Potso e e Botlhokwa Go di Gaisa Tsotlhe
MOITSE wa dijini e bong, Francis S. Collins o ne a botsa jaana: “A go ka nna le potso e e botlhokwa go gaisa mo hisitoring yotlhe ya batho go na le e e reng, ‘A go na le Modimo?’” O ntsha ntlha ya botlhokwa. Fa e le gore ga go na Modimo, go raya gore ga go na botshelo morago ga jono e bile ga go na mongwe yo o kwa godimo yo o ka bayang melao mo dikgannyeng tsa boitsholo.
Lebaka la go bo batho bangwe ba belaela gore Modimo o teng ke ka gonne baitsesaense ba le bantsi ga ba dumele mo go ene. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe dikgopolo tse batho ba le bantsi ba nang le tsone di ka nna phoso thata, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.
Ka maswabi, bontsi jwa madumedi a a mo lefatsheng a dirile gore batho ba tlhakane tlhogo le go feta ka go ruta dilo tse di sa dumalaneng le kitso ya saense e e sa bolong go nna teng. Sekai se se tlhomologileng ke kgopolo e e sa tsweng mo Baebeleng ya gore Modimo o bopile lefatshe ka malatsi a le marataro a diura di le 24, dingwaga di le dikete di le mmalwa tse di fetileng.
E re ka batho ba le bantsi ba lebane le dithuto le difilosofi tse di sa dumalaneng, ba tlogela go batla boammaaruri ka go nna teng ga Modimo. Mme ke eng se se ka nnang botlhokwa thata—le go nna le diphelelo tse di molemolemo—go feta go batla dikarabo tse di ka ikanngwang tsa potso e e botlhokwa eno? Gone ke boammaaruri gore ga go na ope wa rona yo o kileng a bona Modimo e bile re ne re se teng fa lobopo le botshelo di ne di nna teng. Ka jalo, e ka tswa re dumela mo Modimong kgotsa nnyaa, tsela e re lebang dilo ka yone e akaretsa go nna le tumelo e e rileng. Mme ke tumelo ya mofuta mang?
Tumelo ya Boammaaruri e Theilwe mo Bosuping jo bo Nonofileng
Tumelo—bobotlana go ya bokgakala jo bo rileng—ke karolo e e botlhokwa mo botshelong jwa rona. Re amogela tiro re lebeletse gore re tla duelwa. Re lema dijalo re tlhomamisegile gore dipeo tseo di tla tlhoga. Re ikanya ditsala tsa rona. Mme re tshepa melao e e laolang lobopo. Eno ke tumelo e e theilweng mo kitsong ka gonne go na le bosupi. Ka tsela e e tshwanang, go dumela gore Modimo o teng go ikaegile ka bosupi.
Mo go Bahebera 11:1, Baebele ya re: “Tumelo ke . . . pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” Thanolo e nngwe ya re: “Tumelo . . . e dira gore re tlhomamisege ka dilo tsa mmatota tse re sa di boneng.” (The New English Bible) Ka sekai: O tsamaya mo lotshitshing lwa lewatle fa ka tshoganyetso o utlwa lefatshe le roroma. Go tswa foo, o bona metsi a tswa ka potlako mo lewatleng. O lemoga se tiragalo eno e se kayang le gore e go tlhagisa ka tsunami. Mo maemong ano, go roroma ga lefatshe le metsi a a tswang mo lewatleng ke “pontsho e e bonalang sentle” ya selo sa mmatota se o iseng o se bone, e leng makhubu a a tlang. Go tswa foo, tumelo ya gago e e theilweng mo kitsong e dira gore o tshabele kwa lefelong le le kwa godimo go bona tshireletsego.
Tumelo mo Modimong le yone e tshwanetse go thewa mo kitsong, go dira sengwe ka ntlha ya bosupi jo bo go tlhatswang pelo. Ke gone fela Modimo a ka nnang ‘motho wa mmatota yo o sa mmoneng.’ A o tlhoka go nna moitsesaense gore o sekaseke bosupi jo bo ntseng jalo? Mogapi wa sekgele sa Nobel e bong, Vladimir Prelog, o ne a dumela gore tota le e leng “bagapi ba Sekgele sa Nobel ga ba na kitso e e oketsegileng ka Modimo, bodumedi le botshelo morago ga loso, go gaisa batho ba bangwe.”
Go nna peloephepa le go batla go itse boammaaruri go tshwanetse ga go tlhotlheletsa gore o sekaseke bosupi jono o sa tseye letlhakore mme o bo o dira gore bosupi joo bo go thuse go dira tshwetso e e siameng. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jo o ka bo sekasekang?
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Molemirui o na le tumelo ya gore dipeo di tla mela le go gola