Albarracín—“Sentlhaga sa Ntsu” sa Mofuta o o Farologaneng
“Etela nngwe ya ditoropo tse dintle thata kwa Spain, etela Albarracín.”—José Martínez Ruiz, mokwadi wa Mo-Spain yo gape a itsegeng e le Azorín, 1873-1967.
ALBARRACÍN ke toropo e e tlhomologileng. Ke eng se se dirang gore e tlhomologe jaana? Sa ntlha, ke tsela e e ntseng ka yone, hisitori ya yone le mafelo a mantle a a e dikologileng. Ka ntlha ya mabaka ano, ka 1961 puso ya Spain e ne ya tlhalosa fa toropo e nnye eno e e mo porofenseng ya Teruel e le sefikantswe sa naga. Mme ka 2005, baemedi ba setlhopha sa bajanala ba ne ba tlhopha Albarracín gore e nne “toropo e ntle go gaisa kwa Spain.”
Albarracín e e leng mo dithabeng tsa bogare jwa Spain, ke toropo ya bogologolo e e nang le baagi ba ba ka nnang 1 000. E dikologilwe ke naga e tala e e nosediwang ke dinoka di le mmalwa e bile e na le dithaba tse le tsone di nang le leina le le tshwanang le la yone—Sierra de Albarracín.
Kwa go Nang le Dijo le Metsi Gone
Mo metlheng ya bogologolo, go ne go na le diphologolo tse dintsi tse di ka tsomiwang kwa Albarracín, mme seno se ne sa ngoka masetlelara, ba ditshwantsho tsa bone tse ba di takileng mo magageng di bontshang gore e ne e le bataki ba ba ditswerere e bile e le batho ba ba neng ba rata tlhago thata. Ba ne ba taka dipoo tse dintsi tse dikgolo le diphologolo tse dingwe, tse ba neng ba di penta ka pente ya mmala o mosweu e e ileng ya bonwa fela mo lefelong leno. Bakanoki ba akanya gore magaga ano a mo go one go neng go tshwantshitswe ditiragalo tsa letsatsi le letsatsi, a ne a dirisiwa jaaka mafelo a bokopanelo a go neng go dirwa ditiro tsa bodumedi kgotsa tsa setšhaba mo go one.
Tota le gompieno, dikgama, dikolobe tsa naga le diphologolo tse dingwe tse dinnye di dintsi mo lefelong la tshireletso la Montes Universales. Mme noka ya Guadalaviar (e ka Searabia e rayang “Noka e Tshweu”) ke nngwe ya dinoka tse di nang le trout (mofuta wa tlhapi) e e monate go gaisa kwa Spain.
Ka 133 B.C.E., Baroma ba ne ba gapa morafe wa Ba-Celtiberia mme ba tlhoma metse e le mmalwa mo kgaolong ya Albarracín. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., baenjeniri ba Baroma ba ne ba aga mosele wa metsi (1) wa boleele jwa dikilometara di le 18. Go tsewa fa eno e ne e le nngwe ya diporojeke tse di neng tsa direlwa batho tse di neng di raraane thata tsa Baroma kwa Spain. Gape go na le bosupi jwa gore bodumedi jwa Baroma le jone bo kile jwa bo bo le mo lefelong leno. Setshwantsho se se betlilweng mo lebitleng la Seroma se se bonweng mo toropong ya Albarracín se supa gore go ne go na le kobamelo ya mmusimogolo fano.
Katlego Kafa Tlase ga Puso ya Bomoseleme
Ba-Moor ba ne ba gapa kgaolo eno mo lekgolong la borobongwe la dingwaga, mme go dumelwa gore leina Albarracín le tswa mo leineng la masetlelara a Bamoseleme ba ba neng ba tla fano, ba kgotla ya Ba-Berber ya borra Banu Razin. Mo Metlheng ya Bogare, Ba-Moor, Bajuda le batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba nna mmogo ba tlotlana le go itshokelana. Ka ntlha ya seo, eno e nnile nako ya katlego e kgolo mo hisitoring ya Albarracín.
Batho ba ba itseng tiro ya diatla ba kwa Albarracín ba ile ba dira dilo tse dintle, mme go bonala le kalafi e ile ya atlega fano. Go ne ga ribololwa dithulusu tsa karo tse di bontshang gore dingaka tse di arang di ne di ara le e leng di-cataract (go fifala ga thaka ya leitlho). Albarracín e ne ya tswelela e busiwa ke Bamoseleme go fitlha kwa bofelong jwa lekgolo la bo12 la dingwaga, fa e ne e simolola go busiwa ke Katoliki ya Roma. Go botlhokwa go ela tlhoko gore go bonala fa e nnile lekgetlho leno fela mo hisitoring ya Spain le go ileng ga nna le phetogo ya sepolotiki e e neng ya direga ka kagiso.
Albarracín e ntse jang gompieno? Moeti o sa ntse a ka kgona go ralala mo toropong eno ya motlha wa bogologolo ka gonne ga go ise go nne le dikarolo tsa sesheng tse di agilweng.
Popego e e Gakgamatsang
Mofilosofi wa Mo-Spain e bong José Ortegay Gasset (1883-1955) o ne a tlhalosa Albarracín jaaka “toropo e e agilweng bontle mo godimo ga thabana.” Tlhaloso eno e a tshwanela, ka gonne toropo eno e dutse mo godimo ga lefika le le bogodimo jwa dimetara tse di ka nnang 1 200 go feta bogodimo jwa lewatle mme e dikologilwe ke mogogoro o o boteng, o o dirisiwang jaaka mosele o o sireletsang. Lefelo leno la phemelo la tlhago le sireleditse toropo eno go ralala makgolo a dingwaga mme le dirile gore Albarracín e fiwe leina la sereto la Sentlhaga sa Ntsu.
Fa moeti a ntse a ralala mebila e mesesane e e adilweng ka matlapana ya toropo eno, o tla bona dikago tse di kgatlhang tsa nako e e fetileng. Dingwe tsa dikai tse di molemo tsa dikago tseo ke Corner Balcony, Blue House (2), le Julianeta House (3). Kago eno ya Julianeta House e batlile e bonala e le yone e dirang gore go nne le tekatekano mo makopanelong a ditsela tse pedi.
Matlo a motlha oo a ne a agilwe ka logong le polasetere, didirisiwa tse di nang le boima jo bo kwa tlase ga jwa leje—sengwe se se botlhokwa fa e le gore o aga mo godimo ga thotana. Difensetere tsa one tse di nang le digaretene tsa dikanta le magora a tshipi (4) le tsone di ngoka tlhokomelo ya moeti. Mathudi a a fetafetanang, a a betlilweng ka logong le dilo tse di mo mabating tse di dirisediwang go kokota tse di sa tlwaelegang, tse gantsi di dirilweng ka dipopego tsa diphologolo, di dira gore go nne le pharologano e kgolo.
Ope fela yo o nang le bothata jwa go tshwarwa ke sedidi o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a leba kwa tlase fa a tsena mo go nngwe ya matlo a a agilweng mo lepaweng. E re ka toropo eno e ne ya agiwa mo godimo ga lefika mme lefelo la go aga le ne le le lennye, baagi ba ne ba aga mangwe a matlo a bone mo bofelong jwa lepawa.
Kago nngwe ya phemelo ya Se-Moor, e fela mo setlhoeng sa thotana e e kwa godimo ga toropo, mo lefelong le e kileng ya bo e le bogare jwa Albarracín. Torre del Andador ke karolo ya lobota lwa ntlhantlha lo lo ileng lwa agiwa ke Baarabia mo lekgolong la bolesome la dingwaga. Meago e e neng ya agiwa moragonyana e ne e le kereke e kgolo ya Se-Goth, e e agilweng mo lekgolong la bo16 la dingwaga le holo ya toropo e e bopegileng jaaka tlhako ya pitse mme e na le mathudi a a kgolokwe.
Matlotlo a Tlholego mo Mafelong a a Gaufi
Mo bathong ba ba ratang tlholego, Albarracín e na le dilo tse dintsi tse ba ka di kgatlhegelang. Dithaba tse di e dikologileng di na le diphologolo le dimela tse dintsi tse di farologaneng. Didiba, melatswana le diphororo di kgabisa dithaba tseno thata. Mme batho ba ba tlang go kampa fano ba ka itumelela go lebelela dinaledi bosigo.
Go na le malapa a le mmalwa a Basupi ba ga Jehofa a a nnang mo lefelong leno. Tikologo e ntle e ba nnang mo go yone e ba gakolola ka tsholofetso ya Baebele ya gore mo Bogosing jwa Modimo, batho ba ba kutlo ba tla tshela mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe. Tseno ke dikgang tse di molemo tse ba lekang go di bolelela baagelani ba bone.—Pesalema 98:7-9; Mathaio 24:14.
Ngwaga le ngwaga go na le bajanala ba ba fetang dikete tse di lekgolo ba ba ralalang mebila e mesesane ya Albarracín. Fa o tla mo Spain, ke eng o sa etele “sentlhaga sa ntsu” se se tlhomologileng se se fitlhegileng mo dithabeng?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]
MATLOTLO A DITIRO TSA BOTSWERERE A A BONWENG KWA ALBARRACÍN
Nkgo ya setlolo ya mmala wa selefera. Kgosi ya Mo-Moor e bong Abdelmelic o ne a dira gore nkgo eno e direlwe mosadi wa gagwe e bong Zahr, leina le le kayang “Lelomo” ka Searabia. Bontlhanngwe jwa mafoko a a gabilweng mo nkgong eno a re: “Tshegofatso ya ngwaga otlhe . . . , thuso ya Modimo le kaelo ya bopelontle le tshiamiso.” E tsewa e le nngwe ya matlotlo a mantle go gaisa a botswerere jwa Searabia sa kwa Spain.
Tlhapi e e gabilweng mo lefikeng la kirisetale. Tlhapi eno e kgabisitswe ka makape mme e na le molomo wa mmala wa selefera le mafafa a gauta. Gape e kgabisitswe ka diperela le dirubi. Tlhapi e e gabilweng eno e raraane jaana mo e leng gore bomankge ba dumela gore ga go na motho ope yo o dirang ka diatla yo o ka tswang a ile a fetsa go e dira mo botshelong jwa gagwe.
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Jar: Museo de Teruel. Foto Jorge Escudero; crystal: Sta. Ma de Albarracín Foundation
[Mmapa mo go tsebe 16]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
PORTUGAL
SPAIN
MADRID
Albarracín
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
1 Mosele wa metsi
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
2 Blue House
3 Julianeta House
4 Magora a tshipi
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]
© Ioseba Egibar/age fotostock