Go Itebaganya le Bolwetse Jwa Alzheimer
SALLY o tlhalosa jaana: “Alfie, monna wa me, e ne e le foromane mo go mongwe wa meepo ya gouta mo Afrika Borwa. Ke ne ka sala ke gamaregile fa a ne a mpolelela gore o batla go tlogela mmereko. O ne a na le dingwaga di le 56 fela mme e le monna yo o botlhale yo o neng a dira ka natla. Moragonyana badirimmogo le ene ba ne ba mpolelela gore Alfie a ne a simolotse go dira dilo tse di sa tlwaelegang kwa tirong. Gantsi ba ne ba di fitlha gore di se senoge.
“Fa a sena go tlogela tiro, re ne ra reka hotele. E re ka Alfie a ne a le motho yo o ratang go dira ka diatla, re ne ra akanya gore o tla tshwarega ka go baakanya lefelo leno. Le fa go ntse jalo, ka metlha o ne a hira mongwe yo o tla tlang go dira tiro eo.
“Mo ngwageng one oo, re ne ra tsamaya le setlogolo sa rona sa dingwaga di le tharo go ya malatsing a boikhutso kwa Durban. Setlogolwana seno sa rona se ne se rata go tshamekela mo trampoline e e neng e le ka kwa fela ga tsela mabapa le folete e re neng re nna mo go yone. Thapama nngwe mo e ka nnang ka 4:30 p.m., Alfie o ne a tsamaya le ene go ya go tshamekela mo trampoline mme a bolela gore ba tla boa morago ga halofo ya ura. Ka 7:00 p.m. ba ne ba ise ba boe. Ke ne ka founela mapodise mme ba mpolelela gore ga ba batlane le batho ba ba timetseng go fitlha ba timetse diura di le 24. Ke ne ke akanya gore ke a tsenwa bosigo joo, fa ke ntse ke akanya gore gongwe ba bolailwe. Mo e ka nnang ka sethoboloko mo letsatsing le le latelang, mongwe o ne a kokota mo kgorong, e ne e le Alfie a kukile setlogolwana sa rona.
Ka mmotsa jaana: “‘O tswa kae?’
A nthaya a re: “‘O se ke wa nkgalefela. Ga ke itse.’
Setlogolwana sa rona sa re: “‘Koko, rona re ne re latlhegile.’
“Akanya o latlhega ka kwa fela ga tsela! Le jaanong ke sa ntse ke sa itse gore ba robetse kae bosigo joo. Legale, tsala nngwe ya me e ne ya ba bona mme ya ba bontsha folete e ba tshwanetseng go ya kwa go yone.”
Morago ga tiragalo eno, Sally o ne a isa Alfie kwa ngakeng e e alafang malwetse a boboko, e e neng ya bolela gore o tshwerwe ke dementia (go sa dire sentle ga tlhaloganyo). Go ne ga lemogiwa moragonyana gore Alfie o tshwerwe ke bolwetse jwa Alzheimer, jo go tla go fitlha jaanong go iseng go bonwe kalafi kana phodiso ya jone.a Lokwalopaka lwa Boritane e bong New Scientist lo bolela gore bolwetse jwa Alzheimer ke “mmolai wa bonè yo mogolo thata mo dinageng tse di tlhabologileng jo bo latelang bolwetse jwa pelo, kankere le seterouku.” Bo ne jwa bidiwa “bolwetse jo bogolo jo bo sa foleng jwa go tsofala.” Le fa go ntse jalo, bolwetse jwa Alzheimer bo ka nna jwa tshwara motho le fa a ise a tsofale jaaka bo dirile ka Alfie.
E re ka batho ba ba nnang mo dinageng tse di humileng ba ntse ba tshela lobaka lo loleele, go bolelelwa pele dipalo tse di tshosang tsa batho ba ba tla tshwarwang ke bolwetse jwa go sa dire sentle ga tlhaloganyo. Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng, palo ya batho ba ba tla tshwarwang ke bolwetse jono e tla oketsega ka diperesente di le 14 kwa Boritane, e oketsege ka diperesente di le 33 kwa United States e bo e oketsege ka diperesente di le 64 kwa Canada gareng ga 1980 le 2000. Ka 1990 thulaganyo nngwe ya mo thelebisheneng kwa Australia e ne ya bolela jaana: “Go fopholediwa gore jaanong go na le batho ba le 100 000 ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer mo Australia. Mme ba tla bo ba le 200-000 mo bofelong jwa lekgolo la dingwaga.” Go fopholediwa gore batho ba le dimilione di le 100 mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba tshwerwe ke bolwetse jwa Alzheimer ka ngwaga wa 2000.
Bolwetse Jwa Alzheimer ke Eng?
Le fa go dirilwe patlisiso ka dilo tse dintsi tse go ka diregang gore di bo di baka bolwetse jono, go sa ntse go sa itsiwe gore ke eng sentlentle se se bakang bolwetse jwa Alzheimer. Le fa go ntse jalo, go itsiwe fela gore bolwetse jwa Alzheimer bo akaretsa go senyega ga disele tsa boboko ka iketlo, mo e leng gore dikarolo tsa boboko di ka feleletsa di ngotlegile. Dikarolo tse di amiwang thata ke seno ke tse di dirang gore o gakologelwe dilo le gore o kgone go akanya. Disele tsa boboko tse di amanang le maikutlo ke tsone tsa ntlha tse di amegang fa bolwetse jono bo simologa, e leng selo se se ka fetolang botho jwa motho. Dikarolo tse dingwe tsa boboko tsone di ka nna tsa se ka tsa amega go fitlha moragonyana—dikarolo tse di dirang gore o bone le go ama le ditshika tse di dirang gore o kgone go tshikinyega, tse di laolang go tsamaya ga mesifa ya mmele. Scientific American e tlhalosa gore diphetogo tseno “di dira gore go nne le boemo jo bo utlwisang botlhoko jo mo go jone motho wa teng a kgonang go tsamaya, go bua le go ja mme a sa tlhaloganye se se diragalang.”
Gantsi, bolwetse jono bo tsaya dingwaga di le 5 go ya go di le 10—mme ka dinako dingwe bo ka tsaya dingwaga tse di fetang 20. Fa bo ntse bo kekela, bo dira gore balwetse ba jone ba koafale le go feta. Kgabagare, ba ka nna ba palelwa le ke go lemoga baratwa ba bone. Fa bo setse bo gaketse thata, gantsi balwetse ba teng ba nna ba nna fela mo bolaong mme ga ba kgone go bua kana go ijesa. Le fa go ntse jalo, balwetse ba le bantsi ba jone ba bolawa ke dilo tse dingwe le pele ga ba fitlha mo dikarolong tseno tsa bofelo tsa bolwetsi jono.
Le fa gone batho ba ba simololang go tshwarwa ke bolwetse jwa Alzheimer ba sa opelwe mo mmeleng, bo ba bakela mahutsana a magolo mo maikutlong. Gone go a utlwala gore fa bo simolola, bangwe ga ba kgone go itebaganya le jone, ba solofela gore bothata jono bo tla fela.b Le fa go ntse jalo, go thusa thata gore motho a itebaganye le bolwetse jono le go ithuta kafa a ka ritibatsang ka gone mahutsana a a bakiwang ke jone. Bert yo mosadi wa gagwe wa dingwaga di le 63 a tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer o boletse jaana: “Ke eletsa e kete nkabo ke itsile go sa le gale kafa go senyega ga mogopolo go tlileng go ama molwetse ka teng.” Ee, go ka thusa malapa thata go ithuta ka moo bolwetse jwa Alzheimer bo leng ka teng le mekgwa ya go bo itshokela. Tsweetswee tsamaisana le Tsogang! fa e ntse e tlhatlhoba dintlha tseno le tse dingwe gape mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bolwetse jwa Alzheimer bo teeletswe ka Alois Alzheimer, ngaka nngwe ya kwa Jeremane yo o neng a tlhalosa bolwetse jono la ntlha ka 1906 morago ga gore a tlhatlhobe molwetse yo o neng a gateletswe ke bolwetse jwa go sa dire sentle ga tlhaloganyo. Go akanngwa gore diperesente di le 60 tsa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jono jwa go sa dire sentle ga tlhaloganyo, bo bakilwe ke bolwetse jono jwa Alzheimer, mo go amang mo e ka nnang motho a le 1 go ba le 10 ba ba nang le dingwaga tse di fetang 65. Mofuta o mongwe gape wa bolwetse jwa go sa dire sentle ga tlhaloganyo, e leng multi-infarct dementia (bolwetse jwa go senyega tlhaloganyo gotlhelele) o bakwa ke go itewa ke seterouku se se sa golafatseng, se se senyang boboko.
b Tlhagiso: Go tlhokega gore go dirwe tlhatlhobo e e tseneletseng ya kalafi pele ga go konelwa gore motho o na le bolwetse jwa Alzheimer. Mo e ka nnang diperesente di le 10 go ya go di le 20 tsa batho ba ba nang le bolwetse jwa go sa dire sentle ga tlhaloganyo bo simolola pele e le bolwetse jo bo alafegang. Buka ya How to Care for Aging Parents e tlhalosa go tlhatlhoba bolwetse jwa Alzheimer jaana: “Bolwetse jwa Alzheimer bo ka tlhatlhobiwa fela ka tlhomamo ka go batlisisa sentle mo bobokong fa go sekasekwa motho wa bolwetse jono, mme le fa go ntse jalo dingaka di ka kgona go itlhokomolosa mabaka mangwe mme tsa dira ditlhatlhobo ka go leba fela matshwao a a tlhokang go lejwa.”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 12]
Go fopholediwa gore batho ba le dimilione di le 100 mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba tshwerwe ke bolwetse jwa Alzheimer ka ngwaga wa 2000