Kgopolo E e Mo Baebeleng
Melemo ya go Nna le Nako ya Gago o le Nosi Fela
KA LEKGETLHO lengwe Jesu o ne “a tlhatlogela kwa thabeng a le nosi go ya go rapela. Lefa go ne go nna lotlatlana, o ne a le koo a le nosi.” (Mathaio 14:23) Ka lekgetlho le lengwe, “e rile go nna motshegare, a tswa mme a ya kwa lefelong le le se nang batho.” (Luke 4:42) Dikwalo tseno di supela gore Jesu Keresete o ne a batla dinako tsa go nna nosi fela e bile a di anaanela.
Baebele e na le dikai tse dingwe tsa banna ba, jaaka Jesu, ba neng ba anaanela go nna le dinako tsa bone fela ba le bosi. E ne e le ka nako ya fa a ne a ituletse a le nosi fela mo maitisong a bosigo fa mopesalema a ne a tlhatlhanya ka bogolo jwa Mmopi wa gagwe yo Mogolo. Mme mo kgannyeng ya ga Jesu Keresete, e ne ya re fela fa a sena go utlwa dikgang tse di malebana le loso lwa ga Johane Mokolobetsi, o ne “a ya kwa lefelong le le se nang batho gore a nne mo bonosing.”—Mathaio 14:13; Pesalema 63:6.
Gompieno, ka ntlha ya maratla le dikhuduego tsa botshelo jwa gompieno, go nna le nako ya gago fela o le nosi, e ka tswa e le ka ntlha ya maemo kana ka go rata, ga se selo se se tsewang se le botlhokwa thata. A o gakologelwa gore ke leng la bofelo o neng wa ipha nako ya go nna nosi fela? Mosadi mongwe yo mmotlana yo o nyetsweng o ne a bolela jaana: “Ga ke ise nke ke nne le nako ya me ke le nosi fela mo botshelong jwa me.”
A mme tota go nna le nako ya gago o le nosi fela go a tlhokega? Fa go le jalo, dinako tsa tidimalo di ka dirisiwa jang ka tsela e e molemo le e e mosola? Mme go nna tekatekanyo go thusa jang fa o batla go nna le nako ya gago fela o le nosi?
Go Nna le Nako ya Gago o le Nosi Fela—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa?
Baebele e re bolelela gore monna mongwe wa bogologolo wa Modimo, Isake, o ne a batla go nna le nako ya gagwe a le nosi fela “kwa nageng go le maitseboa.” Ka ntlha yang? E bolela jaana: “A ya go tlhatlhanya.” (Genesise 24:63) Dikishinare nngwe e bolela gore go tlhatlhanya ke “go akanyetsa kwa teng kana o iketlile.” Go “bolela go tlhoma mogopolo ka tlhoafalo le ka lobaka lo loleelenyana.” Mo go Isake, yo o neng a tla tloga a tsaya maikarabelo a a boima, go tlhatlhanya mo go ntseng jalo a sa iteege tsebe go ne go tla mo thusa gore a akanye sentle, a rulaganye megopolo ya gagwe le go rulaganya dilo tse di tshwanetseng go tla pele mo go ene.
Mankge mongwe wa tlhaloganyo o bolela gore fa fela ‘go nna nosi go dirwa ka tekanyetso, fa go se na batho re kgona go rulaganya megopolo ya rona sentle, le go tlhoma mogopolo botoka.’ Batho ba le bantsi ba tla supela gore seno se ka lapolosa, sa nonotsha e bile se siametse pholo ya gago.
Mangwe a matswela a a molemo a go tlhatlhanya ke go nna le temogo e kgolo le go ithiba ka tidimalo, e leng dinonofo tse di dirang gore o bue le go dira dilo ka botlhale, tse kgabagare, di dirang gore o dirisane le ba bangwe ka kagiso. Ka sekai, motho yo o ithutang go tlhatlhanya gape a ka ithuta gore o tshwanetse go didimala leng. Go na le gore a bue ka kgakgabuelo fela, o sekaseka go sa le gale gore mafoko a gagwe a ka ama ba bangwe jang. “A o bona motho yo o bonako mo puong ya gagwe?” go botsa jalo mokwadi wa Baebele yo o tlhotlheleditsweng. O tswelela pele a re: “Go ka solofelwa seeleele bogolo go ene.” (Diane 29:20) Ke eng se se ka baakanyang go dirisa loleme ka tsela e e ntseng jalo ya go se akanyetse? Baebele e bolela jaana: “Pelo ya mosiami e tlhatlhanya go fetola.”—Diane 15:28; bapisa Pesalema 49:3.
Mo Mokereseteng, go tlhatlhanya ka tidimalo o le nosi go go thusa gore o gole semoyeng. Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a tshwanela: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 Timotheo 4:15.
Dirisa Nako ya go Nna o le Nosi Fela go Atamela Gaufi le Modimo
Mokwadi mongwe wa Moesemane o ne a bolela jaana: “Nako ya go nna o le nosi fela e re thusa go buisana le Modimo le go utlwiwa ke ene.” Ka dinako tse dingwe, Jesu o ne a utlwa a tlhoka go tswa mo gare ga batho mme a rapele Modimo a le nosi. Nako nngwe ya fa a ne a dira jalo e tlhalosiwa jaana mo Baebeleng: “E rile go sa le phakela, fa go ne go santse go le lefifi, a tsoga a tswela kwa ntle a ya lefelong le le se nang batho, mme koo a simolola go rapela.”—Mareko 1:35.
Mo go Pesalema, go buiwa thata ka go tlhatlhanya ka Modimo. Fa Kgosi Dafide a ne a bua le Jehofa o ne a re: “Ke tlhatlhanya ka wena.” (NW) Mafoko ano a ga Asafe le one a bua se se tshwanang: “Ke tlaa [tlhatlhanya ka, NW] tiro ya gago yotlhe, ke kanka ka ga tse o di dirang.” (Pesalema 63:6; 77:12, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka gone, go akanya ka dinonofo tsa Modimo le dilo tse a di dirang go tlisa maduo a magolo. Go dira gore motho a anaanele Modimo thata, go mo thusa gore a atamele gaufi thata le ene.—Jakobe 4:8.
Go Tlhokega Tekatekano
Ke boammaaruri gore go nna le nako ya go nna o le nosi fela go tshwanetse ga dirwa ka tekatekano. Go nna le nako ya go nna o le nosi fela go ka tlhalosiwa e le lefelo le le molemo thata le o ka le etelang mme e le lefelo le le kotsi go nnela ruri mo go lone. Go itomolola thata ga go tsamaisane le se motho a se tlhokang thata e leng go nna mmogo le ba bangwe, go buisana le go bontsha lorato. Mo godimo ga moo, go itomolola go ka nna mmu o o melang mofero wa boeleele le bopelotshetlha. Seane sa Baebele se tlhagisa jaana: “Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.” (Diane 18:1) Gore re nne tekatekano mo go batleng go nna le nako ya go nna nosi, re tshwanetse go lemoga dikotsi tsa go itomolola.
Jaaka Jesu le banna ba bangwe ba semoya ba metlha ya go kwalwa ga Baebele, Bakeresete gompieno ba ngomaela dinako tsa bone tsa go nna nosi. Ke boammaaruri gore ka ntlha ya maikarabelo a mantsintsi le dilo tse di tlhokang go dirwa, go bona nako le tshono ya go tlhatlhanya o le nosi e ka nna kgwetlho. Le fa go ntse jalo, fela jaaka re ne re ka dira ka dilo tsotlhe tse di botlhokwa, re tshwanetse go reka “nako nngwe le nngwe e e [re] siametseng.” (Baefeso 5:15, 16) Fa re dira jalo, re ka bolela jaana jaaka mopesalema: “A mafoko a molomo wa me, le go [tlhatlhanya, NW] ga pelo ya me, go nne tebosego mo ponong ya gago, Jehofa.”—Pesalema 19:14.