Kgopolo E e Mo Baebeleng
O ka Boifa Jang Modimo wa Lorato?
“GO SEGO MONNA YO O BOIFANG JEHOFA.” —Pesalema 112:1.
FA E le gore “Modimo ke lorato,” jaaka Baebele e mo tlhalosa, ke eng fa go tlhokega gore re mo boife? (1 Johane 4:16) Gantsi lorato le poifo di tsewa di sa tsamaisane. Ka jalo, poifo e na le seabe sefe mo kamanong ya rona le Modimo? Ke eng fa re tshwanetse go boifa Modimo wa lorato? Re tla kgona go tlhaloganya kgang eno botoka fa re ka sekaseka tsela e lefoko “poifo” le dirisitsweng ka teng mo Baebeleng.
Mo dipuong di le dintsi, lefoko le le lengwe le ka nna le mefuta e e farologaneng ya bokao, go ikaegile ka se go buiwang ka sone. Ka sekai, mo dipuong dingwe motho a ka re: “Ke rata legapu” mme gape a bo a re, “Ke rata banake.” Lorato lo go buiwang ka lone fano lo a farologana go ya ka mofuta le bogolo jwa lone. Baebele e dirisa mefuta e e farologaneng ya poifo fela jalo. Fa e dirisa lefoko leno malebana le go obamela Modimo, ga e bue ka go tshoga, go rerega, kana go garoga pelo o tshaba kotlhao. Go na le moo, go boifa Modimo go amana le maikutlo a a siameng—go sisimoga, go ikokobetsa le go tlotla thata. Maikutlo ano a mantle a amana le go rata Modimo le go mo kgatlhegela, e seng go ikutlwa o batla go tshaba kana go mo iphitlhela.
Go boifa Modimo ga se poifo ya go ikutlwa o garoga pelo, o roroma. Malebana le motho yo o boifang Modimo, mopesalema o ne a kwala jaana: “Ga a ketla a tshosiwa ke mafoko a a bosula; pelo ya gagwe e nitame, e ikantse Jehofa.” (Pesalema 112:7) Ga go na matshosetsi ape a a tswang mo bathong ba ba boikepo kana mo go Satane ka boene a a ka kgonang go fekeetsa tsela e re tlotlang Jehofa thata ka yone le go mo sisimoga. (Luke 12:4, 5) E bile ga re a tshwanela go tshaba go atamela Modimo ka thapelo. Go na le moo, mo kgannyeng eno, ‘lorato lo latlhela poifo kwa ntle.’—1 Johane 4:18.
Magodimo le Bontlentle Jwa Modimo
Kgosi Dafide wa bogologolo e ne e le monna yo o boifang Modimo. O ne a gamarega fa a akanya ka bontlentle le marara a popo. O ne a khutsa jaana: “Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.” (Pesalema 139:14) Fa a ne a tlhoma matlho kwa loaping bosigo o ne a khutsa jaana: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo.” (Pesalema 19:1) A o akanya gore Dafide o ne a tshosiwa ke seno? Nnyaa, go na le moo, se ne sa mo tlhotlheletsa go opelela Jehofa dipako.
Gompieno tsela e kitso ya rona ka magodimo e oketsegileng ka yone e re dira gore re ikutlwe re mo sisimoga le e leng go feta. Bosheng jaana, baithutadinaledi ba ne ba kanoka kwa tengteng ga magodimo go feta kafa motho ope fela a kileng a go dira ba dirisa Hubble Space Telescope. Ba ne ba tlhopha karolo ya loapi e e neng e lebega e le lolea fa o e lebile ka dithelesekoupo tsa fa fatshe mme ba lebaganya thelesekoupo ya Hubble le karolong e e lekanang le tlhaka ya moshawa e le bokgakala jwa boleele jwa letsogo. Setshwantsho se ba neng ba se bona se ne se sa tlala ka dinaledi ka bongwe jwa tsone, go na le moo, se ne se tletse ka masagaripa—ditlhophatlhopha tse dikgolo tse di nang le dinaledi tse dintsintsi—tse di iseng di ko di bonwe ke motho ope!
Bogolo, masaitseweng le dikgakgamatso tsa lobopo di dira gore motho yo o kgatlhegelang go le bona a nne le tshisimogo. Le fa go ntse jalo, dikgakgamatso tseno ke sesupo fela sa kafa Mmopi a galalelang le go nna maatla ka teng. Baebele e bitsa Jehofa Modimo e re ke “Rara wa masedi a selegodimo” e bile e re bolelela gore “o bolela palo ya dinaledi, o di raya maina tsotlhe fela.”—Jakobe 1:17; Pesalema 147:4.
Bogolo jwa lobopo gape bo lemotshega mo boleeleng jwa nako ya dilo tsa magodimo. Lesedi la masagaripa a a neng a tsewa senepe ka Hubble Space Telescope le ntse le sutlha lefaufau ka dingwaga di le dintsintsi! A go bo re le bosetlabosheng e bile re le bannye jaana fa re bapisiwa le kafa magodimo a sa bolong go nna gone ka teng ga go a tshwanela go re dira gore re sisimoge le go tlotla thata Ene yo o dirileng dinaledi? (Isaia 40:22, 26) Go itse gore Modimo yo o bopileng dilo tseno tsotlhe le ‘motho o a mo gopola le go mo lekola’ go re dira gore re anaanele Mmopi wa rona e bile go re dira gore re batle go mo itse le go mo itumedisa. (Pesalema 8:3, 4) Tlotlo le kanaanelo e e ntseng jalo e kgolo ke se Baebele e se bitsang, go boifa Modimo.
Modimo yo o Itshwarelang
Rotlhe ga re a itekanela. Tota le fa re leka go dira se se siameng, re a leofa re sa ikaelela. Fa seo se direga, a re tshwanetse go tsenwa ke letshogo la gore Modimo ga a kitla a tlhola a re amogela? Mopesalema o ne a kwala jaana: “Jehofa, fa o ka bo o ne wa lotolotsa maikepo, go ka bo go ema mang, Morena? Go na le boitshwarelo mo go wena, gore o tle o boifiwe.” (Pesalema 130:3, 4) Tsela eno e ‘Modiri wa rona yo mogolo’ a leng pelonomi e bile a itshwarela ka yone e tlhotlheletsa baobamedi ba gagwe go mo anaanela thata le go mo sisimoga.—Isaia 54:5-8, bapisa NW.
Go boifa Modimo go re tlhotlheletsa go dira se se siameng le go tila go dira se Modimo a reng ga se a siama. Kamano ya rona le Rraarona wa legodimo e ka tshwantshiwa le ya ngwana le rre yo o molemo. Ka dinako tse dingwe bana ba ka nna ba se ka ba gakologelwa gore ke eng fa rraabone a ba kganela go tshamekela mo mmileng. Le fa go ntse jalo, fa ba ikutlwa ba raelesega go lelekisa bolo mo tseleng ya dikoloi, go gopola taelo ya ga rraabone go ba dira gore ba ithibe—e leng se se ka nnang sa ba dibela mo losong. Tsela e mogolo a boifang Jehofa ka yone le yone e ka mo thibela go dira selo se se ka tsenyang botshelo mo kotsing—botshelo jwa gagwe le jwa batho ba bangwe.—Diane 14:27.
Go Boifa Katlholo ya Modimo
Motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo thibeng fa a sa itumedise Modimo o na le lebaka la go nna le poifo ya mofuta o sele. Fela jaaka dipuso tsa batho di otlhaya dikebekwa, Modimo le ene o na le tshwanelo ya go tsaya kgato kgatlhanong le baleofi ba ka boomo ba ba sa ikotlhayeng. Go bo Modimo a letleletse boikepo ka nakwana go dirile gore bangwe ba kgwaralale mo go direng dilo tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore letsatsi lengwe o tla tloga a fedisa badirabosula mo lefatsheng. (Pesalema 37:9, 10; Moreri 8:11; 1 Timotheo 5:24) Baikepi ba ba sa ikotlhayeng ba na le lebaka la go boifa kotlhao ya Modimo. Le fa go ntse jalo, mofuta ono wa poifo ga se poifo e Baebele e e buelelang.
Go na le moo, Baebele e amanya go boifa Jehofa le dilo tse dintle tsa botshelo—go opela, boipelo, go ikanya, botlhale, botshelo jo boleele, go tshepa, katlego, tsholofelo le kagiso, fa re umaka di sekae fela.a Fa re tswelela pele re boifa Jehofa, re tla nna le masego ao ka bosakhutleng.—Duteronome 10:12-14.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Ekesodo 15:11; Pesalema 34:11, 12; 40:3; 111:10; Diane 10:27; 14:26; 22:4; 23:17, 18; Ditiro 9:31.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Courtesy of Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin