Kgopolo E e Mo Baebeleng
A ga Go Molato fa o Utswa ka Gonne o Humanegile?
“Khumanego ke mmaba yo mogolo wa boitumelo jwa motho; e senya kgololesego gotlhelele e bile e dira gore bangwe ba se ka ba kgona go nna le dinonofo dingwe le gore tse dingwe go nne thata go nna le tsone.”—Samuel Johnson mokwadi wa lekgolo la bo18 la dingwaga.
RADIPOLOTIKI wa kwa Roma e bong Magnus Aurelius Cassiodorus o rile: “Khumanego e tsala tlolomolao.” Dikgopolo tseno e kete di akantsha gore mefuta mengwe ya ditlolomolao ke ditlamorago tse di tlwaelegileng tsa go humanega. Go bonala batho ba le bantsi gompieno ba dumalana le seno, segolobogolo fa tlolomolao e le go utswa.
Tumelo ya gore ga go molato go utswa ka gonne motho a gateletswe le go humanega e tlwaelegile thata. Akanya ka pina e e tlwaelegileng ya Seesemane ya lekgolo la bo14 la dingwaga e e ka ga Robin Hood e e tlhalosang noolwane e e ka ga senokwane sengwe se se neng se thukhutha batho ba ba humileng le go abela bahumanegi dilo tse a di utswileng. O ne a tsewa jaaka mogaka ka makgolokgolo a dingwaga.
Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi gompieno ba mo mathateng a magolo a madi. Banka ya Lefatshe e begile bosheng jaana gore go na le batho ba le dimilione di le dikete di le 1,3 ba ba tshelang ka diranta tse di ka fa tlase ga di le nnè ka letsatsi. Mo patlisisong nngwe diperesente di le 70 tsa batho ba kwa Philippines ba re ba itsaya e le ba ba humanegileng. Kwa Brazil diperesente di le 20 tsa batho ba ba humileng di amogela madi a a fetang a a amogelwang ke diperesente di le 20 tsa batho ba ba humanegileng ka selekanyo se se menaganeng ga 32. Maemo a a ntseng jalo a ka nna a betisa batho ba bangwe pelo go ya bokgakaleng jwa gore ba dire sotlhe se ba ka se kgonang, le e leng go utswa, gore ba nne le dilo tse ba di tlhokang tsa letsatsi le letsatsi gore ba tshele.
Baebele e kgala go utswa ka phepafalo. Molao wa borobedi wa Melao e e Lesome o bolela gore: “O se ka wa utswa.” (Ekesodo 20:15) Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba dumelang mo Baebeleng ba na le go bolela gore go utswa ga go molato fa legodu le dira jalo ka gonne le humanegile thata.
Seno se tsosa dipotso tse di masisi: A ruri ga go molato fa motho a utswa ka gonne a humanegile? Ke eng se motho a ka se dirang fa a humanegile thata? Go tweng fa e le gore o na le bana ba ba lwalang kgotsa ba ba tshwerweng ke tlala ba a tshwanetseng go ba tlhokomela? A Jehofa Modimo o tla letla go utswa mo mabakeng a a ntseng jalo, segolobogolo fa e le gore dilo tse di utswileng ke tsa batho ba ba ka se di tlhokeng?
Modimo a Reng?
E re ka Jesu a ne a bontsha botho jwa ga Rraagwe, sekao sa gagwe se ka re thusa go tlhaloganya kgopolo ya Modimo. (Johane 12:49) Ka nako ya fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a le pelotlhomogi thata fa a ne a dirisana le ba ba tlhokang. Baebele e bolela gore “fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo.” (Mathaio 9:36) Le fa go ntse jalo, ga a ise a ko a rotloetse go utswa mo mabakeng ape fela. Ka mo go tshwanang, le fa tota Modimo a amegile ka bahumanegi, ga a tseye khumanego e le yone seipato se motho a ka se dirisang gore a utswe. Mo go Isaia 61:8, Baebele e re bolelela gore Modimo o “ila bogodu bo na le boikepo.” Gape moaposetoloi Paulo o boletse ka phepafalo gore magodu ga a kitla a rua Bogosi jwa Modimo. Ka jalo re tlhaloganya kgopolo ya Modimo sentle.—1 Bakorinthe 6:10.
Le fa go ntse jalo, Diane 6:30 e bolela gore “batho ga ba nyatse legodu, fa le utswa gore mowa wa lone o kgore, motlhang le bolawang ke tlala.” A polelo eno e mpampetsa bogodu? Legoka. Se go buiwang ka sone mo temaneng eno se bontsha gore Modimo o sa ntse a tsaya legodu le tshwanetse go otlhaelwa phoso ya lone. Temana e e latelang ya re: “Mme fa le tshwerwe, le tlaa lefa gasupa; le tlaa ntsha thoto yotlhe ya ntlo ya lone.”—Diane 6:31.
Le fa legodu le le utswang ka ntlha ya go tshwarwa ke tlala le se bosula thata jaaka le le utswang ka ntlha ya bopelotshetlha kgotsa ka maikaelelo a go utlwisa yo le mo utswetsang botlhoko, batho ba ba eletsang go amogelwa ke Modimo ga ba a tshwanela go nna le molato ope fela wa go utswa. Tota le fa motho a humanegile thata, bogodu bo tlontlolola Modimo. Diane 30:8, 9 e baya seno jaana: “Nkotla ka dijo tse di ntekanyeng; . . . kgotsa fa ke humanegile nka tla ka utswa, mme ka dira leina la Modimo wa me matlhapa.” Ee, legodu le tlontlolola leina la Modimo. E re ka go utswa e le kgato e e sa supeng lorato, ke boleo go sa kgathalesege gore go dirilwe mo mohuming kgotsa mo mohumaneging. Mo bathong ba ba ratang Modimo le moagelani, ga go seipato sepe se ba ka se dirisang.—Mathaio 22:39; Baroma 13:9, 10.
Kgang ya gore motho yo o humanegileng o na le tshwanelo ya go utswa ga e na tlhaloganyo. Go bua seno go tshwana fela le go bolela gore setabogi se se nang le mmele o monnye se na le tshwanelo ya go dirisa diokobatsi tse di kganetsweng e le gore se fenye. Le e leng le fa se ka fenya, se dirisitse mekgwa e e boferefere. Ba bangwe ba tla bo ba se phoso fa ba ikutlwa gore o ba fentse ka mekgwa e e sa siamang. Go fela jalo le ka legodu. Le tsaya se e leng sa batho ba bangwe ka tsela ya boferefere. Go bo le humanegile ga go dire gore le se ka la nna molato.
Legodu lepe fela le le batlang go amogelwa ke Modimo le tshwanetse go ikwatlhaya mo tseleng ya lone ya boitshwaro. Baebele e gakolola gore: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire tiro ya ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe.” (Baefeso 4:28) Batho ba e kileng ya nna magodu ba ba ikwatlhaileng ka mmatota ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba itshwarela.—Esekiele 33:14-16.
Ke Eng se Bahumanegi Ba ka Se Dirang?
Baebele e solofetsa gore: “Jehofa ga a ketla a leseletsa mowa wa mosiami go nna mo logabeng, mme o kgoromeletsa keletso ya moikepi koo.” (Diane 10:3) Modimo ga a kitla a thusa ba ba tlolang molao wa gagwe ka boomo e le gore ba kgotsofatse ditlhokego tsa bone. Le fa go ntse jalo, o utlwela botlhoko ba ba lekang bojotlhe go mo obamela, mme o tla segofatsa maiteko a bone a go bona se ba se tlhokang.—Pesalema 37:25.
Dimilione di le dintsi di setse di fitlheletse gore fa di latela melaometheo ya Modimo, maemo a bone a botshelo a a tokafala. Ka sekai, go dirisa kgakololo ya Baebele ya go dira ka natla le go tila boitsholo jo bo maswe, jo bo jaaka go betšha, botagwa, go goga le go se dirise diokobatsi sentle go ba thusitse go nna le bontsi jwa dilo tse ba di tlhokang. (Bagalatia 5:19-21) Seno se tlhoka gore ba bontshe tumelo, mme ba ba dirileng jalo ba ithutile gore ‘Jehofa o molemo’ e bile tota o thusa ba ba mo ikanyang.—Pesalema 34:8.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]
Robin Hood: General Research Division/The New York Public Library/Astor, Lenox and Tilden Foundations