“Lefatshe le le Tshelang ka Kagiso le Kutlwano”
A o a dumela gore seno se ka diragala? Mosadi mongwe wa kwa Florida kwa U.S.A. o kwadile jaana: “Pampitshana ya lona ya A Batho Botlhe ba Tla Tsamaya ba Ratana? ke nngwe ya melaetsa e e maatla e e nayang tsholofelo e nkileng ka e bala. Ke e badile gantsintsi fela. Nako le nako fa ke e bala ke itumelela—kgopolo e ntle tota ya lefatshe le le tshelang ka kagiso le kutlwano.”
Fa e le gore le wena o ka rata go bona bosupi jwa gore lefatshe la batho le ka, e bile le tla tshela ka kagiso le kutlwano, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng 5. Gape o ka bona khopi ya boroutšhara jwa ditsebe di le 32 jwa A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona? Re dumela gore karolo 10, “Lefatshe le Lesha le le Molemolemo le le Dirilweng ke Modimo,” e tla go kgothatsa tota.