Go Godisa Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome—Seabe sa Tlhaloganyo
A re re o etetse kwa nageng e sele mme ga o kgone go bua puo ya koo. Ga go pelaelo gore go tla nna thata go buisana le batho—mme ga se selo se se ka se kgonegeng. Ka sekai, buka ya mantswe e ka go thusa go ithuta mafoko mangwe a konokono a puo eo. Kgotsa gongwe mongwe a ka go ranolela gore o tle o kgone go tlhaloganya ba bangwe—le gore le bone ba go tlhaloganye.
KA DINAKO tse dingwe batsadi ba ba godisang basha ba ka ikutlwa ba le mo seemong se se tshwanang le seo. Fela jaaka puo e sele, go boima go tlhaloganya boitshwaro jwa bana ba dingwaga tsa bolesome—mme ga se gore o ka se ka wa kgona go bo tlhaloganya. Se se ka thusang batsadi mo kgannyeng eno ke go leka go tlhaloganya se se diregang mo nakong eno ya go gola e ka dinako tse dingwe e leng e e itumedisang mme gantsi e le e e tlhakanyang tlhogo.
Mabaka A go Bo ba Itshwara ka Tsela e e Rileng
Fa mosha a batla go ikemela a le nosi ga se ka metlha go kayang gore o batla go tsuologa. Gakologelwa, Baebele e dumela gore fa nako e ntse e tsamaya, ‘monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe.’ (Genesise 2:24) Gore basha ba tle ba kgone go ipaakanyetsa go rwala maikarabelo a magolwane a go nna bagolo, ba tlhoka gore bobotlana ba kgone go dira ditshwetso dingwe.
Ela tlhoko gore ke eng se se dirang gore basha ba itshware ka tsela e batsadi ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng ba neng ba bua ka yone.
Lia, wa kwa Boritane, o ne a bolela jaana ka khutsafalo: “Ka bonako fela morwaake o ne a setse a bonala a batla go itirela ditshwetso mme gantsi a nyatsa taolo ya rona.”
Fela jaaka bana ba bannye, basha ba nna ba botsa ba re, “Ka ntlha yang?” Le fa go ntse jalo, gone jaanong, ba ka se ka ba kgotsofalela karabo e khutshwane e e motlhofo. Ke eng se se ka tswang se fetogile? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “E rile ke le losea, ke ne ke tle . . . ke akanye jaaka losea.” (1 Bakorintha 13:11) Fa basha ba ntse ba atolosa tsela ya bone ya go akanya, ba tlhoka ditlhaloso tse di tseneletseng thata gore ‘bokgoni jwa bone jwa go lemoga’ bo tle bo thapisiwe.—Bahebera 5:14.
John, wa kwa Ghana, o ne a re: “Bomorwadiarona ba ne ba simolola go ipelaela, bogolo jang ditebego tsa bone.”
Go sa kgathalesege gore a go direga pele ga nako kgotsa go direga go setse go le thari, kgotsa ka nako e e tshwanetseng, go gola ka bonako ga basha go dira gore ba le bantsi ba tshwenyege ka ditebego tsa bone. Basetsana ba ka itumelela popego e ntšha ya dinoka kgotsa ba tshoga—kgotsa ba nna le maikutlo ano oomabedi. E re ka ba na le mathata a letlalo kgotsa ka go bo ba simolotse go dirisa ditlolontlafatsi—go a tlhaloganyesega go bo go bonala basha ba senya nako e ntsi ba itebile mo seiponeng go na le nako e ba e dirisang ba bala dibuka tsa sekolo.
Daniel, wa kwa Philippines, o tlhalosa jaana: “Bana ba rona ba ne ba rata go re fitlhela dilo mme ba batla nako e e oketsegileng ya go nna ba le bosi. Gantsi ba ne ba tlhopha go nna le ditsala tsa bone go na le gore ba nne le rona.”
Go nna le diphiri go ka nna kotsi. (Baefeso 5:12) Le fa go ntse jalo, go batla nako ya go nna o le nosi ke kgang e nngwe. Tota le Jesu o ne a bona botlhokwa jwa go batla “[lefelo] le le se nang batho gore a nne a le nosi.” (Mathaio 14:13) Fa basha ba ntse ba gola, le bone ba tlhoka gore ba nne le nakonyana ya go nna ba le bosi—gape ba tlhoka le gore bagolo ba tlotle nako eo ya bone. Selekanyo se se rileng sa go nna le nako ba le bosi go thusa basha gore ba kgone go akanya ka sengwe se se rileng—bokgoni bongwe jo bo botlhokwa jo bo tla ba thusang fa ba godile.
Ka mo go tshwanang, go ithuta go dira ditsala ke tsela ya go gola. Gone ke boammaaruri gore “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Le fa go ntse jalo, go ntse fela jaaka Baebele e bolela: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Go ithuta go dira ditsala tse di siameng le go tswelela o ntse o na le tsone ke bokgoni jo bo botlhokwa jo motho a tla tswelelang a na le jone go fitlha a nna mogolo.
Fa batsadi ba lebane le maemo a a umakilweng fa godimo, ba tla bo ba dira sentle fa ba ka leka go tlhaloganya gore ba se ka ba tsaya boitshwaro jwa bana ba bone ba basha ka tsela e e sa tshwanelang. Gone mme, go tlhokega gape le botlhale e leng bokgoni jwa go ka tsibogela seemo ka tsela e e tla dirang gore go nne le matswela a a molemo. Batsadi ba bana ba dingwaga tsa bolesome ba ka dira seo jang?
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 5]
Fa bokgoni jwa basha jwa go akanya bo ntse bo oketsega, ba tlhoka go tlhalosediwa melao ya lelapa ka tsela e e botoka