Botshelo jo bo Bonya Jwa Sloth
“ITLHAGANELE o tle ka khamera!” Ke ne ka goeletsa nnake jalo fa ke bona sloth se setala fa pele ga me mo tselaneng ya mo sekgweng. Re ne ra tshega fa re lemoga gore go ne go se na lebaka la go itlhaganela—sloth ke nngwe ya diphologolo tse di bonya go gaisa mo lefatsheng.
Gore ke ithute mo go oketsegileng ka seamusi seno, ke ne ka etela Zoo Ave ya kwa La Garita de Alajuela, kwa Costa Rica. Lefelo leno ga se zuu fela, ke lefelo la go namola, la go sireletsa le la go tlhokomela diphologolo mme morago di bo di busediwa gape kwa sekgweng. Fa ke le koo, ke ne ka kopana le moitsethutotshelo e bong Shirley Ramírez, yo e neng e le mokaedi yo o tlhoafetseng wa dipatlisiso kwa Zoo Ave. O ne a nkisa go ya go bona sloth se se nnang mo zuu se leina la sone e leng Pelota, leina le le kayang “bolo” ka Se-Spain. Tota e bile, di-sloth di ka ikhutaganya e kete bolo fa di robala. Pelota ke sloth sa menwana e mebedi, se se lekanang le ntšanyana, se se nang le letlalo la maboanyana, nko e khutshwanyane le matlho a makima a mmalanyana o o borokwa.
Go ya ka dipatlisiso tse ke di dirileng, di-sloth ke diphologolo tse di ratang go nna di le nosi e bile fa di tsala di nna le ngwana a le mongwe fela ka ngwaga. Lesea la sloth le tla tlamparela mmaalona mo dibekeng tsa ntlha tse nnè go ya go tse thataro go fitlha le kgwesiwa mme le tla nna le ngaparetse mo mpeng ya mmaalona mo dikgweding tse tlhano go ya go tse robedi tse di latelang. Ka nako eo, mmaalona o tla le jesa ka molomo matlhare a a boleta a a silegang motlhofo. Moragonyana, lesea le tla ikgetlela matlhare ka bolone le ntse le itshwareletse ka mmaalona. Ka nako ya fa ba ntse ba le mmogo, sloth gape se ruta lesea la sone go tlwaelana le lefelo le lennye le lesea le tla nnang mo go lone.
Mefuta ya Di-sloth
Ke ne ka utlwa gore sloth se ke se boneng mo sekgweng se ne se na le menwana e meraro. Se ne se na le bontsho go dikologa matlho a sone, mogatla o mokima o mokhutshwane, letlalo la boboa jo bo thata, maoto a kwa pele a a leng maleele thata go feta a a kwa morago le patso ya boboa jwa mmala o o serolwana fa gare ga magetla a sone. Mofuta ono wa sloth o na le marapo a monyetsane a le robongwe mo thamong ya sone, a a se thusang gore se kgone go retolosa tlhogo ya sone ka selekanyo sa didikirii di le 270 fa se ntse se batla matlhare a se a ratang thata. Mme ke ka ntlha yang fa se ne se bonala se na le mmala o motala? Shirley, a re: “Mmalanyana o motala oo ke bolele jo bo golang mo boboeng jwa sloth.”
Go farologana le di-sloth tse di nang le matsogo a maleele le menwana e meraro, di-sloth tsa menwana e mebedi di na le maoto a a kwa pele a a ka nnang boleele jo bo lekanang le a a kwa morago. Di na le boboa jo boleele jo bo mmala o o borokwa jwa gauta mme bo le boleta.
Sloth se nna se arametse letsatsi se le kwa godimo ga ditlhare. Themperetšha ya mmele wa sone e ka fetofetoga go tswa go selekanyo se se kwa godimo sa didikirii tsa Celsius di ka nna 24 motshegare go ya go di le 33 bosigo—e leng phetogo e kgolo ya themperetšha e e fetang ya seamusi le fa e le sefe. Ditshika tsa sloth di bokoa thata jaana mo e leng gore ga se kgone go roroma gore se thuthafale. Ke ka lebaka leo gantsi se robalang se itshophile gore se nne bolo, gore mmele wa sone o nne o thuthafetse. Letlalo la sone le le boboa jo bokhutshwane le se thusa gore se thuthafale. Ebu, sloth se kgona go robala diura di le 20 ka letsatsi!
Se ja Ka Bonya Thata
E re ka go sila dijo go tlhoka mogote wa mmele gore dibakateria di dire le gore dijo di kgone go bedisiwa, themperetšha e e kwa tlase ya mmele wa sloth e dira gore selekanyo se mmele wa sone o silang dijo ka sone se nne kwa tlase thata. Matlhare a ka tsaya mo e ka nnang kgwedi go feta mo dikgatong tsa go silwa ga dijo mo maleng a sloth, a a nang le dikarolo tse dintsi, morago ga foo a bo a fetela kwa leleng le lennye. Ka paka ya dipula fa go na le malatsi a mantsi a a tsididi, di-sloth di ka swa ka ntlha ya tlala ntswa mala a tsone a tletse ka dijo. Shirley, o tlhalosa jaana: “Mogote wa letsatsi o botlhokwa thata gore di-sloth di kgone go sila dijo tsa tsone.”
Shirley o oketsa jaana: “E re ka ke le motlhokomedi wa diphologolo mo zuu e bile ke phepafatsa mo di nnang teng, selo se ke se ratang thata ka di-sloth ke gore di ithoma le go tlhapologa gangwe fela ka beke! Fa di ithoma, di fologela kwa tlase di bo di epa khuti mme di bo di epela mantle a tsone. Ke sone fela se di se dirang di le fa fatshe.”
Di Diretswe Go Nna di Lepeletse mo Ditlhareng
Mo e ka nnang sengwe le sengwe se di-sloth di se dirang—go ja, go robala, go gwela le go tsala—di go dira di lepeletse mo ditlhareng. Mmopi o bopile diamusi tse dinnye tseno ka botlhale, gore di kgone go tshela di lepeletse mo ditlhareng. Phologolo eno e akgega mo setlhareng ka menwana ya yone, e e nang le manala a a boleele jwa disentimetara di le supa a a kgonang go ngaparela mo dikaleng le mo ditlhareng tsa merara. Go thusa gore letlalo la sloth le se ka la kolobediwa ke dipula tsa boboatsatsi, tota le boboa jwa sone bo gola bo lepeletse! Boboa jwa sone bo a arogana mo mpeng mme bo bo bo golela kwa tlase mo mokwatleng—e leng se se farologaneng le se se diregang ka boboa jwa diphologolo tse dingwe tse di nnang fa fatshe—mme pula e elela fela e feta mo boboeng jwa sone. Le fa gone sloth se sa kgone go tsamaya sentle fa se le fa fatshe, fa se le kwa godimo mo dikaleng, se tsamaya ka bonya le ka matsetseleko. Se se kgatlhang ke gore, sloth ke sethumi se se setswerere!
Ke eng se sengwe gape se ke ileng ka se ithuta ka phologolo eno e e nnang kwa godimo ga ditlhare? Go na le dilo tse pedi tse di tlhomologileng. Sa ntlha, sloth se na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go kgona go falola dikgobalo e bile ga se bolawe ke botlhole jo bontsi jo bo ka bolayang diamusi tse dingwe. Dintho tsa sone tse di maswe di fola ka bonako, mme ga se gantsi di tsenwang ke megare. Ka jalo, babatlisisi ba tsa kalafi ba ne ba tla solegelwa molemo, fa ba ne ba ka tlhaloganya botoka tsela e thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse ya sloth e berekang ka yone. Sa bobedi, batho ba ba nnang ba itlhaganetse e bile ba ngomogile pelo, ba ka solegelwa molemo fa ba ka etsa mokgwa wa sloth wa go ritibala le go iketla.—Re se abetswe.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]
“LEFELO LE LE SIAMETSENG BOLELE”
Mmalanyana o motala o o mo boboeng jwa sloth o bakiwa ke bolele jo bo golang mo gare ga boboa jo bo fa godimo jwa seamusi seno. Sloth se letla bolele go nna mo go sone mme bolele jono bo se thusa ka dikotla tse sloth se di bonang ka go gora boboa jwa sone kgotsa ka go di monya ka letlalo la sone. Mmalanyana o o bosetlha jo botala o dira gore sloth se lebege fela jaaka mokoa wa matlhare a a akgegang mo lekaleng—tsela e e tshwanelang sentle ya go iphitlha mo sekgweng! Mme fa sloth se tshela nako e teletsana, mmala wa sone le one o nna motala le go feta!
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Top right: © Michael and Patricia Fogden; bottom: © Jan Ševčík