Dikakgelo Tsa Babadi
Go Tla Diragala Eng ka Bokeresete? (February 2007) Bontsi jwa dilo tse lo di buang ka Lefoko la Modimo di boammaaruri, e bile ke dumelana le lona. Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le pedi mo makasineng wa lona tse ke sa di itumeleleng. E nngwe ke tsela e lo nyatsang dikereke tsa Bokeresete ka yone, e nngwe ke tsela e go bonalang lo itira botoka ka yone mo dikerekeng tse dingwe. Go ne go ka itumedisa fa rotlhe re ne re dumalana e bile re le mo tumelong e le nngwe, mme ga go a nna jalo. Ga ke tseye kereke nngwe kgotsa setlhopha sengwe sa bodumedi se le botoka go na le se sengwe.
S. S., United States
“Tsogang!” e a araba: Basupi ba ga Jehofa ga ba kgatlhanong le batho ba ditumelo tse dingwe, e bile ga re itseye re le botoka go na le ba bangwe. Re a itse gore “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Fa re ntse re gopotse ka seno, re iteka ka natla le go dirisa didirisiwa tse re nang le tsone le nako ya rona mo go eteleng batho mo magaeng a bone e le gore re ithute boammaaruri jwa Baebele le bone, go akaretsa le tsholofelo e e molemo e e tswang mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba senola ka bopelokgale boitimokanyi le diphoso tsa bodumedi, Basupi ba ga Jehofa le bone ba dira fela jalo.
O ne O ka Reng? Mo nakong e e fetileng ke ne ke tlhatlhoba karolo eno le bana ba me ba babedi ka sewelo. Gone jaanong, ke lemogile gore ke thulusu e e nonofileng e nka e dirisang go jala boammaaruri jwa Baebele mo dipelong tsa bana ba me. Mo godimo ga moo, ke itumelela go bona gore ke thulusu e e ka nonotshang tumelo ya me.
I. H., Czech Republic
Ke itumelela thata karolo eno e e kgatlhang, ka gonne e nnaya ditlhogo tse nka di ithutang fa ke ithuta ke le esi. Sengwe le sengwe mo karolong eno se akanyeditswe sentle, le dintlha tse dinnyennye tota! Ditlhogo tseno di dira gore ke atamelane thata le Rre wa me yo o botlhale, Jehofa.
A. S., Russia
“Jehofa Ntetle ke go Direle Tlhe” (July 2007) Tumelo ya me e ne ya nonotshiwa fa ke bala kgang ya botshelo jwa ga Danielle Hall. Fa a ne a le monnye, o ne a sa tshabe go bolelela botlhe mo sekolong sa gagwe gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke solofela gore bana ba bantsi ba Basupi ba ba tsenang sekolo ba tla latela sekao sa gagwe.
A. R., Madagascar
Ke na le dingwaga di le robongwe. Nna le mmè re sa tswa go fetsa go bala kgang ya ga Danielle. E dirile gore ke lemoge gore ke lesego ka gonne batsadi ba me ba mo boammaaruring e bile ga go thata go direla Jehofa. Tota ke ratile ntlha e e reng “le fa o ka tswa o tshela kae, Jehofa o gaufi le rona ka metlha.” Gape ke ratile ntlha ya gore fa Danielle a tswa sekolong, o tla bo a dula mo bolaong jwa gagwe a bo a bua le Jehofa a mmolelela gore letsatsi la gagwe le tsamaile jang, fela jaaka e kete ke rragwe. Ke batla go ithuta mo go seno!
A. D., Italy
“Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng fa ka Metlha ke Kgaphelwa kwa Thoko?” (July 2007) Setlhogo seno se ne se itumedisa tota, ke ne ke utlwa e kete se kwaletswe nna. Gape ke itumeletse dipotso tse di boditsweng mo setlhogong seno le mafelo a a tlogetsweng gore motho o kwale dikarabo. Ke a leboga. Se nthusitse thata.
C. A., Canada