LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/08 ts. 18
  • Ithute ka Coati e e Ratang Dilo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ithute ka Coati e e Ratang Dilo
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2008
  • Botlhale Jwa Modimo bo Bonala mo Dilong Tsa Tlholego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Tsogang!—2008
g 7/08 ts. 18

Ithute ka Coati e e Ratang Dilo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BRAZIL

KA IKETLO o ralala sekgwa fa ka tshoganyetso o bona setlhopha sa di-coati tse di tlang mo go wena. O tshogile, o ipotsa gore a di batla go go tlhasela. O se ka wa tshoga! Le fa gone go itsege gore di-coati di a loma, diphologotswana tseno di lebile fela kgetsi e o e tshwereng. Di-coati di a bo di ntse di batlana le sengwe se di ka se jang. Tota e bile, di ja mo e ka nnang sengwe le sengwe fela, go akaretsa diboko, mekgantitshwane, digokgo, dipeba, maungo tota le mae a dinonyane.

Coati ke losika lwa raccoon mme yone e na le mmele le mogatla o moleele le nko e e kgonang go leba dintlheng tsotlhe. Seamusi seno sa boboatsatsi jwa kwa Amerika se se boleele jwa disentimetara di le 66 e bile se na le mogatla o o boleele jo bo lekanang le mmele wa sone, se bonwa thata go tswa kwa borwabophirima jwa United States go ya kwa bokone jwa Argentina.

Tse di namagadi di tsamaya ka ditlhopha tse di ka fitlhang go 20 fa tse di tonanyana tsone di itsamaela di le nosi. Ngwaga le ngwaga ka paka ya go gwela, coati e tonanyana e ikopanya le setlhopha sa tse di namagadi. Morago ga dibeke di le supa kgotsa di le robedi, di-coati tse di namagadi tse di dusitseng di tswa mo setlhopheng go ya go aga dintlhaga mo ditlhareng. Coati nngwe le nngwe e e namagadi e tla nna le bana ba le bararo kgotsa le ba banè. Mo e ka nnang dibeke di le thataro morago ga gore di tsale, bommè ba basha bano—mmogo le bana ba bone—ba boela kwa setlhopheng. Bana ba di-coati ba tshwana le kgolokwenyana ya boboa e e roromang.

Di-coati di dupelela mo moweng le go epa mo mmung fa di ntse di ralala mo sekgweng. Balemirui ga ba batle le go di bona ka leitlho, ka gonne di senya thata masimo a mmopo le mo go nnang dikoko. Fa di-coati di tsomiwa, di kgona go itshireletsa. Diphologotswana tseno tse di botlhale di iphitlha mo botshabelong jwa tsone mo ditlhareng. Gape di na le tsela e nngwe e di itshireletsang ka yone. Fa di utlwa go thunya ga tlhobolo kgotsa fa motho a opa diatla, di itigela fa fatshe di bo di itira e kete di sule! Fa motsomi a atamela sentle gore a kgone go di tshwara, di tla bo di setse di ile!

Fa o etela kwa Brazil, gongwe o tla kopana le setlhopha sa di-coati. Fa go ka direga, o se ka wa tshoga. Ga se gantsi di ka go gobatsang. Mme di tla itumela tota fa o ka di latlhelela sengwe se se monate!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela