LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/08 ts. 26
  • Temosi ya Gago ya Tatso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Temosi ya Gago ya Tatso
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lekang Jehofa Mme lo Bone Gore o Molemo”
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • “Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo”
    Opelelang Jehofa
Tsogang!—2008
g 7/08 ts. 26

A e Ne e Tlhamilwe?

Temosi ya Gago ya Tatso

◼ Fa o natha dijo tse o di ratang, ka bonako fela o kgona go utlwa moutlwalo wa tsone. Mme gone, thulaganyo eno e e gakgamatsang e dira jang?

Ela tlhoko: Loleme lwa gago—le dikarolo dingwe tse di leng mo molomong wa gago le mo kgokgotshong di na le setlhopha sa disele tse di bidiwang disele tsa tatso.Bontsi jwa tsone di mo teng ga papillae mo godimo ga leleme. Sele ya tatso e le nngwe e na le mo e ka nnang disele tse di amogelang melaetsa di ka nna lekgolo, tse nngwe le nngwe ya tsone e ka kgonang go farologanya nngwe ya mefuta e menè ya meutlwalo—botšarara, letswai, botshe, kgotsa bogalaka.a Go baba gone go wela mo lenaaneng le le farologaneng gotlhelele. Dilo tse di babang di tsibosa disele tse di tsibogang fa go na le botlhoko mo mmeleng—mme e seng disele tsa tatso! Mme e bile, disele tsa tatso tse di amogelang melaetsa di golagantswe le ditshikana tse di kgonang go utlwa, tse fa di tsibosiwa ke dikhemikale tse di mo dijong, ka bonako fela di romelang melaetsa mo karolong e e kwa tlase ya boboko.

Le fa go ntse jalo, ga o utlwe tatso fela ka molomo. Disele tse di fetang dimilione di le tlhano tse di mo nkong ya gago—tse di dirang gore o kgone go dupelela menko e e ka nnang 10 000 e e farologaneng—di na le seabe sa botlhokwa mo go utlweng menko. Go ile ga fopholediwa gore mo e ka nnang diperesente di le 75 tsa se re se bitsang tatso tota di tswa mo go dupeleleng ga dinko tsa rona.

Borasaense ba dirile motšhine o o dirang jaaka nko wa electrochemical o o dirisang disensara tsa khemikale ya gase go dupelela. Le fa go ntse jalo, ngaka e e ithutang ka ditshika tsa boboko e bong John Kauer yo o nopotsweng mo go Research/Penn State o bolela jaana: “Dilo le fa e le dipe fela tse di dirilweng ke batho e le go etsa dilo tsa tlholego di tlile go nna tsa boleng jo bo kwa tlase fa di bapisiwa le dilo tsa tlholego, tse di dirilweng ka matsetseleko e bile di raraane.”

Ga go na ope yo o ka ganetsang gore go kgona go latswa dijo go dira gore di nne monate. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba sa ntse ba sa itse gore ke eng se se dirang gore batho ba rate mofuta o o rileng wa tatso go feta o mongwe. Lokwalodikgang lwa Science Daily lwa re: “Borasaense ba ka tswa ba itse gore mmele wa motho o dira jang, mme ga ba ise ba tlhaloganye sentle kafa ditemosi tsa rona tsa tatso le tsa go dupa di dirang ka teng.”

O akanya eng? A temosi ya gago ya tatso e itiragaletse fela? Kgotsa a ke bosupi jwa gore e tlhamilwe?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo dingwageng tsa bosheng jaana borasaense bangwe ba ne ba tsenya umami mo lenaaneng. Umami e tlhalosa matswai a a tlhomologileng a asiti ya glutamate. Nngwe ya one ke monosodium glutamate e e tokafatsang moutlwalo.

[Setshwantsho se se radilweng\Setshwantsho mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

Kafa loleme lo lebegang ka teng kafa gare

[Setshwantsho se se radilweng]

Papillae

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Dr. John D. Cunningham/Visuals Unlimited

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela