LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 9/8 ts. 32
  • “Makasine wa Maemo a Ntlha”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Makasine wa Maemo a Ntlha”
  • Tsogang!—1998
Tsogang!—1998
g98 9/8 ts. 32

“Makasine wa Maemo a Ntlha”

A o kile wa bala makasine wa Tsogang! mo nakong e e fetileng? O akanyang ka khopi ya makasine o o o tshwereng ka letsogo? A o fitlhela ditlhogo tsa one di ruta, di le mo nakong e bile di na le ditshwantsho tse dintle?

Mokwadi mongwe wa kwa Nigeria mo Afrika o kwadile seno: “Ke bala makasine wa Tsogang! ka metlha, le fa gone ke se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Tsogang! ke makasine wa maemo a ntlha. Ke motswedi o o nneelang dikgopolo tse di molemo. Ditsebe tsa one tsa kafa ntle di dintle go lejwa e bile di dira gore mmadi yo o sa o tlhaoleng a batle go bula mo ditsebeng tsa yone. Tokololo nngwe le nngwe e bontsha ka tsela e e gakgamatsang gore o akanyeditswe ka kelotlhoko; tsebe nngwe le nngwe e kwadilwe ka bokgoni jwa maemo a a kwa godimo. Ka ditlhogo tsa teng tse di mo nakong le tse di kwadilweng ka botswerere, tokololo nngwe le nngwe e na le tshedimosetso e e botlhokwatlhokwa.”

Re go kgothaletsa gore o tlhatlhobe ditlhogo tse di mo khoping eno ya Tsogang! Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka amogelang khopi e nngwe ka teng, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5. Re tla itumelela go go romelela khopi e nngwe kana fa o batla, ra rulaganya gore mongwe a go etele kwa legaeng la gago go sekaseka le wena se se bolelwang ke dinako tse re tshelang mo go tsone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela