Ga se Ditshamekisi Fela
BAEGEPETO ba ne ba ba dira ka legong le le sephaphathi, Bajapane ba ne ba ba dira ka dipampiri tse di mennweng, Bajeremane ba ne ba ba dira ka letsopa, mme Baesekimo bone ba ne ba ba dira ka letlalo la manyebi. Batho ba bagolo ba a ba kgobokanya. Bana ba ba rata tota. Go buiwa ka eng fano? Bompopi.
The World Book Encyclopedia ya re: “Mefuta ya bompopi ya bogologolo e ne e dirisediwa boselamose kana bodumedi e seng go tshameka.” Baegepeto ba bogologolo ba ne ba penta ditshwantsho tsa diaparo mo logonnyeng le le sephaphathi mme ba bo ba le kgabisa ka megala ya dibaga tse di dirilweng ka letsopa gore e nne jaaka meriri. Ba ne ba baya “bompopi bano ba ba sephaphathi” mo mabitleng a baswi ba bone, ba dumela gore bompopi bano ba tla nna makgoba a bone mo botshelong jwa morago ga loso. Kwa West Indies batho ba ba batlang go ipusolosetsa ba ba ne ba tlhaba bompopi ba voodoo ka diphini ba solofetse gore ba tla gobatsa baba ba bone.
Mo ditsong tse dintsi bompopi ba amanngwa le meetlo ya tsalo. Ka sekai, kwa Gerika wa bogologolo, pelenyana fela fa basetsana ba nyalwa, ba ne ba tlogela bompopi ba bone mo aletareng ya ga Aretemise e leng modimogadi wa tsalo. Gompieno, basadi ba morafe wa Ba-Ashanti kwa Ghana, Afrika, ba bofelela bompopi mo mathekeng ka tsholofelo ya gore ba tla ba thusa gore ba nne le bana ba bantle. Basetsana bangwe kwa Siria ba pega bompopi mo difensetereng tsa bone go bontsha gore ba setse ba fitlhile mo dingwageng tsa go ka nyalwa.
Ngwaga mongwe le mongwe ka March 3, bompopi ba dirisiwa mo moletlong o o tshwarelwang kwa Japane o o bidiwang Hina Matsuri kana Moletlo wa Bompopi. Japan—An Illustrated Encyclopedia e bolela gore moletlo ono gape o itsege e le moletlo wa basetsana o o “tswang mo dingwaong di le mmalwa tse di farologaneng. E nngwe ke ya moetlo wa Se-China wa go itshekisa o o neng o direlwa go bapa le noka mo masimologong a modikologo wa kgwedi ya boraro. Mo motlheng wa Heian (794-1185), batlhokomedi ba ntlo ya segosi ba ne ba bitsa baitseanape ka letsatsi la boraro la kgwedi gore ba tlose boitshekologo jwa bone, ba bo fetisetse mo ditshwantshong tse di dirilweng ka pampiri . . . , morago ba bo ba di latlhela mo nokeng kana mo lewatleng.”
Bompopi ba Nna Ditshamekisi
Ka motlha wa Edo kwa Japane (1603-1867), bompopi ba ba neng ba direlwa bana fela ba ne ba dirwa gore ba lebege jaaka batho ba ba tshelang mme ba ne ba direlwa le diaparo tse di farologaneng. Mefuta e mengwe ya bompopi e ne e tsamaisiwa go dirisiwa mogala, seporing, leotwana le le tsamaisiwang ke mogala le setsamaisi sa legong. Mofuta mongwe wa bompopi bano e bile o ne o kgona go naya moeng kopi ya tee mme o bo o boa o tshotse kopi e e se nang sepe!
Buka nngwe ya tshedimosetso e ne ya bolela gore kwa dinageng tse di kwa Bophirima, pele ga dingwaga tsa bo1700, “bongwana bo ne bo sa tsewe jaaka bo tsewa gompieno. Bana ba ne ba tsewa jaaka e kete ke bagolonyana mme go ne go lebeletswe gore ba itshware fela jaaka bone.” Bompopi ba ne ba direlwa batho ba bagolo le bana. Le fa go ntse jalo, ka dingwaga tsa bo1800, go ne ga lemogiwa botlhokwa jwa gore bana ba tlhoka nako ya go tshameka. Ka ntlha ya seo, madirelo a bompopi a ne a gola thata kwa Yuropa.
Austria e ne e na le madirelo a bompopi a magolo go gaisa mo lefatsheng ka nako eo. Bogologolo ka bo1824, badiri ba bompopi ba Bajeremane ba ne ba tlhama sediriswa se se neng se dira gore mpopi o kgone go re “mama” le “papa.” Moragonyana gone mo lekgolong leo la dingwaga, ba ne ba dira bompopi ba ba kgonang go tsamaya. Motlhami wa Moamerika Thomas Edison o ne a dira setshameki sa direkoto se sennye thata, se se neng se dira gore go lebege e kete bompopi ba a bua. Ka nako e e tshwanang, Bafora ba ne ba dira mpopi yo o bidiwang Bébé Gourmand yo o neng a kgona go ja dijo. Gape Bafora ba ne ba itsege ka go dira bompopi ba feshene ba ba neng ba rekisiwa ba apesitswe diaparo tse di magasigasi. Motho yo o rekang bompopi bano o ne a ka kgona go ba rekela dilwana tse di jaaka dikamo, diaparo tsa boboa, difetlhamowa le fanitšhara.
Mo lekgolong la bo20 la dingwaga go ile ga nna le kgolo e e gakgamatsang ya go dirwa ga bompopi. Go dirisiwa ga polasetiki ka dingwaga tsa bo1940 go ne ga dira gore go dirwe bompopi ba ba sa tureng mme ba dirilwe ka tsela e e raraaneng. Mpopi wa polasetiki wa Barbie ke mpopi o o rekwang go gaisa yotlhe fa e sa le o rekisiwa la ntlha ka 1959. Go setse go rekisitswe bompopi ba ba fetang bilione mme ka 1997 fela, go dirilwe madi a a kana ka diranta di le dibilione di le 12,2.
Bompopi ba Dirisediwa go Ruta
Baindia ba Ba-Pueblo ba ba nnang kwa borwabophirima jwa United States ba ne ba dirisa bompopi ba kachina ba ba betlilweng go tswa mo meding ya sejalo sa motoroko le ya setlhare sa phaene go ruta bana ba bone ka medingwana ya morafe wa bone. Ka nako ya moletlo mongwe o o kgethegileng, leloko la morafe ono le ne le apara le go etsa mongwe wa medingwana eo. Morago ga foo, batsadi ba tla bo ba naya bana ba bone mpopi yo o dirilweng jaaka modingwana oo gore ba tshameke ka one, gore ba tlwaelane le modingwana oo.
The World Book Encyclopedia ya re: Bompopi “ba thusa bana go bontsha fa ba utlwile botlhoko, ba galefile le go bontsha maikutlo a mangwe. Go tshameka ka bompopi go thusa gore bana ba kgone go ithapisetsa se ba ka ratang go nna sone fa ba gola.” Mpopi mongwe yo o neng o beilwe kwa dipontshong kwa Moletlong wa Letsatsi la Bana o o tshwarelwang kwa Japane ngwaga mongwe le mongwe ka May, e ne e le wa lekawana le le apesitsweng diaparo tse di feletseng tsa tlhabano. Mpopi ono o dirisediwa gore e nne sekao e le gore o tlhotlheletse basimanyana gore fa ba gola ba nne batho ba ba nonofileng le ba ba tlotlegang, go ya ka ngwao ya bone.
E re ka bana ba rata bompopi ba bone thata jaana, batsadi ba ba kelotlhoko ba tla tsaya masisi tlhotlheletso e bompopi ba ka nnang le yone mo kgolong ya bana ba bone. Ka sekai, ba bangwe ba dumela gore tsela e bompopi bangwe ba lebegang ka yone le go dirwa ga diaparo tsa bone tse dintsintsi go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo baneng ba basetsana. Mmatlisisi mongwe o bolela gore bompopi bano ba ka senya megopolo ya “basetsanyana ka dikgopolo tse di se nang mosola.”
Motho ope fela yo o kileng a bona bana ba tshameka ka bompopi, e ka ne ba dirilwe ka letsela, pampiri, logong, polasetiki kana ka sengwe sepe fela se sengwe o tla lemoga gore ga se setshamekisi fela. Mpopi o nna tsala ya ngwana, mongwe yo a tshamekang le ene, le e leng mongwe yo a mmolelelang sengwe le sengwe le mongwe yo a itumelelang bongwana le ene.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Go Tsosolosa Kgatlhego mo Bompoping ba Bogologolo
Go kgobokanya bompopi e setse e le tsela e e tumileng ya go itlosa bodutu. Mo dingwageng tsa bo1970 go ne ga itsege thata mo go neng ga felela e le kgwebo ya lefatshe lotlhe. Batho ba ba kgobokanyang bompopi bano ba ne ba simolola go batla bompopi ba ba dirilweng ka polasetiki ba ba sa tureng kana bompopi ba ba sa tlwaelegang ba ba jaaka bompopi ba Kämmer le Reinhardt. Mongwe wa bompopi bano ba ba dirilweng kwa Jeremane ka dingwaga tsa kwa masimologong a bo1900 o ne a rekisiwa kwa fantising ka diranta di le dimilione di le 1,9! Lengwe la mafelo a go kgobokantsweng bompopi bano ka bontsi ke kwa Musiamong wa Strong wa Bompopi o o kwa motseng wa Rochester, New York, U.S.A.—o o nang le bompopi ba le 12 000.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]
Bompopi Lebaka La go Bo Batsadi ba Tshwanetse go Tshwenyega ka Bone
Batsadi ba ka sireletsa bana ba bone jang mo tlhotlheletsong ya bompopi bangwe e e ka nnang ya bo e le kotsi? Lokwalodikgang lwa The Washington Post lo ne lwa ngongorega jaana: “Fela jaaka madirelo a motsoko a ne a tlhola a dira, madirelo a dilo tse di tlosang bodutu le a ditshamekisi gantsi ga a dumele molato mme e bile ga a ikaelela go dira diphetogo ka bo one.”
Baebele e laela batsadi gore ba neye bana ba bone ditaelo tse di agang tsa letsatsi le letsatsi. (Duteronome 6:6-9; Diane 22:6) Batsadi ba ka ruta jang bana ba bone ka tsela e e ka ba sireletsang mo tlhotlheletsong e e kotsi e bompopi bangwe ba ka nnang le yone? Mmè mongwe a re o ne a balela morwadie ka moaparo o o bori o go buiwang ka one mo go 1 Timotheo 2:9 mme a bo a mo thusa go akanya ka kgang eno. Motlotlo wa bone e ne e le sengwe se se tshwanang le seno:
Mmè: Bompopi bano ba tshwana le mang, a ba tshwana le ngwana kgotsa le mosadi?
Morwadi: Le mosadi.
Mmè: Ke ka ntlha yang fa o bolela jalo?
Morwadi: Ka gonne mebele ya bone e tshwana le ya basadi mme diaparo le ditlhako tsa bone ke tsa basadi.
Mmè: Ke boammaaruri. Mme morago ga go bala se re se badileng mo Baebeleng, a o akanya gore diaparo tse bompopi bano ba di apereng ke mofuta wa diaparo tse di tshwanetseng go aparwa ke Bakeresete?
Morwadi: Nnyaa.
Mmè: Ka ntlha yang?
Morwadi: Ka gonne mesese ya bone e mekhutshwane thata, . . . mabolaose a bone a bonatsha mmele, . . . mme letsela la diaparo tseo le kgomarela mebele ya bone.
Gone ke boammaaruri gore go ruta bana ba gago melaometheo ya bomodimo gore ba tle ba kgone go dira ditshwetso tse di ntseng jalo go tlhoka maiteko. Mme ga se matsapa a bophiri fela! Batsadi ba le bantsi ba ile ba solegelwa molemo ke thuso e e ka bonwang mo bukeng ya Ithute mo Morutising yo Mogolo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa go thusa batsadi gore ba rute bana ba bone melaometheo ya bomodimo.
O ka romelelwa khopi ya buka eno ya ditsebe di le 256 e e nang le ditshwantsho ka go kwalela kwa atereseng eno ya Basupi ba ga Jehofa, Private Bag, X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa. Bontsha gore o ka rata go romelelwa khopi ya buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Mpopi wa kwa Japane yo o isetsang motho tee
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Mpopi wa Bru wa kwa Fora
[Motswedi wa Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Top: © SHOBEI Tamaya IX; middle: Courtesy, Strong National Museum of Play, Rochester, New York; bottom: © Christie’s Images Ltd