LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/08 ts. 13-17
  • Dikanala Tsa Kwa Boritane—Di sa Ntse di Kgatlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikanala Tsa Kwa Boritane—Di sa Ntse di Kgatlha
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Agiwa le go Dirisiwa ga Tsone
  • Botshelo mo Mokorong o Mosesane
  • Go Fokotsega ga Dikanala —Le go Dirisiwa ga Tsone Gompieno
  • Mokoro wa Galalea—Letlotlo la Metlha ya go Kwalwa ga Baebele
    Tsogang!—2006
  • Sekepe se Thubega mo Setlhaketlhakeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Tsogang!—2008
g 7/08 ts. 13-17

Dikanala Tsa Kwa Boritane—Di sa Ntse di Kgatlha

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE

Kwa masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga, dikanala tse di ka nnang boleele jwa dikilometara di le 6 000 di ne di ralala Engelane, Scotland le Wales. Ke ka ntlha yang fa di ne di agilwe mme di dirisiwa ke bomang mo lekgolong la bo21 la dingwaga?

KA LEKGOLO la bo18 la dingwaga, phetogo ya madirelo a kwa Boritane e ne e tlhoka thulaganyo ya go tsamaisa didirisiwa le dilo tse di setseng di dirilwe e e sa jeng madi a mantsi mme gone e le bofefo. Pele ga nako eo, go ne go dirisiwa ditlhopha tsa dipitse go rwala dithoto kana go goga dikolotsana. Ditsela tse di neng di tsamaya mo go tsone mariga, di ne di sa tsamaege ka go bo di ne di na le seretse se sentsi e bile di epegile. Kafa letlhakoreng le lengwe, pitse e le nngwe e ne e ka kgona go goga mokoro o o tsamayang mo kanaleng o o rweleng morwalo wa boima jwa ditone di le 30 motlhofo fela.

Ka 1761, kgosana ya kwa Bridgewater e ne ya rulaganya gore go agiwe kanala e e tsamaisang malatlha go tswa mo meepong ya gagwe go ya kwa bareking ba kwa Manchester, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 16. Seno ga se a ka sa mo direla madi a le mantsi fela mme gape se ne sa dira gore tlhwatlhwa ya malatlha kwa Manchester e fokotsege ka halofo. Ka bo1790 go ne ga dirwa thulaganyo e e raraaneng go gaisa, e leng tsamaiso ya dikanala ya Grand Cross e kgabagare e neng ya golaganya dinoka tse nnè tse di botlhokwa thata mme ya kopanya madirelo a Engelane le mafelo a dikepe di neng di ema mo go one. Nako ya go dirisiwa thata ga dikanala kwa Boritane e ne e simologile.

Go Agiwa le go Dirisiwa ga Tsone

Baenjeniri ba ba nang le bokgoni ba ba akaretsang James Brindley yo o ithutileng boenjeniri ka boene, a dira tiro ya gagwe a sa kwala dilekanyo dipe e bile a sa dira ditshwantsho dipe, o ne a dira tiro ya botswerere ya go aga mosele wa metsi go kgabaganya dikilometara tse dintsi mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Tota le gompieno go agiwa ga mesele ya metsi, dithanele le marogo ke setlhopha seo sa babereki, go sa ntse go tsewa e le tiro e e tlhomologileng.

Go ne ga agiwa “mekoro e mesesane” e leng mekoro ya logong e e se nang marulelo e e boleele jwa dimetara di le 20 le bophara jwa dimetara di le pedi e le gore e rwale dithoto tse di jaaka malatlha, kalaka, manyaphiri, kaolin, tshipi, ditena le bupi. Mekoro eno e ne e gogiwa ke dipitse mo ditselaneng go bapa le dintshi tsa dikanala. E ne e bidiwa “mekoro e e fofang” ka go bo e ne e tsamaisa merwalo e e tlhokang go fitlha ka bofefo kana dithoto tse di senyegang ka bonako. Gape e ne e tsamaya e sa emise, mme batho ba ba neng ba bereka mo go yone ba ne ba bereka bosigo jotlhe.

Mo dikanaleng dingwe, ditlhopha tsa dipitse tse di neng di refosana diura dingwe le dingwe di le nnè, di ne di goga mekoro e e nang le bapalami ba ba ka nnang 120 ka lobelo lwa dikilometara di le 15 ka ura. Fela jaaka mekoro e e fofang, le yone e ne e letleletswe go feta pele ga mekoro e mengwe mme mo kanaleng ya Bridgewater e ne e tsenngwa legare le legolo kwa pele gore e sege kgole ya mokoro ope fela o o neng o le mo tseleng ya one! Fa dikanala di simolola go nna gone, batho ba ba tlwaelegileng ba ne ka lekgetlho la ntlha ba kgona go ya kwa mafelong a a kgakala ba sa duele madi a mantsi e bile ba tsamaya monate.

Botshelo mo Mokorong o Mosesane

Botshelo jwa go tsamaya ka mekoro mo dikanaleng bo ne bo le bokete. Tiro ya bone e ne e le boima mme gantsi e le kotsi. E re ka ba ne ba nna ba tsamaya ba ne ba se na nako ya thuto mme ba ne ba simolola go katogana le batho ba ba neng ba ba tlwaetse.

Batho bano ba ba nnang mo mekorong e mesesane ba ne ba simolola tsela ya bone ya go taka, ba kgabisa mekoro ya bone ka dipopego tse di mebalabala, ditshwantsho tsa malomo, le dipopego tsa mefutafuta, tse di neng di simolola kafa ntle ga mokoro di bo di tswelela mo diphaposaneng tse ba neng ba nna mo go tsone. Mokgweetsi wa mokoro, mosadi wa gagwe le bana ba bone, ba ne ba nna mo diphaposaneng tseno tse di neng di le boleele jwa dimetara di le tharo le bophara jwa dimetara di le pedi. E re ka go ne go kitlane mo mokorong, batho bano ba ne ba dira gore go nne le lefelo ka go dira malao le dikhabote tse di menwang. Go ne go anegiwa matsela a a logilweng mo dishelofong, mme letsopa le lesweu le dilwana tse di phatsimang tsa koporo di ne di anegiwa mo setofong gore di dire lesedi. Dilo tseno di ne di dira gore lefelo leno le fetoge legae. E re ka mosadi wa mokgweetsi wa mokoro a ne a dira ka natla, o ne a kgona go dira gore lelapa la gagwe le nne le le phepa le go boloka mokoro o le phepa le fa a ne a na le ditiro di le dintsi e bile mokoro o rwala dilo tse di leswe. Tota le mogala o o kgabisang leotwana la go kgweetsa o ne o gotlhiwa gore o re twaa!

Go Fokotsega ga Dikanala —Le go Dirisiwa ga Tsone Gompieno

Ka 1825, fa go agiwa ga dikanala go ne go le gaufi le go wediwa, George Stephenson o ne a bula seporo sa Stockton le Darlington, se e neng e le seporo sa ntlha se go neng go tsamaya diterena tsa malatlha tse di neng di pega batho. Mo dingwageng di ka nna 20 diporo di ne tsa simolola go dirisiwa thata go feta dikanala tse di neng di sa dirisiwe e bile di sa tlhole di baakanngwa. Mme e bile dikanala dingwe di ne tsa rekiwa ke dikhampani tsa diporo e le go thibela kgaisano e e ka nnang teng. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, phokotsego ya dikanala e ne ya tswelela ka gonne go ne ga agiwa ditsela tse di botoka le tse disha. Tota le batho ba ba neng ba solofetse gore dikanala di tla tswelela di dirisiwa, ba ne ba sa dumele gore di tla nna ka lobaka lo loleele.

Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya tiro e e dirilweng ke batho bangwe mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, ga go a ka ga nna jalo. Le fa gone mekoro e e tsamayang mo dikanaleng e sa ntse e rwala dithoto, e mengwe yone e ile ya dirwa magae a leruri kgotsa ya dirwa mekoro e e rwalang bajanala. Gone jaanong o ka kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 3 000 mo dikanaleng, o feta go ralala mafelo mangwe a mantle le a a iseng a senngwe a mo Boritane. Batho ba ba ratang mekoro eno e mesesane ba tsosolositse dingwao le meletlo ya bogologolo go dira gore di itsewe ke batho ba ba oketsegileng. Ee, ka ntlha ya go tuma ga mekoro eno e e kgabisitsweng, go na le mekoro e mesesane e e oketsegileng gone jaanong go gaisa ka nako e mekoro e neng e dirisiwa thata ka yone mo kgwebong, mme le dikanala di tlhokometswe ka tsela e di neng di tlhokometswe fa di ne di agiwa dingwaga tse di ka nnang 200 tse di fetileng.

Le fa go ntse jalo, ke batho ba le mmalwa fela gompieno ba ba dirisang dikanala go itlosa bodutu ba e leng batsamaisi ba mekoro. Ka ntlha yang? Ka gonne go tsosolosiwa ga maeto ka mekoro go ne ga dira gore go nne le diparaka tse di tshesane tse di kopakopaneng. Seno se dira gore batho ba kgone go ya kwa mafelong a go itlosa bodutu a pele a neng a sa itsege le mafelo a a kwa thoko a jaanong a fitlhelelwang ke batsamaya ka dinao, bapalami ba dibaesekele le batshwari ba ditlhapi ba ba dirisang ditselana tse dipitse di neng di goga mekoro mo go tsone. Madutelo a agilweng go dira gore metsi a dikanala a nne ka selekanyo se se tshwanang a botlhokwa thata mo ditsheding tsa naga, mme dikanala ka botsone di thusa mefuta e e farologaneng ya dijalo, dinonyane le diphologolo gore di tswelele di ntse di tshela.

Go agiwa ga dikanala tsa kwa Boritane go ne ga tlisa diphetogo tse dikgolo—mme e nnile diphetogo tse di neng di sa lebelelwa. Gone jaanong, dikanala tseno di dira gore batho ba kgone go tshabela dikgatelelo tsa botshelo jwa segompieno jo dikanala tseno di nnileng le seabe gore bo nne gone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

GO TSAMAYA MO DITHANELENG TSA DIKANALA

Ke dithanele di le mmalwa fela tse di nang le ditselana tse dipitse di gogang mekoro mo go tsone. Ka jalo, pele ga go nna le mekoro e e itsamaisang, mokgwa o le mongwe fela wa go fetisa mokoro mo thaneleng e ne e le o o kotsi wa go dirisa maoto. Go ne go bewa dipolanka di le pedi mo matlhakoreng a a kwa pele ga mekoro. Bakgweetsi ba mekoro ba ne ba robala ka mekwatla mo godimo ga dipolanka ba di tshegetsa ka diatla mme ba bo ba kgorometsa mokoro gore o tswe mo thaneleng ba dirisa maoto a bone a ba a tshegeditseng mo loboteng. E re ka go ne go le lefifi mme lesedinyana le le neng le le gone e ne e le la kerese e le nngwe fela, go ne go le motlhofo gore mongwe wa banna bano a relele mme a bo a wela mo metsing, ka dinako dingwe o ne a wa botlhoko thata jaana mo a neng a betsagana le mokoro le lobota lwa thanele. Dikanala tsa kwa Boritane ka nako nngwe di kile tsa bo di na le dithanele tse di ka nnang boleele jwa dikilometara di le 68, mme mo dithaneleng tse di telele thata go ne go hiriwa banna ba ba thapiseditsweng tiro eo. Thanele e telele go di gaisa tsotlhe gone jaanong e ne ya bulwa gape kwa toropong ya Standedge, Yorkshire, mme e boleele jwa dikilometara di le tlhano.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of British Waterways

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

MABATI A DIKANALA LE LEFITI YA MOKORO E E DIRILWENG KA BOTLHALE

E re ka metsi a sa kgone go tlhatloga, go diragala eng jaanong fa dikanala di fitlha mo go tlhatlogang gone? Kanala e ka latela tsela ya bogodimo jo bo lekanang le jwa yone, mme seno se ka dira gore tsela e nne telele, kana e ka tsamaya mo thaneleng e e dirilweng go kgabaganya lefelo le le tlhatlogang. Tsela ya boraro e ka nna go tlhatlosa selekanyo sa metsi a kanala go dirisiwa mabati. Mabati ano a na le diphaposi tse di kopanyang metsi a bogodimo jo bo sa lekaneng mme a na le dikgoro mo matlhakoreng oomabedi. Morago ga gore mokoro o tsene ka lebati la ntlha, dikgoro tsoopedi di a tswalwa. Jaanong mabati a tla bo a tladiwa ka metsi go dira gore mokoro o tlhatloge gore o fitlhe mo bogodimong jwa metsi a o yang kwa go one, kana metsi a a fokodiwa gore mokoro o ye kwa tlase go ikaegile ka gore ke eng se se tlhokegang ka nako eo.

Go tweng fa mabati a bogologolo a sa kgone go baakanngwa gape? Eno ke kgwetlho e go neng go lebanwe le yone kwa Scotland, kwa porojeke e kgolo e kopantseng dikanala tse pedi tse di neng di sa tlhole di dirisiwa tse di mo magareng ga Glasgow le Edinburgh. Go ne go sa kgonege go aga sesha mabati a a latelanang a a ka nnang 11 kwa Falkirk a pele a neng a golaganya Union Canal le kanala ya Forth le Clyde e kgologolo thata mo lefatsheng e e neng e tswa kwa lewatleng le lengwe e ya kwa go le lengwe. Tharabololo e e molemolemo e ne e le go dira Falkirk Wheel e e neng e ise e ko e dirwe pele, e leng lefiti e e dikologang ya boatlhamo jwa dimetara di le 35. Leotwana leno le kgona go tsamaisa mekoro e e ka nnang robedi, e le menè ka nako e le nngwe mo matlhakoreng a mabedi a a refosanang a lefiti, leotwana lengwe le lengwe le tsaya metsotso e le 15 fela go tswa kwa tlase go ya kwa godimo.

Lokwalodikgang lwa The Times lwa kwa London lo tlhalosa leotwana leno la re ke “tiro e e gakgamatsang ya boenjeniri,” leotwana leno le bonala mo phulung e kgolo e kgolokwe, e e nang le megala e megolo e e kgonang go tshwara mekoro e le 20 gore e se ka ya tsamaya.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Top right: Courtesy of British Waterways

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

LEBAKA LA GO BO RE ITUMELELA GO TSAMAYA MO DIKANALENG

Mo dingwageng tsa bosheng jaana, nna le mosadi wa me mo dingwageng tsa rona tsa botsofe, re ne ra itumelela malatsi a boikhutso a a ritibetseng re tsamaya ka mekoro mo dikanaleng. Ke ka ntlha yang fa re ka re a ritibetse? Sa ntlha, re kgakala le pharakano ya dikoloi le batho ba ba ratang go kgweetsa ka lobelo. Mo mekorong e mesesane, o ka kgona go tsamaya bonya, o tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le tlhano ka ura. Ke ka ntlha yang fa o tsamaya ka bonya jaana? Go tila go baka kgoberego ya metsi e e ka senyang dintshi tsa kanala. Ka jalo, gantsi batho ba ba tsamayang le dintša tsa bone ba a re feta!

Sengwe gape se se itumedisang ka go tsamaya bonya, ke gore re kgona go ipelela go leba mafelo a a re dikologileng, tota le go dumedisa batho ba ba fetang ka tsela. Mme mafelo a a dikologileng dikanala a ka nna mantle tota. Gantsi re hira mokorwana wa rona kwa South Wales mo Kanaleng ya Monmouthshire le Brecon. Kanala eno e boleele jwa dikilometara di le 50 go tswa kwa molelwaneng wa Wales go ya kwa dithabeng tsa Brecon tse di bogodimo jwa dimetara di le 886. Gangwe le gape, re a itumela fa re fitlha mo mabating mme mokoro o tlhatlosiwa kana o isiwa kwa tlase mo bogodimong jo bo farologaneng.—Bona lebokoso le le mo tsebe 15.

Mekoro eno e na le sengwe le sengwe se re se tlhokang mme gape go monate thata go tsamaya ka yone. E mengwe e na le diphaposi tse pedi tse dikgolo tsa go robala, tse nngwe le nngwe e nang le ntlwana le shawara. Gape e na le dithutafatsi tse di ka dirisiwang fa go ka nna tsididi bosigo. Gantsi re ikapeela dijo tsa rona mme fa re sa batle go apaya, re kgona go ema mo go lengwe la mafelo a a rekisang dijo a a leng mo dintshing tsa kanala mme re bo re itumelela dijo tse di monate.

Lefelo leno le ritibetse, bogolo jang phakela fa kanala e bonala e kete ke seipone, mme ditlhare le dithaba di bonala mo go yone. Sengwe le sengwe se didimetse mo o ka kgonang go utlwa gore ke nonyane efe e e opelang. Dikokolofute di nna di lebeletse ka tidimalo mme di tsamaya ka iketlo mo dintshing tsa kanala kwa pele ga rona.—Re se abetswe.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Courtesy of British Waterways

Top right: By kind permission of Chris & Stelle on Belle (www.railwaybraking.com/belle)

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Courtesy of British Waterways

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela