LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/06 ts. 27-31
  • O ne O ka Reng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne O ka Reng?
  • Tsogang!—2006
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TLHALOSA DIBOPIWA TSENO TSA MOYA
  • GO DIRAGETSE LENG?
  • KE NNA MANG?
  • KE NNA MANG?
  • TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
  • Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
  • O Ne O Ka Reng?
    Tsogang!—2007
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2006
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2006
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2006
g 10/06 ts. 27-31

O ne O ka Reng?

TLHALOSA DIBOPIWA TSENO TSA MOYA

Thala mola o o golaganyang mofuta mongwe wa moengele le setshwantsho sa gagwe, o bo o araba potso.

Moengele yo mogolo

Moengele yo mogolo o itsiwe ka leina lefe?

Ditšheruba

Ditšheruba di ne di disitse eng kwa Edene?

Boserafa

Isaia o ne a utlwa boserafa ba reng?

Baengele

Go na le bobotlana baengele ba bakae?

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

4. ․․․․․

◼ Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: Go itse ka lelapa la ga Jehofa la selegodimo go ka go thusa jang go nna pelokgale le go feta?—2 Dikgosi 6:15-17.

GO DIRAGETSE LENG?

Thala mola o o golaganyang tiragalo nngwe le nngwe le ngwaga o e diragetseng ka one.

1761 B.C.E. Mo e ka nnang ka 538 B.C.E. 33 C.E.

1728 B.C.E. Mo e ka nnang ka 455 B.C.E. 44 C.E.

5. Ditiro 12:5-11

6. Genesise 32:22-30

7. Daniele 6:22

KE NNA MANG?

8. Ke ne ka itlhokomolosa tlhagiso ya moengele le dingongorego tsa esele.

KE NNA MANG?

9. Ke ne ka tsamaisa molaetsa o o neng o ya kwa go Daniele, kwa go Sekaria, le kwa go mmaagwe Imanuele.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno, o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 4 Go lebelela thelebishene go tshwana jang le go ja mamepe? (Diane 25:․․․)

Tsebe 7 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ela tlhoko se re se lebelelang mo thelebisheneng? (Diane 13:․․․)

Tsebe 11 Go diregang ka dikakanyo tsa motho fa a swa? (Pesalema 146:․․․)

Tsebe 21 Jehofa o leba jang basha ba ba nang le mathata a go ja? (Pesalema 22:․․․)

Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo di mo tsebeng ya 27)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Ditšheruba. “Tsela e e yang setlhareng sa botshelo.”—Genesise 3:24.

2. Moengele yo mogolo. Mikaele.—Jude 9.

3. Baengele. Dimilione di le dintsi.—Daniele 7:10.

4. Boserafa. “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa.”—Isaia 6:3, 6, 7.

5. 44 C.E.

6. 1761 B.C.E.

7. Mo e ka nnang ka 538 B.C.E.

8. Balaame.

9. Gabariele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Middle circle: ©Alan Copson/Agency Jon Arnold Images/age fotostock

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela