LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 7/8 ts. 25-28
  • Dijo Tse o di Jang—A Di ka Go Bolaya?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dijo Tse o di Jang—A Di ka Go Bolaya?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dijo Tse o di Jang le Bolwetse Jwa Pelo
  • Seabe sa Kholeseterole
  • Kholeseterole ya Madi le Dijo
  • Mafura le Kholeseterole
  • Lebaka la go Fokotsa Mafura le Kholeseterole
  • Kankere le Dijo
  • O ka Fokotsa Bodiphatsa Jwa Jone Jang?
    Tsogang!—1996
  • Go Tlhopha Dijo Tse di Siameng
    Tsogang!—1997
  • Kafa o ka Sireletsang Pholo ya Gago ka Teng
    Tsogang!—1999
  • Haebolate—Go e Thibela Le go E Laola
    Tsogang!—2002
Tsogang!—1997
g97 7/8 ts. 25-28

Dijo Tse o di Jang—A Di ka Go Bolaya?

“Tshika ya gago e kgolo e kabetse thata, e kabetse mo e ka nnang ka 95% . . . Gone jaanong pelo ya gago e ka nna ya ema nako nngwe le nngwe.”

JOE wa dingwaga di le 32 o ne a sa dumele mafoko ano a ngaka ya malwetse a pelo e e neng e mo tlhatlhoba go bona se se bakang setlhabi mo sehubeng. Halofo ya batho ba ba tla bolawang ke bolwetse jwa pelo ga ba lemoge le gore ba na le jone.

Mme ke eng se se dirileng gore Joe a feleletse a le mo boemong jono? Joe o bolela seno: ‘Ka dingwaga di le 32 ke ne ke ja dijo tse di tlwaelegileng tsa Amerika e bong “nama le maši.” Ka tsela nngwe ke ne ka itlhokomolosa kgang ya gore dijo tsa Amerika di kotsi mo boitekanelong jwa me.’

Dijo Tse o di Jang le Bolwetse Jwa Pelo

Ke eng se se neng se le phoso ka dijo tse Joe a neng a di ja? Sentlentle, di ne di na le kholeseterole e ntsi le mafura, segolobogolo mafura a a komota. Go tloga fa a sa le mosha, Joe o ne a ntse a itsenya mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo ka foroko nngwe le nngwe e e tletseng ya dijo. Totatota dijo tse di nang le mafura a mantsi di golaganngwa le dilo tse tlhano mo go tse di lesome tse dikgolo tse di bakang dintsho kwa United States. Se se di gogang kwa pele ke bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo.

Go amana ga bolwetse jwa pelo le dijo go lemotshega mo patlisisong e e neng ya dirwa mo dinageng di le supa mo banneng ba le 12 000 ba dingwaga tsa go tloga ka 40 go ya go 49. Dipalo tse di kwa godimo thata di senola dilo sentle ka botlalo. Patlisiso eno e bontsha gore banna ba kwa Finland—ba ba jang diperesente di le 20 tsa dikilojoule tsa mafura a a komota—ba na le kholeseterole e e kwa godimo mo mading, fa banna ba Bajapane—ba ba jang diperesente di le 5 fela tsa dikilojoule tsa mafura a a komota—bone ba na le kholeseterole e e kwa tlase mo mading. Mme go ka direga gore banna ba kwa Finland ba eme pelo ka makgetlho a le marataro go gaisa banna ba kwa Japane!

Le fa go ntse jalo, bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo ga bo tlhole bo bonwa sewelo kwa Japane. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, fa mokgwa wa Bophirima wa dijo tse di botlhoswana o ntse o tlwaelega koo, go jewa ga mafura a diphologolo go ile godimo ka diperesente di le 800. Jaanong, basimane ba Japane ba na le selekanyo se se kwa godimo sa kholeseterole mo mading go feta basimane ba Amerika ba ba lekanang le bone! Go phepafetse gore mafura a a mo dijong le kholeseterole di na le seabe mo maemong a a tshosetsang botshelo, segolobogolo mo bolwetseng jwa pelo.

Seabe sa Kholeseterole

Kholeseterole ke sere se sesweu se e keteng se bonota se se leng botlhokwa mo botshelong. Se bonwa mo diseleng tsa batho botlhe le diphologolo. Sebete sa rona se tlhagisa kholeseterole, mme gape e bonwa ka selekanyo se se sa tshwaneng mo dijong tse re di jang. Madi a isa kholeseterole kwa diseleng e le mo sebopegong sa dimolekhule tse di bidiwang di-lipoprotein, tse di dirilweng ka kholeseterole, mafura le diporoteine. Mefuta e mebedi ya di-lipoprotein tse di tsamaisang kholeseterole e e mo mading ke di-lipoprotein tse di nang le selekanyo se sentsi (kholeseterole ya LDL [low-density lipoproteins]) le di-lipoprotein tse di nang le selekanyo se sennye (kholeseterole ya HDL [high-density lipoproteins]).

Di-LDL di na le kholeseterole e ntsi. Fa di ntse di elela le madi, di tsena mo diseleng ka methapo ya kutlo ya LDL mo teng ga disele mme di nathoganngwe gore di tle di dirisiwe ke disele. Disele di le dintsi di na le methapo e e ntseng jalo mme di tsaya bontlhanngwe jwa LDL. Mme sebete se dirilwe gore se kgone go tlosa diperesente di le 70 tsa LDL mo mading ka methapo ya kutlo ya LDL.

Mo letlhakoreng le lengwe, di-HDL ke dimolekhule tse di senang kholeseterole. Fa di tsamaya mo mading, di gopa kholeseterole e e setseng mme di e ise kwa sebeteng. Sebete se nathoganya kholeseterole eo le go e tlosa mo mmeleng. Ka jalo mmele o rulagantswe ka tsela e e kgatlhang thata gore o dirise kholeseterole e o e tlhokang le go latlha e e setseng.

Bothata bo nna fa go na le LDL e ntsi mo mading. Seno se oketsa kgonagalo ya go nna teng ga plaque ka fa teng ga ditshika. Fa plaque e koelana, ditshika di nna ditshesane mme madi a a tsamaisang okosejene a a fetang mo gare ga tsone a fokotsega. Mme seno se bidiwa atherosclerosis. Tiragalo eno e tswelela ka iketlo e sa itemotshe, e tsaya masome a dingwaga go se na matshwao ape a a lemotshegang. Lengwe la matshwao a teng ke angina pectoris, kana setlhabi mo sehubeng se se tshwanang le se Joe a neng a nna le sone.

Fa tshika e kgolo ya pelo e kabetse gotlhelele, gantsi ka ntlha ya go omelela ga madi, karolo ya pelo e e amogelang madi go tswa kwa tshikeng eo e a swa. Seno se felela ka tiragalo ya tshoganyetso e gantsi e bolayang e bong myocardial infarction—e e itsegeng thata e le go ema pelo. Le e leng go kabala go le gonnye fela ga tshika e kgolo ya pelo go ka felela ka go swa ga dithishu mo go ka nnang ga se ka ga dira gore o ikutlwe o lwala ka tsela nngwe. Go kabala ga ditshika dingwe mo dikarolong dingwe tsa mmele go ka baka seterouku, kankerine ya maoto le e leng go sa dire sentle ga diphilo.

Ga go gakgamatse go bo LDL e bidiwa kholeseterole e e sa siamang mme HDL yone e bidiwa kholeseterole e e molemo. Fa LDL e le ntsi thata mme HDL yone e le nnye thata, go ka direga gore motho a nne le bolwetse jwa pelo.a Go itlhatlhoba madi gantsi go ka supa fa e le gore o mo kotsing le e leng pele ga o utlwa matshwao ape fela a a lemotshegang, a a jaaka setlhabi se se botlhoko mo sehubeng. Ka jalo go botlhokwa go nna o etse selekanyo sa kholeseterole mo mading a gago. Jaanong a re boneng ka fa dijo tse o di jang di ka amang selekanyo seno sa yone ka teng.

Kholeseterole ya Madi le Dijo

Kholeseterole ke karolo ya tlholego ya dijo tse di ntshitsweng mo diphologolong. Nama, mae, tlhapi, nama ya koko le dilo tse di dirilweng ka maši tsotlhe di na le kholeseterole. Mo letlhakoreng le lengwe, dijo tse di tswang mo dijalong ga di na kholeseterole.

Mmele o itirela kholeseterole yotlhe e o e tlhokang, ka jalo kholeseterole e e mo dijong ke e e oketsang fela. Bontsi jwa kholeseterole e e mo dijong tsa rona e felela mo sebeteng. Ka gale, fa kholeseterole e e mo dijong e tsena mo sebeteng, sebete se a e dirisa mme se fokotse kholeseterole e se itirelang yone. Seno se boloka kholeseterole yotlhe mo mading e le e e lekaneng.

Le fa go ntse jalo, go diragalang fa dijo di na le kholeseterole e ntsi mo e leng gore sebete ga se kgone go e dirisa ka bonako? Kholeseterole e e tsenang ka tlhamalalo mo diseleng tsa ditshika e a oketsega. Fa e dira jalo, atherosclerosis e a direga. Boemo bo nna maswe thata fa mmele o tswelela go dira kholeseterole e e oketsegileng go sa kgathalesege kholeseterole e e leng mo dijong. Kwa United States motho a le 1 go ba le 5 o na le bothata jono.

Ka jalo, go molemo go fokotsa go ja dijo tse di nang le kholeseterole. Mme le fa go ntse jalo go na le selo se sengwe gape mo dijong tsa rona se se nang le seabe se segolo mo selekanyong sa kholeseterole ya madi—mafura a a komota.

Mafura le Kholeseterole

Mafura a mefuta e le mebedi: a a komota le a a seng komota. Mafura a a seng komota e ka nna a a senang haeterojene e ntsi kgotsa a a nang le haeterojene e ntsi. Mafura a a seng komota a go siametse go feta a a leng komota ka ntlha ya gore go ja mafura a a komota go tsholetsa selekanyo sa kholeseterole mo mading. Mafura a a komota a dira seno ka ditsela di le pedi: A thusa go dira kholeseterole e ntsi mo sebeteng mme a gatelela methapo ya kutlo ya LDL mo diseleng tsa sebete, e leng mo go fokotsang go tlosiwa ga LDL ka bonako mo mading.

Mafura a a komota a bonwa thata mo dijong tsa diphologolo tse di jaaka botoro, ditlae tsa mae, mafura a kolobe, mashi, ice cream, nama le nama ya koko. Gape a mantsi mo tšhokoloteng, mo khokonateng le mo dioling tsa yone, ditlhagiswa tse di apayang merogo le mo dioling tsa setlhare sa makolane. Mafura a a komota a nna thata mo themperetšhareng ya ntlo.

Mo letlhakoreng le lengwe mafura a a seng komota a nna diedi mo themperetšhareng ya ntlo. Dijo tse di nang le mafura a a seng komota a a senang haeterojine e ntsi le a a nang le haeterojine e ntsi di ka thusa go fokotsa selekanyo sa kholeseterole mo mading a gago fa o ja tsone mo boemong jwa dijo tse di nang le mafura a a komota.b Mafura a a seng komota a a nang le haeterojine e ntsi a a fitlhelwang thata mo oling ya mmidi le ya peo ya sonobolomo, a fokotsa kholeseterole e e siameng le e e sa siamang mme mafura a a seng komota a a senang haeterojine e ntsi a a leng mantsi thata mo oling ya setlhare sa motlhware le ya canola one a fokotsa fela kholeseterole e e sa siamang kwantle ga go ama kholeseterole e e siameng.

Gone mme, mafura ke karolo e e tlhokegang ya dijo tsa rona. Ka sekai, kwantle ga one ga go kitla go bonwa dibitamene tsa A, D, E le K. Le fa go ntse jalo, dilo tse di tlhokang mafura mo mmeleng di dinnye thata. A ka bonwa motlhofo fa go jewa merogo, dinawa, dithoro le maungo. Ka jalo go fokotsa go ja mafura a a komota ga go time mmele dikotla dipe tse o di tlhokang.

Lebaka la go Fokotsa Mafura le Kholeseterole

A dijo tse di nang le mafura le kholeseterole tse dintsi ka gale di tla oketsa kholeseterole mo mading? Ga go reye jalo. Thomas yo o umakilweng mo setlhogong se se simolotseng, o ne a swetsa go dira diteko tsa madi morago ga fa Tsogang! e sena go mmotsolotsa. Ditlamorago di supile gore kholeseterole ya gagwe e mo selekanyong se se batlegang. Go bonala sentle gore sebete sa gagwe se ne se kgona go boloka selekanyo sa kholeseterole se siame.

Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore Thomas ga a mo kotsing. Dipatlisiso tsa bosheng jaana di bontsha fa kholeseterole ya dijo e ka nna ya ama go nna mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo kwantle ga gore e tshwaetse kholeseterole ya madi. Dr. Jeremiah Stamler wa Northwestern University a re: “Dijo tse di nang le kholeseterole e ntsi di gakatsa bolwetse jwa pelo le e leng mo bathong ba ba nang le kholeseterole ya madi e e kwa tlase. Ke gone ka moo go ja kholeseterole e e kwa tlase e tshwanetseng go nna selo se batho botlhe ba se elang tlhoko, go sa kgathalesege selekanyo sa kholeseterole ya bone mo mading.”

Gape go na le kgang ya mafura mo dijong. Mafura a mantsi mo mading e ka tswa e le a a komota kgotsa a a seng komota mo dijong a baka gore disele tse khibidu tsa madi di kgobokane felo go le gongwe. Madi ao a a loileng ga a fete mo ditshikeng tse di tshesane, mme a dira gore dithisu di timiwe dikotla tse di tlhokegang. Disele tse di kgobokaneng tse di tsamayang mo ditshikeng gape di kgoreletsa go phasaladiwa ga okosejene mo teng ga ditshika, e leng se se gobatsang bokafagare moo plaque e ka simololang go direga teng. Mme gape go na le kotsi e nngwe gape ka go ja mafura thata.

Kankere le Dijo

Dr. John A. McDougall a re: “Mafura otlhe—a a komota le a a seng komota—a na le seabe mo go goleng ga mefuta mengwe ya disele tsa kankere.” Patlisiso nngwe e e dirilweng mo dinageng tse di farologaneng e e malebana le kankere ya lela le legolo le kankere ya mabele e bontsha dipharologanyo tse di tshosang fa gare ga ditšhaba tsa Bophirima koo dijo tsa teng di tletseng mafura le ditšhaba tse di tlhabologang. Ka sekai, kwa United States kankere ya lela le legolo ke kankere ya bobedi e e tlwaelegileng mo banneng le mo basading fa ba kopantswe, fa kankere ya mabele e tlwaelegile thata mo basading.

Go ya ka American Cancer Society ditlhopha tsa batho ba ba fudugelang mo nageng nngwe ba na le kankere e e kwa godimo kgabagare ba godisa selekanyo sa kankere e e tshwarang batho ba naga eo, go ikaegile ka lobaka lwa nako e ba e tsayang go fetogela kwa mokgweng o mosha wa botshelo le dijo. Buka ya dijo ya mokgatlho wa kankere e akgela seno: “Batswakwa ba Bajapane ba ba tlang mo Hawaii ba tshwarwa ke mefuta ya kankere e e tshwarang batho ba dinaga tsa Bophirima: ba tshwarwa thata ke kankere ya lela le legolo le ya mabele, mme kankere ya mogodu yone ga e ba tshware thata—e leng selo se se farologaneng le se ka tlwaelo se tshwarang batho ba Japane.” Ka phepafalo, kankere e golaganngwa le dijo.

Fa e le gore o rata go ja dijo tse di tletseng mafura, mafura a a komota, kholeseterole le dikilojoule o tshwanetse go dira diphetogo. Dijo tse di siameng di ka dira gore o nne le botsogo jo bo molemo mme di ka nna tsa busetsa morago malwetse a le mantsi a a ka nnang a go tshwara ka ntlha ya dijo tse di sa siamang. Fa o akanya ka kgang ya go lebana le dilo tse di jaaka karo e e botlhoko ya bypass (go dira gore madi a kekologe tshika e e kabetseng), eo gantsi tlhwatlhwa ya teng e leng diranta di le 190 000 kana go feta, eleruri go tlhopha dijo tse di siameng go a thusa.

Ka go tlhopha se o se jang ka kelotlhoko, o ka fokotsa boima jwa gago, wa tokafatsa ka moo o ikutlwang ka teng le go ithusa go tila kana go busetsa morago malwetse mangwe. Go tlotliwa ka dikakantsho tse di amanang le seno mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Kholeseterole e lekanngwa ka dimiligeramo mo desilitareng nngwe le nngwe. Selekanyo se se siameng sa kholeseterole yotlhe e e feletseng—palogotlhe ya LDL, HDL le kholeseterole mo di-lipoprotein tse dingwe mo mading—ke e e kwa tlase ga dimiligeramo di le 200 mo desilitareng nngwe le nngwe. Selekanyo sa HDL ya dimiligeramo di le 45 mo desilitareng nngwe le nngwe kana e e kwa godimo go feta moo e tsewa e siame.

b The 1995 Dietary Guidelines for Americans di buelela go ja mafura a a sa feteng diperesente di le 30 tsa dikilojoule letsatsi le letsatsi mme di buelela go fokotsa mafura a a komota ka diperesente di le 10 tsa dikilojoule. Go fokotsa go ja kilojoule e le nngwe ya mafura a a komota ka tlwaelo go felela ka gore go fokotse selekanyo sa kholeseterole ya madi ka dimiligaramo di le 0,8 mo desilitareng.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setshwantsho sa ditshika tse dikgolo tsa pelo: (1) e bulegile yotlhe, (2) e kabetse go sekae, (3) e batla e kabetse gotlhelele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela