LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 22 ts. 462-ts. 501 ser. 5
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barongwa Ba Neela Bosupi ka Maatla kwa West Indies
  • Go Neela Bosupi Pele mo Ditoropong tse Dikgolo
  • Go Batla ba Sekadinku ka Bopelotelele
  • Go Ruta Thuto E E Nayang Botshelo
  • Go Kopana Mmogo Fa Ba Ntse Ba Bogisiwa
  • Go Direla kwa go Tlhokegang Thuso Thata Teng
  • Go Fitlhelela Ditlhaketlhake tsa Pacific
  • Ba Patikiwa Ke Balelapa le Batho ba Motse
  • Fa Baruti Ba Ba Ganetsa Fela Thata
  • Boammaaruri Jo bo Elelang Jaaka Morwalela mo Afrika
  • Ka Nako ya Fa Ba Ne Ba Kgorelediwa
  • Barutwa Ba Ba Tlhaloganyang Eleruri
  • Go Lebana le Bothata jwa Ba Ba Sa Itseng go Bala le go Kwala
  • Go Ruta ka go Dirisa Ditshwantsho tsa Dibaesekopo Mmogo le Ditshwantsho tsa Diselaete
  • Go Lemoga Ba E Leng Dinku Tota
  • Go Ikgolola mo Maatleng a Dipheko
  • Badiri Ba Ba Oketsegileng Ba Nna le Seabe mo Thobong
  • Go Rerela Babusi le Dikgosi
  • Dinaga tsa Botlhaba Di Tlhagisa Batho Ba Ba Bakang Jehofa
  • Maemo A Ne A Ntse Jang kwa Yuropa?
  • Dikopano Di Ne Tsa Thusa go Neela Bosupi
  • Fa Batho Ba Bua Puo E Sele
  • Thobo E Kgolo Le Mororo Go Na le Dikgoreletsi
  • Go Dira Ditshimo Tse Di Sa Abiwang
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 2—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 3—Go Neela Bosupi go Fitlha Kwa Dintlheng Tsotlhe Tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 22 ts. 462-ts. 501 ser. 5

Kgaolo 22

Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe

Ka nako ya fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e santse e larile, Basupi ba ga Jehofa bone ba ne ba thaya motheo wa tiro e e oketsegileng e e neng e tla dirwa morago ga ntwa. Pego e e mo go tsebe 462 go fitlha ka 501 e tlhalosa ka botlalo ditiragalo tse di kgatlhang tsa se tota se neng se diragala go simologa ka 1945 go fitlha ka 1975 fa dipalo tsa bone di ne di ntse di oketsega, ba ntse ba fitlha kwa dinageng tse dintsi, le fa ba ntse ba dira tiro ya go rera le go ruta Lefoko la Modimo ka botlalo go gaisa pele.

BONTSI jwa ditlhaketlhake tsa West Indies di ne di setse di reretswe molaetsa wa Bogosi ka mokgwa mongwe ka 1945. Lefa go ntse jalo go ne go santse go tlhokega gore go neelwe bosupi ka botlalo. Barongwa ba ba thapisitsweng kwa Sekolong sa Gileade ba ne ba nna le seabe sa botlhokwa fela thata mo go seno.

Barongwa Ba Neela Bosupi ka Maatla kwa West Indies

Barongwa bano ba ne ba setse ba diretse mo ditlhaketlhakeng kgotsa mo ditlhopheng tsa ditlhaketlhake tsa Caribbean di le 27 ka 1960. Fa barongwa ba goroga halofo ya mafelo ano e ne e sena diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Barongwa ba ile ba tswelela ba ithuta Bibela le batho ba ba kgatlhegang kwa magaeng a bone, ba bo ba rulaganyetsa gore go nne le dipokano ka metlha. Kwa go neng go setse go na le diphuthego teng, ba ne ba thapisa baboledi ba lefelo leo ka tsela e e molemo tota. Seo se ne se felela ka gore boleng jwa dipokano bo tokafale ba bo ba nne ditswerere mo bodiheding.

Baithuti ba Bibela ba pele ba ne ba setse ba rerile kwa Trinidad pele ga Ntwa ya Lefatshe I, mme fa barongwa ba Gileade ba sena go goroga ka 1946, ba ne ba ba kgothaletsa gore batho ba ba kgatlhegang ba tshwarelwe dithuto tsa Bibela kwa magaeng a bone. Kwa Jamaica e ne e setse e le lobaka lo lo ka tshwarang dingwaga tse di masome a matlhano go ntse go rerwa mafoko a a molemo teng, mme fa barongwa ba ntlha ba goroga teng go ne go setse go na le Basupi ba le sekete koo; mme legale ba ne ba itumelela go bo ba ne ba tlile go thusiwa go kgona go fitlhelela batho ba ba rutegileng, bogolo jang mo mafelong a metsesetoropo e e neng e le gaufi le moshate. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ne go setse go reretswe batho ba ba buang Seesemane kwa Aruba, ka jalo barongwa ba ne ba itebaganya thata le beng ba gae. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tshwanetse go utlwa mafoko a a molemo.

Go tlhomamisa gore batho botlhe ba ba mo ditlhaketlhakeng tse di mo karolong eno ya lefatshe ba utlwa molaetsa wa Bogosi jwa Modimo, ka 1948 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa baakanya seketswana se se bidiwang Sibia sa boleele jwa dimetara di le 18 go se dira legae la barongwa le le tsamayang mo metsing. Bapagami ba sone ba ne ba abetswe go isa molaetsa wa Bogosi kwa setlhaketlhakeng sengwe le sengwe sa West Indies kwa go neng go sena ope yo o neng a rera mafoko a a molemo teng. Se ne se eteletswe pele ke Gust Maki, mme o ne a na le Stanley Carter, Ronald Parkin, le Arthur Worsley. Ba ne ba simolola ka tsa Out Islands tse di mo go tse di mo setlhopheng sa Bahamas, mme ba ne ba tsamaya ba dira ba lebile ntlheng ya borwabotlhaba go feta ka Leeward Islands le Windward Islands. Loeto lwa bone lo ne lwa thusa jang? Kwa St. Maarten mogwebi mongwe o ne a ba raya a re: “Batho ba ne ba se ka ba bua ka Bibela, mme fa lo sa le lo goroga mono mongwe le mongwe o bua ka Bibela.” Moragonyana Sibia e ne ya emisetswa ka mokoro o mogolwane o o neng o bidiwa Light. Go ne ga tla bapagami ba basha. Mo dingwageng tse di lesome go ne go setse go weditswe tiro e e kgethegileng e e neng e dirwa ka mekoro eno, mme baboledi ba mafoko a a molemo ba ba sa diriseng mekoro ba ne ba tswelela pele.

Go Neela Bosupi Pele mo Ditoropong tse Dikgolo

Fela jaaka go ne go ntse kwa West Indies, go ne go ntse fela jalo le kwa Amerika Bogare le Amerika Borwa, go ne go setse go ntse go na le batho ba ba neng ba na le dikgatiso dingwe tsa Mokgatlho wa Watch Tower mo mafelong a mantsi pele barongwa ba ba tswang kwa Sekolong sa Gileade ba goroga. Lefa go le jalo, go ne go tlhokega gore go tokafadiwe thulaganyo gore go fitlhelelwe mongwe le mongwe ka mafoko a a molemo le go thusa ba ba peloephepa gore ba nne barutwa ba mmatota.

Fa ntwa ya lefatshe ya bobedi e khutla ka 1945, go ne go setse go na le makgolokgolo a Basupi ba ga Jehofa kwa Argentina le kwa Brazil; le ba ba ka tshwarang dikete tse tharo kwa Mexico; diphuthego di sekae tse dipotlana kwa British Guiana (e jaanong e leng Guyana), Chile, Dutch Guiana (e jaanong e leng Suriname), Paraguay, le Uruguay; baboledi ba sekae kwa Colombia, Guatemala, le Venezuela. Mme fa e le ka Bolivia, Ecuador, El Salvador, Honduras, le Nicaragua, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e sa dirwe ka tsela epe e e tlhomameng go fitlha barongwa ba ba neng ba thapisitswe kwa Sekolong sa Gileade ba goroga.

Kwa tshimologong barongwa ba ne ba itebaganya thatathata le mafelo a a neng a na le batho ba bantsi. Go bonala sentle gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a rera thata mo ditoropong tse di mo ditseleng tse dikgolo tsa Asia Minor le tsa Greece. Kwa Korintha, e e leng nngwe ya ditoropo tse di neng di itsege thata tsa Greece wa maloba, Paulo o ne a tsaya dikgwedi di le 18 a ruta Lefoko la Modimo koo. (Dit. 18:1-11) Kwa Efeso, e e neng e le makgabaganyo a ditsela a baeti le bagwebi ba bogologolo, o ne a bolela ka Bogosi jwa Modimo ka lobaka lo lo fetang dingwaga tse pedi.—Dit. 19:8-10; 20:31.

Ka tsela e e tshwanang, fa Edward Michalec le Harold Morris, baalogi ba Sekolo sa Gileade, ba ne ba goroga kwa Bolivia ka 1945, ba ne ba se ka ba batla lefelo le le nang le maemo a a siameng go a gaisa otlhe a bosa. Go na le moo, ba ne ba simolola ka go itebaganya le La Paz, moshate o o agilweng mo dithabeng tsa Andes tse di bogodimo jwa dimetara di le 3 700. Ke bothata tota go pagama mebila e e mokong fa o le kwa godimo jalo bogolo fa o santse o goroga koo; gantsi dipelo tsa bone di itaya jaaka dihamole tse ditona tota. Mme lefa go le jalo barongwa ba ne ba fitlhelela batho ba bantsi ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bibela. Gone mo moshateng oo, ba ne ba tlwaetse go utlwa ba bolelelwa jaana: “Ke Moroma Katoloki tota, mme lefa go ntse jalo ga ke rate baruti.” Mo dikgweding tse pedi fela, barongwa ba babedi bao ba ne ba setse ba tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa legae di le 41.

Mo dingwageng tse di lesome tse di latelang, fa barongwa ba ba oketsegileng ba ntse ba goroga le palo ya Basupi ba koo e ntse e oketsega, go ne ga itebaganngwa le ditoropo tse dingwe tsa Bolivia: Cochabamba, Oruro, Santa Cruz, Sucre, Potosí, le Tarija. Go tswa foo, ke gone go neng go ka itebaganngwa le ditoropo le ditorotswana le metseselegae.

Ka tsela e e tshwanang, kwa Colombia barongwa ba ne ba simolola mo motsemogolo go rera ka thulaganyo eleng Bogotá, ka 1945, mme mo ngwageng o o latelang ba ne ba dira kwa toropong e e mo lotshitshing lwa lewatle ya Barranquilla. Morago ga moo, ka bonya ka bonya go ne ga itebaganngwa le Cartagena, Santa Marta, Cali, le Medellín. Go ne go kgonwa go bonwa batho ba bantsi ka nako e khutshwane ka go dira mo metsemegolo e megolo pele. Batho ba ba neng ba setse ba ithutile boammaaruri ba ne ba tla thusa go fetisetsa molaetsa kwa mafelong a a mo tikologong.

Fa e le gore go ne go sena batho ba bantsi ba ba kgatlhegang mo toropong, barongwa ba ne ba isiwa kwa mafelong a mangwe. Ke gone ka moo, kwa Ecuador, erileng morago ga dingwaga tse tharo go ise go nne le motho ope yo a neng a le pelokgale gore a ka emela boammaaruri kwa Cuenca e e gagamaletseng bodumedi ka bo1950, Carl Dochow a neng a fudusediwa kwa Machala, motsemogolo o o nniwang ke batho ba ba sa tshwenyeng ba ba reetsang dikgopolo tsa ba bangwe. Lefa go le jalo, morago ga dingwaga di le lesome, batho ba Cuenca ba ne ba fiwa tshono e nngwe gape. Go ne ga fitlhelwa batho ba na le maikutlo a a farologaneng, dikgoreletsi di ne tsa fenngwa, mme erile ka 1992 go bo go na le batho ba ba fetang 1 200 mo Cuenca le mo tikologong ya yone ba ba fetogileng Basupi ba ga Jehofa mme ba rulagantswe ka diphuthego di le 25!

Go Batla ba Sekadinku ka Bopelotelele

Ba ne ba tlhoka go nna pelotelele thata go batla batho ba ka boammaaruri e neng e le ba sekadinku. Gore ba ba bone kwa Suriname, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rerela Ba-Amerindian, Ba-China, Ba-Indonesia, Bajuda, Balebanona, ditlogolwana tsa bathibeledi ba Ba-Dutch, le merafe ya mo dikgweng ya Ba-Bush Negro, ba borraabomogolo e neng e le makgoba a a neng a thoba. Go ne ga fitlhelwa mo go bone go na le makgolokgolo a ba ba neng ba tshwerwe ke tlala ya go utlwa boammaaruri. Bangwe ba bone ba ne ba tshwanelwa ke gore ba kgaogane le kobamelo ya medimo ya disetwa le tirisabadimo. Mongwe wa bao e ne le Paitu, yo e neng e le ngaka ya ditaola yo a neng a dumela molaetsa wa Bibela a bo a latlhela ditshwantsho tsa gagwe, dipheko, le mere e e nowang mo nokeng. (Bapisa Duteronome 7:25; 18:9-14; Ditihō 19:19, 20.) O ne a ineela mo go Jehofa, Modimo wa boammaaruri, ka 1975.

Palo e ntsinyana ya batho ba Peru e nna mo metsaneng e e gasameng mo dithabeng tsa Andes le mo dikgweng tse di dikologileng kwa Amazon e simologang teng. Go ne go tla fitlhiwa jang kwa go bone? Ka 1971 lelapa lengwe la Basupi le le neng le tswa kwa United States le ne la ya kwa Peru go ya go etela morwaabone ebong Joe Leydig yo e neng e le morongwa koo. Fa ba ne ba lemoga palo e e kalo ya metsana e e neng e gasagasame mo mefapheng ya dithaba, go amega ga bone ka batho bano go ne ga ba tlhotlheletsa gore ba dire sengwe. Kwa tshimologong ba ne ba thusa ka koloi e e agetsweng ntlo mo go yone e le nngwe fela, morago ga foo ka tse pedi, le dithuuthuu tse di diretsweng go tsamaya mo ditseleng tse di sa siamang, gore di dirisetswe go rerela mafelo a a kwa thoko.

Lefa go ne go tserwe matsapa a a kalo, go ne go lebega fa kwa mafelong a mangwe e ne e le palo e e seng ya sepe fela e e neng e kgatlhegela molaetsa wa Bibela. O ka akanya fela kafa setlhopha sa barongwa ba barataro ba babotlana se se neng se le kwa Barquisimeto, kwa Venezuela, se neng sa ikutlwa ka teng kwa tshimologong ya bo1950, fa ba ne ba sa bone kgatelo pele epe morago ga go rera ka botswerere ka lobaka lwa ngwaga. Le mororo batho ba teng ba ne ba le botsalano, bontsi jwa bone bo ne bo tseneletse thata mo tumelabotlhoding mme ebile ba tsaya gore go bala temana mo Bibeleng ke boleo. Motho ope fela yo o neng a kgatlhega o ne a kgojwa marapo ke balosika kana baagisani ka bonako fela. (Math. 13:19-21) Mme legale, ereka ba ne ba dumela tota gore go tshwanetse ga bo go na le bangwe ba sekadinku mo Barquisimeto le gore Jehofa o ne a tla ba kokoanya ka nako ya gagwe, barongwa ba ne ba tswelela ka go nna ba tsamaya le matlo. Ke gone ka moo Penny Gavette a neng a itumela thata, fa e ne e re letsatsi lengwe mosadi mongwe yo o tsofetseng a ne a mo reetsa a bo a re:

“Mma we, go tswa fela ka nako ya fa ke santse ke le mosetsanyana, ke sale ke emetse gore mongwe a tle mo ntlong ya me mme a ntlhalosetse dilo tse o ntseng o di mpolelela tseno. O a itse gore ke eng, fa ke ne ke santse ke le mosetsana, ke ne ke aga ke phepafatsa legae la moruti, mme o ne a na le Bibela mo laeboraring ya gagwe. Ke ne ke itse gore ga re letlelelwe go e bala, mme lefa go le jalo ke ne ke batla go itse gore ke ka ntlha yang fa go ne go dirwa jalo, letsatsi lengwe ke sa bonwe ke ope, ke ne ka e tseela kwa gae mme ka bo ke e balela mo sephiring. Se ke neng ka se bala se ne sa ntemotsha gore Kereke ya Katoliki ga e re rute boammaaruri mme ka jalo go raya gore ga se bodumedi jwa boammaaruri. Ke ne ke boifa go bua le ope ka seno, mme ke ne ke itse gore letsatsi lengwe ba ba rutang bodumedi jwa boammaaruri ba ne ba tla tla mo toropong ya rona. Fa bodumedi jwa Baporotesetanta bo tla, kwa tshimologong, ke ne ka gopola gore ke jone jwa boammaaruri, mme go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore ba ruta maaka a mantsi a a tshwanang le a a rutwang ke Kereke ya Katoliki. Jaanong, se o ntseng o se mpolelela ke se ke neng ka se bala mo Bibeleng dingwaga tse dintsi tse di fetileng.” O ne a dumela go ithuta Bibela ka bonako fela mme a bo a felela e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le mororo a ne a ganediwa ke balelapa la gagwe, o ne a direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha a swa.

Go ne go tlhoka maiteko a magolo go phutha batho ba sekadinku go ba dira phuthego le go ba thapisa gore ba direle Jehofa. Ka sekai, kwa Argentina, Rosendo Ojeda o ne a aga a tsamaya dikilometara di ka nna 60 go tswa kwa General San Martín, kwa Chaco, go ya go tshwara pokano e e neng e tsenna mo lelapeng la ga Alejandro Sozoñiuk, yo e neng e le motho yo o neng a kgatlhega. Gantsi mosepele oo o ne o mo tsaya diura di le lesome, karolo e nngwe ya one o ne a e tsamaya ka baesekele, e nngwe ka dinao, ka dinako tse dingwe a gobuwa mo metsing a a mo emang mo magwafeng. O ne a tsamaya mosepele oo gangwe ka kgwedi mo dingwageng tse tlhano, a nna koo beke gore a kgone go rera mo lefelong leo. A mme go ne go na le mosola mongwe? O ne a sa belaele ka go bo kgabagare go ne ga nna le phuthego e e itumetseng ya batho ba ba bakang Jehofa.

Go Ruta Thuto E E Nayang Botshelo

Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico ba ne ba dira tiro ya bone ya go rera go dumalana le melao ya koo e e laolang mekgatlho ya loago. Maikaelelo a Basupi e ne e le go dira go le gontsi go feta fela go tshwara dipokano tse kwa go tsone go neng go neelwa dipuo fela. Ba ne ba batla gore batho ba tshwane le Baberea ba motlha wa ga Paulo ba ba neng ba kgona ‘go tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko go bona gore a tota ka boammaaruri dilo tse ba di rutilweng di ntse jalo.’ (Dit. 17:11) Kwa Mexico, fela jaaka go ntse kwa dinageng tse dingwe tse dintsi, seno gantsi se ne se akaretsa go thusa ka tsela e e kgethegileng batho ba ba sa tsenang sekolo mme lefa go ntse jalo ba batla go ipalela Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.

Ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala tse di neng di tshwarwa ke Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico di thusitse diketekete tse di masomesome tsa batho ba koo go ithuta go bala le go kwala. Tiro eno e itumelelwa fela thata ke Department of Public Education ya Mexico, mo erileng ka 1974 mookamedi mongwe wa General Office for Adult Education a neng a kwalela La Torre del Vigía de México, mokgatlho wa selegae o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa, a re: “Ke kwala jaana go lo akgola tota . . . ka ntlha ya go dirisana mmogo ga lona goo re lo akgolang thata ka ntlha ya gone goo mokgatlho wa lona o neng wa go dira go solegela batho ba rona molemo ngwaga le ngwaga.”

Fa kafa letlhakoreng le lengwe thuto e Basupi ba e rutang batho e ba baakanyetsa go tshelela ruri e le babusiwa ba Bogosi jwa Modimo, gape e tokafatsa seemo sa botshelo jwa bone jwa lelapa gone jaanong. Morago ga gore moatlhodi mongwe kwa El Salto, kwa Durango State, a sena go nyadisa Basupi ba ga Jehofa mo makgetlong a le mantsi a a farologaneng, ka 1952 o ne a re: “Re ipolela fa re rata naga ya rona ebile re le baagi ba ba molemo mme Basupi ba ga Jehofa ba re dira gore re itlhabelwe ke ditlhong ka ntlha ya seo. Ba re tlhomela sekao ka gore ga ba letle motho ope fela mo mokgatlhong wa bone go nna le motho fela a sa nyalana le ene kafa molaong. Mme, lona Bakatoliki, mo e ka nnang lona lotlhe lo tshela matshelo a boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo mme ebile ga lo a nyalana go ya kafa molaong.”

Thulaganyo eno ya thuto gape e thusa batho go ithuta go tshedisana mmogo ka kagiso, go ratana go na le go ilana le go bolaana. Fa Mosupi mongwe a ne a simolola go rera kwa Venado, kwa Guanajuato State, o ne a lemoga gore batho ba koo botlhe ba ne ba na le ditlhobolo le ditlhobotswana. Dikgogakgogano di ne tsa felela ka gore lelapa le bolawe lotlhe. Mme thuto ya Bibela e ne ya dira gore ba fetoge thata. Ditlhobolo di ne tsa rekisiwa gore go rekwe Dibibela. Go ise go ye kae ke fa ba le 150 mo lefelong leo ba nna Basupi ba ga Jehofa. Ka tsela ya tshwantshetso, ba ne ‘ba thula ditšhaka tsa bone magale a megoma’ mme ba simolola go tshela ka kagiso.—Mika 4:3.

Batho ba bantsi ba Mexico ba ba boifang Modimo ba ne ba amiwa dipelo ke se Basupi ba ga Jehofa ba neng ba se ba ruta go tswa mo Lefokong la Modimo. Go ne ga felela ka gore, baboledi ba ba neng ba tshwara dikete di sekae ba kwa Mexico morago ga Ntwa ya Lefatshe II ka bonako fela ba bo ba le 10 000, morago ba nna 20 000, 40 000, 80 000, le go feta jaaka fa Basupi ba ne ba ntse ba bontsha ba bangwe kafa ba ka dirisang ka teng kgakololo ya Lefoko la Modimo le kafa ba ka le rutang ba bangwe ka teng.

Go Kopana Mmogo Fa Ba Ntse Ba Bogisiwa

Lefa go ntse jalo, jaaka fa palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e ntse e oketsega mo dinageng ka go tlhomagana ga tsone, ba ne ba lemoga gore gantsi ba ne ba tshwanelwa ke go fenya mathata mangwe pele ba ka tshwara dikopano tse di ba rutang tsa Bokeresete. Ba ne ba thibelwa ke puso ka 1950 kwa Argentina. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go utlwa Modimo, ga ba a ka ba emisa go rera kgotsa le eleng gone go lesa go kopana mmogo. Go ne go se motlhofo go rulaganya, mme lefa go ntse jalo gone dikopano di ne di tshwarwa.

Ka sekai, fa 1953 e setse e ela go fela, Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Henschel ba ne ba etela kwa Argentina go ya go thusa mo dikopanong tsa naga eo. Mokaulengwe Knorr o ne a tsena naga eo a tswa kafa bophirima, mme Mokaulengwe Henschel ene o ne a simolola loeto lwa gagwe kafa borwa. Ba ne ba bua le ditlhopha tse di neng di kopanetse mo dipolasing, mo ditshimong tsa maungo, mo pikiniking gaufi le molatswana o o mo dithabeng, le mo magaeng a batho. Gantsi ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya dikgala tse ditelele go tswa mo setlhopheng se sengwe go ya kwa go se sengwe. Fa ba goroga kwa Buenos Aires, mongwe le mongwe wa bone o ne a nna le seabe letsatsi le le lengwe fela mo dithulaganyong mo mafelong a le robong, le mo magaeng a le lesomenngwe mo letsatsing le le latelang. Palo yotlhe ya ditlhopha tse ba buileng le tsone e ne e le 56, mme palo ya batho botlhe ba ba neng ba tlile kwa go tsone e ne e le 2 505. E ne e le thulaganyo e e neng e batla gore ba dire ka natla tota, mme lefa go ntse jalo ba ne ba itumelela go direla bakaulengwe ba bone ka tsela eo.

Fa Basupi ba ne ba ipaakanyetsa kopano ka 1955 kwa Colombia, ba ne ba hira holo kwa Barranquilla. Mme, mobishopo o ne a gatelela ratoropo le mmusi wa teng gore ba tsene kgang eo, mme ba ne ba ganelwa go e dirisa. Lefa go ne go setse letsatsi le le lengwe fela fa ba utlwa, bakaulengwe ba ne ba batlela kopano eo lefelo le lengwe mme ba rulaganyetsa go e tshwarela kwa dikagong tsa ofisi ya lekala ya Mokgatlho. Lefa go ntse jalo, fa thulaganyo e e simololang ya maitsiboa e tsena, mapodisi a a neng a tshotse ditlhobolo a ne a goroga a laetswe gore a tle go phatlalatsa kopano eo. Bakaulengwe ba ne ba sala kgang eno morago. Fa go ikuelwa kwa go ratoropo mo mosong o o latelang, o ne a araba ka go kopa maitshwarelo ka mokwaledi wa gagwe, mme batho ba ba ka tshwarang 1 000 ba ne ba sukagana mo dikagong tsa Mokgatlho mo letsatsing la bofelo la thulaganyo eo ya Kopano ya “Bogosi Jo Bo Fenyang.” Le mororo maemo a ne a ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba nonotshiwa ka kgakololo e ba neng ba e tlhoka ya semoya.

Go Direla kwa go Tlhokegang Thuso Thata Teng

Tshimo e ne e le kgolo, mme go ne go tlhokega badiri thata kwa Latin America, fela jaaka go ne go ntse ka mafelo a mangwe a mantsi. Ka 1957, kwa dikopanong tse di neng di tshwerwe go dikologa lefatshe, motho ka bongwe le malapa a e neng e le a Basupi ba ga Jehofa ba ba godileng sentle, ba ne ba kgothalediwa go fudugela kwa mafelong a go neng go tlhokwa thuso thata kwa go one go ya go nna teng le go tsweledisa bodihedi koo. Ba ne ba kgothadiwa ka tsela e e tshwanang ka ditsela tse di farolaganeng morago ga foo. Taletso eo e ne e batlile e tshwana le e Modimo a neng a laletsa moaposetoloi Paulo ka yone, yo o neng a bona monna mongwe mo ponatshegelong a mo kopa jaana: “Kgabaganyetsa kwano Makedonia, u tlè go re thusa.” (Dit. 16:9, 10) Ba ne ba arabela jang taletso eo ya motlha wa segompieno? Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba ithebola.—Pes. 110:3.

Go tlhoka tumelo e e nonofileng thata gore lelapa le le nang le bana ba bannye le fuduge, le tlogele balosika le legae le tiro ya boitshediso, le bo le ya kwa le sa go itseng gotlhelele. Go fuduga jalo go ka nna ga raya go tshela ka tsela e e farologaneng, mme mo mabakeng a mangwe, le go ithuta puo e ntšha. Lefa go ntse jalo, diketekete tsa Basupi e le motho a le mongwe kana jaaka malapa di ile tsa fuduga gore di thuse ba bangwe go ithuta ka selo se se lorato se Jehofa a tla se ba nayang eleng botshelo jo bo sa khutleng.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba arabela ka bofefo mme ba le mmalwa ba ne ba fuduga go ya kwa bofelong jwa bo1950; ba bangwe ka bo1960; ba ba oketsegileng ba ne ba fuduga ka bo1970. Mme Basupi ba santse ba fudugela kwa mafelong a a tlhokang thuso thata go tla go fitlha gompieno.

Ba tswa kae? Dipalo tse dikgolo di ne di tswa kwa Australia, Canada, New Zealand, le kwa United States. Ba le bantsi go tswa kwa Borithane, Fora, le Jeremane. Ba bangwe ba ne ba tswa kwa Austria, Belgium, Denmark, Finland, Italy, Japane, Repaboliki ya Korea, Norway, Spain, Sweden, le Switzerland, gareng ga a mangwe. Ereka palo ya Basupi ba ga Jehofa e oketsegile kwa Argentina, Brazil, Mexico, le dinaga tse dingwe tsa Latin America, le tsone di ne tsa ntsha badiri ba ba iketleeditseng go ya kwa go tlhokegang thuso thata teng. Ka tsela e e tshwanang, mo Afrika badiri ba ba tlhoafetseng ba ne ba fuduga go tswa mo nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe go ya go thusa go neela bosupi.

Ba ne ba fudugela kwa mafelong afe? Dinaga tse di tshwanang le Afghanistan, Malaysia, le Senegal, le ditlhaketlhake tse di tshwanang le Réunion le St. Lucia. Ba ba ka tshwarang 1 000 ba ne ba fudugela kwa Ireland, koo ba neng ba direla teng ka dinako tsa boleele jo bo sa lekaneng. Ba bantsi mo go bone ba ne ba ya kwa Iceland, le mororo e na le mariga a a lefifi a tsayang lobaka lo loleele, mme ba bangwe ba bone ba ne ba nnela ruri koo, mme ba tshegetsa diphutehgo le go thusa ba basha ka lorato. Molemo o mogolo o dirilwe bogolo jang kwa Amerika Bogare le Borwa. Basupi ba ba fetang 1 000 ba ne ba fudugela kwa Colombia, ba ba fetang 870 kwa Ecuador, ba ba fetang 110 kwa El Salvador.

Harold le Anne Zimmerman e ne e le bangwe ba bao ba neng ba fuduga. Ba ne ba setse ba diretse jaaka barutisi ba barongwa kwa Ethiopia. Lefa go ntse jalo, ka 1959, fa ba sena go fetsa go rulaganya go fuduga kwa United States ba ya kwa Colombia go ya go anamisa molaetsa wa Bogosi teng, ba ne ba na le bana ba banè, yo monnye a na le dikgwedi di le tlhano fela fa yo mogolo a na le dingwaga di le tlhano. Harold o ne a ba etelela pele gore a ye go batla tiro. Fa a goroga mo nageng eo, o ne a tshwenngwa ke se a neng a se utlwa se begiwa mo dikgannyeng tsa lefelo leo. Go ne go na le ntwa ya semorafe e e neng e tsweletse mme e se kafa molaong, mme kwa teng ga naga eo batho ba ne ba bolawa ka bontsi tota. ‘A mme gone tota ke batla go tlisa lelapa la me go tla go tshelela mo maemong a a ntseng jaana?’ o ne a ipotsa jalo. O ne a leka go gakologelwa gore a go na le dikai dingwe tse di ka mo kaelang kana molaomotheo mongwe mo Bibeleng. O ne a gakologelwa pego ya Bibela kaga ditlhodi tse di boi tse di neng tsa begela Baiseraele ba ba neng ba le mo bothibelelong pego e e maswe ka Lefatshe Le Le Solofeditsweng. (Dipa. 13:25–14:4, 11) Seo se ne sa mo thusa gore a dire tshwetso; o ne a sa batle go tshwana le bone! O ne a rulaganyetsa ka bofefo gore lelapa la gagwe le tle. O ne a bona tiro ba setse ba saletswe ke didolara di le tharo fela, mme legale ba ne ba na le tse ba di tlhokang thata. Bogolo jwa tiro e a neng a e dira gore a tlamele lelapa e ne ya farologana thata go ralala dingwaga, mme lefa go ntse jalo, ka dinako tsotlhe o ne a batla go baya dilo tse di tlhokegang tsa Bogosi kwa pele. Ka nako ya fa ba ne ba ya kwa Colombia lekgetlo la ntlha go ne go na le Basupi ba le 1 400 mo nageng eo. Abo ba ne ba ba bona ba oketsega ka tsela e e gakgamatsang jang ne fa esale ka nako eo!

Ga se ka metlha motho a tlhokang go fudugela kwa nageng e nngwe fa a batla go direla kwa go tlhokegang Basupi thata teng. Diketekete tsa Basupi e le motho ka namana kana e le malapa ba ne ba fudugela kwa dikgaolong tse dingwe tsa naga ya bone. Lelapa lengwe go tswa kwa Bahia State, kwa Brazil, le ne la fudugela kwa toropong ya Prado, kwa go neng go sena Basupi teng. Le mororo ba ne ba ganediwa ke baruti, ba ne ba nna le go dira mo toropong eo le tikologo ya yone ka dingwaga di le tharo. Ba ne ba reka kereke nngwe e e neng e sa dirisiwe mme ba e fetola Holo ya Bogosi. Go ise go ye kae, ke fa go setse go na le Basupi ba ba tlhaga ba feta lekgolo mo lefelong leo. Mme ba ne ba santse ba tla oketsega.

Palo e e oketsegang ya barati ba tshiamo ba kwa Latin America e ntse e arabela taletso eno e e kwadilweng mo go Pesalema 148: ‘Bakang Jehofa, lona batho! Bakang Jehofa lo le mo lefatsheng, lona ditšhaba tsotlhe.’ (Pes 148 Ditem. 1, 7-11) Ee ruri, go ne go na le babaki ba ga Jehofa mo lefatsheng lengwe le lengwe la Latin America ka 1975. Pego ya ngwaga oo e ne ya bontsha gore ba le 80 481, ba ba neng ba kgaogantswe ka diphuthego di le 2 998, ba ne ba direla kwa Mexico. Ba bangwe gape ba le 24 703, mo diphuthegong di le 462, ba ne ba bolela ka bogosi jwa ga Jehofa kwa Amerika Bogare. Mme kwa Amerika Borwa, go ne go na le ba ba neng ba baka Jehofa phatlalatsa ba le 206 457 mo diphuthegong di le 3 620.

Go Fitlhelela Ditlhaketlhake tsa Pacific

Ka nako ya fa ba ne ba oketsega thata kwa Amerika Borwa, Basupi ba ga Jehofa gape ba ne ba itebagantse le ditlhaketlhake tsa Pacific. Go na le makgolokgolo a ditlhaketlhake tseno fa gare ga Australia le Amerika, bontsi jwa tsone di dinnye thata. Mo go dingwe tsa tsone go agile malapa a sekaenyana fela; mo go tse dingwe go na le batho ba le dikete tse di masomesome. Kwa tshimologong ya bo1950, go se dire dilo ka tshiamo ga badiredi ba puso go ne ga dira gore Mokgatlho wa Watch Tower o se ka wa kgona go romela barongwa kwa ditlhaketlhakeng dingwe tse dintsi. Mme batho ba koo le bone ba ne ba tshwanetse go utlwa kaga Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Seno se dumelana le boperofeti jono jo bo mo go Isaia 42:10-12: “Ōpèlèlañ Yehofa sehela se sesha, le pakō ea gagwè go cwa bokhutloñ yoa lehatshe . . . ba bolèlè pakō ea gagwè mo ditlhakiñ.” Ka jalo, erile ka 1951, kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Sydney, kwa Australia, babulatsela le balebedi ba potologo ba ba neng ba kgatlhegela go ya go nna le seabe mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi kwa ditlhaketlhakeng ba ne ba kopiwa gore ba kopane le Mokaulengwe Knorr. Ka nako eo ba ba ka tshwarang 30 ba ne ba ithaopela go ya go rera kwa ditlhaketlhakeng tseo tsa boboatsatsi.

Bangwe ba bao e ne e le Tom le Rowena Kitto, ba ba neng ba iphitlhela ba setse ba le kwa Papua, koo ka nako eo go neng go sena Basupi teng. Ba ne ba simolola tiro ya bone mo bathong ba ba tswa kwa Yuropa ba kwa Port Moresby. Mo nakong e khutshwane fela ke fa ba setse ba fetsa maitseboa a bone ba le kwa Hanuabada, “Motse o Mogolo,” le setlhopha sa batho ba kwa Papua ba ba ka tshwarang 30 go ya go 40 ba ba neng ba bolailwe ke tlala ya go utlwa boammaaruri jwa semoya. Go tswa mo go bone, molaetsa ono o ne wa anamela kwa metseng e mengwe. Go ise go ye kae, batho ba Ba-Kerema ba ne ba romela baemedi ba ikopela gore ba rutiwe Bibela. Mme morago ga moo kgosana ya kwa Haima e ne ya tla ka kopo e e reng: “Tsweetswee tlang lo rute batho ba me boammaaruri!” Ka jalo bo ne jwa anama.

Banyalani bangwe ebong John le Ellen Hubler, ba ne ba ya kwa New Caledonia go ya go simolola tiro koo. Fa ba ne ba goroga koo ka 1954, ba ne ba na le tetla ya baeti ya go nna mo nageng eo kgwedi e le nngwe fela. Mme legale John o ne a bona tiro, mme seno se ne sa ba thusa gore ba okelediwe malatsi. Fa nako e ntse e tsamaya, Basupi ba bangwe—ba le 31—ba ne ba ba latela. Kwa tshimologong ba ne ba dira bodihedi jwa bone kwa dikarolong tse di ka kwa thoko ba tila go oka matlho a batho thata. Kwa morago ba ne ba rera mo moshateng eleng Nouméa. Go ne ga tlhongwa phuthego. Mme, erile ka 1959, leloko la Catholic Action le ne la tsena mo maemong a a kwa godimo mo pusong. Go ne ga se ka ga tlhola go ntšhafadiwa ditetla dipe tsa go nna mo nageng eo tsa Basupi. Boorra Hubler ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya. Dikgatiso tsa Watch Tower di ne tsa thibelwa. Lefa go ntse jalo, mafoko a a molemo a Bogosi a ne a setse a itsetsepetse, mme palo ya Basupi e ne ya tswelela e ntse e gola.

Kwa Tahiti batho ba bantsi ba ne ba kgatlhegela tiro ya Basupi ba ga Jehofa fa bakaulengwe ba ne ba ntse ba tle ba etele koo. Mme ka 1957 go ne go sena Basupi mo lefelong leo, tiro ya bone e ne e thibetswe, mme barongwa ba Watch Tower ba ne ba kganelwa go tsena. Lefa go le jalo, Agnes Schenck, yo e neng e le moagi wa Tahiti mme ka nako eo a ne a nna kwa United States, e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a sena go utlwa gore go tlhokega baboledi ba Bogosi kwa Tahiti, ene, le monna wa gagwe, le morwaabone ba ne ba tloga ka sekepe kwa California ka May 1958. Ka bofefo fela morago ga moo, malapa a mangwe a mabedi a ne a tla go ba thusa, le mororo ba ne ba newa tetla ya bajanala ya dikgwedi di le tharo fela. Mo ngwageng o o latelang, go ne go setse go na le phuthego kwa Papeete. Mme erile ka 1960 puso e ne ya dumelela semo-lao mokgatlho o o rulagantsweng mo lefelong leo wa Basupi ba ga Jehofa.

Ka boikaelelo jwa go gasa molaetsa wa Bogosi, bokgaitsadi bangwe ba babedi ba barongwa ba ba neng ba le mo loetong lwa go boela kwa dikabelong tsa bone ba ne ba ema mo setlhaketlhakeng sa Niue go etela mongwe wa losika koo. Kgwedi e ba neng ba e nna koo e ne ya nna le maungo thata; ba ne ba bona batho ba bantsi ba kgatlhegang. Mme legale ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya fa mokoro o o latelang o o tsamayang fa gare ga ditlhaketlhake o goroga. Lefa go ntse jalo, mo nakong e khutshwanyane fela, Seremaia Raibe, wa Mofiji, o ne a thapiwa ke Public Works Department ya Niue mme o ne a rera ka nako yotlhe ya fa a sa dire. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go patelelwa ke baruti, tetla ya go nna koo ya ga Mokaulengwe Raibe e ne ya phimolwa morago ga dikgwedi di sekae fela, mme erile ka September 1961 Legislative Assembly e ne ya swetsa ka gore go se ka ga tlhola go letliwa Basupi ba ga Jehofa ba ba oketsegileng go tsena mo nageng eo. Lefa go ntse jalo, tiro ya go rera mafoko a a molemo koo e ne ya tswelela pele. Jang? Basupi ba koo, le mororo ba ne ba santse ba le basha thata, ba ne ba itshokela go direla Jehofa. Mo godimo ga moo, puso ya kgaolo e ne e setse e thapile William Lovini, yo e leng motho wa kwa Niue yo o neng a ntse a nna kwa New Zealand. Ke eng fa a ne a batla go boela kwa Niue thata jaana? E ne e le ka go bo e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme jaanong a batla go direla kwa thuso e tlhokegang thata teng. Ka 1964 ke fa palo ya Basupi koo e tshwere 34.

Ka 1973, David Wolfgramm, yo e neng e le motho wa kwa Tonga, a na le mosadi wa gagwe le bana ba le robedi, o ne a na le legae le le siameng kwa New Zealand. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba e tlogela mme ba fudugela kwa Tonga go ya go dira tiro e e tlhokegang ya Bogosi kwa teng. Go tswa koo ba ne ba nna le seabe mo go iseng molaetsa kwa tengteng kwa ditlhaketlhakeng tsa Tonga, tseo tse 30 tsa tsone di nang le baagi.

Go ne go tlhokega nako e ntsi, maiteko a magolo, le madi gore go fitlhelelwe ditlhaketlhake tseo. Lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba tsaya matshelo a batho a le botlhokwa thata mo eleng gore ga ba batle go engwa ke sepe pele mo maitekong a go ba thusa gore ba solegelwe molemo ke dilo tse di lorato tse Jehofa a di ba baakanyeditseng gore ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha.

Lelapa lengwe le le neng la rekisa polasi ya lone kwa Australia gore le fudugele kwa setlhaketlhakeng sengwe sa Pacific le ne la tlhalosa kafa le ikutlwang ka teng ka bokhutshwane jaana: “Go utlwa baagi bano ba ditlhaketlhake ba re jaanong ba itse Jehofa, go ba utlwa ba bitsa bana ba rona ba re ke ba bone, seno e le ka go bo ba ba rata thata jaana ka ntlha ya boammaaruri, go bona dilo tse di botlhokwa tsa Bogosi le palo ya batho ba ba tlang dipokanong di oketsega, go utlwa batho bano ba ba rategang ba re: ‘Banake ba tla nyala kana ba tla nyalwa fela mo Moreneng,’ ba bua jaana morago ga go dirisa dingwao tse di saleng di ntse di le teng ka makgolokgolo a dingwaga le manyalo a mokgwa wa Botlhaba, go ba bona ba tlhamalatsa le go phepafatsa maemo a a raraaneng thata a manyalo a bone, . . . go ba bona ba ithuta ba ntse ba disitse dikgomo fa thoko ga tsela, morago ga tiro e e seng kana ka sepe kwa masimong a reise, go itse gore ba bolela gore go obamela ditshwantsho ga go a siama, go ba utlwa ba bolela kaga bontle jwa leina la ga Jehofa fa ba le kwa mabenkeleng a lefelo la bone, go utlwa mmè yo o godileng wa Moindia mokaulengwe kana kgaitsadi a bo a kopa go tsamaya le wena go ya go bolelela ba ga bone kaga Modimo wa boammaaruri . . . Tseno tsotlhe ke bontlhanngwe jwa tuelo e e seng kana ka sepe ya go bo re ne ra tsaya kgato re araba pitso ya Pacific Borwa.”

Mme legale, go ne go na le ba bangwe gape ba go neng ga itebaganngwa le bone kwantle ga baagi ba ditlhaketlhake tsa Pacific. Go simolola ka 1964, babulatsela ba ba nang le maitemogelo ba ba tswang kwa Philippines ba ne ba romelwa go ya go thusa barongwa ba ba tlhaga ba ba neng ba setse ba dira kwa Hong Kong, Indonesia, Repaboliki ya Korea, Laos, Malaysia, Taiwan, Thailand, le Vietnam.

Ba Patikiwa Ke Balelapa le Batho ba Motse

Fa motho a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, gantsi balelapa le batho ba motse ga ba go tseye e le selo se motho ka boene a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go sone.—Math. 10:34-36; 1 Pet. 4:4.

Bontsi jwa ba bao ba neng ba nna bangwe ba Basupi ba ga Jehofa kwa Hong Kong e ne e le basha. Mme basha bano ba ne ba patikiwa fela thata ke tsamaiso e e bayang kwa pele thata thutego e e kwa godimo le tiro e e duelang botoka. Batsadi ba koo fa ba ruta bana ba tsaya gore ba a bo ba ipeela madi ao gore mo dingwageng tse di tlang bana bano ba dire gore ba tshele botshelo jo bo botoka. Ke sone seo he, erileng batsadi ba lekawana lengwe la kwa Kwun Tong ba lemoga gore thuto ya Bibela, go ya dipokanong, le tirelo ya tshimo e e dirwang ke morwaabone di ne di tla mo kgoreletsa go dira madi, ba neng ba mo ganetsa fela thata. Rraagwe o ne a mo leleka ka thipa e e segang nama; mmaagwe ene o ne a mo kgwela mathe fa gare ga batho. Go ne ga tsaya dikgwedi di le dintsi ba mo tlhapatsa ba sa kgaotse. O ne a botsa batsadi ba gagwe jaana ka nako nngwe: “A ga lo a nkgodisa ka go bo lo nthata?” Mme ba ne ba fetola ka gore: “Nnyaa, e ne e le ka go bo re batla madi!” Lefa go ntse jalo, lekawana leo le ne la tswelela ka go baya kobamelo ya ga Jehofa kwa pele; mme erile a sena go tlogela legae, o ne a tswelela a thusa batsadi ba gagwe ka madi ka mo a neng a ka kgona ka teng, ereka a ne a itse gore o ne a itumedisa Jehofa fa a dira jalo.—Math. 15:3-9; 19:19.

Mo lefelong le batho ba lone ba tlwaelaneng thata, patiko e kgolo gantsi e tswa mo bathong ba sele eseng mo go ba lelapa fela. Fuaiupolu Pele wa kwa Samoa Bophirima o ne a diragalelwa ke seno. Mo bathong ba Samoa, motho o ne a ka se ka a latlha ngwao le bodumedi jwa borraagwemogologolwane, mme Pele o ne a itse gore o tlile go kgalwa. O ne a ithuta thata a bo a rapela Jehofa ka tlhoafalo. Fa kgosikgolo ya losika e ne e mmiletsa kwa Faleasiu, o ne a kopana le dikgosi di le thataro, batho bangwe ba ba itseng go bua ba le bararo, baruti ba le lesome, barutisi ba bodumedi ba le babedi, kgosikgolo yo e neng e le modulasetilo, le borre le bommè ba bagolo ba lelapa. Ba ne ba mo hutsa ba bo ba mo kgala, mmogo le leloko le lengwe la lelapa le le neng le kgatlhegela Basupi ba ga Jehofa. Go ne ga tsoga kgang; e ne ya tswelela pele go fitlha ka ura ya bone mo mosong. Ba bangwe ba ne ba kgopisega fa Pele a dirisa Bibela, mme ba ne ba mo kgalemela jaana: “Tsayang Bibela eo! Lesa Bibela eo!” Mme kgabagare kgosikgolo e ne ya bua jaana e kgobegile marapo: “Pele, o fentse.” Mme Pele o ne a fetola jaana: “Intshwarele, Rra, ga ke a fenya. Bosigong jono lo utlwile molaetsa wa Bogosi. Ke eletsa fela thata gore ekete lo ka o reetsa.”

Fa Baruti Ba Ba Ganetsa Fela Thata

Barongwa ba Labokeresete ba ne ba sa bolo go goroga kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific ka bo1800. Ba ne ba fitlha ba nna fela ka kagiso mo mafelong a mangwe; mme kwa go a mangwe ba ne ba engwe nokeng ke masole. Mo dikgaolong tse dingwe ba ne ba ikaba ka ditlhaketlhake “ba dumelana bone ka bobone.” Mme gape go ne go na le dintwa tsa bodumedi, tse mo go tsone Bakatoliki le Baporotesetanta ba neng ba lwela go laola. “Badisa” bano ba bodumedi eleng baruti, jaanong ba ne ba dirisa mokgwa mongwe le mongwe o ba neng ba ka o kgona go kgoreletsa Basupi ba ga Jehofa go tsena mo mafelong a ba neng ba a bitsa a bone. Ka dinako tse dingwe ba ne ba patika badiredi ba puso gore ba kobe Basupi mo go dingwe tsa ditlhaketlhake. Mme fa gongwe ba ne ba dira seo ka bobone fela.

Mo setlhaketlhakeng sa New Britain, mo motseng wa Vunabal, go ne go na le setlhopha sengwe sa morafe wa Ba-Sulka se se neng se kgatlhegela boammaaruri jwa Bibela fela thata. Mme erile Sontaga mongwe ka 1959, fa John Davison a ne a santse a tshwere thuto ya Bibela le bone, segopa sa Bakatoliki, se laetswe go dira jalo ke morutisi wa katakasima wa Mokatoliki, se ne sa tsena mo ntlong eo mme sa emisa thuto ka modumo wa sone le matlhapa. Seno se ne sa begelwa mapodisi a kwa Kokopo.

Go na le go latlha dinku tseo, Basupi ba ne ba boa gape mo bekeng e e latelang go tswelela ka go thusa batho ba ba anaanelang bao ba kwa Vunabal semoyeng. Moruti wa Katoliki le ene o ne a le teng, le mororo a ne a sa lalediwa ke beng ba motse, mme o ne a tla le Bakatoliki a le makgolo a le mantsinyana a morafe o mongwe. Morago ga go rotloediwa ke moruti, maloko a kereke ya gagwe a ne a tlhapatsa Basupi, ba ba kgwela mathe, ba ba supetsa mabole, mme ba gagola Dibibela tsa beng ba motse oo, fa moruti ene a emetse fale a phuthile diatla a nyenya. Mapodisi a a neng a tla a ne a gakgametse ebile a kgopisegile thata. Bontsi jwa baagi ba motse oo le bone ba ne ba tshoga. Mme lefa go le jalo go ne ga nna le a le mongwe mo baaging ba motse yo o neng a itshupa a le pelokgale mme a emela se a neng a itse gore ke boammaaruri. Mme jaanong, makgolokgolo a ba bangwe mo setlhaketlhakeng seo a dirile fela jalo.

Lefa go ntse jalo, ga se baruti botlhe ba bodumedi ba ba neng ba na le moya wa bobaba kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Shem Irofa’alu, kwa Solomon Islands, o ne a tsaya ka tlhoafalo boikarabelo jwa gagwe mo go ba ba neng ba mo leba jaaka moeteledipele wa bone wa bodumedi. Fa a sena go bala buka ya Mokgatlho wa Watch Tower e go tweng Go Tšwa Paradaiseng e Latlhegileng Go Ya Paradaiseng e Bonweng, o ne a lemoga gore mongwe o ne a mo akeditse. Ene le barutisi ba bodumedi ba ba mo kgaolong e a e okametseng ba ne ba buisana le Basupi, ba botsa dipotso, mme ba leba dikwalo mo Bibeleng. Go tswa foo ba ne ba dumelana gore ba batla go nna bangwe ba Basupi ba ga Jehofa, mme ka jalo ba tswelela ka go fetola dikereke tse di mo metseng e e kafa tlase ga bone e 28 go di dira Diholo tsa Bogosi.

Boammaaruri Jo bo Elelang Jaaka Morwalela mo Afrika

Go ne ga dirwa boiteko jo bo seng kana ka sepe bogolo jang ka bo1920 gore batho ba dikarolo tsotlhe tsa Afrika ba kgone go bona tshono ya go itse ka Jehofa, Modimo wa boammaaruri, le go solegelwa molemo mo dilong tse a re tlamelang ka tsone ka lorato. Ka nako ya fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne e fela, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba dira mo dinageng tse 14 mo kontinenteng ya Afrika. Dinaga tse dingwe tse 14 tsa Afrika di ne di ile tsa fitlhelelwa ka molaetsa wa Bogosi, mme lefa go ntse jalo go ne go sena Basupi bape mo dinageng tseno ba ba neng ba bega tiro ya bone ka 1945. Mo dingwageng tse 30 tse di neng tsa latela morago ga foo, go fitlha ka 1975, mafoko a a molemo a ne a rerwa go fitlha kwa dinageng tse dingwe gape tse 19 mo Afrika. Mo e ka nnang mo dinageng tseno tsotlhe, mmogo le mo ditlhaketlhakeng tse di gaufi le tsone, go ne ga tlhongwa diphuthego—di sekae fela mo dinageng dingwe, tse di fetang sekete kwa Zambia, tse di ka tshwarang dikete tse pedi kwa Nigeria. Seno se ne sa kgonwa jang?

Go anamisiwa ga molaetsa wa Bogosi go ne go tshwana fela le metsi a morwalela. Gantsi, metsi a elela ka lebelo le le boitshegang mo dinokeng, le mororo go na le a mangwe a a penologelang kwa ntle; gape fa go nna le sengwe seo se a thibelang, metsi a elela ntlheng e nngwe kana a a tlala a bo a nna maatla a bo a thibosa sepe se se a kgoreletsang se se kwa godimo.

Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa rulaganya ka ditsela tsa one mme wa romela badihedi ba nako e e tletseng—babulatsela, babulatsela ba ba kgethegileng, le barongwa—kwa dinageng tse go neng go sa rerwe go le kalo kwa go tsone kana tse go neng go sa rerwe gotlhelele kwa go tsone. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya teng, ba ne ba laletsa batho gore ba “tseè metse a botshelō . . . hèla a sena thèkō.” (Tshen. 22:17) Ka sekai, kwa bokone jwa Afrika, babulatsela ba le bane ba ba kgethegileng ba ba neng ba tswa kwa Fora ba ne ba laletsa batho ba Algeria jalo ka 1952. Go ise go ye kae ke fa sedupe sengwe se amogela boammaaruri, se lemoga gore se tshwanetse go tlogela tiro eo ya sone gore se kgatlhe Jehofa, mme se ne sa simolola go neela batho ba ba neng ba tlhola ba tla kwa go ene bosupi. (Dute. 18:10-12) Babulatsela ba ne ba dirisa buka ya “Let God Be True” ka tsela e e molemo thata go thusa batho ba ba pelo di phepa gore ba bone kafa Bibela E E Boitshepo e farologanang ka teng le dingwao tsa bodumedi. Buka eno e ne e le maatla thata mo go gololeng batho mo ditlwaelong tsa bodumedi mo eleng gore moruti mongwe o ne a bo a baya buka eno mo godimo ga aletare mo kerekeng a bo a e hutsa, a hutsa ba ba neng ba e anamisa, le go hutsa ba ba neng ba e bala.

Ka 1954 morongwa mongwe o ne a lelekiwa kwa Spain e e tletseng Bokatoliki gonne a ne a ruta Bibela a sa bona tetla go tswa mo baruting; ka gone mo ngwageng o o neng wa latela morago ga moo, ene le mmulatsela yo a neng a mo patile ba ne ba ya go rera kwa Morocco. Go ise go ye kae ke fa lelapa lengwe la Basupi ba ga Jehofa la maloko a matlhano le le neng le kobilwe kwa Tunisia le tla go dira le bone, koo go neng ga tsoga tlhakatlhakano teng fa banyalani bangwe ba Bajuda ba ne ba sena go dumela mo go Jesu jaaka Mesia mme ka bonako fela ba bo ba simolola go bolelela ba bangwe dilo tse disha tse ba neng ba di dumela. Go ela kgakajana kwa borwa, babulatsela bangwe ba ba neng ba tswa kwa Ghana ba ne ba laelwa gore ba ye kwa Mali ka 1962. Morago ga moo, babulatsela bangwe ba Bafora ba ba neng ba direla kwa Algeria le bone ba ne ba kopiwa gore ba ye go thusa kwa Mali. Mme palo e e seng kana ka sepe ya ba e neng ya re morago ga moo ba fetoga Basupi koo le bone ba ne ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Ka 1966 babulatsela ba ba kgethegileng ba le robedi ba ba neng ba tswa kwa Nigeria ba ne ba ya go direla kwa Niger, naga e baagi ba yone ba gasameng e e akaretsang le Sekaka sa Sahara. Burundi e ne ya newa tshono ya gore e utlwe molaetsa wa Bogosi ka nako ya fa babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba romelwa koo go tswa kwa Rhodesia Bokone (eo jaanong e leng Zambia) ka 1963, ba latelwa ke barongwa ba le bane ba ba neng ba thapisitswe kwa Sekolong sa Gileade.

Gape go ne go na le barongwa kwa Ethiopia kwa tshimologong ya bo1950. Puso ya Ethiopia e ne e batla gore ba nne le legae le le tlwaelegileng la barongwa le gore ba rute mo dikolong, mme ba ne ba dira fela jalo. Lefa go ntse jalo, mo godimo ga moo, ba ne ba ntse ba ruta Bibela, mme go ise go ye kae ke fa go nna le ba ba neng ba tla ba sa kgaotse kwa legaeng la barongwa, go tla ba basha letsatsi lengwe le lengwe go tla go kopa gore mongwe a ba thuse go tlhaloganya Bibela. Mo dingwageng tse di masome a mararo tse di neng tsa latela morago ga Ntwa ya Lefatshe II, dinaga tse 39 tsa kontinente ya Afrika di ne tsa bona molemo ka ntlha ya go thusiwa ke barongwa ba ba neng ba thapisitswe kwa Gileade.

Mo godimo ga moo, metsi a boammaaruri a ne a penologela mo mafelong a a neng a le dikaka ka tsela ya semoya, seo se ne se dirwa ke Basupi ba ga Jehofa ba tiro ya bone ya boitshediso e neng e ba golaganya le batho ba bangwe. Ka gone, Basupi ba ba tswang kwa Egepeto ba tiro ya bone e neng e tlhoka gore ba fudugele kwa Libya ka 1950 ba ne ba rera ka tlhoafalo ka nako e ba neng ba sa dire ka yone. Mo go one ngwaga oo, Mosupi mongwe yo a neng a rekisa boboa, mmogo le lelapa la gagwe, ba ne ba fuduga kwa Egepeto ba ya kwa Khartoum, kwa Sudan. O ne a itlwaetsa gore a neele motho bosupi fa a mo rekisetsa. Mongwe wa Basupi ba ntlha kwa Senegal (e ka nako eo e neng e le bontlhanngwe jwa French West Africa) o ne a ya koo, ka 1951, e le moemedi wa feme nngwe ya kgwebo. Gape o ne a anaanela maikarabelo a a neng a na le one jaaka Mosupi wa Mogodimodimo. Ka 1959, ka ntlha ya tiro ya boitshediso, Mosupi mongwe o ne a ya kwa Fort-Lamy (e jaanong e leng N’Djamena), koo e neng ya re morago ya nna Chad, mme o ne a dirisa tshono eo go anamisa molaetsa wa Bogosi kwa nageng eo. Kwa dinageng tse di gaufi le Niger go ne go na le bagwebi ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa; ka gone, fa babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba ntse ba tshwere ka natla kwa Niger go tloga ka 1966 go ya kwa pele, bagwebi bano le bone ba ne ba rerela batho ba ba tswang kwa Niger ba ba neng ba gweba le bone. Mme Basupi ba le babedi ba banna ba bone ba neng ba ya kwa Mauritania go ya go dira teng ka 1966 ba ne ba dirisetsa tshono eo go neela bosupi kwa lefelong leo.

Batho ba ba neng ba lapolosiwa ke ‘metsi ano a botshelo’ ba ne ba a siela ba bangwe. Ka sekai, ka 1947 motho mongwe yo o neng a ile a nna teng kwa dipokanong dingwe mme lefa go ntse jalo ene ka boene e ne e se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a fudugela kwa Ubangi-Shari (e jaanong e leng Central African Republic) a tswa kwa Cameroon. E ne ya re fa a utlwela ka monna mongwe wa kwa Bangui yo o neng a kgatlhegela Bibela thata, a nna pelonomi mme a dira dithulaganyo tsa gore ofisi ya Mokgatlho wa Watch Tower ya kwa Switzerland e mo romelele buka. Etienne Nkounkou, ene yo o neng a amogela buka eno, o ne a ipelela dijo tse di molemo tsa semoya tse di neng di le mo go yone, mme o ne a balela bangwe ba ba neng ba kgatlhega buka eno beke nngwe le nngwe. Ba ne ba ikgolaganya le ntlokgolo ya Mokgatlho. E ne ya re fa kitso ya bone e ntse e oketsega, setlhopha se se neng se ithuta seo se ne sa simolola go rera. Le mororo kgatelelo eo e neng e dirwa ke baruti e ne ya felela ka gore puso e thibele dibuka tsa Watch Tower, Basupi ba basha bano ba ne ba tswelela pele ba rera ba dirisa Bibela fela. Batho ba kwa nageng eo ba ne ba rata go reetsa fa go tlotliwa ka Bibela, ka gone ka 1957, ka nako ya fa go ne go letliwa gore dikgatiso dingwe tsa Mokgatlho di ka dirisiwa, Basupi ba koo ba ne ba setse ba feta 500 ka palo.

Ka Nako ya Fa Ba Ne Ba Kgorelediwa

Ka nako ya fa go ne go nna le dilo tseo di neng di thibela metsi ano a a nayang botshelo gore a se ka a elela, a ne a akofa a elela ka tsela e nngwe. Ayité Sessi, yo e neng e le mmulatsela go tswa kwa Dahomey (e jaanong e leng Benin), o ne a ile a rera kwa French Togo (e jaanong e leng Togo) ka nako e khutshwane fela ka 1949 fa puso e ne e mo patelela gore a tsamaye. Mme lefa go ntse jalo mo ngwageng o o latelang Akakpo Agbetor, yo pele e neng e le ramabole, yo a neng a tswa kwa Togo, o ne a boela kwa nagagaeng yaabo mmogo le morwarraagwe. O ne a kgona go rera ka kgololesego, le eleng go tshwara dipokano, ereka a ne a tsholetswe mo nageng eno. Le mororo babulatsela ba ba neng ba ile ba ya go direla kwa Fernando Po (e jaanong e leng karolo ya Equatorial Guinea) mo e ka nnang ka 1950 ba ne ba kobiwa morago ga nako e khutshwane fela ka ntlha ya go sa batle batho ba ditumelo tse dingwe ga bodumedi, e ne ya re morago ga foo Basupi bangwe ba bona dikonteraka tsa tiro tse di neng di tla dira gore ba kgone go nna kwa lefelong leo. Mme, jaaka ka tlwaelo, ba ne ba rera fela jaaka Jesu a ne a ba laetse.—Mar. 13:10.

Emmanuel Mama, yo e neng e le molebedi wa potologo yo o neng a tswa kwa Ghana, o ne a romelwa kwa Upper Volta (e jaanong e bidiwang Burkina Faso) ka lobaka lwa dibeke di le mmalwa ka 1959 mme o ne a kgona go neela bosupi thata kwa Ouagadougou, eleng motsemogolo. Mme lefa go ntse jalo go ne go sena Basupi kwa nageng eo. Dingwaga di le nne morago ga moo, Basupi ba le supa, ba ba neng ba tswa kwa Togo, kwa Dahomey (e jaanong e leng Benin), le kwa Congo, ba ne ba fudugela kwa Ouagadougou mme ba senka tiro teng gore ba kgone go dira mo lefelong leno. Mo dikgweding di sekae morago ga moo, babulatsela ba le mmalwa go tswa kwa Ghana ba ne ba tla go ba thusa. Lefa go ntse jalo, baruti ba ne ba tlhotlheletsa badiredi ba puso, ka 1964, Basupi ba sena go nna koo ka lobaka lo lo kafa tlase ga ngwaga, ba ne ba tshwarwa, ba nna mo kgolegelong ka malatsi a le 13, mme morago ga moo ba bo ba lelekiwa kwa nageng eo. A maiteko ao a bone a ne a ungwa sengwe? Emmanuel Johnson, yo e leng moagi wa naga eo, o ne a itse kwa boammaaruri jwa Bibela bo ka bonwang teng. O ne a tswelela pele a ntse a ithuta le Basupi ba ga Jehofa ka go kwalelana le bone, mme o ne a kolobediwa ka 1969. Ee, tiro ya Bogosi e ne e setse e itsetsepetse mo nageng e nngwe gape.

Fa go ne go dirwa kopo ya go bona makwalo a go tsena mo nageng a a neng a tla dira gore barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba kgone go dira kwa Ivory Coast (e jaanong e bidiwang Côte d’Ivoire), badiredi ba puso ba Fora ba ne ba gana ka one. Ka jalo, ka 1950, Alfred Shooter, go tswa kwa Gold Coast (e jaanong e leng Ghana), o ne a romelwa kwa motsemogolo wa Ivory Coast jaaka mmulatsela. E ne ya re fela fa a sena go bona bonno, mosadi wa gagwe a bo a mo latela; mme dikgwedi di sekae morago ga moo, ga latela banyalani ba barongwa, ebong Gabriel le Florence Paterson. Go ne ga tsoga mathata. Letsatsi lengwe, dibuka tsa bone di ne tsa tsewa ka dikgoka ka gonne puso e ne e sa di letlelela, mme bakaulengwe ba ne ba duedisiwa madi. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re morago ga moo ba bona dibuka tsa bone di rekisiwa kwa lefelong lengwe le go rekisiwang dilwana kwa go lone, ka gone ba ne ba boa ba di reka gape mme ba di dirisa thata.

Mo go yone nako eno, bakaulengwe bano ba ne ba etela diofisi di le mmalwa tsa puso ba leka go bona makwalo a a ba letlang go nnela ruri. Mr. Houphouët-Boigny, yo e neng ya re moragonyana a nna poresidente wa Ivory Coast, o ne a ithaopela go ba thusa. O ne a akgela jaana, “Ga go na sepe se se ka thibelang boammaaruri. Bo tshwana le noka e kgolo; fa o re o leka go e direla letamo metsi a yone a tla penologa mo letamong leo.” Ka nako ya fa moruti mongwe wa Katoliki le moruti mongwe wa Methodist ba ne ba leka go tsena kgang eno, Ouezzin Coulibaly, moemedi mongwe yo mogolo wa puso, o ne a bolela jaana: “Ke emela batho ba naga eno. Re batho, mme re rata Basupi ba ga Jehofa ka jalo re batla gore ba nne mo nageng eno.”

Barutwa Ba Ba Tlhaloganyang Eleruri

Fa Jesu a ne a laela gore go ‘dirwe merafe yotlhe barutwa,’ o ne a laela gape gore ba ba neng ba tla fetoga barutwa—ba ba neng ba dumela dilo tse Keresete a neng a di ruta le go di dirisa—ba tshwanetse ba kolobediwa. (Math. 28:19, 20) Tumalanong le seno, go na le thulaganyo ya gore barutwa ba basha ba kolobediwe kwa dikopanong tse dinnye le kwa go tse dikgolo tse di tshwarwang nako le nako tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka nako nngwe palo ya ba ba kolobediwang e ka nna ya nna nnye thata. Lefa go ntse jalo, kwa kopanong nngwe kwa Nigeria ka 1970, go ne ga kolobediwa Basupi ba le 3 775 ba basha. Lefa go ntse jalo, boikaelelo jwa rona ga se go fitlhelela dipalo tse di kwa godimo.

Fa go ne go lemogiwa gore bangwe ba ba neng ba kolobediwa kwa Gold Coast ka 1956, ba ne ba ise ba nonofe mo tumelong, go ne ga simololwa thulaganyo ya gore go tlhatlhobiwe ba ba batlang go kolobediwa. Balebedi ba diphuthego tsa kwa Gold Coast ba ne ba fiwa boikarabelo jwa gore ba tlhatlhobe motho mongwe le mongwe yo o batlang go kolobediwa go tlhomamisa gore o itse boammaaruri jwa motheo jwa Bibela ka tsela e e lekaneng, gore o tshela go ya ka melao ya Bibela, le gore o tlhaloganya maikarabelo a Mosupi wa ga Jehofa yo o ineetseng, le yo o kolobeditsweng. Fa nako e ntse e tsamaya, thulaganyo eno e ne ya dirisiwa lefatshe ka bophara. Go ne ga tlamelwa ka thulaganyo ya go boeletsa dithuto tsa motheo tsa Bibela le batho ba ba batlang go kolobediwa mo bukeng ya “Your Word Is a Lamp to My Foot,” ka 1967. Morago ga go nna le boitemogelo ka dingwaga di le dintsi, go ne ga gatisiwa thulaganyo mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona ka 1983.

Mo thulaganyong e e ntseng jalo, a dilo tse di tlhokwang ke batho ba ba sa rutegang go le kalo kana ba ba sa rutegang gotlhelele di ne di lebetswe?

Go Lebana le Bothata jwa Ba Ba Sa Itseng go Bala le go Kwala

Ka 1957 Educational, Scientific, and Cultural Organization ya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng e ne ya fopholetsa gore mo e ka nnang 44 lekgolong ya baagi ba lefatshe ba ba nang le dingwaga tse 15 kana go feta ba ne ba sa kgone go bala kana go kwala. Go ne ga begiwa gore 75 lekgolong ya bagolo ba ba mo dinageng tse 42 mo Afrika, tse 2 kwa Amerika, tse 28 kwa Asia, le tse 4 kwa Oceania, ba ne ba sa itse go bala le go kwala. Lefa go ntse jalo, le bone ba ne ba tlhoka go fiwa tshono ya gore ba ithute molao wa Modimo ba ipaakanyetse go nna babusiwa ba Bogosi jwa gagwe. Bontsi jwa ba ba neng ba sa kgone go bala ba ne ba nyoretswe kitso ebile ba kgona go gakologelwa dilo tse dintsi tse ba di utlwileng, mme lefa go ntse jalo ba ne ba santse ba sa kgone go bala Lefoko la Modimo le le botlhokwatlhokwa ka bobone le go dirisa dikgatiso tse di diretsweng go thusa batho go ithuta Bibela.

Basupi ka bongwe ba ne ba thusa batho ba ba neng ba batla go ithuta go bala ka dingwaga tse dintsi. Lefa go ntse jalo, ka 1949 le ka 1950, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala mo diphuthegong dingwe le dingwe tsa bone mo dinageng tse dintsi tsa Afrika. Ditlelase tseno gantsi di ne di tshwarelwa mo Diholong tsa Bogosi, mme mo mafelong a mangwe go ne go lalediwa motse otlhe gore o tle go solegelwa molemo ke thulaganyo eno.

Koo puso e neng e tshegetsa thulaganyo ya go ithuta go bala le go kwala ka madi teng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisana le yone ka boitumelo. Lefa go ntse jalo, mo mafelong a mantsi Basupi ba ne ba tshwanela gore ba itirele le go dirisa dipampitshana tse ba rutang ka tsone. Batho ba le dikete di le masomesome, go akaretsa le basadi ba le diketekete mmogo le batho ba ba tsofetseng, ba ne ba thusiwa gore ba itse go bala le go kwala ba thusiwa ke ditlelase tseno tse di neng di tsamaisiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya tsela e khoso eno e neng e rulagantswe ka yone, ga ba ithuta go bala le go kwala fela mme mo godimo ga moo ba ne ba tlwaelana le boammaaruri jwa motheo jo bo tswang mo Lefokong la Modimo Le Le Boitshepo. Seno se ne sa ba thusa gore ba tshwanele gore ba ka nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa e Jesu a laetseng gore e dirwe. Go eletsa go dira seno go ne ga tlhotlheletsa ba bantsi gore ba ithute go bala ka tlhoafalo.

Fa motho mongwe a ne a gana go reetsa Mosupi mongwe yo mosha kwa Dahomey (e jaanong e leng Benin), kwa Afrika Bophirima, ka go bo Mosupi yoo a ne a sa kgone go bala, Mosupi yoo o ne a swetsa gore o tshwanetse go fenya bothata joo. Mo godimo ga go nna teng kwa ditlelaseng tseno tsa go ithuta go bala le go kwala, o ne a dira boiteko ka namana. Dibeke di le thataro morago ga moo o ne a etela ene mong yole wa ntlo; monna yoo o ne a gakgamala thata go utlwa motho yono, yo mo lobakeng lo lokhutshwanyane fela lo lo fetileng a neng a sa itse go bala le go kwala, a mmalela go tswa mo Lefokong la Modimo moo eleng gore o ne a kgatlhegela se Mosupi yoo a neng a se ruta. Bangwe ba bao ba neng ba rutwa mo ditlelaseng tseno tsa go ithuta go bala le go kwala e ne ya re, fa nako e ntse e tsamaya, ya nna balebedi ba ba etang, ba na le diphuthego tse dintsi tse ba tshwanelwang ke go di ruta. Go ne go ntse jalo ka Ezekiel Ovbiagele wa kwa Nigeria.

Go Ruta ka go Dirisa Ditshwantsho tsa Dibaesekopo Mmogo le Ditshwantsho tsa Diselaete

Go thusa bao ba neng ba kgatlhegela Bibela gore ba lemoge kafa phuthego ya ga Jehofa e leng kgolo ka gone, go ne ga gololwa ditshwantsho tsa dibaesekopo ka 1954. Baesekopo eno, eleng ya The New World Society in Action, e ne ya thusa gape go tlosa letlhoo le batho ba neng ba na le lone mo Basuping.

Kwa lefelong leo jaanong eleng Zambia, gantsi go ne go tlhokega motšhinenyana o o akgiwang o o fetlhang motlakase go bontsha baesekopo eno. Go ne go phuthololwa saile e tshweu e bo e kgwagediwa mo ditlhareng tse pedi jaaka lesire. Kwa Perofensing ya Barotse, kgosikgolo ya teng e ne ya leba baesekopo eno le lelapa la gagwe la segosi, mme ya re morago ga moo a bo a batla gore e bontshiwe batho botlhe. Go ne ga felela ka gore, e bonwe ke batho ba le 2 500 mo maitsiboeng a a latelang. Palogotlhe ya batho ba ba neng ba bona ditshwantsho tseno tsa dibaesekopo mo lobakeng lwa dingwaga tse 17 kwa Zambia e ne e feta milione. Ba ba neng ba le teng ba ne ba kgatlhiwa ke seo ba neng ba se bona. Gaufi fela le koo, kwa Tanganyika (e jaanong e leng bontlhanngwe jwa Tanzania), go bolelwa gore fa go sena go bontshiwa baesekopo eno, go ne go utlwala modumo wa batho ba ntse ba re, “Ndaka, ndaka” (Re a leboga, re a leboga).

Morago ga baesekopo eno ya The New World Society in Action, go ne ga latela ditshwantsho tse dingwe tsa dibaesekopo: The Happiness of the New World Society, Proclaiming “Everlasting Good News” Around the World, God Cannot Lie, le Heritage. Gape go ne ga bontshiwa diselaete tse dingwe, tse mo go tsone mongwe a neng a akgela kafa Bibela e leng mosola ka teng mo motlheng wa rona, gore dithuto tsa motheo le ditlwaelo tsa Labokeresete di simologile kwa boheitaneng, gore boemo jwa lefatshe bo kaya eng fa bo lejwa go ya ka boperofeti jwa Bibela, mmogo le diselaete tse di supang phuthego ya Basupi ba ga Jehofa, e supa ntlokgolo ya bone ya lefatshe, dikopano tse di kgatlhang mo dinageng tse ba kileng ba bo ba thibetswe kwa go tsone, mmogo le go boeletsa hisitori ya bone ya segompieno. Di ne tsa thusa batho gore ba lemoge gore Jehofa eleruri o na le batho mo lefatsheng le gore Bibela ke Lefoko la Gagwe le le tlhotlheleditsweng.

Go Lemoga Ba E Leng Dinku Tota

Mo dinageng dingwe, batho ba ba neng ba na le dikgatiso dingwe tsa Watch Tower ba ne ba bolela gore ke Basupi ba ga Jehofa kana ba ne ba ipitsa ka Watch Tower. A mme gone ba ne ba fetotse dilo tse ba neng ba di dumela mmogo le tsela e ba tshelang ka yone gore e dumalane le melao ya Bibela? A ba ne ba tla itshupa gore ke batho ba sekadinku tota ba ba reetsang lentswe la Mong, ebong Jesu Keresete fa ba ne ba ka kaelwa sentle?—Yoh. 10:4, 5.

Ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower e ne ya amogela lekwalo lengwe le le gakgamatsang, ka 1954, le tswa kwa setlhopheng sengwe sa Baafrika kwa Baía dos Tigres, motsana wa bagolegwa kwa borwa jwa Angola. Mokwadi wa lone, ebong João Mancoca, o ne a bolela jaana: “Setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa mo Angola se na le maloko a le 1 000. Maloko ano moeteledipele wa bone ke Simão Gonçalves Toco.” Toco e ne e le mang? A balatedi ba gagwe e ne le Basupi ba ga Jehofa ruri?

Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore John Cooke, yo e leng morongwa yo o kgonang go bua Sepotokisi, a etele Angola. Fa a sena go nna a botsolotsana le modiredi mongwe wa koloni eo ka lobaka lo loleele, Mokaulengwe Cooke o ne a fiwa tetla ya gore a etele Mancoca. Mokaulengwe Cooke o ne a utlwa gore Toco o ne a bona dibuka dingwe tsa Watch Tower ka bo1940 ka nako ya fa e ne e santse e le leloko la kereke ya Baptist kwa Belgian Congo (e jaanong e leng Zaire), mme a bolelela ditsala tsa gagwe ka se a neng a se ithutile. Mme lefa go ntse jalo, batho ba ba dirisanang le badimo ba ne ba tlhotlheletsa setlhopha seo, mme fa nako e ntse e tsamaya Toco o ne a kgaotsa gotlhelele go tlhola a dirisa dibuka tsa Watch Tower mmogo le Bibela. Mo boemong jwa moo, o ne a kopa thuso mo bathong ba ba buang le badimo. Balatedi ba gagwe ba ne ba busediwa gae kwa Angola ke puso mme morago ga moo ba anama mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga eo.

Mancoca e ne e le mongwe wa batho ba ba kileng ba kopanela le Toco, mme lefa go ntse jalo Mancoca o ne a leka go rotloetsa ba bangwe gore ba tlogele tirisabadimo le gore ba ngaparele Bibela. Bangwe ba balatedi ba ga Toco ba ne ba se ka ba rata seno mme ba pega molato kgatlhanong le Mancoca mo pusong ya Bapotokise mme ba sa bue boammaaruri. Go ne ga felela ka gore, Mancoca le ba ba neng ba dumalana le ene ba isiwe kwa motsaneng wa bagolegwa. O ne a ikgolaganya le Mokgatlho wa Watch Tower a le koo mme a bona dibuka tse di oketsegileng tsa Bibela. O ne a le boikokobetso, a rata dilo tsa semoya, ebile a kgatlhegela thata go dira le phuthego eo a neng a ithutile boammaaruri mo go yone. Fa Mokaulengwe Cooke a sena go senya diura di le dintsi a tlotla ka boammaaruri jwa Bibela le setlhopha seno, o ne a sala a sa belaele gore João Mancoca eleruri e ne e le nngwe ya dinku tsa Morena. Mokaulengwe Mancoca o ile a supa seo ka dingwaga tse dintsi kafa tlase ga maemo a a bokete tota.

Gape go ne ga botsolodiwa Toco le bangwe ba balatedi ba gagwe. Lefa go ntse jalo, ke sekae fela ba ba neng ba supa fa ba na le dinonofo tsa balatedi ba ga Keresete. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se 1 000 kwa Angola ka nako eo mme ba ne ba ba ka tshwara 25.

Ka yone nako eo, kwa Belgian Congo (e jaanong eleng Zaire), go ne go sa itsiwe gore ke bafe. Go ne go na le mokgatlho mongwe o o neng o tlhakantse bodumedi le dipolotiki o o neng o itsege jaaka Kitawala, o ka dinako tse dingwe o neng o ipitsa Watch Tower. Go ne ga fitlhelwa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa mo magaeng a mangwe a maloko a one, a a neng a di amogetse ka poso. Mme lefa go ntse jalo dilo tse mokgatlho wa Kitawala o neng o di dumela le ditlwaelo tsa bone (tse di neng di akaretsa bomorafe, gore puso e tshwanetse go menolwa gore tsamaiso ya dipolotiki kana ya loago e fetolwe, ebile boitsholo jwa bone jwa tlhakanelodikobo bo le maswe thata ebile e le karolo ya kobamelo) di ne di sa tshwane gotlhelele le tsa Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, go ne go na le dipego dingwe tse di gatisitsweng tse di neng di leka go bolela gore Mokgatlho wa Watch Tower wa Basupi ba ga Jehofa e ne e le selo se le sengwe fela le wa Kitawala.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba leka kgapetsakgapetsa go romela baokamedi ba ba thapisitsweng kwa nageng eo mme badiredi ba puso ba Belgium ba ne ba se ka ba ba letla. Ditlhopha tsa Katoliki le tsa Baporotesetanta di ne tsa itumelela seno thata. Ba ba neng ba leka go ithuta Bibela ka dibuka tsa Watch Tower kwa Belgian Congo, ba ne ba tshwarwa makgwakgwa segolobogolo go tloga ka 1949 go ya kwa pele. Mme lefa go ntse jalo go ne go ntse fela jaaka fa mongwe wa Basupi ba ba ikanyegang ba koo a ne a bolela jaana: “Re tshwana fela le kgetsi ya mabele a Afrika. Lefa ba ka re isa kae, Lefoko le tla nna le wela fa fatshe fela jalo, go fitlha ka nako e pula e tla tlang ka yone, mme ba tla bona palo ya rona e oketsega gongwe le gongwe.” Go tloga ka 1949 go fitlha ka 1960 go ne ga diragala gore palo ya ba ba neng ba bega tirelo jaaka Basupi ba ga Jehofa e oketsege go tloga go 48 go fitlha go 1 528, le mororo maemo a ne a le bokete thata.

Badiredi ba puso ba ne ba lemoga ka bonya ka bonya gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane gotlhelele le mokgatlho wa Kitawala. Fa Basupi ba sena go fiwa tetla ya gore ba ka kopana mmogo, batho ba ba eleng dilo tlhoko ba ba mo pusong gantsi ba ne ba bolela kafa Basupi ba itshwarang sentle ka teng le kafa ba dirang dilo ka thulaganyo ka teng. Ka nako ya fa go ne go gwantiwa mo mebileng go lwela gore naga eo e ikemele ka nosi mo dipolotiking, batho ba ne ba itse gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sena seabe mo go seo. Ka 1961 mookamedi mongwe yo o tshwanelegang wa Mosupi ebong Ernest Heuse, yo Mmotlana, go tswa kwa Belgium, e ne ya re kgabagare a kgona go tsena mo nageng eo. Ka ntlha ya maiteko a magolo a a neng a dirwa, go ne ga kgonega gore go thusiwe bakaulengwe gore ba dire gore diphuthego tsa bone le matshelo a bone a dumalane le Lefoko la Modimo ka botlalo. Go ne go na le dilo tse dintsi tse ba neng ba tshwanetse go di ithuta, mme seno se ne se tlhoka bopelotelele jo bo seng kana ka sepe.

Batho ba Kitawala ba mafelo a mangwe ba ne ba romela maina a mantsi a batho ba bone ba ba neng ba batla go lejwa jaaka Basupi ba ga Jehofa gonne ba ne ba batla go ba ithatisa. Mokaulengwe Heuse ka botlhale o ne a romela bakaulengwe ba ba tshwanelegang kwa mafelong ano go tlhola gore batho bao ba ntse jang. Mo boemong jwa go amogela ditlhopha tse dikgolo tsa batho, ba ne ba ithuta Bibela le batho ka bongwe.

Fa nako e ntse e tsamaya, dinku tsa mmatota, bao eleruri ba neng ba leba Jesu Keresete jaaka Modisa wa bone, ba ne ba bonala. Mme go ne go na le ba bantsi ba ba ntseng jalo. Le bone kafa letlhakoreng le lengwe ba ne ba ruta ba bangwe. Go ralala dingwaga, barongwa ba bantsi ba Watch Tower ba ba tswang kwa moseja ba ne ba tla go dira le bone, go ba thusa gore ba itse Lefoko la Modimo ka tlhomamo le go ba thapisa sentle kafa ba neng ba tlhoka ka eng. Ka 1975, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 17 477 kwa Zaire, ba ba neng ba rerela ba bangwe Lefoko la Modimo ebile ba le ba ruta, ba rulagantswe mo diphuthegong di le 526.

Go Ikgolola mo Maatleng a Dipheko

Go ela kwa bophirima jwa Nigeria go na le naga ya Benin (e pele e neng e itsiwe jaaka Dahomey), e e nang le baagi ba ba kgaogantsweng ka ditlhopha tsa meratshwana e le 60 e e buang dipuo le diteme di le 50. Jaaka fa go ntse ka bontsi jwa Afrika, go obamela meya ke bodumedi jo bo tlwaelegileng jwa ngwao ya bone, mme ba dira seno mmogo le go obamela bagologolwane. Boemo jo bo ntseng jalo jwa bodumedi bo dira gore batho ba tshwenngwe ke tumelabotlhodi ba bo ba tshelele mo poifong. Bontsi jwa ba ba ipolelang gore ke Bakeresete le bone ba obamela meya.

Go tloga fa bo1920 ba fela go fitlha ka bo1940, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Nigeria ba ne ba jala peo e ntsi ya boammaaruri jwa Bibela kwa Dahomey fa ba ne ba ntse ba ya teng go ya go anamisa dibuka tsa Bibela. Bontsi jwa dipeo tseo di ne di tlhoka fela gore di nosediwe go sekae gore di simolole go tlhoga. Go ne ga tlamelwa ka thuso e e ntseng jalo ka 1948 ka nako ya fa Nouru Akintoundé, moagi wa Dahomey yo a neng a ntse a nna kwa Nigeria, a ne a boela kwa Dahomey go ya go bula tsela teng. Mo dikgweding di le nne fela, batho ba le 300 ba ne ba tsaya kgato ka bonako fela ka ntlha ya boammaaruri mme ba dira le ene mo bodiheding jwa tshimo. Tsela e ba neng ba arabela ka yone e ne e feta kgakala kafa go neng go lebeletswe ka teng.

Tiro eno e ne ya akofa ya galefisa baruti ba Labokeresete mmogo le ba ba obamelang meya. E ne ya re fa mokwaledi wa phuthego ya ba ba dumelang mo diphekong kwa Porto-Novo a ne a kgatlhegela boammaaruri, moeteledipele yo mogolo wa phuthego eno ya ba ba dumelang dilo tsa tumelabotlhodi o ne a bolela gore mokwaledi yoo o tlile go swa go ise go fete malatsi a le supa. Mme lefa go ntse jalo motho yono yo pele e neng e le mokwaledi wa phuthego eno ya ba ba dumelang mo diphekong o ne a bolela jaana a ititeile sehuba: “Fa e le gore Jehofa o dirilwe ke dipheko, ke tla swa; mme lefa go ntse jalo fa e le gore Jehofa ke Modimo mogodimodimo, he o tla fenya dipheko tseo.” (Bapisa Duteronome 4:35; Yohane 17:3.) Go dira gore selo se a neng a se buile se diragale, mo bosigong jwa letsatsi la borataro, moeteledipele yono yo mogolo wa ba ba dumelang mo diphekong o ne a dira mefuta yotlhe ya boloi mme morago o ne a bolela gore motho yono yo pele e neng e le mokwaledi wa phuthego ya gagwe o sule. Lefa go ntse jalo, baobamedi ba ba dumelang mo diphekong ba ne ba gakgamala thata mo letsatsing le le latelang fa a ne a tla kwa marekelong kwa Cotonou a ntse a tshela. Morago ga moo, mongwe wa bakaulengwe ba rona o ne a hira koloi mme a e kgweetsa a mo pegile go ralala Porto-Novo gore botlhe ba tle ba mmone gore o santse a tshela. Morago ga seno, batho ba bantsi ba ba neng ba dumela mo diphekong ba ne ba emela boammaaruri ba nonofile.—Bapisa Yeremia 10:5.

Go ise go ye kae, dikgatiso tsa Watch Tower di ne tsa thibelwa kwa Dahomey, ka ntlha ya go bo bodumedi bo ne bo tlhotlheletsa seo thata. Mme lefa go ntse jalo, Basupi ba ne ba ikobela Jehofa Modimo ka go tswelela ba ntse ba rera, gantsi ba dira jalo ka Bibela fela. Ka dinako tse dingwe ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo jaaka “bagwebi,” ba tshotse dilwana tsa mefutafuta tse di rekisiwang. Fa ba ne ba atlega fa ba ntse ba tlotla le mongwe, ba ne ba mo lebisa mo Bibeleng, mme ba ne ba ka nna ba bo ba ntsha nngwe ya dibuka tse di tlhotlhwakgolo tsa Bibela go tswa mo kgetsaneng e kgolo e e kafa gare mo seaparong sa bone.

E ne ya re fa mapodisi a ba tshwarisa bothata thata mo metsemegolong, ba ne ba ya go rera mo mafelong a metseselegae. (Bapisa Mathaio 10:23.) Mme fa ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong, ba ne ba rera teng koo. Ka 1955, Basupi ba ba mo kgolegelong ba ne ba bona batho ba ka nna 18 ba ba kgatlhegang mo bathong ba ba neng ba golegilwe kana badiredi ba kgolegelo ya Abomey.

Mo lobakeng lwa dingwaga di le lesome fela fa mokaulengwe wa mmulatsela wa kwa Dahomey a sena go boela kwa nagagaeng eno ya bone go ya go rera teng, go ne go na le ba le 1 426 ba ba neng ba nna le seabe mo bodiheding—mme o ne a dira jalo le mororo puso e ne e thibetse tiro ya bone!

Badiri Ba Ba Oketsegileng Ba Nna le Seabe mo Thobong

Go ne go bonala sentle gore go ne go na le batho ba bantsi go ralala Afrika ba ba neng ba bolailwe ke tlala ya go utlwa boammaaruri. Thobo e ne e le kgolo, mme lefa go ntse jalo go ne go na le badiri ba sekae fela. Ka gone, bakaulengwe ba ne ba kgothala fa ba ntse ba bona kafa Mong wa thobo, Jehofa Modimo, a neng a araba dithapelo tsa bone tsa gore go nne le badiri ba ba oketsegileng ka teng go tla go thusa mo go phutheng gono ga semoya.—Math. 9:37, 38.

Babulatsela ba ba tsamayang ba eta ba ne ba tsamaisitse dibuka tse dintsi kwa Kenya ka bo1930 mme lefa go ntse jalo go ne go sa boelwa thata kwa go bone. Lefa go ntse jalo, ka 1949, Mary Whittington o ne a fudugela kwa Nairobi le bana ba gagwe ba bararo a tswa kwa Borithane go tla go nna le monna wa gagwe, yo a neng a dira koo. Kgaitsadi Whittington o ne a na le ngwaga fela a ntse a kolobeditswe, mme lefa go ntse jalo o ne a na le moya wa bobulatsela. Le mororo a ne a sa itse Basupi bape kwa Kenya, o ne a simolola go thusa batho go ithuta boammaaruri mo tshimong eno e kgolo. Le mororo go ne go na le dikgoreletsi, o ne a se ka a kgaotsa. Basupi ba bangwe le bone ba ne ba tla—ba tswa kwa Afrika Borwa, Australia, kwa Borithane, Canada, Sweden, United States, le kwa Zambia—ba ithulaganyetsa ka bobone gore ba fudugele koo go ya go bolelela batho ba koo ka tsholofelo ya Bogosi.

Mo godimo ga moo, go ne ga romelwa banyalani bangwe ba barongwa go ya go thusa mo thobong. Kwa tshimologong go ne go patelesega gore banna ba dire tiro ya boitshediso gore ba kgone go nna mo nageng eo, ka gone ba ne ba sa senye nako e e kalo mo bodiheding. Mme lefa go ntse jalo basadi ba bone ba ne ba gololesegile go dira jaaka babulatsela. Fa nako e ntse e tsamaya, barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba ba fetang lekgolo ba ne ba tla mo Kenya. Go tlhaola batho goo puso ya bokolone ya Borithane e neng e go tlhomile go ne ga fela fa ba simolola go ikemela ka nosi, mme Basupi ba ba tswang kwa Yuropa ba ne ba ithuta Seswahili mme go ise go ye kae ke fa ba setse ba atolosa tiro ya bone gore ba fitlhelele Baafrika ba ba tsholetsweng koo. Palo ya Basupi e ne ya oketsega ka bonako mo karolong eno ya tshimo ya lefatshe.

Botswana le yone e ne ya thusiwa mo thobong ya semoya ka 1972 ka nako ya fa Basupi ba ba tswang kwa Borithane, Kenya, le Afrika Borwa ba ne ba fudugela kwa ditoropong tsa teng tse dikgolo. Dingwaga tse tharo morago ga moo, barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade le bone ba ne ba goroga. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa baagi bo gasame mo metsaneng ya magae. Basupi ba ba neng ba tswa Afrika Borwa ba ne ba ralala kgaolo ya sekaka se se bidiwang Kgalagadi gore ba ba fitlhelele. Mo merafeng eo e e kwa thoko, ba ne ba rerela dikgosana tsa metsana eno, barutabana ba teng ba sekolo, mme gantsi ditlhopha tsa batho ba le 10 kana 20 ba ba anaanelang seno. Monna mongwe yo o tsofetseng o ne a bolela jaana: “Lo tswa kgakala jaana fela gore lo tle go re bolelela ka dilo tseno? Ke bopelonomi, ke bopelonomi eleruri.”

“Bible Brown” o ne a neela dipuo tse di maatla tsa Bibela kwa Liberia ka bo1920, mme lefa go ntse jalo o ne a ganediwa fela thata. Ga go a ka ga bonwa sepe mo thobong eo ya semoya go fitlha barongwa ba ba thapisitsweng kwa Sekolong sa Gileade ba goroga. Harry Behannan, yo a neng a tla ka 1946, e ne e le ene wa ntlha. Ba bangwe ba bantsi ba ne ba nna ba tla mo dingwageng tse di neng tsa latela. Baagi ba Liberia ba ne ba kopanela le bone mo tirong eno, mme ka 1975 palo ya batho ba ba bakang Jehofa e ne ya feta sekete.

“Bible Brown” o ne a rerile thata kwa Nigeria. Ono e ne e le morafe o o neng o kgaogantswe ka magosi a le mmalwa, metsemegolo, le ditsamaiso tsa loago, go na le batho ba ba buang dipuo le diteme tse di fetang 250. Bodumedi jwa bone le jone bo ne bo ba kgaoganya. Basupi ba ntlha ba koo ba ne ba senola baruti le dithuto tsa bone tsa maaka ka go bua puo phaa fela mme lefa go ntse jalo ba dirisa dintlha tse di nonofileng tsa Dikwalo. Ka nako ya fa dibuka tsa bone di ne di thibelwa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, bakaulengwe ba ne ba rera ka Bibela fela. Batho ba ba ratang boammaaruri ba ne ba reetsa ba anaanela tota. Ba ne ba tswa mo dikerekeng, mme morago ba tlogela go nyala basadi ba bantsi ba bo ba tlogela tumelabotlhodi e dikereke di neng di e letla. Ka 1950 palo ya Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba nna le seabe mo go boleleng molaetsa wa Bogosi kwa Nigeria e ne e le 8 370. Ka 1970 palo ya bone e ne e imenne ga lesome.

Go ne ga tshwanelwa gore go fenngwe dithibelo tsa semoya tse di neng di sa fele gore batho ba ba kgatlhegang kwa Rhodesia Borwa (eo jaanong e leng Zimbabwe) ba thusiwe semoyeng. Ba ne ba setse ba simolotse go leka go bona tetla ya go amogelwa semolao mo magareng a bo1920. Ka 1932, babulatsela ba ba tswang kwa Afrika Borwa ba ne ba laelwa gore ba tswe mo nageng eo mme ba ne ba bolelelwa gore ga ba kitla ba letlwa go ikuela ka gope. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba ikuela. Go ne ga tshwanelwa ke gore go iwe kwa dikgotlatshekelo ka ntlha ya ditatofatso tsa gore dibuka tsa Watch Tower e ne e le tsa go leka go menola puso. Kwa tshimologong ya bo1940, bakaulengwe ba ne ba nna nako e e rileng ba le mo kgolegelong ka ntlha ya go anamisa dibuka tse di tlhalosang Bibela. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se ka ba amogelwa semolao ka botlalo jaaka phuthego ya bodumedi kwa Zimbabwe go tla go fitlha ka 1966. Tiro ya thobo ya semoya e ne e ntse e dirwa ka bothata jo bo seng kana ka sepe ka lobaka lwa dingwaga tse di fetang 40, mme badiri ba ba pelokgale ba ne ba thusa batho ba ba fetang 11 000 gore ba fetoge batlhanka ba ga Jehofa Modimo.

Go Rerela Babusi le Dikgosi

Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla ganediwa mo bodiheding jwa bone. O ne a ba bolelela gore ba ne ba tla isiwa kwa “ditshekoñ,” le eleng fa pele ga “balaodi le dikgosi,” le gore seno e ne e tla nna “chupō mo go bōnè le mo go Badichaba.” (Math. 10:17, 18) Basupi ba ga Jehofa ba ne ba diragalelwa ke sone se Jesu a neng a se bolelela pele, mme tumalanong le se a neng a se bolela, ba ne ba dirisa sebaka seo go neela bosupi.

Badiredi bangwe ba puso ba ne ba letla poifo gore e ba kgoreletse go direla balatedi ba ga Keresete molemo. (Yoh. 12:42, 43) Llewelyn Phillips o ne a bona bosupi jwa seno ka 1948 fa a ne a botsolotsa badiredi ba le mmalwa ba puso kwa thoko kwa Belgian Congo, ka maikaelelo a go golola Basupi ba ba neng ba bogisiwa koo. O ne a tlhalosetsa banna bano ka dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang mmogo le ka tiro ya bone. Mme lefa go ntse jalo, ka nako ya fa ba ne ba bodiwa dipotso, mmusikakaretso o ne a botsa jaana a batla go itse: “Mme fa ke lo thusa, ke eng se se tlileng go ntiragalela?” O ne a itse gore Kereke ya Roma Katoliki e ne e laola thata mo nageng eo.

Lefa go ntse jalo, kgosikgolo ya morafe wa Baswazi ebong Kgosi Sobhuza II, o ne a sa reetse baruti thata. O ne a tlhola a buisana le Basupi ba ga Jehofa, a na le dibuka tse dintsi tsa bone, ebile a le pelonomi mo go bone. Ngwaga mongwe le mongwe ka “Good Friday,” o ne a tlhola a kopa baruti bangwe ba Baafrika gore ba tle kwa moshateng wa gagwe. O ne a ba letla gore ba bue, mme gape o ne a bitsa le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka 1956 Mosupi o ne a bua ka thuto ya gore moya ga o swe le ka maina a tlotlo a baeteledipele ba bodumedi ba bidiwang ka one. Fa a fetsa, kgosikgolo eno e ne ya botsa baruti jaana: “A dilo tseno tse Basupi ba ga Jehofa ba di bolelang di boammaaruri kana ke maaka? Fa e le gore ke maaka, ntshang bosupi jwa gore ke maaka.” Ba ne ba sa kgone go ganetsa dilo tse Basupi ba neng ba di boletse. Mo lekgetlong lengwe kgosikgolo eno e ne ya bo ya swa ka ditshego fa baruti ba ne ba gakgamadiwa ke se Mosupi a neng a se bolela.

Mapodisi ke one a gantsi a neng a rongwa go ya go botsa Basupi gore ba dira tiro ya bone ka mabaka afe. Go tswa kwa phuthegong ya kwa Tangier, kwa Morocco, Basupi ba ne ba aga ba etela kwa Ceuta, boemakepe joo bo neng bo laolwa ke Spain mme lefa go ntse jalo bo le mo lotshitshing lwa lewatle la Morocco. E ne ya re ka nako nngwe fa Basupi ba sena go emisiwa ke mapodisi ka 1967, ba ne ba bodiwa dipotso ka lobaka lwa diura tse pedi, mme ba ne ba neela bosupi jo bo molemo thata ka nako eo. Mo lekgetlong lengwe, batlhatlhobi bangwe ba mapodisi ba babedi ba ne ba botsa Basupi gore a ba dumela mo go “Lekgarejana Maria.” Fa ba bolelelwa gore dipego tsa Dikwalo tsa Efangele di bontsha gore Maria o ne a nna le bana ba bangwe fa a sena go tshola Jesu, le gore bana bano e ne e le bomorwarraagwe Jesu le bokgaitsadie ka mmaagwe, badiredi bano ba ne ba gakgamala mme ba bolela gore seo ga se yo mo Bibeleng. Fa ba ne ba bontshiwa Yohane 7:3-5, mongwe wa badiredi bano ba puso o ne a e leba a emetse kgakala a didimetse; ka jalo yo mongwe o ne a re: “Mphe Bibela eo kwano. Nna ke tla tlhalosa temana eo!” Modiredi wa ntlha o ne a araba a re: “O se ka wa itshwenya. Temana eno e tlhamaletse.” Go ne ga bodiwa dipotso tse dingwe tse dintsi mme tsa arabiwa go digilwe makgwafo. Morago ga seo, balaodi ba puso ba ne ba se ka ba tlhola ba tshwenya Basupi thata fa ba rera mo lefelong leo.

Banna ba maemo a a kwa godimo ba puso ba ne ba tlwaela Basupi ba ga Jehofa le bodihedi jwa bone. Bangwe ba bone ba itse gore tiro e e dirwang ke Basupi eleruri e solegela batho molemo. Fa 1959 e ya kwa bofelong, fa go ne go tshwaraganwe le go baakanyetsa kemonosi ya Nigeria, mmusikakaretso, Dr. Nnamdi Azikiwe, o ne a kopa gore W. R. Brown a nne teng jaaka moemedi wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a bolelela Lekgotla la Ditona tsa gagwe jaana: “Fa dikereke tsotlhe di ka bo di tshwana le basupi ba ga Jehofa, re ka bo re sena batho ba ba bolayang ba bangwe, magodu, diganana, magolegwa le dibomo tsa atomiki. Go ne go se kitla go lotlelwa mejako bosigo le motshegare.”

Thobo ya semoya e ne e le ntsi mo Afrika. Ka 1975 go ne go na le Basupi ba le 312 754 ba ba neng ba rera mafoko a a molemo mo dinageng di le 44 mo kontinenteng ya Afrika. Mo go di le robonngwe tsa dinaga tseo, go ne go na le ba ba kafa tlase ga 50 ba ba neng ba emela boammaaruri jwa Bibela le go nna le seabe mo tirong ya go rera mafoko a a molemo. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba leba botshelo jwa mongwe le mongwe bo le tlhwatlhwakgolo. Mo go tse 19 tsa dinaga tseno, ba ba neng ba nna le seabe mo bodiheding jwa ntlo le ntlo jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara dikete. Go ne go begwa fa ba oketsegile ka ditsela tse di gakgamatsang mo mafelong a mangwe. Ka sekai, go tloga ka 1970 go fitlha ka 1975 kwa Angola, palo ya Basupi e ne e tlhatlogile go tloga go ba le 355 go ya go ba le 3 055. Kwa Nigeria, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 112 164 ka 1975. Batho bano e ne e se batho ba ba ipelelang go bala dikgatiso tsa Watch Tower fela, ebile ba ne ba sa ye kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ka sewelo fela. Botlhe e ne e le baboledi ba ba tlhaga ba Bogosi jwa Modimo.

Dinaga tsa Botlhaba Di Tlhagisa Batho Ba Ba Bakang Jehofa

Fela jaaka fa go ne go ntse kwa mafelong a mangwe a mantsi, tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Philippines e ne ya atologa ka bofefo morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Ka bonako fela fa Joseph Dos Santos a sena go gololwa mo kgolegelong ka March 13, 1945, o ne a ikgolaganya le ofisi ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa New York. O ne a batla go nna le dikgatiso tsotlhe tsa go ithuta Bibela mmogo le ditaelo tsa phuthego tseo bakaulengwe ba kwa Philippines ba neng ba ka tswa ba ile ba di fosa ka nako ya ntwa. Morago ga moo o ne a etela diphuthego ka namana go di dira seoposengwe le go di nonotsha. Mo go one ngwaga oo go ne ga tshwarwa kopano ya selegae kwa Lingayen, kwa perofensing ya Pangasinan, koo ba neng ba neelwa dikaelo gone tsa kafa ba ka rutang batho ba ba bolailweng ke tlala ya go utlwa boammaaruri gone ka go ithuta Bibela le bone kwa magaeng a bone. Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga moo go ne ga dirwa boiteko jo bogolo jwa go ranolela dikgatiso tse di oketsegileng mo dipuong tsa koo mmogo le go di gatisa—Se-Tagalog, Se-Iloko, le Se-Cebuano. Ba ne ba thaya motheo o o tla dirang gore ba oketsege, ebile ba ne ba oketsega ka bonako.

Mo dingwageng di le lesome morago ga fa ntwa e sena go fela, palo ya Basupi kwa Philippines e ne ya oketsega go tloga go ba ba ka nnang 2 000 go ya go ba ba fetang 24 000. Mo dingwageng tse dingwe tse 20, go ne go na le batho ba ba bakang Jehofa ba ba fetang 78 000 koo.

China e ne e le nngwe ya dinaga tsa ntlhantlha tsa kwa Botlhaba tse barongwa ba ba thapisitsweng kwa Sekolong sa Gileade ba neng ba romelwa kwa go yone. Harold King le Stanley Jones ba ne ba goroga kwa Shanghai ka 1947; Lew Ti Himm, o ne a goroga teng ka 1949. Babulatsela ba bararo ba kwa Jeremane ba ba neng ba ile ba simolola tiro koo ka 1939 ba ne ba le teng koo go ba amogela. Eno e ne e le naga e bontsi jwa batho ba yone e neng e le Ba-Buddha mme ba ne ba se ka ba rata go tlotla ka Bibela ka bonako fela. Mo magaeng a bone go ne go na le mafelo a kobamelo mmogo le dibeso. Mejako ya bone e ne e na le diipone, ka go dira jalo ba leka go leleka mewa e e bosula. Dipampitshana tse dikhibidu tse di ngaparediwang tse di kwadilweng ‘o nne sego’ ebile di na le ditshwantsho tse di boifisang tsa medimo ya Ba-Buddha di kgabisitse dikgoro tse di kwa ntle. Mme lefa go ntse jalo eo e ne e le metlha ya phetogo e kgolo mo China. Kafa tlase ga puso ya Bokomonise mongwe le mongwe o ne a tshwanela gore a ithute ‘megopolo ya ga Mao Tse-tung.’ Fa ba tswa tirong ya bone ya boitshediso, go ne go nna le dithulaganyo tse dileele tseo go neng go rutiwa Bokomonise kwa go tsone. Bakaulengwe ba rona ba ne ba tswelela pele ba ntse ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo gare ga seno sotlhe.

Bontsi jwa ba ba neng ba batla go ithuta le Basupi ba ga Jehofa e ne e le bao ba neng ba kile ba bona Bibela ka tsela e e rileng kwa dikerekeng tsa Labokeresete. Go ne go ntse jalo ka Nancy Yuen, yo o neng a dira kwa kerekeng ebile e le mmalelapa yoo a neng a lebogela se Basupi ba neng ba se mmontsha mo Bibeleng. Go ise go ye kae ke fa a setse a nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya ntlo le ntlo le go tsamaisa dithuto tsa Bibela ka boene. Bangwe ba bao ba neng ba ba rerela e ne e le Ba-China le Ma-Buddha a mmatota mme ba ne ba ise ba ko ba utlwe sepe ka Bibela. Ba ne ba fitlhelela tlhoro ya baboledi ba le 57 ka 1956. Lefa go ntse jalo, mo go one ngwaga oo, Nancy Yuen o ne a latlhelwa mo kgolegelong morago ga go tshwarwa ka makgetlo a le marataro a rera. Ba bangwe ba ne ba tshwarwa kana ba patelediwa gore ba tswe mo nageng eo. Stanley Jones le Harold King ba ne ba tshwarwa ka October 14, 1958. Pele ba sekisiwa, ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka lobaka lwa dingwaga tse pedi, tseo ba neng ba bodiwa dipotso go sa fetswe. Mo go lone lobaka loo ba ne ba bodiwa dipotso go sa fele. E ne ya re kgabagare fa ba ne ba isiwa kgotlatshekelo ka 1960, ba ne ba atlholelwa go nna lobaka lo loleele kwa kgolegelong. Ka gone, ka October 1958 tiro ya phatlalatsa ya Basupi ba ga Jehofa kwa China e ne ya emisiwa ka dikgoka. Mme lefa go ntse jalo ga go le ka motlha tiro ya bone ya go rera e ileng ya emisiwa gotlhelele. Le eleng kwa kgolegelong tota le kwa dikampeng tse ba neng ba dira kwa go tsone, go ne go na le ditsela tse ba neng ba ka neela bosupi ka tsone. A go ne go tla dirwa mo go oketsegileng mo nageng e kgolo eno mo isagweng? Seno se ne se tla itsiwe ka nako e e tshwanetseng.

Mme mo go yone nako eo, go ne go diragala eng kwa Japane? Go ne go ntse go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna lekgolo ba ba neng ba ntse ba rera kwa Japane pele ga ntwa ya lefatshe ya bobedi. Bontsi jwa bone bo ne jwa ineela fa ba ne ba tshwarwa ka tsela e e setlhogo. Le mororo ba sekae ba ne ba nna ba thokgame, tiro e e rulagantsweng ya go rera phatlalatsa e ne ya ema. Lefa go ntse jalo, go bolela ka Bogosi jwa ga Jehofa go ne ga simololwa sesha mo karolong eo ya lefatshe fa Don Haslett, yo e neng e le morongwa yo o thapisitsweng kwa Gileade, a ne a goroga kwa Tokyo ka January 1949. Mosadi wa gagwe, Mabel, o ne a goroga kwa go ene morago ga dikgwedi di le pedi. Eno e ne e le tshimo eo batho ba teng ba neng ba bolailwe ke tlala ya go utlwa boammaaruri. Mmusimogolo wa teng o ne a setse a latotse gore ga se modimo. Batho ba ne ba sa tlhole ba rata Bo-Shinto, Bo-Buddha, Bokatoliki, le Kyodan (bodumedi jo bo bopilweng ka ditlhopha tse di farologaneng tsa Maporotosetanta kwa Japane) ka ntlha ya gore di ne di ile tsa tshegetsa ntwa e e neng e lowa ke Japane, e e neng e ile ya felela ka gore ba fenngwe.

Fa 1949 e ne e fela, barongwa ba le 13 ba ba tswang kwa Sekolong sa Gileade ba ne ba tshwere ka natla kwa Japane. Go ne ga latela ba bangwe ba bantsi—ba ba fetang 160 botlhe. Go ne go na le dibuka di sekae fela tse ba neng ba ka di dirisa. Bangwe ba barongwa ba ne ba ntse ba bua Sejapane sa bogologolo kwa Hawaii, mme lefa go ntse jalo ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ithute se sesha. Ba bangwe ba ne ba ithutile dintlha di sekae tsa motheo tsa sone mme lefa go ntse jalo ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ikaege ka dibukantswe tsa Sejapane le Seesemane go fitlha ba tlwaela puo eno ya bone e ntšha. Go ise go ye kae, boora Ishii le boora Miura, ba ba neng ba ile ba se ka ba latlha tumelo ya bone ka nako eo ya dingwaga tsa ntwa, ba ne ba ikgolaganya le mokgatlho mme ba boela gape ba nna le seabe mo bodiheding jwa phatlalatsa.

Magae a barongwa a ne a nna a bulwa ka go latelana kwa Kobe, Nagoya, Osaka, Yokohama, Kyoto, le Sendai. Go tloga ka 1949 go fitlha ka 1957, go ne go lekwa thata gore go simololwe tiro ya Bogosi mo ditoropong tse dikgolo mo setlhaketlhakeng se segolo sa Japane. Morago ga moo badiri ba ne ba simolola go fudugela kwa ditoropong tse dingwe. Tshimo e ne e tota thata. Go ne go phepafetse gore go tlhokega badihedi ba bantsi ba babulatsela gore Japane yotlhe e kgonwe go neelwa bosupi ka bolalo. Seno se ne sa gatelelwa, mme bontsi bo ne jwa ithaopa, mme matswela a maiteko a badihedi bao ba ba neng ba dira ka kutlwano a ne a nna magolo thata! Mo dingwageng tsa ntlha tse di lesome go ne ga nna le batho ba le 1 390 ba ba bakang Jehofa. Mo bogareng jwa bo1970 go ne go na le babaki ba ba tlhaga ba ga Jehofa ba le 33 480 ba gasame le Japane yotlhe. Mme lebelo leo tiro ya go phutha e neng e tsamaya ka lone le ne le ntse le oketsega.

Mo go one ngwaga o Don Haslett a neng a goroga ka one kwa Japane, ka 1949, tiro ya Bogosi kwa Repaboliking ya Korea le yone e ne ya gatela pele thata. Korea e ne e ntse e busiwa ke Japane ka nako ya ntwa ya lefatshe, mme Basupi ba ne ba ile ba bogisiwa setlhogo teng. Le mororo go ne go na le setlhophanyana se se neng se kopana se ithuta mmogo morago ga ntwa, ba ne ba sena kgolagano epe le mokgatlho wa merafe yotlhe go fitlha Choi Young-won a bona pego kaga Basupi ba ga Jehofa ka 1948 mo pampiring ya dikgang ya Bosole jwa Amerika eleng Stars and Stripes. Mo ngwageng o o latelang go ne ga tlhomiwa phuthego e e nang le baboledi ba le 12 kwa Seoul. Moragonyana mo go one ngwaga oo go ne ga goroga Don le Earlene Steele, ba e neng e le barongwa ba ntlha ba ba tswang kwa Sekolong sa Gileade. Dikgwedi di le supa morago ga moo, go ne ga tla barongwa ba bangwe gape ba le barataro mo nageng eo.

Ba ne ba bona matswela a a itumedisang thata—mongwe le mongwe wa bone a na le palogare ya dithuto tsa Bibela di le 20 mme palogare ya ba ba neng ba nna teng kwa dipokanong e ka nna 336. Morago Ntwa ya Korea e ne ya simologa. Go ne go ise go fete dikgwedi di le tharo setlhopha seo sa bofelo sa barongwa se gorogile koo, fa ba ne ba kobiwa botlhe kwa Japane. Go ne ga tsaya lobaka lo lo fetang ngwaga gore Don Steele a kgone go boela kwa Seoul, le ngwaga o mongwe pele mosadi wa gagwe ebong Earlene a ka kgona go mo latela. Mo go yone nako eo bakaulengwe ba Bakorea ba ne ba nna fela ba ntse ba nonofile ebile ba rera ka tlhoafalo, le mororo ba ne ba latlhegetswe ke magae a bone le gore bontsi jwa bone e ne e le batshabi. Mme lefa go ntse jalo, ereka jaanong ntwa e ne e fetile, go ne ga dirwa gore go nne le dibuka tse di oketsegileng ka Sekorea. Dikopano mmogo le go thologela ga barongwa ba ba oketsegileng koo di ne tsa dira gore tiro e gatele pele. Ka 1975 go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 32 693 kwa Repaboliking ya Korea—ba batla ba lekana fela le ba kwa Japane—mme go ne go solofetsa gore ba ka nna ba oketsega thata, ka gonne go ne go ithutiwa Bibela le batho ba le 32 000 mo magaeng a bone.

Maemo A Ne A Ntse Jang kwa Yuropa?

Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba gololesega ka botlalo gore ba ka tswelela pele ka tiro ya bone ya go ruta ba bangwe Bibela ba sa bogisiwe fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go khutla kwa Yuropa. Mo mafelong a mangwe badiredi ba puso ba ne ba ba tlotla ka gonne ba ne ba ile ba ema ba nonofile ka nako ya ntwa. Mme lefa go ntse jalo kwa mafelong a mangwe maikutlo a a maatla a bomorafe le go ilwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone go ne ga felela ka gore ba bogisiwe go ya pele.

Mo Basuping ba kwa Belgium go ne go na le bangwe ba ba neng ba tswa kwa Jeremane go tla go rera mafoko a a molemo koo. Ereka ba ne ba ganne go ema puso ya Bo-Nazi nokeng, Ma-Gestapo a ne a ba tsoma jaaka dibatana. Mme lefa go ntse jalo jaanong badiredi ba puso ya Belgium ba ne ba latofatsa bone Basupi bano ka gore ke Ba-Nazi mme ba ne ba laela gore ba latlhelwe mo kgolegelong mme morago ga moo ba busediwe kwa ba neng ba tswa teng. Lefa go ntse jalo, palo ya Basupi ba ba neng ba nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo kwa Belgium e ne ya menagana go feta gararo mo dingwageng tse tlhano morago ga ntwa.

Ke eng se se neng se tlhotlheletsa gore ba bogisiwe thata jaana? Ke Kereke ya Roma Katoliki. Gongwe le gongwe kwa e neng e kgona go laola teng, e ne e sa tlogele ntwa ya yone ya go nyeletsa Basupi ba ga Jehofa.

Ereka baruti ba Katoliki ba ne ba itse gore batho ba bantsi ba dinaga tsa Bophririma ba ne ba boifa Bokomonise, ba ne ba tlhotlheletsa gore Basupi ba ga Jehofa ba ganediwe kwa motsemogolong wa Ireland wa Cork, ka 1948, ka go nnela go ba bitsa “bodiabolo ba Bakomonise.” Ka ntlha ya seo, ka nako nngwe fa Fred Metcalfe a ne a le mo bodiheding jwa tshimo, o ne a kopana le segopa sa batho se se neng sa mo itaya ka mabole sa mo raga le go phatlalatsa dibuka tsa gagwe tsa Bibela mo mmileng. Se se itumedisang ke gore, lepodisi le ne la tlhaga gone fela foo mme la phatlalatsa segopa seo. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ne ba itshoka. E ne e se batho botlhe ba Ireland ba ba neng ba dumalana le tirisadikgoka eo. Le eleng bangwe ba bao ba neng ba nna le seabe mo go yone e ne ya re moragonyana ba eletsa ekete ba ka bo ba ile ba se ka ba nna le seabe mo go yone. Bontsi jwa batho ba Katoliki ba kwa Ireland ba ne ba ise ba ko ba bone Bibela. Mme lefa go ntse jalo, bangwe ba bone ba ne ba thusiwa ka bopelotelele ka lorato gore ba ngaparele boammaaruri joo jo bo gololang batho.—Yoh. 8:32.

Le mororo Basupi ba kwa Italy ba ne ba ka nna makgolo a sekae fela ka 1946, dingwaga di le tharo moragonyana ba ne ba setse ba na le diphuthego di le 64—ba le babotlana mme ba dira ka natla. Baruti ba ne ba tshwenngwa ke seno. Ereka baruti ba Katoliki ba kwa Italy ba ne ba sa kgone go ganetsa boammaaruri jwa Bibela joo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bo rera, ba ne ba tlhotlheletsa balaodi ba puso gore ba leke go ba nyeletsa. Ke gone ka moo barongwa ba Basupi ba neng ba laelwa gore ba tswe mo nageng eo ka 1949.

Baruti ba Katoliki kwa Italy ba ne ba leka gangwe le gape gore ba kgoreletse dikopano tsa Basupi kana ba di thibele. Ba ne ba dirisa batho ba ba letshwenyo go leka go kgoreletsa kopano kwa Sulmona ka 1948. Kwa Milan ba ne ba tlhotlheletsa tlhogo ya mapodisi gore e phimole tetla ya go tshwara kopano kwa Teatro dell’Arte ka 1950. Gape, ka 1951, ba ne ba dira gore mapodisi a phimole tetla ya go tshwara kopano kwa Cerignola. Mme lefa go ntse jalo ka 1957, e ne ya re fa mapodisi a laela gore kopano ya Basupi e e neng e le kwa Milan e phatlaladiwe, metswedi ya dikgang ya Italy e ne ya nna kgatlhanong le seo, mme go ne ga bodiwa dipotso ka seo kwa palamenteng. Lekwalodikgang la beke le beke la kwa Roma eleng Il Mondo, la July 30, 1957, le ne la bolela ka tlhamalalo fela gore kgato eo e ne ya tsewa gore “go kgotsofadiwe mobishopomogolo,” Giovanni Battista Montini, yo e neng ya re morago a nna Mopapa Paul VI. E ne e le selo se se itsegeng gore Kereke ya Katoliki e ne e ile ya iletsa ka makgolokgolo a dingwaga gore Bibela e se ka ya anamisiwa ka dipuo tse batho ka kakaretso ba di buang. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna ba dira gore Bakatoliki ba ba dipelo di phepa ba iponele se Bibela e se bolelang. Go ne go phepafetse gore dingwao tsa kereke di ne di le kgatlhanong le se se bolelwang ke Bibela. Le mororo Kereke ya Katoliki e ne ya leka thata go thibela seno, batho ba le diketekete ba ne ba tlogela kereke eo, mme ka 1975 go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 51 248 kwa Italy. Botlhe e ne e le bareri ba ba tlhaga ba mafoko a a molemo, mme dipalo tsa bone di ne di oketsega ka lobelo.

Kwa Spain e e tletseng Bokatoliki, fa tiro e e rulagantsweng ya Basupi ba ga Jehofa e ne e tsosolosiwa ka iketlo morago ga 1946, go ne ga se ka ga gakgamatsa ope fa baruti ba koo le bone ba ne ba tlhotlheletsa badiredi ba puso gore ba leke go ba thibela. Dipokano tsa phuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa kgorelediwa. Barongwa ba ne ba lelekwa mo nageng eo. Basupi ba ne ba tshwarwa fela ka go bo ba na le Bibela kana ba na le dibuka tsa Bibela mo go bone. Gantsi ba ne ba tlhatlhelwa mo dikgolegelong tse di leswe ka lobaka lwa malatsi a ka nna mararo, mme morago ba bo ba gololwa—mme e bo e re morago ga moo ba bo ba tshwarwa gape, ba bodiwa dipotso tse dintsi, le go tlhatlhelwa mo kgolegelong gape. Ba bangwe ba ne ba nna mo kgolegelong ka lobaka lwa kgwedi kana go feta. Baruti ba ne ba tlhotlheletsa balaodi ba puso gore ba tsome motho ope fela yo a neng a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Le eleng lefa go sena go ntshiwa Molao wa Kgololesego ya Bodumedi ka 1967, diphetogo di ne tsa tla ka bonya. Lefa go ntse jalo, fa kgabagare Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogelwa semolao ka 1970, go ne go setse go na le ba le 11 000 kwa Spain. Mme dingwaga di le tlhano morago ga moo, ba ne ba feta 30 000 ka palo, mongwe le mongwe wa bone e le moreri yo o tlhaga wa mafoko a a molemo.

Mme go tweng ka Portugal? Koo le gone barongwa ba ne ba lelekwa mo nageng eo. Mapodisi a ne a phuruphutsa magae a Basupi ba ga Jehofa, ba tsaya dibuka tsa bone ka dikgoka, le go kgoreletsa dipokano tsa bone ba tlhotlhelediwa ke baruti ba Katoliki. Ka January 1963 moeteledipele wa Public Security Police wa kwa Caldas da Rainha o ne a bo a ntsha taelo a e kwadile a ba thibela ‘go dira tiro ya bone ya go bala Bibela.’ Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ne ba se ka ba tlogela go direla Modimo. Ba ne ba le 13 000 ka nako ya fa ba ne ba dumelelwa semolao kwa Portugal ka 1974.

Kwa dikarolong tse dingwe tsa Yuropa, balaodi ba puso ba ne ba kgoreletsa go rerwa ga mafoko a a molemo ka go tsaya go anamisiwa ga dibuka tsa Bibela jaaka tiro ya kgwebo, eo e tshwanetseng ya laolwa ke melao ya kgwebo. Kwa dikgaolong tse dintsi tsa Switzerland, go anamisiwa ga dibuka ga Basupi ba ga Jehofa ka moneelo oo motho a o ntshang fa a rata go ne go laolwa ka melawana ya go rekisa. Jaaka fa Basupi ba ne ba ntse ba tswelela ka tiro ya bone, ba ne ba tshwarwa le go isiwa kwa dikgotlatshekelo ka makgetlo a mantsi. Lefa go ntse jalo fa dikgetsi tsa bone di ne di sekwa, dikgotlatshekelo dingwe, go akaretsa le Kgotlatshekelokgolo ya kgaolo ya Vaud, ka 1953, di ne tsa dira tshwetso ya gore go tla bo go sa tshwanela gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e tsewe e le go rekisa. Mo go yone nako eo, kwa Denmark go ne ga dirwa boiteko jwa go ngotla diura tse Basupi ba neng ba ka tsamaisa dibuka ka tsone, go laelwa gore ba dire tiro ya bone fela ka dinako tseo di beilweng ke molao o o leng malebana le kafa mabenkele a kgwebo a tshwanetseng go dira ka one. Seno le sone se ne sa tshwanelwa go lwantshiwa kwa dikgotlatshekelo. Le mororo ba ne ba kgorelediwa jaana, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tswelela pele ka go bolela Bogosi jwa Modimo gore ke jone fela jo batho ba ka bo ikanyang.

Kgangkgolo e nngwe e e neng e ama Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa, mmogo le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, e ne e le boitlhaodi jwa Bokeresete. Ereka digakolodi tsa bone jaaka Bakeresete di ne di sa ba letle gore ba nne le seabe mo dintweng tsa makoko a lefatshe, ba ne ba atlholelwa go ya kgolegelong mo dinageng tse dintsi. (Isa. 2:2-4) Seno se ne sa ntsha makawana mo tirong ya bone ya ka metlha ya bodihedi jwa ntlo le ntlo. Mme lefa go ntse jalo selo se se molemo thata se se neng sa dirwa ke seno e ne e le bosupi jo bogolo joo bo neng jwa neelwa babueledi, baatlhodi, badiredi ba sesole, le badisa ba dikgolegelo. Le eleng fa ba ne ba le mo kgolegelong Basupi ba ne ba bona tsela nngwe e ba ka rerang ka yone. Le mororo tsela e Basupi ba neng ba tshwarwa ka yone kwa dikgolegelong dingwe e ne e le makgwakgwa thata, ba ba neng ba tlhatlhetswe kwa kgolegelong ya Santa Catalina kwa Cádiz, kwa Spain, ba ne ba kgona go dirisetsa nako e e rileng ya bone ba neela bosupi ka makwalo. Mme kwa Sweden metswedi e mentsi ya dikgang e ne ya bua ka tsela eo dikgetsi tseo di amanang le boitlhaodi jwa Basupi ba ga Jehofa di neng di tshwarwa ka teng. Ka gone, batho ba ne ba itsisiwe ka ditsela tse dintsi gore Jehofa o na le basupi mo lefatsheng le gore ba ngaparela melaometheo ya Bibela ka tlhomamo.

Go na le selo se sengwe gape seo le sone se neng sa dira gore Basupi ba itsiwe. Le sone se ne sa rotloetsa tiro ya bone ya go rera mafoko a a molemo thata ebile se ba naya maatla.

Dikopano Di Ne Tsa Thusa go Neela Bosupi

Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara kopano ya bone ya merafe yotlhe kwa Paris, kwa Fora ka 1955, dipego tsa dikgang tsa thelebishene di ne tsa neela morafe otlhe tshedimosetso ka se se neng se diragala. Ka 1969 go ne ga tshwarwa kopano e nngwe gape gaufi le Paris, mme go ne ga bonala gore bodihedi jwa Basupi bo ile jwa nna le maungo. Go ne ga kolobediwa ba le 3 619 kwa kopanong eno, ba e neng e ka nna 10 lekgolong ya palogare ya ba ba neng ba le teng. Pampiri ya dikgang e e itsegeng thata ya maitsiboa ya Paris eleng France-Soir ya August 6, 1969, e ne ya bolela jaana: “Selo se se tshwenyang baruti ba ditumelo tse dingwe ga se mokgwa wa basupi ba ga Jehofa wa go anamisa dikgatiso ka tsela e e tlhomologileng, mme, go na le moo, ke mokgwa oo ba sokololang batho ka one. Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa o na le boikarabelo jwa go neela bosupi kana go bolela tumelo ya gagwe ka go dirisa Bibela ka ntlo le ntlo.”

Mo lobakeng lwa dibeke di le tharo mo setlheng seo sa selemo ka 1969, go ne ga tshwarwa dikopano tse dingwe tse dikgolo di le nne tsa merafe yotlhe kwa Yuropa—kwa Lontone, Copenhagen, Roma, le kwa Nuremberg. Go ne go tlile ba le 150 645 kwa kopanong ya Nuremberg go tswa kwa dinageng di le 78. Mo godimo ga difofane le dikepe, go ne go tlhokega dikoloi di ka nna 20 000, dibese di le 250, le diterena tse di kgethegileng di le 40 go rwala ba ba tlileng kwa kopanong.

Dikopano tseno di ne tsa se ka tsa nonotsha Basupi ba ga Jehofa le go ba tlhomelela bodihedi jwa bone fela mme gape di ne tsa neela batho botlhe tshono ya gore ba iponele ka bobone gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba mofuta ofe. Fa go sena go dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le kopano ya merafe yotlhe kwa Dublin, kwa Ireland, ka 1965, bodumedi bo ne jwa tlhotlheletsa fela thata gore dithulaganyo tseo di senngwe. Mme lefa go ntse jalo kopano yone e ne ya tshwarwa, mme batho ba bantsi ba kwa Dublin ba ne ba naya bao ba neng ba tlile kopanong eo marobalo. Seno se ne sa felela jang? “Re ntse re sa bolelelwe boammaaruri ka lona,” bommamatlo bangwe ba ba neng ba file batlakopanong marobalo ba ne ba akgela jalo fa kopano e sena go fela. “Baruti ba ntse ba re aketsa, mme jaanong ereka re lo itse, re tla itumelela go nna le lona ka metlha.”

Fa Batho Ba Bua Puo E Sele

Mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa ba ile ba fitlhela gore go buisana le batho ba merafe e mengwe go ile ga ba gwetlha tota. Dipalo tse dikgolo tsa batho di ne tsa fuduga go tswa mo nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe go ya go batla tiro. Metsemegolo mengwe ya Yuropa e fetogile meshate ya dikhampani tse dikgolo tsa meraferafe, tse di direlwang batho ba ba sa bueng dipuo tsa mafelo ao.

Gone ke boammaaruri gore, tshimo e e nang le dipuo tse dintsi e sale e ntse e le teng ka makgolokgolo a dingwaga mo mafelong mangwe. Ka sekai, kwa India go na le dipuo di le 14 tse dikgolo, le dipuo tse dipotlana le ditengwana di ka nna 1 000. Papua New Guinea e na le dipuo tse di fetang 700. Basupi ba kwa Luxembourg ba ne ba lemoga ka bo1960 le bo1970 gore tshimo ya bone e ne e na le batho ba ba tswang mo merafeng e le 30 e e farologaneng—mme morago ga moo go ne ga goroga batho ba merafe e mengwe gape e e farologaneng e le 70. Sweden e bega gore ga e tlhole e le naga e e nang le puo e le nngwe fela e e buiwang ke mongwe le mongwe mme jaanong ke merafe o o buang diteme di le 100 tse di farologaneng. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira jang ka seno?

Kwa tshimologong, gantsi ba ne ba botsa fela gore mong wa ntlo o bua puo efe ba bo ba leka go mmatlela dibuka tse a ka kgonang go di bala. Kwa Denmark, go ne ga gatisiwa ditheipe gore batho ba ba dipelo di phepa bao ba tswang kwa Turkey ba kgone go utlwa molaetsa ono ka puo ya bone. Switzerland e ne e na le setlhopha se segolo sa badiri ba ba tswang kwa Italy le kwa Spain. Boitemogelo joo Rudolf Wiederkehr a neng a nna le jone fa a ne a thusa bangwe ba bano ke sekai sa kafa dilo di neng tsa simologa ka teng koo. O ne a leka go neela monna mongwe wa Montadiana bosupi, mme o ne a sa itse puo ya monna yoo mme le monna yoo a sa itse ya gagwe. Go ne go ka dirwang? Mokaulengwe wa rona o ne a mo tlogelela Tora ya Tebelo ka Sentadiana. Mokaulengwe Wiederkehr o ne a boela koo le mororo ba ne ba na le bothata jwa puo. O ne a simolola thuto ya Bibela le monna yoo, mosadi wa gagwe, le morwaabone yo o nang le dingwaga di le 12. Mokaulengwe Wiederkehr o ne a tshwara thuto ka buka ya Sejeremane, mme a tsamaisetsa lelapa leo dibuka tsa Sentadiana. Motho o ne a supa ka diatla fa a ne a sa itse gore a ka reng. Ka dinako tse dingwe mosimanyana yoo a neng a ithuta Sejeremane kwa sekolong, o ne a thusa go ba ranolela. Lelapa leo lotlhe le ne la amogela boammaaruri mme go ise go ye kae ke fa le bo bolelela ba bangwe.

Mme dimilionemilione tsa badiri go tswa kwa Greece, kwa Italy, kwa Portugal, Spain, Turkey, le kwa Yugoslavia di ne tsa fudugela kwa Jeremane le kwa dinageng tse dingwe. Ba ne ba ka kgona go thusiwa sentle semoyeng ka dipuo tsa bone. Go ise go ye kae ke fa Basupi ba lefelo leo ba simolola go ithuta dipuo tsa badiri bao ba batswakwa. Kwa Jeremane, ofisi ya lekala e ne ya bo ya rulaganyetsa gore go nne le ditlelase tsa go ithuta puo ya Se-Turkey. Basupi ba kwa dinageng tse dingwe ba ba neng ba itse puo e e neng e tlhokega ba ne ba kopiwa gore ba fudugele koo go neng go tlhokega thuso teng.

Bangwe ba badiri ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba ise ba ko ba kopane le Basupi ba ga Jehofa mme eleruri ba ne ba bolailwe ke tlala ya go bona dilo tsa semoya. Ba ne ba lebogela maiteko a a neng a dirwa go ba thusa. Go ne ga tlhomiwa diphuthego tse dintsi tse di buang dipuo tsa seeng. Fa nako e ntse e tsamaya, bangwe ba batho bano ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba boela kwa dinagagaeng tsa bone go ya go tsweletsa bodihedi kwa mafelong a a neng a ise a neelwe bosupi ka botlalo kaga Bogosi jwa Modimo.

Thobo E Kgolo Le Mororo Go Na le Dikgoreletsi

Basupi ba ga Jehofa ba dirisa mekgwa e e tshwanang ya go neela bosupi go ralala lefatshe lotlhe. Ba na le dingwaga tse di fetang lekgolo ba ntse ba rera mafoko a a molemo kwa Amerika Bokone. Ka gone ga go gakgamatse he go bo go ile ga nna le thobo e kgolo jaana ya semoya koo. Ka 1975, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 624 097 ba ba tlhaga kwa U.S. le kwa Canada. Lefa go ntse jalo, seno ga se bolele gore ba ne ba rera ba sa ganediwe kwa Amerika Bokone.

Le mororo puso ya Canada e ne ya lesa go thibela Basupi ba ga Jehofa le makgotla a bone a semolao ka 1945, melemo ya tshwetso eo e ne ya se ka ya bonwa ka bonako kwa perofensing ya Quebec. Ka September 1945, digopa tsa Makatoliki di ne tsa tlhasela Basupi ba ga Jehofa kwa Châteauguay le kwa Lachine. Basupi ba ne ba tshwarwa ba bo ba pegwa molato wa go menola puso ka ntlha ya gore dibuka tse ba neng ba di aba di ne di kgala Kereke ya Roma Katoliki. Ba bangwe ba ne ba tlhatlhelwa mo kgolegelong ka gonne ba ne ba aba dibuka tsa Bibela tse di sa letliwang ke tlhogo ya mapodisi. Ka 1947 go ne go na le dikgetsi di le 1 700 tse di neng di le kgatlhanong le Basupi tse di neng di santse di emetse go sekwa kwa dikgotlatshekelo tsa kwa Quebec.

Ka nako ya fa go ne go santse go dirwa maiteko a a kgethegileng a gore dikgotlatshekelo di boe di tlhatlhobe dikgetsi dingwe tse di rileng, Basupi ba ne ba laelwa gore ba rere mafoko a a molemo ka molomo fela, ba dirisa Bibela fela—Douay Version ya Katoliki koo go neng go kgonega teng. Badihedi ba nako e e tletseng ba ba tswang kwa dikarolong tse dingwe tsa Canada ba ne ba ithaopela go ithuta Sefora mme ba fudugela kwa Quebec gore ba nne le seabe mo go anamiseng kobamelo ya boammaaruri koo.

Batho ba bantsi ba ba dipelo di phepa ba Bakatoliki ba ne ba laletsa Basupi mo magaeng a bone le go ba botsa dipotso, lefa gone ba ne ba tlhola ba bolela jaana: ‘Ke Moroma Katoliki mme ke tla nna ke ntse ke le ene.’ Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa ba iponela se Bibela e se bolelang, dikete di le masomesome tsa bone, di ne tsa fetoga ka ntlha ya go rata boammaaruri le go eletsa go kgatlha Modimo.

Kwa United States le gone, go ile ga tlhokega gore go iwe fa pele ga dikgotlatshekelo go buelela gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le tshwanelo ya go rera phatlalatsa le ka ntlo le ntlo. Go tloga ka 1937 go fitlha ka 1953, go ne go na le dikgetsi tse di ntseng jalo di le 59 tse di neng di ama Basupi tse di neng tsa bo tsa ya go fitlha le kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang kwa Washington, D.C.

Go Dira Ditshimo Tse Di Sa Abiwang

Maikaelelo a magolo a Basupi ba ga Jehofa ga se go dira sengwenyana fela mo go rereng mafoko a a molemo mme go na le moo ke go fitlhelela mongwe le mongwe yoo go ka kgonegang gore a fitlhelelwe ka molaetsa wa Bogosi. Ka gone, Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se abetse ofisi nngwe le nngwe ya lekala boikarabelo mo karolong e e rileng ya tshimo ya lefatshe. Fa diphuthego di ntse di tlhongwa mo tshimong ya lekala, phuthego nngwe le nngwe e fiwa karolo ya tshimo eo e tla rerang mo go yone. Morago ga moo phuthego e kgaoganya kgaolo eo ka dikarolwana tse di ka abelwang ditlhopa kana badihedi ka bongwe ba ba leng mo phuthegong. Badihedi bano ba leka go bona beng botlhe ba matlo ka metlha. Mme lefa go ntse jalo go tweng ka mafelo a a sa abelwang diphuthego dipe?

Ka 1951 go ne ga dirwa lenaane la diperofensi tsotlhe tsa kwa United States go bona gore ke dife mo go tsone tse di neng di sa etelwe ka metlha ke Basupi ba ga Jehofa. Ka nako eo, mo e ka nnang 50 lekgolong ya tsone e ne e sa dirwe kana go ne go dirwa karolwana ya tsone fela. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Basupi ba tsweletse bodihedi jwa bone mo mafelong ano ka nako ya dikgwedi tsa selemo kana ka dinako tse dingwe tse di tshwanetseng, ka maikaelelo a go tlhoma diphuthego teng. Fa go ne go sa fitlhelwe batho kwa gae, ka dinako tse dingwe ba ne ba ba kwalela molaetsa, ba bo ba tlogela le buka nngwe ya Bibela. Dithuto tsa Bibela di ne di tsamaisiwa ka go kwalelana le batho. Morago ga moo, babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba romelwa kwa ditshimong tseo go ya go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang ba ba neng ba bonwe koo.

Tiro eno ga e a ka ya felela ka dingwaga tsa bo1950. Go dikologa lefatshe, kwa dinageng tse go neelwang bosupi thata mo metsemegolong e metona ya teng mme lefa go ntse jalo go na le tshimo e e sa abiwang, go lekwa thata gore go fitlhelelwe batho ba tsone ba ba sa kgonweng go bonwa ka metlha. Kwa Alaska ka bo1970, mo e ka nnang 20 lekgolong ya baagi e ne e nna kwa metseng e e kwa kgakala. Bontsi jwa batho bano ba ne ba bonwa botoka mariga ka nako ya fa tiro ya go tshwara ditlhapi e a bong e batla e eme gotlhelele. Mme lefa go ntse jalo eo ke nako e ka yone segagane le semathana di dirang gore go nne diphatsa go sepela ka sefofane. Lefa go ntse jalo, baagi ba Baesekimo, Baindia, le Ba-Aleut ba ne ba tlhoka go newa tshono ya go ithuta ka thulaganyo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo Bogosing jwa Modimo. Gore ba fitlhelelwe, setlhophanyana sa Basupi ba le 11 ba ba neng ba dirisa difofane tse dipotlana ba ne ba fofela kwa metsaneng e ka nna 200 e e gasameng mo lefelong la disekweremetara di le 844 000 mo lobakeng lwa dingwaga di le pedi. Seno sotlhe se ne se engwa nokeng ka madi ke Basupi ba koo.

Mo godimo ga maeto ao a go ya go rera, Basupi ba ba godileng semoyeng ba ne ba kgothadiwa ke seno gore ba akanye ka go fudugela kwa mafelong a a mo nageng ya bone a baboledi ba Bogosi ba neng ba tlhokega thata kwa go one. Go ne ga arabela diketekete. Bangwe ba bao ba neng ba dira jalo kwa United States ke Eugene le Delia Shuster, yoo a ileng a tswa kwa Illinois ka 1958 go ya go dira kwa Hope, kwa Arkansas. Ba ne ba nna koo ka lobaka lwa dingwaga di feta masome a mararo gore ba bone batho ba ba kgatlhegang, ba ba rulaganye go nna diphuthego, le go ba thusa gore e nne Bakeresete ba ba godileng semoyeng.

E ne ya re fa Alexander B. Green le mosadi wa gagwe ba sena go kgothalediwa seno ke molebedi wa bone wa potologo ka 1957, ba ne ba fuduga kwa Dayton, kwa Ohio, go ya go direla kwa Mississippi. La ntlha ba ne ba abelwa kwa Jackson mme dingwaga tse pedi morago ga moo ba abelwa kwa Clarksdale. Fa nako e ntse e tsamaya Mokaulengwe Green o ne a ya go direla kwa mafelong a mangwe a le matlhano. Mafelo ano otlhe a ne a na le diphuthego tse dipotlana tse di neng di tlhoka thuso. O ne a itshedisa ka go dira tiro ya go phepafatsa, ya go dira mo tshingwaneng, ya go tlhabolola difanitšhara, ya go baakanya dijanaga, jalo le jalo. Mme lefa go ntse jalo se a neng a se dira thata e ne e le go rera mafoko a a molemo. O ne a thusa Basupi ba koo gore ba gole semoyeng, o ne a dira le bone gore a kgone go fitlhelela ba ba mo tshimong ya bone, mme gantsi o ne a ba thusa go aga Holo ya Bogosi pele a fudugela kwa gongwe.

Ka 1967, fa Gerald Cain a ne a nna Mosupi kwa bophirima jwa United States, ene le lelapa la gagwe ba ne ba lemoga kafa tiro ya go rera e potlakileng ka teng. Le eleng pele ga ope mo go bone a kolobediwa, ba ne ba dira dithulaganyo tsa go direla koo ba tlhokegang thata teng. Ba ne ba dira le phuthego ya kwa Needles, kwa California. E ne e tshwanetse go dira tshimo e e neng e e akaretsa dinaga tse tharo tse di kwa bophirima jwa United States. Fa ba ne ba tshwanela go fuduga ka ntlha ya boitekanelo jwa mmele, ba ne ba tlhopha gape lefelo le le neng le tlhoka thuso thata, mme ba ne ba fetola karolo ya ntlo ya bone gore e nne Holo ya Bogosi. Ba ne ba nna ba fuduga, mme lefa go ntse jalo ka metlha selo se segolo se ba neng ba akanya ka sone e ne e le gore ba fudugele kwa lefelong le ba neng ba ka kgona go thusa thata mo go neeleng bosupi kwa go lone.

Jaaka fa palo ya diphuthego e ntse e oketsega, mafelo a mangwe a ne a tlhoka bagolwane ba ba tshwanelang fela thata. Bagolwane ba le diketekete ba ne ba ithaopela go sepela ka metlha ka dipalangwa (ba ituelela ditshenyegelo) go ya kwa diphuthegong tse di kwa mafelong a mangwe gore ba kgone go thusa. Ba tsaya maeto ano gararo, gane, gatlhano, kana go feta ka beke—go ya go nna le seabe mo dipokanong tsa phuthego le mo bodiheding jwa tshimo mmogo le go disa letsomane. Seno ga se dirwe kwa United States fela mme le kwa El Salvador, Japane, Netherlands, Spain, le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi. Mo makgetlong a mangwe bagolwane ba ne ba fuduga le malapa a bone, gore ba kgone go thusa kwa ba tlhokegang teng.

Matswela a seno e ne ya nna eng? Akanya ka naga nngwe ke eno. Bogologolo ka 1951, fa go ne go itsisiwe la ntlha gore go ya go dirwa kwa tshimong e e sa abiwang, go ne go na le diphuthego di ka nna 3 000 kwa United States, go na le palogare ya baboledi ba le 45 mo phuthegong nngwe le nngwe ya tseno. Ka 1975, go ne go na le diphuthego di le 7 117, mme palogare ya Basupi ba ba tlhaga mo go nngwe le nngwe ya diphuthego tseno e ne e tlhatlogile e batla e tshwara 80.

Bosupi joo bo ileng jwa neelwa ka leina la ga Jehofa le ka Bogosi jwa gagwe go tloga ka 1945 go ya go 1975 bo ne bo feta kgakala jotlhe joo bo neng bo setse bo neetswe go fitlha ka nako eo.

Palo ya Basupi e ne e oketsegile go tloga go ba le 156 299 ka 1945 go ya go ba le 2 179 256 go dikologa lefatshe ka 1975. Mongwe le mongwe wa bano o ne a nna le seabe ka namana mo go rereng phatlalatsa kaga Bogosi jwa Modimo.

Ka 1975, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwere ka natla mo dinageng di le 212 (fa di balwa ka tsela eo mmapa o neng o kgaogantswe ka teng kwa tshimologong ya bo1990). Mo U.S. le Canada fela, go ne go na le ba le 624 097 bao ba neng ba dira bodihedi jwa bone. Kwa Yuropa, ka kwa ntle ga seo ka nako eo se neng se bidiwa Soviet Union, go ne go na le ba bangwe ba le 614 826. Afrika e ne e utlwa boammaaruri jwa Bibela go tswa mo Basuping ba le 312 754 bao ba neng ba nna le seabe mo tirong eno koo. Mexico, Amerika Bogare, Amerika Borwa di ne di direlwa ke Basupi ba le 311 641; Asia, ke ba le 161 598; Australia le ditlhaketlhake tse dingwe tse dintsi lefatshe ka bophara, ke ba le 131 707.

Mo dingwageng tse 30 go fitlha ka 1975, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba senya diura di le 4 635 265 939 ba rerela batho phatlalatsa le go ba ruta. Ba ne ba bo ba tsamaisa palogotlhe ya dibuka, dibukana le dimakasine di le 3 914 971 158 mo bathong ba ba kgatlhegang go ba thusa gore ba lemoge kafa ba ka bonang molemo ka gone mo boikaelelong jwa lorato jwa ga Jehofa. Tumalanong le taelo ya ga Jesu ya gore go dirwe barutwa, ba ile ba dira maeto a go boela a le 1 788 147 329 mo bathong ba ba kgatlhegang, mme ka 1975 ba ne ba ithuta Bibela le palogare ya batho ka bongwe ba le 1 411 256 mmogo le malapa mahala kwa magaeng a bone.

Ka 1975 go rerwa ga mafoko a a molemo go ne tota go fitlhile kwa dinageng di le 225. Kwa dinageng tse di fetang 80 tse mafoko a a molemo a neng a setse a rerilwe kwa go tsone ka 1945 mme lefa go ntse jalo go ne go ise go nne le diphuthego teng ka ngwaga oo, ka 1975 go ne go na le diphuthego tse di gatelang pele tsa Basupi ba ba tlhaga. Mafelo ano a ne a akaretsa Repaboliki ya Korea, eo e neng e na le diphuthego di le 470, Spain, eo e neng e na le di le 513, Zaire, eo e neng e na le di le 526, Japane, eo e neng e na le di le 787, le Italy, eo e neng e na le di le 1 031.

Mo lobakeng lwa go tloga ka 1945 go fitlha ka 1975, bontsi jwa batho ba ba ileng ba fetoga Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa ipolele fa e le ba ba tloditsweng ka moya wa Modimo mme ba na le tebelelo ya go tshela kwa legodimong. Mo dikgakologong tsa ka 1935, palo ya ba ba neng ba ja ditshwantshetso kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa e ne e le palogotlhe ya ba le 93 lekgolong ya ba ba neng ba nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo. (Moragonyana mo go one ngwaga oo, “bontsintsi jo bogolo” jwa Tshenolō 7:9 bo ne jwa tlhalosiwa jaaka jo bo bopilweng ka batho bao ba tlileng go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng.) Ka 1945 palo ya Basupi ba ba neng ba lebeletse pele go tshela mo lefatsheng la paradaise e ne e oketsegile mo e neng e dira 86 lekgolong ya ba ba neng ba nna le seabe mo go rereng mafoko a a molemo. Ka 1975 ba ba neng ba bolela gore ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba le kafa tlase ga halofo ya 1 lekgolong ya phuthego yotlhe ya lefatshe ka bophara ya Basupi ba ga Jehofa. Le mororo ba ne ba gasame mo dinageng di le 115 ka nako eo, batho bano ba ba tloditsweng ba ne ba tswelela pele ba direla jaaka setlhopha se se utlwanang se se laolwang ke Jesu Keresete.

[Mafoko a a mo go tsebe 463]

“Fa lo sa le lo goroga mono mongwe le mongwe o bua ka Bibela”

[Mafoko a a mo go tsebe 466]

Se o ntseng o se mpolelela ke se ke neng ka se bala mo Bibeleng dingwaga tse dintsi tse di fetileng

[Mafoko a a mo go tsebe 470]

Diketekete di ne tsa fudugela kwa dikgaolong tse dingwe tsa naga ya bone koo go neng go tlhokega Basupi thata teng

[Mafoko a a mo go tsebe 472]

“Tuelo e e seng kana ka sepe”

[Mafoko a a mo go tsebe 475]

Basupi ba ba tshwanelang sentle ba ne ba romelwa kwa dinageng tse ba neng ba tlhokega thata kwa go tsone

[Mafoko a a mo go tsebe 486]

Basupi ba ntlha ba kwa Nigeria ba ne ba senola baruti le dithuto tsa bone tsa maaka ba dirisa dintlha tse di nonofileng tsa Dikwalo

[Mafoko a a mo go tsebe 497]

Motho o ne a supa ka diatla fa a ne a sa itse gore a ka reng

[Mafoko a a mo go tsebe 499]

Boikaelelo ke eng? Go fitlhelela mongwe le mongwe yoo go ka kgonegang gore a fitlhelelwe ka molaetsa wa Bogosi

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 489]

Go ne ga dirwa boiteko jo bogolo go fitlhelela batho ba kwa China ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa

Go tswa kwa Chefoo go ne ga romelwa makwalo, dipampitshana, le dibuka di le diketekete magareng ga 1891 le 1900

C. T. Russell o ne a neela puo kwa Shanghai, a etela ditoropo di le 15 le metsana, 1912

Barekise ba dibuka ba ne ba anamisa dibuka di le dintsi ba ntse ba ya kwa tlase le kwa godimo le lotshitshi lwa lewatle lwa China, ba tsaya maeto a go ya kwa gare ga teng, 1912-18

Barekisi ba dibuka ba Ma-japane ba ile ba direla mono, 1930-31

Go ne ga dirwa dikgaso tsa radio ka Se-China di dirwa go tswa kwa Shanghai, Peking, Tientsin, ka bo 1930; ka ntlha ya seo, makwalo a a kopang dibuka a ne a tla a tswa dikarolong tsotlhe tsa China

Babulatsela ba ba tswang kwa Australia le kwa Yuropa ba ne ba neela bosupi kwa Shanghai, Peking, Tientsin, Tsingtao, Pei-tai-ho, Chefoo, Weihaiwei, Canton, Swatow, Amoy, Foochow, Hankow, le kwa Nanking ka bo 1930 le bo 1940. Ba bangwe ba ne ba tla ka Burma Road mme ba neela bosupi kwa Pao-shan, Chungking, Ch’eng-tu. Babulatsela ba mo lefelong leo ba ne ba direla kwa Shensi le kwa Ningpo

[Setshwantsho]

Barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade, ba go tshwana le Stanley Jones (yo o kafa molemeng) le Harold King (yo o kafa mojeng), ba ne ba direla mono go tloga ka 1947 go ya go 1958, mmogo le Basupi ba ba tlhagafetseng ba lefelo leno

[Mmapa]

CHINA

[Mmapa/​Setshwantsho mo go tsebe 462]

Sekepe sa “Sibia” se ne sa direla jaaka motse o o kokobalang wa barongwa kwa West Indies

G. Maki

S. Carter

R. Parkin

A. Worsley

[Mmapa]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BAHAMAS

LEEWARD ISLANDS

VIRGIN ISLANDS (U.S.)

VIRGIN ISLANDS (BRITISH)

WINDWARD ISLANDS

[Mmapa mo go tsebe 477]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Metsi a boammaaruri a a nayang botshelo a ne a penologela ka kwa ga melelwane ya semorafe a elelela dintlheng tse dintsi mo Afrika

EGYPT

SENEGAL

KENYA

SOUTH AFRICA

GHANA

KENYA

MALAWI

NIGERIA

SIERRA LEONE

ZAMBIA

[Ditshwantsho mo go tsebe 464]

Ka nako ya fa e ne e le barongwa kwa Bolivia, Edward Michalec (kafa molemeng) le Harold Morris (kafa mojeng) ba ne ba simolola go rera fano kwa La Paz

[Setshwantsho mo go tsebe 465]

Mokoro o o bidiwang “El Refugio,” o o neng o dirilwe ke Basupi kwa Peru, o ne wa dirisiwa go isa molaetsa wa Bogosi kwa bathong ba ba iphaphathileng le dinoka kwa karolong e e kwa godimo ya Amazon

[Setshwantsho mo go tsebe 467]

Ditlelase tse di neng di tshwarwa ke Basupi kwa Mexico di dirile gore diketekete tse di masomesome tsa batho di kgone go bala Lefoko la Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 468]

Mokaulengwe Knorr (kwa pele kafa mojeng) o ne a kopanela le Basupi kwa dikopanong tse di mo dipolasing le mo dithabeng tsa Argentina ka nako ya fa ba ne ba kganelwa go kopana ka kgololesego

[Setshwantsho mo go tsebe 469]

Mo diketeketeng tsa Basupi ba ba neng ba ya go direla kwa dinageng tse dingwe kwa go neng go tlhokega thuso thata teng go ne go na le malapa, jaaka la ga Harold le Anne Zimmerman, le bana ba bone ba banè ba babotlana, ba ba bonwang fano (Colombia)

[Setshwantsho mo go tsebe 471]

Tom le Rowena Kitto, ba ba neng ba arabela fa go ne go dirwa kopo ya baithaopi ba ne ba ya kwa Papua go ya go ruta boammaaruri jwa Bibela teng

[Setshwantsho mo go tsebe 471]

John le Ellen Hubler, ba ba neng ba latelwa ke Basupi ba bangwe ba le 31, ba ne ba fudugela kwa New Caledonia. Phuthego e ne e setse e itsetsepetse koo pele ba fuduga

[Setshwantsho mo go tsebe 473]

Fa e ne e santse e le lekawana kwa Samoa Bophirima, Fuaiupolu Pele o ne a patikiwa fela thata ke balelapa le baagi ba bangwe ba motse fa a ne a dira tshwetso ya gore o batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 474]

Morago ga gore Shem Irofa’alu le bangwe ba tlhatswege pelo gore se Basupi ba ga Jehofa ba se rutang ke boammaaruri tota, dikereke tse di mo metseng e 28 kwa Solomon Islands di ne tsa fetolwa Diholo tsa Bogosi

[Ditshwantsho mo go tsebe 476]

Basupi ba ne ba tshwanela gore ba nne le legae la barongwa ba bo ba rute mo dikolong gore ba kgone go rera kwa Ethiopia ka bo1950

[Setshwantsho mo go tsebe 478]

Fa Gabriel Paterson (yo o supilweng fano) a ne a tshosediwa ka go kobiwa, o ne a gomodiwa jaana ke modiredi mongwe wa puso: ‘Boammaaruri bo tshwana le noka e kgolo; fa o re o leka go e direla letamo metsi a yone a tla penologa mo letamong leo’

[Ditshwantsho mo go tsebe 479]

Ka 1970 kwa kopanong nngwe ya kwa Nigeria, go ne ga kolobediwa Basupi ba le 3 775 ba basha; go ne go tlhomamisiwa gore mongwe le mongwe wa bone o a tshwanelega

[Ditshwantsho mo go tsebe 481]

Dibaesekopo tse di neng di bontshiwa (mo Afrika le go dikologa lefatshe) di ne tsa thusa ba ba neng ba di leba gore ba lemoge gore phuthego e e bonalang ya ga Jehofa e kgolo

[Setshwantsho mo go tsebe 482]

João Mancoca (yo o supilweng fano le mosadi wa gagwe, Mary) o ne a direla Jehofa ka dingwaga di le masomesome ka boikanyegi mo maemong a a bokete eletota

[Setshwantsho mo go tsebe 483]

Ka 1961, Ernest Heuse, yo Mmotlana, o ne a kgona go tsena mo Zaire (e ka nako eo e neng e bidiwa Congo) a na le lelapa la gagwe go ya go thusa go ruta ba eleruri ba neng ba batla go direla Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 485]

Le mororo a ne a na le ngwaga o le mongwe fela a kolobeditswe ebile a ne a sa itse Basupi bape ba bangwe kwa Kenya, Mary Whittington o ne a simolola go thusa ba bangwe go ithuta boammaaruri

[Setshwantsho mo go tsebe 487]

Mary Nisbet (yo o kwa pele fa gare), a tsentswe fa gare ke barwa ba gagwe ebong Robert le George, ba ba neng ba bula tsela kwa Afrika Botlhaba ka bo1930, le (kwa morago) morwawe William le mosadi wa gagwe Muriel, yo o neng a direla kwa Afrika Botlhaba go tloga ka 1956 go fitlha ka 1973

[Ditshwantsho mo go tsebe 488]

Kwa kopanong kwa Philippines ka 1945, go ne ga neelwa dikaelo tsa kafa go ka rutiwang ka teng mo dithutong tsa magae tsa Bibela

[Ditshwantsho mo go tsebe 490]

Don le Mabel Haslett, e ne e le barongwa ba ntlha mo go ba bantsi ba ba neng ba dira kwa Japane morago ga ntwa, ba neela bosupi mo mmileng

[Setshwantsho mo go tsebe 491]

Lloyd Barry (kafa mojeng) o ne a direla kwa Japane ka dingwaga di le 25, la ntlha e le morongwa mme morago e le molebedi wa lekala

[Setshwantsho mo go tsebe 491]

Don le Earlene Steele, ba ntlha ba barongwa ba bantsi ba Gileade ba ba neng ba direla kwa Repaboliking ya Korea

[Setshwantsho mo go tsebe 492]

Mo dingwageng tse di fetileng, ka dinako tse dingwe Fred Metcalfe o ne a lelekwa ke digopa tsa batho fa a ne a leka go rera ka Bibela kwa Ireland; lefa go ntse jalo moragonyana batho ba ne ba emisa go dira jalo mme ba simolola go reetsa, seo se ne sa dira gore diketekete tsa batho di fetoge Basupi ba ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 493]

Le mororo ba ne ba ganediwa ke baruti, batho ba le diketekete ba ne ba oologela kwa dikopanong tsa Basupi kwa Italy (Rome, 1969)

[Setshwantsho mo go tsebe 494]

Ka nako ya fa ba ne ba thibetswe, gantsi dipokano tsa phuthego di ne di tshwarelwa mo nageng fela, jaaka ekete go dirwa pikiniki, jaaka fano kwa Portugal

[Ditshwantsho mo go tsebe 495]

Basupi ba ba neng ba le mo kgolegelong kwa Cádiz, kwa Spain, ba ne ba tswelela pele ba rera ka go kwala makwalo

[Ditshwantsho mo go tsebe 496]

Dikopano tse dikgolo di ne tsa neela batho botlhe tshono ya gore ba iponele ba bo ba ikutlwele gore Basupi ke batho ba mofuta ofe

Paris, kwa Fora (1955)

Nuremberg, kwa Jeremane (1955)

[Setshwantsho mo go tsebe 498]

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwanela gore ba dirise dibuka tsa dipuo tse di ka nnang lekgolo gore ba kgone go fitlhelela mongwe le mongwe ka mafoko a a molemo kwa Luxembourg

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela