LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 11/8 ts. 22
  • Ke Eng se se Dirang Gore Batho ba Itumele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng se se Dirang Gore Batho ba Itumele?
  • Tsogang!—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOITUMELO JWA SEBELE BO IKAEGILE KA WENA
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Kafa re ka Bonang Boitumelo ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Boitumelo jwa Boammaaruri Jo Bo Bonwang ka go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Batla Boitumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 11/8 ts. 22

Ke Eng se se Dirang Gore Batho ba Itumele?

Setlhopha sa babatlisisi mo lefatsheng lotlhe e sa le se tsweletse go ithuta mo go oketsegileng ka ga boitumelo ka masome a mabedi a dingwaga. Ba fitlheletseng? Makasine wa Scientific American o bega gore, “boitumelo ga go bonale bo ikaegile ka tlhamalalo ka maemo a ka fa ntle.”

Lokwalopaka lono lwa saense le boletse gape jaana: “Go nna le dithoto ga go bolele gore o itumetse. Batho ga ba a ka ba itumela thata mo nakong e ka yone ditso tsa bone di neng di humile thata. . . . Mo ditšhabeng tse dingwe kgolagano gareng ga lotseno le boitumelo ga e botlhokwa.”

Dipatlisiso di bontsha diponalo tse nne tse di tlhomololang batho ba ba itumetseng: Ba a ithata e bile ba na le boitlotlo jo bogolo, ba ikutlwa gore ba kgona go laola matshelo a bone sentle, ba na le tsholofelo e bile ba rata go nna le batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, manyalo a a molemo le dikamano le batho ba bangwe ke mabaka a mangwe a a dirang gore matshelo e nne a a itumedisang mme seno se ka oketsa boitekanelo le go tshela lobaka loleele.

Go a kgatlha go bo Scientific American e begile seno: “Batho ba ba tlhagafaletseng bodumedi le bone ba nna le boitumelo jo bogolo. Patlisiso nngwe ya Gallup e fitlheletse gore batho ba ba ratang bodumedi thata ba ne ba bolela fa ba itumetse ka makgetlho a mabedi go feta ba ba nnang mo ditirong tsa bodumedi sewelo. Dipatlisiso tse dingwe, go akaretsa le patlisiso e e neng e kopanetswe mmogo ke ditšhaba di le 16 mo bathong ba le 166 000 mo ditšhabeng di le 14, di fitlheletse gore boitumelo jo bo begiwang le go kgotsofalela botshelo di oketsega fa batho ba rata bodumedi le fa ba nna teng kwa ditirelong tsa bodumedi.”

Bogologolo tala mopesalema Dafite o ne a senola gore boitumelo jwa namana bo amanngwa thata le fa go obamelwa Jehofa Modimo ka kutlwano, a kwala jaana: “E rile ba nthaya ba re: ‘A re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa,’ ka itumela.”—Pesalema 122:1.

Ga go gakgamatse fa moaposetoloi Paulo a rotloeditse Bakeresete mmogo jaana: “A re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo; re se ka ra bakela go phuthega ga rona”! (Bahebere 10:24, 25) Eleruri, go kopana mmogo go obamela Modimo le ba ba nang le tumelo e e botlhokwa e e tshwanang le ya rona ke tiragalo e e itumedisang go batho ba ba ratang boammaaruri jwa Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba le dimilione ba fitlhetse fa seno e le boammaaruri mme ba go laletsa gore le wena o itemogele seno ka bowena ka go kopanela le bone mo kobamelong kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le wena.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela