LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 9/8 ts. 30-31
  • A re Tshwanetse go Bona Satane Molato ka Maleo a Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A re Tshwanetse go Bona Satane Molato ka Maleo a Rona?
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lwantsha Diabolo
  • Kafa re ka “Ganetsang Diabolo” ka Teng
  • Ntwa E re E Lwang go Tswa mo Teng
  • Amogela Boikarabelo
  • “Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ganetsang Satane, Mme o Tla lo Tshaba!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A Tota o Dumela Gore Diabolo o Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Diabolo—Ga se Tumelabotlhodi Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 9/8 ts. 30-31

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A re Tshwanetse go Bona Satane Molato ka Maleo a Rona?

BOLEO jwa ntlha jwa motho e ne e le ka ntlha ya ga Satane. Efa o ne a re: “Noga e ntsieditse, mme ka ja.” (Genesise 3:13) Fa e sa le ka nako eo, “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane” e ne ya tswelela go tlhasela batho, e ‘foufatsa megopolo’ ya batho le go ‘timetsa lefatshe lotlhe le le nnang le banni.’ (Tshenolo 12:9; 2 Bakorintha 4:4) Ga go na motho yo o ka falolang kgatelelo ya gagwe, mme a seno se bolela gore re ka se emelane le tlhotlheletso ya gagwe? Mme fa re leofa, a ka metlha e a bo e le phoso ya gagwe?

Baebele e tlhalosa gore ruri Satane o ne a tsietsa Efa. (1 Timotheo 2:14) O ne a tsiediwa gore a akanye gore ka go tlola taelo ya Modimo, o tla nna le temogo e e tshwanang le ya Modimo e bile o tla kgona go itaola. (Genesise 3:4, 5) Ka ntlha ya go akanya ka tsela eo, o ne a leofa. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a mmona molato mme a mo atlholela loso. Ka ntlha yang? Ka gonne le fa gone Satane a ne a buile maaka, Efa o ne a ntse a itse se Modimo o se laetseng. Ga a ka a patelediwa go tlola molao; go na le moo, o ne a ka kgona go dira se a batlang go se dira, o ne a ka kgona go emelana le tlhotlheletso ya ga Satane.

Lwantsha Diabolo

Go a kgonega gore rona batho re lwantshe Diabolo. Mo go Baefeso 6:12, re bolelelwa gore “re na le mekamekano” kgatlhanong le “meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” Ka gone, go a bonala gore Modimo o lebeletse gore re lwe le tlhotlheletso ya ga Satane. Mme motho a ka lwa jang le maatla a a fetang a motho a ga Satane le badimona ba gagwe? A re kopiwa go lwa ntwa e e sa re lekanang, e re itseng sentle gore re tlile go fenngwa mo go yone? Nnyaa, ka gonne Modimo ga a re bolelele gore re lwe le Diabolo ka maatla a rona. Jehofa o re fa dilo tse di farologaneng tse re ka lwantshang maretshwa a ga Diabolo ka tsone mme re fenye. Baebele e re bolelela gore Diabolo ke mang, kafa a dirang ka teng le kafa re ka itshireletsang ka teng.—Johane 8:44; 2 Bakorintha 2:11; 11:14.

Kafa re ka “Ganetsang Diabolo” ka Teng

Dikwalo di buelela mekgwa e le mebedi e re ka ganetsang Diabolo ka yone. Re gakololwa jaana: “Jalo, ipeyeng mo taolong ya Modimo; mme ganetsang Diabolo, mme o tla tshaba a tswa mo go lona.” (Jakobe 4:7) Kgato ya ntlha ya go ipaya mo taolong ya Modimo e akaretsa go utlwa ditaelo tsa gagwe. Go nna re akantse ka go nna teng ga Modimo, bomolemo jwa gagwe, maatla a gagwe a a boitshegang le bolaodi jwa gagwe le melaometheo ya gagwe ya maemo a a kwa godimo go tla re neela thata ya go ganetsana le Satane. Gape go botlhokwa gore re rapele Modimo ka go bisa go khutla.—Baefeso 6:18.

Akanya ka nako ya fa Jesu a ne a raelwa ke Diabolo. Eleruri go gakologelwa melao e e farologaneng ya Modimo le go e nopola go ne ga thusa Jesu go emelana le ene. E re ka Satane a ne a palelwa ke go raela Jesu gore a leofe, o ne a mo tlogela. Morago ga tiragalo eo, Jehofa, ka baengele ba gagwe, o ne a nonotsha Jesu mo go oketsegileng. (Mathaio 4:1-11) Ka jalo, Jesu o ne a ka kgothaletsa barutwa ba gagwe ka tlhomamo gore ba kope Modimo gore a ba “golole mo go yo o boikepo.”—Mathaio 6:13.

Fa Modimo a re golola ga go reye gore o baya thebe e e sireletsang go re dikologa. Go na le moo, o re bolelela gore re latelele dinonofo tsa bomodimo, tse di jaaka boammaaruri, tshiamo, kagiso le tumelo. Dinonofo tseno di dira jaaka ‘diaparo tsa tlhabano,’ di dira gore re kgone ‘go ema re nitame kgatlhanong le maano a a boferefere a ga Diabolo.’ (Baefeso 6:11, 13-18) Ka jalo, re thusiwa ke Modimo re ka kgona go ganela dithaelo tsa ga Diabolo.

Kgato ya bobedi e e bueletsweng mo go Jakobe 4:7 ke go ‘ganetsa Diabolo.’ Seno se akaretsa go tsaya kgato ya bopelokgale, go tshabela tlhotlheletso ya gagwe e e kotsi. Motho o tshwanetse a tila go tsiediwa ke ene le go gana difilosofi tsa go rata dikhumo le tsa go tlhoka boitsholo tse di anameng gotlhe mo lefatsheng gompieno. Go lwantshana le Diabolo ka tsela eno mmogo le go tshela botshelo jwa go ineela go itumedisa Modimo go botlhokwa thata fa re lwa le Satane. Mme a maleo otlhe e a bo e le molato wa ga Diabolo ka tlhamalalo?

Ntwa E re E Lwang go Tswa mo Teng

Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o tlhalositse jaana: “Mongwe le mongwe o lekwa fa a gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.” (Jakobe 1:14, 15) Ka bomadimabe, ga re ka ke ra fenya gotlhelele bokoa le go sa itekanela tse re tsetsweng ka tsone. (Baroma 5:12) Baebele e bolela jaana: “Ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.”—Moreri 7:20.

Seno ga se reye gore ga re ka ke ra kgona go laola maleo otlhe. Mo mabakeng mangwe, re itsenya mo thaelong ka go tlhopha dilo tse di phoso. Ka jalo, le fa gone keletso e e phoso e ka tswa e le ka ntlha ya go sa itekanela ga rona kana tlhotlheletso ya ga Satane, go mo go rona gotlhelele gore a re a e godisa kana re a e gana. Moaposetoloi Paulo o kwadile seno ka tshwanelo: “Le fa e le eng se motho o se jalang, seno gape o tla se roba.”—Bagalatia 6:7.

Amogela Boikarabelo

Gantsi go thata mo bathong gore ba dumele makoa a bone, mo ba paletsweng teng, ditlhaelo tsa bone—ee, maleo a bone. (Pesalema 36:2) Selo se sengwe se se ka re thusang gore re amogele boikarabelo mo maleong a rona ke go itse gore gone jaanong Modimo ga a lebelela gore re nne batho ba ba itekanetseng. Mopesalema Dafide o boletse gore: “Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona.” (Pesalema 103:10) Le fa gone Modimo a itshwarela, o sa ntse a lebeletse gore re lwe ka thata, re ikgalemele mo dithaelong tsa ga Diabolo le mo go sekameleng ga rona go dira boleo.—1 Bakorintha 9:27.

Re tshwanetse ra tlhaloganya gore le fa Modimo a bona gore Diabolo o kgona go laola se re se dirang e bile o na le molato o mogolo mo go reng batho e bo e le baleofi, seno ga se re golole mo molatong wa rona. Ka jalo, Baroma 14:12 ya re: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”

Le fa go ntse jalo, fa re ‘ila se se boikepo’ mme re ‘ngaparela se se molemo,’ re ka kgona go fenya bosula. (Baroma 12:9, 21) Mosadi wa ntlha e bong Efa o ne a retelelwa ke go dira jalo mme a otlhaelwa go tlhoka kutlo ga gagwe; a ka bo a ganne mme a utlwa Modimo. (Genesise 3:16) Le fa go ntse jalo, Modimo ga a ka a itlhokomolosa seabe se Diabolo a nnileng le sone mo go mo tsietseng. Diabolo o ne a hutsiwa mme a atlholelwa go senngwa kgabagare. (Genesise 3:14, 15; Baroma 16:20; Bahebera 2:14) Go ise go ye kae ga re kitla re tlhola re tshwanelwa ke go lwa le tlhotlheletso ya gagwe e e boikepo.—Tshenolo 20:1-3, 10.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Erich Lessing/Art Resource, NY

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela