Go Retelelwa ke go Fenya Bokebekwa
“BOKEBEKWA bo ne bo ka laolwa ka bonako fa mongwe le mongwe a ne a ipaakanyeditse go dira maiteko,” go nopotswe jalo yo e kileng ya bo e le molaodi wa Mapodise a Metropolitan Liverpool Daily Post ya Engelane. Eleruri, fa mongwe le mongwe a ne a ikobela molao, bokebekwa bo ne bo ka nyelela.
Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mantsi bokebekwa bo nna bo oketsega. Mafoko ano a a builweng dingwaga di le diketekete tse di fetileng a a dira mo nakong ya rona: “Lefatshe le ne le senyegile fa pele ga Modimo, le ne le tletse thubakano.” (Genesise 6:11)—Bona lebokose le le mo tsebeng e e bapileng le eno.
Bokebekwa bo Simolola ka Dilo Tse Dinnye
Ka go tlola molao mo dilong tse dinnye motho a ka tlwaela go o tlola le mo dilong tse dikgolo. Morutabana mongwe o ne a gatelela boammaaruri jono mo baithuting ba gagwe ka go tlhalosa jaana: “Batho ba ba thukhuthang dibanka ba simolotse ka go utswa dipensele kwa sekolong.”
Morago, ke eng se gantsi se diragalang kwa mmerekong? Batho ba nna kwa gae ba sa tle tirong ka gonne ba bolela fa ba lwala mme ba amogele madi a go lwala a a sa ba tshwanelang. Mokgwa ono wa go sa ikanyege o tlwaelegile thata go feta kafa motho a ka akanyang ka teng. Ka sekai, kwa Jeremane batho ba ba ipolelang ba lwala e nna diperesente di le 6 ka boLaboraro, e nne diperesente di le 10 ka boLabobedi, e nne diperesente di le 16 ka boLabone, mme palo e e boitshegang ya diperesente di le 31 e nna ka boMantaga, e e gaisiwang ke diperesente di le 37 ka boLabotlhano! A ruri batho ba lwala thata ka boMantaga le boLabotlhano kana ke mokgwa fela o mongwe wa go utswa?
Dikebekwa ke Bomang?
Ke boammaaruri gore ditiro tsa bokebekwa tse di dirwang ke batho fela ga se gantsi di nang le ditlamorago tse di tshwanang le tse di dirwang ke batho ba ba mo maemong a a kwa godimo. Mo masimologong a bo1970, United States e ne ya welwa ke bokebekwa jo bo sisimosang jwa dipolotiki mo e leng gore leina le le neng la golaganngwa le jone le ne la feletsa e le karolo ya puo ya Seesemane.
Go ya ka Barnhart Dictionary of New English: “Watergate ke matlhabisaditlhong, segolobogolo a a amanang le maiteko a go fitlha tshedimosetso e e senyang kana ditiro tse di seng ka fa molaong.”a E oketsa ka gore: “Kgang ya Watergate e ne ya tlogela sengwe se se sa lebalegeng mo puong eno ka bo1970. Lefoko leno le ne la dira gore go tlhamiwe mafoko a masha a a farologaneng le a a gokagantsweng le ditlhaka -gate, a a neng a dirisiwa go tlhalosa dilo tse di amanang le matlhabisaditlhong kana tsietso.”
Fa e sa le go tloga ka nako eo ditiro dipe fela tsa tsietso tse di diragalang di ne tsa supa gore bokebekwa bo aname, le e leng gareng ga batho ba ba tshwanetseng go nna dikao mo go ikobeleng molao. Kwa Japane tsietso mo go tsa dipolotiki e ne ya anama thata jaana mo e leng gore go ne ga tlhonngwa melao e mesha mo masimologong a bo1990 go e kganela. Ka 1992 poresidente wa kwa Brazil o ne a folosiwa mo maemong a gagwe ka ditatofatso tsa boferefere.
A ga go mo pepeneneng gore ditiro tse di sa siamang tsa batho ba ba leng mo maemong a go laola, go akaretsa batsadi, barutabana le badiredibagolo ba tsa molao, di na le seabe mo bokebekweng jo bo dirwang ke bontsi jwa batho?
Maikaelelo a a Siameng ga a Lekana
Bontsi jwa batho bo tla dumela gore dipuso di batla go fedisa bokebekwa. Le fa go ntse jalo, motho mongwe yo e kileng ya bo e le modiredimogolo o umakile seno ka naga ya gaabo: “Puso e dirile go le gonnye fela go dira gore dithulaganyo tsa tshiamiso di dire ka bonako ka tsela e e molemo. Ga go na baatlhodi ba ba lekaneng, ka jalo ba le mmalwa ba re nang le bone ba farafarilwe ke tiro. Mapodise le one a a tlhaela e bile ga a na didirisiwa tse di lekaneng. Ka dinako dingwe mapodise ga a neelwe dituelo tsa one ka nako, e leng se se ba dirang gore ba raelesege go tsaya pipamolomo.”
Makasine wa kwa Italy e bong La Civiltà Cattolica o hutsafadiwa “ke go palelwa ga Puso fa e lebane le bokebekwa jwa digongwana” mme o akgetse jaana: “Re a itse gore baemedi le baatlhodi ba molao ba ititeile sehuba go lwantsha bokebekwa, le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore ga ba kgone go fokotsa bokebekwa jwa digongwana; go na le moo, bo nna bo nonofa le go thatafalela pele.”
Go phepafetse gore maikaelelo a dipuso a go lwantsha bokebekwa ga a lekana. Anita Gradin yo e leng mokomisinara wa dikgang tsa phaladi le tsa boatlhodi kwa Yuropa o ile a bolela sentle jaana: “Re tlhoka mekgwa e e botoka le e e atlegang thata ya go dirisana mmogo mo go lweng le go gweba le go ananya diokobatsi, go gweba ka batho, go fuduga go e seng ka fa molaong, bokebekwa jwa digongwana, boferefere le tsietso.”
Badiredibagolo ba Molao ba Iketleeditse go le Kana Kang?
Bangwe ba a belaela gore a ruri balaodi ba iketleeditse mo go lwantsheng bokebekwa. Mongwe yo o kileng a nna motlhatlhobimogolo wa mapodise mo nageng nngwe o akgetse ka gore mongwe le mongwe, “o kgala dilo tse di sa siamang le bokebekwa jwa tsa itsholelo,” mo e ka nnang phatlalatsa. O bolela gore le fa go ntse jalo, ga se rona rotlhe ba re eletsang go fedisa bokebekwa le dilo tse di sa siamang. Palo e e oketsegang ya batho—go akaretsa badiredibagolo ba molao—e kete ba leba pipamolomo, boferefere le go utswa e le ditsela tse di amogelwang tsa go gatela pele.
Kgang ya go bo bontsi “jwa batho ba ba dirang bokebekwa ba sa tshwarwe,” jaaka fa molaodi mongwe wa lekgetho a go tlhalosa, ga go belaetse gore ke lebaka le lengwe le le oketsang bokebekwa. Ka sekai, kgatiso nngwe ya kwa Russia e bua “ka moo dikebekwa di tswelelang ka ditiro tsa tsone ka teng di sa otlhaiwe.” Kgatiso eno e oketsa ka gore seno “se lebega se tlhotlheletsa baagi ba ba tlwaelegileng go dira ditiro tse di setlhogo thata tsa bokebekwa.” Ke sone se mokwadi wa Baebele a se boletseng dingwaga di ka nna 3000 tse di fetileng: “E re ka katlholo ka ga tiro e e bosula e sa dirafadiwe ka bonako, ke gone ka moo pelo ya bana ba batho e tlhomameng mo go bone ka mokgwa o o tletseng, go tla ba dira bosula.”—Moreri 8:11.
Ga go fetelediwe dilo fa go bolelwa gore dipuso di retelelwa ke go thibela bokebekwa. Lokwalodikgang lwa kwa Jeremane lwa Rheinischer Merkur lo akgetse ka gore: “Poifo e setšhaba se nang le yone ka ga go oketsega ga bokebekwa jwa thubakanyo ke e e tseneletseng mme e ka se kokobediwe ke go ngangisana ga ditlhopha tsa dipolotiki go go tlholwang go dirwa kana ke dipalopalo tse di akantshang gore boemo ga bo maswe jaaka bo lebega.”
Go na le gore maemo a bokebekwa a bo a se maswe jaaka bo lebega, a ka nna a bo a ntse jalo. Le fa go ntse jalo, re ka nna le tsholofelo. Lefatshe le le se nang bokebekwa le ntse le atamela e bile o ka nna wa bo o sa ntse o tshela fa le fitlha. Setlhogo se se latelang se tla bontsha gore ke ka ntlha yang fa re re jalo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Kgang ya Watergate e ne ya bidiwa jalo ka gonne go thukhuthiwa mo moagong o o neng o bidiwa ka leina leo ke gone go senoletseng setšhaba kgang eno. Matlhabisaditlhong ano a ne a felela ka gore poresidente wa United States e bong Richard Nixon a tlogedisiwe tiro mme ga tshwarwa le bagakolodi ba gagwe ba bagolo ba le mmalwa.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Bontsi jwa batho bo tsaya bokebekwa e le tsela e e amogelegang ya go gatelapele
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Lefatshe le le Tletseng Thubakanyo
AFRIKA BORWA: “Bokebekwa jo bo sa thibegeng le jo bo sa laolegeng gotlhelele bo tshosetsa mongwe le mongwe wa rona le sengwe le sengwe se re se dirang—mme go tshwanetse ga dirwa sengwe se segolo tota.”—The Star.
BRAZIL: “Go tsibogela thubakanyo e e ntseng e oketsega, batho ba le dikete di le makgolokgolo ba ne ba tlala ka diterata tsa toropo [ya Rio de Janeiro], ba bolela fa ba boifa le go galefela bokebekwa jo bo gapileng toropokgolo ya bone.”—International Herald Tribune.
CHINA: “Dinokwane di ipoa kgatsu kwa China mme bokebekwa jo bogolo bo lebega bo fetelela. . . . Bomankge ba kwa China ba bolela gore dipalo tsa digongwana le ‘ditlhopha tsa sephiri’ di oketsega thata go feta ka fa mapodise a ka di balang ka teng.”—The New York Times.
GREAT BRITAIN: “Thubakanyo e direga ka selekanyo se se kwa godimo mme go ka direga thata gore motho yo o kgopisitsweng a ka dirisa thubakanyo e le sone selo sa ntlha se se tlang mo tlhaloganyong ya gagwe.”—The Independent.
IRELAND: “Digongwana tsa boMafia di setse di atile thata mo bogareng jwa toropo ya Dublin le mo ditoropong tsa yone tse di kwa thoko tsa bophirima. Digopa tseno di nna di na le dibetsa tse dintsi.”—The Economist.
JEREMANE: “Phatlha e e leng gareng ga go iketleetsa go dira ditiro tsa thubakanyo le boemo jo bo tlhotlheletsang motho go dira jalo e ntse e ngotlega fela thata. Ka jalo ga go gakgamatse go bo thubakanyo e setse e le tiragalo ya letsatsi le letsatsi.”—Rheinischer Merkur.
MEXICO: “Bokebekwa bo oketsegile thata mo lobakeng lo lo khutshwane fela ka selekanyo se se tshosang.”—The Wall Street Journal.
NIGERIA: “Go ya ka sebueledi sa mapodise e leng Rre Frank Odita, lelapa, dikereke, mmoseke, dikolo le ditlelapa di paletswe ke tiro ya tsone ya go thibela basha go dira bokebekwa.”—Daily Champion.
PHILIPPINES: “Malapa a le marataro go a le lesome mo Philippines a bolela gore ga a ikutlwe a sireletsegile mo magaeng a one kana mo diterateng.”—Asiaweek.
RUSSIA: “Digopa tse di jaaka tsa Mafia di fetotse toropokgolo e mo malatsing a Soviet e neng e le nngwe ya ditoropokgolo tse di sireletsegileng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng go nna sentlhaga sa bokebekwa. . . . Lefotenente wa sepodise e bong Gennadi Groshikov o bolela gore, ‘Mo dingwageng di le 17 tse ke di feditseng ke disa Moscow ka tsone, ga ke ise nke ke bone bokebekwa jo bontsi jaana gone kana gone go bona sepe se se bosula jaana.’”—Time.
TAIWAN: “Kwa Taiwan . . . dipalo tse di ntseng di oketsega tsa go kgothosa, go teketa le go bolaya di aname thata mo setšhabeng . . . Eleruri, dilekanyo tsa bokebekwa di ntse di oketsega e bile mo mabakeng a mangwe di feta le tsa kwa dinageng tsa Bophirima.”—The New York Times.
UNITED STATES: “United States ke naga e e tletseng thubakanyo go gaisa dinaga tsotlhe tse di tlhabologileng. . . . Ga go na naga epe ya tse di tlhabologileng e e lekanang le yone.”—Time.