Matlotlo a Mannye a Kwa Niihau
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA HAWAII
MARIGA mangwe le mangwe, makhubu a difefo a itaagana mo lobopong lwa “Setlhaketlhake se se Ileditsweng” sa Hawaii e leng Niihau. Makhubu ano a tla bo a kolopela dikgapetla tsa dikgopa tse dinnye tse di lolea tsa lewatle mo dintshing mme metsi a bo a di ntshetsa mo mabopong mangwe a lewatle. Niihau—e e bogolo jwa disekwerekilometara di le 180 fela—ke setlhaketlhase se sennye go gaisa ditlhaketlhake tse dingwe tse supa tsa Hawaii tse go nnang batho mo go tsone. Go a tshwanela he go bo setlhaketlhake seno sa lekgwamolelo e le kwa go bonwang dingwe tsa matlotlo a mannye thata a lefatshe—dikgapetla tse dintle tsa kwa Niihau.
Go farologana le setlhaketlhake sa Kauai, se se bapileng thata le sone se se bokgakala jwa dikilometara di le 27 go ela kwa bokonebotlhaba, Niihau yone ga e na dithaba tse dintsi e bile dipula ga di ne thata mo go sone. Mme ke ka ntlha yang fa se bidiwa Setlhaketlhake se se Ileditsweng? Niihau ga se setlhaketlhake sa batho botlhe mme batho ba ba sa rulaganyang pele go se etela ga ba letlelelwe. Baagi ba setlhaketlhake seno ba ba kgonang go itlamela ka sengwe le sengwe ga ba na lefelo le le fetlhang motlakase, dipompo tsa metsi, mabenkele le poso. E le go dira maiteko a go boloka ngwao ya bone, Ba-Hawaii ba koo ba ba ka nnang 230 ba buisana ka Se-Hawaii. Fa ba sa tlhokomele dinku le dikgomo tsa bone, bontsi jwa bone ba a bo ba bereka mo “moepong wa bone wa gouta” wa dikgapetla tse dinnye.a
Mo dikgweding tse di bothito tsa mariga tsa kwa Hawaii, malapa a tsamaya ka dinao kgotsa ka dibaesekele mo ditseleng tse di lerole go ya kwa mabopong a a iseng a senngwe le kwa dikgogometsong tse di matlapa, koo ba tlholang letsatsi lotlhe ba ntse ba kgobokanya dikgapetla. Fa ba setse ba kgobokantse dikgapetla tseno, ba di ala mo moriting gore di ome. Moragonyana di tla bo di tlhophiwa go ya ka bogolo jwa tsone le boleng jwa tsone mme ba bo ba dira megala e mentle ya dikgare kgotsa dibaga. Mo ditlhaketlhakeng tse go nang le dijalo tse dintsi gone, bontsi jwa dikgare tseno di dirwa ka malomo. Mo setlhaketlhakeng sa Niihau dikgapetla di dirisiwa jaaka “malomo.”
“Mabenyane” a a Tswang Kwa Lewatleng
Dikgapetla ga di bolo go dirisiwa jaaka mabenyane kwa Hawaii. Kwa bofelong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, babatlisisi ba lewatle—ba ba akaretsang Kapotene James Cook—ba ile ba bona mekgabisa ya dikgapetla mo Hawaii mme ba kwala ka tsone mo teng ga dibuka tsa bone tse ba neng ba kwala dilo tse di diragetseng mo loetong. Ba ne ba boela morago ba tshotse le disampole, tse dingwe tsa tsone di ka tswang di ne di tswa kwa Niihau. Fa nako e ntse e tsamaya, basadi ba ba itsegeng ba ba akaretsang dibini tota le e leng batho ba segosi ba ne ba simolola go tsenya dikgare tsa kwa Niihau tse dintle. E re ka go ne go na le mabenkele a a rekisang dilo tsa lefelo leo, mo lekgolong la bo20 la dingwaga, bajanala le masole a a neng a feta mo Hawaii ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ba ne ba dira gore “mabenyane” a a kgethegileng ano a itsege le kwa mafelong a mangwe. Gompieno, dibaga tse di neng di dirisiwa fela ke batho ba ba tumileng ba kwa Hawaii di tsenngwa ke batho ba ba nnang kwa dinageng tse dintsi tse di farologaneng.
Kwa Hawaii dikgapetla tse gantsi di dirisiwang go dira dikgare tsa kwa Niihau di bidiwa momi, laiki le kahelelani. Go farologana ga tsone ka mmala le popego go dira gore e nne tiro e e thata mme e le e e itumedisang mo badiring ba dikgare ba gantsi e leng basadi—ba ba lomaganyang dikgapetla tseno ka matsetseleko gore e nne dibaga tse dintle. Go dirisiwa mefuta e e farologaneng e e ka nnang 20 ya di-momi tse di phatsimang tse di motopo, go tloga ka e e bosweu jo bo galolang go ya go borokwa jo bo tseneletseng. Fa di dirilwe ka mokgwa o o turang wa Lei Pikake, di-momi tse di phatsimang jaaka e kete di tshasitswe lookwane, tse dinnye tse di ka nnang boleele jwa dimilimetara di le 10, di dira dikgare tse e keteng sebaga se se dirilweng ka malomo a a nkgang monate a jasmine kgotsa pikake.
Gantsi megala ya dikgapetla tse di farologaneng tse di phatsimang, tse di tshwanang le reise tse di bidiwang laiki, di kgabisa banyadiwa kwa Hawaii. Dikgapetla tse di phatsimang tseno di farologana ka mebala ya tsone go tloga ka tse ditshweu le tse di-ivory go ya go tse di boserolwana jo bo bosetlha jo bo nang le methalo e e borokwa. Dikgapetla tsa kahelelani tse di ka tswang di teeletswe ka kgosana nngwe ya bogologolo ya kwa Hawaii, di boleele jwa dimilimetara di le tlhano fela. Go thata go gokanyana dikgapetla tseno tse dintle tse di bopegileng jaaka dithathelelatlhogo mme dikgare tse di dirilweng ka tsone di ja madi a mantsi thata. Di na le mebala e e farologaneng go tloga ka mmala wa burgundy o o tseneletseng go ya go mmala o o sa tlwaelegang gotlhelele o o pinki e e tseneletseng, mme di ja madi a a fetang a tse dingwe gararo.
Go Dira Dikgare Tsa Dikgapetla Tsa Kwa Niihau
Fa modiri wa kgare a setse a itse gore o batla gore e lebege jang, o tla ntsha motlhaba otlhe mo dikgapetleng mme a bo a di phunya ka tshipi e tshesane e e motswi e e dirang dikhuti. Le fa gone a bereka ka matsetseleko le ka botswerere, kgapetla e le nngwe mo go di le tharo e a thubega. Ka jalo, o tshwanetse go nna a ntse a na le dikgapetla tse di oketsegileng gaufi gore a tle a kgone go fetsa kgare e le nngwe, e leng tiro e e ka tsayang dingwaga pele e ka fela! Go golaganya kgare, o tlhoka tlhale ya nylon e e gagamaditsweng ka samente e e omang ka bonako kgotsa ka boka jwa dinotshe. Gantsi go tsenngwa kgapetla e nnye e e bopegileng jaaka talama, e e jaaka sundial kgotsa puka kwa bofelong jwa mogala mongwe le mongwe mme kgapetla e le nngwe kgotsa di le pedi tsa cowrie le tsone di tsenngwa fa dintlha tse di kwa bofelong tsa kgare di kopanngwang gone.
Go na le ditsela tse dintsi tsa go lomaganya dikgare fela jaaka go na le mefuta e mentsi ya dikgapetla. Mefuta eno e akaretsa sebaga se le sengwe sa maemo a a kwa godimo sa kgare ya momi e tshweu e e boleele jwa disentimetara di le 150 go ya go 190, dikgare tsa megala tse di nang le dikgapetla tse dinnye tse dintsintsi le dikgare tsa dithunya tse di logilweng ka ditsela tse di farologaneng tse di raraaneng—mo gongwe go tlhakantswe dikgapetla le dipeo. Tiro ya go dira dikgare e tshwanetse go dirwa ka kelotlhoko, e tsaya nako mme e bile e gobatsa matlho. Le fa go ntse jalo, batho ba ba di dirang ba kwa Niihau, ba ba nang le botswerere e bile ba le pelotelele ka metlha ba dira dikgare tse dintle thata. Kgare nngwe le nngwe e tlhomologile mme go a utlwala go bo di tura fela jaaka maje a a tlhokegang le mabenyane a bogologolo, mme dingwe tsa tsone di ka ja diranta di le diketekete.
Gone ke boammaaruri gore Niihau ga e na dijalo tse dintsi le batho ba bantsi e bile e kwa thoko thata go gaisa ditlhaketlhake tse dingwe. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya badiri ba dikgare ba ba nang le bokgoni, batho ba ba nnang kgakala thata le dintshi tse di mogote tsa Niihau le bone ba kgona go ipelela bontle jwa matlotlo a “Setlhaketlhake seno se se Ileditsweng.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Yone mefuta ya dikgapetla e e bonwang fano e bonwa le mo Ditlhaketlhakeng tse dingwe tsa Hawaii le kwa mafelong mangwe a kwa Pacific, mme palo ya tsone le boleng jwa tsone di a farologana go ya ka lefelo.
[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Dikgapetla tse di omileng di tlhophiwa go ya ka boleng le bogolo jwa tsone mme di bo di gokaganngwa go nna kgare e ntle
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Robert Holmes
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Dikgapetla tsa “momi” tse di ikgarileng
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
© drr.net