LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 3/8 ts. 3
  • Fa Go ne Go se Na Bokebekwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Go ne Go se Na Bokebekwa
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokebekwa bo Simologile Kae?
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Bokebekwa Jo Bo Kanakana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Retelelwa ke go Fenya Bokebekwa
    Tsogang!—1998
  • Bokebekwa Jaanong Bo Gaufi le go Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Lwela Go Khutlisa Bokebekwa
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 3/8 ts. 3

Fa Go ne Go se Na Bokebekwa

A O KA akanya ka lefatshe le se na bokebekwa? Gongwe e seng fa o badile dikgang tse di jaaka tse di ileng tsa tlhaga mo lokwalodikgannyeng lwa letsatsi le letsatsi lwa Süddeutsche Zeitung lwa kwa Jeremane: “Baitseanape mo go tsa bokebekwa ba bua ka selekanyo se sesha sa bokebekwa. Ba bo tlhalosa ka tsela e e boifisang thata le dilo tse ba di bonelang pele ke tse di sa neyeng motho tsholofelo.”

Go ya ka patlisiso e e dirilweng ka 1995 mo bathong ba kwa Yuropa, mo e ka nnang mongwe le mongwe wa bone o tshwenyegile ka go tsiediwa ka bokebekwa. Kwa Jeremane, Netherlands, Poland, Russia le kwa United Kingdom, bokebekwa bo kwa setlhoeng sa dilo tse batho ba di boifang thata. Go boifa bokebekwa go ne ga bewa mo maemong a bobedi kwa Denmark, Finland le kwa Switzerland mme ga bewa mo maemong a boraro kwa Fora, Greece le Italy. Gareng ga dinaga di le 12 tse go dirilweng dipatlisiso mo go tsone, ke Spain fela e e sa bayang bokebekwa gareng ga dilo tse tharo tse di boifiwang thata.

Bokebekwa bo oketsegile mo go boifisang kwa Yuropa Botlhaba mo dingwageng tse supa tse di fetileng. Mo bontsing jwa dinaga tseno, bo oketsegile ka diperesente tse di magareng ga di le 50 le 100, fa kwa dinageng tse dingwe, bo oketsegile go tloga ka diperesente di le 193 go ya go di le 401!

Le fa go ntse jalo, ka nako nngwe, go kile ga bo go na le lefatshe le le se nang bokebekwa. E ne e le leng mme lefatshe leo le ne la senngwa ke eng?

Bokebekwa bo Simologile Kae?

Bokebekwa bo tlhalosiwa e le “go tlola molao mo go feteletseng,” bo simologile kwa lefelong la semoya. Batho ba ntlha e bong Atame le Efa ga ba a bopiwa ba na le tshekamelo ya bokebekwa kana gone gore ke bone ba ba ikarabelelang gotlhelele ka go tsenya bokebekwa mo bathong. Morwa Modimo yo o itekanetseng wa semoya o ne a letlelela megopolo e e sa siamang go tlhoga mo pelong ya gagwe, eo fa e nonotshiwa e tsalang bokebekwa. Ke ene yo o ikarabelang ka go senya lefatshe la kwa tshimologong le le neng le se na bokebekwa. Ka go tlola molao wa Modimo, o ne a itira sekebekwa mme o tlhalosiwa mo Baebeleng e le Satane Diabolo.—Jakobe 1:13-15; Tshenolo 12:9.

E re ka Satane a ile a simolola tsela ya go nna kgatlhanong le Modimo kwa magodimong a a sa bonaleng, o ne a ikaeletse go anamisetsa ditsela tsa gagwe tsa bokebekwa mo bathong ba ba mo lefatsheng. Pego ya Baebele e e bontshang kafa Diabolo a dirileng seno ka teng e khutshwane e bile e motlhofo, le fa go ntse jalo e boammaaruri. (Genesise, dikgaolo 2-4) Atame le Efa ba ne ba gana go utlwa melaometheo ya Modimo ka ntlha ya go faposiwa ke letsipa leno, sekebekwa se se fetang motho ka maatla. Ba ne ba nna dikebekwa ka go tlola taolo ya Modimo. Ga go na pelaelo gore moragonyana ba ile ba garoga dipelo fa Kaine morwabone wa leitibolo, a ya bokgakaleng jwa go thukhutha Abele morwarraagwe selo se se botlhokwa thata, botshelo ka bojone!

Ka jalo, mo bathong ba ntlha go nna mo lefatsheng ba banè ba le bararo ba bone ba ne ba fetoga dikebekwa. Ka gone, Atame, Efa le Kaine ba ne ba latlhegelwa ke tshono ya go tshela mo lefatsheng le le se nang bokebekwa. Re itse jang gore jaanong lefatshe le le ntseng jalo le tla tloga le nna gone morago ga nako e kanakang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela