Kgaolo 18
‘Go Batla Pele Bogosi’
SETLHOGO se segolo sa Bibela ke gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe ka Bogosi. Jesu Keresete o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba batle Bogosi pele, ba bo beye kwa pele ga dilo tseo ba di batlang mo botshelong. Ka ntlha yang?
Tora ya Tebelo e ile ya tlhalosa gangwe le gape gore ereka Jehofa e le Mmopi, ke Molaodi wa Lobopo Lotlhe. Dibopiwa tsa gagwe di tshwanetse tsa mo tlotla ka tsela e kgolo tota. (Tshen. 4:11) Lefa go ntse jalo, kwa tshimologong ya hisitori ya motho, morwa wa moya wa Modimo yo o neng a itira Satane Diabolo o ne a gwetlha bolaodi jwa ga Jehofa ka lenyatso. (Gen. 3:1-5) Mo godimo ga moo, Satane o ne a bolela gore botlhe ba ba direlang Jehofa ba mo direla ka gore ba batla go bona melemo mengwe. (Yobe 1:9-11; 2:4, 5; Tshen. 12:10) Kagiso ya lobopo lotlhe e ne ya senngwa jalo.
Dikgatiso tsa Watch Tower di setse di na le masomesome a dingwaga jaanong di ntse di tlhalosa gore Jehofa o rulagantse gore o tlile go rarabolola dikgang tseno eseng fela ka tsela e e tla supang gore o na le maatla a magolo mme gape le ka tsela e e supang gore o botlhale, o tshiamo, le lorato ka tsela e kgolo go le kana kang. Karolo ya botlhokwa thata mo thulaganyong eno ke Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia. Bogosi bo tlile go dirisiwa go naya batho tshono ya go ithuta ditsela tse di siameng. Ke jone gape jo bo tla dirisiwang go nyeletsa baikepi, go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa, le go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go dira lefatshe paradaise e mo go yone go tla nnang batho bao eleruri ba ratang Modimo ebile ba ratana le bao gape ba tla segofadiwang ka botshelo jo bo itekanetseng.
Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe jaana ka jone gonne bo le botlhokwatlhokwa: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè.” (Math. 6:10, 33) Mo metlheng ya gompieno Basupi ba ga Jehofa ba ile ba supa tota gore ba leka ka natla go dira tumalanong le kgakololo eo.
Go Latlha Dilo Tsotlhe ka Ntlha ya Bogosi
Ka bonako fela kwa tshimologong, Baithuti ba Bibela ba ne ba akanya thata kaga gore go batla Bogosi pele go bolelang. Ba ile ba tlotla ka setshwantsho sa ga Jesu se mo go sone a neng a tshwantsha Bogosi le perela e e tlhwatlhwakgolo thata mo e eleng gore monna mongwe o ne “a ea a bapatsa cotlhe tse o nañ nacō, a e rèka.” (Math. 13:45, 46) Ba ne ba tlhatlhanya ka gore Jesu o ne a kaya eng fa a ne a gakolola mmusi mongwe yo mmotlana wa mohumi gore a rekise sengwe le sengwe se a neng a na naso, a abele bahumanegi, a bo a mo sale morago. (Mar. 10:17-30)a Ba ne ba lemoga gore fa e le gore ba ne ba batla go tshwanelegela go nna le seabe mo Bogosing jwa Modimo, ba ne ba tshwanelwa ke go dira gore ba beye Bogosi kwa pele, ba dirise matshelo a bone, dikgono tsa bone, le dilo tsotlhe tse ba nang natso ka boitumelo ba bo direla. Sengwe le sengwe mo botshelong se ne se tshwanetse go tla kwa morago.
Charles Taze Russell o ne a dira tumalanong le kgakololo eo. O ne a rekisa kgwebo ya gagwe e e neng e tswelela pele sentle thata ya go rekisa diaparo tsa banna, mme a nna a fokotsa ka bonya ka bonya ditiro tsa kgwebo tse a neng a di dira, morago ga foo a bo a dirisa dikhumo tsotlhe tse a neng a na le tsone go thusa batho semoyeng. (Bapisa Mathaio 6:19-21.) Ga se selo se a neng a se dira ka dingwaganyana di le mmalwa fela. O ne a dirisa dilo tsotlhe tseo a neng a na le tsone—kgono ya gagwe ya go akanya, boitekanelo jwa gagwe jwa mmele, dikhumo tsa gagwe—go ruta ba bangwe kaga molaetsa o mogolo wa Bogosi jwa Bomesia. Joseph F. Rutherford yo a neng a dira le Russell, o ne a bolela jaana kwa phitlhong ya gagwe: “Charles Taze Russell o ne a ikanyega mo Modimong, a ikanyega mo go Keresete Jesu, a ikanyega mo ditirong tsa Bogosi jwa Bomesia.”
Ka April 1881 (ka nako ya fa go ne go na le batho ba le makgolo a le mmalwa fela ba ba neng ba tla kwa dipokanong tsa Baithuti ba Bibela) Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya gatisa setlhogo sengwe se se neng se re “Go Batlega Bareri ba le 1 000.” Se ne se laletsa banna le basadi bao ba neng ba sena maikarabelo a go tlamela malapa gore ba dire jaaka barekisi ba dibuka kana ba ba rerang efangele. Fa e ne e dirisa mafoko a a tshwanang le a ga Jesu a setshwantsho se se mo go Mathaio 20:1-16, Tora ya Tebelo e ne ya botsa jaana: “Ke mang yo o eletsang go ya go dira kwa Tshimong ya Mofine le yo a sa bolong go rapela Morena gore a mmulele tsela”? Bao ba neng ba ka kgona go dirisa halofo ya nako ya bone mo tirong ya Morena ba ne ba rotloediwa go ikwadisetsa tiro eno. Go ba thusa mo ditshenyegelong tsa mesepele, tsa dijo, tsa diaparo, le tsa matlo, Zion’s Watch Tower Tract Society e ne e tlamela barekisi bao ba pele ba dibuka ka dibuka tsa Bibela gore ba di abe, e bolela moneelo o monnye o ba neng ba ka o kopa mabapi le dibuka tseo, mme ya bolelela barekisi ba dibuka gore ba itseele karolo ya madi a ba neng ba a bona. Ke bomang ba ba neng ba latela dithulaganyo tseno mme ba dira tiro ya go rekisa dibuka?
Ka 1885 Mokgatlho o ne o na le barekisi ba dibuka ba ka tshwara 300. Ka 1914 palo eno e ne ya felela e fetile 1 000. E ne e se tiro e e motlhofo. Fa ba sena go etela magae mo ditorotswaneng dingwe tse nnè mme ba kgonne go bona batho ba le bararo kana ba le bane fela ba ba neng ba kgatlhega ka selekanyo se se rileng, mongwe wa barekisi bano ba dibuka o ne a kwala jaana: “Tota nka re ke ne ke ikutlwa ke latlhegile tota go tsamaya sekgala se se kanakana, ke kopana le batho ba bantsi jaana, mme e le ba sekae fela ba ba bolelang fa ba amega ka maikaelelo a Modimo le Kereke. Nthuseng ka go nthapelela, gore ke kgone go bolela boammaaruri ka tsela e e tshwanetseng ke sa boife, le gore ke se ka ka lapa go dira se se molemo.”
Ba Ne Ba Italetsa ka Pelo E E Thamileng
Barekisi bao ba dibuka eleruri e ne e le babulatsela tota. Ba ne ba tsena kwa dikarolong tse di sa tsamaiweng tsa naga ka nako ya fa go ne go dirisiwa dipalangwa tsa bogologolo le ditsela di santse di le maswe thata, e le metlhala fela ya dikolotsana tsa dipitse. Kgaitsadi Early, wa kwa New Zealand, ke mongwe wa ba ba neng ba dira jalo. O ne a simolola dilo pele ga Ntwa ya Lefatshe I, mme a dira dingwaga di le 34 mo tirong ya nako e e tletseng pele a swa ka 1943. O ne a tsamaya karolo e kgolo ya naga a dirisa baesekele. Le eleng le ka nako ya fa a ne a tshwerwe ke bolwetsi jwa go opa ga malokololo mme a sa tlhole a kgona go pagama baesekele, o ne a dirisa baesekele go ikokotlela ka yone le go pega dibuka tsa gagwe mo go yone a dira tshimo ya dikgwebo ya Christchurch. O ne a kgona go pagama ditepisi, lefa go ntse jalo fa a di fologa o ne a tshwanelwa ke go di fologa ka samorago ka ntlha ya bolwetsi jono. Lefa go ntse jalo fela fa a ne a santse a na le maatla, o ne a a dirisa mo tirelong ya ga Jehofa.
Batho bano ba ne ba sa dire tiro eno ka gonne ba ne ba ikutlwa ba itshepa. Bangwe ba bone ka tlholego ba ne ba le boi, mme ba ne ba rata Jehofa. Pele a ya go neela bosupi kwa tshimong ya kgwebo, mongwe wa bokgaitsadi bao o ne a kopa mongwe le mongwe wa Baithuti ba Bibela ba mo lefelong leo gore a mo rapelele. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a kgona go nna le boitemogelo mme a nna matlhagatlhaga tota mo tirong eo.
Ka nako ya fa Malinda Keefer a ne a bolelela Mokaulengwe Russell ka 1907 gore o eletsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, o ne a re o ikutlwa gore o tshwanetse go nna le kitso e e oketsegileng pele. Tota ebile, o ne a bone dibuka mo Baithuting ba Bibela mo ngwageng o o neng o sa tswa go feta. Mokaulengwe Russell o ne a mo araba jaana: “Fa e le gore o batla go leta go fitlha o itse gotlhe ga o kitla o simolola, lefa go ntse jalo o tla kgona go ithuta fa o ntse o tsweletse.” O ne a simolola kwa Ohio, kwa United States ka bonakonyana fela. O ne a tlhola a ikgopotsa Pesalema 110:3 e e reng: “Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ.” O ne a dira fela jalo, mo dingwageng tse 76 tse di neng tsa latela.b O ne a simolola tirelo ya nako e e tletseng a sa nyalwa. O ne a itumelela go e dira a nyetswe ka lobaka lwa dingwaga di le 15. Mme fa monna wa gagwe a sena go swa, o ne a nna a tswelela pele, a thusiwa ke Jehofa. O ne a bolela jaana fa a ne a akanya ka dingwaga tse di fetileng: “Abo ke leboga jang ne go bo ke ile ka italetsa ka pelo e e thamileng jaaka mmulatsela ke santse ke le lekgarebe mme ka gale ke baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele!”
Mo malatsing a ntlha a fa go ne go tshwarwa dikopano tse dikgolo tsa botlhe, gantsi go ne go rulaganngwa gore go nne le dithulaganyo tse di kgethegileng tsa go kopana le barekisi ba dibuka. Go ne go arabiwa dipotso, ba basha ba ne ba katisiwa, ebile ba ne ba kgothadiwa.
Go tloga ka 1919 go ya pele, go ne go na le batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa bao ba neng ba tsaya Bogosi jwa Modimo bo le botlhokwa mo eleng gore eleruri matshelo a bone a ne a ikaegile fela ka jone. Bangwe ba bone ba ne ba kgona go tlogela ditiro mme ba ineela ka bojotlhe mo bodiheding.
Go Itlamela ka Dilo Tse Di Bonalang Tse Ba Di Tlhokang
Ba ne ba itlamela jang ka dilo tse di bonalang tse ba neng ba di tlhoka? Anna Petersen (yo moragonyana e neng ya nna Rømer), moreri wa nako e e tletseng kwa Denmark, o ne a gakologelwa jaana: “Madi a dibuka a ne a re thusa mo ditshenyegelong tsa letsatsi le letsatsi mme ebile re ne re sa tlhoke dilo tse dintsi. Fa go ne go direga gore ditshenyegelo tsa rona di oketsege, re ne re kgona go di duelela. Bokgaitsadi ba ne ba tlhola ba re naya diaparo, e ka nna mesese kana dibaki, re ne re di tsaya re di apara, ka gone re ne re apara sentle. Mme mo marigeng mangwe ke ne ke tle ke dire tiro ya ofisi dikgwedi di le mmalwa. . . . Ke ne ke kgona go reka diaparo tse ke neng ke tla di tlhoka ngwaga otlhe gonne ke ne ke reka fa ditlhwatlhwa di ne di isitswe kwa tlase. Dilo di ne di tsamaya sentle fela. Re ne re se ka re tlhoka sepe.” Ba ne ba sa amege thata ka dilo tse di bonalang. Go rata ga bone Jehofa le ditsela tsa gagwe go ne go tshwana le molelo o o neng o tuka mo teng ga bone, mme ba ne ba tshwanelwa fela ke go bua.
Ba ne ba tshwanela go hira ntlo e e lekaneng fa ba ntse ba etela batho ba karolo eo gore ba nne le fa ba ka nnang teng. Bangwe ba bone ba ne ba dirisa dikolotsana—eseng sepe se se manobonobo, lefelo fela le ba ka robalang le go jela mo go lone. Ba bangwe ba ne ba robala mo ditenteng jaaka fa ba ne ba tswa mo lefelong le lengwe ba ya kwa go le lengwe. Mo mafelong a mangwe bakaulengwe ba ne ba rulaganyetsa go nna le “dikampa tsa babulatsela.” Basupi ba mo karolong eo ba ne ba ka ithaopela go tsenya ntlo eo dilwana, mme go tlhophiwe mongwe gore a e tlhokomele. Babulatsela ba ba direlang mo karolong eo ba ne ba ka dirisa marobalo ao, mme ba ne ba thusa go duelela ditshenyegelo.
Badiredi bano ba nako e e tletseng ba ne ba sa letle go tlhoka madi gore go kganele batho ba sekadinku go bona dibuka tsa Bibela. Gantsi babulatsela ba ne ba tsaya ditapole, botoro, mae, maungo mmogo le a a tsentsweng mo metemeng, dikoko, disepa, tota le sepe fela se sengwe. Dilo tseno di ne di sa ba humise; go na le moo, seno e ne e le tsela fela ya go thusa batho ba ba ikanyegang gore ba utlwe molaetsa wa Bogosi, fa ka nako e e tshwanang babulatsela ba ne ba kgona go bona dilo tse ba di tlhokang mo botshelong gore ba kgone go tswelela pele ka bodihedi jwa bone. Ba ne ba ikantse tsholofetso ya ga Jesu ya gore fa ba ne ba ka tswelela ba “[batla] pele . . bogosi le tshiamō ya gagwè [Modimo],” kwa morago ba ne ba tla newa dijo le diaparo tse ba di tlhokang.—Math. 6:33.
Go Iketleetsa go Ya go Dira Gongwe le Gongwe kwa Tlhokego E Neng E Le Teng
Keletso ya bone e kgolo ya go batla go dira tiro eo Jesu a neng a e abela barutwa ba gagwe e ne ya tlhotlheletsa badihedi ba nako e e tletseng go ya go dira ditshimo tse disha, le eleng le kwa dinageng tse disha. Fa Frank Rice a ne a lalediwa gore a tloge kwa Australia mme a e go simolola go rera mafoko a a molemo kwa Java (e jaanong e leng karolo ya Indonesia) ka 1931, o ne a na le maitemogelo a dingwaga di le lesome a ntse a le mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Mme jaanong o ne a tlile go rakana le ditlwaelo tse disha, mmogo le go ithuta go bua dipuo tse disha. O ne a kgona go neela ba ba leng mo mabenkeleng le kwa diofising dingwe bosupi ka Seesemane, lefa go ntse jalo o ne a batla go neela ba bangwe bosupi. O ne a ithuta ka natla, mme mo dikgweding tse tharo o ne a kgona go bua Sedatšhe mo a neng a kgona go simolola go tsamaya ka ntlo le ntlo. Morago o ne a ithuta Se-Malay.
Frank o ne a na le dingwaga tse 26 fela fa a ne a ya kwa Java, mme mo dingwageng tse dintsi tsa tse thataro tse a neng a di nna koo le kwa Sumatra, o ne a dira a le esi. (Go ya kwa bokhutlong jwa 1931, Clem Deschamp le Bill Hunter ba ne ba tla ba tswa kwa Australia go tla go thusa mo tirong eno. Jaaka setlhopha, ba ne ba tsaya loeto lwa go rera mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga, fa Frank ene a ne a dira mo teng ga motsemogolo le mo tikologong ya Java. Moragonyana, Clem le Bill le bone ba ne ba newa dikabelo tsa bone go ya go dira kwa mafelong a a farologaneng.) Go ne go sena dipokano dipe tsa phuthego tseo Frank a neng a ka ya kwa go tsone. Ka dinako tse dingwe o ne a jewa ke bodutu thata, mme mo makgetlong a le mmalwa o ne a lwa le kgopolo ya gore a lese mme a boele kwa Australia. Lefa go ntse jalo o ne a tswelela. Jang? Dijo tsa semoya tse di leng mo go Tora ya Tebelo di ne tsa thusa go mo nonotsha. Ka 1937, o ne a abelwa go ya go dira kwa Indochina, koo a neng a falola ka tshoba la mogodu ka nako ya dikhuduego tse di neng tsa latela Ntwa ya Lefatshe II. Moya ole wa go iketleetsa go dira o ne o santse o le teng ka bo1970 fa a ne a kwala go bolela fa a itumeletse gore lelapa lotlhe la gagwe le ne le direla Jehofa le go umaka gore ene le mosadi wa gagwe ba ne ba ipaakanyetsa go fudugela kwa lefelong lengwe kwa Australia koo go neng go tlhokega badiri teng.
‘Go Ikanya Jehofa ka Pelo Yotlhe’
Claude Goodman o ne a ititaya sehuba gore o ‘tla ikanya Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe mme a sa ikaege ka tlhaloganyo ya gagwe,’ ka jalo o ne a tlhopha go dira tiro ya go rekisa dibuka jaaka moreri wa efangele wa Mokeresete go na le go latela tshono eo a neng a na nayo ya go simolola kgwebo go itshedisa ka yone. (Dia. 3:5, 6) O ne a dira le Ronald Tippin, yo o neng a mo thusitse go bona boammaaruri, jaaka morekisi wa dibuka kwa Engelane mo e ka nnang ka lobaka lo lo fetang lwa ngwaga. Moragonyana ka 1929 bobedi jono bo ile jwa ithebola go ya go dira kwa India.c Abo seno se ile sa lere kgwetlho e kgolo jang ne!
Mo dingwageng tseo di ileng tsa latela, ba ne ba sa tsamaye fela ka dinao le ka diterena le dibese mme gape le ka diterena tsa dithoto, dikoloi tsa dipholo, dikamela, mekorwana, dikolotsana tse di gogwang ke batho, le eleng ka difofane le diterena tse di kgethegileng. Ka dinako tse dingwe ba ne ba ala ba robala mo diphaphosing tsa go emela diterena, mo masakeng a dikgomo, mo tlhageng mo sekgweng, kana mo ntlwaneng e e ditsweng ka boloko jwa dikgomo, lefa go le jalo go ne go na le dinako tse ba neng ba robala mo dihoteleng tse di manobonobo le kwa matlong a dikgosi. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, ba ne ba ithuta go kgotsofalela maemo otlhe ba ka tswa ba tlhaelelwa kana ba tladitse. (Bafil. 4:12, 13) Gantsi ba ne ba sena dilo tse dintsi tse di bonalang, lefa go ntse jalo ba ne ba se ka ba nna ba sena dilo tse ba neng ba di tlhoka thata. Ba ile ba itemogela ka namana go diragadiwa ga tsholofetso ya ga Jesu ya gore fa ba ne ba batla pele Bogosi le tshiamo ya Modimo, ba ne ba tla tlamelwa ka dilo tseo ba neng ba di tlhoka mo botshelong.
Ba ne ba tshwarwa ke malwetsi a a tshwanang le letshoroma la dengue, malaria, le typhoid, lefa go ntse jalo Basupi ba bangwe ba ne ba ba tlhokomela ka tsela e e lorato. Go ne go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa mo metsemegolong e e tletseng khumanego jaaka Calcutta, gape go ne go tshwanetse ga neelwa bosupi kwa masimong a tee kwa dithabeng tsa Ceylon (e jaanong e itsiweng jaaka Sri Lanka). E le gore batho ba tlamelwe ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng, go ne go abiwa dibuka, go tshamekiwa ditheipe ka dipuo tsa mafelo ao, ebile go newa le dipuo. Fa tiro e ntse e oketsega, Claude o ne a ithuta go dirisa motšhine wa go gatisa dibuka le go okamela tiro kwa diofising tsa lekala la Mokgatlho.
Mo ngwageng wa gagwe wa bo 87, o ne a setse a na le maitemogelo a mantsi a botshelo ao a a boneng fa a ne a direla Jehofa kwa Engelane, India, Pakistan, Ceylon, Burma (e jaanong e leng Myanmar), Malaya, Thailand, le Australia. O ne a baya Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gagwe e le lekawana le le iseng le nyale, mme morago a nyetse ebile e le rrabana. O ne a simolola tirelo ya nako e e tletseng go ise go fete dingwaga di le pedi a ntse a kolobeditswe, mme o ne a e leba e le tiro e a neng a tla e dira botshelo jotlhe jwa gagwe.
Thata ya Modimo E Bonala Ka Botlalo mo go Ba Ba Bokoa
Ben Brickell e ne e le yo mongwe wa Basupi bao ba ba tlhoafetseng—a tshwana fela le batho ba bangwe ka go bo o ne a tlhoka dilo tse ba di tlhokang ebile a le bokoa fela jaaka bone. O ne a na le tumelo e e nonofileng tota. Ka 1930, o ne a simolola tiro ya go rekisa dibuka kwa New Zealand, koo a neng a neela bosupi mo ditshimong tse di neng tsa se ka tsa wediwa ka masomesome a dingwaga. Dingwaga di le pedi moragonyana, kwa Australia, o ne a tsaya loeto lwa go rera lwa dikgwedi di le tlhano go ralala sekaka go ya koo go neng go ise go ke go neelwe bosupi teng. Baesekele ya gagwe e ne e rwele dikobo, diaparo, dijo, le dibuka tse a neng a tlile go di aba. Le mororo banna bangwe ba ile ba swa fa ba ne ba leka go ralala lefelo leno, ene o ne a tswelela a ikantse Jehofa. Morago ga foo, o ne a ya go direla kwa Malaysia, koo a ileng a tshwenngwa thata ke bolwetsi jwa pelo teng. O ne a se ka a lesa. Fa a sena go nna a ikoka ka lobaka lo loleele o ne a simolola tiro ya go rera ka nako e e tletseng gape kwa Australia. Mo e ka nnang dingwaga di le lesome moragonyana, o ne a ladiwa kwa kokelong ka ntlha ya bolwetsi bongwe jo bo masisi, mme fa a ne a gololwa kwa kokelong ngaka e ile ya mmolelela gore “85 lekgolong ya mmele wa gagwe e ne e koafetse.” O ne a sa kgone le eleng go tsamaya mo mmileng a ya mabenkeleng a sa tle a ikhutsa.
Lefa go ntse jalo Ben Brickell o ne a ititeile sehuba gore o tla tswelela pele, mme o ne a dira fela jalo, a etla a ema go ikhutsa fa go tlhokega. Ka bonakonyana fela o ne a boetse gape a neela bosupi mo karolong e e tletseng matlapa e e kgakala le ditoropo ya Australia. O ne a dira gotlhe mo a ka go kgonang go tlhokomela boitekanelo jwa gagwe, mme go direla Jehofa e ne e le selo sa botlhokwa mo go ene go fitlha a swa dingwaga di le 30 moragonyana mo bogareng jwa dingwaga tsa bo60.d O ne a lemoga gore maatla a ga Jehofa a ne a kgona go thiba fa a neng a tlhaela teng ka ntlha ya bokoa. Kwa kopanong nngwe e kgolo kwa Melbourne ka 1969, o ne a dira mo lephateng la babulatsela a na le letshwao le legolo mo betšheng ya gagwe leo le neng le balega jaana: “Fa o batla go itse sengwe ka bobulatsela, mpotse.”—Bapisa 2 Bakorintha 12:7-10.
Go Fitlhelela Metsana E E kwa Dikgweng le Dikampa tsa Meepo E E kwa Dithabeng
Go tlhagafalela tiro ya ga Jehofa go ne ga tlhotlheletsa eseng fela banna mme gape le basadi go simolola tiro kwa ditshimong tse di neng di ise di ko di rerelwe. Freida Johnson e ne e le mongwe wa batlodiwa, o ne a na le mmele o monnye mme o ne a le mo dingwageng tsa bo50, fa a ne a dira a le esi mo dikarolong tsa Amerika Bogare, a akaretsa mafelo a a tshwanang le lotshitshi lo lo kafa bokone lwa Honduras a pagame pitse. O ne a tlhoka go bo a na le tumelo gore a kgone go dira a le esi mo karolong eno ya masimo a a gasameng a dipanana, ditoropo tsa La Ceiba, Tela, le Trujillo, tota le eleng kwa metseng e e kwa thokothoko ya Carib e e potileng ditoropo tseno ka kwa. O ne a neela bosupi koo ka 1930 le ka 1931, gape le ka 1934, le ka 1940 le ka 1941, a tsamaisa diketekete tsa dibuka tse di nang le boammaaruri jwa Bibela.
Mo go tsone dingwaga tseo modiri mongwe yo o tlhoafetseng o ne a simolola tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe ya bodihedi jwa ka metlha. E ne e le Kathe Palm, yo a neng a tsholetswe kwa Jeremane. Seo se neng sa mo tlhotlheletsa go dira jalo e ne e le kopano e a neng a e ile kwa Columbus, kwa Ohio, ka 1931, e Baithuti ba Bibela ba neng ba amogela leina le lesha, Basupi ba ga Jehofa kwa go yone. Ke ka yone nako eo a ileng a ititaya sehuba gore o tla batla Bogosi pele, mme o ne a santse a dira tiro eno ka 1992, a na le dingwaga di le 89.
O simolotse go dira jaaka mmulatsela kwa New York City. Moragonyana fa a le kwa South Dakota o ne a nna le yo o mo patang ka dikgwedi di le mmala mme morago o ne a tswelela a le esi a tsamaya a pagame pitse. Fa a ne a lalediwa go ya go dira kwa Colombia, kwa Amerika Borwa, o ne a amogela taletso eo kwantle ga go okaoka, mme o ne a goroga koo fa 1934 e setse e tla fela. O ne a nna gape le yo o mo patang ka lobakanyana mme moragonyana a dira gape a le esi. Seno ga se a ka sa mo dira gore a batle go tlogela.
Banyalani bangwe ba ile ba mo laletsa gore a tle go dira le bone kwa Chile. Eno le yone e ne e le tshimo e kgolo tota, e e neng e le sekgala sa dikilometara di le 4 265 ka boleele go iphaphatha le lobopo lo lo kafa bophirima lwa kontinente ya Amerika Borwa. Fa ba sena go rera kwa dikagong tsa diofisi tsa motsemogolo, o ne a tswela kgakala kwa bokone. O ne a rera ka ntlo le ntlo mo kampeng nngwe le nngwe ya moepo, mo mafelong a bonno a dikhampani, a mannye le a magolo. Badiri ba ba dirang kwa godimo ga dithaba tsa Andes ba ne ba gakgamadiwa ke go bona mosadi a tla a le esi a tlile go ba etela, gonne o ne a ititeile sehuba gore o batla go bua le mongwe le mongwe mo lefelong le a neng a le abetswe. Moragonyana, o ne a fudugela kwa borwa koo go neng go na le di-estancia, (dipolasi tsa dinku) di le mmalwa tse di neng di ikgarile mo diheketereng di ka tshwara 100 000. Batho ba koo ba ne ba le botsalano ebile ba na le moya wa go amogela baeng mme ba ne ba ja le ene ka nako ya dijo. Jehofa o ne a mo tlhokomela ka tsela eno le ka ditsela tse dingwe, mo e leng gore o ne a na le dilo tse a di tlhokang mo botshelong.
O ne a tshelela go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.e O ne a bolela jaana fa a ne a akanya ka dingwaga tse a di sentseng mo tirelong: “Ke ikutlwa gore ke ile ka tshela botshelo jo bo kgotsofatsang. Ngwaga le ngwaga fa ke ya kwa kopanong ya batho ba ga Jehofa, ke ikutlwa ke itumetse, ebile ke kgotsofetse fa ke bona batho ba bantsi ba ke neng ke ithuta Bibela le bone ba bolela mafoko a a molemo, ba thusa ba bangwe gore le bone ba bone metsi a botshelo.” O ile a itumelela go bona batho ba ba bakang Jehofa kwa Chile ba oketsega go tloga go ba ba ka nnang 50 go ya go ba ba fetang 44 000.
“Ke Hano, Roma Nna”
Martin Poetzinger wa kwa Jeremane, o ne a kolobediwa fa a sena go utlwa puo e e neng e theilwe mo mafokong a ga Jehofa a a neng a laletsa moperofeti gore a tle go mo direla jaaka a kwadilwe mo go Isaia 6:8 le go utlwa kafa a neng a araba ka teng a re, “Ke hano, roma nna.” Dingwaga di le pedi moragonyana, ka 1930, o ne a simolola bodihedi jwa nako e e tletseng kwa Bavaria.f Ka bonakonyana fela, badiredi ba puso ba ne ba thibela Basupi go rera, ba tswala mafelo a ba neng ba kopanela kwa go one, le go ba amoga dibuka tsa bone. Ma-Gestapo a ne a ba tshosetsa. Lefa go le jalo dilo tse di neng tsa diragala ka 1933 tseo ga di a ka tsa emisa bodihedi jwa ga Mokaulengwe Poetzinger.
O ne a lalediwa go ya go dira kwa Bulgaria. Go ne go dirisiwa dikarata tsa go neela bosupi tse di neng di kwadilwe ka Se-Bulgaria fa go buelelwa dibuka tsa Bibela. Lefa go le jalo bontsi jwa batho ba ne ba sa itse go bala. Ka jalo, Mokaulengwe Poetzinger o ne a ithuta puo ya bone, e e neng e dirisa dialefabete tsa Cyrillic. Fa lelapa le ne le tlogeletswe buka, gantsi go ne go tlhokega gore bana ba babotlana ba balele batsadi ba bone.
Mo karolong e kgolo ya ngwaga wa ntlha, Mokaulengwe Poetzinger o ne a le nosi, mme o ne a kwala jaana: “Kwa Segopotsong, ke ne ka neela puo, ka rapela, ka bo ka tswalela pokano.” Ka 1934, batswakwa ba ne ba lelekwa, ka jalo o ne a ya kwa Hungary. Le gone koo o ne a tshwanela go ithuta puo e ntšha gore a kgone go rera mafoko a a molemo. Fa a tswa kwa Hungary o ne a ya kwa dinageng tse ka nako eo di neng di bidiwa Czechoslovakia le Yugoslavia.
O ile a nna le maitemogelo a mantsi a a itumedisang—a kopana le batho ba ba ratang boammaaruri jaaka fa a ntse a tsamaya a raletse metse le metsana, a tladitse kgetsana ya gagwe ka dibuka; o ne a bona gore Jehofa o a mo tlamela jaaka fa batho ba ba tletseng moya wa go amogela baeng ba ntse ba mo naya dijo le marobalo; a tlotla le ba ba neng ba tlile kwa a nnang teng go tla go utlwa molaetsa o o gomotsang wa Bogosi go fitlha maitsiboa.
Go ne go na le dilo tse di lekang tumelo thata. Ka nako nngwe ya fa a ne a direla mo nageng eo e seng ya gaabo, mme a sena madi, o ne a tshwarwa ke bolwetsi bongwe jo bo maswe. Go ne go sena ngaka epe e e neng e iketleeditse go mo thusa. Lefa go ntse jalo Jehofa o ne a thusa. Jang? Kwa bofelong, go ne ga ikgolaganngwa le ngaka e kgolo ya kokelo ya lefelo leo. Monna yono, yo o neng a dumela Bibela thata, o ne a tlhokomela Mokaulengwe Poetzinger jaaka ekete ke morwawe, a dira jalo a sa mo duedise sepe. Ngaka eno e ne e kgatlhilwe thata ke moya wa go intsha setlhabelo wa lekawana leno, oo o neng o bonala mo tirong e a neng a e dira, mme o ne a amogela dibuka di le setlhotswana tsa Mokgatlho jaaka mpho.
O ne a lekwa ka tsela e nngwe gape e kgolo dikgwedi di le nnè fela fa a sena go nyala. Mokaulengwe Poetzinger o ne a tshwarwa ka December 1936 mme a latlhelwa la ntlha kwa kampeng e nngwe ya pogisetso mme morago ga moo a latlhelwa kwa go e nngwe, fa mosadi wa gagwe a ne a latlhetswe kwa kampeng e nngwe e sele ya pogisetso. Ga ba a ka ba bonana ka dingwaga tse robong. Jehofa ga a ka a thibela gore ba se ka ba bogisiwa botlhoko jalo, lefa go ntse jalo o ne a nonotsha Martin, mosadi wa gagwe Gertrud, le diketekete tsa ba bangwe gore ba kgone go itshoka.
Fa Mokaulengwe Poetzinger le mosadi wa gagwe ba sena go gololwa, o ne a fetsa dingwaga tse dintsi a dira jaaka molebedi yo o etang kwa Jeremane. O ne a le teng kwa dikopanong tse di itumedisang tse di neng tsa tshwarwa fa morago ga ntwa kwa go seo e neng e le mabala ao masole a ga Hitler a neng a kokoanela teng kwa Nuremberg. Lefa go ntse jalo ka nako eo mabala ao a ne a tletse ka boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tshegetsang Bogosi jwa Modimo ka boikanyego. O ne a nna teng kwa dikopanong tse di ka se kang tsa lebalwa tse di neng tsa tshwarelwa kwa Yankee Stadium kwa New York. O ne a itumelela katiso e a neng a e amogela kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. Mme ka 1977 o ne a nna leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Tsela e a neng a leba dilo ka yone, go fitlha a wetsa tiro ya gagwe ya mo lefatsheng ka 1988, e ka tlhalosiwa sentle ka mafoko ano: ‘Ke dira selo seno—ke batla Bogosi pele.’
Go Ithuta Se Tota go Se Bolelang
Go phepafetse gore moya wa go intsha setlhabelo ga se selo se sesha mo Basuping ba ga Jehofa. Fa bolumo ya ntlhantlha ya Millennial Dawn e ne e phasaladiwa bogologolo ka 1886, go ne ga tlotliwa ka tlhamalalo ka kgang ya go itlhaola jaaka yo o boitshepo (kana, go ineela, jaaka re go bitsa gompieno). Go ne ga tlhalosiwa go dirisiwa Dikwalo gore Bakeresete ba boammaaruri “ba tlhaolela” Modimo sengwe le sengwe; seo se akaretsa dilo tse ba kgonang go di dira, dithoto tseo ba nang natso, matshelo a bone. Ka gone Bakeresete e nna badisa ba seo se ‘tlhaoletsweng’ Modimo, mme jaaka badisa, ba ikarabela—eseng mo bathong mme mo Modimong.
Go ne go na le Baithuti ba Bibela bao ba neng ba ntse ba ineela mo go direleng Modimo. Ba ne ba dirisa dikgono tsa bone, dithoto tsa bone, maikatlapelo a bone, ka botlalo mo go direng thato ya gagwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ne go na le ba ba neng ba ikutlwa gore ba tshwanetse pele ba tlhagolela se ba neng ba se bitsa dinonofo tsa Bokeresete gore ba tshwanele go busa le Keresete mo Bogosing.
Le mororo gantsi Mokaulengwe Russell a ne a tlhola a umaka boikarabelo jwa Mokeresete mongwe le mongwe jwa go bolelela ba bangwe kaga Bogosi jwa Modimo, seo se ne sa gatelelwa thata morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Setlhogo se se neng se re “Botho Kana Kgolagano—Ke Sefe Se Se Tshwanetseng?” sa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) May 1, 1926, ke sekai se se tlhomologileng sa seno. E ne ya sekaseka e bua ka tlhamalalo fela ditlamorago tse di sa itumediseng tsa seo go neng go twe ke go tlhagolela boitsholo jo bo siameng mme morago se ne sa gatelela botlhokwa jwa gore motho a supe maikarabelo a gagwe mo Modimong ka ditiro.
Pelenyana ga foo, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 1, 1920, e ne e ile ya tlhatlhoba boperofeti jo bogolo jwa ga Jesu kaga ‘sesupo sa go nna teng ga gagwe le sa bokhutlo jwa lefatshe.’ (Math. 24:3, KJ) E ne ya bua thata ka tiro ya go rera e e tshwanetseng go dirwa go diragadiwa Mathaio 24:14 mme ya supa molaetsa o o tshwanetseng go bolelwa, o o reng: “Mafoko a a molemo fano a malebana le bokhutlo jwa thulaganyo eno e kgologolo ya dilo le go tlhomiwa ga bogosi jwa ga Mesia.” Tora ya Tebelo eno e ne ya tlhalosa gore ereka Jesu a ile a bolela seno a se patagantse le dikarolo tse dingwe tsa sesupo, tiro eno e ne e tshwanetse gore e dirwe “mo lobakeng lwa nako lo lo fa gare ga ntwa e kgolo ya lefatshe [Ntwa ya Lefatshe I] le nako ya ‘sepitla se segolo’ seo se umakilweng ke Mong wa tiro mo go Mathaio 24:21, 22.” Tiro eo e ne e potlakile. Ke bomang ba ba neng ba tla e dira?
Ka phepafalo boikarabelo jono bo ne bo le mo magetleng a maloko “a kereke,” phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri. Lefa go ntse jalo, ka 1932, mo tokololong ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya August 1, ba ne ba gakololwa gore ba rotloetse “setlhopha sa Jonadabe” gore se nne le seabe mo tirong eno go dumalana le se se bolelwang mo go Tshenolō 22:17. Setlhopha sa Jonadabe—se se solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise—se ne sa tsaya kgato ka seno, mme ba bantsi ba ne ba dira jalo ka botlhaga.
Go ne ga gatelelwa thata gore tiro eno e botlhokwa thata: “Go botlhokwa thata go nna le seabe mo tirong ya Morena fela jaaka go le botlhokwa go nna teng kwa dipokanong,” go ne ga rialo Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ka 1921. “Mongwe le mongwe o tshwanetse go rera efangele,” e ne ya bolela jalo ka 1922. “Jehofa o dirile gore tiro ya go rera e nne e e botlhokwa go feta tiro epe fela e motho ope a neng a ka e dira mo lefatsheng leno,” e ne ya bolela jalo ka 1949. Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Bakorintha 9:16 a a reng: “Gonne kgorobèlèlō e mo go nna; gonne go ka bo go latlhèga nna, ha ke sa rere Mahoko a a Molemō,” a ile a nopolwa kgapetsakgapetsa. Lokwalo lono lo ile lwa lebisiwa go mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Ke Ba Le Kae Ba Ba Rerang? Ka Selekanyo Sefe? Ka Ntlha Yang?
A go na le bangwe ba ba neng ba patelediwa go dira tiro eno ba sa rate? “Nnyaa” Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya araba jalo mo tokololong ya yone ya August 1, 1919, “ga go ope yo o patelediwang go dira sepe fela. Ke tiro ya boithaopo, motho o e dira gonne a rata Morena le ditsela tsa tshiamo. Jehofa ga a ke a pateletsa ope.” Malebana le seo se tlhotlheletsang motho go dira tiro eno, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya September 1, 1922, e tswelela pele jaana: “Motho yo eleruri a batlang go leboga go tswa mo pelong ya gagwe le yo o anaanelang seo Modimo o se mo diretseng o tla batla gore le ene a mo direle sengwe; mme jaaka fa tsela e a anaanelang ka yone bopelotlhomogi jwa Modimo e ntse e oketsega, lorato lwa gagwe le lone lo tla oketsega; mme fa lorato lwa gagwe lo ntse lo oketsega jalo, o tla eletsa thata go mo direla.” Go ne ga tlhalosiwa gore, go rata Modimo, go bontshiwa ka go boloka ditaolo tsa one, mme nngwe ya ditaolo tseno ke go rera mafoko a a itumedisang a Bogosi jwa Modimo.—Isa. 61:1, 2; 1 Yoh. 5:3.
Ba ba neng ba dira tiro eno ga ba a ka ba tlhotlhelediwa ke maikutlo ape a selefatshe a go rata maemo. Ba ne ba boleletswe ka phepafalo gore jaaka fa ba tla bo ba tsamaya ka ntlo le ntlo kana ba abela batho dibuka mo mebileng, ba ne ba tla lejwa jaaka “dieleele, ba le bokoa, batho ba maemo a a kwa tlase,” gore ba ne ba tla “nyadiwa, ba bogisiwa,” le gore ba ne ba tla lejwa e le “batho ba ba senang mosola go ya kafa lefatshe le lebang dilo ka teng.” Lefa go le jalo ba itse gore Jesu le barutwa ba gagwe ba ntlha ba ne ba tshwarwa ka tsela e e tshwanang.—Yoh. 15:18-20; 1 Bakor. 1:18-31.
A Basupi ba ga Jehofa ba akanya gore ka tsela nngwe ba bona poloko ka tiro eno ya bone ya go rera? Nnyaa! Buka ya Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri, eo e saleng e dirisiwa go tloga ka 1983 go thusa baithuti go gatela pele gore e nne Bakeresete ba ba godileng, e tlotla ka kgang eno. E bolela jaana: “Setlhabelo sa ga Jesu gape se ile sa dira gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng . . . Seno ga se tuelo eo re e bonang ka go e direla. Lefa re dira go le kana kang mo tirong ya ga Jehofa, ga re kake ra kgona go dira ka tsela e e ka dirang gore Modimo o re kolote botshelo. Botshelo jo bo sa khutleng ‘ke mpho fela e Modimo o e re nayang . . . ka Keresete Jesu Morena wa rona.’ (Bar. 6:23; Baef. 2:8-10) Lefa go ntse jalo, fa re dumela mo mphong eo ebile re anaanela tsela eo go ileng ga dirwa ka yone gore e nne teng, re tla go supa. Fa re lemoga kafa Jehofa a dirisitseng Jesu ka teng ka tsela e e molemolemo go diragatsa thato ya Gagwe le kafa go leng botlhokwa ka teng gore rotlhe re tsamaye mo dikgatong tsa ga Jesu, go tla re dira gore re dire bodihedi jwa Bokeresete sengwe sa dilo tse di botlhokwa go gaisa mo matshelong a rona.”
A go ka bolelwa gore Basupi ba ga Jehofa botlhe ke baboledi ba Bogosi jwa Modimo? Ee! Ke sone seo go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go se bolelang. Mo e ka nnang go feta halofo ya lekgolo la dingwaga le le fetileng, go ne go na le bangwe ba ba neng ba na le boikutlo jwa gore ga go botlhokwa gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo, go dira phatlalatsa le ka ntlo le ntlo. Lefa go ntse jalo ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa gompieno yo o bolelang gore a ka se ka a dira tiro eo ka ntlha ya go bo a na le maemo mangwe mo phuthegong ya lefelo la bone kana mo mokgatlhong wa lefatshe lotlhe. Banna le basadi mmogo le ba babotlana le batsofe ba nna le seabe mo go yone. Ba e leba e le tshiamelo e e botlhokwa go gaisa, tirelo e e boitshepo. Go na le ba bantsi ba ba e dirang ba tshwerwe ke malwetsi a a botlhoko tota. Mme fa e le ka bape fela bao ka ntlha ya go golafala ba sa kgoneng go dira ka ntlo le ntlo, ba senka ditsela tse dingwe tsa go fitlhelela batho le go ba neela bosupi.
Mo nakong e e fetileng, batho ba basha ba ne ba letliwa go nna le seabe mo tirelong ya tshimo ka bonako. Lefa go le jalo, mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana, go ile ga gatelelwa thata gore motho o tshwanetse a tshwanelega pele a lalediwa go e dira. Seo se bolelang? Ga go bolele gore ba tshwanetse go kgona go tlhalosa sengwe le sengwe mo Bibeleng. Mme go na le moo, jaaka fa buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona e tlhalosa, ba tshwanetse go itse dithuto tsa motheo tsa Bibela ba bo ba di dumele. Ba tshwanetse gape ba bo ba tshela matshelo a a phepa, a a dumalanang le melao ya Bibela. Eleruri mongwe le mongwe o tshwanetse a bo a batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Ga go a lebelelwa gore Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ka kgona go rera ka selekanyo se se tshwanang. Maemo a batho ga a tshwane. Dingwaga tsa motho, boitekanelo jwa mmele, maikarabelo a lelapa, le selekanyo se motho a anaanelang ka sone ke dilo tse di amegang mo go seno. Seno ga se bolo go lemogiwa. Se ne sa gatelelwa ke Tora ya Tebelo (ka Seesemane) mo tokololong ya yone ya December 1, 1950, fa e ne e tlotla ka “mbu o o molemō” mo setshwantshong sa ga Jesu sa mojadi, se se mo go Luke 8:4-15. Khoso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi, e e neng e rulaganyeditswe bagolwane ka 1972, e ne ya tlhalosa sentle dilo tse di tlhokegang gore motho a kgone go ‘rata Jehofa ka moya otlhe’ mme e ne ya tlhalosa gore “selo sa botlhokwa ga se go batla go dira tiro e e lekanang le ya ba bangwe, go na le moo se se botlhokwa ke gore motho a dire se a ka se kgonang.” (Mar. 14:6-8) Lefa go ntse jalo, fa e ne e rotloetsa gore motho a nne fa fatshe a itshekatsheke, e ne ya bontsha gape gore lorato lo lo ntseng jalo lo bolela gore “sengwe le sengwe se motho o se dirang mo botshelong se amega mo go direleng ga gagwe Modimo ka lorato; ga go na sepe se se tlogelwang kwa morago mo botshelong, e ka tswa e le bomosola, maemo kana keletso.” Dinonofo tsotlhe tsa rona, moya otlhe wa rona, di tshwanetse go dirisiwa go dira thato ya Modimo. Buka eo ya thuto e ne ya gatelela gore “Modimo ga o batle gore motho a nne le seabe fela mme o batla gore motho a mo direle ka moya otlhe.”—Mar. 12:30.
Se se swabisang ke gore, batho ba ba sa itekanelang ba rata go feteletsa dilo, ba dira selo se se rileng thata mme ba tlhokomologa se sengwe. Ka jalo, bogologolo koo ka 1906, Mokaulengwe Russell o ne a fitlhela go le botlhokwa gore a tlhagise gore go intsha setlhabelo ga go reye go ntsha ba bangwe setlhabelo. Ga go reye gore motho a itlhokomolose go tlamela mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, kana batsadi bao ba setseng ba tsofetse ka dilo tseo ba di tlhokang fela gore a gololesege go ya go rerela ba bangwe. Nako le nako fa esale go tloga ka nako eo, dikgakololo tse di tshwanang le eo di ile tsa tlhagelela mo dikgatisong tsa Watch Tower.
Ka bonya ka bonya, Lefoko la Modimo le ne la thusa phuthego yotlhe gore e leke go lekalekanya dilo jaaka Bakeresete—e bontsha fa e tlhoafaletse go direla Modimo, kafa letlhakoreng le lengwe, e ntse e etse tlhoko dikarolo tsotlhe tse di amiwang ke go nna Mokeresete wa boammaaruri. Lefa gone “go leka go nna le boitsholo jo bo siameng” go ne ga dirwa ka ntlha ya go sa tlhaloganye dilo sentle, Tora ya Tebelo e ile ya bontsha gore maungo a moya le boitshwaro jwa Bokeresete ga di a tshwanela go tseelwa kwa tlase. Ka 1942, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bua jaana fela e tlhamaletse: “Bangwe ka tsela e e seng botlhale ba ne ba akanya gore fa ba nna le seabe mo tirong ya ntlo le ntlo ba ne ba gololesegile go dira sepe fela se ba neng ba se eletsa mme ba ne ba se ka ba otlhaiwa. Re tshwanetse go gakologelwa gore go nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi ga se gone gotlhe go go tlhokegang.”—1 Bakor. 9:27.
Go Baya Dilo tsa Botlhokwa mo Maemong a Tsone
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhaloganya gore ‘go batla Bogosi le tshiamo ya Modimo pele’ go tlhoka gore ba lemoge dilo tse di leng botlhokwa thata gore ke dife. Di akaretsa go baya thuto ya motho ka namana ya Lefoko la Modimo le go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego mo maemong a a tshwanetseng mo botshelong jwa gagwe mme a sa letle dilo tse dingwe gore e nne tsone tse di botlhokwa thata. Go akaretsa go dira ditshwetso tse di bontshang gore eleruri motho o eletsa go dira tumalanong le dilo tse di batliwang ke Bogosi jwa Modimo jaaka fa di kwadilwe mo Bibeleng. Seno se akaretsa go dirisa melaometheo ya Bibela fa go dirwa ditshwetso tse di amang botshelo jwa lelapa, boitlosobodutu, thutego ya selefatshe, tiro ya boitshediso, mekgwa ya kgwebo, le kafa motho a dirisanang le batho ka teng.
Go batla pele Bogosi go akaretsa se se fetang go bolelela batho kaga maikaelelo a Modimo kgwedi le kgwedi. Go kaya go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong jotlhe jwa gago, o ntse o dira maikarabelo a gago a mangwe a Dikwalo ka tsela e e tshwanetseng.
Go na le ditsela tse dintsi tse Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba tshegetsang ditiro tse di direlwang Bogosi ka tsone.
Tshiamelo ya go Dira kwa Bethele
Bangwe ba direla jaaka maloko a lelapa la lefatshe ka bophara la Bethele. Bano ke badihedi ba nako e e tletseng bao ba ithaopetseng go dira tiro nngwe le nngwe e ba ka e abelwang mo go rulaganngweng le mo go gatisiweng ga dibuka tsa Bibela, go dira ditiro tse di tlhokegang tsa ofisi, le go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokegang gore go kgonwe go dira ditiro tseo. Eno ga se tiro e ka yone ba bonang maemo a a kwa godimo kana e ba kgonang go bona dilo tse di bonalang ka yone. Keletso ya bone ke go tlotla Jehofa, mme ba kgotsofalela dilo tse ba tlamelwang ka tsone tse di jaaka dijo, bonno, le madinyana a a seng a sepe a go duelela ditshenyegelo tsa bone. Tsela e lelapa la Bethele le tshelang ka yone e ile ya dira gore badiredi ba puso ba United States, ba ba lebe jaaka maloko a bodumedi a a sa direng tiro ya go itshedisa le bao ba ikanneng gore ba tla nna fela ba humanegile. Bao ba leng kwa Bethele ba itumelela go dirisa matshelo a bone go direla Jehofa ka botlalo le mo go direng tiro e e solegelang bakaulengwe ba bone ba Bakeresete le batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng molemo, ka dinako tse dingwe ba thusa batho ba merafe yotlhe. Ba nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo fela jaaka Basupi ba bangwe ba ga Jehofa.
Lelapa la ntlha la Bethele (kana lelapa la Bible House, jaaka ba ne ba bidiwa ka nako eo) le ne le le kwa Allegheny, kwa Pennsylvania. Ka 1896, ba ne ba dira ba le 12. Ka 1992, lelapa la Bethele le ne le na le maloko a ka nna 12 900, a a dirang a le mo dinageng di le 99. Mo godimo ga moo, makgolokgolo a baithaopi ba bangwe a ya letsatsi le letsatsi kwa magaeng a Bethele le kwa difeketoring go ya go thusa ka tiro, gonne go sena manno a a lekaneng mo dikagong tsa Mokgatlho. Ba leba e le tshiamelo e kgolo tota go nna le seabe mo tirong e e dirwang koo. Fa go tlhokega, diketekete tsa Basupi ba bangwe di ithaopela go tlogela tiro ya boitshediso le ditiro tse dingwe ka lobaka lo lo rileng go ya go thusa ka tiro ya go aga dikago tse Mokgatlho o tlhokang go di dirisetsa tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe.
Bontsi jwa maloko a lelapa la Bethele la lefatshe ka bophara bo dirile tiro eno tiro e ba tla e dirang botshelo jotlhe. Frederick W. Franz, o ne a setse a na le dingwaga di le 57 e le leloko la Bethele ya kwa New York fa a ne a tlhophiwa go nna mookamedi wa bonè wa Mokgatlho wa Watch Tower ka 1977, mme o ne a tswelela a dira kwa Bethele ka dingwaga tse dingwe gape tse 15 go fitlha a tlhokafala ka 1992. Heinrich Dwenger o ne a simolola tirelo ya gagwe ya Bethele kwa Jeremane ka 1911, morago ga moo o ne a dira kabelo nngwe le nngwe e a neng a e newa ka boikokobetso; mme fa a ne a tlhokafala ka 1983, o ne a santse a itumelela tirelo ya gagwe jaaka leloko la lelapa la Bethele kwa Thun, kwa Switzerland. George Phillips yo a neng a tswa kwa Scotland, o ne a amogela kabelo ya go tla go direla mo ofising ya lekala mo Afrika Borwa ka 1924 (ka nako ya fa e ne e tlhokometse tiro yotlhe e e neng e dirwa go tloga Cape Town go fitlha kwa Kenya) mme o ne a tswelela a direla mo Afrika Borwa go fitlha a tlhokafala ka 1982 (ka nako eo Mokgatlho o ne o na le diofisi tsa makala di le supa ebile go na le Basupi ba le 160 000 mo lefelong leo). Bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba jaaka Kathryn Bogard, Grace DeCecca, Irma Friend, Alice Berner le Mary Hannan le bone ba ne ba dira mo Bethele ba ntse ba godile go fitlha ba tlhokafala. Maloko a mangwe a mantsi le one ka tsela e e tshwanang a na le dingwaga tse 10, 30, 50, 70, le go feta a ntse a dira mo Bethele.g
Balebedi Ba Ba Etang Ba Ba Intshang Setlhabelo
Go na le balebedi ba potologo le ba kgaolo ba ba ka tshwarang 3 900 lefatshe ka bophara, bao mmogo le basadi ba bone, ba dirang dikabelo gongwe le gongwe koo go tlhokegang teng, gantsi e le mo nageng ya bone. Bontsi jwa bano ba tlogetse magae mme ba tsaya mesepele beke nngwe le nngwe kana morago ga dibeke di le mmalwa go ya go etela diphuthego tse ba abetsweng go di thusa. Ga ba amogele tuelo epe lefa go ntse jalo ba lebogela dijo le marobalo a ba a newang koo ba direlang teng, gape ba lebogela madinyana a a sa reng sepe a go duelela ditshenyegelo tsa bone. Kwa United States, koo ka 1992 go neng go dira balebedi ba potologo le ba kgaolo ba le 499 teng, dingwaga tsa bogodi tsa bagolwane bano ba ba etang e dira palogare ya dingwaga tse 54, mme bangwe ba bone ba na le dingwaga tse 30, 40 le go feta ba ntse ba dira maikarabelo ano. Mo dinageng di le mmalwa, balebedi bano ba tsamaya ka dikoloi. Gantsi tshimo ya Pacific e tlhoka gore go dirisiwe difofane le mekoro. Mo mafelong a mantsi balebedi ba potologo ba etela diphuthego tse di kwa thoko ba pagame dipitse kana ba tsamaya ka dinao.
Babulatsela Ba Dira Tiro ya Botlhokwa
Setlhopha Se Se Laolang se ka nna sa rulaganya gore se romele babulatsela ba ba kgethegileng go ya go rera mafoko a a molemo kwa go senang Basupi teng, kana gore ba ye go rera koo ba tlhokegang thata teng. Bano ke batho ba ba rerang nako yotlhe ba ba dirisang diura tse di ka nnang 140 kgwedi nngwe le nngwe mo bodiheding jwa tshimo. Ba ithaopela go ya go direla gongwe le gongwe kwa ba tlhokegang teng mo nageng ya bone kana, mo makgetlong a mangwe, kwa dinageng tse di gaufi le bone. Ka jaana tsela e ba dirang ka yone e tlogela nako e nnye fela mme ka dinako tse dingwe e sa ba tlogelele nako epe ya go dira sepe se ba ka itshedisang ka sone, ba newa madi a a seng a sepe go duelela matlo le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang. Go ne go na le babulatsela ba ba kgethegileng ba feta 14 500 mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ka 1992.
Fa babulatsela ba ntlha ba ba kgethegileng ba ne ba romelwa ka 1937, ba ne ba etelela pele tiro ya go tshamekela beng ba matlo dipuo tsa Bibela mo magaeng a bone ba dirisa melaetsa e e gatisitsweng mo direkotong fa ba boela go ya go tlotla le batho ka Bibela. Seno se ne sa dirwa kwa metsemegolong e megolwane e e neng e setse e na le diphuthego. Morago ga dingwaga di le mmalwa, go ne ga simololwa ga romelwa babulatsela ba ba kgethegileng segolobogolo koo go neng go sena diphuthego teng kana koo diphuthego di neng di tlhoka thuso e kgolo teng. Go ne ga tlhongwa diphuthego tse dintsi gonne ba ne ba dira ka matsetseleko.
Go na le gore ba akaretse tshimo ba bo ba ya go sele, ba ne ba boaboeletsa tshimo e ba e abetsweng, ba boela kwa go bao ba bontshang kgatlhego ebile ba tshwara dithuto tsa Bibela. Go ne ga rulaganngwa dipokano gore ba ba kgatlhegang ba nne teng kwa go tsone. Ke gone ka moo mmulatsela mongwe, kwa Lesotho, kwa borwa jwa Afrika e neng ya re fela mo bekeng ya gagwe ya ntlha a le kwa kabelong e ntšha a neng a laletsa mongwe le mongwe gore a tle go bona gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwara jang Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Bomodimo. Ene le lelapa la gagwe ba ne ba neela dipuo tsotlhe. Morago o ne a laletsa botlhe gore ba tle kwa Thutong ya Tora ya Tebelo. Fa botlhe ba ba neng ba batla go bona gore go dirwang ba sena go kgotsofala, ba le 30 ba ne ba tswelela ba nna teng mo Thutong ya Tora ya Tebelo, mme palogare ya ba ba 20 e ne e nna teng mo sekolong. Kwa dinageng tse barongwa ba ba neng ba thapisitswe kwa Gileade ba neng ba dirile ka natla go rera mafoko a a molemo teng, ka dinako tse dingwe koketsego e ne e nna teng ka bofefo fa Basupi ba ba tsholetsweng koo ba nna babulatsela ba ba kgethegileng gonne gantsi ba ne ba kgona go rerela batho ba lefelo la bone ka tsela e e molemo go gaisa.
Mo godimo ga badiri bano ba ba tlhoafetseng, go na gape le diketekete tse di makgolokgolo tsa Basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba ba dirang dilo tse di direlwang Bogosi ba le tlhaga tota. Ba akaretsa bana le bagolo, banna le basadi, batho ba ba nyetseng le ba ba iseng ba tsene mo lenyalong. Babulatsela ba ka metlha ba senya diura tse 90 kgwedi le kgwedi mo bodiheding jwa tshimo; babulatsela ba ba thusang ba dira diura tse 60. Ba itlhophela kwa ba batlang go ya go rera teng. Bontsi jwa bone ba dira le diphuthego tseo di setseng di nonofile; bangwe ba fudugela kwa dikarolong tse di kwa thoko. Ba itlamela ka dilo tse ba di tlhokang tsa nama ka go dira tiro ya boitshediso, kana maloko a malapa a bone a ka ithaopela go ba tlamela ka tseo ba di tlhokang. Mo ngwageng wa 1992 ba ba fetang 914 500 ba ile ba nna le seabe mo tirelong eno e le babulatsela ba ka metlha kana ba ba thusang ka lobaka longwe lo lo rileng mo ngwageng.
Dikolo Tse Di Fitlhelelang Maikaelelo A A Kgethegileng
Gore baithaopi ba tshwanele sentle mefuta e e rileng ya tirelo, ba rulaganyediwa dikolo tse di kgethegileng. Ka sekai, fa esale go tloga ka 1943, Sekolo sa Gileade se ile sa katisetsa diketekete tsa badihedi ba ba nang le maitemogelo tiro ya borongwa, mme baalogi ba ile ba romelwa kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Ka 1987 go ile ga simololwa Sekolo sa Thapiso sa Badihedi gore ba dire ditiro tse di tlhokegang thata, go akaretsa go tlhokomela diphuthego mmogo le maikarabelo a mangwe. Thulaganyo ya gore sekolo seno se tshwarelwe mo mafelong a a farologaneng e dira gore baithuti ba se ka ba tsaya maeto a maleele ba ya kwa lefelong le se tshwarelwang kwa go lone mmogo le go fokotsa matsapa a go ithuta puo e nngwe gore ba kgone go solegelwa molemo ke dithuto tsa sekolo seno. Botlhe ba ba lalediwang go nna teng kwa dikolong tseno ke bagolwane kana batlhanka ba bodihedi ba ba supileng gore ruri ba baya Bogosi kwa pele. Bontsi jwa bone bo ile jwa ithaopela go ya go dira kwa dinageng tse dingwe. Ba na le moya o o tshwanang le wa moperofeti Isaia yo a neng a re: “Ke hano, roma nna.”—Isa. 6:8.
E le gore ba ba neng ba setse ba dira jaaka babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng ba tokafatse kafa ba atlegang ka teng, go ne ga rulaganngwa gore go nne le Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela go simolola ka 1977. Koo go neng go kgonega teng, potologo nngwe le nngwe mo lefatsheng e ne e rulaganyediwa gore e nne le sekolo. Babulatsela botlhe ba ne ba lalediwa gore ba tle go solegelwa molemo ke katiso eno ya dibeke tse pedi. Fa e sale go tloga ka nako eo, babulatsela ba ba feditseng ngwaga wa bone wa ntlha ba le mo tirelong eno ba ile ba neelwa thapiso e e tshwanang fa nako e ntse e tsamaya. Go tla go fitlha ka 1992, go ne go setse go thapisitswe babulatsela ba ka nna 100 000 mo sekolong seno kwa United States fela; go thapisiwa ba ba fetang 10 000 ngwaga le ngwaga. Ba bangwe ba ba 55 000 ba ile ba thapisiwa kwa Japane, ba le 38 000 kwa Mexico, ba le 25 000 kwa Brazil, le ba le 25 000 kwa Italy. Mo godimo ga khoso eno, gantsi babulatsela ba itumelela go nna le pokano e e kgethegileng ya babulatsela le molebedi wa potologo ka nako ya fa a etetse diphuthego morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro gape le thulaganyo e e kgethegileng ya katiso e ba e newang ke molebedi wa potologo le wa kgaolo kwa kopanong ya ngwaga le ngwaga ya potologo. Ka gone, bao ba bopang lesomo le legolo la baboledi ba Bogosi ba ba dirang jaaka babulatsela ga se fela badiri ba ba ratang go dira mme gape ke badihedi ba ba katisitsweng sentle.
Go Direla kwa Tlhokego E Leng Kgolwane Teng
Diketekete tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa—bao bangwe ba bone e leng babulatsela, mme bangwe e se bone—ba ile ba itlhophela go ya go direla eseng fela mo lefelong la bone mme gape le kwa dikarolong tse dingwe tse baboledi ba mafoko a a molemo ba tlhokegang thata kwa go tsone. Ngwaga le ngwaga diketekete tse dintsi di rulaganya kafa di ka kgonang ka teng gore di ye go senya lobaka lwa dibeke kana dikgwedi kwa dikarolong tse gantsi di leng kgakalakgakala le magae a bone gore ba kgone go rerela batho ba ba sa kgoneng go etelwa ka metlha ke Basupi ba ga Jehofa. Diketekete tse dingwe tse di oketsegileng di ile tsa fuduga mme tsa aga kwa mafelong a masha gore ba kgone go thusa ka lobaka lo loleelenyana. Bontsi jwa bano ke balekane ba ba nyalaneng kana malapa ao a nang le bana. Gantsi ba ne ba fudugela gaufi thata, mme ba bangwe ba ne ba nna ba fuduga kgapetsakgapetsa jalo fa dingwaga di ntse di feta. Bontsi jwa Basupi bano ba ba tlhoafetseng bo ile jwa rwalela tiro eno le eleng kwa dinageng di sele—bangwe e le ka dingwaga di le mmalwa, bangwe ba fudugela ruri. Ba dira tiro epe fela ya boitshediso e ba ka e bonang gore ba kgone go bona dilo tse ba di tlhokang, mme ba duelela ditshenyegelo tsa go fuduga ka madi a bone. Se ba se eletsang thata ke go nna le seabe ka botlalo mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi go ya fela kafa maemo a bone a ba letlang ka teng.
Fa tlhogo ya lelapa e se Mosupi, e ka nna ya fudusa lelapa ka ntlha ya tiro. Lefa go ntse jalo maloko a lelapa a e leng Basupi a ka leba seno e le tshono ya go anamisa molaetsa wa Bogosi. Seno se ne sa nna jalo ka Basupi ba babedi go tswa kwa United States ba ba neng ba iphitlhela ba le kwa kampeng ya badiri bangwe ba baagi kwa gare ga sekgwa kwa Suriname go ya kwa bokhutlong jwa bo1970. Ba ne ba tsoga ka 4:00 a.m. gabedi ka beke ba tshwara bese ya khampani eno go tsaya loeto lwa ura mo tseleng e e tletseng mangope go ya kwa motseng, mme ba fetsa letsatsi koo ba rera. Go ise go ye kae ke fa ba setse ba tshwara dithuto tsa Bibela di le 30 beke le beke le batho ba ba neng ba bolailwe ke tlala ya go utlwa boammaaruri. Gompieno go na le phuthego kwa karolong eo e pele e neng e sa kgone go fitlhelelwa ka boammaaruri ya dikgwa tseo tsa boboatsatsi.
Go Dirisa Tshono Nngwe le Nngwe E E Itlhagisang ya go Neela Bosupi
Ke boammaaruri gore, ga se Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba fudugelang kwa dinageng tse dingwe, kana le eleng kwa ditoropong tse dingwe, go ya go tsweledisa bodihedi jwa bone pele teng. Maemo a bone a ka nna a se ka a ba letla gore ba bule tsela. Lefa go ntse jalo, ba tlhaloganya sentle kgakololo ya Bibela ya gore ba “oketsè ka tlhōahalō” le go nna ba “totahetse mo tihoñ ea Morèna.” (2 Pet. 1:5-8; 1 Bakor. 15:58) Ba bontsha fa ba batla Bogosi pele ka go baya dilo tse di bo direlwang kwa pele ga ditiro tsa bone tsa boitshediso le boitlosobodutu. Bao dipelo tsa bone di anaanelang Bogosi thata ba nna le seabe ka metlha mo bodiheding jwa tshimo ka selekanyo se maemo a bone a ba letlang go dira ka sone, mme bontsi jwa bone bo fetola maemo e le gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo mo go yone. Gape ba nna ba ntshitse matlho dinameng ka metlha go dirisa tshono nngwe le nngwe eo e ka itlhagisang go neela ba bangwe bosupi ka Bogosi.
Ka sekai, John Furgala, yo o neng a na le lebenkele kwa Guayaquil, kwa Ecuador, o ne a baya dibuka tsa Bibela a di rulagantse ka tsela e e kgatlhang mo lebenkeleng leno la gagwe. Fa mothusi wa gagwe a ntse a naya moreki dilo tse a di batlang, John ene o ne a rerela moreki.
Kwa Nigeria Mosupi mongwe yo o tlhoafetseng yo o neng a tlhokomela lelapa la gagwe ka go dira jaaka rakonteraka wa motlakase le ene o ne a ititeile sehuba go dirisa tshono e a neng a na le yone go neela batho ba ba kopanang le bone mo kgwebong ya gagwe bosupi. Ereka jaana kgwebo eo e ne e le ya gagwe, ke ene a neng a dira thulaganyo ya kafa go dirwang ka teng. Moso mongwe le mongwe, pele ga tiro ya letsatsi, o ne a bitsa mosadi wa gagwe, bana, badiri, le ba ba tlileng go ithuta tiro go tla go sekaseka temana ya Bibela ya letsatsi leo, mmogo le maitemogelo go tswa go Yearbook of Jehovah’s Witnesses. Fa ngwaga mongwe le mongwe o simologa, o ne a neela batho ba ba rekang mo go ene kopi ya khalendara ya Mokgatlho wa Watch Tower, mmogo le dimakasine tse pedi. Seno se ile sa felela ka gore bangwe ba badiri ba gagwe le batho ba ba neng ba reka mo go ene ba bo ba obamela le ene Jehofa jaanong.
Go na le Basupi ba bantsi ba ga Jehofa ba ba nang le moya o o tshwanang. Lefa ba ka dira tiro ya mofuta ope ba nna ka metlha ba senka ditshono tsa go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo.
Lesomo le Legolo la Bareri Ba Ba Itumetseng Ba Efangele ba Nako E E Tletseng
Go tlhoafala ga Basupi ba ga Jehofa go rera mafoko a a molemo ga go a ka ga fokotsega. Le eleng lefa beng ba bantsi ba matlo ba ile ba ba bolelela ka tlhamalalo fela gore ga ba kgatlhege, go na le dipalo tse dintsi tsa ba ba ileng ba itumelela go bo Basupi ba ba thusitse go tlhaloganya Bibela. Basupi ba ga Jehofa ba ititeile dihuba gore ba tla tswelela pele ba rera go fitlha Jehofa ka boene a ba naya sesupo se se phepafetseng sa gore tiro e weditswe.
Go na le gore o dire o latlhelela, mokgatlho wa lefatshe ka bophara wa Basupi ba ga Jehofa o ile wa oketsa tiro ya one ya go rera. Ka 1982 pego ya ngwaga le ngwaga ya lefatshe ka bophara e ne ya supa gore go ile ga senngwa diura di le 384 856 662 mo bodiheding jwa tshimo. Dingwaga di le lesome morago ga moo (ka 1992) go ile ga senngwa diura di le 1 024 910 434 mo tirong eno. Ke eng se se dirileng gore tiro e oketsege thata jalo?
Ke boammaaruri gore palo ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya oketsega. Mme eseng go fitlha foo. Mo go lone lobaka loo lwa nako, fa palo ya Basupi e ne e oketsega ka 80 lekgolong, ya babulatsela e ne ya oketsega ka 250 lekgolong. Fa go iwa ka palogare ya kgwedi nngwe le nngwe, a le 1 mo Basuping bangwe le bangwe ba ga Jehofa ba le 7 o ne a dira tiro ya go rera mafoko a a molemo ka nako e e tletseng ka tsela nngwe.
Ke bomang ba ba neng ba nna le seabe mo tirelong eo ya bobulatsela? Ka sekai, kwa Repaboliking ya Korea bontsi jwa Basupi ke bommamalapa. Maikarabelo a lelapa ga a ba letle botlhe gore ba bule tsela ka metlha, lefa go ntse jalo dipalopalo tse dintsi tsa bone di ile tsa dirisa malatsi a maleele a boikhutso a mariga go dira tiro ya bobulatsela jo bo thusang. Ka ntlha ya seno, 53 lekgolong ya palo yotlhe ya Basupi ba Repaboliki ya Korea e ne e le mo tirelong ya nako e e tletseng ka January 1990.
Mo dingwageng tsa kwa tshimologong, moya wa go tlhoafalela bobulatsela wa Basupi ba Ba-Philippine o ne wa dira gore ba kgone go fitlhelela makgolokgolo a ditlhaketlhake tse di nang le baagi tsa Philippines ka molaetsa wa Bogosi. Go tlhoafala goo ga bone go ile ga bonala le eleng go feta fa esale ka nako eo. Ka 1992, fa go tsewa palogare ya kgwedi le kgwedi, go ne go na le baboledi ba le 22 205 ba ba neng ba nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo jaaka babulatsela kwa Philippines. Mo gare ga bano go ne go na le basha ba bantsi ba ba neng ba itlhophetse go ‘gakologelwa Mmopi wa bone’ le go dirisa maatla a bone a bosha mo tirelong ya gagwe. (Mor. 12:1) Morago ga go fetsa lesome la dingwaga a le mo tirelong ya bobulatsela, mongwe wa basha bano o ne a re: “Ke ithutile go nna pelotelele, go tshela botshelo jo bo botlhofo, go ikaega ka Jehofa, le go ikokobetsa. Ke boammaaruri gape gore ke ile ka rakana le maemo a a thata ka bo ka kgobega marapo, lefa go ntse jalo dilo tseno tsotlhe ga ke di kae e le sepe fa ke di bapisa le masego a ke a boneng fa ke bula tsela.”
Ka April le May 1989, Tora ya Tebelo e ne e na le ditlhogo tse di senolang Babelona O Mogolo, yoo e leng bodumedi jwa maaka ka go farologana ga jone lefatshe ka bophara. Ditlhogo tseno di ne tsa phasaladiwa ka nako e le nngwe fela ka dipuo di le 39 mme tsa anamisiwa thata. Kwa Japane, koo palo ya Basupi ba ba bulang tsela gantsi e ileng ya feta 40 lekgolong, go ile ga nna le tlhora e ntšha ya babulatsela ba ba thusang ba le 41 055 ba ba ileng ba ikwadisetsa go thusa mo tirong ka April. Kwa Kgaolong ya Osaka, kwa Takatsuki City, baboledi ba Phuthego ya Otsuka ba le 73 mo go ba le 77 ba ba kolobeditsweng ba ne ba bula tsela mo kgweding eo. Ka April 8, ka nako e baboledi botlhe ba Japane ba neng ba rotloediwa go nna le seabe ka tsela epe fela mo go anamiseng molaetsa ono o o botlhokwa, makgolokgolo a diphuthego, tse di jaaka Phuthego ya Ushioda, kwa Yokohama City, a ne a rulaganyetsa go dira letsatsi lotlhe mo mmileng le ka ntlo le ntlo, go tloga ka 7:00 a.m. go fitlha ka 8:00 p.m. gore ba kgone go fitlhelela mongwe le mongwe mo lefelong leo.
Fela jaaka go ntse gongwe le gongwe, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico ba dira ka thata gore ba kgone go itlamela ka dilo tsa senama tse ba di tlhokang. Lefa go ntse jalo, mo kgweding nngwe le nngwe ya 1992, palogare ya 50 095 ya Basupi ba ga Jehofa ba koo ba ile ba rulaganya dilo tsa bone gore ba kgone go tsenela tirelo ya bobulatsela gore ba kgone go thusa batho ba ba bolailweng ke tlala ya go utlwa boammaaruri go ithuta kaga Bogosi jwa Modimo. Mo malapeng a mangwe maloko otlhe a lelapa a dirisana mmogo gore setlhopha sotlhe, kana bangwe ba bone, ba kgone go bula tsela. Ba itumelela go nna le maungo mo bodiheding jwa bone. Ka 1992, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico ba ne ba tsamaisa dithuto tsa Bibela di feta 502 017 ka metlha le batho ka bongwe mmogo le ditlhopha tsa malapa.
Bagolwane bao ba tlamelang diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ka dilo tse di di tlhokang ba na le maikarabelo a magolo thata. Bontsi jwa bagolwane ba Nigeria ke banna ba ba nang le malapa, mme go ntse fela jalo le ka bagolwane ba mafelo a mangwe. Lefa go ntse jalo, mo godimo ga go ipaakanyetsa go tshwara dipokano tsa phuthego kana go nna le seabe mo go tsone, mmogo le go dira maeto a a tlhokegang a bodisa mo letsomaneng la Modimo, bangwe ba banna bano ba bula tsela. Ba kgona jang go dira seno? Gantsi selo se se thusang ke go kgaoganya nako ka kelotlhoko mmogo le go dirisana mmogo jaaka lelapa.
Go phepafetse gore, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ile ba ela tlhoko thata kgakololo ya ga Jesu ya gore ba ‘batle pele Bogosi.’ (Math. 6:33) Se ba se dirang ke go supa ga bone gore ba rata Jehofa go tswa mo pelong le gore ba anaanela bolaodi jwa gagwe. Ba bolela fela jaana jaaka mopesalema Dafide: “Modimo oa me, ke tla gu godisa, Kgosi; ke tla baka leina ya gago ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Pes. 145:1.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tora ya Tebelo (ka Seesemane), August 15, 1906, dits. 267-71.
b Bona Tora ya Tebelo (ka Seesemane), ya February 1, 1967, ditsebe 92-5.
c Bona Tora ya Tebelo (ka Seesemane), December 15, 1973, ditsebe 760-5.
d Bona Tora ya Tebelo (ka Seesemane), September 1, 1972, ditsebe 533-6.
e Tora ya Tebelo (ka Seesemane), December 15, 1963, dits. 764-6.
f Bona Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya December 1, 1969, ditsebe 729-32; September 15, 1988, tsebe 31.
g Bona Tora ya Tebelo, May 1, 1987, ditsebe 22-30; (tse di latelang di ka Seesemane) April 1, 1964, ditsebe 212-15; December 1, 1956, ditsebe 712-19; August 15, 1970, ditsebe 507-10; October 1, 1960, ditsebe 601-5; June 15, 1968, ditsebe 378-81; April 1, 1968, ditsebe 217-21; April 1, 1959, ditsebe 220-3.
[Mafoko a a mo go tsebe 292]
Go ne go gatelelwa thata boikarabelo jwa go neela bosupi
[Mafoko a a mo go tsebe 293]
Ba leba bosupi jwa ntlo le ntlo jaaka tshiamelo e e botlhokwa go gaisa
[Mafoko a a mo go tsebe 294]
Go tlhaloganya se go dira ka moya otlhe go se bolelang
[Mafoko a a mo go tsebe 295]
Se ‘go batla pele bogosi’ tota go se bolelang
[Mafoko a a mo go tsebe 301]
Basupi ba ba tlhoafetseng ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele ga ditiro tsa boitshediso le boitlosobodutu
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 288]
“Ba Ba Hèrañ O Le Moñwe Ba Kae?”
Kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, ka 1928, botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba newa pampitshana e e neng e na le setlhogo se se reng “Where Are the Nine?” Tsela e e neng e tlhalosa Luke 17:11-19 ka yone e ne ya ama pelo ya ga Claude Goodman mme ya mo tlhotlheletsa go simolola tiro ya go rekisa dibuka kana bobulatsela, mme o ne a tswelela pele mo tirong eo.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 296, 297]
Tirelo ya Bethele
Ka 1992, go ne go na le ba le 12 974 mo tirelong ya Bethele mo dinageng di le 99
[Ditshwantsho]
Thuto ya motho ka namana ke selo sa botlhokwa thata mo malokong a lelapa la Bethele
Spain
Kwa Legaeng lengwe le lengwe la Bethele, go simololwa letsatsi ka go sekaseka temana ya Bibela
Finland
Jaaka fa go ntse ka Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe, maloko a lelapa la Bethele a nna le seabe mo tirelong ya tshimo
Switzerland
Lelapa la Bethele le ithuta “Tora ya Tebelo” mmogo ka Mantaga mongwe le mongwe maitsiboa
Italy
Go na le ditiro tse di farologaneng, mme tsotlhe di tshegetsa go bolelwa ga Bogosi jwa Modimo
Fora
Papua New Guinea
United States
Jeremane
Philippines
Mexico
Borithane
Nigeria
Netherlands
Brazil
Japane
Afrika Borwa
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 298]
Ba le Mmalwa Ba Ba Nang le Lobaka Lo Loleele mo Tirelong ya Bethele
F. W. Franz—United States (1920-92)
Heinrich Dwenger—Jeremane (mo e ka nnang dingwaga tse 15 tsa 1911-33), kwa Hungary (1933-35), Czechoslovakia (1936-39), morago kwa Switzerland (1939-83)
George Phillips—Afrika Borwa (1924-66, 1976-82)
Bana ba motho (Kathryn Bogard le Grace DeCecca) ba ba neng ba dirisetsa dingwaga tsa bone di le 136 fa di tlhakane mo tirelong ya Bethele—United States
[Kerafa mo go tsebe 303]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Babulatsela Ba A Oketsega!
Babulatsela
Baboledi
Diperesente tsa Koketsego Esale ka 1982
250%
200%
150%
100%
50%
1982 1984 1986 1988 1990 1992
[Setshwantsho mo go tsebe 284]
Kgaitsadi Early o ne a tsamaya thata go ralala New Zealand yotlhe ka baesekele a bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi
[Setshwantsho mo go tsebe 285]
Malinda Keefer o ne a dirisetsa dingwaga tsa gagwe tse 76 —ka nako ya fa a ise a nyalwe, ka nako ya fa a nyetswe, le eleng e le motlholagadi—mo bodiheding jwa nako e e tletseng
[Ditshwantsho mo go tsebe 286]
Babulatsela ba pele ba ne ba robala mo dikharabaneng tse e seng tsa maemo go le kalo, fa ba ntse ba ya mafelong a a farologaneng
Canada
India
[Setshwantsho mo go tsebe 287]
Frank Rice (yo o emeng kafa mojeng), Clem Deschamp (yo o dutseng fa gare ga Frank, le mosadi wa ga Clem ebong Jean, yo o dutseng gaufi le bone), le setlhopha sa kwa Java se ba ileng ba se bolelela mafoko a a molemo
[Ditshwantsho mo go tsebe 288]
Botshelo jwa ga Claude Goodman jwa bodihedi jwa nako e e tletseng bo ne jwa mo gogela kwa India le kwa dinageng tse dingwe tse supa
[Setshwantsho mo go tsebe 289]
Ka nako ya fa a ne a sa lwale, Ben Brickell o ne a ipelela go dirisetsa nako eo go direla Jehofa; ga a ka a tlogela tiro eno ka ntlha ya mathata a a masisi a boitekanelo a a neng a nna nao moragonyana
[Setshwantsho mo go tsebe 290]
Kathe Palm o ne a neela bosupi kwa mefuteng yotlhe ya ditshimo, go tloga mo dikagong tsa diofisi tsa metsesetoropo e megolo go ya go fitlha kwa dikomponeng tse di kgakala morago le kwa dipolaseng tsa dinku kwa Chile
[Setshwantsho mo go tsebe 291]
Maikemisetso a ga Martin le Gertrud Poetzinger a ka tlhalosiwa ka mafoko ano: ‘Ke dira selo seno—ke batla Bogosi pele’
[Setshwantsho mo go tsebe 300]
Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela (jaaka fa se tlhagisitswe fano kwa Japane) se ile sa tlamela badiri ba ba tlhoafetseng ba le dikete di le lesome ka katiso e e kgethegileng