gore tiro e weditswe!

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwere ka natla ba rera mo dinageng di le 229 ka 1992. Mo go one ngwaga oo mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a ne a fitlhile kwa dinageng di le 235. Di le lesome mo go tseno di ne tsa fitlhelelwa la ntlha morago ga 1975.

Go ne ga neelwa bosupi ka botlalo go le kana kang? Mo dingwageng tsa ntlha di le 30 morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba senya diura di le 4 635 265 939 ba rera le go ruta ka leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, ereka Basupi ba oketsegile ebile ba le bantsi mo go bone ba le mo tirelong ya nako e e tletseng, mo dingwageng tse 15 tse di neng tsa latela morago ga moo (sephatlo fela sa dingwaga tsotlhe), go ne ga senngwa diura di le 7 858 677 940 go neelwa bosupi phatlalatsa le ka ntlo le ntlo le mo go tsamaiseng dithuto tsa magae tsa Bibela. Mme tiro eno e ne ya tswelela e dirwa ka maatla, jaaka fa ba ne ba bega diura tse dingwe di le 951 870 021 mo tirong eno ya 1990/91 mme mo ngwageng o o latelang ba ne ba bega diura tse di fetang dikete di le lesome.

Ga go na setlhopha sepe se se ka gaisang Basupi fa go tla mo selekanoyong sa dibuka tsa Bibela tse ba di anamisiwang go itsise kaga Bogosi, mmogo le dipuo tse dintsintsi tse di bonwang ka tsone. Dipego tseno ga di a felela; mme lefa go ntse jalo dipego tse di santseng di le teng di bontsha gore fa gare ga 1920 le 1992 batho ba ba kgatlhegang ba ne ba tsamaisediwa dibuka, dibukana, diboroutšhara, le dimakasine di le 10 107 565 269 mmogo le dipampitshana tse go sa neelwang palo ya tsone di le dibilionebilione ka dipuo di le 294.

Ka nako ya fa seno se ne se kwalwa, go ne go santse go neelwa bosupi mo lefatsheng lotlhe. Mme lefa go ntse jalo tiro e e ileng ya dirwa mmogo le maemo ao e ileng ya dirwa kafa tlase ga one ke bosupi jwa kafa moya wa Modimo o dirang ka gone.

[Mafoko a a mo go tsebe 502]

Dikopano tse dikgolo le boitshwaro jwa Bokeresete jwa ba ba tlileng kwa go tsone di ne di dira gore batho ba ba ele tlhoko

[Mafoko a a mo go tsebe 505]

“Fa go tla mo go direng dilo ka thulaganyo, mo go nneng le kagiso, le mo go nneng ga bone phepa, batho ba ba mo kopanong eno ke dikao tse di tshwanetseng go ediwa”

[Mafoko a a mo go tsebe 507]

Dikopano tse di tlhomologileng di ne tsa tshwarelwa kwa mafelong a Basupi ba neng ba na le masome a dingwaga ba thibetswe kwa go one

[Mafoko a a mo go tsebe 508]

Ditone di le diketekete tsa dibuka tsa Bibela di ile tsa isiwa kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba

[Mafoko a a mo go tsebe 509]

Bagolwane ba ba tshwanelang sentle ba ne ba ithaopela go fudugela kwa dinageng tseo ba tlhokegang thata kwa go tsone

[Mafoko a a mo go tsebe 516]

Se ba se eletsang ke gore ba fitlhelele batho ba bantsi kafa go ka kgonegang ka teng mo ntlong nngwe le nngwe

[Mafoko a a mo go tsebe 518]

Ba oketsega ka tsela e e gakgamatsang go bonala ba santse ba ka oketsega gape

[Dikerafa/Ditshwantsho mo go tsebe 513]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Koketsego ya Baboledi ba Bogosi kwa Dinageng tsa Botlhaba

India

10,000

5,000

1950 1960 1970 1980 1992

Repaboliki ya Korea

60,000

30,000

1950 1960 1970 1980 1992

Japane

150,000

100,000

50,000

1950 1960 1970 1980 1992

[Setshwantsho mo go tsebe 503]

Setadiamo sa Morumbi, kwa São Paulo, kwa Brazil, (se se supilweng) fa tlase le Setadiamo sa Maracanã, kwa Rio de Janeiro, di ne tsa tlhokega ka bobedi jwa tsone ka nako e le nngwe ka 1985 gore bontsintsi jwa ba ba neng ba tlile kopanong ya Basupi ba ga Jehofa bo bone manno

[Ditshwantsho mo go tsebe 504]

Bangwe ba bao ba neng ba ile go kolobediwa kwa Chorzów, kwa Poland, ka 1989

[Ditshwantsho mo go tsebe 506]

Dingwe tsa Dikopano Tse Di Tlhomologileng tsa 1991

Prague, Czechoslovakia

Tallinn, Estonia (kafa mojeng)

Zagreb, Croatia (kafa mojeng)

Budapest, Hungary (kwa godimo)

Baia-Mare, kwa Romania (kafa mojeng)

Usolye-Sibirskoye, kwa Russia (fa tlase)

Alma-Ata, Kazakhstan (kwa godimo)

Kiev, Ukraine (kafa molemeng)

[Ditshwantsho mo go tsebe 511]

Dikopano tsa merafe yotlhe tsaBasupi ba ga Jehofa, kwa St. Petersburg, kwa Russia, ka 1992

Moya wa botsalano fa gare ga meraferafe

Go tswa kwa Russia

Go tswa kwa Moldova

Go tswa kwa Ukraine

Go ne go na le basha ba bantsi

M. G. Henschel (kafa molemeng) o tlotla ka thulaganyo le Stepan Kozhemba (fa gare), a thusiwa ke moranodi

Ba ba neng ba tlile kopanong ba tswa kwa dinageng di sele ba ne ba tla ka Dibibela tsa Se-Russia gore Basupi ba di dirise mo Russia yotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 512]

Kereke ya Katoliki e ne ya simolola go lwantsha Basupi ka bo1980, jaaka fa dikarolwana tseno tsa pampiri ya dikgang ya kwa Italy di supa

[Setshwantsho mo go tsebe 514]

Fa dikepe di ema kwa Rotterdam, kwa Netherlands, Basupi ba teng koo go buisana le banna bao kaga Bogosi jwa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 515]

Le eleng koo tshimo ya teng e dirwang yotlhe kgapetsakgapetsa, jaaka fa seno se bonwa fano kwa Guadeloupe, Basupi ba tswelela pele ba leka go fitlhelela dipelo tsa baagisani ba bone ka mafoko a a molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela