Seo Batlhokomedi Ba ka Se Dirang
MARGARET yo e leng mankge wa tsa kalafi go tswa Australia yo o nang le dingwaga di le dintsi a berekana le balwetse ba ba tshwerweng ke Alzheimer le batlhokomedi ba bone o boletse seno: “Ka metlha ke gakgamalela tsela e [batho] ba kgonang go lepalepana le maemo ka ditsela tse di farologaneng ka teng.” O tswelela jaana: “Malapa a mangwe a kgona go itshokela mokgweleo o mogolo thata o ba o neetsweng, fa a mangwe one a sa kgone go dirisana le boemo jono ka bonako fela fa motho a sena go bontsha phetogo e nnye fela mo bothong jwa gagwe.”—E nopotswe mo bukeng ya When I Grow Too Old to Dream.
Ke eng se se dirang pharologanyo fano? Lebaka le lengwe e ka nna gore kamano ya lona e ne e ntse jang pele ga bolwetse jono bo simolola. Malapa a a nang le kamano e e gaufi, e e lorato ba ka nna ba go fitlhela go le motlhofo go lepalepana le jone. Mme fa motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer a tlhokometswe sentle, go ka nna motlhofo go laola bolwetse jono.
Le mororo tlhaloganyo e ntse e koafala, gantsi balwetse ba itumelela lorato le go tshwarwa sentle go fitlha fela kwa dikgatong tsa bofelo tsa bolwetse jono. Pampiri ya kgakololo ya Communication e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Balwetse ba Alzheimer wa kwa Lontone e bontshitse jaana: “Mafoko ga se one fela mokgwa wa go buisana.” Puisano e motho a sa bueng mo go yone e e leng botlhokwa thata mo batlhokomeding e akaretsa go bontsha sefatlhego se se edileng, se se tletseng botsalano le lentswe le le ritibetseng. Selo se sengwe gape sa botlhokwa ke go leba motho mo matlhong le go bua ka tsela e e utlwalang o digile dibete mme o dirisa leina la molwetse gantsinyana fa o bua le ene.
Kathy yo o boletsweng mo setlhogong se se fetileng o bolela jaana: “Ga se fela gore go a kgonega go buisana le moratiwa wa gago, mme gape go botlhokwa. Go mo tshwara ka tsela e e bothitho le e e tletseng lorato, lentswe le le bonolo mme tota le go nna teng ga gago, tseno tsotlhe di dira gore moratiwa wa gago a ikutlwe a babalesegile e bile di a mo kgothatsa.” Mokgatlho wa Balwetse ba Alzheimer wa kwa Lontone o sobokanya kgang ka go bolela seno: “Go bontsha lorato go ka go thusa gore o nne o le gaufi le ene, segolobogolo fa a setse a palelwa ke go bua. Go mo tshwara letsogo, go dula gaufi le ene o beile letsogo la gago mo go ene, go bua ka lentswe le le bonolo kana go mo tlamparela ke ditsela tsotlhe tsa go bontsha gore o sa ntse o amegile ka ene.”
Fa ba ratana, motlhokomedi le molwetse gantsi ba ka tshega monate le fa go dirilwe diphoso. Ka sekai, monna mongwe o gakologelwa kafa mosadi wa gagwe yo o neng a tlhakane tlhaloganyo a neng a alola bolao, mme a baya kobo mo gare ga dilakane ka phoso. Ba ne ba lemoga phoso eo bosigo fa ba ya go robala. Mosadi yono o ne a re: “Ke dirile bomatla jang, bathong.” Mme ba thubega ka setshego boobabedi.
Dira Gore Botshelo bo Nne Motlhofo
Batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer ba dira botoka mo ba tlwaetseng teng. Gape ba tlhoka thulaganyo ya ka metlha ya letsatsi le letsatsi. Gore o kgone go dira seno sentle, go ka thusa gore o nne le khalendara e kgolo e e tshwailweng sentle e e nang le dithulaganyo tsa letsatsi le letsatsi. Dr. Gerry Bennett o tlhalosa jaana: “Go tlosa motho mo tikologong e a e tlwaetseng go ka nna le ditlamorago tse di seng monate. Go bona dilo tse di tshwanang le go nna di sa fetoge go botlhokwa thata mo mothong yo o tlhakaneng tlhogo.”
Fa bolwetse jono bo ntse bo kekela, balwetse ba Alzheimer ba fitlhela go le thata go tsibogela ditaelo. Ba tshwanetse ba kaelwa ka tsela e e motlhofo le e e utlwalang. Ka sekai, go bolelela molwetse gore a apare e ka nna selo se se raraaneng mo go ene. O ka nna wa tshwanelwa ke go mo ntshetsa diaparo tse a tshwanetseng go di apara ka go latelana ga tsone mme molwetse a thusiwe go apara sengwe le sengwe sa tsone.
Go Tlhokega Gore o Nne Tlhaga
Batho ba bangwe ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer ba tsamaya thata kana ba kgarakgatshegela kgakala le legae mme ba timele. Go tsamatsamaya ke mokgwa o o siameng wa gore molwetse a ikatise e bile go ka mo thusa gore a fokotse go gatelega maikutlo le go mo thusa gore a robale sentle. Le fa go ntse jalo, go kgarakgatshegela kgakala le legae go ka nna kotsi. Buka ya Alzheimer’s—Caring for Your Loved One, Caring for Yourself e tlhalosa jaana: “Fa motho yo o mo ratang a kgarakgatshega, o lebane le boemo jo bo sa lebelelwang jo bo ka fetogang ka bonako go nna jo bo botlhoko. Mafoko a o tshwanetseng go a gakologelwa ke gore o se ke wa tlalelwa. . . . Mekgatlho e e batlanang le batho ba ba latlhegileng e tlhoka gore o tlhalose motho yo ba batlanang le ene. Dira gore o nne le dinepe tsa mmala tsa bosheng mo gae.”a
Mo letlhakoreng le lengwe balwetse ba bangwe bone ba a tšhwakgafala mme ba batla go nna fela fa fatshe motshegare otlhe. Leka go ba dirisa sengwe se lo tla se itumelelang loobabedi. Dira gore ba opele, ba letse molodi kana ba tshameke seletswa sengwe sa mmino. Ba bangwe bone ba itumelela go opa diatla kana go binela mmino o ba o ratang. Dr. Carmel Sheridan o tlhalosa jaana: “Tiro e batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer ba kgonang go e dira botoka gantsi ke e e tlang e tsenya mmino mo go yone. Gantsi malapa a bolela gore le lobaka lo loleele morago ga gore motho yono wa losika a lebale [dilo] dingwe, o sa ntse a ipelela dipina le melodi tsa bogologolo.”
“Ke ne Ke Batla go go Dira”
Mosadi mongwe mo Afrika Borwa yo monna wa gagwe a neng a le mo dikgatong tsa bofelo tsa bolwetse jwa Alzheimer o ne a itumelela go fetsa letsatsi lotlhe le ene kwa legaeng le go tlhokomelwang batsofe mo go lone. Le fa go ntse jalo, maloko mangwe a lelapa a tota a neng a batla go thusa a ne a mo kgalemelela go dira jalo. Gongwe ba ne ba bona e kete o senya nako fela ka go bo monna wa gagwe a ne a sa mo lemoge e bile a sa bue sepe fela. O ne a bolela jaana morago ga loso lwa gagwe: “Mme gone ke ne ke batla go dula le ene. Baoki ba ne ba tshwaregile thata, ka jalo fa a itladitse leswe, ke ne ke kgona go mo tlhapisa le go mo apesa diaparo tse dingwe. Ke ne ke ipelela go dira jalo—ke ne ke batla go go dira. Ka nako nngwe o kile a ikgobatsa lonao fa ke ne ke mo kgorometsa ka setulo sa maotwana. Ke ne ka mmotsa gore, ‘A o utlwile botlhoko?’ mme a araba ka gore, ‘Ee ruri!’ Mme ke ne ka lemoga gore o sa ntse a kgona go utlwa le go bua.”
Le e leng mo mabakeng a mo go one go neng go se na kamano e e molemo ya lelapa pele ga a tshwarwa ke bolwetse jwa Alzheimer, batlhokomedi ba sa ntse ba ka kgona go lepalepana le gone.b Go itse fela gore ba dira selo se se siameng e bile ba itumedisa Modimo go ka ba kgotsofatsa fela thata. Baebele ya re, “O tlotle sefatlhogo sa motsofe” mme “o bo o se ka wa nyatsa mmaago fa a tsofetse.” (Lefitiko 19:32; Diane 23:22) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba laelwa jaana: “Fa motlholagadi mongwe a na le bana kgotsa bana ba bana, a bano ba ithute pele go itlwaetsa boineelo jwa bomodimo mo go ba ntlo ya bone le go nna ba duela batsadi ba bone le batsadi ba batsadi pusetso e e tshwanetseng, gonne seno se a amogelesega mo ponong ya Modimo. Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.”—1 Timotheo 5:4, 8.
Ka thuso ya Modimo, batlhokomedi ba le bantsi ba ne ba kgona go dira tiro e e molemo tota ya go tlhokomela ba losika ba ba lwalang, go akaretsa le ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka gone batlhokomedi bangwe ba ne ba go fitlhela go thusa go neela molwetse letshwao lengwe le le rileng, gongwe le le jaaka mohitshane kana sebaga go se rwala.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga go nna motlhokomedi le kafa ba bangwe ba ka thusang ka teng, tsweetswee bona motseletsele wa “Go Nna Motlhokomedi—Go Itebaganya le Kgwetlho Eo,” mo ditsebeng 3-13 tsa Tsogang! ya February 8, 1997.
[Lebokoso mo go tsebe 19]
Bolwetse jwa Alzheimer le Kalafi
LE FA go setse go lekeleditswe dikalafi di ka nna 200 tsa go alafa bolwetse jwa Alzheimer, ga go ise go bonwe kalafi ya Alzheimer. Go begilwe fa go na le diokobatsi dingwe tse di fokotsang go latlhegelwa ke tlhaloganyo ka lobakanyana mo dikgatong tse di simololang tsa Alzheimer kana tse di diegisang go tswelela ga bolwetse mo balwetseng ba bangwe. Le fa go ntse jalo o tshwanetse go nna kelotlhoko ka gonne diokobatsi tseno ga di dire sentle mo balwetseng botlhe e bile dingwe tsa tsone di ka nna kotsi. Mme le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe go dirisiwa melemo e mengwe go alafa maemo a gantsi a tsamaisanang le Alzheimer, a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, go tlhobaela le go tlhoka boroko. Fa go ikgolaganngwa le ngaka ya molwetse, lelapa lengwe le lengwe le ka sekaseka melemo le dikotsi tsa kalafi pele ga ba dira tshwetso.
[Lebokoso mo go tsebe 19]
Kafa Baeng ba ka Thusang ka Teng
KA NTLHA ya go palelwa ke go akanya sentle ga batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer, gantsi ga ba kgone go tlotla thata ka dilo tse di diragalang. Le fa go ntse jalo go bua ka dilo tsa nako e e fetileng e ka nna selo se sengwe. Ba ka nna ba bo ba sa ntse ba gakologelwa dilo tsa bogologolo thata, segolobogolo fa bolwetse jono bo sa ntse bo simolola. Balwetse ba le bantsi ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer ba rata go nna ba gakologelwa dilo tsa bone tsa nako e e fetileng. Ka jalo, ba kope gore ba go tlotlele dikgang tsa bone tse ba di ratang, le e leng le fa o setse o kile wa di utlwa ka makgetlo a le mantsi. Ka go dira jalo, o tla bo o thusa molwetse gore a itumele. Mo godimo ga moo, o tla bo o neela motlhokomedi nako e a e tlhokang ya go ikhutsa. Tota e bile, go ithaopela go tlhokomela molwetse ka lobaka lo lo rileng, gongwe letsatsi lotlhe, go ka lapolosa motlhokomedi wa gagwe.
[Lebokoso mo go tsebe 20]
Go Lepalepana Le go Sa Kgone go Laola Setlha
PAMPIRI e e neelang dikgakololo ya Incontinence e bolela gore le fa go sa kgone go laola setlha go ka “lebega e le selo sa bofe-lofelo, go na le dilo dingwe tse di ka dirwang e ka tswa e le go fokotsa bothata jono kana go bo dira gore bo se ke jwa ngomola pelo.“ Gakologelwa gore ga se gore molwetse ga a kgone go laola setlha sa gagwe gotlhele-le; gongwe e ne e le go tlhakana tlhogo fela kana a diegile go ya kwa ntlwaneng ya boi-thomelo. Go feta moo, gongwe molwetse a ka tswa a tshwerwe ke bolwetse bongwe jo bo alafegang jo bo bakang gore a se kgone go laola setlha sa gagwe ka lobakanyana, ka jalo o ka tlhoka go bona ngaka.
Go sa kgathalesege gore go bakwa ke eng, go sa kgone go laola setlha go ka nna motlhofo go dirisana le gone fa e le gore mo-Iwetse o apara diaparo tse go leng motlho-fo go di apola le go di apara le marukgwe a a diretsweng seemo sa gagwe ka mo go kge-thegileng. Gape go ka thusa go baya dibee-letsi tse di sireletsang mo malaong le mo ditulong. 0 se ka wa dira gore polasetiki e kgomane le letlalo la molwetse gore letlalo la gagwe le se ka la longwa kana la ruruga. Gapetlhapisa molwetse sentle ka metsi a a bothitho, a sesepa mme o mo phimole se-ntle pele ga o mo apesa. Tlosa dilo tse di ka kgoreletsang molwetse go itlhaganelela kwa ntlwaneng ya boithomelo le go fitlha gone a babalesegile. Go ka thusa gotlogela lebone le tshubilwe bosigo e le gore a bone tsela. Ka gonne molwetse a na le sedidinyana, o ka mo beela seikokotlelo se se tla dirang gore a ye kwa ntlwaneng ya boithomelo kwantle ga bothata bope.
Mokgatlho wa Balwetse ba Alzheimer wa kwa Lontone o akantsha jaana: “Go dira me-tlae le gone go ka fokotsa go gatelelwa mai-kutlo.“ Motlhokomedi a ka lepalepana jang le dikgwetlho tseno? Motlhokomedi mongwe yo o nang le maitemogelo o araba jaana: “Bopelotelele, bonolo, bopelonomi le mo-kgwa mongwe wa go bontsha maitseo mo go ka dirang gore molwetse a kgone go nna le seriti sa gagwe ka dinako tsotlhe, o sa tsha-be go tlhabiwa ke ditlhong kana go swaba.“
[Lebokoso mo go tsebe 21]
A Molwetse oTshwanetse go Fudusiwa?
KA MASWABI, boemo jo bo ntseng bo kekela jwa motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer bo ka nna jwa tlhoka gore a fudusiwe mo legaeng la gagwe go ya kwa legaeng la mo-ngwe wa losika kana kwa legaeng le go tlhokomelwang batsofe kwa go lone. Le fa go ntse jalo, pele ga go dirwa tshwetso eno ya gofudusa molwetse gotloga motikologongea etlwaetseng, gotshwanetse ga akanyediwa mabaka mangwe a botlhokwa.
Go fuduga go ka nna ga mo tlhakanya tlhogo le go feta. Dr. Gerry Bennetto neela sekai sa molwetse mongwe yo o neng a tlhola a kgarakgatshega mme ka dinako dingwe a bo a latlhe-ge. Le fa go ntse jalo o ne a ntse a kgona gotshela a le nosi. Le fa go ntse jalo, lelapa la gagwe le ne la swetsa gore a fuduge-le mo foleteng e e gaufi le bone e le gore ba mo tlhokomele se-ntle.
Dr. Bennett o tlhalosa jaana: “Ka bomadimabe, ga a ka a amogela lefelo le lesha e le legae la gagwe. . . . Ka maswa-bi ga a ka a tlwaela lefelo leno le lesha mme seno se ne sa mo dira gore a ikaege thata ka batho ba bangwe ka gonne a ne a sa tlhole a kgona go dira dilo tse a batlang go di dira mo tiko-logong ya gagwe e ntšha. 0 ne a sa tlwaela phaposi ya boa-peelo mme o ne a sa gakologelwe le tsela e ntšha ya go ya kwa ntlwaneng ya boithomelo mme o ne a sa kgone go ithiba. Selo se se simolotseng e le maitlhomo a a siameng se ne sa mma-kela kotsi mme ga felela ka gore a tlhokomelwe ke setheo se-ngwe se se rileng.“—Alzheimer’s Disease and Other Confusional States.
Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore ga go na ka tsela e nngwe fa e se go fudusetsa molwetse kwa setheong se se tlho-komelang balwetse? Totatota eno ga e kitla e nna tshwetso e e motlhofo. Tota e bile go tlhalosiwa fa seno e le “nngwe ya di-tshwetso tse di dirang gore batlhokomedi ba ipone molato tha-ta,“ tse gantsi di ba dirang gore ba ikutlwe ba paletswe e bile ba latlhile baratwa ba bone.
Mooki mongwe yo o nang le maitemogelo a go alafa balwe-tse ba Alzheimer o bolela jaana: “Go tlwaelegile gore motho a ikutlwe jalo, le fa go ntse jalo ga go tlhokege gore a ipone mo-lato.“ Ka ntlha yang? 0 araba jaana: “Ka gonne tlhokomelo le pabalesego [tsa molwetse] ke tsone dilo tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go akanyediwa.“ Dingaka e bong Oliver le Bock ba dumela jaana: “Tshwetsoya gore maikutlo a motho a setse a lapile mo go feteletseng le gore bolwetse bo gaketse thata mo go tlhokegang tlhokomelo e e fetang ya mo gae e ka nna tha-ta go e dira.“ Le fa go ntse jalo, morago ga go sekaseka mabaka otlhe go ya ka maemo, batlhokomedi bangwe ba ka konela sentle gore “go isa molwetse kwa legaeng le go tlhokomelwang = batsofe kwa go lone go . . . ka thusa molwetse.“—Coping With Alzheimer’s: A Caregiver’s Emotional Survival Guide.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Thusa molwetse gore a tlhaloganye se se diragalang le go tsamaisana le dinako