LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 17 ts. 254-ts. 282 ser. 4
  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikopano Tse Dikgolo tsa Ntlha tsa Baithuti ba Bibela
  • Go Simolola Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Bolela ka Bogosi
  • Dilo Tse Dikgolo Tse Di Fitlheletsweng Fa Ba Ntse ba Gola Semoyeng
  • Se Se Tlhotlheletsang Tiro ya go Rera Efangele
  • Dikopano Tse Dikgolo tsa kwa Yuropa tsa Morago ga Ntwa
  • Dikopano Tse Dingwe Tse Dikgolo Tse Di Ka Se Kang tsa Lebalwa
  • Go Rulaganyetsa Dikokoano tsa Meraferafe
  • Dikopano Di A Tswelela
  • Ba Rulaganyeditswe go Baka Jehofa mo Merafeng Yotlhe
  • Ditshono tsa go Lapolosiwa Semoyeng ka Metlha
  • Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Boammaaruri
  • Jehofa o Phutha Batho ba Gagwe ba ba Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • ‘Ba Kopantswe ke Lorato Le fa Ba sa Utlwane ka Puo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Ipela le go Baka Modimo mo Dikopanong
    Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
  • Dikopano Tsa Kgaolo—Dipaka Tse di Itumedisang Tse di Tlhomamisang Bokaulengwe Jwa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 17 ts. 254-ts. 282 ser. 4

Kgaolo 17

Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona

DIKOPANO tse dikgolo jaanong ke selo se se tshwarwang ka metlha mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya motlha wa segompieno. Mme dikokoano tsa merafe le tsa meraferafe tsa baobamedi ba ga Jehofa di ne di ntse di nna teng bogologolo pele ga lekgolo la bo 20 la dingwaga.

Jehofa o ne a batla gore banna botlhe ba Israele wa bogologolo ba kopane mmogo kwa Jerusalema ka nako ya meletlo e meraro ya ditlha ngwaga le ngwaga. Bangwe ba banna bano ba ne ba tla le botlhe ba malapa a bone. Ebile tota, Molao wa ga Moshe o ne o laela gore leloko lengwe le lengwe la lelapa—banna, basadi, le bana—ba nne teng ka nako ya ditiragalo tse di rileng. (Ekes. 23:14-17; Dute. 31:10-13; Luke 2:41-43) Kwa tshimologong, ba ba neng ba nna teng e ne e le batho ba ba neng ba nna mo Iseraele fela. Moragonyana, fa Bajuda ba sena go gasamela gongwe le gongwe, bao ba neng ba nna gone ba ne ba tswa mo merafeng e mentsi. (Dit. 2:1, 5-11) Ba ne ba tlhotlhelediwa go kopana mmogo eseng fela ke go bo Iseraele le Aberahame e ne e le borraabonemogologolwane mme e le ka gonne ba ne ba tlotla Jehofa jaaka Rraabone yo mogolo wa selegodimo. (Isa. 63:16) Meletlo eno e ne e le dinako tsa boitumelo. Gape e ne e thusa botlhe ba ba neng ba le teng go nna ba akantse ka lefoko la Modimo le gore ba se ka ba amega thata ka ditiro tsa botshelo tsa letsatsi le letsatsi mo ba neng ba lebala dilo tse di botlhokwa tsa semoya.

Ka tsela e e tshwanang, dikopano tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya segompieno di gatelela thata dilo tsa semoya. Mo bathong ba ba lebileng ba ba peloephepa dikopano tse dikgolo tseno di fa bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa gore Basupi ba kopanngwa ke ditlamo tse di nonofileng tsa bokaulengwe jwa Bokeresete.

Dikopano Tse Dikgolo tsa Ntlha tsa Baithuti ba Bibela

Dithulaganyo tsa dikokoano tsa Baithuti ba Bibela ba ba tswang kwa metsemegolong le kwa dinageng tse di farologaneng di ne tsa nna tsa tlhabololwa ka bonya ka bonya. Go farologana le ditlhopha tse di tlwaelegileng tsa dikereke, Baithuti ba Bibela ba ne ba thusiwa ke dikopano tsa bone gore ba itsane ka bofefo le badumedi ba bangwe ba kwa mafelong a mangwe. Kwa tshimologong, dikopano tse dikgolo tseno di ne di tshwarelwa kwa Allegheny, kwa Pennsylvania, e le tsa segopotso sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa Morena. Ka 1891, go ne ga itsisiwe ka tlhamalalo gore go ne go tla nna le “kopano e kgolo ya thuto ya Bibela le ya go keteka Segopotso sa Sejo sa Morena sa Maitsiboa.” Mo ngwageng o o latelang, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne e na le setlhogo se se bonalang thata se se itsiseng kaga “KOPANO E KGOLO YA BADUMEDI, KWA ALLEGHENY, PA., . . . APRIL 7 GO YA GO 14, 1892.”

Batho ka kakaretso ba ne ba sa lalediwe kwa dikopanong tse dikgolo tseo tsa pele. Mme, ka 1892, go ne go na le batho ba ba ka nnang 400 ba ba neng ba supile gore ba dumela mo setlhabelong ebile ba kgatlhegela tiro ya Morena ka bopeloephepa. Thulaganyo eno e ne e akaretsa malatsi a matlhano a go neng go rutwa Bibela ka mo go tseneletseng mo go one le malatsi a mangwe a mabedi a barekisi ba dibuka ba neng ba fiwa kgakololo e e thusang.

Monna mongwe yo e neng e le la ntlha a nna teng kwa go nngwe ya dikokoano tseno o ne a re: “Ke ile ka ya Dikopanong tse dintsi tse Dikgolo, mme ga ke ise ke ye kwa go epe e e tshwanang le eno, eo mo go yone thato le thulaganyo ya Modimo e leng tsone dikgang tse go buiwang ka tsone go sa kgaodiwe go simolola fa letsatsi le tswa go fitlha batho ba robala; mo ntlong, mo mmileng, kwa pokanong, ka nako ya dijo tsa motshegare, le gongwe le gongwe.” Fa e le ka moya o o bontshiwang ke ba ba tlileng kopanong, monna mongwe yo o neng a tswa kwa Wisconsin, kwa U.S.A., o ne a kwala jaana: “Ke ne ka kgatlhiwa thata ke moya wa lorato le bopelonomi jwa bokaulengwe o o neng o bontshiwa ka dinako tsotlhe.”

Dithulaganyo tsa kopano e kgolo ya ngwaga le ngwaga e ne ya fetolwa ka 1893. E le gore ba kgone go solegelwa molemo ke dituelo tse di kwa tlase tsa dipalangwa tse di neng di rulaganyeditswe Columbian Exposition mo setlheng seo sa selemo, Baithuti ba Bibela ba ne ba kokoanela kwa Chicago, kwa Illinois, go tloga ka August 20 go ya go 24. Eno e ne e le kopano ya ntlha go tshwarelwa kwa ntle ga Pittsburgh. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go batla go dirisa nako le madi mo tirong ya Morena ka tsela e e molemo thata, ba ne ba se ka ba tshwara dikopano dipe tse dikgolo ka dingwaga di le mmalwa.

Go tswa foo, go simolola ka 1898, Baithuti ba Bibela mo mafelong a a farologaneng ba ne ba simolola go rulaganyetsa dikopano tse dipotlana mo mafelong a bone, tse di neng di tla iwa ke batho ba ba mo mafelong a a seng kgakala. Ka 1900, go ne ga tshwarwa dikopano tse dikgolo tsa kakaretso di le tharo di rulagantswe ke Mokgatlho; mme gape go ne go na le dikopano tse dipotlana tsa ba ba leng mo mafelong ao di le 13 mo United States le Canada, tse bontsi jwa tsone e neng e le tsa letsatsi le le lengwe fela mme gantsi di tshwarwa go lebagana le ketelo ya mongwe wa baeti ba sedumedi. Palo ya tsone e ne ya nna ya oketsega. Ka 1909, mo Amerika Bokone go ne ga tshwarwa dikopano tse dipotlana tsa mo mafelong ao di ka nna 45 mo godimo ga dikopano tse dikgolo tse Mokaulengwe Russell a neng a naya dipuo kwa go tsone a le mo maetong a a kgethegileng ao go etela dikarolo tse di farologaneng tsa kontinente eo. Karolo e kgolo ya thulaganyo kwa dikopanong tse dipotlana tsa letsatsi le le lengwe fela e ne e rulaganyeditswe segolobogolo go tsosa kgatlhego mo bathong ka kakaretso. Palo ya ba ba neng ba nna teng e ne e simolola mo e ka nnang ka ba le lekgolo go ya go ba le dikete di le mmalwa.

Kafa letlhakoreng le lengwe, dikopano tsa kakaretso, tse gantsi di neng di tliwa ke Baithuti ba Bibela, di ne di gatelela thata gore go rutiwe ba ba neng ba itse tsela ya boammaaruri. Diterena tse di kgethegileng di ne di tla kwa dikopanong tseno di tletse baeti ba ba neng ba tswa kwa metsemegolong e metona. Ka dinako tse dingwe palo ya ba ba neng ba nna teng e ne e fitlha go 4 000, ebile e akaretsa le baemedi ba sekae go tswa kwa Yuropa. Tseno e ne e le dinako tsa go lapolosiwa semoyeng tse di neng di felela ka gore batho ba ga Jehofa ba nne tlhaga le lorato ka tsela e e oketsegileng. Mokaulengwe mongwe o ne a bolela jaana kwa bokhutlong jwa nngwe ya dikopano tse dikgolo tseno ka 1903: “Nka se ka ka ananya se ke se amogetseng mo Kopanong e Kgolo eno ka diranta di le sekete;—le mororo ke le motho yo o humanegileng.”

Bakaulengwe ba baeti ba sedumedi ba ba ka tswang ba le mo lefelong leo ba ne ba neela dipuo kwa dikopanong tse dipotlana. Mokaulengwe Russell le ene o ne a leka go nna teng le go nna le seabe mo thulaganyong kwa dikopanong tse dipotlana mmogo le kwa dikopanong tse dikgolo mo United States le kwa Canada gangwe le gape. Seo se ne se mo tlhoka gore a tsamaye thata. Gantsi o ne a dira seno mo maetong a gagwe a mafelobeke. Mme, ka 1909, mokaulengwe mongwe wa kwa Chicago, o ne a hira dikara di le mmalwa tse di tsamayang ka seporo go isa baemedi ba ba neng ba tsamaya le Mokaulengwe Russell go tswa kopanong e nngwe e kgolo go ya kwa go e nngwe. Ka 1911 le ka 1913, ene mokaulengwe yoo o ne a hira terena go rwala baemedi ba le makgolokgolo ba ba leng mo maetong a go ya kwa kopanong e kgolo a a neng a tsaya kgwedi kana go feta mme a akaretsa bokone jwa United States le Canada.

Go tsamaya ka terena e e ntseng jalo ya dikopano tse dikgolo e ne e le boitemogelo jo o ka se kang wa bo lebala. Ka 1913, Malinda Keefer o ne a palama e nngwe kwa Chicago, kwa Illinois. O ne a bolela jaana morago ga dingwaga di le dintsi: “Go ne ga se ka ga re tsaya lobaka lo loleele go lemoga gore re lelapa le le lengwe fela le legolo . . . mme terena eno e ne e le legae la rona ka lobaka lwa kgwedi.” Fa terena e ne e emelela mo seteishaneng, ba ba neng ba tlile go ba tsamaisa sentle ba ne ba opela “Modimo O Nne Le Lona Go Fitlha Re Kopana Gape,” ba ntse ba tsholeditse dihutshe le disakatukwe go fitlha terena e sa tlhole e bonala. Kgaitsadi Keefer o ne a oketsa jaana: “Gongwe le gongwe fa re neng re ema teng mo loetong lono go ne go tshwerwe dikopano tse dikgolo—bontsi jwa tsone e ne e le tsa malatsi a mararo, mme re ne re nna letsatsi le le lengwe fela fa kopanong nngwe le nngwe e kgolo. Nako ya fa re santse re eme Mokaulengwe Russell o ne a naya dipuo di le pedi, e nngwe a e neela ditsala mo thapameng, mme e nngwe e a neng a e neela batho fela mo maitsiboeng e ne e le ya setlhogo se se reng ‘Se Se Diragalang ka Kwa ga Lebitla.’”

Palo ya dikopano tse dipotlana e ne e oketsega le kwa dinageng tse dingwe. Gantsi di ne di le dipotlana tota. Go ne go na le batho ba ka nna 15 fela mo go ya ntlha kwa Norway ka 1905; mme seo e ne e le tshimologo fela. Dingwaga di le thataro moragonyana, fa Mokaulengwe Russell a ne a etetse kwa Norway, go ne ga dirwa boiteko jo bo kgethegileng go laletsa batho, mme palo ya ba ba neng ba le teng ka nako eo e ne ya fopholediwa gore ke ba le 1 200. Ka 1909, fa a ne a ile kwa dikopanong tsa kwa Scotland, o ne a bua le batho ba ka nna 2 000 kwa Glasgow le ba bangwe ba le 2 500 kwa Edinburgh ka setlhogo se se kgatlhang se se reng “Legodu mo Paradaiseng, Monna wa Mohumi mo Diheleng, le Lasaro mo Sehubeng sa ga Aberahame.”

Kwa bokhutlong jwa dikopano tse dikgolo tsa pele, bakaulengwe ba ne ba nna le se ba neng ba se bitsa moletlo wa lorato, ba supa kafa ba ikutlwang ka teng ka bokaulengwe jwa Bokeresete. Go ne go dirwa eng gape kwa “moletlong ono wa lorato”? Ka sekai, dibui di ne di ema di tlhomagane di tshotse dijana tse di nang le senkgwe se se ngathogantsweng, mme go tswa foo bareetsi ba ne ba ema ba bo ba feta ba tlhomagane, ba ja senkgwe, ba dumedisana ka diatla, ba ntse ba opela “A go Segofadiwe Dipelo tsa Rona Tse Di Golagantsweng Ke Lorato lwa Bokeresete.” Gantsi ba ne ba tsholola dikeledi tsa boitumelo fa ba ntse ba opela. Moragonyana, fa dipalo tsa bone di ntse di oketsega, ba ne ba tlogela go tlhola ba dumedisana ka diatla le go ja senkgwe mme lefa go ntse jalo ba ne ba digela ka pina le thapelo mme, gantsi, ba opa diatla ka lobaka lo loleele go supa gore ba a anaanela.

Go Simolola Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Bolela ka Bogosi

Kopano ya ntlha e kgolo morago ga Ntwa ya Lefatshe I e ne ya tshwarelwa kwa Cedar Point, kwa Ohio (kwa Lake Erie, dikilometara di le 96 kafa bophirima jwa Cleveland), go simolola ka September 1 go ya go 8 ka 1919. Morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell, batho bangwe ba ba neng ba ntse ba kopanela thata le phuthego ba ne ba wa. Bakaulengwe ba ne ba lekwa thata. Pele ga foo ka 1919 poresidente wa Mokgatlho mmogo le ditsala tsa gagwe ba ne ba ile ba gololwa mo kgolegelong e ba neng ba latlhetswe mo go yone fela ba sa tshwanela. Ka jalo go ne go lebeletswe ka tlhoafalo e kgolo. Le mororo palo ya ba ba neng ba nna teng ka letsatsi la ntlha e ne e le kwa tlase thata, ba ba tlang kopanong ba ne ba goroga moragonyana mo letsasting leo ka diterena tse di kgethegileng. Dihotele tse di neng di emetse go naya ba ba neng ba tla kopanong marobalo di ne tsa sala di tletse. R. J. Martin le A. H. Macmillan (ba ka bobedi ba neng ba le gareng ga setlhopha sa ba ba neng ba sa tswa go gololwa mo kgolegelong) ba ne ba ithaopela go thusa. Ba ne ba aba matlwana a borobalo go feta nako ya bosigogare, mme Mokaulengwe Rutherford le ba bangwe ba bantsi ba ne ba itumelela go thusa, ba rwala dithoto ba bo ba isa ditsala kwa diphaposing. Ba ne ba na le moya wa botlhaga o neng o fetela mo go botlhe.

Go ne go lebeletswe gore go tla tla batho ba ka nna 2 500. Lefa go ntse jalo, kopano e kgolo eno ka ditsela tsotlhe e ne ya nna ka tsela e e fetang e e neng e lebeletswe. Mo letsatsing la bobedi, holo ya metshameko e ne e setse e penologa ka batho mme go ne ga dirisiwa le diholo tse dingwe. Fa le tsone di ne di sa lekane, dithulaganyo di ne tsa tshwarelwa kwa ntle mo lefelong le go neng go na le ditlhare tse di nang le moriti o o monate. Go ne go na le Baithuti ba Bibela ba ka nna 6 000 go tswa kwa United States le Canada.

Ka nako ya puo ya setlhogo ka Sontaga, go ne ga tla batho fela ba ba ka nnang 1 000, bao ba neng ba dira gore bareetsi botlhe ba sebui se neng sa bua le bone se sa dirise maekerofouno kana segodisamodumo ba nne 7 000. Mo puong eo e e neng e re, “Tsholofelo ya Batho Ba Ba Tshwenyegileng Maikutlo,” J. F. Rutherford o ne a phepafatsa gore Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia ke jone bo tla rarabololang mathata a batho, mme gape o ne a bontsha gore Lekgotla la Kgaolagano ya Merafe (le ka nako eo e neng e le gone le tlhongwang ebile le setse le amogetswe ke baruti) e ne e se kemedi ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo. Register ya Sandusky (pampiri ya dikgang ya lefelo leo) e ne e na le pego e e neng e bua ka boleele ka puo eo ya phatlalatsa, mmogo le puo e khutshwane kaga tiro ya Baithuti ba Bibela. Dikaelo tsa pampiri eo di ne tsa romelelwa dipampiri tsa dikgang mo United States yotlhe le Canada. Mme tsela e kopano e kgolo eno e neng ya anamisiwa ka yone e ne e kaya go le gontsi.

Se tota e neng e le setlhowa sa kopano e kgolo eo yotlhe e ne e le puo e e neng e re “Puo e e Lebaganeng le Badirimmogo” e e neng ya newa ke Mokaulengwe Rutherford, e moragonyana e neng ya gatisiwa mo setlhogong se se neng se re “Go Itsise Kaga Bogosi.” Seno se ne se lebisitswe go Baithuti ba Bibela ka bobone. Mo puong eo go ne ga phepafala gore ditlhaka tsa GA tse di neng di bonala mo thulaganyong ya kopano e kgolo le mo mafelong a a farologaneng kwa kopano e kgolo e neng e tshwaretswe teng di ne di kaya eng. Go ne ga itsisiwe gore go ne go tla gatisiwa makasine o mosha wa The Golden Age, o o neng o tla dirisiwa mo go itsiseng batho ka Bogosi jwa Bomesia. Fa Mokaulengwe Rutherford a sena go tlhalosa ka tiro e e neng e tshwanetswe go dirwa, o ne a raya bareetsi a re: “Fa pele ga lona go bulegile kgoro ya tiro. Tsenang ka yone ka bofefo. Jaaka lo tsweletse mo tirong eno lo gakologelwe gore ga lo kgothaletse batho go tsaya makasine ono fela jaaka babueledi ba one, go na le moo lo baemedi ba Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena, lo itsise batho ka tsela eno e e nang le seriti go tla ga Motlha wa Sekagouta, bogosi jo bo galalelang jwa Morena le Mong wa rona, jo Bakeresete ba boammaaruri ba saleng ba bo solofela le go bo rapelela ka makgolokgolo a dingwaga.” (Bona Tshenolō 3:8.) Fa sebui se ne se botsa gore ke ba ba kae ba ba neng ba eletsa go nna le seabe mo tirong eno, tsela e batho ba neng ba arabela ka yone ba le matlhagatlhaga e ne e tlhotlheletsa thata fa o lebile. Bareetsi ba ba 6 000 ba ne ba ema ka dinao, jaaka ekete ke motho a le mongwe fela. Mo ngwageng o o latelang, ba ba fetang 10 000 ba ne ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Kopano e kgolo eno yotlhe e ne ya dira gore batho ba ba neng ba le teng ba utlwane le go nna tlhaga.

Dingwaga di le tharo moragonyana, ka 1922, go ne ga tshwarwa kopano e nngwe e kgolo e e ka se kang ya lebalwa kwa Cedar Point. E ne e le thulaganyo ya malatsi a le robonngwe, go simolola ka September 5 go ya go 13. Mo godimo ga baemedi ba ba neng ba tswa kwa United States le Canada, go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba tswa kwa Yuropa. Dipokano di ne di tsamaisiwa ka dipuo di le lesome. Palogare ya batho ba ba neng ba nna teng letsatsi le letsatsi e ne e le 10 000; mme fa go ne go neelwa puo e e neng e re “Dimilione Tse Di Tshelang Jaanong Ga Di Kitla Di Swa,” go ne go na le batho fela mo palo ya bareetsi e neng ya batla e menagana gabedi.

Baithuti ba Bibela ba ne ba sa kokoana kwa kopanong e kgolo eno ba akantse gore ba ne ba rulaganyetsa tiro ya mono lefatsheng e e neng e tla dirwa ka masomesome a dingwaga go ya kwa pele. Ebile tota, ba ne ba bolela gore kopano e kgolo eo ya kakaretso e ka nna ya bo e le ya bofelo pele “kereke e tseelwa . . . kwa karolong ya selegodimo ya bogosi jwa Modimo, mme ebile tota ba tseelwa mo go lone lefelo le Morena wa rona le Modimo a leng mo go lone tota.” Mme lefa nako e ka bo e ne e le khutshwane jang, se ba neng ba tshwenyegile ka sone thata e ne e le go dira thato ya Modimo. A akantse ka seno, ka Labotlhano, ka September 8, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo e e ka se kang ya lebalwa e e neng e re “Bogosi.”

Pele ga seno, go ne go kaleditswe difolaga tse dikgolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa mabala di na le ditlhaka tsa ADV. Fa puo e ntse e tsweletse go ne ga phepafala gore ditlhaka tseno di ne di kaya eng fa sebui se ne se kgothatsa jaana: “Nnang basupi ba ba ikanyegang le ba ba boammaaruri ba Morena. Tswelelang pele mo tlhabanong go fitlha motlhalanyana ope fela wa Babelona o nyeletse gotlhelele. Bolelang molaetsa ono gongwe le gongwe. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Leno ke letsatsi le le gaisang malatsi otlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lona lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.” Ka yone nako eo go ne ga phuthololwa folaga e e boleele jwa dimetara di le 11 fa pele ga bareetsi. E ne e na le moano o o kgatlhang o o neng o re, “Itsiseng [ka Sesemane: “Advertise,” e ne e emetswe ke ditlhaka ADV] Kgosi le Bogosi.” E ne e le motsotso wa ditiragalo. Bareetsi ba ne ba opa diatla ka matlhagatlhaga. Mokaulengwe Pfannebecker yo o tsofetseng yo o neng a le mo okesetereng ya kopano, o ne a kgatikanya violin ya gagwe fa godimo ga tlhogo ya gagwe a bo a buela kwa godimo ka sesemane a se bua ka tsela ya Sejeremane a re: “Ach, Ya! Und now ve do it, no?” (Ee, jaanong re tla dira jalo, a ga go jalo?) Mme ba ne ba dira fela jalo.

Malatsi a le manè moragonyana, fa kopano e kgolo e ne e ntse e tsweletse, Mokaulengwe Rutherford o ne a dira le ba ba neng ba tlile kopanong eo e kgolo mo tirong ya go bolela ka Bogosi ka ntlo le ntlo ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le 72 go tswa fa kopano e kgolo eo e neng e tshwaretswe teng. Go ne ga se ka ga felela ka seo. Tiro ya go bolela ka Bogosi e ne e rotloeditswe ka maatla a a neng a tla fitlha mo lefatsheng lotlhe. Mo ngwageng oo badiri ba ba tlhoafetseng ba feta 17 000 mo dinageng di le 58 ba ne ba nna le seabe mo go neeleng bosupi. Dingwaga di le masome a mantsi morago ga foo George Gangas, yo o neng a le kwa kopanong e kgolo eo le yo moragonyana a neng a nna leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a bolela jaana kaga thulaganyo eo ya kwa Cedar Point: “E ne e le selo se se neng sa kwalwa mo mogopolong wa me le mo pelong ka tsela e se neng se ka se ka sa phimoga, se ke se kitlang ke se lebala fa ke santse ke tshela.”

Dilo Tse Dikgolo Tse Di Fitlheletsweng Fa Ba Ntse ba Gola Semoyeng

Dikopano tse dikgolo tsotlhe di nnile metlha ya go lapolosa le go ruta Lefoko la Modimo. Mme dingwe tsa tsone di ile tsa nna tsa gakologelwa ka dingwaga tse di masome jaaka dilo tsa botlhokwa tse ba di fitlheletseng fa ba ntse ba gatela pele semoyeng.

Tse supa tsa tseno di ne tsa nna teng, dingwaga ka go latelana, go simolola ka 1922 go fitlha ka 1928 kwa United States, Canada, le Boritane. Lebaka le lengwe la go bo dikopano tse dikgolo tseno di ne di le botlhokwa e ne e le maitlamo a a nonofileng a a neng a dirwa koo, a a kwadilweng otlhe ka bosupa jwa one mo lebokosong le le mo tsebeng e e latelang. Le mororo Basupi ba ne ba le babotlana ka palo, ba ne ba gasa dikaelo di le dimilione di le 45 tsa maitlamo a le mangwe fela, le tsa a mangwe a le mmalwa di le dimilione di le 50, ka dipuo tse dintsi lefatshe ka bophara. A mangwe a ne a anamisiwa ka go golaganngwa ga diromamowa tsa meraferafe. Ka gone, go ne ga neelwa bosupi ka selekanyo se segolo fela thata.

Lefa go le jalo kopano e nngwe gape e e ka se kang ya lebalwa e ne ya tshwarelwa kwa Columbus, kwa Ohio, ka 1931. Ka Sontaga, ka July 26, fa ba sena go utlwa mabaka a Dikwalo, Baithuti ba Bibela ba ne ba amogela leina le lesha—Basupi ba ga Jehofa. Abo le tshwanela jang ne! Leno ke leina le le dirang gore go elwe tlhoko Mmopi ka boene le le le supang boikarabelo jwa bao ba mo obamelang. (Isa. 43:10-12) Bakaulengwe ba ne ba rotloetsega go tlhoafalela go bolela leina la Modimo le Bogosi jwa gagwe go feta pele fa ba sena go amogela leina leo. Go ntse fela jaaka lekwalo le le neng la kwalwa mo ngwageng oo ke Mosupi mongwe wa kwa Denmark le ne la tlhalosa jaana: “Ao tlhe, abo leina Basupi ba ga Jehofa e le leina le lentle jang ne, ee, ekete rotlhe fela re ka nna fela jalo.”

Ka 1935, go ne ga tshwarwa kopano e nngwe e kgolo e e ka se kang ya lebalwa, kwa Washington, D.C. Ka letsatsi la bobedi la kopano e kgolo eo, ka Labotlhano, ka May 31, Mokaulengwe Rutherford o ne a bua ka matshutitshuti a magolo, kana boidiidi jo bogolo, jo go buiwang ka jone mo go Tshenolō 7:9-17. Baithuti ba Bibela ba ne ba ile ba leka ka lobaka lo lo fetang sephatlo sa lekgolo la dingwaga go tlhaola setlhopha seo sentle gore ke batho bafe mme ba se ka ba kgona. Jaanong, ka nako e e tshwanetseng ya ga Jehofa, go ya ka se se neng se supiwa ke ditiragalo tse di neng di setse di diragala, go ne ga supiwa gore batho bano ke ba ba lebeletseng go tshelela ruri gone mo lefatsheng. Tsela eno e ba neng ba tlhaloganya ka yone e ne ya dira gore tiro ya go rera efangele e nne botlhokwa ka tsela e nngwe gape ebile e ne ya tlhalosa ka Dikwalo phetogo e kgolo e ka nako eo e neng e simolola go dirwa mo thulaganyong ya motlha wa segompieno ya Basupi ba ga Jehofa.

Kopano e kgolo ya kwa St. Louis, kwa Missouri, ka 1941 e gakologelwa ke ba le bantsi ba ba neng ba le teng fa go neelwa puo ya letsatsi la ntlha ya setlhogo se se neng se re “Bothokgami,” e mo go yone Mokaulengwe Rutherford a neng a bua ka kganetsano e kgolo e dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di lebaneng le yone. Fa esale go neelwa puo e e neng e re “Mmusi wa Batho,” ka 1928, dikgang tse di neng tsa tsosiwa ke botsuolodi jwa ga Satane di ile tsa nna tsa bolelwa gangwe le gape. Mme jaanong go ne ga bolelwa gore “kganetsano e kgolo e e tsositsweng ke kgwetlho ya lonyatso ya ga Satane e ne e le ya BOLAODI JWA LOBOPO, mme ebile e santse e tswelela.” Go tlhaloganya kganetsano eo le botlhokwa jwa go boloka bothokgami mo go Jehofa jaaka Molaodi wa Lobopo e ile ya nna selo se se tlhotlheletsang ka maatla mo matshelong a batlhanka ba ga Jehofa.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e tsweletse, ka 1942, fa bangwe ba ne ba ntse ba ipotsa gore a tiro ya go rera gongwe e ne e tloga e digelwa, puo ya phatlalatsa ya kopano e kgolo eo, e e neng ya neelwa ke N. H. Knorr, mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower yo o neng a sa tswa go tlhongwa, e ne e re “Kagiso—A E Ka Nnela Ruri?” Tsela e “sebatana se se bohibidu yo bo letlhōlōlō” se neng sa tlhalosiwa ka yone mo go Tshenolō kgaolo 17 e ne ya dira gore Basupi ba ga Jehofa ba simolole go bona gore morago ga Ntwa ya Lefatshe II go ne go tla nna le tshono ya go lebisa batho ba bangwe ba ba oketsegileng kwa Bogosing jwa Modimo. Seno se ne sa tlhotlheletsa letsholo la lefatshe lotlhe le jaanong erileng fa dingwaga di ntse di feta la fitlha mo dinageng tse di fetang 235 mme lefa go ntse jalo ga le ise le wediwe.

Selo sengwe gape sa botlhokwatlhokwa se ne sa fitlhelelwa ka nako ya kopano e kgolo kwa Yankee Stadium kwa New York ka August 2, 1950. Ka nako eo New World Translation of the Christian Greek Scriptures e ne ya amogelwa la ntlha ke bareetsi ba ba neng ba gakgametse ebile ba itumetse fela thata. New World Translation e ne ya gololwa yotlhe ka dikarolwana mo dingwageng tse di lesome tse di neng tsa latela. Thanolo eno ya puo ya segompieno ya Dikwalo Tse Di Boitshepo e ne ya busetsa leina la Modimo fa le tshwanetseng go nna teng mo Lefokong la gagwe. Go ngaparela ga yone se se mo dipuong tsa ntlha tsa Bibela go dirile gore e nne selo sa botlhokwa thata mo Basuping ba ga Jehofa fa ba ithuta Dikwalo mmogo le mo tirong ya boefangele.

Letsatsi pele ga letsatsi la bofelo la kopano e kgolo eo, F. W. Franz, yo ka nako eo e neng e le mothusi wa mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a bua le bareetsi kaga “Ditsamaiso Tse Disha tsa Dilo.” Ka dingwaga tse dintsi Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba dumela gore le eleng pele ga Hara-Magedona bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba pele ga Bokeresete ba ne ba tla tsosiwa mo baswing go nna dikgosana tsa lefatshe le lesha, go diragatsa Dipesalema 45:16. O ka akanya he gore bareetsi ba bantsi bao ba ne ba ikutlwa jang fa sebui se ne se botsa jaana: “A kopano eno ya meraferafe e ka itumelela go itse gore fano, mo bosigong jono, gareng ga rona, go na le ba le mmalwa ba ba tla nnang dikgosana mo lefatsheng le lesha?” Batho ba ne ba opa diatla fela thata ba sa kgaotse ebile ba thela loshalaba lwa boitumelo. Morago sebui se ne sa bontsha gore tsela e Bibela e dirisang lereo “kgosana” ka yone mmogo le boikanyego jo bo bontshitsweng ke ba bantsi ba “dinku di sele” mo metlheng ya segompieno go ne go dira gore re dumele gore Jesu Keresete a ka nna a tlhopha bangwe ba ba tshelang jaanong go dira jaaka dikgosana. Lefa go ntse jalo, o ne a bolela gape gore bao ba newang tiro eno ga ba ne ba bidiwa ka direto dipe. O ne a kgothatsa jaana fa a ne a digela puo ya gagwe: “A rotlhe re tsweleleng pele, he, mmogo, jaaka batho ba Lefatshe le Lesha!”

Go ile ga nna le dipuo tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwatlhokwa tse di ileng tsa neelwa kwa dikopanong tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa: Ka 1953, puo e e reng “Mokgatlho wa Lefatshe Le Lesha O Tlhaselwa go Tswa kwa Bokone Jo Bo Kgakala” e ne e tlhalosa ka tsela e e kgatlhang kaga se se kaiwang ke go tlhasela ga Goga wa Magoga jaaka go tlhalositswe mo go Esekiele kgaolo 38 le 39. Mo go one ngwaga oo, puo e e neng e re “Go Tlatsa Ntlo ka Kgalalelo” e ne ya kgatlha thata bao ba neng ba e utlwa jaaka ba ne ba iponela ka matlho a bone bosupi jo bo bonalang jwa go diragadiwa ga tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Hagai 2:7, ya go lere dilo tse di tlhokegang, tse di eletsegang, go tswa mo merafeng yotlhe a di tlisa mo ntlong ya ga Jehofa.

Lefa go ntse jalo, kopano e kgolo e e tlhomologileng go di feta tsotlhe mo metlheng ya rona e ne ya tshwarelwa kwa New York ka 1958, fa batho ba ba fetang kwatara ya milione ba ne ba tletse mo dikagong tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse di neng di le teng ba tlile go reetsa puo e e neng e re “Bogosi jwa Modimo Bo A Busa—A Bokhutlo jwa Lefatshe Bo Gaufi?” Go ne go na le baemedi ba ba tswang kwa mafatsheng a le 123, mme dipego tse ba neng ba di bolelela bareetsi ba kwa kopanong e kgolo eno di ne tsa thusa go nonotsha bokaulengwe jwa bone jwa meraferafe. Go ne ga gololwa dibuka ka dipuo tse 54 kwa kopanong eo e kgolo go dira gore ba ba leng gone ba gole semoyeng le gore ba di dirise mo go ruteng ba bangwe.

Ka 1962, motseletsele wa dipuo wa setlhogo se se reng “Go Ikobela Babusi Ba Bagolo” o ne wa tlhamalatsa tsela e Basupi ba neng ba tlhaloganya Baroma 13:1-7 ka yone. Ka 1964, polelo ya setlhogo se se neng se re “Go Tswa Losong go Ya Botshelong” le ya “Go Tswa mo Mabitleng go Ya Tsogong” di ne tsa oketsa kafa ba anaanelang kutlwelobotlhoko e kgolo ya ga Jehofa ka teng jaaka e bonala mo go baakanyetseng ga gagwe go tsosa baswi. Ebile go ka nopolwa dintlha tse dikgolo tsa dikopano tse di ntseng jalo di le dintsi fela thata.

Ngwaga le ngwaga go nna le batho ba le diketekete tse di masomesome, ee, diketekete tse di makgolokgolo kwa dikopanong tse dikgolo. Le mororo tshedimosetso e e bolelwang e se ntšha ka metlha mo phuthegong yotlhe, gantsi e thusa ba ba simololang go nna teng go tlhaloganya thato ya Modimo eo e ba kgatlhang eleruri. Ba ka nna ba bona mme ba rotloetsega go dirisa ditshono tsa go direla tse di fetolang tsela yotlhe e ba tshelang ka yone.

Kwa dikopanong tse dintsi tse dikgolo go ile ga tlhokomedisiwa se se kaiwang ke dibuka dingwe tsa Bibela. Ka sekai, ka 1958 gape le ka 1977, go ne ga gololwa dibuka tse dikgolo tse go neng go buiwa mo go tsone thata ka boperofeti jo bo kwadilweng ke moperofeti Daniele kaga boikaelelo jwa Modimo jwa gore go nne le puso e le nngwe fela mo lefatsheng lotlhe le Keresete e le Kgosi ya yone. Ka 1971, go ne ga kwalwa thata ka buka ya Esekiele, ereka e gatelela mafoko a Modimo a a reng, “Merahe e tla itse ha ke le Yehofa.” (Esek. 36:23) Ka 1972, go ne ga sekasekiwa boperofeti jo bo kwadilweng mo go Sekaria le Hagai ka botlalo. Ka 1963, 1969, le 1988, go ne ga buiwa ka boleele ka boperofeti jo bo kgatlhang thata jwa Tshenolō, jo bo bolelelang pele ka go wa ga Babelona O Mogolo le go tla ga magodimo a masha a a galalelang le lefatshe le lesha.

Dikopano tse dikgolo di ile tsa gatelela ditlhogo tse di farologaneng—Koketsego ya Puso ya Bomodimo, Kobamelo E E Phepa, Baobamedi Ba Ba Utlwanang, Badiredi Ba Ba Pelokgale, Maungo a Moya, Go Dira Barutwa, Mafoko A A Molemo a Merafe Yotlhe, Leina la Modimo, Bolaodi jwa Modimo, Tirelo E E Boitshepo, Tumelo E E Fenyang, Boikanyegi jwa Bogosi, Batho Ba Ba Bolokang Bothokgami, Ikanye Jehofa, Boineelo jwa Bomodimo, Batshodi ba Lesedi, le tse dingwe tse dintsi. Nngwe le nngwe ya ditlhogo tseno e ne ya dira gore phuthego le ba ba kopanelang le yone ba gole semoyeng.

Se Se Tlhotlheletsang Tiro ya go Rera Efangele

Dikopano tse dikgolo, mmogo le dikopano tse dipotlana, di ile tsa rotloetsa thata go rerwa ga mafoko a a molemo. Dipuo le dipontsho di ile tsa ruta thuto e e ka dirisiwang. Ka metlha mo thulaganyong go nna le maitemogelo ao bangwe ba ileng ba nna le one mo bodiheding jwa tshimo mmogo le ao a anelwang ke batho ba ba sa tswang go thusiwa go ithuta boammaaruri jwa Bibela bosheng. Mo godimo ga moo, tirelo ya tshimo e e neng e tlhola e rulaganngwa ka nako ya kopano e kgolo ka dingwaga di le dintsi e ne e le mosola tota. E ne e neela bosupi jo bo molemo mo motsemogolong o kopano e kgolo e tshwaretsweng mo go one ebile gape e ne e le motswedi wa kgothatso e kgolo mo Basuping ka bobone.

Tirelo ya tshimo e ne ya fetoga karolo ya tiro e e neng e rulaganyeditswe go dirwa ka nako ya kopano e kgolo kwa Winnipeg, kwa Manitoba, kwa Canada, ka January 1922. Gape e ne e le teng ka nako ya kopano e kgolo ya kakaretso e e neng e tshwaretswe kwa Cedar Point, kwa Ohio, moragonyana mo ngwageng oo. Morago ga moo, go ne ga beelwa kwa thoko letsatsi, kana karolo ya letsatsi kana dikarolo tsa malatsi a le mmalwa, gore ba ba tlileng ba dire mmogo mo tirong ya go rera mo teng ga motsemogolo o kopano e kgolo e neng e tshwaretswe mo go one le mo tikologong ya one. Mo mafelong a magolo a a tlhanaselang, seno se ne sa fa batho ba gongwe ba neng ba ka bonwa ka sewelo fela ke Basupi tshono ya go utlwa mafoko a a molemo kaga boikaelelo jwa Modimo jwa go naya batho ba ba ratang tshiamo botshelo jo bo sa khutleng.

Kwa Denmark, letsatsi la ntlha malatsi a tirelo eno ya kwa kopanong e kgolo le ne la rulaganyediwa ka 1925, ka nako ya fa ba le 400 go ya go 500 ba ne ba kopana kwa Nørrevold. Bontsi jwa ba ba 275 ba ba neng ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo kwa kopanong e kgolo eo, e ne e le lekgetlo la ntlha mo go bone. Ba bangwe ba ne ba na le poifo. Mme fa ba sena go ikutlwela, ba ne ba nna bareri ba ba matlhagatlhaga ba efangele kwa ditshimong tsa dinaga tsa bone. Morago ga kopano e kgolo eo le go fitlha kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga nna le dikopano tse dipotlana tsa tirelo di le dintsi tsa letsatsi le le lengwe fela tse di neng tsa tshwarelwa kwa Denmark, mme go ne ga lalediwa bakaulengwe go tswa kwa ditoropong tse di mo tikologong ya koo. Go ne go bonala fa ba tlhoafetse thata jaaka ba ne ba nna le seabe ka kutlwano mo bodiheding mme go tswa foo ba bo ba kopana go reetsa dipuo. Dikopano tse dipotlana tse di tshwanang tsa tirelo—mme e le tsa malatsi a mabedi—di ne tsa tshwarelwa kwa Borithane le kwa United States.

Kwa dikopanong tse dikgolo thata tiro ya tshimo e e neng e dirwa ke ba ba tlileng kopanong gantsi e ne e nna kgolo thata. Go simolola ka 1936, puo ya phatlalatsa ya kopano e ne e itsisiwe ke ditlhopha tsa Basupi ba ba neng ba apara dipolakate le go gasa dipampiri tsa taletso. (Dipolakate tseo pele di ne di bidiwa “sandwich signs,” ka gonne baboledi ba ne ba rwala e nngwe kafa pele le e nngwe kafa morago.) Ka dinako tse dingwe go ne go nna le Basupi ba le sekete kana go feta ba ba neng ba nna le seabe mo go seno kwa kopanong e le nngwe. Ba bangwe ba ne ba nna le seabe mo go tsamayeng ka ntlo le ntlo, ba laletsa botlhe go tla go reetsa thulaganyo. E ne e le selo se se kgothatsang Basupi go dira le ba bangwe le go bona makgolokgolo, le eleng diketekete, tsa Basupi ba bangwe ba nna le seabe mo bodiheding mmogo le bone. Ka nako e e tshwanang, batho ba ba neng ba se kgakala thata go tswa foo ba ne ba itse gore Basupi ba ga Jehofa ba mo toropong; batho ba ne ba nna le tshono ya go ikutlwela ka bobone se Basupi ba se rutang le go iponela ka matlho tsela e ba itshwarang ka yone.

Dipuo tse di neng di neelwa kwa dikopanong tse dikgolo gantsi di ne di utlwiwa ke batho ba bantsi thata go feta bareetsi ba ba neng ba bonwa ka matlho. Ka nako ya fa Mokaulengwe Rutherford, a ne a neela puo e e neng e re “Kgololesego ya Batho,” kwa kopanong e kgolo ya kwa Toronto, kwa Canada, ka 1927, bareetsi ba bantsi thata ba merafe yotlhe ba ba reetsang radio ba ne ba utlwa go golagantswe diteishane tse di gasang tse 53 ka tsela e e se kitlang e lebalwa. Mo ngwageng o o latelang, go tswa kwa Detroit, kwa Michigan (U.S.A.), puo e e neng e re “Mmusi wa Batho” e ne ya gasiwa ke diteishane tsa palo eo e menagane gabedi, mme diradio tsa makhubu a shortwave di ne tsa e fitlhisa kwa Australia, New Zealand, le Afrika Borwa.

Ka 1931, diradio dingwe tse di nang le mararaane a magolo thata di ne tsa gana go gasa puo ya kopano e kgolo ya ga Mokaulengwe Rutherford; ka jalo Mokgatlho wa Watch Tower, o dirisana le American Telephone and Telegraph Company, o ne wa itlhamela mararaane a one a diteishane di le 163, go akaretsa le mararaane a magolo go gaisa a a tshwaragantsweng ka megala a a kileng a dirisiwa go gasa molaetsa o o reng “Bogosi, Tsholofelo ya Lefatshe.” Mo godimo ga moo, diteishane tse dingwe tse di fetang 300 mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe di ne tsa gasa thulaganyo eo go dirisiwa direkoto tsa difonokerafa.

Ka nako ya kopano e kgolo kwa Washington, D.C., ka 1935, Mokaulengwe Rutherford o ne a bua ka kgang e e neng e re “Puso,” a bolela a nonofile gore Bogosi jwa ga Jehofa jo Keresete a busang mo go jone bo tla tloga bo tseela dipuso tsotlhe tsa batho sebaka. E ne ya utlwiwa ke batho ba ba fetang 20 000 ba ba neng ba le mo Holong ya Metshameko ya Washington. Puo eno gape e ne ya gasiwa mo lefatsheng lotlhe ka radio le megala ya founo, e fitlha kwa Amerika Bogare le Borwa, Yuropa, Afrika Borwa, ditlhaketlhake tsa Pacific, le dinaga tsa Botlhaba. Batho ba ba neng ba reetsa puo eo ka tsela eno e ka nna ya bo e ne ya nna dimilione. Dipampiri tsa dikgang tse pedi tse dikgolo tsa Washington di ne tsa se ka tsa gatisa puo eo jaaka go ne go dumalanwe. Mme bakaulengwe ba ne ba tlhoma dikara tse di neng di na le dibuelagodimo mo mafelong a le mararo mo motsemogolong oo le mo mafelong a mangwe a le 40 mo tikologong ya Washington, mme go tswa fano puo eo e ne ya anamisediwa kwa bareetsing ba bangwe gape ba ba neng ba fopholediwa go nna 120 000.

Go tswa foo, ka 1938, puo e e neng e bua ka tlhamalalo e e neng e re “Lebana le Boammaaruri” e ne ya gasediwa kwa metsemegolong e e ka nnang 50 ya dikopano tse dikgolo go dikologa lefatshe, go tswa kwa Royal Albert Hall, kwa Lontone, kwa Engelane, mme batho botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba ka nna 200 000. Mo godimo ga moo, bareetsi ba bantsi thata ba ne ba utlwa puo eo mo radiong.

Ka gone, le mororo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba le babotlana ka palo, dikopano tsa bone tse dikgolo di ne di nna le seabe sa botlhokwa mo go boleleleng batho molaetsa wa Bogosi.

Dikopano Tse Dikgolo tsa kwa Yuropa tsa Morago ga Ntwa

Mo go bao ba neng ba nna teng kwa dikopanong tseno, dikopano dingwe tse dikgolo di ne di tlhomologile go feta tse dingwe. Seno se ne se ntse jalo ka tse di neng tsa tshwarelwa kwa Yuropa fela fa morago ga Ntwa ya Lefatshe II.

Nngwe ya dikopano tseno tse dikgolo e ne e le ya kwa Amsterdam, kwa Netherlands, ka August 5, 1945, nako e e kafa tlase ga dikgwedi tse nnè Basupi ba sena go gololwa kwa dikampeng tsa pogisetso tsa kwa Jeremane. Go ne go lebeletswe batho ba ka nna 2 500; bao ba le 2 000 ba bone ba neng ba tla tlhoka marobalo. Go dira gore go nne le mafelo a a lekaneng a go robala, Basupi ba lefelo leo ba ne ba ala diphate tse di dirilweng ka letlhaka fa fatshe mo magaeng a bone. Batho ba ne ba tla go tswa dintlheng tsone ka sepe fela se ba neng ba ka tla ka sone—ba tla ka mekoro, ka dillori, ka dibaesekele, mme ba bangwe ba tsamaya ba kopa boradijanaga go ba pega.

Kwa kopanong e kgolo eo ba ne ba tshega ba bo ba lela, ba ne ba opela, ba bo ba lebogela Jehofa bomolemo jwa gagwe. Go ne go ntse fela jaaka mongwe yo o neng a le teng koo a ne a bolela jaana: “Tsela e ba neng ba itumetse ka yone jaaka phuthego e e sa tswang go gololwa mo dikgoleng e ne e le kgolo thata!” Pele ga ntwa, go ne go na le Basupi ba palo e e kafa tlase ga 500 kwa Netherlands. Go ne ga tshwarwa ba le 426 ba bo ba tsenngwa mo kgolegelong; mo go bano, ba le 117 ba ne ba swa e le ka ntlha ya go bogisiwa. Abo e ne e le boitumelo jang ne fa kwa kopanong e potlana eno bangwe ba ne ba bona baratiwa ba bone ba ba neng ba ntse ba akanya gore ba sule! Ba bangwe ba ne ba tsholola dikeledi fa ba ne ba ntse ba batla ba sa bone sepe. Mo maitsiboeng ao ba le 4 000 ba ne ba reeditse ka kelotlhoko puo ya phatlalatsa eo e neng e tlhalosa lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa setlhogo jalo. Le mororo ba ne ba bogisitswe jalo, ba ne ba dira dithulaganyo tsa go tswelela pele ka tiro e ba e filweng ke Modimo.

Mo ngwageng o o latelang, ka 1946, bakaulengwe ba kwa Jeremane ba ne ba rulaganyetsa go tshwara kopano e kgolo kwa Nuremberg. Ba ne ba letliwa go dirisa Zeppelinwiese, mabala a pele Hitler a neng a phuthela masole a gagwe kwa go one gore a tle go gwanta fa pele ga gagwe. Mo letsatsing la bobedi la kopano e kgolo eo, Erich Frost, yo ka boene a neng a ile a bogisiwa setlhogo ke Ma-Gestapo ebile a ile a nna dingwaga tse dintsi mo kampeng ya pogisetso ya Ba-Nazi, o ne a neela puo ya phatlalatsa e e neng e re “Bakeresete mo Boubelong.” Basupi ba le 6 000 ba ba neng ba le teng ba ne ba okediwa ke batho ba ba 3 000 go tswa kwa Nuremberg.

Letsatsi la bofelo la kopano e kgolo eo e ne e le lone le dikatlholo tsa ditsheko tsa melato ya ntwa di neng di tlile go bolelwa kwa Nuremberg. Balaodi ba sesole ba ne ba bolela gore mo letsatsing leo go se ka ga tsamaiwa kwa ntle ka nako e e rileng, mme morago ga dipuisano tse dileele ba ne ba dumalana gore ka ntlha ya boemo jo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bo tsaya fa ba ne ba bogisiwa ke Ba-Nazi, go ne go tla bo go sa tshwanela go ba thibela go digela kopano eo ya bone e kgolo ka kagiso. Ka gone, mo letsatsing leo la bofelo, bakaulengwe ba ne ba kokoanela go utlwa puo e e tlhotlheletsang thata e e neng e re “Go Nna Pelokgale Le Mororo Lefatshe Le Dira ka Boferefere.”

Ba ne ba bona seatla sa ga Jehofa mo go se se neng se diragala. Ka yone nako eo ba ne ba bona banna ba ba neng ba emetse puso ba ba neng ba leka go ba nyeletsa ba atlholwa, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopanetse go obamela Jehofa kwa lefelong le Hitler a neng a dira ditiro tse di gakgamatsang thata tsa go supa maatla a gagwe a Bo-Nazi. Modulasetulo wa kopano e kgolo eo o ne a re: “Go bo fela motho a le teng mo letsatsing leno, se e leng fela go latswa phenyo e batho ba Modimo ba tla fenyang baba ba bone ka yone ka ntwa ya Hara–Magedona, go tshwanelwa ke dingwaga tse robong tse motho a di ntseng mo kampeng ya pogisetso.”

Dikopano Tse Dingwe Tse Dikgolo Tse Di Ka Se Kang tsa Lebalwa

Ereka tiro ya Basupi ba ga Jehofa e oketsegile, dikopano tse dikgolo di ile tsa tshwarwa go dikologa lefatshe. Tsotlhe di ile tsa nna le dikarolo tse di tlhomologileng thata mo go bao ba neng ba le kwa go tsone.

Go ne ga rulaganyediwa go tshwara kopano e kgolo kwa Kitwe, kwa Rhodesia Bokone (e jaanong e leng Zambia), kwa garegare ga Copperbelt, ka nako ya loeto lwa mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower ka 1952. Lefelo leo e ne e le karolo e kgolo e e neng e le fa go simologang teng nngwe ya dikampa tsa meepo, mo lefelong le jaanong le bidiwang Chamboli. Go ne ga lekalekanngwa setlhowa sa seolo se se neng se tlogetswe mme ga agiwa leobo le le neng le ruletswe ka bojang le le neng le tla dirisiwa jaaka serala. Maobo a mangwe a a neng a ruletswe ka bojang a go ne go tla robalwa mo go one, e le a matlhatlaganyane a mabedi, a a tshwanang le disepeke tsa leotwana a ne a tlhomagane sekgala sa dimetara di le 180 go tswa fa lefelong le go neng go nniwa mo go lone. Banna le basimane ba ne ba robala mo go a mangwe; basadi le basetsana ba robala mo go a mangwe. Bangwe ba batho ba ba neng ba tlile ba ne ba tsamaile dibeke di le pedi ka baesekele gore ba nne teng. Ba bangwe ba ne ba tsamaile ka dinao malatsi a le mantsi mme go tswa foo ba digela mosepele wa bone ka go tsamaya ka bese ya bogologolo.

Fa dithulaganyo di ne di ntse di tsweletse, bareetsi ba ne ba tlhwaile tsebe fela thata, lefa ba ne ba ntse mo dibankeng tse di thata tsa bamboo mo lebaleng fela. Ba ne ba tlile go reetsa, mme ba ne ba sa batle go latlhegelwa ke sepe. Go opela ga bareetsi ba ba 20 000 bao go ne go dira gore motho a gelele dikeledi—go ne go le monate tota. Go ne go opelwa go sena diletso tsa mmino, mme mantswe a ne a nyalana ka tsela e ntle tota. Kutlwano e ne e sa bonale fela fa Basupi bao ba ne ba opela mme e ne e bonala ka ditsela tsotlhe, le mororo matshelo le ditso tsa bone di ne di farologane.

Mme a o ka kgona go akanya kafa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba ikutlwa ka teng kwa Portugal ka December 18, 1974 fa ba ne ba dumelelwa semolao ba sena go lwela go obamela ka kgololesego ka lobaka lwa dingwaga tse di ka nnang 50. Ka nako eo ba ne ba le 14 000 fela. Mo malatsing a sekae fela, ba le 7 586 ba bone ba ne ba tlatsa mathudi a lefelo la metshameko kwa Porto. Letsatsi le le latelang, ba le 39 284 ba bangwe ba ne ba tletse kwa setadiamong sa kgwele ya dinao kwa Lisbon. Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Franz ba ne ba na le bone ka nako e e itumedisang eo, e ba le bantsi ba se kitlang ba e lebala.

Go Rulaganyetsa Dikokoano tsa Meraferafe

Ka dingwaga tse di fetang sephatlo sa lekgolo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwarela dikopano tse dikgolo thata mo metsemegolong e mentsi ka nako e le nngwe fela mo dinageng tse dintsi. Boikutlo jwa bone jwa bokaulengwe jwa merafe yotlhe bo ile jwa nonotshiwa ka dinako tsa fa ba ne ba kgona go reetsa dipuo tsa setlhogo go tswa motsemogolong o kopano e leng kwa go one.

Lefa go ntse jalo, baemedi ba ba tswang kwa dikarolong tse dintsi tsa lefatshe ba ne ba kopana mmogo mo motsemogolong o le mongwe fela mo kopanong e kgolo ya meraferafe ka 1946 e le la ntlha. Seno se ne sa diragala kwa Cleveland, kwa Ohio. Le mororo go ne go ise go nne motlhofo go tsaya maeto morago ga ntwa ya lefatshe, palo ya ba ba neng ba nna teng e ne ya fitlha go 80 000, go akaretsa baemedi ba le 302 go tswa kwa dinageng tse 32 ka kwantle ga United States. Dithulaganyo di ne di tshwarwa ka dipuo tse 20. Go ne ga neelwa kaelo e ntsi e e neng e ka kgona go dirisiwa ka maikaelelo a go atolosa tiro ya go rera efangele. Nngwe ya dintlha tse dikgolo tsa kopano e kgolo eo e ne e le puo ya ga Mokaulengwe Knorr kaga mathata a go aga sesha le go atolosa. Bareetsi ba ne ba opa diatla ka matlhagatlhaga fa ba ne ba utlwa dithulaganyo tsa go oketsa bogatisetso le diofisi tsa kwa ntlokgolo tsa Mokgatlho, mmogo le tsa kgaso ya radio, go tlhoma diofisi tsa makala mo dinageng tse dikgolo tsa lefatshe, mmogo le go atolosa tiro ya borongwa. Ka bonako fela morago ga kopano e kgolo eo, go ne ga rulaganngwa dilo gore Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Henschel ba tseye loeto go dikologa lefatshe go dira se go neng go builwe ka sone.

Mo dingwageng tse di neng tsa latela, go ne ga tshwarwa dikopano tse dikgolo tse di ka se kang tsa lebalwa kwa Yankee Stadium kwa New York City. Kwa go ya ntlha ya tseno, e e neng ya tshwarwa go simolola ka July 30 go fitlha ka August 6, 1950, go ne go na le baemedi ba ba tswang kwa dinageng di le 67. Thulaganyo e ne e akaretsa dipego tse dikhutshwane tse di neng di neelwa ke batlhanka ba makala, barongwa le baemedi ba bangwe. Tseno di ne di naya kopano tshedimosetso e e kgatlhang ya tiro e kgolo ya go rera efangele e e dirwang mo dinageng tseo ba neng ba tswa kwa go tsone. Mo letsatsing la bofelo, palo ya ba ba neng ba le teng e ne ya tlhatlogela go 123 707 fa go ne go neelwa puo e e neng e re “A O ka Tshelela Ruri ka Boitumelo mo Lefatsheng?” Setlhogo sa kopano e kgolo eo e ne e le “Koketsego ya Puso ya Bomodimo.” Go ne ga bolelwa thata ka dipalo tse di oketsegang. Lefa go le jalo, jaaka modulasetilo, Grant Suiter, o ne a bua a gatelela gore seno se ne se sa direlwe go tlotlomatsa batho bangwe ba ba botlhale thata mo phuthegong eno e e bonalang. Go na le moo, o ne a bolela jaana: “Go na le palo e nngwe e kgolo e e ineetseng go tlotla Jehofa. Ke kafa go tshwanetseng ga nna ka teng, mme re ka se dire gore go nne ka tsela epe e nngwe.”

Ka 1953, go ne ga tshwarwa kopano e kgolo go gaisa kwa Yankee Stadium kwa New York. Ka nako eno palo ya ba ba neng ba le teng e ne ya fitlha go 165 829. Fela jaaka go ne ga nna ka kopano ya ntlha e kgolo e e neng ya tshwarelwa koo, mo thulaganyong eo go ne go buiwa thata ka boperofeti jo bo kgatlhang jwa Bibela, kgakololo e e ka kgonang go dirisiwa malebana le kafa go rerwang mafoko a a molemo ka teng le dipego tse di tswang kwa dinageng tse dintsi. Le mororo dithulaganyo di ne di simolola mo e ka nnang ka 9:30 a.m., gantsi di ne di sa digelwe go fitlha ka 9:00 kana 9:30 p.m. Kopano e kgolo eno e ne ya dira gore batho ba ipelele go fepiwa semoyeng ka malatsi a le robedi.

Mo kopanong e kgolo go feta tse dingwe, e e neng e le kwa New York ka 1958, go ne ga tlhokega gore go dirisiwe e seng fela Yankee Stadium mme gape le Polo Grounds e e bapileng le yone mmogo le mafelo a a dirisiwang fa go tletse ka kwantle ga mabala ano a metshameko gore boidiidi jo bo tlileng kopanong bo kgone go nna. Mo letsatsing la bofelo, fa ditulo tsotlhe di ne di tletse, go ne ga bonwa tetla e e kgethegileng ya go dirisa le eleng lebala la mabelo la Yankee Stadium, mme abo go ne go kgatlha jang ne jaaka diketekete tsa batho di ne di oologela mo teng, di rola ditlhako go nna mo motlhong! Fa go balwa go ne ga fitlhelwa go na le batho ba le 253 922 ba ba neng ba reeditse puo eo ya phatlalatsa. Bosupi jo bongwe jwa gore Jehofa o ne a segofatsa bodihedi jwa batlhanka ba gagwe bo ne jwa bonwa fa ba ba 7 136 ba ba neng ba le teng kwa kopanong e kgolo eno ba ne ba supa gore ba ineetse ka go nwediwa mo metsing—palo e e menaganeng gabedi go feta ya bao ba neng ba kolobediwa ka nako e e ka se kang ya lebalwa ka Pentekosete 33 C.E., jaaka go begilwe mo Bibeleng!—Dit. 2:41.

Tsela yotlhe e dikopano tse dikgolo tseno di neng di dira ka yone e ne ya naya bosupi jwa gore go ne go na le sengwe se se neng se feta fela go rulaganya dilo ka botswerere. E ne e le sesupo sa gore moya wa Modimo o ne o dira mo bathong ba gagwe. Lorato lwa bokaulengwe lo motheo wa lone e leng go rata Modimo lo ne lo bonala gongwe le gongwe. Go ne go sena barulaganyi ba ba neng ba duelwa madi a a kwa godimo. Lephata le lengwe le le lengwe le ne le tshwerwe ke baithaopi ba ba sa duelweng. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete, ba gantsi e neng e le ditlhopha tsa malapa, ba ne ba tlhokomela mo mafelong a tse di lapolosang. Ba ne ba apaya gape le dijo tse di molelo, mme ba ne ba tsholela ba ba tlileng kopanong ba le sekete ka motsotso mongwe le mongwe mo ditenteng tse dikgolo ka kwa ntle ga lebala la metshameko. Ba le diketekete di le masomesome—bao botlhe ba neng ba itumelela go thusa mo tirong eno—ba ne ba direla jaaka batlhokomedi ba bo ba dira tiro yotlhe ya go aga e e neng e tlhokega, ba apaya ebile ba tshola dijo, ba phepafatsa, ba dira le ditiro tse dingwe tse dintsi.

Baithaopi ba bantsi ba ne ba dira diura di le diketekete di le makgolokgolo e le gore ba dire gore ba ba tlileng kopanong ba bone marobalo botlhe. Ka dingwaga tse dingwe, go ne go rulaganyediwa mafelo a go neng go tlhongwa dikolotsana tsa borobalo le ditente mo go one, go thusa bangwe ba ba tlileng kopanong e kgolo. Ka 1953, Basupi ba ne ba roba mabele a a mo lefelong la diheketara tse 16, ba sa duelwe sepe, ba direla molemi mongwe mo New Jersey yo o neng a ba adima lebala la gagwe gore ba tlhome dikolotsana tsa borobalo mo go lone. Go ne ga tlhongwa mafelo a boithomelo, dipone, dishawara, matlwana a botlhatswetso, mafelo a dijo, le mabolokelo a dijo go thusa batho ba ba neng ba feta 45 000. Fela fa ba tsena, ba ne ba tlhoma motse mo nakong e khutshwane. Ba le diketekete tse dintsi ba ne ba bonelwa marobalo kwa dihoteleng le mo magaeng a batho mo New York le mo tikologong. E ne e le namane e tona ya tiro. Ka tshegofatso ya ga Jehofa, e ne ya dirwa ka katlego.

Dikopano Di A Tswelela

Maloko a bokaulengwe jono jwa meraferafe a kgatlhegela Basupi ba bangwe ba dinaga tse dingwe. Go felela ka gore ba ile ba dirisa ditshono tsa go nna teng kwa dikopanong tse dikgolo ka kwantle ga dinaga tse ba agileng mo go tsone.

Fa ya ntlha mo motseletseleng wa Kopano ya Kobamelo E E Phepa e ne e simololwa kwa Wembley Stadium kwa Lontone, kwa Engelane, ka 1951, go ne go na le Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse 40. Thulaganyo e ne ya gatelela kafa kobamelo ya boammaaruri e ka kgonang go dirwa ka teng le gore motho a dire bodihedi tsela e a tshelang ka yone. Basupi ba le bantsi ba ne ba etela kwa Kontinenteng go tswa kwa Engelane, koo go neng go tlile go tshwarela teng dikopano tse dingwe gape tse robong mo dikgweding tse pedi tse di latelang. E kgolo mo go tseno e ne e le kwa Frankfurt am Main, kwa Jeremane, koo go neng go na le ba ba 47 432 go tswa kwa dinageng di le 24. Lorato lwa bakaulengwe lo ne lwa supiwa kwa bokhutlong jwa thulaganyo eno fa okesetera e ne e simolola go letsa mme bakaulengwe ba Bajeremane ba ne ba opela pina ba tsamaisa sentle ba lebogela Modimo go bo Basupi ba bangwe ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba tlile go kopanela le bone. Go ne ga tsholediwa disakatuku, mme ba le diketekete ba ne ba thelesegela mo lebaleng go ya go bontsha kafa ba anaanelang ka teng ka namana mokete ono o o molemolemo wa puso ya bomodimo.

Ka 1955, Basupi ba ba oketsegileng ba ne ba rulaganyetsa go etela bakaulengwe ba bone ba Bakeresete kwa moseja ka nako ya kopano e kgolo. Baemedi go tswa kwa United States le Canada ba ne ba ya kwa Yuropa ba palame dikepe tse pedi tse di neng di hirilwe (sengwe le sengwe se na le bapalami ba le 700) le difofane di le 42 tse di neng di hirilwe. Tokololo ya Yuropa ya pampiri ya dikgang ya The Stars and Stripes, e e neng e gatisitswe kwa Jeremane, e ne ya tlhalosa go oologela goo ga Basupi e re “gongwe ke palo e kgolo go di gaisa tsotlhe tsa Baamerika ba ba kileng ba oologela mo Yuropa ka bontsi jo bo kalo fa esale Dinaga Tse Di Kopaneng di tlhasela ka Ntwa ya Lefatshe II.” Baemedi ba bangwe ba ne ba tswa kwa Amerika Bogare le Borwa, Asia, Afrika, le Australia. Lefa gone baruti ba Labokeresete ba ne ba leka go thibela Basupi gore ba se ka ba tshwara dikopano tsa bone tse dikgolo kwa Roma le kwa Nuremberg, tse pedi tseno le tse dingwe tse thataro di ne tsa tshwarelwa kwa Yuropa mo setlheng sa selemo. Palo ya ba ba neng ba le teng e ne e tloga go 4 351 kwa Roma go ya go 107 423 kwa Nuremberg. Setlhopha se sengwe sa ba ba 17 729 se ne sa kokoana kwa Waldbühne mo go se ka nako eo se neng se bidiwa Berlin Bophirima, e bakaulengwe ba ba tswang kwa karolong ya kwa Botlhaba ya motlha oo ba neng ba ka kgona go tsena mo go yone ba sa ipeye mo kotsing thata. Bontsi jwa bano ba ne ba kile ba nna mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone kana ba na le maloko a malapa a bone a a neng a le mo kgolegelong, mme ba ne ba santse ba nitame mo tumelong. Abo setlhogo sa kopano e kgolo eo se ne se tshwanela jang ne—“Bogosi Jo Bo Fenyang”!

Le mororo go ne go setse go nnile le dikopano tse dikgolo tse dintsi tsa meraferafe, se se neng sa diragala ka 1963 e ne e le se se iseng se ko se diragale pele. E ne e le kopano e kgolo e e neng e tshwerwe mo lefatsheng lotlhe. E ne ya simolola kwa Milwaukee, Wisconsin, kwa United States, ya fetela kwa New York; go tswa foo, ya ya kwa metsemegolong e mene e megolo ya Yuropa; go kgabaganya Botlhabagare; ya fetela kwa India, kwa Burma (e jaanong e leng Myanmar), Thailand, Hong Kong, Singapore, Philippines, Indonesia, Australia, Taiwan, Japane, New Zealand, Fiji, Repaboliki ya Korea, le Hawaii; mme go tswa foo ya boela kwa morago kwa nageng ya Amerika Bokone. Mo go tsone tsotlhe go ne go na le baemedi go tswa kwa dinageng di le 161. Palo yotlhe ya ba ba neng ba nna teng e ne e feta 580 000. Go ne go na le batho ba le 583, go tswa kwa dinageng di ka nna 20, ba ba neng ba ntse ba tsamaya le kopano e kgolo eno, ba nna teng mo dinageng ka go latelana, go ralala lefatshe lotlhe. Maeto a a kgethegileng a bojanala a ne a dira gore ba kgone go bona mafelo a a kgatlhang a bodumedi, mme gape ba ne ba nna le seabe mo bodiheding jwa ntlo le ntlo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba mafelo ao. Baeti bano ba ne ba ituelela ditshenyegelo tsa bone.

Go ne go na le baemedi ba Latin America ba le bantsi kwa dikopanong tse dikgolo tsa meraferafe ka bontsi. Mme ka 1966-67, ba ne ba bona tshono ya gore kopano e kgolo e tshwarelwe kwa ga bone. Ba ba neng ba nna teng ga ba kitla ba lebala terama e e neng ya dira gore se Bibela e se bolelang kaga Jeremia e nne selo se se diragalang tota le seo se neng sa thusa mongwe le mongwe go tlhaloganya gore e kaya eng mo motlheng wa rona.a Lorato lo lo ba kopanyang lwa Bokeresete lo ne lwa nonotshiwa jaaka beng ba ne ba iponela ka matlho koo letsholo le legolo la go ruta Bibela le le dirwang kwa Latin America le simolotseng teng. Ba ne ba tlhotlhelediwa thata ke tumelo e e nonofileng ya badumedi ba bangwe, ba bontsi jwa bone bo neng bo ile jwa fenya dikgoreletsi tse di neng di lebega di ka se ka tsa fenngwa—go ganediwa ke balelapa, merwalela, go latlhegelwa ke dithoto—fela gore ba nne eng. Ba ne ba kgothadiwa thata ke maitemogelo a a tshwanang le a kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o kgethegileng yo o bokoa wa kwa Uruguay yo o neng a botsolodiwa le yo o neng a na le batho ba ba 80 mo seraleng ba a neng a setse a ba thusitse go gatela pele go fitlha ba kolobediwa jaaka Bakeresete! (Go fitlha ka 1992, o ne a setse a thusitse batho ba le 105 go fitlha ba kolobediwa. O ne a santse a le bokoa mme e santse e le mmulatsela yo o kgethegileng!) Abo go ne go omosa pelo jang ne, gape, go kopana le barongwa ba ditlelase tsa ntlhantlha tsa Gileade ba ba neng ba santse ba dira kwa mafelong a ba a abetsweng! Dikopano tse dikgolo tseo di ne di rotloetsa thata tiro e e neng e dirwa mo karolong eo ya lefatshe. Mo dinageng tse dintsi tsa tseo, jaanong go na le batho ba ba bakang Jehofa ba feta ba ba neng ba le teng ka nako eo ga 10, 15, kana le eleng ga 20.

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, ka 1970-71, Basupi ba ba tswang kwa moseja ba ne ba kgona go kopana le bakaulengwe ba bone kwa dikopanong tse dikgolo tsa meraferafe tse di neng tsa tshwarelwa mo Afrika. Kopano e kgolo go di feta tsotlhe ya tseno e ne e le kwa Lagos, kwa Nigeria, koo dikago tsotlhe di neng tsa tshwanela go agiwa go tswa kwa tshimologong. Go sireletsa ba ba tlileng kopanong mo letsatsing le le mogote, go ne ga agiwa motse ka bamboo—mafelo a bonno, matlwana a a nang le malao a le mmalwa, mafelo a dijo, le maphata a mangwe. Seno se ne se tlhoka dikota tse 100 000 tsa dikgong tsa bamboo le diphate tse dikgolo tse di logilweng ka letlhaka, di le 36 000—tsotlhe di dirilwe ke bakaulengwe le bokgaitsadi. Thulaganyo e ne ya neelwa ka dipuo di le 17 ka nako e le nngwe fela. Palo ya ba ba neng ba le teng e ne ya fitlha go 121 128 mme go ne ga kolobediwa Basupi ba basha ba le 3 775. Ditlhopha di le mmalwa tsa ditso di ne di na le baemedi, mme bontsi jwa batho ba ba neng ba le teng e ne e le batho ba ba neng ba tle ba lwe. Mme jaanong, abo go ne go itumedisa jang ne go ba bona ba utlwana ba bofagantswe ke bokaulengwe jwa mmatota jwa Bokeresete!

Morago ga kopano e kgolo eno, bangwe ba ba neng ba tlile kopanong ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba tsamaya ka bese go ya kwa Igboland go ya go bona lefelo le le neng le amilwe thata ke ntwa ya selegae e e neng e sa tswa go lowa. Batho ba bantsi mo ditoropong ka go latelana ba ne ba kgatlhega thata fa baeti ba ne ba ntse ba dumedisiwa le go tlamparelwa ke Basupi ba mafelo ao. Batho ba ne ba sianela kwa mebileng go ya go leba. Lorato le kutlwano gareng ga bantsho le basweu e ne e le selo se ba neng ba ise ba ko ba se bone.

Kwa dinageng tse dingwe palo ya Basupi ba ga Jehofa e dira gore go se ka ga kgonega gore ba kopane botlhe mmogo mo lefelong le le lengwe. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, dikopano di le mmalwa tse dikgolo thata di ile tsa tshwarwa ka nako e le nngwe fela, di latelwa ke tse di oketsegileng, beke le beke. Ka 1969, kutlwano e e nnang teng kwa dikopanong tse dikgolo tse di rulagantsweng ka tsela eno e ne ya nonotshiwa ke ntlha ya gore dingwe tsa dibui tse dikgolo di ne di fofela kwa le kwa gareng ga dikopano tse dikgolo tseno, ka go dira jalo ba neela dipuo mo go tsone tsotlhe. Ka 1983 le 1988, ba ne ba ikutlwa gore ba seoposengwe fa dikopano tse dikgolo di le mmalwa tse di neng di dirisa puo e e tshwanang di ne di golaganngwa mmogo, le eleng go kgabaganya dinaga, ka megala ya thelefouno fa dipuo tsa setlhogo di ne di neelwa ke maloko a Setlhopha Se Se Laolang. Lefa go ntse jalo, selo sa mmatota seo se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba utlwane, ke ntlha ya gore botlhe ba obamela Jehofa jaaka Modimo o o osi wa boammaaruri, botlhe ba dirisa Bibela jaaka mokaedi wa bone, botlhe ba solegelwa molemo ke thulaganyo e e tshwanang ya dijo tsa semoya, botlhe ba leba Jesu Keresete jaaka Moeteledipele wa bone, botlhe ba batla go supa maungo a moya wa Modimo mo matshelong a bone, botlhe ba ikanya Bogosi jwa Modimo, mme botlhe ba nna le seabe mo go isetseng ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi joo.

Ba Rulaganyeditswe go Baka Jehofa mo Merafeng Yotlhe

Basupi ba ga Jehofa ba oketsegile ka palo mo jaanong palo ya bone e fetang ya merafe e mengwe e mentsi. Gore dikopano tsa bone tse dikgolo di fitlhelele molemo o mogolo, go tlhoka thulaganyo e e dirwang ka kelotlhoko tota. Lefa go ntse jalo, dikopo tse di sa raraanang tse di gatisitsweng tse di bolelang gore Basupi ba mafelo a a farologaneng ba ye go kopanela kae gantsi ke gone gotlhe go go tlhokegang go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o tla bona bonno. Fa go rulaganyediwa dikopano tse dikgolo tsa meraferafe, gantsi go tlhokega gore Setlhopha Se Se Laolang se akanyetse eseng fela palo ya Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ba tla ratang go ya kwa go tsone ebile ba ka kgona go dira jalo mme ba tshwanetse go akanyetsa le bogolo jwa didirisiwa tsa kopano e kgolo tse di leng gone, palo ya Basupi ba lefelo leo ba ba tla nnang teng, le bontsi jwa marobalo a a leng teng a baemedi; ke gone ba ka lekanyetsang gore naga nngwe e ka nna le bontsi jo bo kana kang. Go ne go ntse jalo ka Dikopano tse Dikgolo tse tharo tsa “Poifomodimo” tse di neng tsa tshwarelwa kwa Poland ka 1989.

Mo dikopanong tse dikgolo tseno go ne go lebeletswe Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 90 000 go tswa kwa Poland mo godimo ga diketekete tsa batho ba ba kgatlhegang. Go ne ga lalediwa ba bangwe ba bantsi go tswa kwa Borithane, Canada, le United States. Go ne ga amogelwa ditlhopha tse dikgolo tsa baemedi go tswa kwa Italy, Fora, le Japane. Ba bangwe ba ne ba tswa kwa Scandinavia le Greece. Go ne go na le baemedi ba mafatshe a ka nna 37. Mo dikarolong tse dingwe tsa thulaganyo, go ne ga tlhokega gore go ranolelwe dipuo tsa Se-Poland kana tsa Seesemane mo dipuong tse dingwe di le 16. Palo yotlhe ya ba ba neng ba nna teng e ne e le 166 518.

Ditlhopha tse dikgolo tsa Basupi kwa dikopanong tse dikgolo tseno di ne di tswa kwa go se pele e neng e le Soviet Union le kwa Czechoslovakia; gape go ne go na le ditlhopha tse dikgolwane go tswa kwa dinageng tse dingwe tsa kwa Yuropa Botlhaba. Dihotele le dikamore tsa dikolo tsa go robala di ne tsa se ka tsa kgona go lekana mongwe le mongwe. Ka go bo ba na le moya wa go amogela baeng, Basupi ba kwa Poland ba ne ba bula dipelo tsa bone le magae a bone, ba abela ba bangwe se ba nang le sone ka boitumelo. Phuthego nngwe ya batho ba ba 146 e ne ya fa batho ba le 1 200 mafelo a go robala. Mo bathong bangwe ba ba neng ba nna teng kwa dikopanong tse dikgolo tseno, e ne e le la ntlha ba nna mo kokoanong e kgolo ya batho ba ga Jehofa ba feta 15 kana 20. Dipelo tsa bone di ne di anaanela fela thata fa ba ne ba bona diketekete tse di masomesome tsa batho ba ba neng ba le mo mabaleng a metshameko, ba rapela mmogo le bone, ebile ba opela le bone dipina ba baka Jehofa. Fa ba ne ba ntse ba kopana le bone fa dithulaganyo di kgaoditse, ba ne ba ntse ba kampana ka lorato, le mororo ba ne ba sa kgone go bua ka mafoko se se neng se le mo dipelong tsa bone ka ntlha ya dipuo tsa bone tse di sa tshwaneng.

Fa kopano e kgolo eno e ne e tla bokhutlong, dipelo tsa bone di ne di tletse ka ditebogo go Jehofa, yo o neng a dirile gore sengwe le sengwe se kgonege. Kwa Warsaw, morago ga mafoko a modulasetulo a go tsamaisa batho sentle, bareetsi ba ne ba thela loshalaba ba sa kgaotse mo e ka nnang ka metsotso e le lesome. Morago ga pina ya bofelo le thapelo, ba ne ba boela ba opa diatla gape, mme bareetsi ba ne ba nna lobakanyana mo mannong ba ise ba tsamaye. Ba ne ba ile ba leta tiragalo eno ka dingwaga tse dintsi, mme ba ne ba sa batle gore e khutle.

Mo ngwageng o o latelang, wa 1990, nako e e kwa tlase ga dikgwedi tse tlhano morago ga go tlosiwa ga thibelo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tsere dingwaga tse 40 mo go se ka nako eo se neng se bidiwa Jeremane Botlhaba, go ne ga tshwarwa kopano e nngwe gape e kgolo ya meraferafe e e kgatlhang, yone e ne ya tshwarelwa kwa Berlin. Gareng ga batho ba ba 44 532 ba ba neng ba le teng go ne go na le baemedi ba ba tswang kwa dinageng tse 65 tse di farologaneng. Go ne go tlile ba sekae fela go tswa kwa dinageng tse dingwe; go ne go tlile ba le 4 500 go tswa kwa Poland. Mafoko a ne a sa kgone go tlhalosa maikutlo a a kwa teng a bao le ka motlha ba neng ba ise ba ko ba kgone go nna teng mo kopanong e kgolo e e tshwanang le eno, mme fa bareetsi botlhe ba ne ba opela mmogo dipina ba baka Jehofa, ba ne ba sa kgone go itshwara go tsholola dikeledi tsa boitumelo.

Moragonyana mo ngwageng oo, fa kopano e kgolo e e tshwanang e ne e tshwarwa kwa São Paulo, kwa Brazil, go ne ga tlhokwa mabala a metshameko a magolo a le mabedi a a lekaneng bareetsi ba meraferafe ba ba 134 406. Seno se ne sa latelwa ke kopano e kgolo kwa Argentina, koo go neng ga dirisiwa gape mabala a mabedi a metshameko ka nako e le nngwe gore bareetsi ba meraferafe ba kgone go nna mo go one. Fa 1991 e ne e simologa, dikopano tse dingwe tse dikgolo tsa meraferafe di ne di tsweletse kwa Philippines, Taiwan, le Thailand. Batho ba bantsi go tswa mo merafeng e mentsi ba ne ba le teng mo ngwageng oo kwa dikopanong tsa kwa Yuropa Botlhaba—kwa Hungary, Czechoslovakia le koo jaanong go bidiwang Croatia. Mme ka 1992, baemedi ba ba tswang kwa dinageng tse 28 ba ne ba bona e le tshiamelo e e kgethegileng tota go nna bangwe ba ba ba 46 214 kwa St. Petersburg kwa kopanong ya ntlha e e neng e le ya meraferafe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia.

Ditshono tsa go Lapolosiwa Semoyeng ka Metlha

Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa tse dikgolo ga se tsotlhe tse e e leng dikokoano tsa meraferafe. Lefa go ntse jalo, Setlhopha Se Se Laolang se rulaganyetsa dikopano tse dikgolo gangwe fela ka ngwaga, mme thulaganyo e e tshwanang e ipelelwa mo lefatsheng lotlhe ka dipuo di le dintsi. Dikopano tse dikgolo di ka nna tse dikgolo tota, di dira gore Basupi ba nne le tshono ya go tsalana le ba bangwe ba ba tswang kwa mafelong a mantsi, kana e ka nna tse dipotlana mme di tshwaretswe mo metsemegolong e mentsi, mo go tlhofofaletsang ba basha go nna teng mme ebile go kgonisa gore batho ba ditoropo tse di makgolokgolo tse dipotlana ba iponele ka matlho kafa Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ka teng.

Mo godimo ga moo, gangwe fela ka ngwaga potologo nngwe le nngwe (e e bopiwang ke diphuthego di ka nna 20) e phuthegela thulaganyo ya malatsi a mabedi a mo go one ba gakololwang le go kgothadiwa ka tsela ya semoya.b Gape, fa esale ka September 1987, potologo nngwe le nngwe e rulaganyediwa letsatsi le le kgethegileng la kopano, thulaganyo ya letsatsi le le lengwe fela e e agang. Koo go kgonegang teng, go romelwa leloko le le lengwe go tswa kwa ntlokgolo ya Mokgatlho kana mongwe go tswa kwa ofiseng ya lekala ya lefelo leo go nna le seabe mo thulaganyong eo. Basupi ba ga Jehofa ba anaanela dithulaganyo tseno fela thata. Mo mafelong a mantsi mafelo a kopano e tshwarelwang kwa go one ga a kgakala thata ebile go motlhofo go ya kwa go one. Mme gantsi ga go a nna jalo. Molebedi mongwe yo o etang o gakologelwa banyalani bangwe ba ba godileng ba ba neng ba tsamaya dikilometara di le 76 ba tshotse dikgetsi tsa dithoto le dikobo ba ya kopanong ya potologo kwa Zimbabwe.

Tirelo ya tshimo ga e tlhole e dirwa ka nako ya kopano e kgolo kwa dikopanong tseno tsotlhe, mme seno ga se ka ntlha ya gore Basupi ba e tsaya e se botlhokwa. Mo makgetlong a mantsi batho ba ba nnang gaufi le fa kopano e potlana e tshwarelwang teng jaanong ba etelwa ka metlha ke Basupi ba lefelo leo—ka dinako tse dingwe, dibeke dingwe le dingwe di sekae. Batho ba ba yang kwa dikopanong tse dipotlana tseno ba nna ba butse matlho go dirisa ditshono go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo, mme boitshwaro jwa bone jwa Bokeresete bo naya bosupi jo bo nonofileng ka tsela e nngwe gape.

Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Boammaaruri

Bokaulengwe jo bo bonalang gareng ga Basupi kwa dikopanong tsa bone tse dikgolo bo bonwa ka bonako fela ke ba ba etseng tlhoko. Ba kgona go bona gore ga ba tlhaolane le gore lorato lwa mmatota lo a bonala mo go bao ba ka tswang e le la ntlha ba kopana. Ka nako ya Kopano ya Meraferafe ya Thato ya Bomodimo e e neng e tshwaretswe kwa New York ka 1958, Amsterdam News (ya August 2) ya kwa New York e ne ya bega jaana: “Gongwe le gongwe Bantsho, basweu le batho ba dinaga tsa Botlhaba, ba maemo mangwe le mangwe mo botshelong le ba ba tswang kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, ba ne ba kopana ka boipelo le ka kgololesego. . . . Basupi ba e leng baobamedi ba ba tswang kwa dinageng di le 120 ba ne ba nna ba bo ba obamela mmogo ka kagiso ba bontsha batho ba Amerika gore seno se ka dirwa motlhofo jang. . . . Kopano ke sekai se sentle se se supang kafa batho ba ka dirang ba bo ba tshela mmogo ka gone.”

Bosheng fela jaana, fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwere dikopano tse dikgolo ka nako e le nngwe fela kwa Durban le Johannesburg, mo Afrika Borwa, ka 1985, batho ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba akaretsa ditlhopha tsotlhe tse dikgolo tsa merafe le dipuo tsa mo Afrika Borwa, mmogo le baemedi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe tse 23. Botsalano jo bo lorato gareng ga ba ba 77 830 ba ba neng ba le teng bo ne jwa bonala motlhofo fela. “Go gontle tota,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe yo mmotlana wa Moindia. “Go bona Bammala, Baindia, basweu, le bantsho ba kopane mmogo go fetotse tsela e ke neng ke leba dilo ka yone mo botshelong.”

Boikutlo jono jwa bokaulengwe ga se fela go nyenya, go dumedisana ka diatla, le go bitsana “mokaulengwe” le “kgaitsadi.” Ka sekai, fa go ne go rulaganyediwa Kopano ya “Mafoko A A Molemo A Bosakhutleng” lefatshe ka bophara ka 1963, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bolelelwa gore fa ba batla go thusa ba bangwe ka madi gore ba nne teng kwa kopanong nngwe e kgolo, Mokgatlho o ka itumelela go bona gore thuso eo ya madi e solegela bakaulengwe ba ba mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe molemo. Go ne ga se ka ga tsamaya go kopiwa, mme go ne ga se ka ga tsewa ape mo go one go dirisiwa mo ditshenyegelong tsa tsamaiso. Madi otlhe a a thusang ano a ne a dirisiwa mo go se a neng a se ntsheditswe. Ka tsela eno, go ne ga thusiwa ba le 8 179 go nna teng kwa kopanong e kgolo. Baemedi go tswa kwa nageng nngwe le nngwe kwa Amerika Bogare le Amerika Borwa ba ne ba thusiwa, fela jaaka go ne ga thusiwa ba le diketekete go tswa kwa Afrika le ba le bantsi go tswa kwa Botlhabagare le Botlhaba Jo Bo Kgakala. Setlhopha se segolo sa ba ba neng ba thusiwa e ne e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba nnile mo bodiheding jwa nako e e tletseng ka dingwaga tse dintsi.

Go ya kwa bokhutlong jwa 1978, go ne ga rulaganyediwa kopano e kgolo e e neng e tla tshwarelwa kwa Auckland, kwa New Zealand. Basupi ba kwa Cook Islands ba ne ba itse ka yone mme ba eletsa go nna teng. Mme go ya ka itsholelo ya ditlhaketlhake tseo mongwe le mongwe a ka bo a ile a duela madi a mantsi tota mo loetong loo. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato ba semoya ba kwa New Zealand ba ne ba thusa ka go fa ba ba tswang kwa ditlhaketlhakeng tseo ba ka nna 60 madi a go ya le go boa. Abo ba ne ba itumetse jang ne go nna teng mo moletlong oo wa semoya ba na le bakaulengwe ba bone ba Ba-Maori, Ba-Samoa, Ba-Niue, le Ba-Caucasia!

Se se neng sa diragala kwa bokhutlong jwa Kopano e Kgolo ya Kgaolo ya “Tshiamo ya Bomodimo” kwa Montreal, kwa Canada, ka 1988 ke se se tlholang se diragala mo Basuping ba ga Jehofa. Baemedi ba Baarabea, Baesemane, Bafora, Bagerika, Bantariana, Bapotokisi, le Ba-Spain ba ne ba ntse ba ipelela thulaganyo e e tshwanang ka malatsi a mane mme e le ka dipuo tsa bone. Lefa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa thulaganyo ya bofelo, batho botlhe ba ba 45 000 ba ne ba kopana mmogo kwa Olympic Stadium ba supa bokaulengwe jwa bone le go nna le boikaelelo jo bo tshwanang ka tsela e e tlhotlheletsang eleruri. Ba ne ba opela mmogo, setlhopha sengwe le sengwe se opela ka puo ya sone, se re “Tlang re’opeleng . . . ‘Jah oa busa; a lefatshe le ipele.’”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Diterama tse dingwe di le 70 tse di ntseng jalo di ne tsa tshamekiwa kwa dikopanong tse dikgolo mo dingwageng tse 25 tse di latelang.

b Di ile tsa tshwarwa gabedi ngwaga mongwe le mongwe go tloga ka 1947 go fitlha ka 1987. Go tla go fitlha ka 1972, dikopano tse dipotlana tseno e ne e le tsa malatsi a mararo; go tswa foo ga bo go simolola thulaganyo ya malatsi a mabedi.

[Mafoko a a mo go tsebe 255]

“Ke ne ka kgatlhiwa thata ke moya wa lorato le bopelonomi jwa bokaulengwe”

[Mafoko a a mo go tsebe 256]

Diterena tsotlhe tsa kopano—botlhe ba pagame!

[Mafoko a a mo go tsebe 275]

Barulaganyi ba dikopano e ne e se batho ba ba duelwang madi a a kwa godimo mme e ne e le baithaopi ba ba sa duelweng

[Mafoko a a mo go tsebe 278]

Kutlwano gareng ga bantsho le basweu

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 261]

Maitlamo A A Supa a Botlhokwa a Dikopano Tse Dikgolo

Ka 1922, maitlamo a setlhogo se se reng “Go Gwetlha Baeteledipele ba Lefatshe” a ne a ikuela mo go bone gore ba ntshe bosupi jo bo bontshang gore a batho ba na le botlhale jwa go busa lefatshe leno eseng jalo ba dumele ntlha ya gore kagiso, botshelo, kgololesego, le boitumelo jo bo sa feleng di ka tswa fela kwa go Jehofa ka Jesu Keresete.

Ka 1923, go ne go na le “Tlhagiso go Bakeresete Botlhe” e e neng e bontsha gore go ne go tlhokega ka potlako gore ba tswe mo diphuthegong tse ka tsietso di ipolelang gore di emela Modimo le Keresete.

Ka 1924, “Go Latofadiwa ga Baruti” a ne a senola dithuto tsa motheo tse eseng tsa Dikwalo le ditlwaelo tsa baruti ba Labokeresete.

Ka 1925, “Molaetsa wa Tsholofelo” a ne a bontsha gore ke ka ntlha yang fa ba ba ipolelang gore ke masedi a a kaelang a lefatshe leno ba reteletswe ke go naya batho dilo tse ba di tlhokang mme a supa kafa Bogosi jwa Modimo bo tla dirang seo ka gone.

Ka 1926, “Bosupi go Babusi ba Lefatshe” a ne a ba itsise gore Jehofa ke ene Modimo fela wa boammaaruri le gore Jesu Keresete jaanong o busa jaaka Kgosi e e tshwanetseng ya lefatshe. A ne a kgothaletsa babusi ba lefatshe gore ba tlhotlheletse batho ereka ba kgona gore ba lebise megopolo ya bone mo Modimong wa boammaaruri gore ba se ka ba welwa ke masetlapelo.

Ka 1927, “Maitlamo A A Lebaneng le Batho ba Labokeresete” a ne a senola go tshwaragana ga borakgwebo, boradipolotiki, le baruti mo go gateleleng batho. A ne a kgothaletsa batho go tlogela Labokeresete le go ikanya Jehofa le Bogosi jwa gagwe jo bo mo diatleng tsa ga Keresete.

Ka 1928, “Polelo Kgatlhanong le Satane Mme E Tshegetsa Jehofa” a ne a bolela ka phepafalo gore Kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa ebong Jesu Keresete, e tla tloga e thibela Satane e bo e senya phuthego ya gagwe e e bosula, mme a ne a kgothatsa botlhe ba ba ratang tshiamo go ema mo letlhakoreng la ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 272, 273]

Dilo Tse Di Neng Di Diragala kwa Dikopanong Dingwe Tse Dikgolo Thata

Makgolokgolo a batho ba ba matlhagatlhaga a ne a goroga ka sekepe, diketekete di ne tsa tla ka sefofane, diketekete tse di masomesome di ne tsa tla ka dikoloi le dibese

Go ne go tlhokega thulaganyo e e siameng le badiri ba ba iketleeditseng ba le bantsi go batla mafelo a a lekaneng a marobalo le go a aba

Ka nako eno ya dikopano tse dikgolo tsa malatsi a le robedi, go ne go tsholwa dijo tse di molelo—di le diketekete di le masomesome ka metlha—di tsholelwa ba ba tlileng kopanong

Ka 1953, metse ya ditente le dikolotsana tse go robalwang mo go tsone e ne ya robala baemedi ba feta 45 000

Ka 1958 kwa New York, ba le 7 136 ba ne ba kolobediwa—ba feta ba ba neng ba kolobediwa ka nako epe fa esale ka Pentekosete ya 33 C.E.

Go ne ga supiwa matshwao a ditumediso tse di neng di tswa kwa dinageng tse dintsi, mme dithulaganyo di ne tsa tshwarwa ka dipuo di le 21, kwa New York ka 1953

[Setshwantsho mo go tsebe 256]

Batho ba ba neng ba tlile kopanong e kgolo ya IBSA kwa Winnipeg, kwa Man., kwa Canada, ka 1917

[Ditshwantsho mo go tsebe 258]

J. F. Rutherford a bua kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka 1919. O ne a kgothatsa botlhe go nna le seabe ka tlhoafalo mo go itsiseng Bogosi jwa Modimo, ba dirisa “The Golden Age”

[Setshwantsho mo go tsebe 259]

Kopano e kgolo ya kwa Cedar Point ka 1922. Go ne ga tswa pitso e e neng e re: “Itsiseng Kgosi le Bogosi”

[Setshwantsho mo go tsebe 260]

George Gangas kwa Cedar Point ka 1922. Ka dingwaga tse 70 fa esale ka nako eo o ile a nna a bolela kaga Bogosi jwa Modimo a le tlhaga

[Setshwantsho mo go tsebe 262, 263]

Batho ba ba neng ba tlile kopanong e kgolo ka 1931 kwa Columbus, kwa Ohio, ba ba neng ba amogela leina Basupi ba ga Jehofa ka matlhagatlhaga

[Setshwantsho mo go tsebe 264]

“New World Translation of the Christian Greek Scriptures” e gololwa ke N. H. Knorr ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 264]

Dipuo tse di neng di neelwa ke F. W. Franz kaga go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela e ne e le tsa botlhokwa thata kwa kopanong e kgolo (New York, 1958)

[Ditshwantsho mo go tsebe 265]

Ka dingwaga tse dintsi tirelo ya tshimo e ne e le karolo e e tlhomologileng ya kopano nngwe le nngwe e kgolo.

Los Angeles, kwa U.S.A., ka 1939 (kwa tlase); Stockholm, kwa Sweden, ka 1963 (se se mo teng ga se sengwe)

[Ditshwantsho mo go tsebe 266]

Fa J. F. Rutherford a ne a bua go tswa kwa Washington, D.C. ka 1935, molaetsa o ne wa fetisiwa ka radio le ka megala ya thelefouno go ya kwa dikontinenteng tse thataro

[Ditshwantsho mo go tsebe 268]

Kwa Nuremberg, kwa Jeremane, ka 1946, Erich Frost o ne a naya puo e e nonofileng e e reng “Bakeresete mo Boubelong”

[Setshwantsho mo go tsebe 269]

Kopano e kgolo e e neng e tshwaretswe mo lebaleng fela kwa Kitwe, kwa Rhodesia Bokone, fa N. H. Knorr a ne a etetse koo ka 1952

[Ditshwantsho mo go tsebe 270, 271]

Ka 1958 bareetsi ba palo e e kana ka 253 922, ba tletse mo mabaleng a magolo a metshameko kwa New York, ba ne ba utlwa molaetsa o o neng o re “Bogosi jwa Modimo Bo A Busa—A Bokhutlo jwa Lefatshe Bo Gaufi?”

Polo Grounds

Yankee Stadium

[Setshwantsho mo go tsebe 274]

Grant Suiter, modulasetilo wa kopano e kgolo kwa Yankee Stadium ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 274]

John Groh, (yo a ntseng fa fatshe) a buisana le George Couch kaga thulaganyo ya kopano ka 1958

[Ditshwantsho mo go tsebe 277]

Ka 1963 go ne ga tshwarwa kopano e kgolo go dikologa lefatshe, go na le baemedi ba ba tswang kwa dinageng di le 20 ba tsamaya le yone go dikologa lefatshe

Kyoto, kwa Japane, e ne e le mongwe wa metsemegolo e 27 e kopano e kgolo e neng e tshwaretswe kwa go yone (kwa tlase kafa molemeng). Baemedi ba ba tswang kwa Repaboliking ya Korea ba ne ba kopana (fa gare). Tumediso ya Se-Maori kwa New Zealand (kwa tlase kafa mojeng)

[Ditshwantsho mo go tsebe 279]

Kopano e kgolo e e neng ya tshwarwa ka dipuo di le 17 ka nako e le nngwe fela, mo motseng o o agilweng ka bamboo o agetswe tiragalo eo (Lagos, kwa Nigeria, ka 1970)

[Ditshwantsho mo go tsebe 280]

Go ne ga tshwarwa dikopano tse dikgolo thata di le tharo kwa Poland ka 1989, go na le baemedi ba ba tswang kwa dinageng di le 37

T. Jaracz (kafa mojeng) o ne a bua le ba ba neng ba tlile kopanong kwa Poznan

Go ne ga kolobediwa diketekete kwa Chorzów

Bareetsi ba ne ba opa diatla ka lobaka lo loleele kwa Warsaw

Batho ba ba neng ba tlile kopanong go tswa kwa go se pele e ne e leng U.S.S.R. (kwa tlase)

Dikarolo dingwe tsa lenaneo kwa Chorzów di ne tsa ranolelwa mo dipuong di le 15

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela