“Go Diragetse Eng ka Ngwanake?”
Scott le Sandraa ba ne ba gakgametse fa morwadiabone wa dingwaga di le 15 a ne a tsena mo phaposing ya bonno. Moriri wa gagwe o o neng o le serolwana o ne o fetogile mme o le bohibidu jo bo galolang! Mme se se neng se gakgamatsa le go feta e ne e le motlotlo o o neng wa latela morago ga foo.
“A re go file tetla ya go fetola moriri wa gago mmala?”
“Gone mme ga lo ise lo ko lo re ga ke a tshwanela go go dira.”
“Ke ka ntlha yang fa o ne o sa re kope gore a o ka go dira?”
“Ka gonne ke ne ke itse gore lo ne lo tla gana!”
SCOTT le Sandra ba dumela gore nako ya bosha ke nako e e boima—e seng fela mo basheng mme gape le mo batsading ba bone. Ee, borre le bommè ba le bantsi ga ba a siamela gotlhelele diphetogo tse dikgolo tse di nnang teng fa ngwana wa bone a fitlha mo dingwageng tsa bolesome. Barbara mmè mongwe wa kwa Canada o gakologelwa jaana: “Re sa lebelela, morwadiarona o ne a fetoga. Ke ne ke ipotsa gore, ‘Go diragetse eng ka ngwanake?’ Go ne go ntse e kete o ne a tsewa fa re ne re robetse mme ga tlisiwa yo mongwe mo boemong jwa gagwe!”
Se se diragaletseng Barbara ga se diragalele ene fela. Akanya ka se batsadi go ralala lefatshe ba ileng ba se bolelela Tsogang!
“Fa morwaake a ne a tsena mo dingwageng tsa bosha, ka bonako fela o ne a setse a bonala a batla go itirela ditshwetso mme gantsi a nyatsa taolo ya rona.”—Lia, Boritane.
“Bomorwadiarona ba ne ba simolola go ipelaela, bogolo jang ditebego tsa bone.”—John, Ghana.
“Morwaake o ne a batla go itirela ditshwetso tsa gagwe. O ne a sa batle go bolelelwa gore a dire eng.”—Celine, Brazil.
“Morwadiarona o ne a sa tlhole a batla gore re mo tlamparele kgotsa re mo atle.”—Andrew, Canada.
“Basimane ba rona ba ne ba simolola go nna manganga. Go na le gore ba amogele ditshwetso tse re di dirileng, ba ne ba di belaela le go ngangisana le rona ka tsone.”—Steve, Australia.
“Morwadiake o ne a fitlha maikutlo a gagwe. O ne a itlhaotse mme a tenega fa ke leka go dira gore a mpulele mafatlha a gagwe.”—Joanne, Mexico.
“Bana ba rona ba ne ba rata go re fitlhela dilo mme ba batla nako e e oketsegileng ya go nna ba le bosi. Gantsi ba ne ba tlhopha go nna le ditsala tsa bone go na le gore ba nne le rona.”—Daniel, Philippines.
Jaaka motsadi wa ngwana wa dingwaga tsa bolesome, o ka tswa le wena o diragalelwa ke dilo tse di umakilweng fa godimo fano. Fa e le gore go ntse jalo, tlhomamisega gore o ka kgona go tlhaloganya “moeng” yo o nnang le wena e leng morwao kgotsa morwadio. Baebele e ka kgona go thusa. Jang?
Botlhale le Tlhaloganyo
Seane sengwe sa Baebele sa re: “Bapala botlhale, bapala tlhaloganyo.” (Diane 4:5) Dinonofo tseno ka bobedi di botlhokwa gore o kgone go dirisana le ngwana wa dingwaga tsa bolesome. O tlhoka go nna le tlhaloganyo gore o se ka wa leba fela boitshwaro jwa ngwana wa gago mme le gore o lemoge gore ngwana wa gago o lebane le eng. O tlhoka gape le botlhale gore o tle o kgone go tsiboga ka tsela e e ka dirang gore o tswelele o thusa ngwana wa gago yo mosha gore a nne mogolo yo o nang le maikarabelo.
O se ka wa tsiediwa ke se se bonalang e kete ke phatlha e e nnang e gola mo kamanong ya gago le morwao kgotsa morwadio. Tota e bile, bana ba dingwaga tsa bolesome ba tlhoka—mme e bile ba batla—gore batsadi ba bone ba nne le seabe mo botshelong jwa bone mo nakong e e thata eno. Tlhaloganyo le botlhale di ka go thusa jang gore o kgone go thusa ngwana wa gago ka kaelo e e ntseng jalo?
[[Ntlha e e kwa tlase]]
a Maina mo motseletseleng wa ditlhogo tseno a fetotswe.