Tla O Utlwe Puo ya Phatlalatsa ya “Tumelo le Isagwe ya Gago”
A eleruri isagwe ya gago e ka itsewe? A go na le sengwe se o ka se dirang go bona gore e tla nna jang?
Puo ya phatlalatsa, e leng puo ya konokono ya Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo,” e tla bontsha gore ke ka ntlha yang fa go na le tsholofelo ya mmatota ya gore go tla nna le isagwe e e itumedisang. O ka nna wa tla go reetsa puo eo kwa kopanong gaufi le kwa o nnang teng e re ka go tloga ka kgwedi eno e tla bo e neelwa kwa dikopanong di le makgolokgolo mo lefatsheng lotlhe.
Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona kana o kwalele bagatisi ba makasine ono gore ba go bolelele kwa kopano e tla tshwarelwang teng gaufi le wena.