LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/06 ts. 30
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2006
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dingwaga di le 12 mo Kgolegelong—Ka Ntlha Yang?
  • A Internet e Kotsi mo Diphologolong Tsa Naga?
  • Dithutafatsi Tse di Seng Kotsi mo Tikologong
  • Di-Noodle Tsa Bogologolo Jwa Dingwaga di le Dikete di le Nnè Tse di Fetileng
  • Seedi se se Mosola sa Mmala wa Gouta sa Kwa Mediterranean
    Tsogang!—2008
  • Setlhare sa Motlhware se se Tala mo Ntlong ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Ipeleng! Didibeletso Di Penologa ka Lookwane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Setlhare se se Kgaotsweng se ka Tlhoga Gape?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2006
g 10/06 ts. 30

Ditiragalo Tsa Lefatshe

◼ Kgolagano e e leng teng mo gare ga thubakanyo e e bontshiwang mo metsweding ya tshedimosetso le go rata ntwa ga [basha] e batla e tshwana fela le kgolagano e e leng teng mo gare ga go goga le kankere ya makgwafo.”—THE MEDICAL JOURNAL OF AUSTRALIA.

◼ Go bonwe bosupi jo bo dirang gore go dumelwe gore bommamathwane ba ba jang maungo, ba ba jewang mo dikarolong dingwe tsa Afrika, “e ka tswa e le bone ba gakatsang go anama ga mogare wa Ebola.”—MACLEANS, CANADA.

◼ Tshedimosetso go tswa kwa ofising ya agente ya puso kwa Mexico e bontsha gore mo lobakeng lwa dingwaga di le robedi tse di fetileng, bobotlana bana ba le 130 000 kwa nageng eo ba ile ba tsewa ka dikgoka gore ba ye go rekisiwa, e le gore ba ye go dirisiwa go tlhakanela dikobo le bone kgotsa go berekisiwa tiro e e boima, kgotsa gore ba ntshiwe dirwe mme di rekisiwe.—MILENIO, MEXICO.

Dingwaga di le 12 mo Kgolegelong—Ka Ntlha Yang?

Ba le bararo ba Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tlhatlhetswe kwa kgolegelong kwa Sawa, Eritrea, kwa Afrika Botlhaba, mo dingwageng di le 12 tse di fetileng. Ga ba latofatswe ka sepe se ba se dirileng, e bile ga ba ise ba ke ba sekisiwe. Ba kganelwa go amogela baeng, go akaretsa le bamalapa a bone tota. Ka ntlha yang? Ka gonne ba gana go ya bosoleng. Molao wa Eritrea ga o na thulaganyo ya go akanyetsa maemo a batho ba ba sa batleng go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone. Fa makawana a tshwarwa, a tswalelwa kwa kampeng ya masole, koo a fitlhang a ketekwa setlhogo le go tlhokofatswa ka ditsela tse di farologaneng.

A Internet e Kotsi mo Diphologolong Tsa Naga?

The New York Times e botsa gore, “A Internet e potlakisa go nyelediwa ga ditlou tsa Afrika?” Basireletsi bangwe ba diphologolo ba dumela gore go ntse jalo mme gape ba dumela gore le diphologolo tse dingwe tse dintsintsi di mo kotsing. Go bile go tlhalosiwa gore jaaka fa lefelo leno la Internet la go rekisa diphologolo ka khomputara le ntse le gola, go ile ga nna ga rekisiwa dilo di le dintsi ka khomputara e se kafa molaong. Fa go ne go batlisisiwa dipapatso tsa lobaka lwa dikgwedi di le tharo mo mafelong a Internet a go rekisa a puo ya Seesemane go fitlhetswe gore “go na le dilo di feta 6 000 tse di rekisiwang e se ka fa molaong kgotsa go ka direga gore e bo e se kafa molaong,” tse di akaretsang dikgapa tsa bokhudubane, dilo tse di betlilweng ka lerapo la tlou, tota le eleng lengau le lentsho le le tshelang.

Dithutafatsi Tse di Seng Kotsi mo Tikologong

Lokwalodikgang lwa Se-Spain e leng El País lo bega jaana: “Jaanong go na le dithutafatsi tse di berekang ka dithapo tsa leungo la motlhware.” Sedirisiwa seno se dirisiwa go thuthafatsa matlo le metsi mo magaeng a ka nna 300 kwa Madrid. Dithapo tseno tsa motlhware, tse di dirisiwang go tukisa molelo, di tlhwatlhwa tlase ka gonne tlhwatlhwa ya tsone e kwa tlase ka diperesente di le 60 go feta ya oli e bile e kwa tlase ka diperesente di le 20 go feta ya magala. Ga di kgotlele tikologo, ka gonne khabonetaeokosaete e di e ntshang fa di tuka e lekana le e di e ntshang fa di bola fela ka tsela ya tlholego. Selo se sengwe se se molemo ka tsone ke gore ga go thata go di bona. Dithapo tseno di bonwa fa go sena go ntshiwa oli mo motlhwareng, mme Spain e itsiwe e le lone lefelo le legolo le oli ya motlhware e dirwang mo go lone.

Di-Noodle Tsa Bogologolo Jwa Dingwaga di le Dikete di le Nnè Tse di Fetileng

The New York Times e bega gore baitsesaense ba re ba epolotse se ba se bitsang “di-noodle tsa bogologolo thata mo lefatsheng.” Di-noodle tseno di ditshesane, di serolwana, di boleele jwa disentimetara di le 50, e bile di dirilwe ka mofuta wa lebelebele wa kwa China. Di ne tsa bonwa mo sejaneng sa letsopa se se kanetsweng se se neng se le kafa tlase ga loraga lo lo bokima jwa dimetara di le tharo gaufi le Noka ya Huang kwa bokonebophirima jwa China. Go ya ka makasine wa Nature, go ka direga gore lefelo leno le ne la senngwa ke thoromo ya lefatshe le “merwalela” dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng. Malebana le kgang ya gore a dijo tsa pasta di tlholegile kwa Italy, Botlhabagare, kgotsa kwa Botlhaba, go ya ka Times, mongwe wa baribolodi e bong Houyuan Lu wa Chinese Academy of Sciences o bolela gore: “Patlisiso eno e bontsha sentle gore di-noodle tsa ntlhantlha di ne tsa dirwa kwa China.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela